LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w92 10/1 ts. 5-8
  • A Go Solofela Mesia Ke Tsholofelo ya Mmatota?

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • A Go Solofela Mesia Ke Tsholofelo ya Mmatota?
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1992
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Bomesia ba Lekgolo la Bo 20 la Dingwaga
  • A Ke Tsholofelo ya Mmatota?
  • Mmoloki wa Batho
  • Mesia le Puso
  • Mesia! Ene yo Modimo a Tlisang Poloko ka Ene
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2009
  • Re Bonye Mesia”!
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1992
  • “Re Bone Mesia”
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2006
  • Ba Ne Ba Leta Mesia
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2011
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1992
w92 10/1 ts. 5-8

A Go Solofela Mesia Ke Tsholofelo ya Mmatota?

O ne a ipitsa Moshe. Lefa go ntse jalo, leina la gagwe totatota ga le tlhole le gakologelwa mo hisitoring. Mo lekgolong la botlhano la dingwaga C.E., o ne a tsamaya gongwe le gongwe mo setlhaketlhakeng sa Kereta, a dira gore Bajuda ba koo ba dumele gore e ne e le ena mesia yo ba neng ba mo letetse. O ne a ba bolelela gore go ise go ye kae go gatelewa ga bone go ne go tla fela, le gore ba ne ba tla busediwa kwa nagagaeng ya bone ba bo ba gololwa. Ba ne ba dumela seo. Fa letsatsi la bone la gore ba gololwe le goroga, Bajuda ba ne ba sala “Moshe” morago go ya kwa lekgotlong le le fa thoko ga Lewatle la Mediterranean. O ne a ba bolelela gore ba ne ba tshwanetse go itatlhela fela mo lewatleng mme le ne le tla kgaogana ka bogare fa pele ga bone. Ba bantsi ba ne ba mo utlwa, ba itatlhela mo lewatleng leo le neng la se ka la kgaogana. Bontsi jo bogolo bo ne jwa nwela ba bangwe ba ne ba falodiwa ke batsamaisi ba dikepe le batshwari ba ditlhapi. Mme lefa go ntse jalo Moshe o ne a se ka a tlhola a bonwa gope. Mesia yoo o ne a ile.

MESIA ke eng? Mafoko “mmoloki,” “morekolodi,” le “moeteledipele” a ka nna a tla mo mogopolong. Batho ba bantsi ba gopola gore mesia ke motho mongwe yo o kgethegileng yo o tlhotlheletsang balatedi ba gagwe gore ba nne le tsholofelo le gore ba ineele, a ba solofetsa gore o tla ba ntsha mo dilong tse di ba gatelelang mme a ba isa kwa kgololesegong. Ereka hisitori ya motho e le hisitori e e tletseng kgatelelo, ga go gakgamatse go bo go ile ga tlhagelela bomesia ba ba ntseng jalo ba le bantsinyana mo makgolong a a ntseng a feta a dingwaga. (Bapisa Moreri 8:9.) Fela jaaka motho wa kwa Kereta yo o neng a ipitsa Moshe, gantsi bomesia bano ba ile ba swabisa balatedi ba bone kana ba ba leretse masetlapelo go na le go ba golola.

“Yo ke Kgosi Mesia!” Eno ke tsela eo moruti Akiba ben Joseph yo o tlotlegang a neng a dumedisa Simeon Bar Kokhba ka yone ka ngwaga wa 132 C.E. Bar Kokhba e ne e le monna wa senatla yo o neng a laola masole a a neng a nonofile. Bajuda ba bantsi ba ne ba akanya gore jaanong kgabagare ba ne ba bone monna yo o neng a tla fedisa go gatelelwa ga bone ka lobaka lo lotelele ke Mmuso Mogolo wa Roma. Bar Kokhba o ne a se ka a atlega; mme seno se ne se bakile gore banna ba naga ya gagwe ba le diketekete tse di makgolokgolo ba ne ba swe.

Ka lekgolo la bo 12 la dingwaga, go ne ga tlhaga mesia yo mongwe wa Mojuda, jaanong e le kwa Yemen. Fa molaodi wa koo kana mmusi, a ne a mo kopa gore a mo supe gore tota ke mesia, mesia yono o ne a kopa gore molaodi a dire gore a kgaolwe tlhogo mme go tsoga ga gagwe ka bonako e ne e tla nna sesupo sa gore ke mesia. Molaodi yono o ne a dumalana le kakantsho eo—mme go ne ga fela jalo ka mesia wa kwa Yemen. Mo go lone lekgolo leo la dingwaga, monna yo o neng a bidiwa David Alroy o ne a bolelela Bajuda kwa Botlhaba Gare gore ba ipaakanyetse go mo sala morago jaaka a tla ba a fofisiwa ke baengele a boela kwa Lefatsheng Le Le Boitshepo. Batho ba le bantsi ba ne ba dumela gore e ne e le mesia. Bajuda ba kwa Baghdad ba ne ba leta ka bopelotelele mo godimo ga marulelo a bone, ba iketlile fela ebile ba sa lemoge fa magodu a utswa dithoto tsa bone.

Ka lekgolo la bo 17 la dingwaga go ne ga tlhaga Sabbatai Zevi kwa Semerena. O ne a itsise Bajuda mo Yuropa yotlhe gore ke ena mesia. Bakeresete le bone ba ne ba mo reetsa. Zevi o ne a naya balatedi ba gagwe kgololesego—go bonala gore o ne a dira jalo ka go ba letlelela gore ba leofe kwantle ga go ithiba. Balatedi ba gagwe ba ba atamalaneng thata le ena ba ne ba tsenelela mo ditlhapelong, ba nna ba nna le dikokoano tse mo go tsone ba neng ba nna ba sa ikatega, ba akafala, le go tlhakanela dikobo le bangwe ba ba atamalaneng thata le bone ka losika, go tswa foo ba bo ba ikotlhaya ka go ipetsa, ka go ipitika mo kapokong ba sa apara, le ka go ikatela ka mmu o o tsididi go fitlha mo thamong. Erile Zevi a etela kwa Turkey, o ne a tshwarwa mme a bolelelwa gore a tlhophe go fetogela mo tumelong ya Ma-Islam kana go swa. O ne a dumela go fetoga. Bontsi jwa ba ba neng ba ineetse mo go ena ba ne ba phatlaladiwa. Lefa go ntse jalo, mo makgolong a mabedi a dingwaga ao a ileng a latela, Zevi o ne a santse a bidiwa mesia ke batho ba bangwe.

Labokeresete le yone e tlhagisitse bomesia ba yone. Mo lekgolong la bo 12 la dingwaga monna mongwe yo o neng a bidiwa Tanchelm o ne a bopa setlhopha sa batho ba ba mo salang morago mme a laola toropo ya Antwerp. Mesia yono o ne a ipitsa modimo; ebile o ne a rekisetsa balatedi ba gagwe metsi a a neng a tlhapa ka one gore ba a a nwe jaaka tirelo ya kgolagano! Mesia yo mongwe wa “Mokeresete” e ne e le Thomas Müntzer wa lekgolo la bo 16 la dingwaga kwa Jeremane. O ne a dira gore go tsuogologelwe babusi ba selegae ba lefelo leo, a bolelela balatedi ba gagwe gore seo e ne e le ntwa ya Hara–Magedona. O ne a solofetsa gore o ne a tla tshwara dikgolokwe tsa marumo a dikanono tsa baba ba bone ka matsogo a diaparo tsa gagwe. Mme go na le gore go nne jalo balatedi ba ga Müntzer ba ne ba bolawa setlhogo, mme ene o ne a kgaolwa tlhogo. Bomesia ba bangwe ba ba ntseng jalo ba le bantsi ba ne ba tlhagelela go tswa mo go Labokeresete mo makgolong a dingwaga a a ntseng a feta.

Ditumelo tse dingwe le tsone di na le batho ba tsone ba ba lejwang jaaka bomesia. Tumelo ya Islam e na le Mahdi, kana yo o kaetsweng ka tsela e e siameng, yo o tla tlisang motlha wa tshiamiso. Mo tumelong ya Bo-Hindu, bangwe ba ne ba ipolela fa e le medimo mengwe e e farologaneng e e tlileng mo lefatsheng ka mmele wa senama, kana e iphetotse batho. Gape, jaaka The New Encyclopædia Britannica e bolela, “le e leng bodumedi jo bo kgakala le bomesia jo bo tshwanang le Bo-Buddha bo dirile gore ditlhopha tsa Ba-Mahāyāna, di dumele mo go Buddha Maitreya yo o santseng a tla tla, yo go neng go twe o tla fologa go tswa lefelong la gagwe la selegodimo mme a tlise batho ba ba ikanyegang mo paradaiseng.”

Bomesia ba Lekgolo la Bo 20 la Dingwaga

Mo lekgolong la rona la dingwaga, tsela e mesia wa boammaaruri a tlhokegang ka yone e potlakile go feta lefa e le leng pele; ka jalo, ga go gakgamatse go bo ba le bantsi ba ile ba ipitsa bomesia. Kwa Congo e e mo Afrika ka bo 1920, 1930, le bo 1940, Simon Kimbangu le motlhatlhami wa gagwe Andre “Jesus” Matswa ba ne ba bidiwa bomesia. Ba ne ba swa, mme lefa go ntse jalo, balatedi ba bone ba santse ba solofetse gore ba tla boa ba bo ba tlise motlha wa kgololesego le thetebalo mo Afrika.

Gape mo lekgolong leno la dingwaga go ile ga tlhagelela “ditsamaiso tsa bodumedi jo bo dirisang maselamose go gapa dithoto” kwa New Guinea le kwa Melanesia. Maloko a jone a solofetse gore go tla goroga sekepe kana sefofane, se kgweediwa ke banna ba basweu ba ba tshwanang le mesia ba ba tla ba humisang ba bo ba tlisa motlha wa boitumelo ka nako ya fa le e leng baswi tota ba tla bong ba tsoga.

Merafe e e nang le madirelo a a tsweletseng thata le yone e ne ya nna le bomesia ba yone. Ba bangwe ke baeteledipele ba bodumedi, jaaka Sun Myung Moon, yo o ipolelang gore ke motlhatlhami wa ga Jesu Keresete ebile a ikaelela go phepafatsa lefatshe a dirisa lelapa le le utlwanang la batho ba ba ineetseng mo go ene. Baeteledipele ba dipolotiki le bone ba ile ba leka go tsaya maemo ano a bomesia, Adolf Hitler e le sekai se se sa jeseng monate go feta sa lekgolo leno la dingwaga yo o neng a bua a feteletsa dilo kaga Puso ya Jeremane ya Dingwaga Tse Di Sekete.

Megopolo le mekgatlho ya bopolotiki le yone e ile ya fitlhelela maemo a bomesia. Ka sekai, The Encyclopedia Americana e bontsha gore megopolo ya bopolotiki eo Lenin a e tshotseng kwa go Marx e na le bokao jo bo fitlhegileng jwa bomesia. Gape lekgotla la Merafe E E Kopaneng, leo bontsi jwa batho ba le galaletsang ka gore ke lone fela go ka solofelwang gore le ka lere kagiso ya lefatshe lotlhe, go bonala gore ka tsela nngwe le ile la emisetsa mesia mo mo dikakanyong tsa batho ba le bantsi.

A Ke Tsholofelo ya Mmatota?

Tshekatsheko eno e khutshwane e bontsha ka phepafalo fela gore hisitori ya mekgatlho ya bomesia ke hisitori e e tletseng tsietso, ditsholofelo tse di sa diragadiwang le go eletsa dilo tse di ka se kang tsa diragadiwa. Ga go gakgamatse he, go bo batho ba le bantsi gompieno ba bo ba sa tlhole ba na le tsholofelo ka mesia.

Lefa go ntse jalo, pele re ka latlha tsholofelo ya bomesia gotlhelele, re tshwanetse go ithuta pele gore e tswa kae. Ebile tota, “mesia” ke lefoko le le mo Bibeleng. Lefoko la Sehebera ke ma·shiʹach, kana “motlodiwa.” Mo metlheng ya Bibela, ka dinako tse dingwe dikgosi le baperisiti ba ne ba tlhongwa mo maemong a bone go dirisiwa mokgwa wa go tlotsa, koo lookwane lo lo nkgang monate lo neng lo tshelwa mo tlhogong. Ka tsela e e ntseng jalo, lereo ma·shiʹach le ne le dirisiwa ka tshwanelo go lebisitswe mo go bone. Gape go ne go na le banna ba ba neng ba tloditswe, kana ba tlhomilwe mo maemong mangwe a a kgethegileng, kwantle ga go dirisa mokgwa wa go tlotsa. Moshe o bidiwa “Keresete” kana “motlodiwa,” mo go Bahebera 11:24-26, (NW), ka gonne o ne a tlhophilwe jaaka moperofeti wa Modimo le moemedi wa gagwe.

Go tlhalosiwa ga ga mesia jaana jaaka “motlodiwa” go farologanya bomesia ba Bibela mo go bomesia ba maaka ba re tlotlileng ka bone. Bomesia ba ba mo Bibeleng ba ne ba sa itlhopha bone ka bobone, lefa e le go tlhophiwa ke bontsi jwa balatedi ba ba ba tlotlang. Nnyaa, ba ne ba tlhophiwa go tswa kwa godimo, ke Jehofa Modimo ka boene.

Lefa Bibela e bua ka bomesia ba le bantsi, mme gone e goletsa a le mongwe thata go feta ba bangwe botlhe. (Pesalema 45:7) Mesia yono ke motho wa botlhokwa thata mo boperofeting jwa Bibela, ke ena yo o dirisiwang go diragatsa ditsholofetso tsa Bibela tse di tlhotlheletsang go gaisa. Gape Mesia yono eleruri o sokasokana le mathata a re lebaneng le one gompieno.

Mmoloki wa Batho

Mesia wa Bibela o rarabolola mathata a batho ka go tsenelela kwa meding ya one. Fa batsadi ba rona ba ntlha, Adame le Efe, ba ne ba tsuologela Mmopi ba tlhotlhelediwa ke sebopiwa se se tsuologileng sa moya ebong Satane, totatota ba ne ba ipha tshwanelo e e feletseng ya go ipusa. Ba ne ba batla gore e nne bone ba ba itlhophelang gore se se molemo ke sefe se se bosula ke sefe. Ka tsela e e ntseng jalo ba ne ba ikgophola kafa tlase ga puso e e sireletsang le e lorato ya ga Jehofa, mme ba digela lelapa la batho mo tlhakatlhakanong le mo mahutsaneng a go ipusa, go sa itekanelang le loso.—Baroma 5:12.

Abo e ne e le go bontsha lorato jang he, go bo Jehofa Modimo a ile a tlhopha nako eo ya lefifi mo hisitoring ya motho go neela batho botlhe matlhasedi a tsholofelo. Fa a ne a bolela kafa a atlhotseng batho ba batsuolodi ka gone, Modimo o ne a bolelela pele gore ditlogolwana tsa bone di ne di tla nna le mogolodi. Mmoloki yono yo o neng a bidiwa “losika,” o ne a tla tla go senya tiro e e maswe e Satane a neng a e dirile kwa Edena; Losika lo ne lo tla tapeta “nōga” eo, Satane, mo tlhogong, e mo sila gore a se ka a tlhola a nna teng.—Genesise 3:14, 15.

Go tloga kwa metlheng ya bogologolo, Bajuda ba ne ba bona boperofeti jono e le jwa Bomesia. Dithanolo di le dintsi tsa Targum, eleng ditlhaloso ka mafoko a sele tsa Dikwalo Tse Di Boitshepo tsa Sejuda tse di neng di dirisiwa thata mo lekgolong la ntlha la dingwaga, di ne di tlhalosa gore boperofeti jono bo ne bo tla diragadiwa “mo metlheng ya ga Kgosi Mesia.”

Ga go gakgamatse he, gore go tswa fela kwa tshimologong, banna ba tumelo ba ne ba tsiboga ka boitumelo ka ntlha ya tsholofetso eno ya gore Losika, kana Mmoloki, o etla. Akanya fela gore Aberahame o ne a ikutlwa jang fa Jehofa a ne a mmolelela gore Losika lo ne lo tla tswa mo lotsong lwa gagwe, le gore “merahe eotlhe ea lehatshe”—eseng dikokomana tsa gagwe fela—e ne e tla “segōhala” ka ntlha ya Losika lo.—Genesise 22:17, 18.

Mesia le Puso

Boperofeti jwa morago ga foo bo ne jwa golaganya tsholofelo eno le tebelelo ya puso e e molemo. Mo go Genesise 49:10, Juda setlogolwana sa ga Aberahame o ne a bolelelwa jaana: “Thōbane ea bogosi ga e ketla e tloga mo go Yuda, leha e le lore loa molaodi go tloga ha gare ga dinaō tsa gagwè, go bo go tlo go tsamaee Shilo a tle pele: me go utlwa ga dichaba go tla nna kwa go èna.” Go bonala sentle gore, “Shilo” yono o ne a tla busa—mme o ne a se kitla a busa Bajuda fela mme o ne a tla busa “dichaba”. (Bapisa Daniele 7:13, 14) Bajuda ba bogologolo ba ne ba amanya Shilo le Mesia; ebile tota, dithanolo tse dingwe tsa Targum tsa Sejuda di ne tsa dirisa fela lefoko “Mesia” kana “kgosi Mesia” mo boemong jwa “Shilo.”

Jaaka fa lesedi la boperofeti jo bo tlhotlheleditsweng le ntse le sedifala go ya pele, go ne ga senolwa mo go oketsegileng mabapi le go busa ga Mesia yono. (Diane 4:18) Mo go 2 Samuele 7:12-16, Kgosi Dafide, setlogolwana sa ga Juda, o ne a bolelelwa gore Losika lono lo ne lo tla tswa mo lotsong lwa gagwe. Mo godimo ga moo, Losika lono e ne e tla nna Kgosi e e sa tshwaneng le tse dingwe. Setulo sa gagwe sa bogosi, kana puso ya gagwe, e ne e tla nna ka bosakhutleng! Isaia 9:6, 7 e tshegetsa ntlha eno: “Gonne ñwana re mo tsalecwe, ñwana oa mosimane re mo neilwe; me pushō e tla nna mo lerudiñ ya gagwè. . . . Ga go tota ga pushō ea gagwè, le ga kagishō ga go ketla go nna le bokhutlō, a le mo setuloñ sa bogosi sa ga Dafide, le mo bogosiñ yoa gagwè go bo tlhōmamisa, le go bo tshegetsa ka katlholō le ka tshiamō, go tloga gompieno go ea bosakhutleñ. Tlhōahalō ea ga Yehofa oa mashomōshomō e tla dihatsa selō se.”

A o ka akanya ka puso e e ntseng jalo? Mmusi yo o dirang dilo ka tshiamiso, yo o siameng yo o tlisang kagiso a bo a busa ka bosakhutleng. Abo a farologane thata jang ne le bomesia ba maaka ba ba ntseng ba latelana ka mo go utlwisang botlhoko mo hisitoring! Mesia wa Bibela ga se moeteledipele yo o itsieditseng, yo o itlhophileng, go na le moo ke mmusi wa lefatshe lotlhe yo o nang le thata yotlhe le taolo tse di tlhokafalang go fetola maemo a lefatshe.

Tebelelo eno e na le bokao jo bogolo thata mo metlheng eno ya rona e e tletseng ka matshwenyego. Batho ga ba ise ba ke ba tlhoke tsholofelo e e ntseng jalo thata go feta jaaka ba e tlhoka jaanong. Lefa go ntse jalo, ereka go le bonolo fela go tshwarelela mo ditsholofelong tsa maaka, go botlhokwa gore mongwe le mongwe wa rona a sekaseke potso eno ka kelotlhoko: A Jesu wa Nasaretha e ne e le ena Mesia yo go boleletsweng pele ka ena jaaka batho ba le bantsi jaana ba dumela? Setlhogo se se latelang se tla sekaseka kgang eno.

[Lebokoso mo go tsebe 6]

A Go Na Le Mesia kwa Brooklyn?

Dipapetla tsa phasalatso, mabati a papatso, le matshwao a phasalatso kwa Iseraela a ne a ikuela jaana mo bosheng jaana “Baakanyetsang go tla ga Mesia.” Letsholo leno la go anamisa le le lopileng R1 100 000 le ile la rulaganngwa ke Ba-Lubavitcher, lekoko le le feteletsang dilo tsa bodumedi la Bajuda ba Ba-Hasid. Bontsi jwa maloko a setlhopha seno sa maloko a le 250 000 bo dumela gore moruti wa bone yo mogolo, Menachem Mendel Schneerson wa kwa Brooklyn, New York, ke Mesia. Ka ntlha yang? Gone Schneerson o ruta gore Mesia o tla tla mo losikeng lwa gone jaanong. Gape, go ya ka makasine wa Newsweek, batlhankedi ba Ba-Lubavitcher ba tatalalela gore moruti wa bone wa dingwaga di le 90 ga a na go swa pele ga Mesia a goroga. Mo makgolokgolong a dingwaga a a fetileng lekoko leno le ile la ruta gore losika longwe le longwe lo tlhagisa bobotlana monna a le mongwe yo o tshwanelegang go nna Mesia. Schneerson o lebega e le ene monna yoo mo balateding ba gagwe, ebile ga a tlhopha ope yo o tla mo tlhatlhamang. Lefa go ntse jalo, Bajuda ba bantsi ga ba mo amogele jaaka Mesia, go bolela jalo Newsweek. Go ya ka pampiri ya dikgang ya Newsday, Eliezer Schach yo e leng moruti ka ena yo o nang le dingwaga di le 96 o ne a mmitsa “mesia wa maaka.”

[Setshwantsho mo go tsebe 7]

Go dumela gore Moshe wa Kereta e ne e le ena mesia go ne ga dira gore batho ba le bantsi ba latlhegelwe ke matshelo a bone

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela