Go Nna Gone ga Mesia le Go Busa ga Gagwe
“Yesu eo, eo o choleledicweñ kwa legodimoñ a cwa mo go lona, o tla tla yalo hela, yaka lo mmonye a ea kwa legodimoñ.”—DITIHŌ 1:11.
1, 2. (a) Baengele bangwe ba babedi ba ne ba gomotsa baaposetoloi ba ga Jesu jang fa a ne a tlhatlogela kwa legodimong? (b) Go lebelela go boa ga ga Keresete go tsosa dipotso dife?
BANNA ba le lesome le bongwe ba ne ba eme fa mokgokoloseng o o kafa botlhaba wa Thota ya Lotlhware, ba tlhomile matlho kwa godimo kwa loaping. Mo metsotsonyaneng e sekae fela eo e neng e sa tswa go feta Jesu Keresete o ne a tlhatlogetse kwa godimo a tswa mo go bone, a sa tlhole a bonala sentle go fitlha a sirwa ke leru. Mo dingwageng tseo ba neng ba di ntse le ene, banna bano ba ne ba bone Jesu a neela bosupi jo bo lekaneng jwa gore e ne e le Mesia; ba ne ba bile ba utlwisiwa botlhoko ke loso lwa gagwe ba bo ba bona tsela e e kgatlhang eo a tsositsweng ka yone. Jaanong o ne a ile.
2 Ka tshoganetso go ne ga bonala baengele ba le babedi mme ba bua mafoko ano a a gomotsang: “Lona banna ba Galilea, lo emetseñ lo lebile kwa loapiñ? Yesu eo, eo o choleledicweñ kwa legodimoñ a cwa mo go lona, o tla tla yalo hela, yaka lo mmonye a ea kwa legodimoñ.” (Ditihō 1:11) Abo seo se kgothatsa jang ne—go tlhatlogela ga ga Jesu kwa legodimong go ne go sa reye gore o ne a sa tlhole a amega ka lefatshe le setho! Phapaanong le seo, Jesu o ne a tla boa. Kwantle ga pelaelo mafoko ano a ne a dira gore baaposetoloi ba nne le tsholofelo. Gompieno batho ba le dimilione le bone ba tsaya tsholofetso ya go boa ga ga Keresete e le botlhokwa thata. Bangwe ba bua ka gone ba re ke “Go Tla Labobedi” kana “Go Goroga.” Lefa go ntse jalo, go lebega bontsi bo tlhakanngwa tlhogo ke seo tota go boa ga ga Keresete go se kayang. Keresete o boa jang? Leng? Mme seno se ama matshelo a rona jang gompieno?
Tsela Eo Keresete A Boang ka Yone
3. Batho ba le bantsi ba dumela eng kaga go boa ga ga Keresete?
3 Go ya ka buka ya An Evangelical Christology, “go tla ga bobedi ga ga Keresete kana go boa ga gagwe (parousia) go tlhomamisa bogosi jwa Modimo, la bofelo, phatlalatsa, ebile e le ka bosakhutleng.” Batho ba le bantsi ba dumela gore go boa ga ga Keresete e tla nna sengwe se se tla bonwang ke botlhe, a bonwa ke mongwe le mongwe yo o mo polaneteng eno ka matlho. Go tshegetsa kgopolo eno, ba le bantsi ba lebisa go Tshenolō 1:7, eo e balegang jaana: “Bōnañ, oè tla a le mo maruñ; me matlhō aotlhe a tla mmōna, le ba ba mo tlhabileñ.” Mme lefa go ntse jalo, a temana eno e tshwanetse go tlhaloganngwa jaaka e bolela?
4, 5. (a) Re itse jang gore Tshenolō 1:7 ga e a tshwanela go tlhaloganngwa jaaka e bolela? (b) Mafoko a ga Jesu ka boene a tlhomamisa jang tsela eno ya go tlhaloganya dilo?
4 Gakologelwa, buka ya Tshenolō e kwadilwe “ka ditshupo.” (Tshenolō 1:1, NW) Jalo he, temana eno e tshwanetse ya bo e tshwantshetsa; kana gone, “ba ba mo tlhabileñ” ba ne ba ka bona Keresete jang fa a boa? Ba sale ba sule mo e ka nnang makgolo a le 20 a dingwaga a a fetileng! Mo godimo ga moo, baengele ba rile Keresete o ne a tla boa “yalo hela” jaaka a ne a tsamaile. Ebu, o tsamaile jang? A o ne a lebeletswe ke batho ba le dimilione? Nnyaa, batho ba sekae ba ba ikanyegang ke bone fela ba boneng tiragalo eo. Mme fa baengele ba bua le bone, a baaposetoloi ba ne ba lebeletse Keresete tota mo mosepeleng wa gagwe go ya go fitlha kwa legodimong? Nnyaa, Jesu o ne a sirilwe ke leru gore a se ka a bonala. Nako nngwe morago ga foo, o tshwanetse a bo a ile a tsena mo magodimong a semoya e le sebopiwa sa semoya, a sa bonwe ke matlho a batho. (1 Bakorintha 15:50) Ka jalo, baaposetoloi ga ba a bona sepe fela fa e se tshimologo ya mosepele wa ga Jesu; ba ne ba ka se ka ba bona kwa o felelang gone, fa a boela kwa legodimong kwa go nang le Rraagwe ebong Jehofa. Ba ne ba ka kgona go lemoga seno ka matlho a bone a tumelo fela.—Yohane 20:17.
5 Bibela e ruta gore Jesu o boa ka tsela e e ntseng fela jalo. Jesu ka boene o ne a bolela jaana nako e khutshwane pele a swa: “E tla re kwa pelenyana, lehatshe le bo le sa tlhole le mpōna.” (Yohane 14:19) Gape o ne a bolela gore “bogosi yoa Modimo ga bo tle ka go bōnwa.” (Luke 17:20) Ka jalo ‘matlho otlhe a tla mmona’ ka tsela efe? Gore re arabe, pele re tlhoka go tlhaloganya ka phepafalo lefoko leo Jesu le balatedi ba gagwe ba neng ba le dirisa malebana le go boa ga gagwe.
6. (a) Ke ka ntlha yang fa mafoko “go boa,” “go fitlha,” “go goroga” le “go tla” e se dithanolo tse di tshwanelang lefoko la Segerika pa·rou·siʹa? (b) Ke eng se se bontshang gore pa·rou·siʹa, kana “go nna gone,” go tsaya lobaka lo loleele go feta tiragalonyana nngwe fela ya nakwana?
6 Ntlha ke gore, Keresete o dira se se fetang “go boa” fela kgakala. Lefoko leo, jaaka “go tla,” “go fitlha,” kana “go goroga,” le tlhalosa tiragalo e le nngwe fela mo nakonyaneng e khutshwane. Mme lefa go ntse jalo lefoko la Segerika le Jesu le balatedi ba gagwe ba neng ba le dirisa le kaya mo go oketsegileng. Lefoko leo ke pa·rou·siʹa, leo ka tlhamalalo le rayang “go nna gaufi le” kana “go nna gone.” Bontsi jwa baithuti bo a dumalana gore lefoko leno ga le akaretse go goroga fela mme gape le akaretsa go nna gone morago ga go goroga—jaaka mo loetong lwa Semmuso lwa mongwe wa segosi. Go nna gone ga gagwe ga se tiragalo ya nakwana; ke motlha o o kgethegileng, lobaka lo lo tlhomologileng lwa nako. Mo go Mathaio 24:37-39, (NW), Jesu o ne a bolela gore “go nna gone [pa·rou·siʹa] ga Morwa motho” go ne go tla tshwana le “metlha ya ga Noa” eo e neng ya fitlha kwa setlhoeng sa yone fa go nna le Morwalela. Noa o ne a tsaya dingwaga di le masomesome a ntse a aga araka ebile a tlhagisa batho ba ba boikepo pele Morwalela o fitlha o bo o nyeletsa tsamaiso e e boikepo ya lefatshe leo. Ka tsela e e tshwanang he, go nna gone ga ga Keresete a sa bonale go tsaya sebaka sa masome a sekae a dingwaga pele le gone go fitlha kwa setlhoeng ka gore go nne le tshenyego e kgolo.
7. (a) Ke eng se se supang gore pa·rou·siʹa ga e bonwe ke batho ka matlho? (b) Ditemana tse di tlhalosang gore go boa ga ga Keresete go bonwa ke “matlhō otlhe” di tla diragadiwa leng?
7 Kwantle ga pelaelo, batho ga ba kake ba bona pa·rou·siʹa ka matlho. Fa go ne go ntse jalo, ke ka ntlha yang fa Jesu a ne a ka tsaya nako e e kana kana, jaaka re tla bona, a bolelela balatedi ba gagwe sesupo go ba thusa go lemoga go nna gone ga gagwe?a Lefa go ntse jalo, fa Keresete a tla go senya tsamaiso ya lefatshe ya ga Satane, go tla lemotshega ka tsela e e tlhomologileng mo go botlhe gore o ne a ntse a le teng. Ke gone ‘matlho otlhe a tla mmonang.’ Le bone baganetsi ba ga Jesu tota ba tla kgona go lemoga gore puso ya ga Keresete ke ya mmatota, mme seo se tla ba utlwisa botlhoko.—Bona Mathaio 24:30; 2 Bathesalonia 2:8; Tshenolō 1:5, 6.
Go Simologa Leng?
8. Ke tiragalo efe eo e tshwayang tshimologo ya go nna gone ga ga Keresete, mme e diregile kae?
8 Go nna gone ga ga Mesia go simologa ka tiragalo eo e diragatsang setlhogo se se tlhagang gangwe le gape sa boperofeti kaga Mesia. O tlhomiwa go nna Kgosi kwa legodimong. (2 Samuele 7:12-16; Isaia 9:6, 7; Esekiele 21:26, 27) Jesu ka boene o ne a bontsha gore go nna gone ga gagwe go ne go tla bo go amana le go nna kgosi ga gagwe. Mo ditshwantshong di le dintsi, o ne a itshwantsha le mong yo o tlogelang ba ntlo ya gagwe le batlhanka ba gagwe, a sepela nako e telele a ya kwa “lehatshiñ ye le kgakala” koo a fetang a amogela “bogosi.” O ne a fa setshwantsho sengwe se se ntseng jalo e le karolo ya karabo eo a neng a e neela baaposetoloi fa ba mmotsa gore pa·rou·siʹa ya gagwe e ne e tla simologa leng; mme se sengwe o ne a se neela ka gonne ba ne “ba itlhoma bogosi yoa Modimo bo tla akoha bo bōnala.” (Luke 19:11, 12, 15; Mathaio 24:3; 25:14, 19) Ka jalo, ka nako ya fa a santse a le mo lefatsheng jaaka motho, go tlhomiwa ga gagwe jaaka kgosi go ne go santse go tla tsaya nako e telele go ise go dirwe, go ne go tla direga “kwa lehatshiñ ye le kgakala” kwa legodimong. Go ne go tla direga leng?
9, 10. Go na le bosupi bofe jwa gore gone jaanong Keresete o busa kwa legodimong, mme o simolotse leng go busa?
9 Fa barutwa ba ga Jesu ba ne ba mmotsa ba re: “Seshupō e tla nna eñ sa go tla ga gago, le sa bokhutlō yoa lehatshe?” Jesu o ne a araba ka go ba neela tlhaloso ka botlalo ya nako eo e e tla tlang. (Mathaio, kgaolo 24; Mareko, kgaolo 13; Luke, kgaolo 21; bona gape le 2 Timotheo 3:1-5; Tshenolō, kgaolo 6.) Sesupo seno se tshwana le setshwantsho se se feletseng sa motlha wa matshwenyego. Ke nako e e tlhomologileng ka dintwa tsa meraferafe, bokebekwa jo bo golelang pele, botshelo jwa malapa jo bo senyegelang kwa pele, dikgogodi tsa malwetsi, mauba, le dithoromo tsa mafatshe—e se mathata a a diregang mo lefelong le le lengwe fela mme e le mathata a a aparetseng lefatshe lotlhe. A ga o simolole go utlwa kaga dilo tseno? Letsatsi lengwe le lengwe le le fetang le tlhomamisa gore lekgolo la bo 20 la dingwaga le tshwanela tlhaloso ya ga Jesu tota.
10 Borahisitori ba a dumalana gore 1914 e ne e le ngwaga wa diphetogo tse dikgolo mo hisitoring ya motho, ngwaga wa botlhokwa o erileng morago ga one bontsi jwa mathata ano a simolola go tswa mo taolong, a anamela mo lefatsheng lotlhe. Ee, dilo tse di diregang mo lefatsheng di diragatsa boperofeti jo bo mo Bibeleng tsotlhe di supa gore 1914 ke ngwaga o Jesu a simolotseng go busa ka one jaaka Kgosi kwa legodimong. Mo godimo ga moo, boperofeti bongwe jo bo mo go Daniele kgaolo 4 bo neela bosupi jwa tatelano ya dingwaga jo bo re isang kwa go one ngwaga oo—1914—e le nako e Kgosi ya ga Jehofa e e tlhomilweng e neng e tla simolola go busa ka yone.b
Ke Ka Ntlha Yang Fa E Le Nako ya Matshwenyego?
11, 12. (a) Ke ka ntlha yang fa go le bokete mo go bangwe gore ba dumele gore Keresete o a busa gone jaanong kwa legodimong? (b) Re ka tshwantsha jang seo se neng sa direga fa Jesu a sena go tlhomiwa jaaka Kgosi?
11 Lefa go ntse jalo, bangwe ba ipotsa gore, ‘Fa e le gore Mesia o a busa kwa legodimong ke ka ntlha yang fa lefatshe le le mo matshwenyegong jaana? A puso ya gagwe ga e kgone?’ Setshwantsho se ka go thusa go tlhaloganya seno. Naga nngwe e busiwa ke poresidente yo o bosula. O tlhomile tsamaiso e e boikepo eo e tlhotlheletsang karolo nngwe le nngwe ya naga eo. Mme lefa go ntse jalo, go tshwarwa ditlhopho; monna yo o siameng o fenya ditlhopho tseno. Go tswa foo go direga eng? Jaaka fa go direga mo dinageng dingwe tsa demokeratiki, go feta sebaka sa dikgwedi di le mmalwa go santse go fetolwa dilo pele poresidente e ntšha e tlhomiwa. Banna bano ba babedi ba ne ba tla itshwara jang mo lobakeng lono? A e tla re gone fela foo monna yo o molemo a bo a tlhasela le go tlosa bosula jotlhe jo monna yo o tlileng pele ga gagwe a bo bakileng mo nageng yotlhe? A go na le moo, o ne a se kitla a simolola kwa motsengmogolo pele, a tlhoma khabinete e ntšha a bo a kgaola ditirisano le ditsala le balatedi ba ba bosula ba poresidente wa pele? Ka tsela e e ntseng jalo, fa a simolola go laola ka botlalo, a ka dira go tswa mo bonnong jo bo phepa jwa taolo ebile bo kgona go dira dilo sentle. Fa e le ka poresidente yo o bosula, a o ne a ka se ka a dirisa nako e khutshwane e e mo saletseng go tsaya dilo tsotlhe tse di bapetsweng ka bonokwane mo nageng eo tseo a ka kgonang go di tsaya pele a latlhegelwa ke taolo yotlhe?
12 Totatota, go ntse fela jalo ka pa·rou·siʹa ya ga Keresete. Tshenolō 12:7-12 e bontsha gore fa Keresete a ne a dirwa Kgosi kwa legodimong, la ntlha o ne a latlhela Satane le badimona ba gagwe kwa ntle ga legodimo, ka go rialo a phepafatsa bonno jwa puso ya Gagwe. Ereka a fentswe jaana ka tsela e e sa bolong go letelwa, Satane o itshwara jang ka “nako e khutshwane” ya pele ga fa Keresete a laola ka botlalo mono lefatsheng? Jaaka poresidente ele e e bosula, o leka go tsaya sengwe le sengwe se a ka se kgonang mo tsamaisong eno e kgologolo. Ga a batle madi; o batla batho. O batla go kgaoganya batho ba le bantsi ka mo a ka kgonang ka gone le Jehofa le Kgosi ya Gagwe e e busang.
13. Dikwalo di bontsha jang gore tshimologo ya puso ya ga Keresete e ne e tla nna nako ya matshwenyego mono lefatsheng?
13 Ga go belaetse he, go bo tshimologo ya puso ya ga Mesia e kaya ‘tatlhego ya lefatshe.’ (Tshenolō 12:12) Ka tsela e e tshwanang, Pesalema 110:1, 2, 6 e bontsha gore Mesia o simolola go laola ‘mo gare ga baba ba gagwe.’ Morago thata ke gone a nyeletsang ‘merafe,’ mmogo le karolo nngwe le nngwe ya tsamaiso ya ga Satane e e boikepo, a e nyeletsa gore e bo e lebalwe!
Fa Mesia A Busa Lefatshe
14. Mesia o tla kgona go dira eng fa a sena go senya tsamaiso e e bosula ya ga Satane ya dilo?
14 Fa a sena go senya tsamaiso ya ga Satane le botlhe ba ba e tshegetsang, Kgosi ya Bomesia, Jesu Keresete, e tla re labofelo e kgone go diragatsa boperofeti jo bontle jwa Bibela joo bo tlhalosang Puso ya gagwe ya Mileniamo. Isaia 11:1-10 e re thusa go bona gore tota Mesia o tla nna mmusi yo o ntseng jang. Temana 2 e re bolelela gore o tla nna le “mōea oa ga Yehofa . . . , mōea oa botlhale le oa tlhaloganyō, mōea oa kgakololō le oa nonohō.”
15. ‘Moya wa nonofo’ o tla kaya eng mo pusong ya ga Mesia?
15 Ela tlhoko gore ‘moya wa nonofo’ o tla kaya eng mo pusong ya ga Jesu. Fa a ne a le mo lefatsheng, o ne a na le selekanyo se se rileng sa nonofo e e tswang kwa go Jehofa, eo e neng e dira gore a kgone go dira dikgakgamatso. Gape o ne a na le keletso e e tswang mo pelong ya gore a thuse batho, a re, “Kea rata.” (Mathaio 8:3) Mme lefa go ntse jalo dikgakgamatso tsa gagwe tseo a neng a di dira mo metlheng eo e ne e le go supela kwa pele fela gore o ne a tla dira eng fa a busa go tswa kwa legodimong. Jesu o tla dira dikgakgamatso mo lefatsheng lotlhe! Balwetsi, difofu, bosusu, digole, le ditlhotsa ba tla fodisediwa ruri. (Isaia 35:5, 6) Go tla nna le letlotlo la dijo, tse di abiwang ka tekatekano, tseo di tla fedisetsang tlala ruri. (Pesalema 72:16) Go tweng ka batho ba ba dimilione tse di seng kana ka sepe ba ba mo mabitleng bao Modimo o itumelelang go ba gakologelwa? “Nonohō” ya ga Jesu e tla akaretsa thata ya go ba tsosa, a neela mongwe le mongwe sebaka sa gore a tshelele ruri mo Paradaiseng! (Yohane 5:28, 29) Lefa go ntse jalo, le fa e na le nonofo e e kana kana, Kgosi ya Bomesia e tla nna boikokobetso thata ka metlha. O bona “go thama . . . mo go boiheñ Yehofa.”—Isaia 11:3.
16. Kgosi ya Bomesia e tla nna Moatlhodi yo o ntseng jang, mme seo se tla bo se farologane jang le rekoto ya baatlhodi ba batho?
16 Gape Kgosi eno e tla bo e le Moatlhodi yo o siameng tota. “Ga a ketla a atlhola kaha ponoñ ea matlhō a gagwè, leha e le go kgalema kaha kutloñ ea ditsèbè tsa gagwè.” Ke moatlhodi ofe wa motho, wa nako e e fetileng kana wa nako e re leng mo go yone, yo o neng a ka tlhalosiwa jalo? Le ene monna yo o atlholang ka tekatekano o ka atlhola fela go ya ka seo a se bonang le seo a se utlwang, a dirisa botlhale kana temogo epe eo a ka tswang a na le yone. Ka jalo, baatlhodi ba lefatshe leno le legologolo le bao ba sekasekang dikgang ba ka nna ba faposiwa kana ba tlhakanngwa tlhogo ke go baya mabaka ka ditsela tse di tsietsang tsa matlhajana, mekgwa e e dirisiwang kwa kgotlatshekelong, kana bosupi jo bo sa dumalaneng. Gantsi batho ba ba humileng le ba ba nonofileng ke bone fela ba ka kgonang go buelelwa sentle, totatota ba reka tshiamiso. Ga go ketla go nna jalo kafa tlase ga Moatlhodi yo e leng Mesia! O bala dipelo. Ga go na sepe seo se tla fetang a sa se bona. Tshiamiso, e tswakilwe ka lorato le bopelotlhomogi, e tla bo e sa rekisiwe. E tla nna e le gone ka metlha.—Isaia 11:3-5.
Kafa Puso ya Gagwe E Go Amang ka Gone
17, 18. (a) Ke setshwantsho sefe se se galalelang se se bontshiwang mo go Isaia 11:6-9 sa isagwe ya setho? (b) Boperofeti jono bo ama bomang segolobogolo, mme ke ka ntlha yang fa go ntse jalo? (c) Boperofeti jono bo tla diragadiwa jang ka tsela ya mmatota?
17 Re ka tlhaloganya gore puso ya ga Mesia e na le tlhotlheletso e kgolo mo babusiweng ba yone. E fetola batho. Isaia 11:6-9 e bontsha kafa diphetogo tse di ntseng jalo di leng dikgolo tota ka gone. Boperofeti jono bo neela pono e e gapang maikutlo ya dibatana tse di kotsi—dibera, diphiri, dinkwe, ditau, bokake—di na le diruiwa tse di seng kotsi le bana tota. Mme lefa go ntse jalo dibatana tseno ga di dire sepe se se kotsi! Ka ntlha yang? Temana 9 e araba jaana: “Ga di ketla di utlwisa botlhoko leha e le go senya mo thabeñ eotlhe ea me e e boitshèpō: gonne lehatshe le tla bo le tletse kicō ea go itse Yehofa yaka metse a khurumeditse lewatlè.”
18 Gone ke boammaaruri, “kicō ea go itse Yehofa” e ne e ka se ka ya ama diphologolo tsa mmatota; ka jalo ditemana tseno di tshwanetse tsa bo di lebisitse thata mo bathong. Puso ya ga Mesia e tsamaisa thulaganyo ya go ruta mo lefatsheng lotlhe, e ruta batho kaga Jehofa le ditsela tsa gagwe, e ruta batho botlhe go tshwara bangwe ka bone ka lorato, tlotlo, le seriti. Mo Paradaiseng e e tlang, Mesia o tla tsosa batho ka kgakgamatso gore ba itekanele ka botlalo mo mmeleng le mo boitsholong. Mekgwa ya bobatana, ya bophologolo e e tletseng mo tlholegong ya go sa itekanela ga batho e tla bo e fedile. Gape, ka tsela ya mmatota, kgabagare batho ba tla bo ba nne mo kagisong le diphologolo!—Bapisa Genesise 1:28.
19. Puso ya ga Mesia e ama matshelo a batho jang mo malatsing ano a bofelo?
19 Lefa go ntse jalo, gakologelwa gore Mesia o a busa gone jaanong. Le eleng gone jaanong jaana, babusiwa ba Bogosi jwa gagwe ba ithuta go tshela mmogo ka kagiso, ba diragatsa Isaia 11:6-9 ka tsela nngwe. Mo godimo ga moo, ka lobaka lwa mo e ka nnang dingwaga tse 80, Jesu o ntse a diragatsa Isaia 11:10: “Go tla dihala mo letsatsiñ yeuō, go re, mocwe oa ga Yese, eo o emeñ a le [sesupo sa, NW] dichaba, merahe e tla leba kwa go èna; me helō ha o nnañ gōna go tla nna kgalalèlō.” Batho ba merafe yotlhe ba ya kwa go Mesia. Ka ntlha yang? Ka gonne fa e sale a simolola go busa, o ntse a ‘eme e le sesupo.’ O ntse a dira gore go nna gone ga gagwe go itsewe mo lefatsheng lotlhe ka bophara a dirisa thulaganyo e kgolo ya go ruta e e tlhalositsweng fa godimo. Ebile tota, Jesu o ne a bolelela pele gore tiro ya go rera mo lefatsheng lotlhe e ne e tla nna sesupo se se tlhomologileng sa go nna gone ga gagwe pele ga bokhutlo jwa tsamaiso eno e kgologolo.—Mathaio 24:14.
20. Babusiwa botlhe ba puso ya ga Mesia ba tshwanetse go tila go nna le boikutlo bofe, mme ka ntlha yang?
20 Ka jalo go nna gone ga ga Keresete a busa mo Bogosing ga se sengwe se se kgakala, se go buiwang ka sone fela, sengwe se go ganetsanwang ka sone fela ke baithutabodumedi. Puso ya gagwe e ama matshelo a batho ebile e a a fetola gone mono lefatsheng, fela jaaka Isaia a boleletse pele gore e tla dira jalo. Jesu o ntshitse babusiwa ba le dimilione ba Bogosi jwa gagwe mo tsamaisong eno e e bosula ya lefatshe. A o mmusiwa yo o ntseng jalo? He direla ka matlhagatlhaga le boipelo fela jaaka Mmusi wa rona a batla! Gone ke boammaaruri, go motlhofo fela thata gore o lape, o simolole go goa jaana ka go belaela jaaka lefatshe: “Go nna gone ga gagwe go go solofeditsweng go kae?” (2 Petere 3:4, NW) Mme lefa go ntse jalo fela jaaka Jesu ka boene a boletse, “eo o ichokèlañ bokhutloñ, èna eouō o tla bolokwa.”—Mathaio 24:13.
21. Rotlhe re ka nonotsha go anaanela ga rona tsholofelo ya Bomesia jang?
21 Letsatsi lengwe le lengwe fa le feta le re atametsa letsatsi le legolo la fa Jehofa a tla bo a kaela Morwawe gore a dire gore go nna gone ga gagwe go bonwe ke lefatshe lotlhe. O se ka le ka motlha wa letla tsholofelo ya gago mo letsatsing leo gore e nne letobo. Tlhatlhanya ka Jesu e le Mesia le ka dinonofo tsa gagwe jaaka Kgosi e e busang. Gape, akanya thata kaga Jehofa Modimo, mosimolodi le mokaedi wa tsholofelo e e molemolemo e e tlhalositsweng mo Bibeleng kaga Mesia. Fa o ntse o dira jalo, kwantle ga pelaelo o tla ikutlwa jaaka moaposetoloi Paulo a ne a ikutlwa fa a ne a kwala jaana: “A boteñ yoa khumō, le yoa botlhale, le yoa kicō ea Modimo!”—Baroma 11:33.
[Dintlha tse di kwa tlase]
a Morago ka 1864 moithutabodumedi R. Govett o ne a tlhalosa jaana: “Nna ke bona seno se fetsa kgang tota. Go neela sesupo sa Go Nna Gone go bontsha gore go fitlhegile. Ga re tlhoke sesupo sepe go re itsise gore sengwe se teng mme re se bona.”
b Go bona dintlha tse di oketsegileng, bona buka ya “Let Your Kingdom Come,” ditsebe 133-9.
O Ne O Ka Araba Jang?
◻ Keresete o boa jang?
◻ Re itse jang gore pa·rou·siʹa ya ga Keresete ga e bonale le gore e tsaya lobaka lo loleele lwa nako?
◻ Go nna gone ga ga Keresete go simologa leng, mme re itse seno jang?
◻ Mesia ke Mmusi yo o ntseng jang wa selegodimo?
◻ Puso ya ga Keresete e ama matshelo a babusiwa ba gagwe jang?
[Setshwantsho mo go tsebe 15]
Tsholofelo ya gore Jesu o ne a tla boa e ne e le botlhokwa mo baaposetoloing ba gagwe ba ba ikanyegang
[Setshwantsho mo go tsebe 17]
Jesu o tla dira dikgakgamatso mo lefatsheng lotlhe fa a busa a le kwa legodimong
[Motswedi wa Setshwantsho]
Earth: Based on NASA photo