Dipotso Tse Di Tswang go Babadi
A Mathaio 28:17 e kaya gore baaposetoloi bangwe ba ne ba tswelela pele ba belaela ka lobaka lo loleele fa Jesu yo o tsositsweng a sena go iponatsa mo go bone?
Nnyaa, ga go tlhokege gore re dire tshwetso eo fa re bala Mathaio 28:16, 17, eo e balegang ka go re: “Barutwa ba ba shomè le mocō ba tloga ba ea kwa Galilea, kwa thabeñ e Yesu o e ba kaetseñ. Me e rile ba mmōna, ba mo ōbamèla: me bañwe ba belaèla.”
Jesu o ne a leka go thusa balatedi ba gagwe nako e santse e le teng gore ba lemoge gore o “na le go ea kwa Yerusalema, le go bogisiwa dilō di le dintsi ke bagolwane le baperisiti ba bagolo le bakwadi, le go bolawa, le go ba a cosiwa ka letsatsi ya boraro.” (Mathaio 16:21) Lefa go ntse jalo, fa a tshwarwa a bo a bolawa, seno se ne sa tlogela balatedi ba gagwe ba swabile ebile ba tlaletswe. Go lebega ekete o ne a tsosiwa ba sa solofela. Mme fa a tla go iponatsa jaaka motho, la ntlha bangwe ba ne “ba sa nntse ba belaetse ka boitumèlō.” (Luke 24:36-41) Lefa go ntse jalo, fa a ne a iponatsa fa a sena go tsosiwa, go ne ga thusa balatedi ba gagwe ba ba gaufi le ene gore ba dumele gore o tsositswe; le eleng moaposetoloi Thomase o ne a dumela gore Jesu o ne a tsositswe.—Yohane 20:24-29.
Morago ga foo baaposetoloi ba ba ikanyegang ba ba 11 ba ne “ba ea kwa Galilea.” (Mathaio 28:16; Yohane 21:1) Fa ba ntse ba le koo, Jesu o ne a “bōnwa ke badumedi ba ba hetañ makgolo matlhano ka lobaka lo le loñwe hèla.” (1 Bakorintha 15:6) Fa ba le gone fa ke gone Mathaio 28:17 e umakang gore ‘bangwe ba ne ba belaela.’ Ka jalo bao ba neng ba santse ba belaela e ka nna ya bo e ne e le bangwe ba balatedi bao ba ba 500.
Ela tlhoko tsela eno e e kgatlhang eo C. T. Russell, poresidente wa ntlha wa Mokgatlho wa Watch Tower a neng a akgela ka yone ka kgang eno:
“Go tla bo go sa utlwale gore re tseye gore ba ba neng ba belaela e ne e le bangwe ba baaposetoloi ba ba lesome le motso, ka gonne ba ne ba kgotsofetse tota, ba dumetse ka botlalo, ebile ba ne ba boletse jalo pele ga foo. Re akanya gore ba ba neng ba belaela, e tshwanetse ya bo e ne e le bangwe ba ‘badumedi ba ba makgolo matlhano’ bao ba neng ba le gone kwa pokanong eno e e boletsweng, bao ba neng ba ise ba ke ba kopane le ene fa a sale a tsosiwa, mme go a utlwala gore re ka akanya gore bangwe ba bone ba ne ba le bokoa thata mo tumelong go na le baaposetoloi le ditsala tse di kgethegileng tseo di neng di setse di kile tsa kopana le ene fa a sena go tsosiwa. Mafoko a a reng ‘bangwe ba belaela’ ke bosupi jwa gore pego ya Moefangele yono e a ikanyega. Gape go re bontsha gore, balatedi ba Morena ba ne ba sa dumadumele fela, mme go na le moo ba ne ba tlwaetse go tlhatlhoba le go sekaseka bosupi jo bo neelwang, mme matlhagatlhaga ao a neng a latela, maikatlapelo le moya wa go intsha setlhabelo wa bao ba neng ba dumela di re neela bosupi jo bontsi jwa gore ba ne ba dumela ka pelo yotlhe gore Morena wa rona o tsogile, seo bone mmogo le rona re se tsayang e le selo sa konokono se se dirang gore re dumele mo go ene. Fa e le gore Keresete ga a tsosiwa tumelo ya rona ke ya lefela mme re sa ntse re le mo boleong.—1 Bakor. 15:17.”—Zion’s Watch Tower and Herald of Christ’s Presence, May 1, 1901, tsebe 152.
Re ka nna ra umaka fela ka bokhutshwane gore tsela eo Mathaio a umakang ntlha eno ka yone e re neela bosupi jwa gore go ka ikaegwa ka Bibela ebile e a ikanyega. Fa motho a ne a itlhamela pego o ne a ka tsenya dintlha tse di ka dirang gore polelo e a e tlhamileng e lebege e ka dumelwa; o ne a ka ikutlwa gore dintlha tse di sa umakiwang kana fa go lebegang go na le tshedimosetso e e tlhaelang gone go ne go ka dira gore se a se tlhamileng se belaelwe. Go tweng ka Mathaio?
Ga a ka a ikutlwa a tlamega go neela tlhaloso e e tletseng ka seo a neng a akgela ka sone eleng gore ‘bangwe ba ne ba belaela.’ Dipego tsa ga Mareko, Luke, le Johane ga di bue sepe kaga seno, ka jalo kakgelo ya ga Mathaio e le nosi e ka nna ya lebega e lebisitse kwa baaposetoloing ba ba 11, bao e neng e le mongwe wa bone. Lefa go ntse jalo, Mathaio o ne a umaka seo fela a sa tlhalose sepe. Dingwaga di ka nna 14 morago ga foo, moaposetoloi Paulo o ne a kwala lokwalo lwa Bakorintha ba Ntlha. Go ya ka seo a neng a se bolela mo go 1 Bakorintha 15:6, re ka dira tshwetso ya gore bao ba neng ba belaela e ne e se baaposetoloi mme e ne e le barutwa ba kwa Galilea bao Jesu a neng a ise a iponatse mo go bone. Ka jalo kakgelo ya ga Mathaio ya gore ‘bangwe ba ne ba belaela’ e utlwala e le boammaaruri; e utlwala ka tshwanelo jaaka ya mokwadi yo o ikanyegang a neela pego e e boammaaruri a sa leke go tlhalosa sengwe le sengwe.