Ga Se Ba Ba Bapalang Ka Lefoko la Modimo
“RE NE re rekisa tirelo ya rona ka madi.” A o ke mafoko a motho mongwe yo o kileng a nna “moruti yo o rapelang ka tiriso ya mogala” yo o neng a botsolotswa mo pegong ya dipatlisiso ya bareri ba thelebishene ba kwa Amerika ya morago jaana ka 1991.
Lenaneo leno le ne le bontsha ka ditirelo tse tharo tsa go rera mo thelebisheneng mo United States. Le ne le senola ka moo batho ba tseelwang masomesome a dimilionemilione tsa diranta ka teng ngwaga le ngwaga ke ditirelo tseno tse tharo fela. “Tirelo” nngwe e ne ya tlhalosiwa jaaka “feketeri e e nang le botswerere jo bogolo thata mo go bapaleng dineo.” Tsotlhe di ne di kaiwa fa di nnile le seabe mo ditirong di le dintsintsi tsa tsietso. A seno se a go tshosa?
Bodumedi Bo A Sekasekiwa
Ga go sekasekiwe fela bareri ba mo thelebisheneng mme le eleng ba ba iphakang gore ke badumedi ba boammaaruri, ditumelo tse di ikemetseng ka botsone le tsone di tlhomilwe leitlho ke mebuso, mekgatlho e e tlhokomelang gore a dilo di tsamaya sentle, le ke batho ka kakaretso. Mo mabakeng a mangwe go bolokiwa ga ditlankana tsa madi a tsadiso, le dipolotiki tse di engweng nokeng ke dikereke ka tsa madi le baruti ba ba nnang mo manobonobong ba ba duelwang madi a a kwa godimo ba ipotsa gore a tota dilo di tshwanetse go dirwa ka tsela e e ntseng jalo.
Ke jang baeteledipele ba bangwe ba bodumedi ba dumalanang sentle le mokgwa o montle wa tirelo ya Bokeresete o o neng wa bontshiwa ke moaposetoloi Paulo mo e ka nnang dingwaga di le 2 000 tse di fetileng? O ne a kwala jaana: “Ga re etse ba bantsi, ba ba bapalañ ka lehoko ya Modimo: me re bua mo go Keresete yaka e le ka bopeloephepha, yaka e le ka Modimo, yaka e le mo ponoñ ea Modimo.” (2 Bakorintha 2:17) Ke bomang gompieno ba ba tshwanelegang go dira jalo?
Go go thusa go tlhatlhobisa dikgang tseno, a re sekasekeng sentle gore tirelo ya Bokeresete ya ga Paulo le ditsala tsa gagwe e ne e tshegediwa jang ka madi. E ne e farologane jang le tsela e ba bangwe ba motlha wa gagwe ba neng ba dira ka yone?
Bareri Ba Ba Etang Ba Lekgolo la Ntlha la Dingwaga
Jaaka moreri yo o etang, Paulo o ne a se nosi fela mo go direng jalo. Ka nako eo ba bantsi le bone ba ne ba tsaya loeto lo lo ntseng jalo e le gore ba tle ba anamise megopolo ya bone e e malebana le bodumedi le matlhajana a bone. Mokwadi wa Bibela Luke o bua ka “bapholethi bañwe ba Bayuda, ba ba reñ ba ka ntsha badimo.” (Ditihō 19:13) Fa Jesu Keresete a ne a kgala Bafarisai, o ne a re: “Lo dikologa lewatlè le lehatshe, gore lo tlè lo ikgapèlè motho a le moñwe hèla oa chaba.” (Mathaio 23:15) Jesu ka boene e ne e le modihedi yo o etang. O ne a ruta baaposetoloi le barutwa ba gagwe go mo etsa ka go sa rere fela kwa Judea le kwa Samaria mme “go ea hèla kwa sekhutloñ sa lehatshe.”—Ditihō 1:8.
Ka nako ya fa balatedi ba ga Jesu ba ne ba ntse ba eta, ba ne ba kopana le bareri ba e neng e se Bajuda. Kwa Athena, Paulo o ne a ganetsana le batlhale ba Baepikuria le Basetoika. (Ditihō 17:18) Go kgabaganya Mmusomogolo wa Roma otlhe, Basiniki ba ne ba gapa batho maikutlo ka mokgwa o ba neng ba bua ka one. Baisisi le Baserapise ba ne ba dira gape gore basadi le batlhanka ba dumele seo ba neng ba se dumela ka go ba solofetsa gore ba ne ba tla lekana le banna ba ba gololesegileng mo go tsa bodumedi le tsa loago. Ditumelonyana tse eseng tsa motheo tsa Botlhaba tsa katisolotsalo di ne tsa dira gore go nne le ditumelo tse di farologaneng tsa masaitsiweng tsa Bagerika le Baroma. Keletso ya go batla go nna le seabe mo dilong tse di fitlhegileng tsa bomodimo mmogo le go solofediwa gore maleo a bone a ne a tla tlosiwa di ne tsa dira gore batho ba kgatlhegele go nna balatedi ba medimo ya maaka jaaka bo Demeterio, Dionisio le Saebele.
Ba Ne Ba Duelela Jang Ditshenyegelo?
Lefa go ntse jalo, go tsaya loeto go ne go batla madi a a kwa godimo. Kwa ntle ga go duelela sepalangwa se se neng se ba tseela dithoto, ditshenyegelo tsa mo tseleng le tsa go tsamaya ka sekepe, batsayaloeto ba ne ba tlhoka dijo, marobalo, dikgong, diaparo le go tlhokomelwa ka tsa kalafi. Bareri, baruti, batlhale le batho ba ba dumelang mo dilong tsa masaitseweng ba ne ba kgona go bona dilo tseno tse ba ne ba di tlhoka ka ditsela di le tlhano tse dikgolo. (1) Ba ne ba duedisa tiro ya bone ya go ruta; (2) ba ne ba bereka mebereko ya maemo a a kwa tlase le go dira ditiro tsa diatla tsa maemo a a kwa tlase; (3) ba ne ba itumelela go tsholwa le go fiwa meneelo ya boithatelo; (4) ba ne ba itlwaetsa batho ba ba humileng, gantsi ba nna jaaka batlhanka ba ba ba tlhokomelelang bana; le (5) go kopa. Gore a seka a thibelwa go kopa, mokopi yo o neng a itsege ebong Diogenes wa Mosiniki o ne a kopa le eleng difikantswe tse di sa tsheleng jaaka dimpho tsa batlhoki.
Paulo o ne a itse ka bareri bangwe ba ba neng ba iphaka gore ke badihedi ba Bakeresete mme, jaaka batlhalefi bangwe ba Bagerika, ba ne ba itsalanya le bahumi mme ba tseela bahumanegi dilo tsa bone. O ne a kgalemela phuthego ya Korintha ka gore: “Loa tlo lo iphapaanye le motho. . . ha a lo ya, ha a lo thopa.” (2 Bakorintha 11:20) Jesu Keresete, lefa e le Paulo le badiri ka ene ga ba ise ba thopele batho dilo. Mme lefa go ntse jalo baefangele ba ba megagaru ba Bakorintha e ne e le “baaposetoloi ba e señ bōnè, . . . badihi ba ba tsietsañ,” le badihedi ba ga Satane.—2 Bakorintha 11:13-15.
Melao ya ga Jesu e a neng a e neile barutwa ba gagwe e ne e gana thuto ya go duedisa. O ne a ba laya jaana: “Lo amogetse hèla, naeañ hèla.” (Mathaio 10:8) Lefa gone go kopa go ne go tlwaelegile, go ne go nyadiwa thata mo metlheng eo. Mo go nngwe ya ditshwantsho tsa gagwe, Jesu o dira setshwantsho ka molebalebi mongwe yo o neng a re: “Go kopa go ntlhabisa ditlhoñ.” (Luke 16:3) Jalo he, ga go na gope mo Bibeleng moo re utlwang gore barutwa ba ga Jesu ba ba ikanyegang ba ne ba lopa madi kana dithoto. Ba ne ba dirisa molaomotheo o o reng: “Ha moñwe a gana go diha, le gōna a se ka a ya.”—2 Bathesalonia 3:10.
Jesu o ne a rotloetsa barutwa ba gagwe go itlamela ka dilo tse ba neng ba di tlhoka ka ditsela di le pedi. Sa ntlha, jaaka Paulo a tlhalosa, ba ne ba ka ‘tshela ka mafoko a a molemo.’ Jang? Ka go itumelela tsholo e ba neng ba e bontshiwa ke batho go tswa pelong. (1 Bakorintha 9:14; Luke 10:7) Sabobedi, ba ne ba ka itlhokomela mo nameng ka go dira tiro nngwe ya go itshedisa.—Luke 22:36.
Melaometheo E E Dirisitsweng ke Paulo
Paulo o dirisitse jang melaometheo eno e go builweng ka yone? Ebu, Luke o ne a kwala jaana mabapi le loeto lwa moaposetoloi yono lwa bobedi lwa borongwa: “Ke gōna ra cwa mo Teroasa ka shepa, ra siamèla kwa Samotharake, me ea re ka moshō ra hitlha kwa Neapolisa; Me ra cwa gōna ra ea kwa Filipi, o e leñ motse oa Makedonia, e bile e le ōna o mogolo oa kgaolō euō ea lehatshe, e bile e le kolone ea Seroma: me ra tlhōla malatsi mañwe mo motsiñ ouō.” Ditshenyegelo tsa loeto, dijo le tsa marobalo, tsotlhe di ne di tlhokomelwa ke bone ka bobone.—Ditihō 16:11, 12.
Kgabagare, mosadi mongwe yo o neng a bidiwa Lidia o ne a amogela “dilō tse di buiwañ ke Paulo. Me e rile a sena go kolobediwa, le ba ntlo ea gagwè, a re rapèla, a re, Ha lo nkaile ke le boikañō mo Moreneñ, lo tlè mo tluñ ea me, me le nnè gōna. Me a re patèlèla.” (Ditihō 16:13-15) Gongwe ka bontlhanngwe e le ka ntlha ya tsholo e ba e bontshitsweng ke Lidia, ke sone se Paulo a neng a kwalela badumedi ka ene kwa Filipi a re: “Ke leboga Modimo oa me ka metlha eotlhe e ke lo gopolañ ka eōna, Ka metlha eotlhe mo merapeloñ eotlhe ea me kaga lona, ke diha morapèlō oa me ka boitumèlō, Ka ntlha ea bolekane yoa lona mo go tsamaiseñ Mahoko a a Molemō, e sale ka letsatsi ya ntlha, le go tla motlheñ oa gompiyeno.”—Bafilipi 1:3-5.
Luke o umaka dikao di le mmalwa tsa batho bangwe ba ba ileng ba amogela badiri bano ba ba etang ba Bakeresete. (Ditihō 16:33, 34; 17:7; 21:7, 8, 16; 28:2, 7, 10, 14) Mo dikwalong tsa gagwe tse di tlhotlheleditsweng, Paulo o ne a amogela le go lebogela tsela e a neng a tsholwa ka yone le dimpho tse a neng a di amogela. (Baroma 16:23; 2 Bakorintha 11:9; Bagalatia 4:13, 14; Bafilipi 4:15-18) Lefa go ntse jalo, Paulo kana lefa e le ditsala tsa gagwe ga ba ise ba ke ba umake gore ba fiwe dimpho kana go thusiwa ka madi. Basupi ba ga Jehofa ba ka re mokgwa ono o o molemo o santse o bonwa mo balebeding ba bone ba ba etang.
O Ne A Sa Ikaega ka go Tsholwa
Paulo o ne a sa ikaega ka go tsholwa. O ne a ithutile tiro ya diatla e e neng e batla go dirwa ka thata ebile e dirwa nako e telele mme lefa go ntse jalo e mo naya madi a a kwa tlase. Fa moaposetoloi yono a ne a goroga kwa Korintha jaaka morongwa, “a hitlhèla Moyuda moñwe, eo go tweñ Akwila . . . a na le Peresila mosadi oa gagwè . . . Me Paulo a ea kwa go bōnè; Me ereka a le tihō ñwe hèla nabō, a nna nabō, me ba diha; gonne e ne e le badihi ba megope ea dikhai.”—Ditihō 18:1-3.
Moragonyana, kwa Efeso, Paulo o ne a santse a tshwere ka natla mo tirong ya gagwe. (Bapisa Ditihō 20:34; 1 Bakorintha 4:11, 12.) A ka tswa a ne a na le bokgoni jwa go dira ka cilicium, letsela la mogope le le magwata, la boboa jwa podi le le neng le tswa kwa kgaolong ya kwa legaeng la gagwe. Re ka tshwantsha mo mogopolong Paulo a dutse mo setulong, a inametse mo godimo ga banka e a neng a direla mo go yone, a sega ebile a roka go fitlhela go nna bosigo thata. E re ka go ka tswa go ne go sena modumo o montsi mo a neng a direla teng, mme seo se ne se dira gore go nne motlhofo mo go Paulo go bua a ntse a tla a bereka, o tshwanetse a bo a ile a nna le tshono ya go neela bosupi mo go mong wa lefelo le a neng a direla kwa go lone, mo bathapiweng ba gagwe, mo batlhankeng, mo bathong ba ba neng ba tla go reka, le mo ditsaleng tsa gagwe.—Bapisa 1 Bathesalonia 2:9.
Paulo wa morongwa o ne a gana go gweba ka bodihedi jwa gagwe kana go lebega jaaka yo o dirisang Lefoko la Modimo gore a tle a bone madi. O ne a bolelela Bathesalonia jaana: “Loa itse ka losi kaha lo chwanetseñ go etsa rona ka gōna: gonne ga rea ka ra diha ka go tlhokomologa molaō mo go lona; Me le gōna ga rea ka ra yèla motho opè diyō ka lehèla, ha e se ka mohuhucō le thekisègō, re diha bosigo le motshegare, gore re se ka ra imèla opè oa lona. Ga se go re, ga re na tshiamèlō ea gōna, me e le gore re itihè sekaō mo go lona, gore lo etsè rona.”—2 Bathesalonia 3:7-9.
Baetsi ba Lekgolo la Ntlha la Dingwaga
Go tla go fitlha le gompieno Basupi ba ga Jehofa ba latela sekao se se molemo sa ga Paulo. Bagolwane le batlhanka ba bodihedi ga ba amogele madi kana le eleng go duelwa ka sengwe ke diphuthego tse ba direlang mo go tsone. Go na le moo ba tlamela malapa a bone fela jaaka mongwe le mongwe, bontsi jwa bone ba a bereka. Babulatsela ba nako e e tletseng le bone ba a itlamela, bontsi jwa bone ba dira ditiro tse di ka kgonang fela go ba naya dilo tse ba di tlhokang. Ngwaga le ngwaga Basupi ba bangwe ba tsaya loeto ka ditshenyegelo tse e leng tsa bone go ya go rera kwa mafelong a a kgakala a go rerwa ga mafoko a a molemo go dirwang sewelo kwa go one. Fa magae a a mo lefelong la bone a ba laletsa go tla go ja dijo le bone kana go ya go robala kwa magaeng a bone, ba anaanela seo mme ga ba dirise tsela e ba tsholwang ka yone ka mo go feteletseng.
Basupi ba ga Jehofa ba dira tiro yotlhe ya bone ya go rera le go ruta ka boithaopo, mme ga ba nke ba duedisa bodihedi jwa bone. Lefa go ntse jalo, meneelo e mebotlana e ba e ntshetsang tiro ya bone ya go rera ya lefatshe ka bophara e a amogelwa mme e be e isiwa kwa Mokgatlhong wa Watch Tower go tsweledisa yone tiro eo. (Mathaio 24:14) Go itshupa ka ditsela tsotlhe gore bodihedi jwa Basupi ga se jo bo duelwang. Jaaka Paulo mongwe le mongwe wa bone a ka bua boammaaruri fela a re: “Ke lo reretse Mahoko a a Molemō a Modimo, ke sa lope sepè?” (2 Bakorintha 11:7) Basupi ba ga Jehofa ga se “ba ba bapalañ ka lehoko ya Modimo.”
[Lebokoso mo go tsebe 27]
DITSELA TSE BA BANGWE BA NTSHANG MENEELO E E NTSHEDIWANG TIRO YA GO RERWA GA BOGOSI
◻ DIMPHO: Meneelo ya boithatelo ya madi e ka romelwa ka tlhamalalo kwa Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania, 25 Columbia Heights, Brooklyn, New York 11201, kana kwa ofising ya lekala la Mokgatlho e e mo lefelong la ga eno. Dibenya kana dilo tse dingwe tsa botlhokwa le tsone di ka ntshiwa meneelo. Lekwalo le le kwadilweng ka bokhutshwane le le tlhalosang gore ke mpho ya ka tlhamalalo le tshwanetse go tsamaya le meneelo eo.
◻ THULAGANYO YA MENEELO E E BEETSWENG LOBAKA: Madi a ka nna a newa Mokgatlho wa Watch Tower gore o a tlhokomele go fitlhelela motho yo o ntshitseng madi a swa, go direlwa gore fa go ka diragala gore mong wa madi a a tlhoke, a tle a kgone go a busediwa.
◻ INSHORENSE: Mokgatlho wa Watch Tower o ka kwalwa jaaka o o tla bonang ditshwanelo tsa madi a inshorense ya botshelo kana mo polaneng ya go rola tiro/phenshene. Mokgatlho o tshwanetse go itsisiwe ka thulaganyo lefa e ka nna efe e e ntseng jalo.
◻ DITOKO LE DIBONTO: Ditoko kana dibonto di ka nna tsa ntshiwa jaaka mpho e e yang kwa Mokgatlhong wa Watch Tower ka tlhamalalo kana ka go dirisa thulaganyo e mo go yone madi a lotseno a tswelelang a ntse a duelwa mong wa madi.
◻ DITHOTO TSA DIKAGO LE LEFATSHE: Dithoto tsa dikago le lefatshe tse di ka kgonang go rekisiwa di ka nna tsa neelwa Mokgatlho wa Watch Tower jaaka mpho ya ka tlhamalalo moneelo kana go di boloka di ntse di le kafa tlase ga mong wa tsone fa fela a santse a tshela, yo o ka nnang a tswelela a ntse a di dirisa mo botshelong jwa gagwe. Motho o tshwanetse go ikgolaganya le Mokgatlho pele a ka aba dithoto tseo.
◻ DIWILI: Dithoto kana madi di ka tlogelelwa Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania ka wili e e ntshitsweng semmuso. Kopi ya wili e tshwanetse go romelwa kwa Mokgatlhong. (Mo Afrika Borwa diwili di tshwanetse tsa romelwa go Jehovah’s Witnesses of South Africa.)
Go bona tshedimosetso e e oketsegileng mabapi le seo, kwalela go Treasurer’s Office, Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania, Private Bag X2067, Krugersdorp, 1740, kana kwa ofising ya Mokgatlho wa lekala gaufi le lefelo la lona.
[Lebokoso mo go tsebe 29]
O NE A BATLA GO THUSA
TIFFANY wa dingwaga di le 11 ke mosetsana yo o tsenang sekolo kwa Baton Rouge, kwa Louisiana, U.S.A. Bosheng jaana, Mosupi yono yo mosha wa ga Jehofa o ne a kwala tlhamo ya setlhogo se se neng se re “Thuto ya mo Amerika.” Ka tsela e e ntseng jalo, batsadi ba gagwe ba Basupi ba ne ba amogela lekwalo leno le le neng le tswa kwa mogokgong wa sekolo le le neng le re:
“Ka beke ya Thuto ya kwa Amerika, go balwa tlhamo e e di gaisitseng tsotlhe go tswa mo tlelaseng nngwe le nngwe ka inthakomo. Ke ile ka itumelela go dirisa tlhamo ya ga Tiffany mo mosong ono. Tota ke mosetsanyana yo o gakgamatsang thata. O ritibetse maikutlo, o a itshepa, o na le bokgoni, ebile o pelontle. Ga se gantsi ke tleng ke bone ngwana wa seema sa borataro yo o nang le dinonofo tse dintsi jaana. Tiffany ke letlotlo la sekolo sa rona.”
Tiffany o ne a fenya ka go bona maemo a ntlha mo kgaisanong ya go kwala tlhamo. Morago ga moo o ne a kwalela Mokgatlho wa Watch Tower a re: “Gongwe kgatiso ya Dipotso tse Basha Ba Di Botsang—Dikarabo Tse Di Nang le Tharabololo ke yone fela e nthusitseng gore ke fenye mo kgaisanong eo. . . . Ke dirisitse dikgaolo tse di buang ka thuto tsa buka eno. . . . Ke leboga thata go bo go ile ga gatisiwa buka eno e e mosola le e e tlhotlheletsang. Ke gapile didolara di le supa ka ntlha ya go fenya mo go kwaleng tlhamo. Ke ntsha didolara tse 7 tseno go nna moneelo le di le 13 mo godimo ga tsone, eleng palogotlhe ya didolara di le 20 gore go tsweledisiwe tiro ya go rera ya lefatshe ka bophara. . . . Gape fa ke gola, ke solofela go ithaopela go ya go direla kwa Bethele.”
[Setshwantsho mo go tsebe 26]
Ka dinako dingwe, Paulo o ne a itshedisa ka go dira ditente