Ditsela tse Bangwe Ba Ntshang Meneelo E E Ntshediwang Tiro ya go Rerwa ga Bogosi ka Tsone
◻ DIMPHO: Meneelo ya boithatelo ya madi e ka romelwa ka tlhamalalo go Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania, 25 Columbia Heights, Brooklyn, New York 11201-2483, kana ya romelwa kwa ofising ya lekala la Mokgatlho le le thusang naga ya lona. Dibenya kana dilo tse dingwe tse di tlhotlhwakgolo le tsone di ka ntshiwa meneelo. Lekwalo le lekhutshwane le le tlhalosang gore eno ke mpho fela le tshwanetse go romelwa le meneelo eno.
◻ THULAGANYO YA MENEELO E E IKAEGILENG KA MABAKA MANGWE: Madi a ka nna a newa Mokgatlho wa Watch Tower gore o a tlhokomele go fitlha motho yo o a ntshitseng a tlhokafala, go dumalanwe gore fa mong wa madi a ka a tlhoka, o tla a busediwa.
◻ INSHORENSE: Mokgatlho wa Watch Tower o ka kwalwa jaaka o o tla bonang madi a inshorense ya botshelo kana a thulaganyo ya go rola tiro/phenshene. Mokgatlho o tshwanetse go itsisiwe ka thulaganyo lefa e ka nna epe fela e e ntseng jalo.
◻ DITOKO LE DIBONTO: Ditoko le dibonto di ka nna tsa fiwa Mokgatlho wa Watch Tower e le mpho e e feletseng kana ka thulaganyo e mo go yone madi a lotseno a tswelelang a ntse a duelwa mong wa tsone.
◻ DITSHA LE DIKAGO TSA TSONE: Ditsha le dikago tse di ka kgonang go rekisiwa di ka nna tsa neelwa Mokgatlho wa Watch Tower jaaka mpho e e feletseng kana tsa bolokiwa di ntse di le kafa tlase ga mong wa tsone fa a santse a tshela, yo o ka nnang a tswelela a nna mo go tsone fa a santse a tshela. Motho o tshwanetse go itsise Mokgatlho pele a ka kwadisa setsha sepe le dikago tsa sone semolao mo leineng la Mokgatlho.
◻ DIWILI: Dithoto kana madi di ka tlogelelwa Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania ka wili e e kwadilweng semmuso. Go tshwanetse ga romelwa kopi ya wili kana trust kwa Mokgatlhong.
Go bona tshedimosetso e e oketsegileng mabapi le dikgang tseno, kwalela go Treasurer’s Office, Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania, Private Bag X2067, Krugersdorp, 1740, kana kwa ofising ya Mokgatlho wa lekala le le thusang naga ya lona.