Yo O Nayang “Nèō Ñwe le Ñwe E E Molemō”
“Nako nngwe ke ne ka etelwa ke moruti mongwe wa kereke ya Reformed. O ne a batla go itse gore ke ne ke tsamaisa kereke ya me jang. Ke ne ka mo raya ka re: . . . ‘Ga go na ope yo o duelwang; ga go na sepe se se ka dirang gore batho ba omane. Ga re ke re tsaya koleke.’ ‘Lo bona madi jang?’ o ne a botsa jalo. Ke ne ka fetola ka go re, ‘Jaanong, Dr.——, fa ke go bolelela se e leng boammaaruri fela o ka nna wa se ka wa kgona go bo dumela. Fa batho ba kgatlhega ka tsela eno, ga ba fitlhele sekotlejana se ntse se susumediwa mo go bone. Mme lefa go ntse jalo ba a bona gore go na le ditshenyegelo. Ba ipolelela jaana, “Holo eno e lopa madi mangwe. . . . Ke ka ntsha moneelonyana jang go thusa?”’ O ne a nteba jaaka e kete o akanya ka go re, ‘O ntshema eng—setlabosheng?’ Ke ne ka re, ‘Jaanong, Dr.——, ke go bolelela boammaaruri tota. . . . Fa motho a segofadiwa e bile a na le dilwana dipe fela, o rata go di dirisetsa Morena. Fa a sena tsone, ke eng fa re tshwanetse go mo pateletsa?’”
—Charles T. Russell, poresidente wa ntlha wa Mokgatlho wa Watch Tower, “The Watch Tower,” July 15, 1915.
RE FA ka gonne Jehofa Modimo ke ene a fileng pele. O simolotse go fa lobaka lo loteleletelele lo lo fetileng fa a ne a bopa—se a se bopileng lantlhantlha, “Morwa ōna eo o tsecweñ a le esi.” (Yohane 3:16) O ne a neela ba bangwe mpho ya botshelo ka ntlha ya lorato lo a nang nalo.
Morwa Modimo, Jesu Keresete, ke mpho e kgolo go gaisa tsotlhe tse Jehofa a di re fileng. Mme lefa go ntse jalo Morwa Modimo ga se yone mpho ya bofelo ya Modimo. Moaposetoloi Paulo o bitsa “tshegōhaco e kgolo ea Modimo” a re ke “nèō . . . e e sa kakeñ ea shwediwa go bolèlwa” ya ga Jehofa. (2 Bakorintha 9:14, 15) Go phepafetse gore neo eno e akaretsa bomolemo jotlhe le bopelonomi jotlhe jo Modimo o bo bontshang batho ba gagwe ka Jesu. Bopelonomi jo bo ntseng jalo jo bo sa tshwanelang bo gakgamatsa tota mo eleng gore go thata gore batho ba bo tlhalose, kana ba bo bolele ka mafoko. Lefa go ntse jalo, Modimo o fa le ka ditsela tse dingwe gape.
Lobaka lo loleele lo lo fetileng, kgosi nngwe e ne ya bolela ka botlhale le ka boikokobetso gore dilo tsotlhe tse di molemo tse a neng a di aba jaaka dimpho tota e ne e le tsa ga Jehofa. O ne a re: “Cotlhe tse di kwa legodimoñ le tse di mo lehatshiñ ke tsa gago; bogosi ke yoa gago, Yehofa, me u goledicwe u le tlhōgō mo godimo ga cotlhe. . . . Mme nna ke mañ, le batho ba me ke bomañ, ha e bo ne ne hano re ntsha dilō ka pelo eotlhe, ka mokgwa o o nntseñ yana? gonne dilō cotlhe di cwa mo go wèna, me re gu neile mo e leñ ga gago hèla.”—1 Ditihalō 29:11-14.
Sekao sa Modimo
Jakobe, morutwa wa ga Jesu Keresete, o ne a itse gore sengwe le sengwe se se molemo ka ditsela tsotlhe se tswa kwa go Jehofa Modimo. Kwa go ene go tswa dineo tse di molemo ka mo go feletseng fela. Jakobe o ne a kwala jaana: “Nèō ñwe le ñwe e e molemō, le se se molemō señwe le señwe se se tletseñ, se cwa kwa godimo, se hologa kwa go Rra masedi, eo go sa kakeñ ga nna phetogō mo go èna, leha e le moruti o o bèwañ ke go menoga.”—Yakobe 1:17.
Le gone mo kgannyeng ya go naya dimpho, Jakobe o ne a bona kafa Modimo a farologaneng le batho ka gone. Batho ba ka kgona go fa dimpho tse dintle mme ga ba dire jalo ka metlha. Dimpho tseno di ka nna tsa fiwa ka maikutlo a bopelotshetlha, kana tsa dirisediwa go gogela mongwe gore a dire sengwe se se maswe. Mme Jehofa ene ga a menoge; ga a fetoge. Ka jalo, mofuta wa dimpho tse a di fang ga o fetoge. Di nna di ntse di itshekile. Ka metlha di dira gore losika lwa motho lo nne lo tshela sentle e bile lo itumetse. Ka metlha di newa ka bopelonomi e bile di a thusa, ga di ke di baka tshenyo.
Maitlhomo a go Naya Dimpho
Mo metlheng ya ga Jakobe, baeteledipele ba ba itsegeng ba bodumedi ba ne ba aba dimpho fela gore ba tle ba bonwe ke batho. Ba ne ba fa ba na le maitlhomo a a sa siamang. Ba ne ba tlola melao e e siameng, fela ka gonne ba ne ba eletsa go akgolwa ke batho. Lefa go ntse jalo, Bakeresete bone ba ne ba sa tshwanela go nna jalo. Jesu o ne a ba gakolola jaana: “Ha u ntsha dikacō, u se ka ua letsa lonaka ha pele ga gago, yaka baitimokanyi ba tle ba dihe mo matluñ a thutō, le mo mebileñ, gore ba nnè le tlotlègō mo bathuñ. Amarure kea lo raea, tuèlō ea bōnè ba setse ba e amogetse. Me wèna, e re ha u ntsha dikacō, a seatla sa gago sa molèma se se ka sa itse se seatla sa gago se segolo se se dihañ: Gore go ntsha dikacō ga gago go nnè mo sephiriñ; me Rrago eo o bōnañ mo sephiriñ, o tla gu duèla.”—Mathaio 6:2-4.
Lebaka le Mokeresete a fang ka lone ke gore a thuse ba bangwe ka sengwe se ba se tlhokang kana go ba itumedisa kana go thusa gore kobamelo ya boammaaruri e tswelele pele. Ga se gore o batla go ikgalaletsa. Kana gone, matlho a ga Jehofa a kgona go bona kwa tengteng ga pelo ya rona. O kgona go bona maitlhomo a a kwa tengteng a go aba ga rona ka bopelotlhomogi.
Basupi ba ga Jehofa ba leka go sala morago sekao sa ga Jehofa le Morwawe sa go fa dimpho. Ba fa se ba nang le sone. Ba na le mafoko a a molemo a Bogosi, mme ba a fa ba bangwe gore ba solegelwe molemo. Ba itse gore Diane 3:9 ya re: “Tlotla Yehofa ka thoto ea gago, le ka tsa ntlha tsa totahalèlō eotlhe ea gago.” E re ka ofisi ya lekala lengwe le lengwe, phuthego nngwe le nngwe, le motho mongwe le mongwe a batla ka pelo yotlhe gore a thuse gore botlhe ba tshele sentle, bakaulengwe botlhe ba a nonotshiwa le go humisiwa semoyeng. Go huma dilo tse di bonalang ga go dire gore o hume semoyeng, mme lefa go ntse jalo khumo ya semoya yone e tlisa khumo ya dilo tse di bonalang tse di lekaneng go fitlhelela dilo tse di tlhokegang mo tirong ya ga Jehofa.
Ditsela Tsa Go Aba
Go na le ditsela tse dintsi tse ka tsone mongwe le mongwe a ka ntshang moneelo ka boene go dira gore mafoko a a molemo a tswelele. Tsela e nngwe e malebana le Diholo tsa Bogosi. Maloko otlhe a phuthego a dirisa Holo ya Bogosi. Mongwe o ntshitse madi a gore e agiwe kana e hiriwe, e nne le dipone, mogote wa yone o kgone go laolega, le gore e tlhokomelwe. E re ka go tlhokega gore mongwe le mongwe a thuse mo phuthegong, go bewa mabokose a meneelo mo Holong ya Bogosi, mme meneelo e e ntshitsweng ka go ithatela e dirisediwa go duelela ditshenyegelo tsa phuthego. A a setseng a ka dirisediwa go ntshetsa lekala la Watch Tower la mo lefelong leo meneelo, go ya ka fa phuthego e sweditseng ka gone.
Meneelo e ka isiwa ka tlhamalalo kwa lekaleng la Mokgatlho gore e thuse mo go thapiseng le mo go thuseng barongwa le babulatsela ba ba kgethegileng mo dikarolong tsa lefatshe tse kwa go tsone bontsi jwa batho bo iseng bo utlwe mafoko a a molemo. Ditshenyegelo tse dingwe tsa go anamisa mafoko a a molemo di malebana le tiro ya balebedi ba ba etang. Moaposetoloi Paulo, yo o neng a tlhoma sekao mo tirong ya go eta mo lekgolong la ntlha la dingwaga, o ne a akgola phuthego ya Filipi jaana: “Lo kile loa nna loa roma gañwe le gapè go nthusa mo go tlhokeñ ga me.” (Bafilipi 4:14-16) Mo godimo ga madi a a tlhokegang mo dikarolong tseno tsa tirelo ya nako e e tletseng, tse makala otlhe a nang le tsone, go na le kgang ya go tlhokomela legae lengwe le lengwe la Bethele le ba ba nnang le go dira mo go lone. Go kwala le go gatisa dibuka tse di nang le molaetsa o o molemolemo wa mafoko a a molemo tota ke ditshiamelo tse di neelwang ke Modimo, mme lefa go ntse jalo dibuka tseno gape di tlhoka go anamisiwa, mme seo se baka ditshenyegelo. Gape go na le ditshenyegelo tsa dikopano tse dipotlana le tse dikgolo, re sa bue sepe ka dikgetsi tse di ileng tsa sekwa kwa dikgotlatshekelong go “femela le go tlhomamisa mafoko a a molemo semolao.”—Bafilipi 1:7, NW.
Nako e motlhanka mongwe le mongwe wa ga Jehofa a e dirisetsang go rera mafoko a a molemo ke ya boithaopo, fela jaaka go neela ga gagwe dithuso ka dilo tse di bonalang. Moaposetoloi Paulo o kgothaletsa gore go nne go beelwe madi kwa thoko ka metlha a a tla dirisediwang go thusa go anamisa kobamelo ya boammaaruri: “Me yana, kaga madi a a phuthèlwañ baitshepi, . . . e re ka letsatsi ya ntlha ya weke, a moñwe le moñwe oa lona a beèlè señwe ha thokō, kaha a bonyeñ go bapala ka gōna.”—1 Bakorintha 16:1, 2.
Fa motho a ntsha moneelo, gantsi o a bo a sa itse gore totatota o tla dirisiwa jang, mme lefa go ntse jalo o bona ditiro tsa one mo go anameng ga tiro ya go rera ka Bogosi. Dipego tse di mo teng ga 1993 Yearbook of Jehovah’s Witnesses di bontsha gore mafoko a a molemo a Bogosi a rerwa mo dinageng le mo ditlhaketlhakeng tsa lewatle di feta 200 ke badihedi ba Bakeresete ba feta 4 500 000. Dipego tseno di a itumedisa. Ka jalo, mpho nngwe le nngwe, go sa kgathalesege gore e bogolo jo bo kana kang, 1e thusa mo go anamiseng mafoko a a molemo mo lefatsheng lotlhe.
Tiro eno e duelelwa ka madi ke dimpho tse di fiwang ke botlhe fa di kopane. Bangwe ba kgona go aba go feta ba bangwe, mme seo se thusa mo tirong ya go rera ka selekanyo se segolwane. Ba bangwe ba aba go le gonnye. Mme lefa go ntse jalo bao ba sa ntsheng meneelo e megolo ga ba a tshwanela go tlhabiwa ke ditlhong kana go akanya gore seabe sa bone ga se sa sepe. Jehofa eleruri ga a ikutlwe jalo. Jesu o ne a dira gore seno se phepafale sentle fa a ne a bontsha kafa Jehofa a neng a anaanela lemmenyana la mosadi wa motlholagadi ka gone. “Me a bōna mosadi moñwe eo o motlhōlagadi, e le mohumanegi, a latlhèla gōna madinyana a le mannye a le mabedi. Me a re, Amarure, kea lo raea, motlhōlagadi eo oa mohumanegi, o latlhetse segolo go heta bōnè botlhe: Gonne bauō botlhe ba latlhetse ga letlōtlō ya bōnè mo dineoñ; me èna eo, o latlhetse ga khumanègō ea gagwè gotlhe mo o tshèlañ ka gōna.”—Luke 21:2-4.
Re ka kgona go fa ka ditsela tse di itumedisang Jehofa, go sa kgathalesege gore re eme jang mo go tsa madi. Mopesalema o tlhalosa sentle ka bokhutshwane kafa re ka galaletsang Kgosi le Moatlhodi wa rona ka gone. O bolela jaana: “Naeañ Yehofa kgalalèlō e e chwanetseñ leina ya gagwè: tlisañ chupèlō, me lo tlè mo malwapeñ a gagwè.” (Pesalema 96:8) Ka jalo, a re etseng sekao se se lorato sa ga Rraarona wa selegodimo ka go neela dimpho re itumetse ka gonne o re file pele.
[Lebokoso mo go tsebe 30]
DITSELA TSE BANGWE BA NTSHANG MENEELO E E NTSHEDIWANG TIRO YA GO RERWA GA BOGOSI KA TSONE
◻ DIMPHO: Meneelo ya boithatelo ya madi e ka romelwa ka tlhamalalo go Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania, 25 Columbia Heights, Brooklyn, New York 11201, kana kwa ofising ya lekala la Mokgatlho e e mo lefelong la ga eno. Dibenya kana dilo tse dingwe tsa botlhokwa le tsone di ka ntshiwa meneelo. Lekwalo le lekhutshwane le le tlhalosang gore eno ke mpho fela le tshwanetse go tsamaya le meneelo eno.
◻ THULAGANYO YA MENEELO E E IKAEGILENG KA MABAKA MANGWE: Madi a ka nna a newa Mokgatlho wa Watch Tower gore o a tlhokomele go fitlha motho yo o a ntshitseng a swa, go dumalanwe gore fa mong wa madi a ka a tlhoka, o tla a busediwa.
◻ INSHORENSE: Mokgatlho wa Watch Tower o ka kwalwa jaaka o o tla bonang madi a inshorense ya botshelo kana a thulaganyo ya go rola tiro/phenshene. Mokgatlho o tshwanetse go itsisiwe ka thulaganyo lefa e ka nna epe fela e e ntseng jalo.
◻ DITOKO LE DIBONTO: Ditoko le dibonto di ka nna tsa fiwa Mokgatlho wa Watch Tower e le mpho e e feletseng kana ka thulaganyo e mo go yone madi a lotseno a tswelelang a ntse a duelwa mong wa tsone.
◻ DITSHA LE DIKAGO TSA TSONE: Ditsha le dikago tse di ka kgonang go rekisiwa di ka nna tsa neelwa Mokgatlho wa Watch Tower jaaka mpho e e feletseng kana tsa bolokiwa di ntse di le kafa tlase ga mong wa tsone fa a santse a tshela, yo o ka nnang a tswelela a ntse a di dirisa mo botshelong jwa gagwe. Motho o tshwanetse go itsise Mokgatlho pele a ka kwadisa dithoto dipe tsa kago le lefatshe semolao kafa tlase ga leina la Mokgatlho.
◻ DIWILI: Dithoto kana madi di ka tlogelelwa Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania ka wili e e kwadilweng semmuso. Go tshwanetse ga romelwa kopi ya wili kwa Mokgatlhong.
Go bona tshedimosetso e e oketsegileng mabapi le dikgang tseno, kwalela go Treasurer’s Office, Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania, Private Bag X2067, Krugersdorp, 1740, kana kwa ofising ya Mokgatlho wa lekala le le gaufi le lefelo la lona.
[Ditshwantsho mo go tsebe 31]
Kafa meneelo ya lona e dirisiwang ka gone:
1. Baithaopi ba Bethele
2. Go aga diofisi tsa makala
3. Namolo ka dinako tsa masetlapelo
4. Diholo tsa Bogosi
5. Barongwa