LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w93 2/1 ts. 5-7
  • A Molemo O Tla Tsamaya O Fenya Bosula?

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • A Molemo O Tla Tsamaya O Fenya Bosula?
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1993
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Go Lwantsha Bosula kwa Dachau
  • Go Fenya Bosula jo bo Mo Teng Ga Rona
  • Go Nyelediwa Ga Ga Diabolo
  • “Ga Ba Ketla Ba Tlhola Ba Dira Boshula Gape”
  • Ke Eng se se Dirang Gore re Nne Molemo Kgotsa Bosula?
    Tsogang!—2010
  • Molemo Kgatlhanong le Bosula—Ntwa E E sa Bolong go Loa
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1993
  • Kafa Molemo o Tla Fenyang Bosula ka Teng
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2006
  • “Lo se Ka Lwa Busetsa Ope Bosula ka Bosula”
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2007
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1993
w93 2/1 ts. 5-7

A Molemo O Tla Tsamaya O Fenya Bosula?

MO E ka nnang dingwaga di le dikete di le pedi tse di fetileng, Jesu Keresete, monna yo o neng a sena molato, o ne a le mo tekong e e masisi. Banna ba ba bosula ba ne ba loga leano la go mo fedisa ka ntlha ya gore a ne a bua boammaaruri. O ne a latofadiwa ka go akelwa go twe ke motsuolodi, mme boidiidi bo ne jwa goeletsa gore a bolawe. Mmusi mongwe wa Roma, yo o neng a bona tlotla ya gagwe ya sepolotiki e le kwa godimo go na le botshelo jwa mmetli mongwe wa maemo a a kwa tlase, o ne a atlholela gore Jesu a bolawe setlhogo. Mo matlhong a botlhe, go ne go bonala ekete bosula bo fentse.

Lefa go ntse jalo, bosigo jwa pele ga fa Jesu a bolawa, o ne a raya barutwa ba gagwe a re: “Ke hentse lehatshe.” (Yohane 16:33) O ne a raya goreng? Gareng ga dilo dingwe tse a neng a di kaya e ne e le gore, bosula jo bo mo lefatsheng bo ne jwa seka jwa mo galefisa kana le eleng go mo dira gore le ene ka tsela e e tshwanang a ipusolosetse. Lefatshe ga le a ka la mo gatelela gore a bopege kafa bosuleng. (Bapisa Baroma 12:2, Phillips.) Le eleng fa a ne a swa, o ne a rapelela babolai ba gagwe ka go re: “Rra, ba ichwarèlè; ka gonne ga ba itse se ba se dihañ.”—Luke 23:34.

Jesu o ne a re supetsa—go fitlhela a swa—gore go a kgonega gore bosula bo ka fenngwa. O ne a rotloetsa balatedi ba gagwe gore le bone ka go tshwana ba lwe kgatlhanong le bosula. Ba ne ba tla dira seno jang? Ka go reetsa kgakololo ya Dikwalo e e reng ba seka ba ‘duela bosula jwa ga ope ka bosula’ le gore ba ‘fenye bosula ka molemo,’ fela jaaka Jesu a dirile. (Baroma 12:17, 21) A mme go dira ka tsela e e ntseng jalo ruri go a thusa?

Go Lwantsha Bosula kwa Dachau

Else e ne e le mosadi mongwe wa Mojeremane yo o neng a le mo kgolegelong kwa Dachau yo o neng a fa mosetsanyana mongwe wa kwa Russia wa dingwaga di le 14 mpho e e botlhokwa, eleng mpho ya go nna le tumelo le tsholofelo.

Dachau e ne e le kampa ya pogisetso e e neng e tumile ka bosetlhogo jwa yone koo diketekete tsa batho di neng tsa swa mme makgolokgolo a batho, go akaretsa le mosetsanyana mongwe yo mmotlana wa kwa Russia, ba ne ba tshwarwa mme ga dirwa ditekeletso tsa kalafi tse di setlhogo ka bone. Go ne go bonala ekete Dachau e ne e le sekao sa mmatota sa bosula. Lefa go ntse jalo, le eleng mo mmung o o neng o bonala ekete ga o ungwe, molemo o ne wa tlhoga gape ebile o ne wa ata.

Else o ne a ikutlwa a amegile thata ka mosetsanyana yono yo mmotlana wa dingwaga tsa bolesome yo o neng a patelediwa go lebelela masole a SS jaaka a ne a betelela mmaagwe ka tsela e e senang botho. Else o ne a baya botshelo jwa gagwe mo kotsing, ka go batla ditshono tsa go bua le mosetsanyana yono kaga molemo le bosula le kaga tsholofelo ya Dikwalo ya tsogo. O ne a ruta tsala ya gagwe e e potlana go nna le lorato go na le go nna le letlhoo. Mme mosetsanyana yono wa kwa Russia o ne a falola mo dilong tseo di neng di boitshega tsa kwa Dachau ka thuso ya ga Else.

Else o ne a dira seo a se dirileng ka ntlha ya gore a ne a batla go latela sekao sa ga Keresete sa go sa nne bogagapa. Jaaka yo mongwe wa Basupi ba ga Jehofa, o ne a ithutile gore ga a tshwanela go busa bosula ka bosula, mme tumelo ya gagwe e ne ya mo tlhotlheletsa gore a thuse ba bangwe gore le bone ka go tshwana ba dire jalo. Lefa gone a ne a boga kwa Dachau, go emela molemo ga gagwe go ile kwa bofelong ga mo dira gore a fenye puso e o ya bosula. Mme e ne e se ene fela yo o neng a dira jalo.

Paul Johnson mo bukeng ya gagwe ya A History of Christianity, o ne a tlhalosa gore: “[Basupi ba ga Jehofa] ba ne ba gana go dirisana ka tsela lefa e ka nna epe fela le puso ya Bo-Nazi eo ba neng ba e bolela fa e le bosula jo bo feletseng. . . . Diperesente di le masome a robongwe le bosupa di ne tsa bogisiwa ka ditsela tse di farologaneng.” A go kgaratlha ga bone e ne e le ga lefela? Mo bukeng ya Values and Violence in Auschwitz, moithutaloago mongwe wa kwa Poland eleng Anna Pawelczynska one a bolela jaana mabapi le Basupi: “Setlhopha seno se sennye sa batshwarwa e ne e le mokgatlho o o nang le mogopolo o le mongwe fela mme ba ile ba fenya ntwa ya bone kgatlhanong le Bo-Nazi.”

Lefa go ntse jalo, bontsi jwa rona, ntwa ya konokono e re e lwang ke e e kgatlhanong le bosula jo bo mo teng ga rona go na le bosula jo bo tswang golo gongwe go sele. Ke ntwa e e diregang kafa teng ga rona.

Go Fenya Bosula jo bo Mo Teng Ga Rona

Moaposetoloi Paulo o ne a tlhalosa ntwa eno ka tsela e e latelang: “Ga se molemo o ke batlang go o dira o tota ke o dirang; ke bosula jo ke sa rateng go bo dira jo ke tswelelang ke ntse ke bo dira.” (Baroma 7:19, The New Testament, ka William Barclay) Fela jaaka Paulo a ne a itse sentle gore, go dira molemo gantsi ga se selo se se itlelang fela.

Eugenioa e ne e le lekawana lengwe la kwa Spain, leo le neng la lwa ntwa kgatlhanong le tlwaelo ya go dira bosula, sebaka sa dingwaga di le pedi. O tlhalosa jaana: “Ke ne ka tshwanelwa ke gore ke ikele tlhoko tota. Go tswa bonnyaneng jwa me fela, ke ne ke itlwaeditse boitsholo jo bo sa siamang. Jaaka mosha wa dingwaga tsa bolesome, ke ne ke rata thata go tsaya karolo mo meletlong ya maitlhapediso ya bosodoma, mme go bua boammaaruri fela, ke ne ke rata botshelo jwa mofuta oo.” Ke eng se kgabagare se neng sa mo dira gore a batle go fetoga?

Eugenio o ne a bolela jaana: “Ke ne ke batla go itumedisa Modimo, mme ke ne ke ithutile mo Bibeleng gore o ne a sa amogele tsela e ke neng ke tshela ka yone. Ka jalo, ke ne ka fetsa ka gore ke fetole botho jwa me, ke ikobele melawana ya Modimo. Letsatsi le letsatsi, ke ne ke tshwanela ke go lwantshana le megopolo e e sa siamang, le e e maswe e e neng e santse e tla e elela mo mogopolong wa me. Ke ne ke ikaeletse go fenya ntwa eno, mme ke ne ka rapela Modimo ke sa kgaotse gore a nthuse. Morago ga dingwaga di le pedi bothata joo bo ne jwa fela lefa gone ke santse ke iketse tlhoko thata. Mme go kgaratlha go ne ga ntswela mosola. Gone jaanong ke a itlotla, lenyalo la me ke le le siameng, mme, mo godimo ga tsotlhe, ke na le kamano e e molemo le Modimo. Ke a itse go tswa mo maitemogelong a me gore megopolo e e bosula e ka kgona go fedisiwa pele ga e ka ntsha maungo—fa totatota o dira maiteko.”

Nako le nako molemo o fenya bosula fa re kganela mogopolo o o bosula, nako le nako fa re gana go busa bosula ka bosula. Mme lefa go ntse jalo, diphenyo tse di ntseng jalo, lefa gone di ka nna botlhokwa go le kanakang, ga di kgone go fedisa metswedi e mebedi ya konokono ya bosula. Lefa re ka leka ka thata go le kanakang, ga re kake ra kgona go fedisa makoa a re a ruileng gotlhelele, mme Satane o santse a dirisa tlhotlheletso ya gagwe e e bosula mo bathong. Ka jalo, a gone boemo jo bo ntseng jalo bo tla tsamaya bo fetoga?

Go Nyelediwa Ga Ga Diabolo

Go swa ga ga Jesu ka boikanyegi e ne e le go fenngwa ga ga Satane ka selekanyo se segolo. Diabolo o ne a palelwa mo maitekong a gagwe a go senya bothokgami jwa ga Jesu, mme go palelwa goo go ne go supa gore go fedisiwa ga ga Satane go setse go simologile. Jaaka fa Bibela e tlhalosa, Jesu o ne a lekeletsa loso gore “e tle e re ka losho a nyeletsè . . . diabolo.” (Bahebera 2:14) Morago ga fa Jesu a sena go tsosiwa o ne a bolelela barutwa ba gagwe jaana: “Taolō eotlhe ke e neilwe kwa legodimoñ le mo lehatshiñ.” (Mathaio 28:18) Mme o tla dirisa taolo eno go dira ditiro tsa ga Satane lefela.

Buka ya Tshenolo e tlhalosa ka nako e Jesu a neng a tla tlosa Satane kwa magodimong. Modirabosula yono yo Mogolo, mmogo le badimona ba gagwe, ba ne ba tshwanetse go tswalelwa mo lefatsheng. Ka tsela e e ntseng jalo, Bibela e tlhagisa gore, bosula bo ne bo tla ata: “A bo go latlhèga lehatshe le lewatlè! ka diabolo a hologetse kwa go lona, a tletse bogale, ka a itse ha lobaka loa gagwè lo setse lo le lokhutshane.”—Tshenolō 12:7-9, 12.

Boperofeti jwa Bibela bo supa gore tiragalo eno e e sa lebalesegeng e setse e diragetse—mo e ka nnang ka nako ya Ntwa ya Ntlha ya Lefatshe.b Seno se tlhalosa lebaka leo go nang le namane e tona ya bosula jo bo ntseng bo oketsega jo re bo bonang mo nakong ya rona. Mme lefa go ntse jalo, mo nakong e khutshwane Satane o tla thibelwa gotlhelele gore a seka a tlhola a tlhotlheletsa ope.—Bona Tshenolō 20:1-3.

Seno sotlhe se tla raya eng mo bathong?

“Ga Ba Ketla Ba Tlhola Ba Dira Boshula Gape”

Jaaka Kgosi ya Bogosi jwa Modimo, Jesu o tla tloga a dirisa ‘taolo ya gagwe mo lefatsheng’ go dira thulaganyo ya gore batho ba rutiwe gape ka dilo tsa semoya. “Gonne ea re ha ditshiamishō tsa gago di le mo lehatshiñ, banni ba lehatshe ba tle ba ithute tshiamō.” (Isaia 26:9) Go itshupa sentle gore melemo eno e tla itemogelelwa ke mongwe le mongwe. Bibela e re tlhomamisetsa jaana: “Ga di ketla di utlwisa botlhoko [“ga di kitla di tlhola di dira bosula gape,” Interlinear Hebrew/Greek English Bible ya ga Green] leha e le go senya . . . gonne lehatshe le tla bo le tletse kicō ea go itse Yehofa, yaka metse a khurumeditse lewatlè.”—Isaia 11:9.

Le eleng gone jaanong, re ka kgona go fenya ditlwaelo tsa rona tse dintsi tsa go dira bosula. Fa tlhotlheletso ya bodimona e sa tlhole e le gone, go itshupa sentle gore go tla nna motlhofo thatathata, go ‘fapoga bosula mme re dire molemo.’—1 Petere 3:11.

Re na le lebaka le le utlwalang tota la go ka dumela gore molemo o tla fenya bosula ka ntlha ya gore Modimo o molemo, mme ka thuso ya gagwe bao ba batlang go dira molemo ba ka kgona go fenya bosula, fela jaaka Jesu a ne a supa ka sekao sa gagwe. (Pesalema 119:68) Bao jaanong ba ikaeletseng go lwantshana le bosula ba ka lebelela go tshela mo lefatsheng leo le phepafaditsweng leo go tla bong go busa Bogosi jwa Modimo mo go lone, eleng puso eo e ikaeletseng go nyeletsa bosula gore bo seka ba tlhola bo nna gone. Mopesalema o tlhalosa matswela a seno jaana: “Boutlwèlō botlhoko bo kopanye le boamarure; tshiamō e atlanye le kagishō. Boamarure bo cwecwena mo lehatshiñ; tshiamo le eōna e okame e le kwa legodimoñ.”—Pesalema 85:10, 11.

[Dintlha tse di kwa tlase]

a Ga se leina la gagwe la mmatota.

b Go bona tshedimosetso e e oketsegileng bona buka ya O ka Tshelela Ruri mo Lefatsheng la Paradaise, ditsebe 20-2, e e gatisitsweng ke Watchtower Bible and Tract Society of New York, Inc.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela