O Ka Kgona go Rata Moagisani wa Gago
SETSHWANTSHO sa ga Jesu Keresete sa Mosamaria se ne sa bontsha gore o ka supa jang gore o rata moagisani wa gago tota. (Luke 10:25-37) Jesu o ne a ruta gape jaana: “U ratè Yehofa Modimo oa gago ka pelo eotlhe ea gago, le ka mōea otlhe oa gago, le ka tlhaloganyō eotlhe ea gago. E ke eōna taolo e kgolo le ea ntlha. Me e ñwe ea bobedi e e chwanañ naeō ke e, U ratè oa ga eno yaka u ithata.”—Mathaio 22:37-39.
A le wena jaaka batho ba bantsi, o fitlhela go le bokete go rata moagisani wa gago wa morafe o mongwe? Go ka tswa go ntse jalo gonne o rutilwe go tlhaola batho le go ba direla tshiamololo kana o kile wa dirwa jalo le wena. Wena kana ba o ba ratang ba ka tswa ba ile ba direlwa bosetlhogo ke batho ba morafe o mongwe.
E re ka Jesu a ne a bontsha gore molao o mongwe wa Modimo ke gore re rate baagisani ba rona, go tshwanetse ga bo go ka kgonega gore motho a fenye maikutlo ao a letlhoo. Selo se se ka thusang ke gore o lebe batho jaaka Modimo le Keresete ba ba leba. A re sekasekeng sekao sa ga Jesu le sa Bakeresete ba pele ka kgang eno.
Sekao Se Se Molemo sa ga Jesu
Bajuda ba lekgolo la ntlha la dingwaga ba ne ba tlhoile Basamaria, batho ba ba neng ba nna fa lefelong le le neng le le fa gare ga Judea le Galilea. Ka nako nngwe baganetsi ba Bajuda ba ne ba botsa Jesu jaana ka letlhoo: “A ga re bue sentlè, ha re re, U Mosamaria, me u na le diabolo?” (Yohane 8:48) Bajuda ba ne ba tlhoile Basamaria tota mo e leng gore ba ne ba ba hutsa phatlalatsa mo disinagogeng e bile ba rapela letsatsi le letsatsi gore Basamaria ba se ka ba bona botshelo jo bo sa khutleng.
Kwa ntle ga pelaelo Jesu o ne a tlhotlhelediwa ke go itse ka letlhoo le legolo leno gore a neye setshwantsho ka Mosamaria yo a neng a itshupa gore ke moagisani tota ka go tlhokomela Mojuda yo a neng a iteilwe ke dikebekwa. Jesu o ne a ka nna a araba jang Mojuda yo a neng a itse Molao wa ga Moshe thata yo a neng a mmotsa jaana: “Ana, moñwe ka nna e be e le mañ?” (Luke 10:29) Gone, Jesu a ka bo a ile a araba ka tlhamalalo fela a re: ‘Moagisani wa gago ga se Mojuda fela mme le batho ba bangwe, tota le Mosamaria.’ Bajuda ba ka bo ba ile ba ketefalelwa ke go dumelana le seo. Ka jalo o ne a anela setshwantsho kaga Mojuda yo a neng a utlwelwa botlhoko ke Mosamaria. Ka gone, Jesu o ne a thusa ba ba neng ba mo reeditse bao go lemoga gore fa ba na le lorato lwa boammaaruri lwa boagisani ba tla thusa le ba e seng Bajuda.
Jesu o ne a sena maikutlo a go ila Basamaria. Nako nngwe fa a ne a raletse Samaria, o ne a ikhutsa fa sedibeng fa barutwa ba gagwe ba ne ba ile kwa motseng o o fa gaufi go ya go batla dijo. O ne a bolela jaana fa mosadi mongwe wa Mosamaria a tla go ga metsi: “A u ko o nnosè metse.” O ne a botsa jaana gonne Bajuda ba ne ba sa dirisane ka gope le Basamaria: “Go nntse yañ, wèna u re u le Moyuda, u lōpa go nwa mo go nna ke le mosadi oa Samaria?” Jesu o ne a mo neela bosupi, a mmolelela fela a sa fitlhe gore ke ene Mesia. O ne a ya kwa motseng mme a bitsa ba bangwe gore ba tle mme ba mo reetse. Go ne ga felela jang? “Me Basamaria ba le bantsi ba motse o, ba mo dumèla.” Abo seno se ne sa felela se itumedisa jang ne gonne Jesu a se kile a supa boikutlo jwa Bajuda ba bantsi ba motlha wa gagwe!—Yohane 4:4-42.
Modimo Ga O Tlhaole
Boikaelelo jwa Modimo e ne e le gore Jesu a tlhome mogopolo thata mo go rereleng Bajuda, ‘dinku tse di timetseng tsa ntlo ya Iseraele.’ (Mathaio 15:24) Ke gone ka moo, balatedi ba gagwe ba ntlha e neng e le Bajuda. Mme dingwaga tse tharo fela fa moya o o boitshepo o sena go goromediwa ka Pentekosete 33 C.E., Jehofa o ne a supa ka phepafalo gore o ne a batla gore Bajuda ba ba dumelang mo go ene ba dire tiro ya go dira barutwa mo merafeng e mengwe ebong ya Baditšhaba.
Mo mothong wa Mojuda, go rata Mosamaria e ne e tla nna selo se se bokete tota. Ebile go ne go tlile go nna bokete le go feta go bontsha Baditšhaba ba ba sa rupang, batho ba ba neng ba sa tshwane ka gope le Bajuda e bile ba gaisiwa ke Basamaria, lorato lwa boagisani. The International Standard Bible Encyclopaedia e bolela jaana fa e akgela ka boikutlo jwa Bajuda ka Baditšhaba: “Re fitlhela gore mo lobakeng lwa go kwalwa ga Tesetamente E Ntšha, go ne go na le go tlhokomologa, go sotla le letlhoo lengwe le le feteletseng. Bone [Baditšhaba] ba ne ba lejwa e le ba ba seng phepa, e bile motho o ne a tlola molao fa a dirisana le bone. E ne e le baba ba Modimo le ba batho ba Gagwe, ba ba neng ba ka se kgone go itse ka Modimo kwantle ga fa ba ne ba ka sokologela mo Bojudeng, mme lefa ba ne ba ka dira jalo, ba ne ba sa amogelwe ka botlalo fela jaaka mo metlheng ya bogologolo. Bajuda ba ne ba sa letlelelwe gore ba ka ba gakolola mo go sepe, mme fa ba ne ba ka ba botsa ka Modimo ba ne ba hutsiwa.”
Mo go lone lobaka loo lo batho ba neng ba akanya ka tsela eno ka lone, Jehofa o ne a dira gore moaposetoloi Petere a bone ponatshegelo e a neng a bolelelwa gore a ‘se ka a kaya dilo tse Modimo o di ntlafaditseng dilo fela.’ Morago ga foo Modimo o ne wa mo lebisa kwa ntlong ya Moditšhaba Korenelio. Petere o ne a neela Korenelio le lelapa la gagwe le Baditšhaba bangwe bosupi kaga Keresete. “Amarure,” Petere o ne a bolela, “kea lemoga ha Modimo e se motlhaodi oa batho: Me mo merahiñ eotlhe eo o boihañ ōna, a ba a diha tshiamō, oa lebosèga mo go ōna.” Fa Petere a santse a rera, moya o o boitshepo o ne wa fologela mo badumeding bao ba basha, ba ba neng ba kolobediwa mme ya nna Baditšhaba ba ntlha go nna balatedi ba ga Keresete.—Ditihō, kgaolo 10.
Balatedi ba Bajuda ba ne ba amogela seno, ba lemoga gore taolo ya ga Jesu ya gore ba “dihè merahe eotlhe barutwa” e ne e sa akaretse fela Bajuda ba ba neng ba le mo dinageng tsotlhe mme e ne e akaretsa le Baditšhaba. (Mathaio 28:19, 20; Ditihō 11:18) Ba ne ba kgona go fenya maikutlo a go ila Baditšhaba a ba neng ba ka tswa ba ne ba na nao, mme ba rulaganya letsholo la go rera gore ba dire barutwa mo merafeng yotlhe ba le tlhaga. Mo dingwageng tse di kafa tlase ga tse 30 moragonyana, go ne go ka bolelwa gore mafoko a a molemo a ne a ‘reretswe lobopo lotlhe kafa tlase ga legodimo.’—Bakolosa 1:23.
Tiro eno ya go rera e ne e eteletswe pele ke moaposetoloi Paulo, ene yo e neng e le Mokeresete wa losika lwa Sejuda. Pele a nna molatedi wa ga Keresete, e ne e le leloko le le tlhaga la lekoko la tumelo ya Bafarisai. Ba ne ba sa lebele Baditšhaba fela kwa tlase mme ba ne ba lebela le batho fela ba ba tlwaelegileng ba morafe wa bone kwa tlase. (Luke 18:11, 12) Lefa go ntse jalo, Paulo ga a ka a letla dikgopolo tse di ntseng jalo gore di mo thibele gore a bontshe ba bangwe lorato lwa boagisani. Go na le moo, e ne ya nna “moaposetoloi oa Badichaba,” a dirisa botshelo jwa gagwe go dira barutwa mo dinageng tsotlhe tsa Mediterranean.—Baroma 11:13.
Paulo o ne a konopiwa ka maje, a bediwa, a bo a tsenngwa mo kgolegelong fa a ntse a le mo bodiheding. (Ditihō 14:19; 16:22, 23) A dilo tse di botlhoko tseo di ne tsa mo dira gore a nne le kilo a bo a swetse ka gore o itshenyetsa nako fela ka ditlhopha tsa merafe mengwe le ditso? Nnyaa. O ne a itse gore go na le batho bangwe ba ba dipelo di siameng ba ba neng ba gasame mo ditlhopheng tseno tsa ditso mo motlheng wa gagwe.
Fa Paulo a kopana le Baditšhaba ba ba neng ba batla go itse ka ditsela tsa Modimo, o ne a ba rata tota. Ka sekai, o ne a kwalela Bathesalonia jaana: “Re ne re le bonōlō mo gare ga lona, yaka ha moamusi a ñomaèla bana ba e leñ ba gagwè. Hèla yalo, ereka re ne re lo tlhōahaletse ka loratō, ra bo re itumèla go lo naea, e señ Mahoko a a Molemō a Modimo a le aosi, me e leñ meōea ea rona, ka lo no lo setse lo ratwa ke rona thata.” (1 Bathesalonia 2:7, 8) Mafoko ano a a supang maikutlo a a kwa teng a bontsha gore ruri Paulo o ne a rata Bathesalonia bao ba Baditšhaba e bile o ne a sa letle sepe go senya botsalano jwa gagwe le bone jo a neng a bo itumelela.
Go Supa Lorato lwa Boagisani ka Ditiro
Gompieno, fela jaaka mo lekgolong la ntlha la dingwaga, ba ba tsenang mo phuthegong ya Bokeresete ba tshwanetse go ithuta go bontsha batho ba merafe yotlhe lorato lwa boagisani. Bakeresete ba boammaaruri ba ile ba oketsa botsalano jwa bone le batho ba ka gongwe go neng go ka se ka ga diragala gore ba kopane le bone ka go ba leba ka tsela e Modimo o ba lebang ka yone le ka go ba bolelela mafoko a a molemo a Bogosi. E bile ba ba rata jaaka bakaulengwe ba bone. (Yohane 13:34, 35) Le wena o ka kgona go ikutlwa ka tsela eno.
Basupi ba ga Jehofa ba ratana ka tsela e e ntseng jalo, le mororo ba nna mo dinageng di le 229 e bile e le ba “morahe moñwe le moñwe, le dicō cotlhe, le batho, le dipuō.” (Tshenolō 7:9) Jaaka bakaulengwe ba ba mo lefatsheng lotlhe, ba dira selo se le sengwe fela botlhe mo kobamelong ya ga Jehofa, ba gana go nna le seabe mo dintweng tsa semorafe le mo dikgannyeng tsa tsone, e bile ga ba dumele go tlhaola ba bangwe go go dirang gore batho ba se ka ba nna botsalano mo go ba bangwe.
Ikopanye le Basupi, mme o tla bona kafa batho ba merafe e e sa tshwaneng ba dirang thato ya Modimo ka teng. O tla ba bona ba supa lorato lwa boagisani ka ditiro fa ba ntse ba rera mafoko a a molemo a Bogosi jwa Modimo. Ee, kwa diphuthegong tsa bone, o tla kopana le batho ba ba pelonomi le ba ba sa itimokanyeng ba ba supang ka tsela e ba tshelang ka yone gore ruri ba ithutile go rata baagisani ba bone.
[Setshwantsho mo go tsebe 6]
O tla fitlhela batho ba ba itumetseng ba merafe yotlhe mo diphuthegong tsa Basupi ba ga Jehofa
[Motswedi wa Setshwantsho mo go tsebe 4]
Arrival of the Good Samaritan at the Inn/The Doré Bible Illustrations/Dover Publications, Inc.