LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w93 12/15 ts. 25-29
  • Go Boloka Leitlho la Rona le Bona sentle” mo Tirong ya Bogosi

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Go Boloka Leitlho la Rona le Bona sentle” mo Tirong ya Bogosi
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1993
  • Ditlhogwana
  • Go Boloka Leitlho le Lebile Sentle
  • Tiro ya Bogosi E E Oketsegileng
  • Go Anaanela Dibuka tsa Rona
  • Go Aga ka Ntlha ya Koketsego
  • Go Tlhoma Leitlho mo Bogosing jwa Modimo
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1993
w93 12/15 ts. 25-29

Go Boloka Leitlho la Rona le Bona sentle” mo Tirong ya Bogosi

GERMAN Democratic Republic (G.D.R.), kana jaaka pele e ne e bidiwa Jeremane Botlhaba, ga ya ka ya kgona go tshwara dingwaga tsa bogare. E ne ya khutla go tlhola e nna teng ka October 3, 1990, morago ga dingwaga di le masomeamane, fa naga ya yone e e neng e ka nna bogolo jwa Liberia kana naga ya Tennessee kwa United States, e ne e kopanngwa le Federal Republic of Germany, e pele e neng e bidiwa Jeremane Bophirima.

Go kopanngwa gape ga dinaga tse pedi tsa Jeremane go ne ga dira gore go nne le diphetogo tse dintsi. Dinaga tse pedi tseno di ne di sa kgaoganngwa fela ke molelwane, mme di ne di kgaogantswe ke dikgopolo tse di sa tshwaneng. Seno sotlhe se ne sa ama batho ba lefelo leo jang, mme botshelo jwa Basupi ba ga Jehofa bo ne jwa fetoga jang koo?

Wende, diphetogo tse di neng tsa nna gone ka November 1989 tse di neng tsa dira gore go kgonege gore dinaga tse pedi di kopanngwe gape e ne ya latela ka bofefo morago ga dingwaga di le masomeamane tsa molao o o neng o gagametse wa bososhialise. Ka yone nako eo, tiro ya Basupi ba ga Jehofa e ne e thibetswe, mme ka dinako dingwe ba ne ba bogisiwa botlhoko thata.a Batho ba ne ba tlala boitumelo ka nako ya fa ba ne ba gololesega kwa G.D.R. Mme fa boitumelo joo bo ne bo ntse bo ngotlega, batho ba le bantsi ba ne ba tlhakana tlhogo, ba swaba, le e leng go simolola go bona boemo kafa bo neng bo ntse ka teng tota. Tiro ya go kopanya dinaga tse pedi tsa Jeremane gore e nne selo se le sengwe mo go tsa loago, tsa polotiki le tsa ikonomi e lebega e le kgolo thata.

Go ya ka motseletsele wa setlhogo se se reng “162 Tage Deutsche Geschichte” (Hisitori ya Jeremane ya Malatsi a le 162) se se neng se tlhaga mo go Der Spiegel, morago ga go kopanngwa ga dinaga tse pedi tseno batho ka bontsi ba ne ba tshogile gore ba tlile go tlhoka ditiro, gore ditlhwatlhwa tsa dilo di tlile go tlhatloga mmogo le dirente. Bontsi jwa batho ba pele ba neng ba wela kafa tlase ga se pele e neng e le G.D.R. ba ne ba ipotsa jaana: “A ke tla bona phenshene e e lekaneng?” Go tweng ka matlo? “Go dikologa G.D.R. yotlhe, dikago tsa bogologolo di a wa, mebila yotlhe e setse e tla nna e sena batho.” Selekanyo se kgotlelo e leng kgolo ka sone se a tshosa.

Basupi ba ga Jehofa ba kwa G.D.R. ba ne ba kgona mathata a a neng a bakiwa ke tlhakatlhakano e e neng e le mo loagong le ya ikonomi jang?

Go Boloka Leitlho le Lebile Sentle

Basupi ba ga Jehofa ga ba na dikgopolo tse di ba kgaoganyang jaaka melelwane. Tumelo ya bone e e theilweng mo Bibeleng e a tshwana, ba ka tswa ba le kwa Botlhaba kana kwa Bophirima. Ka nako ya fa seemo sa botshelo jwa bone se ne se fetoga, bontsi jwa Basupi bo ne jwa boloka bomoya jwa bone bo lekalekane ka go nna ba tlhomile matlho a bone mo mokgeleng wa bone o mogolo e leng go direla Jehofa. Ke ka ntlha yang fa seno se le botlhokwa?

Ka ntlha ya gore “mokgwa oa lehatshe yeno oa heta.” (1 Bakorintha 7:31) Mogolwane mongwe wa Mokeresete o bolela gore pele ga Wende ba ne ba tlhoka go nna pelokgale gore ba kgone go rera ka nako ya fa ba ne ba thibetswe; go ne ga ruta Basupi gore ba ikaege ka Jehofa le go ba ruta go dirisa Bibela. Ka jalo, gone jaanong, “re tshwanetse go itlhokomela thata gore dilo tse di bonalang le tse re tlhobaelang ka tsone tsa botshelo di se ka tsa re faposa.”

Kgololesego le kgatelopele gantsi di lekanngwa ka selekanyo sa dikhumo tse o nang natso. Batho ba bantsi mo kgaolong eno ba dirisa nako kana ba ijesa monate ka tsela e e tla duelelang ya fa ba ne ba sa kgone go dira jalo. Seno se itshupa sentle fa motho a kgweetsa mo ditseleng tse di matlapa mo ditoropong le mo metseng e e kwa borwa ya Thuringia le Saxony. Ditsela di ka tswa di tlhoka go baakanngwa, batho ba nna mo matlong a maemo a a kwa tlase, mme fa o re o tsena mo teng o tla fitlhela e se ka dieriala tsa disatelaete tsa dithelebishene e le tlang lo boneng! Go bonolo gore motho a ka tsiediwa gore a dumele gore tshireletsego le boitumelo di tlisiwa ke fa motho a na le sengwe le sengwe se leitlho le se bonang. Abo seo e le serai se se kotsi jang ne!

Mo Thutong ya kwa Thabeng, Jesu o ne a bua ka dikotsi tsa go senya nako mo dilong tse di bonalang le mo go tlhobaeleng ka dilo tsa botshelo. O ne a tlhagisa jaana: “Se iphutheleñ dikhumō mo lehatshiñ.” O ne a oketsa ka go re: “Lobōnè loa mmele ke leitlhō: ke gōna ea re ha leitlhō ya gago le bōna sentlè, mmele otlhe oa gago o tlale lesedi.” (Mathaio 6:19, 22) O ne a raya jang? Leitlho le le bonang sentle ke le le lebileng le sa bonye le romelela tlhaloganyo ditshwantsho tse di bonalang sentle. Leitlho la semoya le le bonang sentle le boloka setshwantsho sa Bogosi jwa Modimo se bonala sentle. Ka jalo, tshwetso ya Mokeresete ya go boloka leitlho la gagwe le bona sentle, le lebile le sa bonye mo Bogosing jwa Modimo, le go tlogela go tlhobaela e mo thusa go mmoloka a itekanetse sentle semoyeng.

Re ka tshwantsha seno ka maitemogelo a banyalani bangwe ba kwa Zwickau, kwa Saxony, ba ba neng ba kgatlhegela Bibela ka nako ya Wende. Kgwebo ya bone e ne e ja nako e ntsi thata, mme lefa go ntse jalo ba ne ba baya dilo tsa semoya kwa pele, ba nna teng kwa dipokanong tsotlhe tsa Bokeresete. “Go ya kafa re bonang kgwebo ya rona ka gone, ga re kgone go nna le nako,” ba ne ba dumela jalo, “mme lefa go ntse jalo, fa go tliwa mo dilong tsa semoya re a e tlhoka.” Abo e le tshwetso e e botlhale jang ne!

Ela tlhoko gape lelapa lengwe kwa Plauen, e ntse e le gone kwa Saxony. Rre e ne e le modiri wa diwatšhe, e le setswerere e bile a na le kgwebo e e leng ya gagwe. Morago ga Wende, rente ya fa a neng a direla teng e ne ya tlhatloga thata. Ke eng se a neng a tshwanetse go se dira? “Go ne go tla mpatla madi a mantsi tota, mme ke ne ke dirile gore boammaaruri e nne jone selo sa botlhokwa mo botshelong jwa me.” Ka jalo o ne a fudugela mo lefelong le le neng le sa e tshwanela sentle mme rente ya lone e le kwa tlase. Ee, modiri wa diwatšhe o ne a ithuta ka bonako tota go boloka leitlho la gagwe le bona sentle.

Lefa go ntse jalo, ba le mmalwa ba ile ba thanya lo setse lo le tsebeng. Mogolwane mongwe wa Mokeresete o ne a simolola kgwebo, a bolela gore ikonomi e mo go yone mongwe le mongwe a kgonang go ipulela kgwebo e e neng e sa tswa go simolola e supa gore a ka atlega. Molebedi mongwe yo o etang o ne a mo rotloetsa ka lerato gore a se ka a letla ditiro tsa kgwebo go fekeetsa tsa semoya. Lefa go ntse jalo, ka maswabi, go ne ga diragala fela jalo. Morago ga dikgwedi di le mmalwa mokaulengwe o ne a tlogela bogolwane. Kwa morago o ne a kwala jaana: “Go ya ka se se ntiragaletseng, ke rata go gakolola mokaulengwe mongwe le mongwe yo o batlang go tswelela sentle mo go nneng le ditshiamelo tsa tirelo gore a se ka a nna le kgwebo e e leng ya gagwe.” Seno ga se reye gore Mokeresete ga a tshwanela go nna le kgwebo e e leng ya gagwe. Mme lefa go ntse jalo, lefa re ka tswa re na le dikgwebo tse e leng tsa rona kana re sena tsone, go tlhobaela thata ka tsa madi go ka re dira makgoba a dikhumo re sa lemoge. Jesu o ne a bontsha matswela a seno ka go re: “Ga go na motho opè eo o ka dihèlañ barèna ba le babedi: ka a tla ila eo moñwe, me a rate eo moñwe; goñwe a ñaparele eo moñwe, me a nyatse eo moñwe.” (Mathaio 6:24) Goethe, mmoki mongwe wa Mojeremane, o ne a bolela jaana: “Batho ba ba itsietsang ba re ba gololesegile ke bone magolegwa a a tlhomolang pelo.”

Fa re le mo gare ga sefefo sa mmatota go ka re tlhoka gore re ngotle matlho a rona go sekae kana re a sireletse ka diatla gore re tle re kgone go bona kwa re yang teng. Fa re le mo gare ga tlhakatlhakano ya tsa polotiki, ya tsa ikonomi kana ya tsa itsholelo, go tlhokega gore re se ka ra faphega ditsebe gore re kgone go nna re gagamaletse mokgele wa rona wa semoya. Ke eng seo Bakeresete ba bangwe ba se dirang go boloka leitlho la bone le bona sentle mo tirong ya Bogosi?

Tiro ya Bogosi E E Oketsegileng

Go dikologa se pele e neng e le G.D.R., Basupi ba senya nako e ntsi mo go rereng go feta jaaka ba kile ba dira pele. Mo dingwageng tse pedi tse di fetileng, palogare ya nako e e ileng ya dirwa mo tirelong ya tshimo e ne ya tlhatloga ka 21 lekgolong. Go ile ga felela ka gore dithuto tsa magae tsa Bibela di oketsege ka 34 lekgolong. Mo godimo ga moo, gone jaanong palo ya babulatsela ba ka metlha e menagane gane fa e bapisiwa le ya dingwaga tse pedi fela tse di fetileng! Fa ba bangwe ba tshwenyega e bile ba nntse ba ngongorega, Bakeresete ba ba ka fetang 23 000 mo nageng e pele e neng e le G.D.R. ba kgona go itshokela seemo ka go boloka leitlho la bone le bona sentle. Seno se ile sa dira gore go dirwe tiro e e oketsegileng ya Bogosi.—Bapisa Yoshue 6:15.

Tiro e e ntseng e oketsega e supa gore tshimo e ntse e tlhokometswe sentle kwa borwa, koo bontsi jwa Basupi bo nnang gone. Bontsi jwa maina a mafelo a koo ke a a tumileng thata mo hisitoring. Fa e le gore o motho yo o ratang dilwana tse dintle tsa letsopa tse di jelang, o tla lemoga gore toropo ya Meissen, e e gaufi le Dresden, ke yone ya ntlha go dira dilwana tse di thubegang tsa letsopa mo lefatsheng. Meissen jaanong ke legae la baboledi ba Bogosi ba ba ka nnang 130. Kana tsaya ka sekai Weimar, “motsemoshate wa bogologolo wa Jeremane.” Sefikantswe sa ga Goethe-Schiller se se mo gare ga toropo se supa botsalano jo bogolo jwa ga Weimar le bakwadi bao ba babedi e bile ke selo se batho ba le bantsi ba ipelang ka sone koo. Gompieno Weimar e ka ipela ka baboledi ba yone ba mafoko a a molemo ba ba fetang 150.

Lefa go ntse jalo, dilo di farologane kwa bokone, go na le baboledi ba se kae fela le diphuthego di katogane thata. Ditiro di tlhokega ka tsela e e tllhomolang pelo. Bontsi jwa ba ba dirang ba tshwanela go dira diura tse di oketsegileng gore ba se ka ba latlhegelwa ke tiro. Mokaulengwe mongwe yo o direlang jaaka moreri wa nako e e tletseng kwa bokone o tlhalosa jaana: “Mokaulengwe mongwe le mongwe o ne a tlhoka gore Jehofa a mo sireletse fa a le mo tirelong ya tshimo, mme lefa go ntse jalo, go ne go se thata go bona tiro. Gone jaanong dilo di fetogile. Re gololesegile gore re ka rera, mme re tlhoka kaelo ya gagwe fa go tliwa mo go tsa tiro. Phetogo e e ntseng jalo e batla gore motho a tlwaelane le yone.”

A baboledi ba itumelela go kgona go rera kgapetsakgapetsa? Wolfgang o bona dilo jaana: “Go botoka thata gore mmoledi a le mongwe a dire tshimo e le nngwe kgapetsakgapetsa. Batho ba a mo tshepa le go gololesega botoka fa ba bua le ene.” Mo godimo ga moo, beng ba matlo “ga ba tlhole ba tlhabiwa ke ditlhong go bua ka bodumedi fa re ba etetse lefa go na le mongwe a feta a le fa gaufi a utlwa se re se buang. Bodumedi ga e tlhole e le kgang e batho ba tshabang go bua ka yone.” Ralf le Martina ba dumelana le seno. “Re itumelela go dira tshimo ya rona kgapetsakgapetsa. Re kgona go itse batho ka namana mme gape le bone ba itumelela dibuka tsa rona tse di farofarologaneng.”

Go Anaanela Dibuka tsa Rona

Buka e Ralf le Martina ba e anaanelang thata ke ya Life—How Did It Get Here? By Evolution or by Creation? Mo bontsing jwa batho ba ba nnang mo nageng eno e pele e neng e le G.D.R. ba ba neng ba ngaparetse thata thuto ya gore Modimo ga o yo, buka eno e itshupile e le molemo mo go ruteng batho Bibela. Gape ba ne ba eletsa e kete ba ka bona kgatiso e nnye mo go eno mme e ntse e tshwere kgang e e tshwanang. “Abo re ne ra itumela thata jang ne fa go ne go gololwa boroutšhara ba A Ruriruri Modimo O Amega Ka Rona? kwa Kopanong ya Kgaolo ya 1992 ya ‘Batshodi ba Lesedi’ kwa Dresden. E ne e le karabo ya dithapelo tsa rona.”

Bontsi jwa batho ba e seng Basupi ba simolotse go rata dikgatiso tsa Watch Tower. Ka July 1992 mosadi mongwe wa motlhatlheledi mo thutong ya tsa loago o ne a bolela kafa a “tlotlang le go lebogela thata ka teng” dikgatiso tsa rona tse a di dirisang fa a baakanyetsa dithuto tsa gagwe. Ka January 1992 mosadi mongwe wa kwa Rostock o ne a bona kopi ya buka ya O Ka Tshelela Ruri mo Lefatsheng la Paradaise mo Basuping ba babedi ba ba neng ba mo etetse. O ne a kwalela ofisi ya lekala ya Jeremane jaana: “Ke tsena Kereke ya Lutere. Ke tlotla thata ditiro tsa mokgatlho wa Basupi ba ga Jehofa. Ba bolela ka bopelokgale gore motho ga a kake a kgona sepe fa a sa kaelwe ke Modimo.”

Dikereke tsa Labokeresete di ile tsa neela maloko a tsone kaelo e kana kang ya semoya? Lokwalodikgang lo lo ratiwang thata lwa Die Zeit lo ile lwa akgela ka December 1991 gore le mororo Kereke ya Lutere e kile ya nna ya “galalediwa ka nakwana gore ke yone e lerileng diphetogo ka kagiso, batho ba ba neng ba e rata ba fokotsega ka bofefo.” Aitsane, leloko lengwe la Kereke ya Lutere le ne la akgela jaana: “Batho ba ne ba akanya gore botshelo mo tsamaisong ya ikonomi e mo go yone mongwe le mongwe a ka nnang le kgwebo ya gagwe bo tshwana le paradaise.” Leloko lengwe la kereke kwa Magdeburg le ne la kwala le kopa tshedimosetso. Ka ntlha yang? “Morago ga dingwaga ke ntse ke itsietsa ke sa batle go dumela,” lekawana leno le kwadile jalo, “jaanong ke dumela tota gore lefatshe leno le setse le ya bokhutlong le gore mo nakong e khutshwane re tlile go nna le mathata a a masisi.”—2 Timotheo 3:1-5.

Go Aga ka Ntlha ya Koketsego

Pele ga Wende go ne go thibetswe gore go se ka ga nna le Diholo tsa Bogosi mo G.D.R. Gone jaanong di tlhokega ka bonako; go agiwa ga tsone go tla pele. Seno ke karolo e nngwe ya kobamelo ya boammaaruri e e ileng ya fetoga ka tsela e e gakgamatsang. Maitemogelo a mokaulengwe mongwe a supa kafa seno se ileng sa fetoga ka bonako ka teng.

Ka March 1990, diura di se kae fela morago ga gore Basupi ba ga Jehofa ba letliwe semmuso mo G.D.R., mokaulengwe mongwe o ne a lalediwa go bua le setlhopha sengwe sa Basupi, e le la ntlha mo botshelong jwa gagwe a dirisa maekerofouno. Dingwaga di le pedi morago ga moo, phuthego e a neng a kopanela le yone e ne ya kgakola Holo ya Bogosi e ntšhantšha. Kwa bofelong jwa 1992, go ne go setse go agilwe Diholo tsa Bogosi di le supa tse go kopanelang diphuthego di le 16 mo go tsone. Go rulaganyediwa tse dingwe gape di ka feta 30, mmogo le Holo ya Dikopano e ntle.

Go Tlhoma Leitlho mo Bogosing jwa Modimo

Mogolwane mongwe wa Mokeresete o akgela jaana: “Ka bonako fela morago ga Wende, batho ba le bantsi ba ne ba gana Bibela. Ba ne ba ikantse puso e ntšha, e e neng ya solofetsa gore maemo a ne a tlile go nna botoka.” A ba ne ba bona se ba neng ba se solofetse? “Mo lobakeng lwa dingwaga di le pedi ba ne ba fetola megopolo ya bone. Batho jaanong ba dumelana le rona gore dipuso tsa batho ga di kitla di tlisa kagiso le tshiamo.”

Boidiidi jwa batho bo ne jwa itumela fa mmuso o o neng o gagametse wa bososhialise wa kwa G.D.R. o ne o wa, ba bolela gore seo e ne e le mahube a motlha wa boitumelo jo bogolo wa go tshela ka dikgopolo tsa Bophirima. Mme lefa go ntse jalo ba ne ba swabisiwa. Lefa go ka busa puso efe, Basupi ba ga Jehofa ba boloka leitlho la bone le bona sentle gape le lebile le sa bonye mo Bogosing jwa Modimo jo bo galalelang jaaka naledi kwa magodimong. Tsholofelo e e ntseng jalo ga e kitla e ba tlhabisa ditlhong.—Baroma 5:5.

[Ntlha e e kwa tlase]

a Bona karolo 1-3 tsa setlhogo se se reng, “Jehofa O Ne A Re Tlhokomela Fa Re Ne Re Thibetswe,” mo ditokololong tsa Tora ya Tebelo tsa April 15, May 1, le May 15, 1992.

[Ditshwantsho mo go tsebe 26]

Basupi ba kwa Jeremane ba dirisa kgololesego ya bone ka go dira thata ditiro tsa Bogosi

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela