Go Palama Thaba e e Kwa Godimo go Feta Dithaba Tsa Himalaya
DITHABA tsa Himalaya! Mafoko ao a dira gore o akanye ka eng? A o akanya ka ditlhoa tse di boifisang tse di nang le dikgapetla tsa serame tsa diphefo tse di maatla tsa kgwanyape? A o akanya ka boitumelo jwa go kgona go ema fa godimo ga thaba e e kwa godimodimo mo lefatsheng? Ba le bantsi ba rona ga ba ka ke ba kgona go palama Thaba ya Everest, e e mo Dithabeng tsa Himalaya kwa Nepal. Lefa go ntse jalo, go na le batho ba bantsi gompieno kwa Nepal ba ba palamang thaba e e kwa godimo go feta dithaba tsa Himalaya! Pele re bua ka loeto lono lwa go ya kwa thabeng e kgolo eno, a re lebeng lefelo le lennye mme le le lentle la Bogosi jwa Nepal.
Nepal—Bogosi Jo bo Mo Dithabeng
Bogosi jwa Nepal ga bo a tlwaelega ka gonne ke bongwe jwa magosi a le mmalwa a a santseng a busiwa ke dikgosi mo lefatsheng e bile gape ke ka go bo e le bogosi jwa sedumedi e seng jwa batho fela. Nepal ke yone fela naga ya Sehindu mo lefatsheng. Bontsi jwa baagi ba yone ba ba dimilione di le 20 ke Bahindu. Lefa go ntse jalo batho bano ke ba ditso tse di farologaneng thata. Ba ba nnang kwa bokone kwa kgaolong ya dithaba gantsi ke Ba-Tibet-Burma, fa ba ba nnang kwa dipoeng kwa borwa, e le Baindia ba Se-Aryan. Se-Nepal ke puo ya semmuso ya naga eo e bile ke puo ya tlholego ya diperesente di le 60 tsa batho. Ba bangwe ba ba setseng ba bua dipuo tse 18 tsa ditso tsa bone.
Nepal e na le dikhutlo tse nne, e dikilometara di le 880 go tswa kwa botlhaba go ya kwa bophirima le dikilometara di le 200 go tswa kwa bokone go ya kwa borwa. Dithaba tse di boifisang tsa Himalaya, tse di dirang molelwane kwa bokone, ke Thaba ya Everest, setlhoa se se kwa godimodimo go di feta tsotlhe tse di mo lefatsheng sa dimetara di le 8 848 le ditlhoa tse dingwe gape tse robedi tsa bogodimo jwa dimetara tse di fetang 8 000. Mo bogareng jwa Nepal go na le dithaba tse di seng dileele le matšha le mekgatšha. Fa o tsamaela kwa borwa, mo molelwaneng wa India, go na le lefelo le legolo la temothuto la mmu o o nonneng la Tarai.
Moshate wa yone, Kathmandu, o o mo kgaolong e e fa gare, o kgatlha bajanala tota. O na le difofane tse di kgabaganyang dithaba tse dikgolo, tse di tseelang maeto kwa diparakeng tsa diphologolo le kwa mafelong a mantsi a a kgatlhang a koo. Nepal ka dinako tse dingwe e bidiwa mokgatšha wa medimo gonne bodumedi bo na le seabe se segolo mo matshelong a batho ba yone. Bodumedi ke lengwe la mabaka a go bo dimilione tsa batho mo lefatsheng di etela “thaba” e e kwa godimo eo go gaisa dithaba tsotlhe tsa Himalaya.
Mo e ka nnang dingwaga di le 2 700 tse di fetileng, moperofeti wa Mohebera Isaia o ne a tlhotlhelediwa go bolelela pele gore “mo metlheng e e tlaa tlang kwa pelepele . . . thaba ya ntlo ya ga Jehofa e tlaa tlhongwa mo setlhoeng sa dithaba . . . Ditšhaba di le dintsi di tlaa ya di re: ‘Ntlong, a re tlhatlogeleng kwa thabeng ya ga Jehofa . . . o tlaa re ruta ditsela tsa gagwe, mme re tlaa sepela mo ditselaneng tsa gagwe.’” (Isaia 2:2, 3) Fano, kobamelo e e itshekileng ya ga Jehofa, Mmopi le Mmusi Molaodi wa lobopo, e tshwantshiwa le thaba, e e leng kwa godimo go gaisa mefuta yotlhe ya dikobamelo ya sekadithaba. Ke tiro e e thusang batho ba ba tshwerweng ke tlala ya go utlwa boammaaruri go ithuta ka ditsela tsa ga Jehofa. Tiro eno e ne ya simolola jang kwa Nepal?
Go Simolola ka Tsela e Potlana
Lesole lengwe le le neng le le mo Bosoleng jwa Boritane mo Ntweng ya Lefatshe II le ne le batla bodumedi jwa boammaaruri. Batsadi ba gagwe ba Bahindu ba Nepal ba ne ba sokologetse mo Bokatoliking. Fa a ne a ntse a gola, o ne a bona boeleele jwa go obamela medimo ya ditshwantsho, a gana dithuto tse di tshwanang le molelo wa dihele mme a simolola go sekaseka dilo tse di dumelwang mo dikerekeng tsa Porotesetanta. Lefa go ntse jalo, o ne a se ka a kgotsofala.
Lesole leno le ne la tsewa ke Bajapane e le legolegwa kwa lefelong le ka nako eo le neng le bidiwa Rangoon, kwa Burma, mme fa le le koo le ne la rapelela gore fa le ka falola bosetlhogo jwa tiro e e bokete ya kwa kampeng le tla tswelela ka go batla bodumedi jwa boammaaruri. Moragonyana, o ne a kgona go ngwega mme a thusiwa ke morutabana mongwe yo a neng a fitlhela kwa lapeng la gagwe a na le bukana ya Where Are the Dead?, e e neng e kwadilwe ke J. F. Rutherford. E re ka a ne a lemoga gore seno se ne se le boammaaruri, o ne a dumela go ithuta fa Basupi ba ga Jehofa ba ne ba mo etela kwa Rangoon ka 1947. O ne a kolobediwa mo dikgweding di le mmalwa fela mme moragonyana mosadi wa gagwe yo mmotlana le ene o ne a kolobediwa. Ba ne ba swetsa ka gore ba boele kwa India, go ya go nna kwa ba goletseng teng kwa Kalimpong, kwa dithabeng tse di kwa bokonebotlhaba. Bana ba bone ba babedi ba ne ba golela fano ba bo ba tsena sekolo fano. Ba ne ba fudugela kwa Kathmandu ka March ka 1970.
Molaotheo wa Nepal o ne o thibela motho go sokololela ba bangwe mo bodumeding jwa gagwe. Mongwe le mongwe yo o neng a fitlhelwa a buelela bodumedi jo go neng go twe ke jwa seeng o ne a latlhelwa mo kgolegelong ka dingwaga di le supa mme motho yo o neng a tsena mo bodumeding jo bo ntseng jalo o ne a atlholelwa dingwaga di le tharo mo kgolegelong mmogo le go duedisiwa madi a mantsi. Ka jalo motho o ne a tshwanetse go rera ka tsela e e botlhale. Fa motho a ne a dira tiro ya ntlo le ntlo, o ne a etela ntlo nngwe, go tswa foo a bo a ya kwa lefelong le lengwe go etela e nngwe koo. Go a utlwala sentle go bo mafoko a a molemo a ne a anamisiwa thata ka bosupi jo e seng jwa ka tlwaelo.
Matswela a ne a bonwa ka bonya. Tshimo e ne e lebega e le kgolo thata ka go bo baagi ba teng ba ne ba ka nna dimilione di le lesome. Boammaaruri bo ne jwa jalwa fa lelapa le le nosi leno le ne le neela bosupi mo ditsaleng, mo bathong ba ba ba tlwaetseng, mo bahiring ba bone le mo badiringkabone. Ba ne ba tshwara dipokano mo legaeng la bone ka metlha mme ba laletsa batho ba ba kgatlhegang gore ba kopanele le bone. Kgabagare ka March 1974, ba na le dingwaga di le nne ba ntse ba jala le go nosetsa ba sa kgaotse, ba ne ba bona maungo a ntlha kwa Nepal—mme e bile a tswa kwa ba neng ba sa lebelela teng!
Mmoledi o ne a etela ntlo ya monna mongwe wa mohumi yo e neng e le mokwaledi wa leloko lengwe la lelapa la segosi. “Bua le morwaake,” monna yono o ne a rialo. Morwawe o ne a dumela go ithuta Baebele. Fa nako e ntse e tsamaya o ne a batla tiro e nngwe ka gonne a ne a dira kwa khasinong e go betšhiwang kwa go yone. Rraagwe, yo e neng e le Mohindu yo o ineetseng, o ne a tlhabana le ene. Lefa go ntse jalo, lekawana leno le ne la ema mo letlhakoreng la ga Jehofa. Go ne ga felela jang? Moragonyana rraagwe o ne a emisa go tlhabana le ene, mme setlhopha sa losika lwa gagwe lo lo gaufi se ne sa amogela boammaaruri jwa Baebele. Jaanong o direla jaaka mogolwane mo phuthegong ya Bokeresete.
Gore ba ipoloke ba nonofile semoyeng e bile ba reetsa taolo ya Dikwalo ya gore ba se ka ba tlogela go kopana mmogo, setlhopha se sennye seno sa kwa Kathmandu se ne sa tswelela se tshwarela dipokano ka metlha mo legaeng la mongwe. Mme bakaulengwe ba ne ba sa kgone go nna gone mo dipokanong tse dikgolwane. Ba ba neng ba kgona ba ne ba ya dikopanong kwa India—loeto lo loleele lo lo neng lo ja madi a mantsi go kgabaganya dithaba.
A bo go ne go le monate jang ne fa thulaganyo yotlhe ya kopano ya kgaolo e ne e tshwarelwa mo legaeng le ba neng ba tshwarela dipokano kwa go lone! Akanya fela, bakaulengwe ba le bane, go akaretsa le leloko la lekala la India, ba neela thulaganyo yotlhe! Go ne ga dirwa le terama ya Baebele tota. Jang? Go ne go tserwe diselaete ka nako ya fa go ne go ikatisiwa kwa India. Kwa Nepal, diselaete tseno di ne tsa supiwa mo sekirining go tshamekiwa gape le khasete ya mantswe. Bareetsi ba ne ba di itumelela thata. Bareetsi ba ne ba le bakae? Batho ba le 18.
Ba ne ba sa bone batho go tswa kwa ntle ga naga ya bone go tla go ba thusa ka tiro ya go rera. Ba ne ba sa kgone go bona barongwa e bile batswakwa ba ne ba sa kgone go bona ditiro tsa boitshediso. Lefa go ntse jalo, Basupi bangwe ba le babedi ba Baindia ba ne ba bona tiro kwa Nepal ka dinako tse di farologaneng, ba fetsa dingwaga di le mmalwa mo Kathmandu mme ba thusa go nonotsha phuthego e e neng e sa tswa go tlhongwa koo. Ka 1976 go ne go na le baboledi ba Bogosi ba le 17 kwa Kathmandu. Bakaulengwe ba ne ba ikagela Holo ya Bogosi ka 1985. Fa e sena go wediwa, dikopano tsa ngwaga le ngwaga tsa kgaolo mmogo le dikopano tse dingwe koo di ne tsa tshwarelwa mo go yone ka metlha. Holo eno eleruri e ne e le boremelelo jwa kobamelo e e itshekileng mo kgaolong e e kwa thokothoko eo ya dithaba.
Katoloso le Mororo Go na Le Mathata
Mo dingwageng tseo tsa kwa tshimologong, tiro ya go rera ga e a ka ya lemogiwa ke babusi ka go bo e ne e dirwa ka kelotlhoko thata. Lefa go ntse jalo, kwa bofelong jwa 1984, tiro e ne ya thibelwa. Go ne ga tshwarwa mokaulengwe le bokgaitsadi ba le bararo mme ba golegwa malatsi a manè pele ga ba gololwa le go bolelelwa gore ba se ka ba tlhola ba tswelela ka tiro ya bone. Kwa motseng mongwe, go ne ga tshwarwa batho ba le robong ba ithuta Baebele mo magaeng a bone. Ba le barataro ba ne ba golegwa ka malatsi a le 43. Go ile ga tshwarwa le batho ba bangwe gape ba le mmalwanyana, mme go ne ga se ka ga tsewa kgato epe ya semolao.
Moragonyana fela jaana ka 1989, bakaulengwe le bokgaitsadi botlhe ba ne ba tshwarwa kwa Thutong ya Buka ya Phuthego ba golegwa ka malatsi a mararo ba bo ba gololwa. Ka dinako tse dingwe, ba ne ba kopiwa go saena setatemente se se reng ga ba ne ba tlhola ba rera. Ba ne ba gana. Bangwe ba ne ba gololwa fela fa ba sena go saena setatemente se se reng ba tla emela sepe fela se se ka dirwang ka bone fa ba ka tshwarwa ba rera.
Le mororo go ne go na le mathata a a ntseng jalo, bakaulengwe ba ne ba tswelela ba rera mafoko a a molemo a Bogosi ba le tlhaga. Ka sekai, ka 1985, ngwaga morago ga gore puso e tsereganye, palo ya ba ba neng ba rera e ne ya oketsega ka diperesente di le 21. Baboledi ba le 35 ba ne ba dira palogare ya diura di le 20 ka kgwedi ba bua le ba bangwe ka kobamelo e e itshekileng.
Fa nako e ntse e tsamaya, seemo sa dipolotiki se ne sa simolola go fetoga kwa Nepal. Badiredi ba bagolo ba puso ba ne ba simolola go lemoga gore Basupi ba ga Jehofa ba ne ba se diphatsa. E bile tota, tiro ya go ruta Baebele e ne e aga batho ka tsela e e molemo tota, e ba dira baagi ba ba botoka. Badiredi ba bagolo ba ne ba bona gore boikanyego, go dira ka natla le boitsholo jo bo siameng di ne di gatelelwa jaaka dilo tsa botlhokwa mo baobameding ba ga Jehofa.
Bosupi bo ne jwa neelwa tota fa mosadi mongwe yo e neng e kile ya bo e le Mohindu yo o ineetseng a ne a nna Mosupi a bo a gana go tshelwa madi. Dingaka di ne tsa gakgamala tota go mmona a eme a nonofile e bile a rutilwe sentle. Mosadi yono o ne a thusiwa go ithuta boammaaruri ka go dirisa boroutšhara jwa Itumelele Botshelo mo Lefatsheng ka Bosakhutleng! Le mororo lelapa la gagwe le ne le mo ganetsa le go mo kgoba, o ne a kolobediwa ka 1990 fa a setse a tla tshwara dingwaga tse 70. Moragonyana o ne a robega leoto mme o ne a ariwa ka go ne go na le bodiphatsa bongwe gape. O ne a fetsa dibeke tse pedi a emelane le dingaka le ba losika ba ba neng ba mo gatelela gore a tshelwe madi. Kgabagare, setlhopha se se arang se ne sa mo ara kwa ntle ga mathata ba sa mo tshela madi. Le mororo jaanong a sa kgone go tsamaela kgakala, kgaitsadi yo o ikanyegang yono o nna fa hekeng ya gagwe moso le moso a bo a bitsa batho ba ba fetang gore ba nne fa fatshe ba utlwe dikgang tse di monate.
Nepal Gompieno
Dilo di ntse jang kwa Nepal gompieno? Basupi ba ga Jehofa ba itumelela go obamela ka kgololesego jaaka bakaulengwe ba bangwe ba bone mo lefatsheng lotlhe. Go tloga ka nako ya fa mopagami a le mongwe kana ba babedi ba tshwantshetso ba ne ba simolola go kopanela le ba ba neng ba palama thaba ya kobamelo ya boammaaruri, go ile ga nna le palo e e ntseng e oketsega ya batho ba ba ileng ba re, “Ntlong, a re tlhatlogeleng kwa thabeng ya ga Jehofa.” Ka 1989 go ne go setse go na le palogare ya batho ba le 43 ba ba neng ba nna le seabe mo tirong ya go rera kgwedi le kgwedi, mme ba le 204 ba ne ba tla kwa Segopotsong sa loso lwa ga Keresete mo go one ngwaga oo.
Morago ga foo, jaaka a solofeditse, Jehofa o ne a akofisa go phuthelwa ga batho ba ba batlang boammaaruri mo ntlong ya gagwe. (Isaia 60:22) Mo bogautshwaneng jaana go ne ga tlhomiwa phuthego ya bobedi kwa Kathmandu, e bile jaanong go na le ditlhopha dingwe tse di kwa thoko kafa ntle ga moshate. Ka April 1994, go ne go na le Bakeresete ba le 153 ba ba neng ba bega tiro ya bone ya go rera—koketsego ya diperesente di le 350 mo dingwageng tse di kafa tlase ga di le tlhano! Ba ne ba ithuta Baebele le batho ba ba kgatlhegang ba le 386. Go ne ga nna le palo e e itumedisang thata ya batho ba le 580 mo Segopotsong ka 1994. Batho ba le 635 ba ne ba tlala mo holong mme ba le 20 ba ne ba kolobediwa kwa kopanong e e kgethegileng ya letsatsi le le lengwe. Ka jalo, koketsego e e itumelelwang ke Basupi ba ga Jehofa mo lefatsheng lotlhe e teng le kwa nageng e potlana ya Nepal.
Mo dingwageng tsa bosheng jaana dibuka tse di neng tsa kwalwa ka puo ya Se-Nepal di oketsegile, go thusa batho ba ba boikokobetso go ngaparela boammaaruri. Go na le baranodi ba nako e e tletseng kwa Kathmandu ba ba katisitsweng mo go ranoleng le mo go diriseng khomputara kwa ofising ya lekala ya India. Bapalami ba dithaba tsa puso ya Modimo ba kwa Nepal ba tlhomeletse koketsego eno sentle e bile ba gatela pele!
Go Palamela kwa Godimo go Feta Dithaba Tsa Himalaya
Le wena o ka itumelela go palama thaba e e kwa godimodimo go gaisa dithaba tsa Himalaya. Fa o dira jalo, o tla bo o sa kopanele fela le batho ba ba tswang kwa Nepal mme le batho ba le dimilione “ba morafe mongwe le mongwe, le ba ditso tsotlhe, le batho, le dipuo.” (Tshenolo 7:9) O tla itumelela le bone go rutiwa ke Mmopi wa dithaba tse dikgolo jaaka tse di kwa Nepal. O tla bona fa Mmopi a “atlhola fa gare ga merafe,” e bile o tla kgona go nna le tsholofelo ya go tshelela ruri mo lefatsheng le le phepafaditsweng le lentle.—Isaia 2:4.
[Mmapa mo go tsebe 24]
(For fully formatted text, see publication)
Kathmandu
Thaba ya Everest
[Setshwantsho mo go tsebe 25]
Kafa ntle ga Holo ya Bogosi kwa Kathmandu
[Setshwantsho mo go tsebe 26]
Batho ba le bantsi ba kwa Nepal ba solegelwa molemo ke thuto ya Baebele