A o Tshwanetse go Dumela Thuto ya go Tsalwa ka Mmele o Mosha?
MOFILOSOFI wa Mogerika e bong Plato o ne a amanya go ratana le kgopolo ya go tsalwa ka mmele o mosha. O ne a dumela gore fa mmele o sena go swa, moya, o o sa sweng, o a tswa o bo o ya kwa go se se ntseng se bidiwa “boemo jwa dipopego tse di itshekileng.” O nna koo o se na mmele ka nakonyana, o ntse o tlhatlhanya ka dipopego. Fa moya o tsalwa ka mmele o mosha, mo mogopolong o gakologelwa le go eletsa boemo jwa dipopego. Go ya ka Plato, batho ba ratana ka gonne ba bona mo mothong yo ba mo ratang popego e e tshwanetseng ya bontle jo ba bo gakologelwang go le gonnye e bile e le jo ba bo batlang.
Go Lemoga Motswedi le Motheo wa Thuto ya go Tsalwa ka Mmele o Mosha
Thuto ya go tsalwa ka mmele o mosha e tlhoka gore motho a dumele gore moya ga o swe. Ka jalo he, tshimologo ya thuto ya go tsalwa ka mmele o mosha e tshwanetse ya bonwa mo bathong kana mo ditšhabeng tse di neng di dumela seo. Ka ntlha ya seno, bangwe ba akanya gore e simolotse kwa Egepeto wa bogologolo. Ba bangwe ba dumela gore e simolotse kwa Babilonia wa bogologolo. Go tlotlomatsa bodumedi jwa Sebabilone, baperesiti ba jone ba ne ba rotloetsa thuto ya go fetela ga moya mo mmeleng o mongwe. Ka gone ba ne ba ka bolela gore bagaka ba bone ba bodumedi e ne e le ba ba tsetsweng ka mebele e mesha ba ba neng ba na le maemo a a kwa godimo, le mororo e ne e le bagologolwane ba ba saleng ba sule bogologolo.
Le fa go ntse jalo, e ne e le kwa India kwa tumelo ya go tsalwa ka mmele o mosha e neng ya ata thata. Batlhalefi ba Bahindu ba ne ba tlhatlhanya thata ka bothata jwa lebopo lotlhe jwa bosula le go boga ga batho. Ba ipotsa gore ‘dilo tseno di ka dumalanngwa jang le kgopolo ya Mmopi yo o siameng?’ Ba ne ba leka go rarabolola kgang ya go nna gone ga Modimo yo o tshiamo le masetlapelo a a sa lebelelwang le go sa lekalekane mo lefatsheng. Fa nako e ntse e ya, ba ne ba tlhoma “molao wa karma,” molao wa go dira dilo le matswela a gone—‘se motho a se jalang ke sone se a tla se robang.’ Ba ne ba tlhoma ‘sekale’ se ka sone ba neng ba lekanya dituelo le melato mo botshelong bongwe tse di tla duelwang kana tse di tla otlhaelwang mo botshelong jo bo latelang.
“Karma” e raya fela “boitshwaro.” Go ka twe Mohindu o na le karma e e siameng fa a tshela go ya ka ditlwaelo tsa batho le tsa bodumedi mme go ka twe o na le karma e e sa siamang fa a sa dire jalo. Isagwe ya gagwe mo go tsalweng sesha gongwe le gongwe e ikaegile ka boitshwaro jwa gagwe kana ka karma. Mofilosofi Nikhilananda o bolela jaana: “Batho botlhe ba tshotswe ba na le polane ya botho jwa bone, e gantsi e rulagantsweng ke boitshwaro jwa bone mo botshelong jo bo fetileng, le mororo ba gotsa dipopego tsa bone tsa mmele. [Ka jalo] motho ke motlhami wa dipolane tsa tlholelo ya gagwe ka boene, moagi wa bofelelo jwa gagwe.” Le fa go ntse jalo, mokgele wa konokono ke go gololwa mo modikologong wa go fetela ga moya mo mmeleng o mongwe le go kopana le Brahman—bogone jwa bofelo. Go dumelwa gore seno, se ka fitlhelelwa ka go leka go amogelwa ke batho ka go nna le boitshwaro le kitso e e kgethegileng ya Sehindu.
Ka jalo thuto ya go tsalwa ka mmele o mosha e dirisa thuto ya go sa swe ga moya jaaka motheo wa yone mme e bo e e tsweletsa pele ka go dirisa molao wa karma. Mma re bone gore Lefoko la Modimo le le tlhotlheleditsweng e leng Baebele, la reng malebana le dikgopolo tseno.
A Moya ga o Swe?
Go araba potso eno mma re tlhatlhobe motswedi wa tshedimosetso o o kwa godimo thata malebana le kgang eno—e leng Lefoko le le tlhotlheleditsweng la Mmopi. Mo bukeng ya ntlhantlha ya Baebele, Genesise, re ithuta ka bokao jo bo tlhomameng jwa “moya.” Malebana le go bopiwa ga motho wa ntlha e bong Atame, Baebele e bolela jaana: “Jehofa Modimo a bopa motho ka lorole lwa mmu, a budulela mowa wa botshelo mo dinkong tsa gagwe; motho a direga mowa o o tshedileng.” (Genesise 2:7) Ka mo go phepafetseng, moya ga se selo se motho a nang naso ke se a leng sone. Lefoko la Sehebera le le dirisitsweng fano go kaya moya ke neʹphesh. Le tlhaga ka makgetlho a a ka nnang 700 mo Baebeleng, mme le ka motlha ga le ke le lebisa mo karolong nngwe e e kwa thoko e e sa tshwaregeng mo mothong mme ka metlha le lebisa mo selong se se tshwaregang le se se nang le mmele.—Jobe 6:7; Pesalema 35:13; 107:9; 119:28.
Go direga eng ka moya fa motho a swa? Akanya ka se se neng sa direga ka Atame fa a ne a swa. Fa a ne a leofa, Modimo o ne a mmolelela jaana: “O [tla] boel[a] mo mmung, gonne o ntshitswe mo go one. Gonne o lorole, mme o tlaa boela mo loroleng.” (Genesise 3:19) A ko o akanye gore seo se kaya eng. Pele ga Modimo a mmopa ka lorole, Atame o ne a seyo. Fa a sena go swa, Atame o ne a boela mo go jone boemo jwa go sa nneng teng.
Ka tsela e e tlhamaletseng fela, Baebele e ruta gore loso ke selo se se farologaneng le botshelo. Mo go Moreri 9:5, 10, re bala jaana: “Batshedi ba a itse fa ba tlaa swa; mme baswi ga ba itse sepe, le gone ga ba tlhole ba na le tuelo; gonne kgakologelo ya bone e lebetswe. Se seatla sa gago se se bonang go se dira o se dire fela ka nonofo ya gago; gonne ga go na tiro, le fa e le maano, le fa e le kitso, le fa e le botlhale mo Bobipong, kwa o yang gone.”
Seno se raya gore baswi ga ba kgone go dira kana go utlwa sepe. Ga ba tlhole ba kgona go akanya, e bile ga ba kgone go gakologelwa sepe. Mopesalema o bolela jaana: “Lo se ka lwa ikanya dikgosana, le fa e le ngwana wa motho yo go se nang thuso epe mo go ene. Mowa wa gagwe o a tswa, mme a boele mo mmung wa gagwe; ka letsatsi leo fela maikaelelo a gagwe a nyelele.”—Pesalema 146:3, 4.
Baebele e supa ka phepafalo gore fa motho a swa moya ga o tswe o ye kwa mmeleng o mongwe, mme o a swa. Baebele e gatelela jaana: “Mowa o o leofang go tlaa swa one.” (Esekiele 18:4, 20; Ditiro 3:23; Tshenolo 16:3) Ka jalo, thuto ya go sa swe ga moya—e e dirileng gore go nne le thuto ya go tsalwa ka mmele o mosha—ga e tshegediwe ka gope mo Dikwalong. Kwantle ga yone, thuto eo e a phutlhama. Ka jalo he, ke eng se se dirang gore re boge jaana mo lefatsheng?
Ke ka Ntlha Yang fa Batho ba Boga?
Lebaka le legolo la go bo batho ba boga ke go sa itekanela go rotlhe re go ruileng mo go Atame yo o leofileng. Baebele e bolela jaana: “Boleo bo ne jwa tsena mo lefatsheng ka motho a le mongwe le loso ka boleo, mme ka gone loso lo ne lwa anamela kwa bathong botlhe ka gonne ba leofile botlhe.” (Baroma 5:12) E re ka re tswa mo go Atame, rotlhe re a lwala, re a tsofala le go swa.—Pesalema 41:1, 3; Bafilipi 2:25-27.
Mo godimo ga moo, molao wa boitsholo o o sa fetogeng wa Mmopi o bolela jaana: “Lo se ka lwa timediwa: Modimo ga se o o ka sotliwang. Gonne lefa e le eng se motho o se jalang, seno gape o tla se roba; ka gonne yo o jalang malebang le nama ya gagwe o tla roba go bola mo nameng ya gagwe.” (Bagalatia 6:7, 8) Ka jalo, tsela ya botshelo jwa boitaolo e ka felela ka go tlalelwa mo maikutlong, go ima go go sa batlegeng, le malwetse a a tshelanwang ka tlhakanelodikobo. Makasine wa Scientific American o bolela jaana: “Diperesente tse 30 tse di gakgamatsang tsa bolwetse jo bo bolayang jwa kankere [kwa United States] go ka twe bo bakilwe thata ke go goga, mme selekanyo sa palo e e tshwanang bo bakiwa ke tsela ya botshelo, segolobogolo dijo tse di jewang le go sa itshidile mmele.” Masetlapelo a mangwe a a dirang gore batho ba boge a bakiwa ke go palelwa ga motho go dirisa dilo tse di mo lefatsheng sentle.—Bapisa Tshenolo 11:18.
Ee, motho ke ene a ipaketseng kutlobotlhoko. Le fa go ntse jalo, e re ka moya o swa, molao o o reng ‘o roba se o se jadileng’ o ka se ka wa dirisiwa go amanya go boga ga batho le karma—ditiro tse di dirilweng mo go se go tweng ke botshelo jo bo fetileng. Baebele e bolela jaana: “Yo o suleng o golotswe mo boleong.” (Baroma 6:7, 23) Ka jalo maduo a boleo ga a fetisediwe mo botshelong jwa morago ga loso.
Satane Diabolo le ene o baka pogo e ntsi. Tota e bile, lefatshe leno le laolwa ke Satane. (1 Johane 5:19) Mme jaaka Jesu Keresete a ne a bolelela pele, barutwa ba Gagwe ba ne ba tla ‘tlhoiwa ke batho botlhe ka ntlha ya leina la gagwe.’ (Mathaio 10:22) Ka ntlha ya seo, gantsi batho ba ba siameng ba nna le mathata go gaisa ba ba bosula.
Mo lefatsheng leno go na le ditiragalo dingwe tse di diregang tse go sa itsiweng tota gore di bakiwa ke eng. Motabogi yo o lobelo thata a ka nna a kgopiwa a bo a palelwa ke go fenya. Setlhopha se se nonofileng sa masole se ka nna sa fenngwa ke masole a le mmalwa. Monna yo o botlhale a ka nna a palelwa ke go bona tiro e e siameng mme a bo a bolawa ke tlala. Batho ba ba tlhaloganyang tsamaiso ya kgwebo sentle thata, ka ntlha ya maemo, ba ka nna ba palelwa ke go dirisa kitso ya bone mme ka ntlha ya seo ba bo ba humanega. Batho ba ba rutegileng ba ka nna ba galefisa ba ba busang mme ba bo ba dira gore ba se ka ba ratiwa. Ke ka ntlha yang fa go ntse jalo? Kgosi Solomone yo o botlhale o arabela ka gore, “gonne motlha le ditiragalo tse di sa lebelelwang di wela botlhe.”—Moreri 9:11, NW.
Batho ba ne ba ntse ba boga nako e telele pele ga batlhalefi ba Bahindu ba leka go tlhalosa lebaka la go bo go ntse jalo. A mme go na le tsholofelo ya isagwe e e botoka? Mme Baebele e solofetsa eng ka baswi?
Isagwe ya Kagiso
Mmopi o solofeditse gore o tla tloga a fedisa tsamaiso eno ya lefatshe e e laolwang ke Satane. (Diane 2:21, 22; Daniele 2:44) Mokgatlho o mosha wa batho ba ba siameng—“lefatshe le lesha”—ka nako eo e tla bo e le selo sa mmatota. (2 Petere 3:13) Ka nako eo “monni wa gona ga a ketla a re: ‘Ke a bobola.’” (Isaia 33:24) Tota le botlhoko jo bo ngomolang pelo jwa loso bo tla bo bo tlositswe, ka gonne Modimo “o tla phimola keledi nngwe le nngwe mo matlhong a bone, mme loso lo tla bo lo seyo, lefa e le khutsafalo lefa e le selelo lefa e le botlhoko di tla bo di sa tlhole di le gone. Dilo tsa pele di fetile.”—Tshenolo 21:4.
Mopesalema o ne a bolelela pele jaana malebana le baagi ba lefatshe le lesha le Modimo a le solofeditseng: “Basiami ba tlaa rua lefatshe, ba tlaa aga mo go lone ka bosakhutleng.” (Pesalema 37:29) Mo godimo ga moo, bapelonomi “ba tlaa inatefisa mo letlotlong la kagiso.”—Pesalema 37:11.
Mukundbhai, yo o umakilweng mo setlhogong se se fetileng, o ne a swa a ise a itse ka ditsholofetso tse di itumedisang tsa Modimo. Mme dimilione tsa batho tse di suleng di sa itse Modimo di na le tebelelo ya go tsosediwa mo lefatsheng le le ntseng jalo le lesha la kagiso, ka gonne Baebele e solofetsa jaana: “Go tlile go nna le tsogo ya ba ba siameng mmogo le ba ba sa siamang.”—Ditiro 24:15; Luke 23:43.
Lefoko “tsogo” le ranotswe fano go tswa mo lefokong la Segerika a·naʹsta·sis, le fa le tsewa fela jaaka le ntse le rayang “go ema gape.” Ka jalo tsogo e akaretsa go tsosolosiwa ga mokgwa wa botshelo jwa motho.
Mmopi wa legodimo le lefatshe o na le botlhale jo bo sa feleng. (Jobe 12:13) Ga go thata mo go ene go gakologelwa mekgwa ya botshelo ya baswi. (Bapisa Isaia 40:26.) Jehofa Modimo gape o na le lorato lo logolo. (1 Johane 4:8) Ka jalo, a ka kgona go dirisa kgopolo ya gagwe e e itekanetseng, gore a se ka a otlhaya baswi ka ntlha ya bosula jo ba bo dirileng, mme a ba busetse mo botshelong jwa paradaise mo lefatsheng ba na le botho jo ba neng ba na le jone pele ga ba swa.
Fa e le ka batho ba ba dimilione ba ba tshwanang le Mukundbhai, go tsosiwa mo baswing go tla raya gore ba tla kopana le baratiwa ba bone gape. Mme a o ko o akanye gore go tla kaya eng ka batho ba ba tshelang gone jaanong. Tsaya ka sekai, morwawe Mukundbhai yo o neng a itse ka boammaaruri jo bo itumedisang ka Modimo le maikaelelo a gagwe. A bo go mo gomotsa jang ne go itse gore rraagwe ga a thibelelwa mo modikologong o o sa feleng wa go nna a tsalwa sesha, gongwe le gongwe go dikologilwe ke bosula le go boga! O robetse fela mo losong, a letile tsogo. A bo go itumedisa jang mo go ene go akanya ka kgonego ya gore ka letsatsi lengwe a bo a bolelela rraagwe ka dilo tse a di ithutileng mo Baebeleng!
Ke thato ya Modimo gore “batho ba mefuta yotlhe ba bolokwe mme ba tle mo kitsong e e leng yone, ya boammaaruri.” (1 Timotheo 2:3, 4) Eno ke yone nako ya go ithuta gore wena, mmogo le dimilione tsa batho ba bangwe ba ba setseng ba dira go rata ga Modimo, lo ka tshelela ruri jang mo lefatsheng la paradaise.—Johane 17:3.
[Mafoko a a mo go tsebe 7]
“Motlha le ditiragalo tse di sa lebelelwang di wela botlhe.”—Moreri 9:11, NW
[Lebokoso mo go tsebe 6]
Botho Jwa Modimo le Molao wa Karma
“Molao wa Karma,” go tlhalosa jalo Mohandas K. Gandhi, “o ka se ka wa fetolwa e bile o ka se ka wa fedisiwa. Ka jalo ga go tlhokege le e seng gore Modimo o kgoreletse seo. Go ntse jaaka e kete, o ile a tlhoma molao a bo a ikgogona.” Gandhi o ne a fitlhela seno se mo tshwenya.
Kafa letlhakoreng le lengwe, tsholofetso ya tsogo e supa gore Modimo o amega thata ka popo ya gagwe. Gore Modimo a tle a busetse motho yo o suleng mo botshelong jwa lefatshe la paradaise o tshwanetse go itse le go gakologelwa sengwe le sengwe ka motho yoo. Eleruri Modimo o amega ka mongwe le mongwe wa rona.—1 Petere 5:6, 7.
[Setshwantsho mo go tsebe 5]
Modikologo wa botshelo wa Sehindu
[Setshwantsho mo go tsebe 8]
Lefoko la Modimo le ruta ka tsogo