LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w97 7/1 ts. 22-25
  • Botshelo jo ke Iseng Ke ko Ke bo Ikwatlhaele

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Botshelo jo ke Iseng Ke ko Ke bo Ikwatlhaele
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1997
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Sekao se se Molemo sa ga Mmè
  • Go Bona Tiro le go Gatela Pele mo Semoyeng
  • Go Direla Kwa Bethele ka Dinako Tse di Thata
  • Go Bula Tsela ka Nako ya Ntwa
  • Ditshiamelo Tse Dintsi Tse di Itumedisang
  • ‘Jehofa ke Modimo Wa me, O ke O ikantseng’
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1991
  • Tirelo ya Bethele—Go Tlhokega Baithaopi ba ba Oketsegileng
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—1995
  • A o Ka Kgona go Ithaopa?
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—2001
  • A Eno e ka Nna Tiro e e Molemolemo mo go Wena?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2001
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1997
w97 7/1 ts. 22-25

Botshelo jo ke Iseng Ke ko Ke bo Ikwatlhaele

JAAKA GO BOLETSE PAUL OBRIST

Fa ke ne ke na le dingwaga di le thataro, ka 1912, Mmè o ne a tlhokafala fa a ne a tshola ngwana wa gagwe wa botlhano. Mo e ka nnang morago ga dingwaga tse pedi, motlhokomedi wa ntlo yo mmotlana, Berta Weibel, o ne a simolola go tlhokomela lelapa la gaetsho. E rile fa Rre a mo nyala mo ngwageng o o latelang, rona bana re ne ra itumelela go nna le mmè gape.

RE NE re nna mo Brugg, toropo e nnye mo karolong ya batho ba ba buang Sejeremane mo Switzerland. Ruri Berta e ne e le Mokeresete, mme ke ne ke mo rata fela thata. O ne a simolotse go ithuta dikgatiso tsa Baithuti ba Baebele (Basupi ba ga Jehofa) ka 1908, mme o ne a abelana le ba bangwe se a neng a se ithutile.

Ka 1915, ka bonakonyana fela fa Berta a sena go nyalana le Rre, ke ne ka tsamaya le ene go ya go bona “Photo-Drama of Creation.” Puo eno ya diselaete le filime ya Mokgatlho wa Boditšhabatšhaba wa Baithuti ba ba Tlhoafetseng ba Baebele e ne ya tsenya kgatlhego e kgolo mo mogopolong wa me le mo pelong. Ba bangwe le bone ba ne ba kgatlhegile. Holo ya kwa Brugg e ne e tletse tota mo e leng gore mapodise a ne a tswala ditswalo mme a busetsa ba ba neng ba ntse ba tla morago. Go tswa foo, ba le bantsi ba ne ba leka go tsena ka letlhabaphefo le le butsweng ba tsena ka lere, mme go ne ga tsena ba se ba kae fela.

Sekao se se Molemo sa ga Mmè

Ka nako eo Ntwa ya Lefatshe I e ne e setse e fagile kwa Yuropa, mme batho ba ne ba tlhobaela ka isagwe. Ka gone, go ya ka ntlo le ntlo ka molaetsa o o gomotsang wa Bogosi jwa Modimo, jaaka Mmè a ne a dira e ne e le tiro ya bopelontle. Ka dinako tse dingwe o ne a ntetla gore ke tsamaye le ene, mme ke ne ke rata seno fela thata. Ka 1918, kgabagare Mmè o ne a kgona go supa boineelo jwa gagwe mo go Jehofa Modimo ka go kolobediwa mo metsing.

Rre o ne a sa kgoreletse kobamelo ya ga Mmè go fitlha a kolobediwa, mme morago ga moo o ne a simolola go mo ganetsa. Ka letsatsi lengwe o ne a tsaya dikgatiso tsa gagwe tsa Baebele mme a di latlhela mo setofong. Mmè o ne a kgona go phamola Baebele ya gagwe fela mo molelong. Mme se a neng a se dira morago se ne sa gakgamatsa. O ne a ya kwa go Rre mme a mo tlamparela. Ga a ka a mo galefela.

A gakgametse tota, Rre o ne a diga makgwafo. Le fa go ntse jalo, gangwe le gape kganetso ya gagwe e ne e tsoga, mme re ne ra tshwanela go itshokela kgalefo ya gagwe.

Go Bona Tiro le go Gatela Pele mo Semoyeng

Ka 1924, morago ga go fetsa go ithutela tiro ya diatla ya go baakanya moriri ka dingwaga tse tharo ke ne ka tswa kwa gae mme ka bona tiro kwa karolong ya batho ba ba buang Sefora mo Switzerland. Seno se ne sa nnaya sebaka sa go tokafatsa kitso ya me ya puo ya Sefora. Le fa go fuduga go ne ga kgoreletsa kgatelopele ya me mo semoyeng go se kae, ga ke a ka ka latlhegelwa ke lorato lwa me lwa boammaaruri jwa Baebele. Ka jalo, fa ke boela gae morago ga dingwaga di le thataro, ke ne ka simolola go nna gone kwa dipokanong tsa phuthego ya Bokeresete kwa Brugg.

Ka bonakonyana fela morago ga moo ke ne ka fudugela kwa Rheinfelden, e leng toropo e nnye e e bokgakala jwa dikilometara di le 40. Ke ne ke bereka koo mo lefelong la ga kgaitsadiake le go baakanngwang moriri mo go lone mme ka tsweletsa kgatelopele ya me ya semoya ka go kopanela le setlhopha se sennye sa Baithuti ba Baebele. E rile ka letsatsi lengwe re konela thuto ya Baebele ya mo gare ga beke, Mokaulengwe Soder, mogolwane yo o neng a ikarabela, o ne a botsa jaana: “Ke mang yo o ikaelelang go nna le seabe mo bodireding jwa tshimo ka Sontaga?” Ke ne ka ithaopa, ke tsaya gore ke tla tsamaya le mongwe mme a bo a ntshupetsa gore tiro e dirwa jang.

Fa Sontaga a fitlha mme re goroga kwa tshimong ya rona, Mokaulengwe Soder o ne a re, “Rre Obrist o tla bereka fale.” Le fa pelo ya me e ne e itaya ka bonako go feta le fa e le leng pele, ke ne ka simolola go etela batho mo magaeng a bone ke bo ke bua le bone kaga Bogosi jwa Modimo. (Ditiro 20:20) Go tloga ka nako eo go ya pele, ga ke a ka ka tlhola ke okaoka go tswelela pele mo tirong ya go rera eo Jesu a neng a bolela gore e tshwanetse go dirwa pele bokhutlo jwa tsamaiso eno bo tla. (Mathaio 24:14) Ka March 4, 1934, fa ke ne ke na le dingwaga di le 28, ke ne ka supa boineelo jwa me mo go Jehofa Modimo ka go kolobediwa mo metsing.

Morago ga dingwaga tse pedi ke ne ka bona tiro ya go baakanya moriri mo Lugano, toropo ya mo karolong ya batho ba ba buang Setadiana mo Switzerland. Ka bonako fela ke ne ka simolola go rera dikgang tse di molemo koo, le fa ke ne ke itse Setadiana go le gonnye fela. Mme le fa go ntse jalo, ka Sontaga sa me sa ntlha mo bodireding, ke ne ka tsamaisa dibukana di le 20 tse ke neng ke di tshotse. Fa nako e ntse e ya, ke ne ka kgona go phutha batho ba le mmalwa ba ba kgatlhegang go dira setlhopha sa go ithuta Tora ya Tebelo. Kgabagare bangwe ba bano ba ne ba kolobediwa, mme ka February 1937 re ne ra thaya phuthego ya Basupi ba ga Jehofa kwa Lugano.

Dikgwedi tse pedi moragonyana, ka April 1937, ke ne ka amogela lekwalo le le neng la fetola botshelo jwa me fela thata. E ne e le taletso ya go ya go direla kwa Bethele, jaaka fa dikago tsa lekala la Basupi ba ga Jehofa tsa naga e e rileng di bidiwa. Ka bonakonyana fela ke ne ka amogela taletso eo—e leng tshwetso e ke iseng ke ko ke e ikwatlhaele. Ka jalo ke ne ka simolola se e nnileng tiro ya dingwaga di le 60 mo bodireding jwa nako e e tletseng.

Go Direla Kwa Bethele ka Dinako Tse di Thata

Ka nako eo Bethele ya kwa Switzerland e ne e le kwa toropokgolong ya Bern, e e leng motsemogolo wa Switzerland. Ke koo re neng re gatisa dibuka, dibukana le dimakasine ka dipuo di le 14, mme tseno di ne di romelwa mo Yuropa yotlhe. Ke ne ke a tle ke tseye dibuka tse di gatisitsweng ke di ise kwa seteisheneng sa terena ka keriba, e re ka mo malatsing ao e ne e se gantsi re nnang le koloi. Kabelo ya me ya ntlha kwa Bethele e ne e le kwa Lephateng la Tlhamo ya dikgatiso, koo re neng re rulaganya ditlhaka tsa loto tse go neng go gatisiwa go tswa mo go tsone. Ka bonako ke ne ka simolola go dira mo lephateng la boamogelelo, e bile gape ke ne ke direla jaaka mmeodi wa moriri wa maloko a lelapa la Bethele.

Ka September 1939, Ntwa ya Lefatshe II e ne ya simologa, mme tlhaselo ya Banasi e ne ya tsenya letshogo mo Yuropa yotlhe. Switzerland e ne e le naga e e sa tseyeng letlhakore e le fa gare ga ditšhaba tse di lwang. Kwa tshimologong re ne ra tswelela ka tiro ya rona ya Bokeresete re sa kgorelediwe ke sepe. Mme e rile ka July 5, 1940, ka ura ya bobedi mo tshokologong, fa ke sa ntse ke le mo tesekeng ya me mo boamogelelong, go ne ga tlhaga monna mongwe, a tsamaya le lesole le le tshwereng tlhobolo e e tlhometsweng thipa kwa molomong.

“Zürcher o kae?” monna yoo o ne a botsa jalo ka lentswe le le kwa godimo. Ka nako eo Franz Zürcher e ne e le molebedi wa lekala wa tiro ya rona ya go rera kwa Switzerland.

“Ke mo bolelele gore o batliwa ke mang?” Ke ne ka botsa jalo. Ka bonako fela ba ne ba mphamola mme ba ntswatswaila mo godimo ga ditepese, ba mpateletsa gore ke ba ise kwa ofising ya ga Zürcher.

Lelapa lotlhe la Bethele—ka nako eo re ne re le maloko a a ka nnang 40—le ne la laelwa gore le kopane kwa phaposing ya bojelo. Go ne go na le ditlhobolo tse nnè tsa motšhinikane kwa ntle ga kago e le gore ope wa rona a se ka a leka go tshaba. Masole a a ka nnang 50 a ne a simolola go phuruphutsha kago kafa gare. Go farologana le se ba neng ba se lebeletse, ga ba a ka ba fitlhela bosupi bope jwa gore Basupi ba ga Jehofa ba ne ba na le seabe mo go rotloetseng batho go gana go ya tirelong ya bosole. Le fa go ntse jalo, ba ne ba tsaya dikgatiso di le dintsi mme ba di tsenya mo diloring tse dikgolo tsa sesole tse tlhano ba tsamaya ka tsone.

E rile fa re gana go letlelela gore Tora ya Tebelo e tlhatlhobiwe ke puso, go gatisiwa ga yone go ne ga emisiwa mo Switzerland. Seno se ne sa bolela gore go ne go batlega badiri ba le mmalwa fela go dira mo Bethele, mme maloko a a santseng a le masha a lelapa a ne a kgothalediwa go boela gae go ya go nna babulatsela, jaaka Basupi ba ga Jehofa ba ba tshwaregileng mo tirong ya nako e e tletseng ya go rera ba bidiwa.

Go Bula Tsela ka Nako ya Ntwa

Ka July 1940, ke ne ka boela kwa kgaolong ya batho ba ba buang Setadiana mo Switzerland gaufi le Lugano, koo ke neng ke nna gone pele ga ke tla Bethele. Tshimo eno ya Makatoliki a a ikanyegang, e ka nako eo le yone e neng e le kafa tlase ga tlhotlheletso e kgolo ya Bo-Fascist, e ne ya nna kabelo ya me ya bobulatsela.

Mo e ka nnang letsatsi lengwe le lengwe ke ne ke emisiwa ke mapodise a a neng a mpateletsa gore ke tlogele tiro ya me ya go rera. E rile ka letsatsi lengwe ke sa ntse ke bua le mosadi mongwe fa hekeng ya tshimo, monna yo o neng a apere diaparo tsa sesole o ne a mphamola a le kafa morago, a ntsenya mo koloing ya mapodise, mme a nkisa kwa Lugano. Ke koo a neng a nkisa kwa mapodiseng. E rile fa ke botsolotswa dipotso, ke ne ka tlhalosa gore Jehofa Modimo o re laetse gore re rere.

“Mo lefatsheng, ke rona ba re laelang,” modiredimogolo o ne a araba jalo ka boikgogomoso. “Modimo ene a ka nna a laela kwa legodimong!”

Ka nako ya ntwa, go ne go le botlhokwa tota gore re reetse kgakololo ya ga Jesu ya go nna ‘bonokopela jaaka dinoga mme lefa go ntse jalo re le ba ba se nang molato jaaka maphoi.’ (Mathaio 10:16) Ka jalo, ke ne ka fitlha dibuka tsa me tse dintsi mo dikgetsaneng tse di kafa teng tsa hempe ya me. Mme go tlhomamisa gore ga ke kitla ke latlhegelwa ke sepe ke ne ke apara marokgwe a di-knickerbocker a a neng a hunelwa thata kafa tlase ga mangole.

Fa nako e ntse e ya, ke ne ka amogela ditaelo tsa gore ke fudugele kwa mokgatšheng wa Engadine, koo re neng ra simolola go tshela sa ntša le phiri gone le mapodise. Ono ke mokgatšha o montle mo botlhaba jwa Swiss Alps, oo ka nako ya mariga o khurumediwang ke mokowa wa kapoko, ka jalo ba ne ba nthomelela koloi ya me e e tsamayang mo kapokong go nthusa go kgona go tsamaya tshimo.

Ditlelafo tse di bothitho di a tlhokega fa o tsamaya ka koloi e e tsamayang mo kapokong ka mariga a a tsididi. Ka ntlha ya go di dirisa thata, ka bonakonyana fela tsa me di ne tsa simolola go onala. A bo ke ne ka itumela thata jang ne fa ka letsatsi le lengwe ke ne ke amogela phasele ka poso e ke neng ke sa e lebelela gotlhelele eo mo go yone go neng go na le jeresi e e logilweng mmogo le ditlelafo tse di bothitho! Kgaitsadi mongwe wa Mokeresete wa kwa phuthegong e ke neng ke le kwa go yone pele kwa Bern o ne a ntiretse tsone. Le e leng gone jaanong fa ke akanya ka gone, ke utlwa ke tlala tebogo tota.

Ditshiamelo Tse Dintsi Tse di Itumedisang

Ka 1943, maemo kwa Switzerland a ne a simolola go ritibala, mme ke ne ka bilediwa go ya go direla kwa Bethele gape. Ka ntlha ya mathata mangwe kwa phuthegong e e dirisang Sefora kwa Lausanne mo e ka nnang bokgakala jwa dikilometara di le 100, ke ne ka abelwa go etela toropokgolo eo kgapetsakgapetsa go thusa baboledi gore ba nne le pono e e siameng ka phuthego ya Modimo.

Moragonyana ke ne ka direla ka nakonyana ke le molebedi wa potologo mo diphuthegong tsotlhe tse di dirisang Sefora kwa Switzerland. Ka malatsi a ntlha a beke, ke ne ke dira kwa Bethele, mme ke dirisa Labotlhano, Matlhatso le Sontaga ke etela diphuthego tse di farologaneng beke le beke ka maiteko a go ba thusa semoyeng. Mo godimo ga moo, e rile fa go thewa phuthego e e dirisang Sefora kwa Bern ka 1960, ke ne ka nna molebedi wa yone yo o okamelang. Ke ne ka dira tiro eo go fitlha ka 1970, fa Bethele e ne e fuduga go tloga kwa Bern e ya kwa lefelong le lentle le e leng mo go lone gone jaanong mo toropong ya Thun.

Ke ne ka itumelela go fitlhela setlhopha se sennye sa Basupi ba ba buang Setadiana kwa Thun, mme ke ne ka simolola go dira le bone. Fa nako e ntse e ya go ne ga thewa phuthego, mme ke ne ka direla jaaka molebedi wa yone yo o okamelang ka dingwaga di le mmalwa go fitlha fa bakaulengwe ba basha ba tshwanelega go rwala boikarabelo joo.

Se ke se tsayang e le tshiamelo e e itumedisang tota ke go nna gone kwa dikopanong tse dikgolo tsa ditšhabatšhaba tsa batho ba ga Jehofa. Ka sekai, ka 1950 go ne ga nna le Kopano ya Koketsego ya Puso ya Modimo e e sa lebalegeng kwa Yankee Stadium, kwa New York. Go etela ntlokgolo ya lefatshe ya Basupi ba ga Jehofa kwa Brooklyn, kwa New York, go ne ga nkgatlha tota. Gape ga ke na go lebala puo ya ga Mokaulengwe Milton G. Henschel e e neng ya nna ka ngwaga o o neng wa latela kwa Kopanong ya Kobamelo e e Phepa e e neng e tshwaretswe kwa Lontone, kwa Engelane, e e neng ya tlhomolola mafoko a ga Jesu a a reng, “Ke a lo bolelela, Fa bano ba ne ba ka tuulala, maje a ne a tla goa.” (Luke 19:40) Mokaulengwe Henschel o ne a botsa jaana, “A lo akanya gore maje a tla tshwanelwa ke go goa?” Ke sa ntse ke gakologelwa mogoo o o neng wa re “Nnyaa!” o o neng o tswa ka mantswe a le diketekete.

Fa ke ne ke ya kwa Bethele morago kwa ka 1937, rre, yo o neng a itse gore re amogela fela madinyana a mannye, o ne a mpotsa jaana a tshwenyegile, “Morwaaka, o tla kgona jang fa o setse o tsofetse?” Ke ne ka mo araba ka go nopola mafoko a ga mopesalema Dafite: “Ga ke ise nke ke bone mosiami a latlhilwe, le fa e le bana ba gagwe ba legalegela dijo.” (Pesalema 37:25) Ruri mafoko ano a ne a diragala mo go nna.

A bo ke itumela jang ne go bo mo dingwageng tse di fetang 80 tse di fetileng, Berta Weibel a ne a nyalwa ke Rre le gore ka ntlha ya sekao sa gagwe le kaelo ya gagwe ke ne ka simolola go itse Jehofa le dinonofo tsa gagwe! Le fa maloko a mangwe a lelapa a ne a mo sotla, ka boikanyegi o ne a direla Jehofa go fitlha ka nako ya loso lwa gagwe ka 1983. Ga a ise a bontshe go ikwatlhaela go direla Modimo wa gagwe Jehofa; le nna ga ke ikwatlhaele go nna ke sa nyala le go neela botshelo jwa me jotlhe mo tirelong ya ga Jehofa.

[Setshwantsho mo go tsebe 25]

Kwa tirong kwa Bethele

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela