A o Tla Ikanyega Jaaka Elija?
“Ke tlaa roma Elija moperofeti kwa go lona pele, motlha o mogolo le o o boitshegang wa ga Jehofa o ise o tle.”—MALAKI 4:5.
1. Ke mathata afe a a diragalang morago ga gore Iseraele e bo e le mo Nageng e e Solofeditsweng mo e ka nnang dingwaga tse 500?
‘LEFATSHE le le elang mashi le dinotshe.’ (Ekesodo 3:7, 8) Ke se Jehofa Modimo a neng a se neela Baiseraele fa ba sena go gololwa mo bokgobeng kwa Egepeto mo lekgolong la bo16 la dingwaga B.C.E. Mme bona! Go setse go fetile makgolo a le matlhano a dingwaga, mme jaanong merafe e e lesome ya bogosi jwa Iseraele e mo leubeng le legolo thata. Go thata go bona bojang jo bo tala. Diphologolo di a swa, mme pula ga e ise e ne mo dingwageng tse tharo le sephatlo. (1 Dikgosi 18:5; Luke 4:25) Ke eng se se dirang gore go nne le masetlapelo ano?
2. Ke eng se se bakang mathata a setšhaba sa Iseraele?
2 Botenegi ke jone bo dirileng gore go nne le mathata ano. Ka go tlola Molao wa Modimo, Kgosi Ahabe o ne a nyala morwadiakgosi wa Mokanana Jesebele mme a mo leseletsa go tsenya kobamelo ya ga Baale mo Iseraele. Se se maswe le go feta, o ne a agela modimo ono wa maaka tempele kwa Samaria, e leng motsemogolo. Ebu, Baiseraele ba ne ba tsieditswe gore ba dumele fa kobamelo ya ga Baale e tla ba tlisetsa dijalo tse dintsi! Le fa go ntse jalo, fela jaaka Jehofa a ne a tlhagisitse, jaanong ba mo kotsing ya ‘go swa ba tswa mo lefatsheng le le molemo.’—Duteronome 7:3, 4; 11:16, 17; 1 Dikgosi 16:30-33.
Teko ya Bomodimo e e Gwetlhang Maikutlo
3. Moporofeti Elija o tlhoma mogopolo mo bothateng jwa mmatota jwa Iseraele jang?
3 Fa leuba le simologa, moporofeti yo o ikanyegang wa Modimo e bong Elija o bolelela Kgosi Ahabe jaana: “Jaaka Jehofa, Modimo wa Iseraele, a tshedile yo ke emang fa pele ga gagwe, ga go ketla go na monyo le fa e le pula ka dinyaga tseno fa e se ka fa lefokong la me.” (1 Dikgosi 17:1) Fa kgosi e sena go diragalelwa ke katlholo eno e e tshosang, e bona Elija molato wa go bo Iseraele e wetswe ke mathata ano. Mme Elija o araba ka gore Ahabe le ba lelapa la gagwe ke bone ba ba tshwanetseng go bonwa molato ka ntlha ya botenegi jwa bone jaaka baobamedi ba ga Baale. Go rarabolola kgang eno, moporofeti wa ga Jehofa o rotloetsa Kgosi Ahabe gore e phuthele Baiseraele botlhe kwa Thabeng ya Karemele mmogo le baporofeti ba ga Baale ba le 450 le baporofeti ba le 400 ba modimako. Ahabe le babusiwa ba gagwe ba phuthegela moo, gongwe ba solofetse gore tiragalo eno e tla fedisa leuba. Mme Elija o ba tlhokomedisa kgang nngwe e e botlhokwa thata. O botsa jaana: “Lo tlaa akabala fa gare ga maikutlo a le mabedi ka lobaka lo lo kae? E re ka Jehofa e le ene Modimo yang nae; mme fa e le Baale, foo lo yeng nae.” Baiseraele ga ba itse se ba ka se buang.—1 Dikgosi 18:18-21.
4. Go rarabolola kgang ya Bomodimo, Elija o akantsha gore go dirwe eng?
4 Ka dingwagangwaga Baiseraele ba ile ba leka go kopanya kobamelo ya ga Jehofa le ya ga Baale. Go rarabolola kgang eno ya Bomodimo, Elija jaanong o akantsha gore go nne le kgaisano. O tla baakanya powana go dira setlhabelo, mme e nngwe e ne e tla baakanngwa ke baporofeti ba ga Baale. Morago ga moo Elija o bolela jaana: “Lo bitse leina la modimo wa lona, le nna ke tlaa bitsa leina la ga Jehofa; mme Modimo o o arabang ka molelo, e nne one Modimo.” (1 Dikgosi 18:23, 24) Akanya fela molelo o tswa kwa legodimong e le go bontsha gore thapelo e arabilwe!
5. Kobamelo ya ga Baale e senolwa e se mosola jang?
5 Elija o kopa baporofeti ba ga Baale gore ba simolole. Ba baakanyetsa setlhabelo sa poo le go e baya mo godimo ga sebeso. Morago ga moo ba tlolatlola go dikologa sebeso, ba rapela jaana: “Baale we, re utlwe.” Seno se tswelela pele “go tswa mo mosong go ya motshegareng.” “Goang thata,” Elija o ba sotla jalo. Baale o tshwanetse a bo a tshwaregile ka sengwe se se potlakileng, kana “gongwe o robetse, mme o na le go tsosiwa.” Go ise go ye kae baporofeti ba ga Baale ba simolola go tsenwa. Bona! Ba itshegaka ka dithipa, mme madi a tshologa mo dinthong tsa bone. A bo go le modumo thata jang ne fa batho botlhe ba le 450 ba goela kwa godimo! Mme ga ba arabiwe.—1 Dikgosi 18:26-29.
6. Ke eng se Elija a se rulaganyang malebana le teko ya Bomodimo?
6 Jaanong ke nako ya ga Elija. O agela Jehofa sebeso se sesha, o epa mosele o mogolo go se dikologa, a bo a baya setlhabelo sentle. Morago ga moo o dira gore go tshelwe metsi mo dikgonnyeng le mo setlhabelong. Dinkgwana tse dikgolo di le 12 tsa metsi di tshelwa mo godimo ga sebeso go fitlhela mosele o tlala. Akanya ka tlalelo e e nnang teng fa Elija a rapela jaana: “Jehofa Modimo wa ga Aberahame, wa ga Isake, le wa ga Iseraele, a go itsiwe gompieno fa o le Modimo mo Iseraele, le go re, nna ke motlhanka wa gago, le go re ke dirile dilo tsotlhe tse ka lefoko la gago. Nkutlwa Jehofa, o nkutlwe gore batho ba, ba itse fa wena Jehofa o le Modimo, le go re o bile o bositse dipelo tsa bone.”—1 Dikgosi 18:30-37.
7, 8. (a) Jehofa o araba thapelo ya ga Elija jang? (b) Ke eng se se fitlhelelwang ke ditiragalo tsa kwa Thabeng ya Karemele?
7 Go arabela thapelo ya ga Elija, ‘molelo wa ga Jehofa o wa kwa legodimong mme o nyeletsa tshupelo ya gagwe, dikgong, maje, wa ba wa fetsa metsi a a mo moseleng.’ Batho ba wela fa fatshe ka difatlhego tsa bone mme ba re: “Jehofa ke ene Modimo; Jehofa ke ene Modimo!” (1 Dikgosi 18:38, 39) Elija jaanong o tsaya kgato ya makgaolakgang. O laela jaana: “Tshwarang baperofeti ba ga Baale; a go se falole ope wa bone!” Fa ba sena go bolawa kwa mokgatšheng wa Kishone, maru a mantsho a apesa loapi. Kgabagare, pula e nyeletsa leuba!—1 Dikgosi 18:40-45; bapisa Duteronome 13:1-5.
8 A bo e le letsatsi le legolo jang ne! Jehofa ke mofenyi mo tekong eno e e gakgamatsang ya Bomodimo. Mo godimo ga moo, ditiragalo tseno di dira gore dipelo tsa Baiseraele ba le bantsi di boele mo Modimong. Mo tseleng eno le mo go tse dingwe, Elija o itshupa a ikanyega e le moporofeti, mme ka boene o nna le seabe sa go porofeta.
“Elija Moperofeti” A o Sa Ntse a Tla?
9. Ke eng se se neng sa porofetiwa mo go Malaki 4:5, 6?
9 Moragonyana, Modimo o ne a bolelela pele jaana ka Malaki: “Bonang, ke tlaa roma Elija moperofeti kwa go lona pele, motlha o mogolo le o o boitshegang wa ga Jehofa o ise o tle. ‘Mme o tlaa sokololela pelo ya borrabana mo baneng ba bone, le pelo ya bana kwa go borraabo; e se re kgotsa ka tla, mme ka itaya lefatshe ka phutso.’” (Malaki 4:5, 6) Elija o ne a tshela dingwaga di ka nna 500 pele mafoko ao a ka buiwa. E re ka seno e ne e le boporofeti, Bajuda ba lekgolo la ntlha la dingwaga C.E. ba ne ba lebeletse pele go tla ga ga Elija gore a tle go bo diragatsa.—Mathaio 17:10.
10. Elija yo o neng a boleletswe pele ke mang, mme re itse jang?
10 Elija yono yo o neng a tla, e ne e le mang? O ne a itsiwe fa Jesu Keresete a ne a bolela jaana: “Go tswa malatsing a ga Johane Mokolobetsi go fitlha jaanong bogosi jwa magodimo ke mokgele o batho ba gagamalelang kwa go one, mme ba ba gagamalelang pele ba a bo gapa. Gonne botlhe, Baporofeti le Molao, ba ne ba porofeta go fitlha ka Johane; mme fa lo batla go go amogela, Ene ka boene ke ‘Elija yo o laoletsweng go tla.’” Ee, Johane Mokolobetsi e ne e le setshwani se se neng se boleletswe pele sa ga Elija. (Mathaio 11:12-14; Mareko 9:11-13) Moengele o ne a boleletse rraagwe Johane, Sekaria, gore Johane o ne a tla nna le “moya wa ga Elija le maatla” e bile o ne a tla “etleeletsa Jehofa setlhopha sa batho ba ba baakantsweng.” (Luke 1:17) Kolobetso e Johane a neng a kolobetsa ka yone e ne e le sesupo sa phatlalatsa sa gore motho o ikotlhaetse maleo a gagwe kgatlhanong le Molao, o o neng o gogela Bajuda kwa go Keresete. (Luke 3:3-6; Bagalatia 3:24) Ka gone tiro ya ga Johane ‘e ne e le go etleeletsa Jehofa batho ba ba baakantsweng.’
11. Ka Pentekosete, ke eng se Petere a neng a se bua ka “letsatsi la ga Jehofa,” mme le ne la diragala leng?
11 Tiro ya ga Johane Mokolobetsi e le “Elija” e ne e bontsha gore “letsatsi la ga Jehofa” le ne le le gaufi. Go nna gaufi ga letsatsi leo fa Modimo a tla go tsaya kgato kgatlhanong le baba ba gagwe a bo a boloka batho ba gagwe go ne ga bontshiwa gape ke moaposetoloi Petere. O ne a bontsha gore dikgakgamatso tse di neng tsa diragala ka Pentekosete ya 33 C.E. e ne e le go diragadiwa ga boporofeti jwa ga Joele malebana le go tshololelwa moya wa Modimo. Petere o ne a bontsha gore seno se ne se tshwanetse go diragala pele “ga letsatsi le legolo le le le tlhomologileng thata la ga Jehofa le goroga.” (Ditiro 2:16-21; Joele 2:28-32) E ne e le ka 70 C.E. fa Jehofa a ne a diragatsa Lefoko la gagwe ka go dira gore masole a Roma a diragatse katlholo ya gagwe mo setšhabeng se se neng se ganne Morwawe.—Daniele 9:24-27; Johane 19:15.
12. (a) Ke eng se Paulo le Petere ba neng ba se bolela ka “letsatsi la ga Jehofa” le le tlang? (b) Ke ka ntlha yang fa go tlhomame gore sengwe se ne se tla diragala jaaka go supilwe ke tiro ya ga Elija?
12 Le fa go ntse jalo, go ne go na le sengwe gape se se neng se tla diragala morago ga 70 C.E. Moaposetoloi Paulo o ne a amanya “letsatsi la ga Jehofa” le le tlang le go nna gone ga ga Jesu Keresete. Mo godimo ga moo, moaposetoloi Petere o ne a bua ka letsatsi leo fa a ne a bua “ka magodimo a masha le lefatshe le lesha” tse di sa ntseng di tla. (2 Bathesalonika 2:1, 2; 2 Petere 3:10-13) Gakologelwa gore Johane Mokolobetsi o ne a dira tiro e e neng e tshwana le ya ga Elija pele “letsatsi la ga Jehofa” le tla ka 70 C.E. Dilo tseno tsotlhe fa di kopanngwa di ne di supa sentle gore go tla direga sengwe jaaka go supilwe ke tiro e Elija a neng a e dirile. Ke efe eo?
Ba na Le Moya wa ga Elija
13, 14. (a) Ke eng se se tshwanang ka ditiro tsa ga Elija le tsa Bakeresete ba ba tloditsweng ba motlha wa gompieno? (b) Ke eng se batenegi ba Labokeresete ba se dirileng?
13 Tiro ya ga Elija e ne e sa tshwane fela le ditiro tsa ga Johane Mokolobetsi mme gape e tshwana le ditiro tsa Bakeresete ba ba tloditsweng mo nakong eno ya mathata e e isang kwa ‘letsatsing la ga Jehofa’ le le tlang. (2 Timotheo 3:1-5) Ka moya le ka maatla a ga Elija, ba ema kobamelo ya boammaaruri nokeng ka boikanyegi. Mme a bo seno se ne se le botlhokwa jang ne! Morago ga go swa ga baaposetoloi ba ga Keresete, go ne ga nna le botenegi mo Bokereseteng jwa boammaaruri, fela jaaka kobamelo ya ga Baale e ne ya anama kwa Iseraele wa motlha wa ga Elija. (2 Petere 2:1) Ba ba neng ba ipitsa Bakeresete ba ne ba simolola go kopanya Bokeresete le dithuto le mekgwa ya bodumedi jwa maaka. Ka sekai, ba ne ba tsaya thuto ya boheitane le e e seng ya Dikwalo ya gore motho o na le moya o o sa sweng. (Moreri 9:5, 10; Esekiele 18:4) Batenegi ba Labokeresete ba tlogetse go dirisa leina la Modimo yo o esi wa boammaaruri, Jehofa. Go na le moo, ba obamela Tharonngwe. Gape ba ne ba tsaya mokgwa o o tshwanang le wa ga Baale wa go khubamela ditshwantsho tsa ga Jesu le mmaagwe, e bong Marea. (Baroma 1:23; 1 Johane 5:21) Mme ga go felele moo fela.
14 Go tloga ka lekgolo la bo19 la dingwaga go ya pele, baeteledipele ba dikereke tsa Labokeresete ba ne ba simolola go belaela dikarolo di le dintsi tsa Baebele. Ka sekai, ba ne ba ganetsa pego ya Genesise ya popo mme ba galaletsa kgopolo ya thutotlhagelelo, ba e bitsa gore ke ya “saense.” Seno se ne se sa dumalane gotlhelele le dithuto tsa ga Jesu Keresete le baaposetoloi ba gagwe. (Mathaio 19:4, 5; 1 Bakorintha 15:47) Le fa go ntse jalo, fela jaaka Jesu le balatedi ba gagwe ba bogologolo, Bakeresete ba ba tloditsweng ka moya gompieno ba tshegetsa pego ya Baebele ya popo.—Genesise 1:27.
15, 16. Go farologana le Labokeresete, ke bomang ba ba itumelelang dijo tsa semoya ka metlha, mme ba dirisa eng?
15 Jaaka lefatshe le ne le tsena kwa “motlheng wa bokhutlo,” leuba la semoya le ne la kgomarela Labokeresete. (Daniele 12:4; Amose 8:11, 12) Mme setlhotshwana sa Bakeresete ba ba tloditsweng se ne sa itumelela dijo tsa semoya tse di tswang kwa Modimong ka metlha “ka nako e e tshwanetseng,” fela jaaka Jehofa a ne a tlhokometse gore Elija o bona dijo mo leubeng le le neng le le mo motlheng wa gagwe. (Mathaio 24:45; 1 Dikgosi 17:6, 13-16) Batlhanka bano ba ba ikanyegang ba Modimo ba pele ba neng ba itsiwe e le Baithuti ba Baebele ba Ditšhabatšhaba, moragonyana ba ne ba dirisa leina la Dikwalo la Basupi ba ga Jehofa.—Isaia 43:10.
16 Elija o ne a tshelela leina la gagwe, le le kayang “Modimo Wa me Ke Jehofa.” Jaaka lokwalopaka lo lo kafa molaong lwa batlhanka ba ga Jehofa ba ba mo lefatsheng, Tora ya Tebelo e ile ya nna ya dirisa leina la Modimo ka metlha. Tota e bile, tokololo ya yone ya bobedi (ya August 1879 ka Seesemane) e ne ya bontsha gore e na le tshepo ya gore makasine ono o engwe nokeng ke Jehofa. Lokwalopaka lono le dikgatiso tse dingwe tsa Mokgatlho wa Watch Tower di senola dithuto tsa Labokeresete le tsa Babelona yotlhe yo Mogolo, mmuso wa lefatshe wa bodumedi jwa maaka, tse di sa tsweng mo Dikwalong, mme kafa go le lengwe di ntse di tshegetsa boammaaruri jwa Lefoko la Modimo, Baebele.—2 Timotheo 3:16, 17; Tshenolo 18:1-5.
Ba Ikanyega mo Tekong
17, 18. Jesebele o ne a itshwara jang fa go sena go bolawa baporofeti ba ga Baale, mme Elija o ne a thusiwa jang?
17 Go itshwara ga baruti fa ba senolwa go ne go tshwana le ga ga Jesebele fa a sena go itse gore Elija o bolaile baporofeti ba ga Baale. O ne a romelela moporofeti yo o ikanyegang yono wa ga Jehofa molaetsa, a ikana gore o tla mmolaya. Seno e ne e se matshosetsi fela a a sa reng sepe, ka gonne Jesebele o ne a setse a bolaile baporofeti ba le bantsi ba Modimo. Ka go boifa, Elija o ne a tshabela kwa borwabophirima kwa Beeresheba. A tlogela motlhanka wa gagwe gone, a nna a tsamaela pele, kwa nageng, a rapela gore a swe. Mme Jehofa o ne a sa latlha moporofeti wa gagwe. Moengele o ne a bonala fa pele ga Elija gore a mmaakanyetse loeto lo loleele lwa go ya kwa Thabeng ya Horebe. Ka gone o ne a amogela dijo tsa loeto lwa malatsi a le 40 lwa dikilometara tse di fetang 300. Kwa Horebe, Modimo o ne a bua le ene morago ga go mmontsha maatla a a gakgamatsang mo sefefong se segolo, mo thoromong ya lefatshe le mo molelong. Jehofa o ne a se gone mo diponatshegelong tseno. Di ne di bontsha moya wa gagwe o o boitshepo, kana maatla a a dirang. Morago ga moo Jehofa o ne a bua le moporofeti wa gagwe. Akanya gore tiragalo eno e ka tswa e ne ya nonotsha Elija jang. (1 Dikgosi 19:1-12) Go tweng fa e le gore, jaaka Elija, re a boifa fa re tshosediwa ke batho ba ba sa rateng kobamelo ya boammaaruri? Se se neng sa mo diragalela se tshwanetse go re thusa go lemoga gore Jehofa ga a latlhe batho ba gagwe.—1 Samuele 12:22.
18 Modimo o ne a phepafatsa gore Elija o ne a sa ntse a na le tiro e a neng a tla e dira e le moporofeti. Mo godimo ga moo, le mororo Elija a ne a akanya gore ke ene fela moobamedi wa Modimo wa boammaaruri kwa Iseraele, Jehofa o ne a mmontsha gore ba le 7000 ga ba a ka ba khubamela Baale. Morago ga moo Modimo o ne a romela Elija gape kwa kabelong ya gagwe. (1 Dikgosi 19:13-18) Jaaka Elija, re ka nna ra lelekiwa ke batho ba ba sa rateng kobamelo ya boammaaruri. Re ka nna ra bogisiwa mo go setlhogo, jaaka Jesu a ne a bolelela pele. (Johane 15:17-20) Ka dinako tse dingwe, re ka nna ra boifa. Le fa go ntse jalo, re ka tshwana le Elija, yo o neng a tlhomamisediwa ke Modimo mme a bo a nna mo tirelong ya ga Jehofa ka boikanyegi.
19. Ke eng se se neng sa diragalela Bakeresete ba ba tloditsweng ka Ntwa ya Lefatshe I?
19 Ka ntlha ya pogiso e e setlhogo ka Ntwa ya Lefatshe I, Bakeresete bangwe ba ba tloditsweng ba ne ba boifa mme ba tlogela go rera. Ba ne ba dira phoso ka go akanya gore tiro ya bone mo lefatsheng e setse e weditswe. Mme Modimo ga a ka a ba latlha. Go na le moo, o ne a ba tshegetsa ka boutlwelobotlhoko, fela jaaka a ne a neela Elija dijo. Jaaka Elija, batlodiwa ba ba ikanyegang ba ne ba dumela go lemosiwa ke Modimo mme ba tsosolosiwa mo boemong jwa go sa dire. Matlho a bone a ne a bulwa gore ba nne le tshiamelo e kgolo ya go rera molaetsa wa Bogosi.
20. Gompieno, ke tshiamelo efe e e neelwang batho ba ba ikanyegang jaaka Elija?
20 Mo boporofeting jwa ga Jesu jwa go nna gone ga gagwe, o ne a tlhalosa tiro ya lefatshe lotlhe e e tla wediwang pele ga bokhutlo jwa tsamaiso eno e e boikepo ya dilo. (Mathaio 24:14) Gompieno, tiro eno e dirwa ke Bakeresete ba ba tloditsweng le dimilione tsa ditsala tsa bone tse di lebeletseng pele go tshela mo lefatsheng la paradaise. Go dira tiro ya go rera ka Bogosi go fitlha e wediwa, ke tshiamelo e e neetsweng fela batho ba ba ikanyegang jaaka Elija.
Ikanyege Jaaka Elija
21, 22. (a) Ke tiro efe e Bakeresete ba ba tloditsweng ba e eteletseng pele gompieno? (b) Tiro ya go rera e dirwa ka thuso efe, mme ke ka ntlha yang fa e tlhokega?
21 Ka tlhoafalo e e tshwanang le ya ga Elija, masalelanyana a Bakeresete ba ba tloditsweng ba boammaaruri ba ile ba diragatsa boikarabelo jwa bone jwa go tlhokomela dilo tse di dirwang mo lefatsheng di direlwa Kgosi e e beilweng mo setulong sa bogosi, Jesu Keresete. (Mathaio 24:47) Mme ka dingwaga tse di fetang 60 jaanong, Modimo o ntse a dirisa batlodiwa bano gore ba etelele pele tiro ya go dira batho barutwa ba a ba neileng tsholofelo e e molemolemo ya go tshela mo lefatsheng la paradaise ka bosakhutleng. (Mathaio 28:19, 20) A bo dimilione tseno tsa batho di tshwanetse tsa bo di itumelela gore masalela a sekaenyana a a tloditsweng a tlhokometse maikarabelo a one ka tlhoafalo le ka boikanyegi jang ne!
22 Tiro eno ya go rera ka Bogosi e ntse e dirwa ke batho ba ba sa itekanelang mme e le fela ka maatla a Jehofa a a neelang bao ba ikaegang ka ene ka thapelo. “Elija e ne e le motho yo o nang le maikutlo a a tshwanang le a rona,” go ne ga bolela jalo morutwa Jakobe fa a ne a nopola sekai sa moporofeti sa go rapela e le go bontsha maatla a thapelo ya motho yo o siameng. (Jakobe 5:16-18) Elija o ne a sa porofete kana go dira dikgakgamatso ka metlha. O ne a na le maikutlo le makoa a re nang le one, mme o ne a direla Modimo ka boikanyegi. E re ka le rona re thusiwa ke Modimo le go re nonotsha, re ka kgona go ikanyega jaaka Elija.
23. Ke ka ntlha yang fa re na le lebaka le le utlwalang la go ikanyega le go nna le tsholofelo?
23 Re na le lebaka le le utlwalang la go ikanyega le la go nna le tsholofelo. Gakologelwa gore Johane Mokolobetsi o ne a dira tiro e e neng e tshwana le ya ga Elija pele “letsatsi la ga Jehofa” le fitlha ka 70 C.E. Ka moya le ka maatla a ga Elija, Bakeresete ba ba tloditsweng ba dirile tiro e e tshwanang e ba e neetsweng ke Modimo mo lefatsheng lotlhe. Seno se supa sentle gore ‘letsatsi le legolo la ga Jehofa’ le gaufi.
◻ Bomodimo jwa ga Jehofa bo ne jwa supiwa jang kwa Thabeng ya Karemele?
◻ Ke mang yo o neng a le ‘Elija yo o tlang,’ mme ke eng se a neng a se dira?
◻ Bakeresete ba ba tloditsweng ba motlha wa gompieno ba bontshitse jang gore ba na le moya wa ga Elija?
◻ Ke ka ntlha yang fa go kgonega gore le rona re ikanyege jaaka Elija?
[Dipotso Tsa Thuto]
[Lebokoso mo go tsebe 15]
Elija O ne A Tlhatlogela Kwa Magodimong Afe?
“GA DIRALA, ya re [Elija le Elisha] ba ntse ba tswelela pele, ba ntse ba bua, bonang, ga bonala kara ya molelo, le dipitse tsa molelo, tsa ba kgaoganya boo babedi; mme Elija a tlhatlogela kwa legodimong ka sefefo.”—2 Dikgosi 2:11.
Ke eng se se kaiwang ke lefoko ‘magodimo’ mo ntlheng eno? Ka dinako tse dingwe lefoko leno le dirisiwa go kaya lefelo la semoya la Modimo le la bomorwawe ba baengele. (Mathaio 6:9; 18:10) Gape ‘magodimo’ a ka kaya lobopo. (Duteronome 4:19) Gape Baebele e dirisa lefoko leno go kaya lefaufau le le gaufi le lefatshe, kwa dinonyane di fofang gone le kwa phefo e fokang gone.—Pesalema 78:26; Mathaio 6:26.
Ke lefe la magodimo ano a moporofeti Elija a neng a tlhatlogela kwa go lone? Kwantle ga pelaelo, o ne a le mo lefaufaung la lefatshe mme a bewa mo karolong e nngwe ya kgolokwe eno. Elija o ne a sa ntse a le mo lefatsheng dingwaga morago ga moo, ka gonne o ne a kwalela Kgosi Jehorame wa Juda lekwalo. (2 Ditirafalo 21:1, 12-15) Go bontsha gore Elija ga a ka a tlhatlogela kwa lefelong la semoya la ga Jehofa Modimo go ne ga tlhomamisiwa moragonyana ke Jesu Keresete, yo o neng a bolela jaana: “Ga go na motho ope yo o tlhatlogetseng kwa legodimong fa e se yo o fologileng kwa legodimong, e bong Morwa motho,” ke gore, Jesu ka boene. (Johane 3:13) Tsela ya go ya kwa botshelong jwa selegodimo e ne ya bulelwa batho ba ba sa itekanelang la ntlha morago ga loso, go tsoga le go tlhatloga ga ga Jesu Keresete.—Johane 14:2, 3; Bahebera 9:24; 10:19, 20.