Lebaka La go Bo Bangwe ba Fetola Bodumedi Jwa Bone
Batho ba le bantsi ba tsaya bodumedi e le letshwao fela. Bo ka nna jwa supa fela gore gangwe le gape motho o ya kae ka Sontaga, gore o nyalela kae, le gore o tlile go fitlhelwa kae. Mme ga bo bontshe gore ke motho wa mofuta ofe kana se a se itseng le se a se dumelang. Ka sekai, patlisiso nngwe e ne ya senola gore diperesente di le 50 tsa batho ba ba ipolelang gore ke Bakeresete ba ne ba sa itse gore ke mang yo o neng a neela Thero ya kwa Thabeng. Ebu, tota le moeteledipele wa Moindia yo o tumileng thata Mohandas Gandhi, wa Mohindu, o ne a itse karabo ya potso eo!
A GO a gakgamatsa go bo batho ba tlogela bodumedi fa bontsi jwa bone bo sa itse go le kalo ka tumelo ya bone? Nnyaa, ga go gakgamatse. Le fa go ntse jalo, gape go na le se se ka dirwang. Batho ba ba neng ba amogela thuso ya go ithuta Baebele gantsi ba gakgamadiwa ke go bona kafa go ka ba solegelang molemo ka gone. Baebele ka boyone ya re: “Ke nna Jehofa, Modimo wa gago, yo ke go rutang go itsholegela molemo, yo ke go gogang mo tseleng e o tshwanetseng go tsamaya ka yone.” (Mokwalo o o sekameng ke wa rona.)—Isaia 48:17.
Ke eng se batho ba ba tshwerweng ke tlala ya semoya ba tshwanetseng go se dira? Ga ba a tshwanela go tlogela go direla Modimo! Go na le moo, ba tshwanetse go leba mo Baebeleng mme ba bone se Modimo a ba neelang sone.
Dikarabo Tsa Dipotso Tse di Thata
Fa Bernd a ne a na le dingwaga di le supa, o ne a bona fa mmaagwe a tlhokafala.a Mo dingwageng tsotlhe tsa fa a sa le ngwana, o ne a ipotsa gore, ‘Mmè o kae? Ke ka ntlha yang fa ke tshwanetse go gola ke se na ene?’ Jaaka mosha, Bernd e ne e le leloko le le tlhagafetseng mo kerekeng. E re ka a ne a amegile ka tsela e batho ba bogang ka yone, o ne a batla go nna modiri yo o tla thusang kwa dinageng di sele. Le fa go ntse jalo, o ne a tshwenngwa ke dipotso tse kereke ya gagwe e neng e sa kgone go di araba ka tsela e e kgotsofatsang.
Morago ga moo, Bernd o ne a buisana le mongwe yo o neng a tsena le ene sekolo yo e neng e le mongwe wa Basupi ba ga Jehofa. Mosha yono o ne a bontsha Bernd go tswa mo Baebeleng gore mmaagwe ga a ikutlwe, mme o robetse mo losong. Bernd o ne a ithutile ditemana di le dintsi tsa Baebele tse di tlhalosang seno, tse di jaaka Moreri 9:5: “Baswi ga ba itse sepe.” Ka jalo Bernd o ne a sa tlhoke go tshwenyega ka gore a mmaagwe o ne a boga kwa pakatoring—kana a boga sengwe se se maswe le go feta. Le mororo thuto ya go sa sweng ga moya e rutwa mo madumeding a le mantsi, Bernd o ne a bona mo Baebeleng gore moya wa motho ke motho ka boene. Fa motho a swa, moya o a swa. “Mowa o o leofang go tlaa swa one.”—Esekiele 18:4.
Gape Bernd o ne a ithuta ka tebelelo e e molemolemo ya baswi. O ne a ipalela mo bukeng ya Baebele ya Ditiro jaana: “Go tlile go nna le tsogo ya ba ba siameng mmogo le ba ba sa siamang.” (Ditiro 24:15) A bo a ne a itumetse jang ne go lemoga gore tsogo eno e tlile go diragala gone mo lefatsheng le Modimo a tlileng go le tsosolosa go nna paradaise!—Pesalema 37:29; Tshenolo 21:3, 4.
Go ise go ye kae dilo tse Bernd a neng a di tlhoka mo semoyeng di ne tsa fitlhelelwa ka kitso ya Baebele e e boammaaruri. Bernd o ne a se ka a tlhoboga bodumedi. Go na le moo, o ne a tlogela kereke e e neng e sa kgorise tlala e e neng e mo tshwere mme a amogela mofuta wa kobamelo o o theilweng ka mo go nitameng mo Baebeleng. O bolela jaana: “E ne e le dingwaga di le 14 tse di fetileng mme ga ke ise ke ikwatlhaele kgato e ke e tsereng. Jaanong ke itse gore Mmopi ga a re bogise. Satane ke modimo wa tsamaiso eno, mme o tshwanetse go pegwa molato ka ntlha ya maemo a re leng mo go one. Mme mo bogautshwaneng Modimo o tla baakanya tshenyo yotlhe e e dirilweng ke lefatshe la ga Satane. Mmè le ene o tla boa ka tsogo. A bo seo se tla itumedisa jang ne!”
Go ntse go le jalo, Bernd o ile a fitlhelela mokgele wa gagwe wa go direla kwa dinageng di sele go ya go thusa ba bangwe. O direla kwa nageng e sele o thusa ba bangwe go ithuta ka Bogosi jwa Modimo, e leng tharabololo ya mmatota ya matshwenyego a bone. Fela jaaka Bernd, dimilione tsa batho di ile tsa ithuta gore Modimo o tla tloga a fedisa go boga ga batho. Di itumelela go bona gore go na le bodumedi jo bo ba kgotsofatsang ka dilo tse ba di tlhokang mo semoyeng.—Mathaio 5:3.
Ke Eng fa Botshelo bo le Gone?
Jaaka fa dinaga tsa Bophirima di ntse di katogela kgakala le bodumedi, batho ba le bantsi ba ipotsa gore, ‘Ke eng fa botshelo bo le gone?’ Karabo e ka fitlhelwa mo Baebeleng, jaaka Michael a ne a lemoga seno. Mo magareng a bo1970, Michael o ne a batla go kopanela mo setlhopheng sa dirukutlhi. O ne a na le boikaelelo bo le bongwe fela mo botshelong—go bolaya batho ba a neng a tsaya gore ke bone ba ba bakang ditshiamololo tsa tsamaiso ya sekapitalise. O bolela jaana: “Ke ne ke sa tswe mo gae ke sa tshwara tlhobolo. Boikaelelo jwa me e ne e le gore ke bolaye boradipolotiki le bakapitalise ba ba kwa godimo ba le bantsi ka mo go ka kgonegang ka gone. Ke ne ke batla go tshelela seno.”
Michael o ne a tsena kereke, mme go ne go se na ope mo kerekeng ya gagwe yo o neng a ka mo tlhalosetsa lebaka la mmatota la go bo re tshela. Ka jalo fa Basupi ba ga Jehofa ba ne ba etetse kwa ga gagabo mme ba mmontsha dikarabo tsa Baebele tsa dipotso tsa gagwe, Michael o ne a reetsa ka kelotlhoko. O ne a simolola go nna gone kwa dipokanong tsa kobamelo kwa Holong ya Bogosi ya Basupi ba ga Jehofa e e mo lefelong la gagabo.
Ditsala tsa ga Michael di ne di batla go itse ka kgatlhego e ntšha e a nang le yone ka Baebele. Michael o ne a ba rotloetsa jaana: “Tlang kwa pokanong ka Sontaga seno. Lo nne nakonyana. Fa lo sa rate se lo se utlwang, lo ka tsamaya.” Eleruri, morago ga metsotso e le 45 ya puo e e neng e theilwe mo Baebeleng, bontsi jwa ditsala tsa gagwe bo ne jwa tswa mo holong. Mme a le mongwe—Susan—o ne a sala. Mosadi yono yo mosha o ne a kgatlhilwe thata ke se a neng a se utlwa. Michael le Susan moragonyana ba ne ba nyalana mme ba ne ba kolobediwa e le Basupi ba ga Jehofa. Michael o bolela jaana: “Jaanong ke itse lebaka la go bo re le mo lefatsheng. Re bopilwe ke Jehofa. Boikaelelo jwa mmatota jwa go bo re tshela ke go mo itse le go dira thato ya gagwe. Seo ke sone se se tlisang kgotsofalo ya mmatota!”
Dimilione tsa batho di na le tumelo e e tshwanang le ya ga Michael. Di tsaya tsia mafoko ano a Baebele: “Bokhutlo jwa mafoko ke jo; go utlwilwe gotlhe: Boifa Modimo, o bo o tshegetse ditaolo tsa one; gonne mo, ke tshwanelo yotlhe ya motho.”—Moreri 12:13.
Go Itshokela Mathata a Botshelo
Rotlhe re bona tiragatso ya boporofeti jo bo fitlhelwang mo go 2 Timotheo 3:1: “Mo malatsing a bofelo go tla nna le dinako tsa mathata tse go leng boima go dirisana le tsone.” Ga go na ope yo o ka falolang mathata a ‘dinako tseno tsa mathata.’ Mme Baebele e re thusa gore re a itshokele.
Akanya ka Steven le Olive, banyalani. Fa ba ne ba simolola go ithuta Baebele le Basupi ba ga Jehofa, fela jaaka batho ba bangwe ba le bantsi, ba ne ba na le mathata mo lenyalong. Steven o tlhalosa jaana: “Re ne re katologana. Re ne re na le mekgele le dikgatlhego tse di sa tshwaneng.” Ke eng se se neng sa ba thusa gore ba nne mmogo? Steven o tswelela pele jaana: “Basupi ba ga Jehofa ba ne ba re bontsha kafa re ka dirisang melaometheo ya Baebele ka gone mo matshelong a rona. E le ka lekgetlho la ntlha, re ile ra ithuta se se bolelwang ke go sa nne pelotshetlha le go amega ka yo mongwe. Go dirisa melaometheo ya Baebele go ne ga dira gore re ngaparelane. Jaanong re na le lenyalo le le itumetseng le le le tlhomameng.”
Kamano e e Gaufi le Modimo
Go ya ka patlisiso ya bosheng jaana ya ga Gallup, diperesente di le 96 tsa Baamerika di dumela mo Modimong, mme bontsi jwa tsone di a mo rapela. Le fa go ntse jalo, patlisiso e nngwe e ne ya bontsha gore palo ya batho ba ba nnang gone kwa kerekeng le kwa sinagogeng jaanong e kwa tlase thata mo sephatlong sa lekgolo la dingwaga. Diperesente di ka nna 58 tsa Baamerika di bolela gore di ya kwa kerekeng gangwe fela mo kgweding kana kwa tlase ga moo. Go phepafetse gore bodumedi ga bo a ka jwa ba atametsa gaufi le Modimo. Mme bothata jono ga bo kwa United States fela.
Linda o goletse kwa Bavaria. O ne a tsena Katoliki e bile a rapela ka metlha. Mo godimo ga moo, o ne a tshogile gore isagwe e mo tshwaretse eng. O ne a sa itse sepe ka boikaelelo jwa Modimo ka motho. Fa a ne a na le dingwaga di le 14 fela, Linda o ne a kopana le Basupi ba ga Jehofa, mme o bolela jaana: “Se ba neng ba se bua se ne se kgatlha, ka jalo ke ne ka amogela dibuka tse pedi tsa Baebele mme ka di bala ka bonako fela.” Dingwaga di le pedi moragonyana, Linda o ne a simolola go ithuta Baebele le Basupi ba ga Jehofa. “Sengwe le sengwe se ke neng ke se ithuta ka Modimo go tswa mo Baebeleng se ne se utlwala,” o bolela jalo. Linda o ne a tlogela kereke ya gagwe mme o ne a kolobediwa e le Mosupi wa ga Jehofa a na le dingwaga di le 18.
Ke eng se se neng sa tlhotlheletsa Linda gore a fetole bodumedi jwa gagwe? O tlhalosa jaana: “Kereke ya me e ne ya nthusa gore ke bone gore go na le Modimo, mme ke ne ka dumela mo go ene. Mme ke ne ke sa mo tseye e le motho e bile o ne a le kgakala thata le nna. Go ithuta ga me Baebele go ile ga tlhomamisa se ke se dumelang mo Modimong mme gape go ne ga nthusa gore ke mo itse le go mo rata. Jaanong ke na le kamano e e botlhokwa thata le Modimo, e leng sengwe se se botlhokwa thata go gaisa le fa e le eng fela.”
Bodumedi Jwa Boammaaruri bo Mosola!
A bodumedi jwa gago bo go kaela mo semoyeng le go go bontsha kafa Baebele e ka go thusang ka gone go itshokela mathata a botshelo? A bo ruta ka tsholofelo ya Baebele ka isagwe? A bo dira gore o nne le kamano e e gaufi le Mmopi, bo theilwe mo kitsong e e tlhomameng ya Baebele? Fa go sa nna jalo, o se ka wa itlhoboga. Go na le gore o latlhe bodumedi, batla mofuta wa kobamelo e e theilweng thata mo Baebeleng. Fa o dira jalo o tla tshwana le ba go neng ga porofetiwa ka bone mo bukeng ya Baebele ya Isaia jaana: “Ke gone go bua Morena Modimo jaana, a re: ‘Bonang, batlhanka ba me ba tlaa ja . . . batlhanka ba me ba tlaa nwa . . . batlhanka ba me ba tlaa itumela . . . batlhanka ba me ba tlaa opela ka go thama ga pelo.’”—Isaia 65:13, 14.
[Ntlha e e kwa tlase]
a Maina mangwe mo setlhogong seno a fetotswe.
[Ditshwantsho mo go tsebe 4]
Baebele e re thusa go itse le go rata Modimo