LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w98 7/15 ts. 4-6
  • O Batlela Bana ba Gago Isagwe e e Ntseng Jang?

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • O Batlela Bana ba Gago Isagwe e e Ntseng Jang?
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1998
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Fa Batsadi ba Amega Tota
  • Ba Thuse go Tlhopha Tiro e e Tshwanelang
  • O ka Ba Tlhokomela Jang Ka se Ba se Tlhokang mo Maikutlong?
  • Ditsela Tsa go ba Tlhokomela ka Dilo Tse ba di Tlhokang mo Semoyeng
  • Fa Bana Botlhe ba Tla bo ba Babalesegile
  • Batsadi—Thusang Bana ba Lona go Rata Jehofa
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2022
  • Thapisa Ngwana wa Gago go Tloga Boseeng
    Sephiri sa Boitumelo mo Lelapeng
  • Batsadi—Thapisang Bana ba Lona ka Lorato
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2007
  • Batsadi, Tlamelang ba Malapa a Lona
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2005
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1998
w98 7/15 ts. 4-6

O Batlela Bana ba Gago Isagwe e e Ntseng Jang?

A O LEBA bana ba gago e le boswa jo bo tlhwatlhwakgolo? (Pesalema 127:3) Kana a o tsaya go ba godisa e le mokgweleo wa tsa madi o go se nang tlhomamisetso epe ya gore o tla atlega mo go one? Go na le gore go godisa bana go go leretse madi, o tlhoka madi go ba godisa go fitlha ba kgona go itlhokomela. Fela jaaka o tlhoka go rulaganya dilo sentle fa o na le letlotlo le o le tlhokomelang le e leng boswa, go ntse fela jalo ka go nna motsadi yo o atlegileng.

Batsadi ba ba amegang ba batla go dira gore bana ba bone ba simolole botshelo sentle. Le mororo go ka diragala dilo tse di bosula le tse di hutsafatsang mo lefatsheng, batsadi ba ka dira mo gontsi go sireletsa bana ba bone. Akanya ka kgang ya ga Werner le Eva, ba ba umakilweng mo setlhogong se se fetileng.a

Fa Batsadi ba Amega Tota

Werner o tlhalosa gore go na le gore batsadi ba gagwe ba itlhokomolose dilo, ba ne ba supa fa ba kgatlhegela go itse ka se se diragalang kwa sekolong. “Ke ne ke anaanela thata dikakantsho tse di molemo tse ba neng ba di nnaya, mme ke ne ke utlwa gore ba amega ka nna e bile ba a ntshegetsa. Jaaka batsadi, ba ne ba tlhomame thata, mme ke ne ke itse gore ke ditsala tsa me tsa mmatota.” Mme fa Eva a ne a tshwenyega thata ka tiro ya gagwe ya sekolo mo e leng gore o ne a simolola a tlalelwa thata mo maikutlong e bile a na le mathata a go robala, batsadi ba gagwe e bong Francisco le Inez ba ne ba dirisa nako e ntsi ba bua le ene le go mo thusa gore a boe a siame gape mo tlhaloganyong le mo semoyeng.

Francisco le Inez ba ne ba leka jang go sireletsa bana ba bone le go ba baakanyetsa botshelo jwa bogodi? Ebu, go tloga ka nako ya fa bana ba ne ba sa ntse ba le masea, batsadi ba ba lorato bano ba ne ba dira gore ba nne le seabe ka metlha mo dilong tse ba neng ba di dira letsatsi le letsatsi. Go na le gore ba itapolose fela le ditsala tsa bone tse di godileng, Inez le Francisco ba ne ba tsamaya le bana ba bone gongwe le gongwe kwa ba neng ba ya gone. Jaaka batsadi ba ba lorato, gape ba ne ba naya morwa le morwadiabone kaelo e e tshwanetseng. Inez o bolela jaana: “Re ne re ba ruta gore ba tlhokomele legae, ba somarele dilo le go tlhokomela diaparo tsa bone. Mme re ne ra thusa mongwe le mongwe wa bone gore a tlhophe tiro le go dira gore maikarabelo a bone a tsamaisane le dilo tsa semoya.”

A bo go le botlhokwa jang ne go itse bana ba gago le go ba naya kaelo ya botsadi! A re sekasekeng dikarolo tse tharo tse o ka dirang seno mo go tsone: (1) Thusa bana ba gago go tlhopha tiro e e tshwanelang ya boitshediso; (2) ba thapise gore ba kgone go ka emelana le go tshwenyega mo maikutlong kwa sekolong le kwa lefelong le ba dirang kwa go lone; (3) ba bontshe gore ba ka itlhokomela jang ka dilo tse ba di tlhokang mo semoyeng.

Ba Thuse go Tlhopha Tiro e e Tshwanelang

E re ka tiro ya motho ya boitshediso e sa ame fela boemo jwa gagwe jwa tsa madi mme gape e tsaya nako ya gagwe e ntsi, go nna motsadi yo o molemo go akaretsa go akanya ka dikgatlhego le bokgoni jwa ngwana mongwe le mongwe. E re ka go se na motho ope yo o akanyang sentle yo o batlang go nna mokgweleo mo go ba bangwe, batsadi ba tshwanetse go akanya ka tsela e e masisi ka gore bana ba bone ba ka ipaakanyetsa jang gore ba kgone go itlhokomela le go tlhokomela lelapa. A morwao kana morwadio o tlhoka gore a ithute tiro nngwe gore a kgone go itshedisa sentle? Jaaka motsadi yo tota a amegang, nna o ntse o dira maiteko a gore ngwana wa gago a tlhagolele dinonofo tse di jaaka go rata go dira ka natla, go rata go ithuta le go kgona go dirisana sentle le ba bangwe.

Akanya ka Nicole. O bolela jaana: “Batsadi ba me ba ne ba dira gore ke ba berekele mo kgwebong ya bone ya go phepafatsa. Ba ne ba akantsha gore ke ntshe selekanyo se se rileng sa madi a ke a amogelang go duelela ditshenyegelo tsa legae le go dirisa a a setseng mo dilong tse ke di batlang kana go a boloka. Seno se ne sa dira gore ke nne le boikarabelo mo go neng ga nthusa thata moragonyana mo botshelong.”

Lefoko la Modimo e leng Baebele, ga le bolele ka tlhamalalo gore motho o tshwanetse go tlhopha tiro efe ya boitshediso. Mme e neela dikaelo tse di utlwalang. Ka sekai, moaposetoloi Paulo o ne a bolela jaana: “Fa motho ope a sa batle go dira, le gone lo se ka lwa mo letla go ja.” Fa a ne a kwalela Bakeresete ba ba kwa Thesalonika, o ne a bolela gape jaana: “Gonne re utlwalela gore bangwe ba tsamaya ka go sa dire dilo ka thulaganyo mo go lona, ba sa dire ka gope mme ba itsenyatsenya mo dilong tse di sa ba ameng. Re naya batho ba ba ntseng jalo taelo le thotloetso mo Moreneng Jesu Keresete gore ba dire ka tidimalo ba je dijo tse bone ka bobone ba di diretseng.”—2 Bathesalonika 3:10-12.

Le fa go ntse jalo, go bona tiro le go dira madi ga se tsone fela dilo tse di leng teng mo botshelong. Ba ba eletsang botumo, kgabagare ba tla bo ba sa kgotsofale mme ba bo ba lemoga gore ba “belebetlela phefo fela.” (Moreri 1:14) Go na le gore batsadi ba tlhotlheletse bana ba bone go gagamalela go tuma le go huma, ba tla ba bo dira sentle fa ba ka ba thusa gore ba bone botlhale jwa mafoko a ga moaposetoloi Johane a a tlhotlheleditsweng ke Modimo: “Lo se ka lwa bo lo rata lefatshe lefa e le dilo tse di mo lefatsheng. Fa motho a rata lefatshe, lorato lwa ga Rara ga lo yo mo go ene; ka gonne sengwe le sengwe se se mo lefatsheng—keletso ya nama le keletso ya matlho le go bontsha ka mabela se motho a itshedisang ka sone—ga se thaege mo go Rara, mme se thaega mo lefatsheng. Go feta moo, lefatshe le a feta e bile go ntse jalo le ka keletso ya lone, mme yo o dirang thato ya Modimo o ntse ka bosaengkae.”—1 Johane 2:15-17.

O ka Ba Tlhokomela Jang Ka se Ba se Tlhokang mo Maikutlong?

Jaaka motsadi, ke ka ntlha yang fa o sa tshwane le mothapisi wa baatleletiki? Mothapisi ga a tlhome mogopolo wa gagwe fela mo goreng a dire gore baatleletiki ba a ba thapisang ba kgone go ka siana thata kana go tlolela kgakala. Go bonala fa a leka gape go ba thusa gore ba fenye boikutlo bope jo bo sa siamang, ka go dira jalo a ba nonotsha mo maikutlong. Mo kgannyeng ya gago, o ka kgothatsa jang bana ba gago, o ba age le go ba tlhotlheletsa?

Akanya ka Rogério, mosha wa dingwaga tse 13. Mo godimo ga gore a bo a tlhakatlhakane mo maikutlong ka ntlha ya go fetoga ga mmele wa gagwe, o ne a gateletswe thata mo maikutlong ka go bo batsadi ba gagwe ba ne ba sa utlwane e bile a sa tlhokomelwe. Ke eng se se ka dirwang ka basha ba ba tshwanang le ene? Le mororo go sa kgonege go sireletsa bana ba gago mo ditlhobaelong tsotlhe le mo ditlhotlheletsong tse di bosula, o se ka wa itlhoboga jaaka motsadi. Kwantle ga gore o sireletse bana ba gago thata, ba rute ka go ba tlhaloganya, ka metlha o gakologelwa gore mongwe le mongwe ga a tshwane le yo mongwe. Ka go supa bopelonomi le lorato, o ka dira mo gontsi go dira gore mosha a ikutlwe a babalesegile. Seno se tla dira gore a se ka a gola a sa itshepe e bile a sa itlotle.

Go sa kgathalesege gore batsadi ba gago ba ile ba atlega go le kanakang go go tlhokomela ka dilo tse o neng o di tlhoka mo maikutlong, go na le dilo tse tharo tse di tla go thusang go nna motsadi yo o molemo: (1) Tila go tshwarega thata ka mathata a gago mo e leng gore o itlhokomolosa mathata a bana ba gago a a bonalang a se magolo; (2) leka go nna le motlotlo o o monate le o o mosola letsatsi le letsatsi le bone; (3) dira gore ba nne le boikutlo jo bo siameng malebana le kafa ba ka rarabololang mathata ka teng le go dirisana le batho.

Birgit o bolela jaana fa a akanya ka dingwaga tsa gagwe tsa bolesome: “Ke ne ka tshwanela gore ke ithute gore nka se ka ka kgona go fetola batho gore ba nne se ke batlang gore ba nne sone. Mmè o ne a mpolelela gore fa ke bona sengwe se ke sa se rateng mo go ba bangwe, se ke neng ke tshwanetse go se dira e ne e le gore ke tile go tshwana le bone. O ne a mpolelela gape gore nako e e molemolemo ya gore ke fetole ditsela tsa me ka namana e ne e le yone nako ya fa ke sa ntse ke le mosha.”

Le fa go ntse jalo, bana ba gago ba tlhoka sengwe gape kwantle ga tiro le go tlhomama ga maikutlo. Ipotse gore, ‘A ke leba go nna motsadi e le boikarabelo jo ke bo filweng ke Modimo?’ Fa e le gore o go leba jalo, o tla batla go tlhokomela dilo tse bana ba gago ba di tlhokang mo semoyeng.

Ditsela Tsa go ba Tlhokomela ka Dilo Tse ba di Tlhokang mo Semoyeng

Jesu Keresete o ne a bolela jaana mo Therong ya gagwe ya mo Thabeng: “Go itumela ba ba utlwang go tlhoka ga bone ga semoya, e re ka bogosi jwa magodimo e le jwa bone.” (Mathaio 5:3) Ke eng se se akarediwang mo go ba tlhokomeleng ka dilo tse ba di tlhokang mo semoyeng? Bana ba solegelwa molemo thata fa batsadi ba tlhoma sekao se se molemo sa go nna le tumelo mo go Jehofa Modimo. Moaposetoloi Paulo o ne a kwala jaana: “Kwantle ga tumelo ga go kgonege go . . . itumedisa [Modimo] sentle, gonne yo o atamelang Modimo o tshwanetse go dumela gore o gone le gore o nna moduedi wa ba ba o senkang ka tlhoafalo.” (Bahebera 11:6) Le fa go ntse jalo, gore tumelo e nne le bokao jwa mmatota, go tlhokega thapelo. (Baroma 12:12) Fa o dumela gore go na le dilo tsa semoya tse wena ka namana o di tlhokang, o tla batla kaelo ya Modimo, jaaka rre wa ngwana yo o neng a nna Moatlhodi Samesone yo o tumileng wa Iseraele a ne a dira. (Baatlhodi 13:8) O ka se ka wa rapela fela mme o tla ya kwa Lefokong la Modimo le le tlhotlheleditsweng e leng Baebele go bona thuso.—2 Timotheo 3:16, 17.b

Go sa kgathalesege tiro e e bokete ya go neela bana kaelo e e siameng, go ba tshegetsa mo maikutlong le go ba thusa mo semoyeng, go nna motsadi e ka nna selo se se molemo. Rre wa bana ba babedi wa kwa Brazil o akgela jaana: “Ga ke kgone le go ikakanya ke se na bana. Go na le dilo tse dintsi tse di molemo tse re ka di ba nayang.” Mmè mongwe o oketsa jaana fa a tlhalosa gore ke ka ntlha yang fa bana ba dira sentle: “Re nna re le mmogo ka metlha mme re leka go dira gore dilo di nne monate e bile e le tse di itumedisang. Mme se se botlhokwa le go feta, re rapelela bana ka metlha.”

Priscilla o gakologelwa kafa batsadi ba gagwe ba neng ba mmontsha lorato ka gone le go nna pelotelele le ene fa go ne go na le bothata. O bolela jaana: “E ne e le ditsala tsa me tsa mmatota mme ba ne ba nthusa mo go sengwe le sengwe. Fa ke ne ke le ngwana, ke ne ke ikutlwa tota gore ke tshwarwa jaaka ‘boswa jo bo tswang kwa go Jehofa.’” (Pesalema 127:3) Jaaka batsadi ba bangwe ba bantsi, ke ka ntlha yang fa o sa rulaganye go nna le nako ya go bala Baebele le dikgatiso tsa Bokeresete le bana ba gago? Go sekaseka dipego tsa Baebele le melaometheo ya yone mo boemong jo bo siameng go ka thusa bana ba gago gore ba itshepe le gore ba nne le tsholofelo ya mmatota ka isagwe.

Fa Bana Botlhe ba Tla bo ba Babalesegile

Le fa isagwe e lebega e le letobo mo baneng ba le bantsi gompieno, Lefoko la Modimo le tlhomamisa gore go ise go ye kae lefatshe e tla nna legae le le babalesegileng mo bathong. A o ko o akanye fela ka nako ya fa mo lefatsheng le lesha le Modimo a le solofeditseng, batsadi ba tla bong ba sa tlhole ba tlhoka go tshwenyega ka pabalesego ya bana ba bone! (2 Petere 3:13) Leka go bona go diragadiwa go gogolo ga boporofeti jono mo mogopolong wa gago: “Phiri e tlaa aga le kwanyana, nkwe e tlaa botha le potsane; le namane le tawana di tlaa fula mmogo; mme ngwanyana yo monnye o tlaa di goga.” (Isaia 11:6) Tota le gompieno, pabalesego ya semoya e e tlhalosiwang ka mafoko ano e setse e diragala ka tsela ya tshwantshetso mo go ba ba direlang Jehofa. Fa o le fa gare ga bone, o tla iponela tlhokomelo e e lorato ya Modimo. Fa o rata Modimo, o ka tlhomamisega gore o tlhaloganya kafa o ikutlwang ka teng jaaka motsadi mme o tla go thusa go itshokela ditlhobaelo le diteko tse o ka lebanang natso. Ithute Lefoko la gagwe mme o solofele mo Bogosing jwa gagwe.

Thusa bana ba gago gore ba nne mo tseleng e e isang kwa botshelong jo bo sa khutleng ka go ba tlhomela sekao se se molemo. Fa o tshabela mo go Jehofa Modimo, isagwe ya gago le ya bana ba gago e tla feta sengwe le sengwe se o se lebeletseng. O ka tlhatswega pelo fela jaaka mopesalema yo o neng a bolela jaana: “Inatefise mo go Jehofa; mme o tlaa go naya dikeletso tsa pelo ya gago.”—Pesalema 37:4.

[Dintlha tse di kwa tlase]

a Go dirisitswe maina a sele mo setlhogong seno.

b Bona dikgaolo 5 go ya go 7 mo bukeng ya Sephiri sa Boitumelo mo Lelapeng, e e gatisitsweng ke Watchtower Bible and Tract Society of New York, Inc.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela