LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w98 7/15 ts. 32
  • “Sekao sa go Nna Seoposengwe le sa Bokaulengwe”

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • “Sekao sa go Nna Seoposengwe le sa Bokaulengwe”
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1998
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1998
w98 7/15 ts. 32

“Sekao sa go Nna Seoposengwe le sa Bokaulengwe”

Ke kafa mosadi mongwe a tlhalosang ditiro tsa Basupi ba ga Jehofa fa a sena go latlhegelwa ke leloko lengwe la lelapa ka tsela e e ngomolang pelo. O tlhalosa jaana:

“Mo boemong jwa ba lelapa la me le nna ka bonna, ke rata go leboga Basupi ba phuthego ya Sentandiana kwa Freiburg, kwa Jeremane. Lelapa la gaetsho ga se Basupi ba ga Jehofa, kwantle fela ga kgaitsadiake e bong Antonio le mosadi wa gagwe e bong Anna. Ga re bolo go kgala tlhopho e ba e dirileng malebana le bodumedi, le mororo re ne re bo tlotla ka dinako tsotlhe.

“Le fa go ntse jalo, gone jaanong re tshwanetse go fetola megopolo ya rona. Tota e bile, re bone sekao sa bokaulengwe le lorato tse le ka motlha re neng re ka se ka ra di lebelela.

“Ka maswabi, Anna o ne a swa ka tshoganyetso mo kotsing ya tsela. E re ka re nna kwa Italy, re ne ra kgona go gomotsa kgaitsadiake Antonio le bana ba gagwe fela go fitlha selekanyong se se rileng. Le fa go ntse jalo, bakaulengwe ba gagwe ba Basupi ba ne ba thusa. Ba ne ba mo thusa ka go nna teng ga bone, ka mafoko a bone, ka tumelo ya bone le ka go mo tshegetsa ka dilo tsa nama, mo maikutlong le ka tsa madi. E re ka ke sa kgone go leboga phuthego ka namana, nka rata go ba leboga ka makasine wa lona ka ntlha ya sekao sa bone sa go nna seoposengwe le sa bokaulengwe se re ka se kang ra se lebala.”

Dikakgelo tsa bopelonomi tsa mosadi yono di a anaanelwa. Jaaka a bolela, Basupi ba ga Jehofa ba na le bokaulengwe jwa boditšhabatšhaba. (1 Petere 2:17) Ba tlhagolela dikamano tse di nonofileng tsa lorato mo gare ga bone, ba itse gore lorato ke “sebofo se se itekanetseng sa boseoposengwe.” (Bakolosa 3:14) Tota le mo maemong a a utlwisang botlhoko thata, a a re welang rotlhe, Basupi ba ga Jehofa ba nna ba le gaufi le Modimo le batho ba gagwe.—Diane 18:24; Moreri 9:11; Johane 13:34, 35.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela