A o Na le “Pelo e e Utlwang”?
FA Solomone a ne a nna kgosi ya Iseraele wa bogologolo, o ne a ikutlwa a sa tshwanelege. Ka jalo o ne a kopa Modimo gore a mo neye botlhale le kitso. (2 Ditirafalo 1:10) Solomone gape o ne a rapela jaana: “O tshwanetse go naya motlhanka wa gago pelo e e utlwang go atlhola batho ba gago.” (1 Dikgosi 3:9, NW) Fa Solomone a ne a na le “pelo e e utlwang,” o ne a tla latela melao ya Modimo le melaometheo, mme Jehofa o ne a tla mo segofatsa.
Pelo e e utlwang ga se morwalo mme ke selo se se lereng boitumelo. Moaposetoloi Johane o ne a kwala jaana: “Seno ke se lorato lwa Modimo lo se kayang, gore re boloke ditaolo tsa one; mme lefa go ntse jalo ditaolo tsa one ga di imele.” (1 Johane 5:3) Eleruri, re tshwanetse go utlwa Modimo. Gone mme, Jehofa ke Mmopi wa rona yo Mogolo. Lefatshe ke la gagwe le sengwe le sengwe se se mo go lone, tota le selefera le gouta yotlhe. Ka jalo re ka se ka ra kgona go naya Modimo sepe sa dilo tse di bonalang, le fa gone a re letla go dirisa matlotlo a rona a madi go bontsha lorato lwa rona mo go ene. (1 Ditiragalo 29:14) Jehofa o lebeletse gore re mo rate le go tsamaya le ene ka boikokobetso, re dira go rata ga gagwe.—Mika 6:8.
Fa Jesu Keresete a ne a bodiwa gore taolo e kgolo thata mo Molaong ke efe, o ne a bolela jaana: “‘O tshwanetse go rata Jehofa Modimo wa gago ka pelo yotlhe ya gago le ka moya otlhe wa gago le ka mogopolo otlhe wa gago.’ Eno ke taolo e kgolo thata e bile e le ya ntlha.” (Mathaio 22:36-38) Tsela e nngwe ya go supa lorato loo ke ka go utlwa Modimo. Ka jalo mongwe le mongwe wa rona o tshwanetse go rapela gore Jehofa a mo neye pelo e e utlwang.
Ba ne Ba na Le Pelo e e Utlwang
Baebele e na le dikai tse dintsi tsa batho ba ba neng ba na le pelo e e utlwang. Ka sekai, Jehofa o ne a bolelela Noa gore a age areka e kgolo gore go bolokiwe botshelo ka yone. E ne e le tiro e kgolo e e neng ya tsaya dingwaga tse di ka nnang 40 kana 50. Tota le fa go na le didirisiwa tse di maatla tsa motlha wa rona le dilo tse dingwe gone jaanong, e ne e tla nna namane e tona ya tiro go aga moago o mogolo jaana o o ka kgonang go kokobala mo godimo ga metsi. Mo godimo ga moo, Noa o ne a tshwanetse go tlhagisa batho bao go se nang pelaelo ya gore ba ne ba mo kgala le go mo sotla. Mme o ne a le kutlo ka tsela e e feletseng. Baebele e bolela jaana: “A dira fela jalo.” (Genesise 6:9, 22; 2 Petere 2:5) Noa o ne a supa fa a rata Jehofa ka go mo utlwa ka boikanyegi mo dingwageng di le dintsi. A bo e le sekao se se molemo jang ne mo go rona rotlhe!
Akanya gape ka tlhogo ya lotso e bong Aberahame. Modimo o ne a re a tswe mo nageng e e humileng ya Ure ya ba Kaladea go ya kwa nageng e a sa e itseng. Aberahame o ne a nna kutlo kwantle ga go belaela. (Bahebera 11:8) Mo botshelong jwa gagwe jotlhe ene le lelapa la gagwe ba ne ba nna mo ditenteng. Morago ga gore ba nne dingwaga di le dintsi mo nageng ya seeng, Jehofa o ne a segofatsa ene le mosadi wa gagwe yo o kutlo e bong Sara, ka morwa yo o bidiwang Isake. A bo Aberahame wa dingwaga di le 100 a tshwanetse a bo a ne a rata morwa yono wa botsofe jwa gagwe jang ne! Dingwaga di sekae moragonyana, Jehofa o ne a kopa Aberahame gore a ntshe Isake setlhabelo sa tshupelo ya phiso. (Genesise 22:1, 2) Go akanya fela ka go dira seo go tshwanetse ga bo go ile ga utlwisa Aberahame botlhoko. Le fa go ntse jalo, o ne a tswelela pele a le kutlo ka gonne o ne a rata Jehofa e bile a dumela gore losika lo lo solofeditsweng loo lo tla tla ka Isake, tota le fa Modimo a ne a tla tshwanela gore a mo tsose mo baswing. (Bahebera 11:17-19) Le fa go ntse jalo, fa Aberahame a ne a tla tloga a bolaya morwawe, Jehofa o ne a mo thiba mme a bolela jaana: “Jaanong ke a itse fa o boifa Modimo, ka e le fa o se ka wa gana ka morwao yo o esi, fa ke mo tsaya.” (Genesise 22:12) Ka ntlha ya go nna kutlo ga gagwe, Aberahame yo o boifang Modimo o ne a itsege e le “tsala ya ga Jehofa.”—Jakobe 2:23.
Jesu Keresete ke sekao sa rona se se molemolemo sa go nna kutlo. Ka nako ya fa a ise a nne motho, o ne a itumelela go direla Rraagwe wa selegodimo ka kutlo. (Diane 8:22-31) Jaaka motho, Jesu o ne a utlwa Jehofa mo go sengwe le sengwe, a itumela go dira go rata ga gagwe ka metlha. (Pesalema 40:8; Bahebera 10:9) Ka jalo, Jesu o ne a ka bolela jaana ka boammaaruri: “Ga ke dire sepe ka bogame; mme ke bua dilo tseno fela jaaka Rara a nthutile. Mme yo o nthomileng o na le nna; o ne a se ka a ntlogela ke le nosi, ka gonne ka metlha ke dira dilo tse di mo itumedisang.” (Johane 8:28, 29) Sa bofelo, gore Jesu a tlotlomatse bolaodi jwa ga Jehofa le go golola batho ba ba kutlo, o ne a ntsha botshelo jwa gagwe ka go rata, ka go swa loso lo lo nyatsegang thata le lo lo botlhoko. Eleruri, “e rile a iphitlhela a le mo sebopegong sa motho, a ikokobetsa mme a nna kutlo go fitlha kwa losong, ee, loso mo koteng ya tlhokofatso.” (Bafilipi 2:8) A bo e le sekao sa go bontsha pelo e e utlwang jang ne!
Go Nna Kutlo mo Dilong Tse di Rileng Fela Ga go A Lekana
Ga se batho botlhe ba ba bolelang gore ba utlwe Modimo ba tota ba mo utlwang. Akanya ka Kgosi Saulo wa Iseraele wa bogologolo. Modimo o ne a mo laela gore a nyeletse Baamaleke ba ba boikepo. (1 Samuele 15:1-3) Le fa Saule a ne a ba nyeletsa e le setšhaba, o ne a falotsa kgosi ya bone mme a boloka dinku dingwe tsa bone le dikgomo. Samuele o ne a botsa jaana: “Ke ka ntlha yang o se ka wa utlwa, lentswe la ga Jehofa?” Saulo o ne a araba jaana: “Ee, ke utlwile lentswe la ga Jehofa, . . . Batho [ba Iseraele ba ne] ba tsaya thopo dinku le dikgomo tse di tlhophegileng mo go tsone . . . , gore ba isetse Jehofa setlhabelo.” Fa Samuele a ne a gatelela botlhokwa jwa go nna kutlo ka mo go feletseng, o ne a araba jaana: “A Jehofa a ka itumelela ditshupelo tse di fisiwang le ditlhabelo, jaaka a itumelela go utlwa lentswe la Jehofa? Bona! Go utlwa go molemo bogolo go go isa tshupelo, le go reetsa bogolo go mafura a diphelefu; gonne go tsuolola go tshwana le boleo jwa boloi le boikgodiso bo tshwana le go dirisa maatla a a sa tlwaelegang le medimo ya disetwa. E re ka o ganne lefoko la ga Jehofa, le ene o go ganne go tlhola o nna kgosi.” (1 Samuele 15:17-23, NW) A bo Saule a ile a latlhegelwa go le kanakang ka go bo a ne a se na pelo e e utlwang!
Tota le Kgosi Solomone yo o botlhale, yo a neng a rapelela go nna le pelo e e utlwang, ga a ka a tswelela pele a utlwa Jehofa. Go farologana le se go rata ga Modimo e leng sone, o ne a nyala basadi ba seeng ba ba neng ba dira gore a leofele Modimo. (Nehemia 13:23, 26) Solomone o ne a sa tlhole a amogelwa ke Modimo ka gonne ga a ka a tswelela a na le pelo e e utlwang. A bo e le tlhagiso jang ne mo go rona!
Seno ga se reye gore Jehofa o batla gore batlhanka ba gagwe ba itekanele. O ‘gakologelwa fa re le lorole.’ (Pesalema 103:14) Rotlhe re dira diphoso ka dinako tse dingwe, mme Modimo o kgona go bona gore a tota re batla go mo itumedisa go tswa mo pelong. (2 Ditiragalo 16:9) Fa re leofa ka ntlha ya go sa itekanelang ga batho mme re ikwatlhaya, re ka kopa maitshwarelo mo motheong wa setlhabelo sa thekololo sa ga Keresete, re tshepa gore Jehofa “o tlaa itshwarela ka botlalo.” (Isaia 55:7; 1 Johane 2:1, 2) Re ka nna ra tlhoka le thuso ya bagolwane ba ba lorato ba Bakeresete gore re tle re fole mo semoyeng mme re nne le tumelo e e nonofileng le pelo e e utlwang.—Tito 2:2; Jakobe 5:13-15.
Go Nna Kutlo ga Gago go Feletse go le Kanakang?
Jaaka batlhanka ba ga Jehofa, kwantle ga pelaelo bontsi jwa rona re ikutlwa re na le pelo e e utlwang. Re ka nna ra akanya gore, A ga ke nne le seabe mo tirong ya go rera ka Bogosi? A ga ke eme ke nitame fa go tlhaga dikgang tse di kgolo tse di jaaka tsa boitlhaodi? Le gone a ga ke nne teng ka metlha kwa dipokanong tsa Bokeresete jaaka moaposetoloi Paulo a ile a re kgothatsa? (Mathaio 24:14; 28:19, 20; Johane 17:16; Bahebera 10:24, 25) Gone ke boammaaruri, batho ba ga Jehofa ba le botlhe ba bontsha kutlo e e tswang pelong mo dikgannyeng tse di botlhokwa jalo.
Mme go tweng ka tsela e re itshwarang ka yone mo dikgannyeng tsa letsatsi le letsatsi, gongwe e le dilo tse di bonalang di sa re sepe? Jesu o ne a bolela jaana: “Motho yo o boikanngo mo go se sebotlana thata o boikanngo le mo go se segolo, le motho yo o sa siamang mo go se sebotlana thata ga aa siama le mo go se segolo.” (Luke 16:10) Ka jalo mongwe le mongwe wa rona o tla bo a dira sentle ka go ipotsa gore, A ke na le pelo e e utlwang fa go tla mo dilong tse dinnye kana mo dikgannyeng tse ba bangwe ba sa itseng ka tsone?
Mopesalema o ne a bontsha gore tota le mo ntlong ya gagwe, kwa ba bangwe ba neng ba sa mmone gone, o ne a ‘tsamaya ka pelo e e itekanetseng.’ (Pesalema 101:2) Fa o ntse o dutse mo ntlong ya gago, o ka nna wa bulela thelebishene mme wa simolola go lebelela filimi. Gone fela foo, o nna mo tekong ya gore a o kutlo. Filimi eo e ka nna ya nna ya boitsholo jo bo sa siamang. A o tla nna o ntse o lebeletse, o itlhatswa ka gore ke mefuta ya difilimi tse di tshwantshiwang mo metlheng eno? Kana a pelo ya gago e e utlwang e tla go tlhotlheletsa gore o utlwe tlhagiso ya Dikwalo ya gore ‘kgokafalo le bosengphepa di se ka tsa ba tsa umakwa mo go lona’? (Baefeso 5:3-5) A o tla tima thelebishene, tota le fa kgang eo e kgatlha? Kana o tla fetola diteishene fa thulaganyo eo e nna le thubakanyo? “Jehofa o leka basiami; moikepi,” mopesalema o ne a opela jalo, “le yo o ratang go thubaka, mowa wa gagwe o a ba ila.”—Pesalema 11:5.
Pelo e e Utlwang e Lere Masego
Le gale, go na le dikarolo tse dintsi mo botshelong tse mo go tsone re ka itlhatlhobang ka tsela e e molemo go bona gore a tota re utlwa Modimo go tswa mo pelong. Lorato lwa rona mo go Jehofa lo tshwanetse lwa re tlhotlheletsa go mo itumedisa le go dira se a se re bolelelang mo Lefokong la gagwe e leng Baebele. Pelo e e utlwang e tla re thusa gore re boloke kamano e e siameng le Jehofa. Ee ruri, fa re le kutlo ka botlalo, ‘mafoko a melomo ya rona le go akanya ga dipelo tsa rona go tla lebosega mo pele ga Jehofa.’—Pesalema 19:14.
E re ka Jehofa a re rata, o re ruta gore re nne kutlo gore rona ka borona re solegelwe molemo. Mme re solegelwa molemo thata fa re tsaya thuto ya Modimo tsia ka pelo yotlhe. (Isaia 48:17, 18) Ka jalo, a re amogele ka boitumelo thuso e Rraarona wa selegodimo a re e neelang ka Lefoko la gagwe, moya wa gagwe le ka phuthego ya gagwe. Re rutiwa sentle jaana mo e leng gore go ntse jaaka e kete re utlwa lentswe mo sehularong sa rona le re: “Tsela ke e, tsamayang ka yone.” (Isaia 30:21) Jaaka fa Jehofa a ntse a re ruta ka Baebele, dikgatiso tsa Bokeresete le ka dipokano tsa phuthego, e kete re ka tsaya tsia, re dirisa se re se ithutang mme re nne “kutlo mo dilong tsotlhe.”—2 Bakorintha 2:9.
Pelo e e utlwang e lere boitumelo le masego a mantsi. E tla dira gore re ritibale mo mogopolong, ka gonne rotlhe re a itse gore re itumedisa Jehofa Modimo e bile re dira gore pelo ya gagwe e ipele. (Diane 27:11) Pelo e e utlwang e tla nna tshireletso mo go rona fa re raelesega go dira se se sa siamang. Ka jalo he, re tshwanetse go utlwa Rraarona wa selegodimo mme re rapele jaana: “Naya motlhanka wa gago pelo e e utlwang.”
[Motswedi wa Setshwantsho mo go tsebe 29]
From the Self-Pronouncing Edition of the Holy Bible, containing the King James and the Revised versions