Thusa ba Bangwe Gore ba ‘Nne Kutlo go Tswa Pelong’
1. Ke eng se Jehofa a batlang baobamedi ba gagwe ba se dira?
1 Go botlhokwa gore motho a nne kutlo e le gore a kgone go obamela Jehofa ka tsela e a e amogelang. (Dute. 12:28; 1 Pet. 1:14-16) Go ise go ye kae, Modimo o tlile go atlhola “ba ba sa itseng Modimo le ba ba sa reetseng dikgang tse di molemo.” (2 Bathes. 1:8) Re ka thusa ba bangwe jang gore ba ‘utlwe dithuto tsa Lefoko la Modimo go tswa pelong’?—Bar. 6:17.
2. Ke ka ntlha yang fa go le botlhokwa go thusa batho ba bangwe gore ba nne le tumelo e e nonofileng?
2 Ka go Ba Thusa go Nna le Tumelo le Lorato: Mo Dikwalong, go nna kutlo go amanngwa thata le tumelo. Moaposetoloi Paulo o ne a bua ka “taelo ya Modimo yo o sa khutleng go tsweledisa kutlo ka tumelo.” (Bar. 16:26) Kgaolo ya 11 ya Bahebera e umaka dikai di le mmalwa tsa tumelo, tse bontsi jwa tsone di neng di amana le go dira dilo tumalanong le thato ya ga Jehofa. (Baheb. 11:7, 8, 17) Kafa letlhakoreng le lengwe, go sa utlwe go amanngwa le go tlhoka tumelo. (Joh. 3:36; Baheb. 3:18, 19) Re tshwanetse go lwela gore re nne le bokgoni jwa go dirisa Lefoko la Modimo sentle gore re thuse ba bangwe gore ba nne le mofuta wa tumelo e e dirang gore ba nne kutlo.—2 Tim. 2:15; Jak. 2:14, 17.
3. (a) Go nna kutlo go amana jang le lorato? (b) Re ka thusa baithuti jang gore ba rate Jehofa?
3 Gape, go nna kutlo go amanngwa le go rata Modimo. (Dute. 5:10; 11:1, 22; 30:16) Johane wa Ntlha 5:3 ya re: “Seno ke se lorato lwa Modimo lo se kayang, gore re boloke ditaelo tsa gagwe; mme ditaelo tsa gagwe ga di imele.” Re ka thusa jang batho ba re ithutang Baebele le bone gore ba simolole go rata Jehofa? Fa o ntse o ithuta le ene, batla ditshono tsa go dira gore a simolole go anaanela dinonofo tsa ga Jehofa. Mmolelele kafa wena o ratang Modimo ka gone. Thusa moithuti gore a akanye ka ditsela tse ka tsone a ka dirang gore a nne le kamano le Jehofa. Selo sa botlhokwa go di feta tsotlhe se se ka tlhotlheletsang rona le ba bangwe go rata Jehofa ke go mo utlwa go tswa pelong.—Math. 22:37.
4. (a) Ke ka ntlha yang fa go le botlhokwa gore re tlhome sekao? (b) Re tshwanetse go dira eng gore re nne le “pelo e e utlwang”?
4 Ka Sekao sa Rona: Tsela e e nonofileng thata e re ka kgothatsang ba bangwe ka yone gore ba utlwe dikgang tse di molemo ke ka sekao sa rona. Le fa go ntse jalo, re tshwanetse go iteka ka metlha go dira gore re nne le “pelo e e utlwang.” (1 Dikg. 3:9; Dia. 4:23) Seno se akaretsa eng? Se akaretsa go otla pelo ya gago ka go ithuta Baebele ka metlha le go nna teng kwa dipokanong. (Pes. 1:1, 2; Baheb. 10:24, 25) Go tsalana le batho ba dipelo tsa bone di leng seoposengwe mo kobamelong ya boammaaruri. (Dia. 13:20) Go nna le seabe ka metlha mo bodireding jwa tshimo, o na le keletso e e nonofileng ya go batla go thusa batho ba ba mo tshimong ya lona. Rapela Jehofa go go kaela gore o ka dira jang gore o nne le pelo e e siameng. (Pes. 86:11) Tila dilo tse di ka senyang pelo ya gago, tse di jaaka boitlosobodutu jo bo nang le boitsholo jo bo maswe kgotsa jo bo tletseng thubakanyo. Nna le seabe mo ditirong tse di go atametsang gaufi thata le Modimo le tse di nonotshang kamano ya gago le ene.—Jak. 4:7, 8.
5. Batho ba ba kutlo ba segofadiwa jang?
5 Jehofa o ne a tlhomamisetsa batho ba gagwe ba bogologolo gore ba ne ba tla tlelwa ke masego fa ba ne ba ka reetsa lentswe la gagwe. (Dute. 28:1, 2) Le gompieno, Jehofa o segofatsa thata “ba ba mo utlwang jaaka mmusi.” (Dit. 5:32) Ka jalo, re ka kgona go thusa batho ba bangwe gore ba nne kutlo go tswa pelong ka tsela e re rutang ka yone le e re tlhomang sekao ka yone.