Nnang lo Agane
1 Moaposetoloi Paulo o ne a dira sotlhe se a neng a ka se kgona go nonotsha badumedi ka ene. (Dit. 14:19-22) Ka tsela e e tshwanang, le rona re a tshwenyega fa bakaulengwe ba rona ba lebana le maemo mangwe a a boima, e bile re batla go ba thusa. Baebele e bontsha gore botlhe, e seng bagolwane fela, ba tshwanetse go amega ka ba bangwe. (Bar. 15:1, 2) Akanya ka ditsela tse pedi tse ka tsone re ka tsayang tsia kgothatso eno e e latelang: “Nnang lo gomotsane lo bo lo agane.”—1 Bathes. 5:11.
2 Go Lemoga se ba Bangwe ba se Tlhokang: Lefoko la Modimo le bega gore Dorekase “o ne a tota mo ditirong tse di molemo le dimpho tsa kutlwelobotlhoko.” (Dit. 9:36, 39) O ne a ela tlhoko batho ba ba neng ba tlhoka dilo dingwe mme o ne a dira se a neng a ka se kgona gore a ba thuse. A bo a re tlhometse sekao se se molemo jang ne! O ka nna wa tswa o lemoga gore mongwe yo o godileng o tlhoka go thusiwa ka sepalangwa go ya dipokanong. Kgotsa go ka tswa go na le mmulatsela yo a se nang motho yo a ka berekang le ene mo tirelong ya tshimo fa gare ga beke mo tshokologong. Akanya fela gore motho yoo o tla itumela jang fa o lemoga se a tlhokang go thusiwa ka sone o bo o mo thusa!
3 Go Tlotla ka Dilo Tsa Semoya: Gape, re ka aga ba bangwe ka metlotlo ya rona. (Baef. 4:29) Mogolwane mongwe yo o nang le maitemogelo o ne a re: “Fa o batla go kgothatsa ba bangwe, bua ka dilo tsa semoya. Gore o simolole motlotlo o o agang, o ka nna wa dirisa potso e e motlhofo fela e e jaaka, ‘O ithutile boammaaruri jang?’” Bontsha basha ba ba mo phuthegong gore tota o a ba kgatlhegela. Bontsha ba ba kgobegileng marapo le ba ba ditlhong gore o amega ka bone. (Dia. 12:25) O se ka wa dira gore go tlotla ka boitlosobodutu jwa lefatshe go hupetse metlotlo ya semoya e o ka e tshwarang le badumedi ka wena.—Bar. 1:11, 12.
4 Le fa go ntse jalo, ke eng se o ka se buang gore o age ba bangwe? Fa o ne o bala Baebele kgotsa o ithuta bosheng jaana, a o ne wa bona molaomotheo mongwe o o neng wa dira gore o anaanele Jehofa thata? A o ne wa kgothadiwa ke sengwe se o neng wa se utlwa fa o ne o reeditse puo ya phatlalatsa kgotsa kwa Thutong ya Tora ya Tebelo? Kgotsa a o ne wa amiwa maikutlo ke boitemogelo bongwe jo bo nonotshang tumelo? Fa e le gore o anaanela dilo tse di ntseng jalo tsa semoya, ga o kitla o tlhoka sengwe se o ka kgothatsang ba bangwe ka sone.—Dia. 2:1; Luke 6:45.
5 E kete re ka tswelela re aga ba bangwe ka go ba thusa ka tsela e e mosola le ka go dirisa loleme lwa rona ka tsela e e tshwanetseng.—Dia. 12:18.