Go Kgothatsana Fa re Le mo Bodireding
1 Rotlhe re anaanela ‘lefoko le le builweng ka nako e e tshwanetseng’ le le le kgothatsang. (Dia. 25:11) Fa re bereka le ba bangwe mo bodireding, re ka dira eng go tlhomamisa gore motlotlo wa rona e nna o o kgothatsang?
2 Motlotlo o o Kgothatsang: A bo go kgothatsa jang go tlotla ka dilo tsa semoya fa re le mo tirong ya go rera! (Pes. 37:30) Re ka bua ka dipuisano tse re ka di dirisang kgotsa ra tlotla ka maitemogelo a re nnileng le one mo tshimong. (Dit. 15:3) A go sengwe se se go kgatlhileng mo mmalong wa gago wa Baebele, mo dimakasineng tsa bosheng jaana kgotsa kwa dipokanong tsa phuthego? Re ka tlotla ka dintlha tse re di utlwileng bosheng mo puong ya phatlalatsa kwa Holong ya Bogosi.
3 Re ka kgobega marapo fa mong wa ntlo a re ganetsa mme re sa kgone go mo araba. Go ka nna molemo gore rona le motho yo re tsamayang le ene re dirise metsotso e se kae fa re tswa mo ntlong eo, go sekaseka gore kganetso eo e ka arabiwa jang mo nakong e e tlang, gongwe re dirisa buka ya Go Fetolana. Fa go na le sengwe se se go kgatlhang mo tseleng e motho yo o tsamayang le ene a buang le beng ba matlo ka yone, a ka kgothala tota fa o ka mo akgolela seo go tswa pelong.
4 Tsaya Kgato Pele: A go na le bangwe mo setlhopheng sa lona sa thuto ya buka ba o iseng o bereke le bone mo tshimong bosheng jaana? Go ba laletsa go tsamaya le wena mo bodireding go ka felela ka “gore lo kgothatsane.” (Bar. 1:12) Babulatsela ba ka metlha le ba ba thusang ba a itumela fa go na le bangwe ba ba berekang le bone, segolobogolo mo mosong kgotsa thapama ka nako ya fa go se na baboledi ba le bantsi mo bodireding. Re ka ema babulatsela nokeng ka go ya le bone bodireding. A go na le mmoledi mongwe yo o nang le bokoa jwa mmele yo botsogo jwa gagwe bo mo kgoreletsang go nna le seabe mo bodireding? Go rulaganya go tsamaya le ene, gongwe fa o ya go tshwara thuto ya Baebele go ka lo solegela molemo loobabedi.—Dia. 27:17.
5 Go akgola ba bangwe le go bontsha gore o a ba anaanela, tota le mo dilong tse dinnye, go a ba kgothatsa. Re se lebale seo fa re bereka le ba bangwe mo bodireding, e re ka re batla go ‘nna re agana.’—1 Bathes. 5:11.