Nna Mothusi yo o Molemo mo Matlong
1. Go na le mesola efe ya go tsamaya le mongwe mo bodireding?
1 Ka lekgetlo lengwe, Jesu o ne a roma barutwa ba le 70 go ya go rera mme a “ba romela ka bobedi ka bobedi.” (Luke 10:1) Ga go na pelaelo gore thulaganyo eno e ne ya thusa barutwa ba gagwe gore ba thusane le go kgothatsana fa ba ntse ba rera. Fa re tsamaya le mmoledi yo mongwe mo bodireding, re ka thusa jang?
2. Fa motho yo re tsamayang le ene a buisana le mongwe, re tshwanetse go reetsa jang mme ka ntlha yang?
2 Ka go Reetsa: Reetsa ka kelotlhoko fa motho yo o tsamayang le ene a buisana le mongwe. (Jak. 1:19) Fa go balwa temana e e rileng, e lebelele mo Baebeleng ya gago. Lebelela motho yo o buang, e ka tswa e le motho yo o tsamayang le ene kgotsa mong wa ntlo. Fa o reetsa motlotlo ka kelotlhoko, seno se ka rotloetsa le mong wa ntlo go dira jalo.
3. Ke leng mo motho yo re tsamayang le ene a ka ratang gore re bue?
3 Ka go Lemoga Gore re ka Bua Leng: Fa re patile motho yo o neelang puisano, re dira gore a nne le seriti fa re mo letla gore e nne ene a etelelang pele. (Bar. 12:10) Re tshwanetse go tila go mo tsena ganong. Fa a lebala se a neng a batla go se bua kgotsa fa mong wa ntlo a ganetsa kgotsa a botsa potso mme motho yo re tsamayang le ene a kopa thuso, re leka go oketsa mo dikakgelong tsa gagwe go na le go simolola kgang e nngwe. (Dia. 16:23; Mor. 3:1, 7) Fa re bua, mafoko a rona a tshwanetse go oketsa se se builweng.—1 Bakor. 14:8.
4. Ke eng se se tla dirang gore re ipele le go atlega mo bodireding?
4 Fa barutwa ba le 70 ba ba neng ba tsamaya ka bobedi ba ne ba fetsa go rera, ba ne ba “boa ka boipelo.” (Luke 10:17) Le rona re tla ipela le go atlega mo bodireding fa re reetsa le go lemoga gore re tshwanetse go bua leng fa re thusa batho ba re tsamayang le bone mo matlong.