LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • km 5/91 ts. 3-4
  • Go Thusa Ba Bangwe Fa re Le mo Tirelong ya Tshimo

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Go Thusa Ba Bangwe Fa re Le mo Tirelong ya Tshimo
  • Tirelo ya Rona ya Bogosi—1991
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • DIRANG KA KUTLWANO
  • Nna Mothusi yo o Molemo mo Matlong
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—2010
  • O se Ka wa Nna Mothusi yo o Didimalang Fela
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—2014
  • Dipokano Tsa Tirelo ya Tshimo Tse di Diragatsang Boikaelelo Jwa Tsone
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—2015
  • Go Tokafatsa Bokgoni Jwa Rona mo Bodireding—Go Thusa Motho yo o Tsamayang le Ene
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—2014
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tirelo ya Rona ya Bogosi—1991
km 5/91 ts. 3-4

Go Thusa Ba Bangwe Fa re Le mo Tirelong ya Tshimo

1 Go tloga fela kwa tshimologong ya yone, phuthego ya Bokeresete e ne e ntse e le phuthego ya bareri. Jesu ka namana o ne a katisa barutwa ba gagwe mo tirong ya go rera mme “a simolola go ba roma ka bobedi le bobedi.” (Mar. 6:7; Luke 8:1) Moaposetoloi Paulo o ne a bua ka ‘badiri ka ene’ mo phuthegong ya Filipi bao ‘ba kileng ba dira le ene mo mahokong a a molemo.’ (Bafil. 4:3) Lemororo go sa tlhokege ka metlha gore o nne le yo o dirang le ene mo bodiheding, ba le bantsi ba rona re itumelela go nna le bao re tsamayang le bone. (Mor. 4:9) Ka jalo he, re ka kgothatsana jang le go thusana jang fa re rera?

2 Bongwe jwa maikaelelo a dipokano tsa rona tsa tirelo ya tshimo ke go thusa baboledi ba basha le bao ba senang maitemogelo mo go kalo. (omTN dits. 77, 97) Babulatsela bao ba sa tswang go tlhophiwa le bone ba ka nna ba batla go bereka le baboledi bao ba nang le maitemogelo kana le mogolwane kana motlhanka wa bodihedi. Abo seno se neela tshono e e molemo jang ne ya go ‘gomotsana’!—Bar. 1:12.

3 Ka ntlha ya mabaka a pabalesego, go ka nna ga bo go le botlhale gore baboledi ba bereke mmogo mo dikarolong dingwe. Kana ka dinako tse dingwe go ka nna ga bo go tlhokega gore o fetole dithulaganyo tsa nako e e fetileng tsa go bereka le mongwe e le gore o tle o kgone le go bereka le baboledi bao ba senang maitemogelo a a kalo bao ba leng gone mo pokanong ya tirelo. Fa re kopilwe gore re dire jalo, eleruri e tla bo e le ga botlhale gore re dire diphetogo tseo di ka tlhokang go dirwa e le gore re ‘thuse ba ba bokoa,’ lemororo re ka nna ra tlwaela go tsamaya le molekane mongwe yo o rileng.—Dit. 20:35.

DIRANG KA KUTLWANO

4 Nako nngwe le nngwe fa re tsamaya le ba bangwe mo tirelong ya tshimo, re batla go bereka ka kutlwano jaaka setlhopha. (Bapisa 1 Bakorintha 3:6, 9.) Rotlhe ka bobedi re ka nna le seabe mo go neeleng bosupi, gongwe re fapaanela go simolola motlotlo mo matlong. Maitseo a mantle a tlhoka gore re reetse sentle le ka kelotlhoko fa molekane wa rona a bua.

5 Lemororo go ka nna ga bo go tshwanela ka dinako tse dingwe go tsenelela mo motlotlong fa mopati wa rona a simolotse go bua, seno se batla gore re atlhole dilo ka tsela e e molemo. Ga re batle go kgaupetsa tsela e e molemo eo go akantshanwang le mong wa ntlo ka yone. Gone ke boammaaruri gore fa mmoledi yo o senang maitemogelo a nna le bothata go fetola kganetso nngwe, ga go belaetse gore o tla itumelela thuso eo e neelwang ka tsela e e molemo.—Mor. 4:12.

6 Re ka nna ra dirisa nako ya fa re tswa mo ntlong e nngwe re ya kwa go e nngwe re sekaseka ditsela tseo neelano ya rona e ka tokafadiwang ka yone. Gongwe go dirisa nngwe ya diketapele tse di leng mo bukeng ya Go Fetolana kana kakantsho eo e leng go Tirelo ya Rona ya Bogosi go ka nna ga itshupa go na le bokgoni ka mo go oketsegileng. Go bereka mmogo gape go re neela tshono ya gore re itsane botoka, re nonotshe dibofo tsa bokaulengwe jwa rona jwa Bokeresete.

7 Eleruri bodihedi jwa rona ke letlotlo leo re le ngomaelang thata. (2 Bakor. 4:1, 7) Fa re ntse re nna le tshono ya go bereka le ba bangwe mo tirelong ya tshimo, re ka nna ra dira gore re anaanele thata tiro eno ya rona e e boitshepo. Mo godimo ga moo, re tla kgona go kgothatsana le go ithuta go tswa mo go ba bangwe le bone ba ithuta mo go rona. Seno se tla felela ka boipelo jo bo oketsegileng, re kgone go neela bosupi ka tsela e e botswerere le go feta, le go ikutlwa re le seoposengwe le bakaulengwe ba rona le bokgaitsadi ka mo go kgotsofatsang.—Pes. 133:1.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela