LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • km 3/08 ts. 2
  • Thulaganyo ya Pokano ya Tirelo

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Thulaganyo ya Pokano ya Tirelo
  • Tirelo ya Rona ya Bogosi—2008
  • Ditlhogwana
  • Beke e e Simololang ka March 10
  • Beke e e Simololang ka March 17
  • Beke e e Simololang ka March 24
  • Beke e e Simololang ka March 31
  • Beke e e Simololang ka April 7
Tirelo ya Rona ya Bogosi—2008
km 3/08 ts. 2

Thulaganyo ya Pokano ya Tirelo

Beke e e Simololang ka March 10

Pina 131

10 mets: Dikitsiso tsa phuthego. Dirisa dikakantsho tse di mo tsebeng ya 8 kgotsa dipuisano tse dingwe tse di tshwanelang tshimo ya lona go dira gore go dirwe dipontsho tse di bontshang kafa go ka tsamaisiwang ka teng Tora ya Tebelo ya March 1 le Tsogang! ya March di tsamaisiwa le taletso ya Segopotso.

20 mets: Ke ka Ntlha Yang fa re Tshwanetse go Kopana Mmogo? Puo le motlotlo le bareetsi e e theilweng mo go Tora ya Tebelo ya May 15, 2007, tsebe 11-13. Kopa bareetsi go tlhalosa kafa ba solegetsweng molemo ka teng ke go nna gone mo dipokanong tsa phuthego le kafa ba fentseng dikgoreletsi ka teng gore ba kgone go nna gone ka metlha mo go tsone.

15 mets: “Re ka Abela Jehofa Sengwe.”a Fa nako e letla, kopa bareetsi go akgela ka ditemana tse di umakilweng.

Pina 8

Beke e e Simololang ka March 17

Pina 144

10 mets: Dikitsiso tsa phuthego. Gakolola bareetsi go tla le Tora ya Tebelo ya April 1 le Tsogang! ya April mo Pokanong ya Tirelo ya beke e e tlang le go ipaakanyetsa go tlotla ka dipuisano tse di ka tshwanelang tshimo ya lona. Dikitsiso tse o di tlhophileng mo kgatisong eno ya Tirelo ya Rona ya Bogosi.

15 mets: Lebokoso la Dipotso. E neelwe ke mogolwane. Bala setlhogo sotlhe le go tlotla ka sone.

20 mets: “Re ka Thusa Jang Batho ba ba Tlileng Segopotsong?”b Fa lo tlotla ka serapa 5, dira gore go dirwe pontsho e khutshwane ya kafa go ka simololang thuto ya Baebele ka teng le moeng yo o neng a le teng mo Segopotsong.

Pina 214

Beke e e Simololang ka March 24

Pina 111

5 mets: Dikitsiso tsa phuthego. Bala pego ya diakhaonto le makwalo a a bontshang gore meneelo ya lona e amogetswe.

10 mets: Ipaakanyetse go Aba Dimakasine Tsa Bosheng. Motlotlo le bareetsi. Fa o sena go sobokanya ka bokhutshwane dintlha tsa Tora ya Tebelo ya April 1 le Tsogang! ya April, botsa bareetsi gore ke ditlhogo dife tse batho ba tshimo ya lona ba ka di kgatlhegelang thata le gore ka ntlha yang. Kopa bareetsi go umaka dintlha tse di rileng mo ditlhogong tseno tse ba ikaelelang go di dirisa. O ka botsa potso efe go simolola motlotlo? O ka bala temana efe mo setlhogong seo? Dira gore go dirwe dipontsho tse di bontshang kafa Tora ya Tebelo ya April 1 le Tsogang! ya April di ka tsamaisiwang ka teng go dirisiwa dikakantsho tse di mo kgatisong eno ya Tirelo ya Rona ya Bogosi.

30 mets: “A o Ka Kgona go Ithaopa?” Puo e e kgothatsang e e tlang e tswakanngwa le dikakgelo tsa bareetsi tse ka tsone ba arabang dipotso tse di gatisitsweng tsa serapa 13 le 18-24. Kgothaletsa batsadi go thusa bana ba bone go akanyetsa go dira tirelo ya Bethele tiro ya botshelo jotlhe. Akantsha gore malapa a ithute tsenyeletso eno mmogo mo thutong ya lelapa.

Pina 29

Beke e e Simololang ka March 31

Pina 37

10 mets: Dikitsiso tsa phuthego. Gakolola baboledi go tlisa dipego tsa tirelo ya tshimo ya March.

20 mets: Dirisa Yearbook ya 2008 ka Botlalo. Puo le motlotlo le bareetsi. Sekaseka Lekwalo la Setlhopha se se Laolang le le mo tsebeng ya 3-5. Kopa bareetsi ba babedi kgotsa ba bararo go anela maitemogelo a a ba kgothaditseng thata go tswa mo go Yearbook. Rulaganya le mmoledi a le mongwe kgotsa ba le babedi go sa le gale go tlhalosa gore ba itiretse thulaganyo efe go bala Yearbook. Konela ka go kgothaletsa botlhe go e bala yotlhe.

15 mets: “Go Kgothatsana Fa re Le mo Bodireding”c

Pina 122

Beke e e Simololang ka April 7

Pina 186

10 mets: Dikitsiso tsa phuthego.

20 mets: Ke Eng fa o Diega go Kolobediwa? Puo ka mogolwane e e theilweng mo makasineng wa Tora ya Tebelo ya July 1, 2006, tsebe 29-30, serapa 14-17. Akaretsa le potsolotso e khutshwane e mo go yone o botsolotsang mmoledi a le mongwe kgotsa ba le babedi ba ba kolobeditsweng ba le mo dingwageng tsa bolesome. Ke eng se se ba tlhotlheleditseng go tsaya kgato eno e e botlhokwa ba sa ntse ba le babotlana? Go kolobediwa ga bone go ba thusitse jang go gola semoyeng e leng selo se se ileng sa ba sireletsa?

15 mets: A o Kile wa Leka Mokgwa Wa go Di Simolola ka Tlhamalalo? Puo le motlotlo le bareetsi o o theilweng mo tsenyeletsong ya Tirelo ya Rona ya Bogosi ya January 2002, tsebe 6. Tlotla ka dipuisano tse di akantshitsweng le kafa di ka fetolwang ka teng go simolola thuto ya Baebele ka buka ya Baebele e Ruta Eng? Go tswa foo dira gore go dirwe pontsho e le nngwe kgotsa tse pedi. Kgothaletsa bareetsi go leka go simolola thuto ya Baebele ka buka ya Baebele e Ruta Eng? bobotlana gangwe mo bekeng e e tlang ka go dirisa mokgwa wa go e buelela ka tlhamalalo.

Pina 225

[Dintlha tse di kwa tlase]

a Matseno a gago a se ka a feta motsotso mme go latele motlotlo wa dipotso le dikarabo.

b Matseno a gago a se ka a feta motsotso mme go latele motlotlo wa dipotso le dikarabo.

c Matseno a gago a se ka a feta motsotso mme go latele motlotlo wa dipotso le dikarabo.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela