LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • km 1/02 ts. 3-6
  • Dipuisano Tse di Akantshitsweng Tsa Tirelo ya Tshimo

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Dipuisano Tse di Akantshitsweng Tsa Tirelo ya Tshimo
  • Tirelo ya Rona ya Bogosi—2002
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Ditsela Tsa go Simolola Puisano
  • Dikakantsho Tsa go Tsamaisa Boroutšhara Jwa Re Direng
  • Dikakantsho Tsa go Buelela Buka ya Kitso
  • Dikgatiso Tse Dingwe
  • Go Simolola ka Tlhamalalo
  • “Kafa re ka Dirisang Boroutšhara Jwa Dikgang Tse di Molemo Tse di Tswang Kwa Modimong! ka Teng.”
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—2013
  • Ikanye Jehofa Gore a Godise
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—1997
  • Etsa Jehofa ka go Amega ka ba Bangwe ka Tsela ya Mmatota
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—1996
  • Bolela Mafoko a a Molemo a Bogosi ka Diboroutšhara
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—1996
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tirelo ya Rona ya Bogosi—2002
km 1/02 ts. 3-6

Boloka

Dipuisano Tse di Akantshitsweng Tsa Tirelo ya Tshimo

Kafa o ka Dirisang Tsenyeletso Eno ka Gone

Bontsi jwa dipuisano tse di latelang di tlhaga mo ditokololong tsa nako e e fetileng tsa Tirelo ya Rona ya Bogosi. Dirisa di le dintsi ka moo o ka kgonang ka teng mo tirong ya gago ya go neela bosupi, mme o bone gore ke matswela afe a o nnang le one. Boloka tsenyeletso eno sentle, mme o e dirise fa o baakanyetsa bodiredi.

O ka dira gore motho a kgatlhegele Lefoko la Modimo fa molaetsa wa gago o tlhamaletse. Mmotse potso nngwe ka tlhamalalo, morago ga moo o bo o bala karabo e khutshwane e e tswang mo Dikwalong. O ka nna wa leka dikakantsho tseno:

“Fa o akanya ka isagwe, a o ikutlwa o na le tsholofelo kana o na le dipelaelo? [Mo letle gore a arabe.] Baebele e ne ya bolelela pele ka maemo a a sa iketlang a re a bonang gompieno le gore a tla felela jang.”—2 Tim. 3:1, 2, 5; Dia. 2:21, 22.

“Batho ba le bantsi gompieno ba amegile ka tsa botsogo. A o ne o itse gore Modimo o solofetsa gore o tla fedisa malwetse otlhe ka bosakhutleng?”—Isa. 33:24; Tshen. 21:3, 4.

“A o ne o itse gore Baebele e bolelela pele gore kgabagare go tla nna le puso e le nngwe fela e e busang lefatshe lotlhe?”—Dan. 2:44; Math. 6:9, 10.

“O akanya gore maemo a ne a tla nna jang fa Jesu Keresete a ka bo a busa lefatshe?”—Pes. 72:7, 8.

“Batho ba le bantsi ba tlhaolwa ka ntlha ya bong jwa bone, bodumedi kana lotso lwa bone. O akanya gore Modimo o ikutlwa jang ka letlhoo le le ntseng jalo?”—Dit. 10:34, 35.

“Re a itse gore Jesu Keresete o ne a dira dikgakgamatso di le dintsi mo motlheng wa gagwe. Fa go ne go ka twe o mo kope go dira kgakgamatso e nngwe, o ne o tla batla gore a dire efe?”—Pes. 72:12-14, 16.

“Batho ba le bantsi ba lapisitswe ke go utlwa ka mathata. Ba batla go utlwa tharabololo. Mme ke kae kwa re ka bonang tharabololo ya mmatota ya mathata a rona?”—2 Tim. 3:16, 17.

“A o itse Bogosi jo o bo rapelelang mo Thapelong ya Morena (kgotsa, ya Rara wa rona)?”—Tshen. 11:15.

Ditsela Tsa go Simolola Puisano

Lenaane la dipotso tse di fa tlase, tse di tserweng mo ditlhogong tsa buka ya Go Fetolana, di bontsha nomoro ya tsebe mo bukeng eno mo karabo nngwe le nngwe e fitlhelwang gone:

Ke goreng re tsofala re bo re swa? (rs 243)

Boemo jwa baswi ke eng? (rs 244)

A go na le mabaka a a utlwalang a go dumela mo Modimong? (rs 287)

A Modimo tota o amega ka seo se re diragalelang rona batho? (rs 289)

A Modimo ke motho tota? (rs 289)

A batho botlhe ba ba molemo ba ya legodimong? (rs 227)

A motho o tshwanetse go ya legodimong go nna le bokamoso jo bo itumedisang? (rs 228)

Ke ka ntlha yang fa go le botlhokwa go itse le go dirisa leina la Modimo la sebele? (rs 194)

A Jesu Keresete tota ke Modimo? (rs 199)

Bogosi jwa Modimo bo tla fitlhelela eng? (rs 85)

Boikaelelo jwa botshelo jwa batho ke eng? (rs 129)

Ke eng se se ka thusang go tokafatsa lenyalo? (rs 239)

A Modimo o amogela ditumelo tsotlhe? (rs 73)

Motho o ka itse jang gore ke bodumedi bofe jo e leng jone? (rs 78)

Satane o maatla go le kana kang mo lefatsheng la gompieno? (rs 349)

Ke goreng Modimo o dumelela pogo? (rs 323)

Ke goreng go na le boikepo jo bo kana kana? (rs 91)

Ke mang yo o busang lefatshe leno—Modimo kana Satane? (rs 224)

Dikakantsho Tsa go Tsamaisa Boroutšhara Jwa Re Direng

“Kwantle ga pelaelo o a dumela gore batho ba le bantsi ba dumela mo Modimong. Botlhe ba ba dumelang mo go ene ba a dumela gore go na le sengwe se Modimo a batlang re se dira. Se batho ba sa kgoneng go dumalana mo go sone ke gore, Modimo o batla gore re direng?” Morago ga moo mmontshe boroutšhara jwa Re Direng, bula mo thutong 1, o bo o tlotla ka yone.

“E re ka botshelo jwa lelapa bo na le mathata a le mantsi jaana gompieno, a o kile wa ipotsa gore sephiri sa go nna le boitumelo mo lelapeng ke sefe?” Fa a sena go araba, mo tlhalosetse gore mo Baebeleng, Modimo o senola sephiri sa mmatota sa boitumelo mo lelapeng. Bala Isaia 48:17. Morago ga moo, bula mo go thuto 8 ya boroutšhara jwa Re Direng o bo o mmontsha ditemana dingwe tse di umakilweng tse di nayang leloko lengwe le lengwe la lelapa kaelo e e ka ikanngwang. Bala lenaane la dipotso tse di simololang thuto. Mmotse gore a a ka rata go bala dikarabo tsa tsone.

“Boroutšhara jono bo na le thuto e e tseneletseng, e e akaretsang dithuto tsa konokono tsa Baebele. Mo tsebeng nngwe le nngwe, o tla fitlhela dikarabo tsa dipotso tse di tshwentseng batho ka makgolo a dingwaga. Ka sekai, Boikaelelo jwa Modimo ke eng ka lefatshe?” Bula mo go thuto 5, mme o bale dipotso tse di simololang thuto. Botsa mong wa ntlo gore ke efe e e mo kgatlhang thata, morago ga moo o bo o bala (di)serapa se se tsamaelanang le yone, o bo o bala ditemana tse di tshwanelang. Mo tlhalosetse gore a ka bona dikarabo tse dingwe tse di kgotsofatsang motlhofo fela jaaka eno. Akantsha gore o boe gape go tla go tlotla ka potso e nngwe.

“O akanya gore thubakanyo e e mo dikolong e tlhotlhelediwa ke eng? A e bakwa ke go bo batsadi ba sa thapise bana ba bone? Kgotsa a e ka tswa e bakwa ke sengwe se sele, jaaka tlhotlheletso ya ga Diabolo?” Mo letle gore a arabe. Fa motho a re ke ka ntlha ya tlhotlheletso ya ga Diabolo, bala Tshenolo 12:9, 12. Bolela se Diabolo a se dirang go rotloetsa khuduego mo lefatsheng. Go tswa foo bula boroutšhara jwa Re Direng mo go thuto 4, mme o botse motho yono gore a o kile a ipotsa gore Diabolo o tswa kae. Tswelela pele o bala le go tlotla ka dirapa tse pedi tsa ntlha. Fa motho yono a re selo se se bakang thubakanyo mo dikolong ke gore “batsadi ga ba thapise bana ba bone,” bala 2 Timotheo 3:1-3 mme o tlhalose mekgwa e go bonalang e baka bothata jono. Go tswa foo bula boroutšhara jwa Re Direng mo thutong 8, bala serapa 5, me o tsweledise motlotlo pele.

“A o akanya gore go a utlwala go lebelela gore Mmopi o ka re naya kitso e re e tlhokang gore re age botshelo jo bo atlegileng jwa lelapa?” Fa a sena go araba, mmontshe boroutšhara jwa Re Direng. Bula mo go thuto 8 mme o mo tlhalosetse gore e na le melaometheo e e tswang mo Baebeleng e e kwaletsweng leloko lengwe le lengwe la lelapa. Mmolelele gore o ka rata go mmontsha gore a ka dirisa jang boroutšhara jono mmogo le Baebele gore a solegelwe molemo thata ke jone.

“Fa o akanya ka dikgwetlho tse dintsi tse re lebanang le tsone mo botshelong jwa gompieno, a o akanya gore thapelo e ka re thusa ka tsela ya mmatota? [Mo letle gore a arabe.] Batho ba le bantsi ba re thapelo e ba nonotsha maikutlo. [Bala Bafilipi 4:6, 7.] Le fa go ntse jalo, motho a ka nna a akanya gore dithapelo tsa gagwe ga di arabiwe. [Bula buka ya Re Direng mo thutong 7.] Boroutšhara jono bo tlhalosa kafa thapelo e ka re solegelang molemo thata ka gone.”

“Re ntse re tlotla le baagelani ba rona malebana le gore ke ka ntlha yang fa go na le madumedi a le mantsi thata jaana a a farologaneng mo lefatsheng. Le fa go ntse jalo, go na le Baebele e le nngwe fela. Go ya ka pono ya gago ke ka ntlha yang fa go na le tlhakatlhakano eno ya madumedi? [Mo letle gore a arabe.] Bula boroutšhara jwa Re Direng mo thutong 13, o bo o bala dipotso tse di simololang thuto.] O tla bona dikarabo tse di kgotsofatsang tsa dipotso tseo ka go bala thuto eno.”

Fa o sena go tsamaisetsa motho dimakasine tsa Tora ya Tebelo le Tsogang!, mmotse gore a o ka mmalela serapa se sekhutshwanyane fela. Fa a go letla go dira jalo, bula boroutšhara jwa Re Direng mo thutong 5. Mmontshe dipotso tse di simololang thuto o bo o mo kopa gore a reetse karabo ya potso ya ntlha fa o ntse o bala serapa sa ntlha. Fa o sena go bala serapa seo, botsa potso mme o mo letle gore a arabe. Mo abele boroutšhara mme fa a bo amogela, rulaganyetsa go boa gore o tle go utlwa dikarabo tsa gagwe tsa dipotso tse pedi tse di latelang tse di mo lenaaneng leo.

Dikakantsho Tsa go Buelela Buka ya Kitso

O tshwere Baebele ka seatla, simolola ka go bua jaana: “Gompieno re balela mongwe le mongwe mo seterateng seno sa lona lekwalo leno. Le balega jaana . . . ” Bala Johane 17:3, go tswa foo o bo o botsa jaana: “A o lemogile gore re solofediwa eng fa re na le mofuta o o siameng wa kitso? [Mo letle go araba.] Motho a ka bona kae kitso e e ntseng jalo?” Fa a sena go araba, mmontshe buka ya Kitso, o bo o re: “Buka eno e bua ka kitso e e isang kwa botshelong jo bo sa khutleng. E dira jalo ka go araba dipotso tse di tlwaelegileng thata tse batho ba nang le tsone ka Baebele.” Mmontshe diteng tsa yone o bo o mmotsa gore a o kile a ipotsa sengwe ka epe fela ya ditlhogo tseo.

A o kile wa ipotsa gore a ruri Modimo o amega ka tshiamololo le pogo tse re di bonang go re dikologa kana tse di re diragalelang? [Mo letle go araba.] Baebele e re tlhomamisetsa gore Modimo o a re rata le gore o tla re thusa mo dinakong tsa tlalelo.” Bala dikarolo tsa Pesalema 72:12-17. Bula buka ya Kitso mo go kgaolo 8, mme o tlhalose gore e naya karabo e e gomotsang ya potso eno e batho ba le dimilione di le dintsi ba ipoditseng yone gore, Ke eng fa Modimo o letlile pogo gore e tswelele? Fa go kgonega, tlotla ka dintlha dingwe tsa Dikwalo tse di leng mo go serapa 3 go ya go 5, kana o dire jalo mo loetong lwa go boela.

“Bontsi jwa rona re kile ra swelwa ke baratiwa ba rona. A o kile wa ipotsa gore a re tla tsamaya re ba bona gape? [Mo letle go araba.] Jesu o ne a supa gore baratiwa ba rona ba ka namolwa mo losong. [Bala Johane 11:11, 25, 44.] Le mororo seno se diragetse makgolokgolo a dingwaga a a fetileng, se supa se Modimo a solofeditseng go re direla sone.” Bula buka ya Kitso mo setshwantshong se se mo go tsebe 85, mme o bale mafoko a a kwadilweng fa godimo ga sone. Go tswa foo bontsha motho yono setshwantsho se se mo go tsebe 86, o bo o akgela ka sone. Baakanyetsa go mo etela gape ka go botsa jaana: “A o ka rata go itse lebaka la go bo batho ba tsofala ba bo ba swa?” Boela kwa go ene go tla go tlotla ka kgaolo 6.

“A o kile wa ipotsa gore ke eng fa batho ba eletsa go tshela lobaka lo loleele?” Fa a sena go araba, bula buka ya Kitso mo go kgaolo 6, o bo o bala serapa 3. Tlhalosa ditemana tse di umakilweng. Mmontshe dipotso tse pedi tse di kwa bokhutlong jwa serapa o bo o mmotsa gore a a ka rata go iponela dikarabo tsa tsone. Fa a rata, tswelela ka go tlotla ka dirapa di se kae tse di latelang.

“Re botsa batho gore a ba dumela seno . . .” Bala Genesise 1:1, go tswa foo o bo o botsa jaana: “A o dumalana le polelo eno?” Fa motho yono a dumalana, e re: “Le nna ke a dumela. Le fa go ntse jalo, a o akanya gore fa e le gore Modimo o bopile dilo tsotlhe, ke ene gape yo o bakang boikepo?” Fa o sena go utlwa karabo ya gagwe, bala Moreri 7:29. Bula buka ya Kitso mo go kgaolo 8, o bo o bala serapa 2. Fa a sa dumalane le mafoko a Genesise 1:1, mo kgothaletse go sekaseka bosupi jo bo bontshang gore go na le Mmopi.—Bona buka ya Go Fetolana, ditsebe 334-6.

“A o ka dumela gore e re ka gompieno ditekanyetso tsa boitsholo di fetoga ka bonako thata jaana, re tlhoka sengwe se se ikanyegang se se tla re kaelang mo botshelong? [Mo letle go araba.] Le mororo Baebele e le buka ya bogologolo go feta dibuka tsotlhe, e naya kgakololo e e mosola mo botshelong jwa segompieno le mo botshelong jo bo itumetseng jwa lelapa.” Go tswa foo, bula kgaolo 2 mo bukeng ya Kitso, mme o bale serapa 10 le mola wa ntlha wa serapa 11, go akaretsa le 2 Timotheo 3:16, 17.

“A o ka rata go itse gore go tlile go direga eng ka rona le ka lefatshe leno mo isagweng? [Mo letle go araba.] Baebele e sobokanya isagwe ka lefoko le le lengwe fela—Paradaise! Ke koo Modimo a neng a baya batho ba ntlha ba babedi gone fa a ne a ba bopa. Ela tlhoko tlhaloso eno e e bontshang gore go tshwanetse ga bo go ne go ntse jang.” Bula buka ya Kitso mo go tsebe 8, o bo o bala serapa 9, mo setlhogwaneng se se reng “Botshelo mo Paradaiseng.” Go tswa foo tlotla ka dintlha tse di mo go serapa 10, o bo o bala temana e e umakilweng, ya Isaia 55:10, 11. Mmolelele gore o tla rata go tswelela o tlotla le ene malebana le kafa botshelo bo tla nnang ka gone mo Paradaiseng e e tsosolositsweng, ka go bala le ene dirapa 11-16.

Fa o boela kwa bathong ba o ba tsamaiseditseng dimakasine tsa Tora ya Tebelo le Tsogang! o ka nna wa bua jaana:

“Fa ke ne ke go etetse mo nakong e e fetileng, ke ne ka itumelela go go tlogelela khopi ya makasine wa Tora ya Tebelo. Gongwe o lemogile gore setlhogo se se feletseng sa lokwalopaka lono ke Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa. Gompieno ke rata go go tlhalosetsa gore Bogosi jono ke eng le gore ke eng se bo tlileng go se direla wena le ba lelapa la gago.” Go tswa foo, bula boroutšhara jwa Re Direng mo go thuto 6, o bo o bala le go tlhalosa go le gontsi go ya ka nako e mong wa ntlo a nang le yone.

“Ke ne ke go etetse bosheng jaana mme ka go tlogelela dikhopi tsa makasine wa Tora ya Tebelo le Tsogang! Makwalopaka ano a dira gore re tlotle Baebele le kaelo ya yone e e siameng. E re ka ke akanya gore go botlhokwa gore mongwe le mongwe a tlhaloganye Lefoko la Modimo, ke boile go tla go go bontsha sengwe se se ka go thusang go e tlhaloganya.” Mmontshe boroutšhara jwa Re Direng kana buka ya Kitso, o bo o mmolelela gore o ka rata go mo tshwarela thuto ya Baebele.

Fa o tsamaisa epe fela ya dibuka tsa bogologolo tsa ditsebe di le 192, o ka nna wa leka go e buelela jaana:

“Go buiwa thata ka gore go tlhokega thuto ya maemo a a kwa godimo. Go ya ka pono ya gago, ke thuto efe e motho a tshwanetseng go e gagamalela go tlhomamisa gore a bone boitumelo jo bogolo le katlego mo botshelong? [Mo letle go araba. Go tswa foo o bo o bala Diane 9:10, 11.] Buka eno [bolela setlhogo sa buka e o e tsamaisang] e theilwe mo Baebeleng. E bua ka motswedi o le mongwe fela wa kitso e e isang kwa botshelong jo bo sa khutleng.” Mmontshe sekao se se rileng go tswa mo bukeng, o bo o mo kgothaletsa go e bala.

Dikgatiso Tse Dingwe

Dikakantsho tsa go buelela dibuka le diboroutšhara tse dingwe di ka bonwa mo go Watch Tower Publications Index mo ditlhogong tseno:

Presentations (Dipuisano)

List by Publication (Lenaane Go ya Ka Dikgatiso)

Go Simolola ka Tlhamalalo

Leka go dirisa nngwe ya ditsela tseno go simolola thuto ya Baebele ka tlhamalalo:

“A o ne o itse gore o ka kgona go bona karabo ya potso e e botlhokwa ya Baebele mo metsotsong e sekae fela? Ka sekai, . . . ” Go tswa foo, mmotse potso e e tlhagang mo tshimologong ya nngwe ya dithuto tse di mo boroutšhareng jwa Re Direng e o akanyang gore e tla tsosa kgatlhego ya motho yono.

“Ke tlile jaana go go bontsha thulaganyo ya rona ya go ithuta Baebele mahala. Go tsaya metsotso e le metlhano fela go go bontsha gore e tshwarwa jang. A o na le metsotso e le metlhano?” Fa a araba ka gore ee, dirisa thuto 1 mo boroutšhareng jwa Re Direng go mmontsha tsela e re ithutang ka yone, o bala temana e le nngwe kana di le pedi fela tse di tlhophilweng. Go tswa foo, botsa jaana: “O ka nna le metsotso e ka nna 15 leng gore re kgone go dira thuto e e latelang?”

“Batho ba le bantsi ba na le Baebele, mme ga ba lemoge gore e na le dikarabo tsa dipotso tse di botlhokwa tse rotlhe re ipotsang tsone ka isagwe. Ka go ithuta kgatiso eno [boroutšhara jwa Re Direng kana buka ya Kitso] ka sebaka sa ura kana go feta ka beke, o ka kgona go tlhaloganya Baebele botoka mo dikgweding di le mmalwa fela. Nka itumelela go go bontsha kafa thulaganyo eno e tsamayang ka teng.”

“Ke tlile jaana go tla go go naya thuto ya mahala ya legae ya Baebele. Fa o ntetla, nka rata go go bontsha fela ka metsotso e le mmalwa gore batho mo dinageng di ka nna 200 ba tlotla jang ka Baebele kwa gae e le ditlhopha tsa malapa. Re ka nna ra dirisa sengwe sa ditlhogo tseno go buisana ka sone. [Mmontshe diteng tsa buka ya Kitso.] Ke sefe se se go kgatlhang thata?” Mo letele gore a tlhophe. Bula mo kgaolong e a e tlhophileng, o bo o simolola thuto mo serapeng sa ntlha.

“Ke naya batho dithuto tsa Baebele tsa mahala mme mo thulaganyong ya me go sa ntse go na le sebaka sa baithuti ba ba oketsegileng. Re dirisa buka eno ya go ithuta Baebele. [Mmontshe buka ya Kitso.] Thuto eno e tsaya dikgwedi di le mmalwa fela mme e araba dipotso tse di jaaka: Ke ka ntlha yang fa Modimo o letlile pogo gore e tswelele? Ke ka ntlha yang fa re tsofala re bo re swa? Go diragalang ka batho ba ba suleng ba re neng re ba rata? Le gore re ka atamelana le Modimo jang? A nka go bontsha tsela e re ithutang ka yone?”

Fa o bone puisano e e nang le matswela a go tsosa kgatlhego mo bathong, tsweetswee tswelela pele o e dirisa! Dira fela gore e tshwanele buka e e tsamaisiwang mo kgweding eo.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela