Dikitsiso
◼ Dikgatiso tse di tsamaisiwang ka January: Sephiri sa Boitumelo mo Lelapeng. February: Monna Yo Mogolo go Gaisa Botlhe Ba Ba Kileng Ba Tshela. March: Kitso E E Isang Botshelong Jo bo Sa Khutleng. Go tla dirwa boiteko jo bo kgethegileng go simolola dithuto tsa Baebele tsa magae. April: Dimakasine tsa Tora ya Tebelo le Tsogang! Tsamaisa boroutšhara jwa Re Direng, ka boikaelelo jwa go simolola dithuto tsa Baebele.
◼ Baboledi botlhe ba ba kolobeditsweng ba ba leng teng mo Pokanong ya Tirelo ya beke ya January 14 ba tla newa karata ya Advance Medical Directive/Release le Identity Card ya bana ba bone.
◼ Go simolola ka February, mme e seng morago ga March 3, puo e ntšha ya phatlalatsa ya balebedi ba potologo e tla bo e na le setlhogo se se reng “Go Sireletsega mo Lefatsheng le le Kotsi.”
◼ Diphuthego di tshwanetse go dira dithulaganyo tse di tshwanetseng tsa go keteka Segopotso monongwaga ka Labone, March 28, fa letsatsi le sena go phirima. Le fa gone puo e ka simolola le ise le phirime, go tsamaisiwa ga ditshwantshetso ga go a tshwanela go simolola pele ga letsatsi le phirima. Botsang metswedi ya tshedimosetso ya lefelo la lona gore letsatsi le phirima ka nako mang mo lefelong la lona. Le fa gone re rata gore phuthego nngwe le nngwe e tshware mokete wa yona wa Segopotso, ga se gantsi go ka kgonegang gore go dirwe jalo. Koo diphuthego di le mmalwa di dirisang Holo e le nngwe ya Bogosi gone, gongwe phuthego e le nngwe kgotsa go feta di ka batla lefelo le lengwe go le dirisa mo maitseboeng ao. Fa go kgonega, re akantsha gore bobotlana phuthego e e latelang e tsene morago ga metsotso e ka nna 40 fa ya ntlha e sena go tswa gore tiragalo eno e solegele botlhe molemo ka botlalo, le gore go nne le nako ya go dumedisa baeng le go kgothatsa batho ba ba sa tswang go kgatlhega. Go tshwanetse ga akanyediwa maemo a pharakano le a go emisa dikoloi, go akaretsa le go folosa bapalami le go tla go ba tsaya. Setlhopha sa bagolwane se tshwanetse go dira tshwetso ya gore ke dithulaganyo dife tse di tshwanetseng lefelo la bone.
◼ Fa molebedi yo o okamelang a amogela Seteitemente sa Phuthego sa kgwedi nngwe le nngwe, o tshwanetse go tlhomamisa gore mo pegong e e latelang ya diakhaonto phuthego e balelwa makwalo otlhe a a bontshang gore mokgatlho o amogetse meneelo ya Letlole la Mokgatlho la Diholo Tsa Bogosi le ya tiro ya lefatshe lotlhe.
◼ Makasine wa Tsogang! ka Se-Cibemba ga o kitla o tlhola o tswa kgwedi le kgwedi mme o setse o tla tswa ganè mo ngwageng.
◼ Dikgatiso Tse Disha Tse di Leng Teng:
Ineele go Bala le go Kwala—Sesotho, Sexhosa
Thanolo ya Lefatshe le Lesha ya Dikwalo Tse di Boitshepo—Se-China, Se-China (Se se Tlhofofaditsweng)
◼ Dikhasete Tse Disha Tsa Bidio Tse di Leng Teng:
The Greatest Man Who Ever Lived—On Videocassette, Bolumo 4—Puo ya Diatla ya Amerika