Makgotla a Masha a a Tlhomilweng
Tora ya Tebelo ya January 15, 2001 e ne ya bega ka ga tsela e e rulagantsweng e Basupi ba ga Jehofa ba ntseng ba gatela pele ka yone ka tiro ya Bogosi mo lefatsheng lotlhe. Gape e ile ya tlhalosa kafa mekgatlho e e farologaneng ya semolao e dirisiwang ka teng go tlhofofatsa tiro ya go anamisa dikgang tse di molemo. Mekgatlho eno kana makgotla ano a a tlhokega gore dilo di dirwe go ya ka melao ya mafelo a rona le ya naga, jaaka Lefoko la Modimo le laela. (Bar. 13:1) Ka ntlha ya gore tiro ya rona e dirwa ka ditsela tse di farologaneng e bile e le tiro e kgolo thata, Setlhopha se se Laolang se dumeletse gore go tlhongwe makgotla a a oketsegileng go tlhokomela ditlhoko dingwe tsa Basupi ba ga Jehofa kwa United States le mo dikarolong tse dingwe tsa lefatshe. Mo Afrika Borwa le mo dinageng di le dintsi tsa boagelani, re setse re na le mekgatlho kana makgotla a semolao a a dirang, jaaka:
Jehovah’s Witnesses of South Africa
Jehovah’s Witnesses Botswana
Lesotho Association of Jehovah’s Witnesses
Jehovah’s Witnesses of Namibia
Swaziland Association of Jehovah’s Witnesses
Mekgatlho eno e dira mmogo le Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania. Mo nakong e e tlang, bontsi jwa makwalo a a tla romelelwang diphuthego le baboledi a tla kwalwa ka mokgatlho wa “Jehovah’s Witnesses of South Africa.” Fa o founela mo ofising ya rona ya lekala, motho yo o amogelang megala o tla araba ka gore, “Jehovah’s Witnesses.” Seno se tla re tlhaola sentle ka leina la rona le le tshwanetseng. Go latela ga gago diphetogo tseno tse di dirilweng ke Setlhopha se se Laolang fa se ntse se dira tiro ya sone ya go tlhokomela dilo tsotlhe tsa Mong wa sone go tla anaanelwa fela thata.—Math. 24:45-47.