LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • km 4/09 ts. 3
  • Lebokoso la Dipotso

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Lebokoso la Dipotso
  • Tirelo ya Rona ya Bogosi—2009
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Makgotla a Masha a a Tlhomilweng
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—2002
  • Watch Tower Bible and Tract Society ke Eng?
    Dipotso Tse Gantsi di Bodiwang
  • Kafa Setlhopha se se Laolang se Farologanang ka Teng le Lekgotla la Semolao
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2001
  • Tsela e Thulaganyo ya Phuthego Eno E Ileng ya Bopega ka Yone
    Basupi ba ga Jehofa—Baboledi ba Bogosi jwa Modimo
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tirelo ya Rona ya Bogosi—2009
km 4/09 ts. 3

Lebokoso la Dipotso

◼ A go siame gore diphuthego kgotsa batho ba ba rileng ba dirise maina kgotsa matshwao a semolao (di-logo) a makgotla a a dirisiwang ke Basupi ba ga Jehofa?

Logo ke leina kgotsa letshwao le le diretsweng gore sengwe se kgone go lemogiwa motlhofo. Leina kgotsa letshwao la Watch Tower le emela Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania le makgotla a mangwe a a dirisiwang ke mokgatlho. Makgotla a mangwe a a dirisiwang ke Basupi ba ga Jehofa a na le maina kgotsa matshwao a a farologaneng.

Diphuthego kgotsa batho ba ba rileng ga ba a tshwanela go dirisa maina kgotsa matshwao ano a mokgatlho a semolao mo Diholong tsa bone tsa Bogosi, mo matshwaong, mo ditlhogong tsa makwalo (letterhead) le mo dilong tsa botho jalo le jalo. Fa maina a a ntseng jalo a mokgatlho a dirisiwa go ka baka tlhakatlhakano mo badireding bagolo, mo baboleding le mo go ba bangwe malebana le kamano ya semolao e phuthego e nang le yone le makgotla a semolao a mokgatlho. Ka tsela e e tshwanang, makwalo a a kwalwang a ka nna ka phoso a tsewa a dumeletswe kgotsa a rometswe go tswa kwa ntlokgolong ya lefatshe lotlhe kgotsa kwa ofising ya lekala.

Leina kgotsa letshwao la Watch Tower kgotsa maina a mangwe a a dirisiwang, mo nakong e e tlang ga a tshwanelwa go dirisiwa mo diporojekeng tsa Diholo tsa Bogosi le fa Holo ya Bogosi e le ya makgotla a Watch Tower. Diphuthego tse di nang le Diholo tsa Bogosi tse di kwadilweng leina kgotsa di na le letshwao le le ntseng jalo ga di tlhoke go fetola matshwao ao ka bonako, ka gonne diphetogo tse di ntseng jalo di ka nna tsa tlhoka diphetogo tse dikgolo, nako e ntsi, matsapa le ditshenyegelo. Le fa go ntse jalo, go tshwanetse ga akanngwa ka go dira diphetogo fa e le gore e tla bo e se tse dikgolo e bile di se kitla di tlhoka tiro e ntsi. Mme fa e le gore ke tiro e kgolo, phetogo e e ntseng jalo e ka nna ya dirwa ka nako e go rulagantsweng gore kago kgotsa letshwao le ntšhafadiwe.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela