Kgaolo 15
Tsela e Thulaganyo ya Phuthego Eno E Ileng ya Bopega ka Yone
TSELA e phuthego ya Basupi ba ga Jehofa e dirang ka yone e ile ya nna ya fetoga thata fa e sale Charles Taze Russell le ditsala tsa gagwe ba ne ba simolola go ithuta Bibela mmogo ka 1870. Ka nako ya fa Baithuti ba pele ba Bibela ba ne ba santse ba le mmalwa ka palo, ba ne ba sena sepe se se kalo seo batho ba ba kwa ntle ba neng ba ka se leba jaaka se se ba tlhaolang jaaka phuthego. Lefa go ntse jalo, gompieno, jaaka fa batho ba bona diphuthego tsa Basupi ba ga Jehofa, dikopano tsa bone le go rera ga bone mafoko a a molemo mo mafatsheng a a fetang 200, ba gakgamadiwa ke tsela eo phuthego e dirang ka yone kwa ntle ga bothata. E nnile ya gola jang?
Baithuti ba Bibela ba ne ba kgatlhegela thata go tlhaloganya, eseng fela dithuto tsa motheo tsa Bibela mme gape le tsela eo tiro ya Modimo e neng e tshwanetse ya dirwa ka yone, jaaka fa e bontshiwa ke Dikwalo. Ba ne ba lemoga gore Bibela ga e letle gore go nne le bangwe ba ba bidiwang baruti, bao ba nang le batho ba tumelo eo bao ba neng ba tla ba rerela. Mokaulengwe Russell o ne a ititeile sehuba gore go ne go se kitla go nna le setlhopha sa baruti mo gare ga bone.a Go ne ga dirisiwa dimakasine tsa Tora ya Tebelo, go gakolola babadi nako le nako gore Jesu o ne a bolelela barutwa ba gagwe jaana: “Muñ oa lona o moñwe hèla, eboñ Keresete,” mme, “lona lotlhe lo bana ba monna.”—Math. 23:8, 10.
Baithuti ba Bibela ba Simolola go Kopana
Babadi ba makasine wa Tora ya Tebelo le dikgatiso tse dingwe tse di tshwanang le one ba ne ba bona ka bonako gore e le gore ba itumedise Modimo, ba ne ba tshwanelwa ke gore ba kgaogane le kereke epe fela eo e neng e itshupa gore ga e ikanyege mo Modimong ka go baya melao ya batho le dingwao tsa batho kwa pele ga Lefoko la Modimo. (2 Bakor. 6:14-18) Mme fa ba sena go tswa mo dikerekeng tsa Labokeresete, ba ne ba ya kae?
Mo setlhogong se se neng se re “Kereke,”b Mokaulengwe Russell o ne a bontsha gore kereke ya boammaaruri, eleng phuthego ya Bokeresete, ga se phuthego eo maloko a yone a dumalanang le melao mengwe e e tlhomilweng ke motho ebile maina a bone a kwadilwe mo bukaikwadisong ya kereke. Go na le moo, o ne a tlhalosa gore e bopiwa ke batho bao ba “neetseng” nako ya bone, ditalente tsa bone, le botshelo jwa bone mo Modimong, le bao ba nang le tsholofelo ya go nna le seabe mo Bogosing jwa selegodimo le Keresete. O ne a bolela gore, bano ke Bakeresete ba ba utlwanang ba ba kopantsweng ke lorato lwa Bokeresete ebile ba le mmogo mo go seo ba se dirang, bao ba ineelang gore moya wa Modimo o ba kaele, le bao ba ineelang mo botlhogong jwa ga Keresete. Mokaulengwe Russell o ne a sa kgatlhegele go simolola thulaganyo e nngwe, ebile o ne a le kgatlhanong thata le go tsosa ka tsela epe fela makokonyana ao a neng a le gone mo gare ga batho ba ba neng ba bolela gore ke Bakeresete.
Lefa go ntse jalo, o ne a lemoga ka botlalo kafa go tlhokegang ka gone gore batlhanka ba Morena ba kopane mmogo, tumalanong le kgakololo eo e neetsweng mo go Bahebera 10:23-25. Ene ka boene o ne a tsamaya a etela babadi ba makasine wa Tora ya Tebelo ebile a ba aga le go ba phutha gore ba kopane le ba bangwe ba ba mo karolong ya bone ba ba nang le mogopolo o o tshwanang. Fa 1881 e ne e simologa o ne a kopa gore bao ba neng ba kopana ka metlha ba itsise ofisi ya Watch Tower gore ba ne ba kopanela kae. O ne a bona go le botlhokwa gore ba nne ba itse gore ba bangwe ba ntse ba tsweletse jang.
Lefa go ntse jalo, Mokaulengwe Russell o ne a gatelela ntlha ya gore ba ne ba sa leke go simolola “phuthego ya selefatshe.” Go na le moo, o ne a bolela gore, “re nna re kgomaretse fela kwa phuthegong eo ya selegodimo—‘eo maina a yone a kwadilweng kwa legodimong.’ (Baheb. 12:23; Luke 10:20.)” Ka ntlha ya hisitori e e leswe ya Labokeresete, fa go buiwa ka “thulaganyo ya kereke” seno ka tlwaelo se ne se gakolola motho ka makoko, go laola ga baruti, le gore o nna leloko fela fa o ikobela melao e e tlhomilweng ke lekgotla lengwe la bodumedi. Ka jalo, fa a ne a bua ka bone, Mokaulengwe Russell o ne a akanya gore lefoko “go kopana” le ne le siame.
O ne a itse sentle gore baaposetoloi ba ga Keresete ba ne ba tlhoma diphuthego ba bo ba tlhopha bagolwane mo phuthegong nngwe le nngwe. Mme gape o ne a dumela gore Keresete o ne a setse a le gone gape, le mororo a ne a sa bonale, mme ene ka boene o ne a kaela thobo ya bofelo ya bao ba neng ba tla nna baruaboswa mmogo le ene. Ka ntlha ya maemo, Mokaulengwe Russell pele o ne a akanya gore thulaganyo ya bagolwane eo e neng e le gone mo phuthegong ya Bokeresete ya lekgolo la ntlha la dingwaga e ne e sa tlhokege mo nakong eo ya thobo.
Lefa go ntse jalo, jaaka fa palo ya Baithuti ba Bibela e ne e ntse e oketsega, Mokaulengwe Russell o ne a lemoga gore Morena o ne a tsamaisa dilo ka tsela e e farologaneng le eo ene ka boene a neng a e lebeletse. Go ne go tlhokega gore a fetole tsela eo a neng a leba dilo ka yone. Mme a ikaegile ka eng?
Go Naya Phuthego E E Golang Dilo Tse E Neng E Simolola go Di Tlhoka
Makasine wa Tora ya Tebelo (ka Seesemane) wa November 15, 1895, o ne, mo e ka nnang ka mo go feletseng, o tlotla ka setlhogo se se reng “Ka Mokgwa O Montle le ka Thulaganyo.” Mo go one, Mokaulengwe Russell o ne a dumalana jaana ka tlhamalalo: “Baaposetoloi ba ne ba bua thata le Kereke ya pele kaga thulaganyo ya dikopano tsa baitshepi; mme kafa go bonalang ka gone re ntse re sa tlhokomele kgakololo eno e e botlhale, re dumela gore ga e botlhokwa go le go kalo, ka gonne Kereke e le gaufi jaana le go wetsa tsela ya yone le gore thobo e kaya go kgaoganya.” Ke eng se se neng sa ba tlhotlheletsa gore ba lebe kgakololo eno ka tsela e nngwe?
Setlhogo seo se ne sa tlhalosa maemo a le mane: (1) Go ne go bonala gore tsela e batho ba golang ka yone semoyeng e ne e sa tshwane. Go ne go na le dithaelo, diteko, mathata, le dikotsi tseo e neng e se botlhe ba ba neng ba kgona go lebana le tsone ka tsela e e tshwanang. Ka gone, go ne go tlhokega gore go nne le balebedi ba ba botlhale le ba ba kgonang go lemoga dilo, banna ba ba nang le boitemogelo ebile ba na le bokgoni, bao ba kgatlhegelang thata go tlhokomela gore botlhe ba itekanetse sentle semoyeng le gore ba kgona go ba ruta mo boammaaruring. (2) Go ne go bonwe gore letsomane le ne le tlhoka go sirelediwa mo ‘diphiring tse di apereng jaaka dinku.’ (Math. 7:15, KJ) Ba ne ba tlhoka go nonotshiwa ka go thusiwa gore ba itse boammaaruri sentlentle. (3) Dilo tse di ileng tsa direga di bontshitse gore fa go ne go sena thulaganyo epe ya gore go tlhophiwe bagolwane gore ba tlhokomele letsomane, bangwe ba ne ba tla tsaya boemo joo mme ba leba letsomane jaaka la bone. (4) Fa go ne go sena thulaganyo e e tlhomilweng ka tshwanelo, batho bangwe ba ba neng ba ikanyega mo boammaaruring ba ne ba ka fitlhelela ditiro tsa bone di sa batliwe ke bangwe ka ntlha ya tlhotlheletso eo e tswang mo bathong ba sekae bao ba neng ba sa dumalane le bone.
Ereka ba ne ba itse dintlha tseno, makasine ono wa Tora ya Tebelo o ne wa bolela jaana: “Ga re okaoke go gakolola Dikerekec gongwe le gongwe, go sa kgathalesege gore a palo ya bone e kgolo kana e potlana, ka kgakololo eno ya Baaposetoloi ya gore mophato mongwe le mongwe o tlhophelwe bagolwane gore ba ‘tlamele’ letsomane le go le ‘disa.’” (Dit. 14:21-23; 20:17, 28) Diphuthego tse di kwa mafelong ao di ne tsa latela kgakololo eno e e utlwalang ya Dikwalo. Eno e ne e le kgato ya botlhokwa mo go simololeng thulaganyo ya phuthego tumalanong le seo se neng se le gone mo malatsing a baaposetoloi.
Lefa go ntse jalo, tumalanong le tsela eo ba neng ba tlhaloganya dilo ka yone ka nako eo bagolwane le badiakone ba ne ba tlhophiwa ke phuthego ka go bouta gore ba ba thuse. Ngwaga nngwe le nngwe kana gantsinyana fa go tlhokega go dira jalo, go ne ga sekasekiwa gore a bao ba neng ba ka direla ba ne ba tshwanelega, mme go ne go boutiwa. Totatota e ne e le thulaganyo ya temokeratiki, mme e ne e beetswe melelwane go e sireletsa. Botlhe mo phuthegong ba ne ba kgothalediwa gore ba boeletse ka kelotlhoko dilo tse di batlegang tse di mo Bibeleng ba bo ba supa ka go bouta, mme ba sa supe kafa bone ka namana ba bonang ka teng, mme ba ne ba supa seo ba neng ba dumela gore ke thato ya Morena. Ereka e ne e le bao ba neng ba “ineetse ka botlalo” fela ba ba neng ba kgona go bouta, go bouta ga bone jaaka setlhopha, go ne go kaelwa ke Lefoko le ke moya wa Morena, go ne go lejwa jaaka goo go supang se se ratwang ke Morena mo kgannyeng. Le mororo Mokaulengwe Russell a ka nna a bo a ne a sa lemoge seno ka mo go feletseng, go buelela ga gagwe thulaganyo eno gongwe ya ka selekanyo sengwe se se rileng go ne go sa tlhotlhelediwe fela ke go ititaya ga gagwe sehuba go tila sepe se se tla tshwanang le sa setlhopha se se kwa godimo sa baruti mme gape go ne go tlhotlhelediwa ke tsela e a godileng ka yone jaaka mosha mo Congregational Church.
Fa bolumo ya Millennial Dawn e e neng e na le setlhogo se se reng The New Creation (e e gatisitsweng ka 1904) e ne e tlotla gape ka botlalo ka seabe sa bagolwane le tsela eo ba neng ba tshwanetse ba tlhophiwa ka yone, ba ne ba tlhokomedisa Ditihō 14:23 ka tsela e e kgethegileng. Lenaane la mafoko a Bibela leo le neng le rulagantswe ke James Strong le Robert Young le ne le umakiwa jaaka motswedi o o ka ikanngwang wa tshedimosetso o o nang le kgopolo ya gore polelo e e reng “ba ba tlhomamisitse jaaka bagolwane” (KJ) e tshwanetse ya ranolwa ka gore “ba ba tlhophile jaaka bagolwane ka go tsholediwa ga diatla.”d Dithanolo dingwe tsa Bibela di bolela le eleng gore bagolwane ba ne ba ‘tlhophiwa ka bouto.’ (Literal Translation of the Holy Bible ya ga Young; Emphasised Bible ya ga Rotherham) Mme ke mang yo o neng a tshwanetse go bouta?
Go dirisa kgopolo ya gore phuthego yotlhe e ne e tshwanetse go bouta go ne go sa ntshe matswela a a neng a solofetswe ka metlha. Bao ba dirang ditlhopho ba ne ba tshwanetse ya bo e le batho ba ba “ineetseng ka botlalo,” mme bangwe ba ba ba neng ba tlhophiwa eleruri ba ne ba fitlhelela dilo tse di batliwang ke Dikwalo mme ba ne ba direla bakaulengwe ba bone ka boikokobetso. Mme lefa go ntse jalo gantsi go ne go kgona go bonala gore motho o tlhopha motho ka gonne a mo rata eseng go ya ka seo Lefoko la Modimo le moya wa gagwe di neng di se batla. Ka gone, kwa Halle, kwa Jeremane, fa batho bangwe ba ba neng ba akanya gore ba tshwanetse ba nna bagolwane ba ne ba sa bone boemo joo ba neng ba bo batla, ba ne ba tsosa dikgotlhang tse di botlhoko. Kwa Barmen, kwa Jeremane, mo gare ga batho bao e neng e le batlhophiwa ka 1927 go ne go na le banna ba ba neng ba ganetsa tiro ya Mokgatlho, ebile go ne go goiwa thata ka nako ya fa go tsholediwa diatla ka nako ya ditlhopho. Ka jalo go ne go tlhokega gore jaanong ba fetogele mo go tlhopheleng mo sephiring.
Morago ka 1916, dingwagangwaga pele ga ditiragalo tseno, Mokaulengwe Russell, o ne a kwala jaana a amegile thata: “Go direga dilo tse di tshosang tota mo Ditlhopheng dingwe fa go tshwanetse ga tshwarwa ditlhopho. Batlhanka ba Kereke ba leka go nna babusi, babusaesi—ka dinako tse dingwe ba ne ba bo ba tsaya boemo jwa go nna modulasetulo kwa dipokanong tseno go bonala e le ka boikaelelo jwa go tlhomamisa gore bone le ditsala tsa bone tse di kgethegileng ba tla tlhophiwa jaaka Bagolwane le Badiakone. . . . Ba bangwe ka bokhukhuntshwane ba leka go dirisa Setlhopha gore ba nne le ditlhopho ka dinako dingwe tse di siametseng thathathata bone le ditsala tsa bone. Ba bangwe ba batla go tlatsa pokano eno ka ditsala tsa bone, ba tlisa batho bangwe ba ba sa itsiweng, bao ba sa akanyeng le ka go nna gone ka metlha kwa Setlhopheng, mme ba tlisiwa fela ke botsala gore ba boutele mongwe wa ditsala tsa bone.”
A ba ne ba tlhoka fela gore ba ithute kafa ba tshwanetseng ba tshwara ditlhopho ka gone botoka ka tsela ya demokeratiki, kana a go ne go na le sengwe go tswa mo Lefokong la Modimo seo ba neng ba ise ba se lemoge?
Go Rulaganyetsa Gore Mafoko A A Molemo A Rerwe
Di santse di tloga fela, Mokaulengwe Russell o ne a lemoga gore bongwe jwa maikarabelo a a botlhokwa thata a leloko lengwe le lengwe la phuthego ya Bokeresete e ne e le tiro ya boefangele. (1 Pet. 2:9) Makasine wa Tora ya Tebelo o ne wa tlhalosa gore mafoko ano a boperofeti a a mo go Isaia 61:1 a ne a sa dire mo go Jesu fela mme a ne a dira le mo balateding botlhe ba gagwe ba ba tloditsweng ka moya: “Yehofa o ntloleditse go [rera] . . . mahoko a a molemō,” kana, jaaka fa King James Version e ranola mafoko a a nopotsweng ao a ga Jesu a temana yone eno, “O ntloditse gore ke rere efangele.”—Luke 4:18.
Ka dinako tsa pele tsa bo 1881, makasine wa Tora ya Tebelo (ka Seesemane) o ne o na le setlhogo se se reng: “Go Batlega Bareri ba le 1 000.” Fano go ne go dirwa boikuelo go leloko lengwe le lengwe la phuthego gore le dirise nako nngwe le nngwe eo le ka kgonang go e dirisa (e ka nna halofo ya ura, ura, kana di le pedi, kana di le tharo) gore le nne le seabe mo go anamiseng boammaaruri jwa Bibela. Banna le basadi ba ba neng ba sena malapa ao a neng a ikaegile ka bone le bao ba neng ba ka kgona go dirisa halofo ya nako ya bone kana go feta mo tirong ya Morena fela ba ne ba kgothalediwa gore ba simolole tiro ya go rekisa dibuka. Palo ya bone e ne e farologana ngwaga le ngwaga, mme ka 1885 go ne go setse go na le ba ba fetang 300 ba ba neng ba nna le seabe mo tirong eno jaaka barekisi ba dibuka. Ba bangwe le bone ba ne ba nna le seabe mme e le ka selekanyo se sennye. Barekisi ba dibuka ba ne ba newa dikakantsho tsa gore ba ka dira jang tiro ya bone. Mme lefa go ntse jalo tshimo e ne e le kgolo, mme fa ba santse ba simolola ba ne ba itlhophela tshimo ya bone mme ba ne ba fuduga go tswa kwa tshimong e nngwe go ya kwa go e nngwe gantsi fa go ne go bonala go le molemo thata mo go bone. Mme e ne e re fa ba kopana kwa dikopanong, ba ne ba dira diphetogo tse di tlhokegang e le gore ba leke go e dira ka tsela e e tshwanang.
Mo go one ngwaga o tirelo ya go rekisa dibuka e neng ya simololwa ka one, Mokaulengwe Russell o ne a dira gore dipampitshana di le mmalwa (kana dibukana) di gatisiwe mme di abiwe mahala. E e neng e tlhomologile mo go tsone e ne e re Food for Thinking Christians, eo go neng ga abiwa di le 1 200 000 mo dikgweding tse nne tsa ntlha. Tiro ya go rulaganya go gatisiwa gono le go tsamaisiwa ga tsone e ne ya dira gore go tlhomiwe Zion’s Watch Tower Tract Society e le gore e tlhokomele dilo dingwe tsa botlhokwa. Go thibela gore tiro eno e se ka ya kgoreletsega fa a ka swa le go thusa mo go tshwareng meneelo e e tla dirisiwang mo tirong eno, Mokaulengwe Russell o ne a dira kopo ya gore Mokgatlho o kwadisiwe semolao, mme seno se ne sa dirwa semolao ka December 15, 1884. Seno se ne sa dira gore go nne le kemedi e e tlhokegang ya semolao.
Ereka go ne go tlhokega gore go dirwe jalo, go ne ga tlhongwa diofisi tsa makala tsa Mokgatlho Watch Tower mo mafatsheng a mangwe. La ntlha le ne la tlhomiwa kwa Lontone, kwa Engelane, ka April 23, 1900. Le lengwe, kwa Elberfeld, kwa Jeremane ka 1902. Dingwaga di le pedi moragonyana, go ne ga rulaganyediwa lekala le lengwe kwa karolong e nngwe ya lefatshe kwa Melbourne, kwa Australia. Ka nako ya fa re kwala jaana, go na le makala a le 99 lefatshe ka bophara.
Le mororo dithulaganyo tsa phuthego tse di neng di tlhokega go dira gore dibuka tsa Bibela di gatisiwe ka bontsi di ne di ntse di tlhamiwa, kwa tshimologong diphuthego di ne di itirela dithulaganyo tsa mo mafelong a tsone tsa go tsamaisa dibuka. Mo lekwalong le le neng le na le letlha la March 16, 1900, Mokaulengwe Russell o ne a bolela kafa a neng a leba kgang eno ka gone. Lekwalo leo, leo le neng le kwaletswe “Alexander M. Graham, le Kereke e e kwa Boston, Mass.,” le ne la bolela jaana: “Jaaka fa lo itse lotlhe, ke dirile tshwetso ya gore ke tlogelele mo mephatong yotlhe ya batho ba Morena gore ba itsamaisetse dilo tsa bone ka tsela ya bone, go ya ka ditshwetso tsa bone, sa me e le fela go neela dikakantsho, eseng ka tsela ya go sunya nko ya me mo dikgannyeng tsa lona, mme e le ka tsela fela ya go gakolola.” Seno se ne se akaretsa eseng fela dipokano tsa bone mme gape se ne se akaretsa le tsela eo ba neng ba tshwara tirelo ya bone ya tshimo ka gone. Ke ka moo e neng e re fa a sena go neela bakaulengwe bangwe kgakololo e e molemo, a bo a wetsa ka kakgelo eno: “Seno ke kakantsho fela.”
Ditiro dingwe di ne di batla go kaelwa ka tsela e e tlhamaletseng ka mo go oketsegileng go tswa kwa Mokgatlhong. Malebana le go bontshiwa ga “Photo-Drama of Creation,” go ne go tswa mo phuthegong nngwe le nngwe gore a e rata go hira lefelo la dibaesekopo kana mafelo a mangwe le gore a e ka kgona go le hira gore batho ba lefelo leo ba e bone. Lefa go ntse jalo, go ne go tlhokega gore go tsamaisiwe didirisiwa tseno go tswa mo lefelong le lengwe go ya kwa go le lengwe, mme go ne go tshwanetse ga tsamaiwa tumalanong le thulaganyo ya teng; ka jalo mo mabakeng ano Mokgatlho o ne o neela kaelo e e neng e tshwanetse ya dira mo go bone botlhe. Phuthego nngwe le nngwe e ne e kgothalediwa gore e nne le Komiti ya Terama eo e tla tlhokomelang dithulaganyo tsa phuthego. Mme mookamedi yo o rometsweng ke Mokgatlho o ne a lebelela dintlha ka kelotlhoko tota e le gore a tlhomamise gore sengwe le sengwe se ne se tsamaya ka thelelo.
Jaaka fa ngwaga wa 1914 mme morago ga moo go feta wa 1915, Bakeresete bao ba ba tloditsweng ka moya ba ne ba letile ka botlhaga gore ba tseelwe kwa legodimong jaaka ba ne ba solofetse. Ka yone nako eo, ba ne ba kgothalediwa gore ba nne ba tshwaregile mo tirelong ya Morena. Le mororo ba ne ba leba nako ya bone e e setseng ba le mo nameng e le khutswane thata, go ne ga bonala gore e le gore ba tswelele ba rera mafoko a a molemo ka thulaganyo, go ne go tlhokega kaelo e e oketsegileng go feta ka nako ya fa palo ya bone e ne e santse e le makgolo a sekae fela. Ka bonakonyana fela morago ga gore J. F. Rutherford a nne mookamedi wa bobedi wa Mokgatlho wa Watch Tower, go ne ga simololwa ga kaelwa ka tsela e e farologaneng. Tokololo ya March 1, 1917, ya makasine wa Tora ya Tebelo (ka Seesemane) e ne ya itsise gore go tloga ka nako eo go ya kwa pele tshimo yotlhe eo e tlileng go dirwa ke barekisi ba dibuka le ke badiri ba ba rutange mo diphuthegong e tla abiwa ke ofisi ya Mokgatlho. Kwa mafelong ao badiri ba one ba neng ba dira tirelo ya tshimo le barekisi ba dibuka mo motseng o le mongwe kana mo nageng e le nngwe, tshimo eo e ne e kgaoganngwa ke komiti e e tlhophilweng ya kgaolo ya lefelo leo. Thulaganyo eno e ne ya dira gore buka ya The Finished Mystery e tsamaisiwe ka tsela e e gakgamatsang tota mo dikgweding di sekae fela ka 1917-18. Gape e ne e thusa mo go anamiseng dikaelo di le 10 000 000 tsa pampitshana tse di nang le setlhogo se se reng “Go Wa ga Babelona” eo e neng e senola Labokeresete ka tsela e e maatla mme tsa tsamaisiwa ka lobelo lwa legadima.
Ka bonakonyana fela morago ga moo, maloko a badiri ba tsamaiso ya Mokgatlho a ne a tshwarwa, mme ka June 21, 1918, ba ne ba atlholelwa dingwaga di le 20 mo kgolegelong. Tiro ya go rera mafoko a a molemo e ne ya batla e ema. A eno e ne e le nako ya fa ba ne ba tla bo ba kopanngwa le Morena kwa kgalalelong ya selegodimo?
Ntwa e ne ya fela dikgwedi di sekae moragonyana. Badiredi ba Mokgatlho ba ne ba gololwa mo ngwageng e e latelang. Ba ne ba santse ba le mo nameng. Ba ne ba sa lebelela seo, mme ba ne ba swetsa ka gore Modimo o tshwanetse a bo a na le tiro eo a batlang ba e dira gone mo lefatsheng.
Tumelo ya bone e ne e sa tswa go lekwa mo go botlhoko. Lefa go ntse jalo, ka 1919, makasine wa Tora ya Tebelo (ka Seesemane) o ne wa ba nonotsha ka dithuto tse di tshikinyang maikutlo tsa Dikwalo tse di nang le setlhogo se se reng “Go Sego Ba Ba Sa Boifeng.” Tsone di ne tsa latelwa ke setlhogo se se reng “Ditshono tsa go Direla.” Mme lefa go ntse jalo bakaulengwe ba ne ba sa kgone go bona mo megopolong ya bone ditiragalo tse dikgolwane tsa phuthego tseo di neng di tla direga mo masomeng a dingwaga a a neng a tla latela.
Sekao Se Se Tshwanetseng sa Letsomane
Mokaulengwe Rutherford o ne a lemogile gore e le gore tiro eno e tswelele pele ka tsela e e rulaganeng le ka kutlwano, go sa kgathalesege gore nako e khutshwane go le kana kang, go ne go le botlhokwa gore letsomane le tlhomelwe sekao se se molemo. Jesu o ne a tlhalosa gore balatedi ba gagwe jaaka dinku, mme dinku di latela modisa wa tsone. Ebile gone ke boammaaruri gore Jesu ka boene ke Modisa yo o Molemo, mme gape o dirisa banna ba ba godileng, kana bagolwane, jaaka badisa ba ba kafa tlase ga gagwe ba ba disang batho ba gagwe. (1 Pet. 5:1-3) Bagolwane bao e tshwanetse ya bo e le banna bao ka bobone ba nnang le seabe mo tirong eo Jesu a e ba abetseng le ba ba kgothaletsang ba bangwe gore le bone ba dire jalo. Ba tshwanetse ba bo ba na le moya wa boefangele tota. Lefa go ntse jalo ka nako ya fa go anamisiwa buka ya The Finished Mystery, bagolwane bangwe ba ne ba ikgogona; ba bangwe bone ebile ba ne ba kgoba ba bangwe marapo phatlalatsa fela gore ba se ka ba nna le seabe.
Kgato e e botlhokwa tota ya go siamisa boemo jono e ne ya tsewa ka 1919 fa makasine wa The Golden Age o ne o simolola go gatisiwa. O ne o tlile go nna sedirisiwa se se maatla thata sa go itsise ka Bogosi jwa Modimo jaaka jone fela tharabololo ya mathata a setho. Phuthego nngwe le nngwe eo e neng e rata go nna le seabe mo tirong eno e ne e kopiwa gore e kope Mokgatlho gore o e kwadise jaaka “phuthego ya tirelo.” Morago ga moo mokaedi kana mokaedi wa tirelo jaaka fa a ne a itsiwe ka nako eo yoo a neng a sa tlhophiwe ngwaga le ngwaga, o ne a tlhophiwa ke Mokgatlho.f Jaaka moemedi wa lefelo leo wa Mokgatlho, o ne a tshwanetse a rulaganya tiro, a abe tshimo, a bo a kgothaletse phuthego gore e nne le seabe mo tirelong ya tshimo. Ka gone, mo godimo ga bagolwane le badiakone ba ba tlhophilweng go ya ka tsela ya temokeratiki, go ne ga simololwa mofuta o mongwe gape wa thulaganyo ya phuthego, wa go amogela taolo e e tlhomilweng go tswa kwantle ga phuthego le o o neng o gatelela thata go rerwa ga mafoko a a molemo a Bogosi jwa Modimo.g
Mo dingwageng tse di latelang, go bolela ka Bogosi go ne ga dirwa ka maatla a magolo, jaaka ekete go dirwa ka maatla mangwe ao a ka se kang a thibelwa. Ditiragalo tsa 1914 le tsa moragonyana di ne tsa dira gore go bonale gore boperofeti jo bogolo jo mo go jone Morena Jesu Keresete a neng a tlhalosa bokhutlo jwa tsamaiso eno e kgologolo ya dilo bo ne bo diragadiwa. Ka ntlha ya seno, ka 1920 makasine wa Tora ya Tebelo o ne wa bontsha gore jaaka fa go ne ga bolelelwa pele mo go Mathaio 24:14, nako eno e ne e le nako ya go bolela mafoko a a molemo a a bolelang kaga “bokhutlo jwa thulaganyo e kgologolo eno ya dilo le go tlhongwa ga bogosi jwa ga Mesia.”h (Math. 24:3-14) Morago ga go nna gone kwa kopanong ya Baithuti ba Bibela kwa Cedar Point, kwa Ohio, ka 1922, batlakopanong ba ne ba tlogelwa ka polelo eno e duma mo ditsebeng tsa bone: “Itsiseng, itsiseng, itsiseng Kgosi le bogosi jwa yone.” Seabe seo Bakeresete ba boammaaruri ba nang le sone se ne sa kgona go bonala sentle ka 1931 fa leina Basupi ba ga Jehofa le ne le amogelwa.
Go ne go bonala sentle gore Jehofa o ne a abetse batlhanka ba gagwe tiro eo ba neng ba tla nna le seabe mo go yone botlhe. Ba ne ba arabela ka matlhagatlhaga. Ba le bantsi ba ne ba dira diphetogo tse dikgolo mo matshelong a bone e le gore ba dirise nako ya bone yotlhe mo tirong eno. Tota le eleng le bao ba neng ba e dira ka nakwana fela, ba le bantsinyana ba bone ba ne ba dira letsatsi lotlhe mo tirelong ya tshimo ka mafelobeke. Fa ba ne ba tsaya kgato ka kgothatso e e leng mo go Tora ya Tebelo (ka Seesemane) le Informant ka 1938 le 1939, ba le bantsi ba Basupi ba ga Jehofa ka nako eo ba ne ba iteka ka natla ba dira diura di le 60 kgwedi nngwe le nngwe mo tirelong ya tshimo.
Mo gare ga Basupi bao ba ba tlhaga go ne go na le batlhanka bangwe ba le mmalwa ba ba ikokobeditseng, ba ba ineetseng ba ga Jehofa bao e neng e le bagolwane mo diphuthegong. Lefa go ntse jalo, mo mafelong mangwe, ka dingwaga tsa bo 1920 le fa bo 1930 ba santse ba simolola go ne go na le bangwenyana ba ba neng ba ntse ba ganetsa kgopolo eno ya gore mongwe le mongwe a nne le seabe mo tirelong ya tshimo. Bagolwane ba ba tlhophilweng ka tsela ya temokeratiki gantsi ba ne ba bua ba tlhamaletse ba sa dumalane le seo Tora ya Tebelo e neng ya se bua malebana le boikarabelo jwa go rerela batho ba ba kwantle ga phuthego. Go gana seo moya wa Modimo o se bolelelang phuthego ka Dikwalo Tse Di Boitshepo malebana le kgang eno go ne go kgoreletsa moya wa Modimo gore o se ka wa dira ka kgololesego mo ditlhopheng tseo.—Tshen. 2:5, 7.
Ka 1932 go ne ga tsewa dikgato dingwe go siamisa boemo. Selo se go neng go amegilwe thata ka sone e ne e se gore a bangwe ba bagolwane ba ba kwa godimo ba ka kgopisega kana gongwe gore bangwe ba ba leng mo phuthegong ba ka tswa ba ngala. Go na le moo, bakaulengwe ba ne ba eletsa go itumedisa Jehofa le go dira thato ya gagwe. Gore seno se dirwe, ditokololo tsa August 15 le September 1 tsa Tora ya Tebelo (ka Seesemane) tsa ngwaga one oo di ne tsa tlhalosa thata setlhogo se se reng “Phuthego ya ga Jehofa.”
Ditlhogo tseno di ne di bontsha ka tlhamalalo fela gore botlhe bao tota e neng e le karolo ya phuthego ya ga Jehofa ba ne ba tla dira tiro eo Lefoko la gagwe le reng e tshwanetse ya dirwa mo nakong eno. Ditlhogo tseno di ne tsa tlhagisa pono ya gore go nna mogolwane wa Mokeresete e ne e se tiro eo motho a ka e tlhophelwang mme e ne e le boemo jo motho a bo bonang go ya kafa a godileng ka teng semoyeng. Go ne ga otlelelwa ka mo go kgethegileng thapelo ya ga Jesu ya gore balatedi ba gagwe ba nne “bañwe hèla botlhe”—ba le bangwe le Modimo le Keresete, mme ka go dira jalo ba nne ba utlwana mo go direng thato ya Modimo. (Yoh. 17:21) Mme seno se ne se tla felela ka eng? Setlhogo sa bobedi se ne sa araba ka gore “mongwe le mongwe wa masalela o tshwanetse a nna mosupi wa leina la ga Jehofa Modimo le bogosi jwa gagwe.” Bolebedi bo ne bo sa neelwe ope yo o neng a palelwa kana a gana go dira seo a ka kgonang go se dira go nna le seabe mo go neeleng bosupi phatlalatsa.
Kwa bokhutlong jwa thuto ya ditlhogo tseno, diphuthego di ne tsa kopiwa gore di saene maikano ao di bontshang mo go one gore di a dumalana. Ka gone go tlhophiwa ga banna mo phuthegong go go neng go dirwa ngwaga le ngwaga gore e nne bagolwane le badiakone go ne ga fedisiwa. Kwa Belfast, kwa Ireland Bokone, jaaka fa go ne go ntse le kwa mafelong a mangwe, bangwe ba bao pele e neng e le “bagolwane ba ba tlhophilweng” ba ne ba tswa ba tsamaya; batho ba bangwe ba ba neng ba akanya jaaka bone ba ne ba tsamaya le bone. Seno se ne sa felela ka gore batho ba ba mo maemong mo phuthegong ba fokotsege thata mme lefa go ntse jalo phuthego yotlhe e ne ya nonotshiwa. Ba ba neng ba setse e ne e le batho ba ba neng ba iketleeditse go sikara boikarabelo jwa Bokeresete jwa go neela bosupi. Mo boemong jwa go tlhopha bagolwane ka go bouta, diphuthego tse di neng di santse di dirisa mekgwa ya temokeratiki di ne di tlhopha komiti ya tireloi eo e neng e bopiwa ke banna ba ba godileng semoyeng bao ba neng ba nna le seabe ka matlhagatlhaga mo go neeleng bosupi phatlalatsa. Maloko a phuthego le one a ne a boutela modulasetulo yo o tla okamelang dipokano tsa bone le go boutela mokwaledi le motshwaramatlotlo. Batho bano botlhe e ne e le banna ba e neng e le basupi ba ba tlhaga ba ga Jehofa.
Ereka jaanong tiro ya go okamela phuthego e ne e neetswe banna ba ba neng ba sa kgatlhegele go nna le maemo mme ba ne ba kgatlhegela go dira tiro ya Modimo—go supa ka leina la gagwe le Bogosi jwa gagwe—le ba ba neng ba tlhoma sekao se se molemo ka go nna ga bone le seabe mo go yone, tiro e ne e gatela pele kwa ntle ga bothata bope. Le mororo ka nako eo ba ne ba sa itse, go ne go na le go le gontsi go go tshwanetseng ga dirwa, go neela bosupi ka mo go golwane go feta kafa bo neng bo setse bo neetswe ka gone, go phutha go go iseng go lebelelwe. (Isa. 55:5) Go bonala Jehofa a ne a ba baakanyetsa gone.
Ba sekae ba ba neng ba na le tsholofelo ya botshelo jwa selefatshe ba ne ba simolola go kopanela le bone.j Lefa go ntse jalo, Bibela e ne ya bolelela pele go phuthiwa ga bontsintsi jo bogolo (kana, boidiidi jo bogolo) ka boikaelelo jwa gore ba bolokwe mo sepitleng se segolo se se tlang. (Tshen. 7:9-14) Ka 1935 bontsintsi jo bogolo jono bo ne jwa kgona go bonala sentle gore ke bomang. Diphetogo tse di neng tsa dirwa tse di malebana le kafa go tshwanetseng ga tlhophiwa balebedi ka gone ka dingwaga tsa bo 1930 di ne tsa dira gore phuthego e nne e ipaakanyeditse botoka go tlhokomela tiro ya go phutha, go ruta, le go thapisa.
Mo go ba le bantsi ba Basupi ba ga Jehofa, tiro eno e e ntseng e gola e ne e le selo se se kgatlhang thata. Bodihedi jwa bone jwa tshimo bo ne jwa nna botlhokwa ka tsela e e neng e ise e bonwe. Lefa go ntse jalo, ba bangwe ba ne ba sa tlhagafalela go rera. Ba ne ba ikgogona, mme ba leka go tlhalosa lebaka la bone la go sa nne le seabe ka go bolela gore ga go na bontsintsi bope jo bogolo jo bo tla phuthiwang pele ga Hara–Magedona. Mme ba bangwe ba ne ba tsaya seno e le tshono e nngwe ya go bontsha gore ba ikanyega mo go Jehofa le gore ba rata batho ba bangwe.
Ba boidiidi jo bogolo ba ne ba tsena jang mo thulaganyong eno ya phuthego? Ba ne ba bontshiwa tiro eo Lefoko la Modimo le e abetseng “lecomanyane” la ba ba tloditsweng ka moya, mme ba ne ba dira tumalanong le thulaganyo eno ka boitumelo. (Luke 12:32-44) Gape ba ne ba utlwa gore fela jaaka fa go ntse ka ba ba tloditsweng ka moya ba ne ba na le boikarabelo jwa go bolelela ba bangwe mafoko a a molemo. (Tshen. 22:17) Ereka ba ne ba batla go nna babusiwa ba selefatshe ba Bogosi jwa Modimo, Bogosi joo bo tshwanetse jwa tla pele mo matshelong a bone, mme ba tshwanetse ba tlhoafalela go bo bolelela ba bangwe. E le gore ba tshwanele tsela eo Bibela e tlhalosang ka yone bao ba tla bolokwang mo sepitleng se segolo go falolela mo lefatsheng le lesha la Modimo, ba tshwanetse ya bo e le batho ba ba “[thelang] loshalaba lo logolo, ba re, Poloka e nnè go Modimo oa rona o o dutseñ mo setuloñ sa bogosi, le go Kwana.” (Tshen. 7:10, 14) Ka 1937, jaaka fa dipalo tsa bone di ne di simolola go gola ebile tlhoafalo ya bone mo Moreneng e simolola go bonala, le bone ba ne ba kopiwa gore ba thuse mo go sikareng morwalo wa boikarabelo mo go okameleng phuthego.
Lefa go ntse jalo, ba ne ba gakololwa gore phuthego ke ya ga Jehofa, eseng ya batho. Go ne go sa tshwanela ga nna le dikgaogano mo gare ga masalela a ba ba tloditsweng ka moya le ba boidiidi jo bogolo jwa dinku di sele. Ba ne ba tshwanetse ba dira mmogo jaaka bakaulengwe le bokgaitsadi mo tirelong ya ga Jehofa. Jaaka fa Jesu a ne a bolela, “Ke na le dinku di sele, tse e señ tsa saka ye; le cōna ke na le go di lere, me di tla utlwa lencwe ya me; me di tla nna lecomane le le leñwe hèla, le modisa a le moñwe hèla.” (Yoh. 10:16) Selo seno se ne se simolola go bonala gore se a diragala.
Ditiragalo tse di gakgamatsang di ne di simolola go direga mo phuthegong ka nako e khutshwane thata. A mme go ne go na le go le gontsi go go neng go tlhokwa go dirwa e le gore dikgang tsa diphuthego di tshwarwe go dumalana ka botlalo le ditsela tsa ga Jehofa jaaka fa di boletswe mo Lefokong la gagwe le le tlhotlheleditsweng?
Phuthego ya Puso E E Laolwang ka Tsela ya Puso ya Modimo
“Puso ya Modimo” e kaya “go laolwa ke Modimo.” A oo e ne e le mofuta wa puso o o neng o laola diphuthego? A ga se boammaaruri gore e ne e se fela gore ba obamela Jehofa mme gape ba ne ba leba kwa go ene gore a kaele dikgang tse di amanang le phuthego? A ba ne ba dumalana ka botlalo le seo a neng a se bolela ka dilo tseno mo Lefokong la gagwe le le tlhotlheleditsweng? Setlhogo se se nang le dikarolo tse pedi sa “Phuthego” seo se neng sa tlhagelela go Tora ya Tebelo (ka Seesemane) ya June 1 le ya 15, 1938, se ne sa bolela jaana ka tlhamalalo: “Phuthego ya ga Jehofa ga se ya temokeratiki ka gope. Jehofa ke mogodimodimo, mme bolaodi jwa gagwe kana phuthego ya gagwe ke ya puso ya Modimo ka mo go feletseng.” Lefa go ntse jalo, mo diphuthegong tsa mafelo a mangwe tsa Basupi ba ga Jehofa ka nako eo, go ne go santse go dirisiwa mekgwa ya temokeratiki mo go tlhopheng bontsi jwa bao ba neilweng go nna balebedi ba dipokano le tirelo ya tshimo. Go ne go tshwanela go dira diphetogo tse dingwe.
A mme Ditihō 14:23 ga e a bontsha gore bagolwane mo diphuthegong ba ne ba tshwanetse ba newa tiro eno ka go ‘tsholeletswa diatla,’ jaaka fa go boutiwa? Setlhogo sa ntlha sa ditlhogo tsa Tora ya Tebelo eo se se neng se na le setlhogo se se reng “Phuthego” se ne sa tlhalosa gore temana eno e ne e sa tlhaloganngwa sentle mo nakong e e fetileng. Mo Bakereseteng ba lekgolo la ntlha la dingwaga batho ba ne ba sa tlhomiwe ka gore maloko otlhe a phuthego a ‘tsholetse diatla.’ Mo boemong jwa moo, go ne ga bontshiwa gore baaposetoloi le ba ba neilweng taolo ke bone e ne e le bone ba ba neng ba ‘tsholetsa diatla a bone.’ Seno se ne se sa dirwe ka gore phuthego e boute mme e ne e le ka go baya batho bano ba ba tshwanelegang diatla. Seno e ne e le sesupo sa go tlhomamisa, gore ba a amogelwa kana go ba tlhoma.k Ka dinako tse dingwe diphuthego tsa pele tsa Bokeresete di ne di buelela banna ba ba tshwanelegang mme ditlhopho tsa bofelo kana go dumalana ga bofelo go ne go dirwa ke baaposetoloi ba ba neng ba laetswe go dira jalo ke Keresete ka tlhamalalo, kana go ne go dirwa ke bao ba neilweng taolo ya go dira jalo ke baaposetoloi. (Dit. 6:1-6) Tora ya Tebelo e ne ya tlhokomedisa ntlha ya gore moaposetoloi Paulo o ne a kaelwa ke moya o o boitshepo go laela balebedi ba ba nang le boikarabelo (Timotheo le Tito) gore ba tlhophe balebedi, ka go ba kwalela. (1 Tim. 3:1-13; 5:22; Tito 1:5) Go ne go sena lepe la makwalo a a tlhotlheleditsweng leo le neng le kwalelwa diphuthego le le neng le na le ditaolo tseo.
Mme he, go tlhomelwa tirelo ka nako eo mo diphuthegong go ne go tshwanetswe ga dirwa jang? Tlhaloso e e tswang mo Dikwalong e Tora ya Tebelo e neng ya e neela ka phuthego ya puso ya Modimo e ne ya bontsha gore Jehofa o ne a tlhoma Jesu Keresete go nna “tlhogo ya . . . phuthego”; gore e tla re fa Keresete a boa jaaka Mong, o ne a tla neela ‘motlhanka wa gagwe yo o boikanngo le yo o botlhale’ boikarabelo jwa go tlhokomela ‘dilo tsotlhe tsa gagwe’; gore motlhanka yono yo o boikanngo le yo o botlhale o ne a bopiwa ke ba ba mo lefatsheng ba ba neng ba tlodiwa ka moya o o boitshepo gore e nne baruaboswa mmogo le Keresete le bao ba neng ba direla ka kutlwano kafa tlase ga kaelo ya gagwe; le gore Keresete o ne a tla dirisa motlhanka yono jaaka sedirisiwa sa gagwe go tlhokomela gore diphuthego di okamelwa ka tsela e e tlhokegang. (Bakol. 1:18; Math. 24:45-47; 28:18) E ne e tlile go nna tiro ya setlhopha sa motlhanka gore se dirise ditaolo tseno tseo di bolelwang mo Lefokong la Modimo le le tlhotlheleditsweng ka thapelo, se di dirisa go bona gore ke bomang ba ba neng ba tshwanelega gore ba ka neelwa maemo a go direla.
Ereka sedirisiwa se se bonalang seo se neng se tla dirisiwa ke Keresete e le motlhanka yo o boikanngo le yo o botlhale (mme mabaka a hisitori ya morago jaana ao a setseng a sekasekilwe a bontsha gore “motlhanka” yono o dirisa Mokgatlho wa Watch Tower jaaka sedirisiwa sa semolao), Tora ya Tebelo e ne ya tlhalosa gore thulaganyo ya puso ya Modimo e ne e tla batla gore go tlhomiwa ga badiredi bano go dirwe ka sedirisiwa seno. Fela jaaka fa diphuthego tsa mo lekgolong la ntlha la dingwaga di ne di amogela seo se dirwang ke setlhopha se se laolang sa kwa Jerusalema, le gompieno diphuthego di ne di ka se ka tsa gatela pele semoyeng fa di ne di sa kaelwe go tswa felo go le gongwe.—Dit. 15:2-30; 16:4, 5.
Lefa go ntse jalo, fa go lejwa dilo tsotlhe tse di amang kgang, go ne ga bontshiwa gore fa Tora ya Tebelo e ne e bua ka “Mokgatlho,” e a bo e bua, eseng ka sedirisiwa fela sa semolao, mme e ne e bolela setlhopha sa Bakeresete ba ba tloditsweng ba ba neng ba bopa setlhopha seo sa semolao ebile ba se dirisa. Ka gone, polelo eno e ne e raya motlhanka yo o boikanngo le yo o botlhale le Setlhopha sa gagwe Se Se Laolang.
Tota le pele ditlhogo tsa Tora ya Tebelo tsa setlhogo se se reng “Phuthego” di gatisiwa ka 1938, diphuthego tse di kwa Lontone, New York, Chicago, le Los Angeles di ne di setse di kopile Mokgatlho gore o di tlhophele batlhanka gonne di ne di godile ka selekanyo se go neng go tlhokega gore di kgaoganngwe ka ditlhophanyana tse dinnye. Tokololo ya June 15, 1938, ya Tora ya Tebelo (ka Seesemane) jaanong e ne ya kopa gore diphuthego tse dingwe tsotlhe di dire selo se se tshwanang. Gore seno se tle se dirwe, go ne ga akantshiwa maikano a a latelang:
“Rona, mophato wa batho ba Modimo bao re tlhaoletsweng leina la one, mme jaanong re le kwa . . . . . . . . . . . . , re lemoga gore go laolwa ke Modimo ke puso ya Modimo ka mo go feletseng le gore Keresete Jesu o mo tempeleng ebile o tlhokometse le go laola ka botlalo phuthego e e bonalang ya ga Jehofa, mmogo le e e sa bonaleng, le gore ‘MOKGATLHO’ ke moemedi o o bonalang wa Morena mo lefatsheng, mme ka gone re kopa gore ‘Mokgatlho’ o rulaganyetse mophato ono tirelo le gore o tlhome batlhanka ba ba farologaneng ba yone, e le gore rotlhe re dire ka kagiso, ka tshiamo, ka tumalano le ka kutlwano e e feletseng. Re tsenya lenaane la maina a batho ba ba mo mophatong ono bao mo go rona ba bonalang ba godile le bao ka ntlha ya moo ba bonalang ba tshwanelegela ka mo go molemolemo go tlatsa maemo a a tshwanetseng a a beetsweng tirelo eno.”l
Tota gone diphuthego tsotlhe tsa Basupi ba ga Jehofa di ne tsa amogela seno ka boitumelo. Ba sekae bao ba neng ba ikgogona ba ne ba tlogela go nna le seabe sepe fela mo go boleleng ka Bogosi mme ka go dira jalo ba tlogela go nna Basupi ba ga Jehofa.
Melemo ya go Kaelwa ka Tsela ya Puso ya Modimo
Go bonala sentle gore fa lefelo lengwe le lengwe le ne le ka itirela ditshwetso ka bolone mo dilong tse di jaaka dithuto, melao ya boitshwaro, le dithulaganyo tsa phuthego kana tsa go neela bosupi, ka bonakonyana fela phuthego e ne e tla felela e kgaogane ebile e sa utlwane. Bakaulengwe ba ne ba tla kgaoganngwa bonolo fela ke go se tshwane ga batho, dingwao, le bomorafe. Kafa letlhakoreng le lengwe, kaelo e e dirwang go ya ka tsela ya puso ya Modimo, e ne e tla tlhomamisa gore melemo e e nnang gone ka ntlha ya kgatelopele ya semoya e ne e tla kgona go fitlhelela diphuthego tsotlhe lefatshe ka bophara e sa kgorelediwe ke sepe. Ka gone go ne go tla nna le kutlwano ya mmatota eo Jesu a neng a rapelela gore e nne gone mo balateding ba gagwe ba boammaaruri, le tiro ya boefangele eo a e laetseng e ne e tla kgona go konelwa ka botlalo.—Yoh. 17:20-22.
Lefa go ntse jalo, bangwe ba ne ba bolela gore fa J. F. Rutherford a ne a simolola diphetogo tseno tsa mo phuthegong, o ne a leka fela gore a kgone go laola Basupi ka tsela e kgolwane le gore o ne a dirisa selo seno go gatelela gore o na le thata. A mme go ne go ntse jalo tota? Ga go na pelaelo gore Mokaulengwe Rutherford e ne e le motho yo o nonofileng mo go seo a neng a se dumela. O ne a bua ka maatla ebile a ka se ka a ineela fa go tla mo selong seo a neng a dumela gore ke boammaaruri. O ne a ka kgalema ka thata tota fa a ne a ka lemoga gore batho ba ne ba amegile thata ka bobone go na le go amega ka tiro ya Morena. Mme Mokaulengwe Rutherford o ne a ikokobeditse tota fa pele ga Modimo. Go ntse fela jaaka fa Karl Klein, yo o neng a nna leloko la Setlhopha Se Se Laolang ka 1974, a ne a kwala moragonyana jaana: “Dithapelo tsa ga Mokaulengwe Rutherford kwa kobamelong ya mo mosong . . . di ne tsa dira gore ke mo rate. Le mororo a ne a na le lentswe le le maatla jalo, fa a bua le Modimo o ne a utlwala fela jaaka mosimanyana a bua le rraagwe. Abo seno se ne se bontsha go nna le kamano e e molemo jang ne le Jehofa!” Mokaulengwe Rutherford o ne a tlhatswegile pelo ka botlalo gore phuthego e e bonalang ya ga Jehofa ke efe, mme o ne a leka go tlhokomela gore ga go na motho ope kana setlhopha sepe sa batho se se neng se tla kgona go kgoreletsa bakaulengwe ba mafelo a a farologaneng gore ba amogele melemo e e feletseng ya dijo tsa semoya le kaelo eo Jehofa a neng a e neela batlhanka ba Gagwe.
Le mororo Mokaulengwe Rutherford a ne a dira dingwaga di le 25 e le mookamedi wa Mokgatlho wa Watch Tower mme a bo a dirisa nonofo yotlhe ya gagwe go tsweledisa pele tiro ya phuthego eno, e ne e se moeteledipele wa Basupi ba ga Jehofa, ebile o ne a sa batle go nna ene. Kwa kopanong ya kwa St. Louis, Missouri, ka 1941, pelenyana fela a swa o ne a bua ka kgang ya boeteledipele, a bolela jaana: “Ke batla go itsise mongwe le mongwe yo mosha fano seo lo se akanyang ka motho yo o nnang moeteledipele wa lona, ka jalo ba se ka ba bo ba se lebala. Nako le nako fela fa sengwe se tsoga mme se simolola go gola, ba re go na le motho mongwe yo o leng moeteledipele yo o salwang morago ke ba le bantsi. Fa e le gore go na le mongwe mo bareetsing bano yo o akanyang gore nna, monna yono yo o emeng fano, ke moeteledipele wa basupi ba ga Jehofa, a a re Ee.” Karabo e ne ya nna tidimalo e e kgatlhang, ya thubiwa fela ke “Nnyaa” yo o gatelelwang a tswa mo go ba le mmalwa go tswa mo bareetsing. Sebui se ne sa tswelela jaana: “Fa lona ba lo leng fano lo dumela gore ke mongwe fela wa batlhanka ba Morena, mme re dira mmogo ka kutlwano, re direla Modimo re bo re direla Keresete, lo re Ee.” Ka lentswe le le lengwe fela phuthego yotlhe e ne ya duma ka “Ee!” yo o buiwang ka gangwe fela. Bareetsi kwa Engelane ba ne ba araba ka tsela e e tshwanang mo kgweding e e latelang.
Mo mafelong a mangwe melemo ya go laolwa ga phuthego ya ka tsela puso ya Modimo e ne ya utlwiwa ka bonako. Mo go a mangwe, e ne e tsaya lobaka; ba ba neng ba itshupa ba sa gole, e se batlhanka ba ba boikokobetso ba ne ba tlosiwa fa nako e ntse e tsamaya, mme go ne go tlhomiwa ba bangwe.
Lefa go ntse jalo, jaaka fa dithulaganyo tsa go laolwa ka tsela ya puso ya Modimo di nna di tsepama ka mo go feletseng, Basupi ba ga Jehofa ba ne ba itumelela go bona seo se neng se boleletswe pele mo go Isaia 60:17 se diragala. Jehofa o bolela jaana a dirisa mafoko a tshwantshetso go bontsha maemo a a tokafaditsweng ao a neng a tla nna gone mo batlhankeng ba Modimo: “Mo boemoñ yoa kgōtlhō ke tla lere gouda, le kgōtlhō boemoñ yoa logoñ, ke lere selefera boemoñ yoa tshipi, le tshipi boemoñ yoa mayè; ke tla diha maōtlana a gago kagishō, le badihisi ba gago tshiamō.” Seno ga se tlhalose seo batho ba neng ba tla se dira mme, go na le moo, seo Modimo ka boene a neng a tla se dira le melemo eo batlhanka ba gagwe ba neng ba tla e bona fa ba ineela mo go sone. Go tshwanetse ga nna le kagiso mo gare ga bone. Go rata se se siameng go tshwanetse ga nna selo se se ba tlhotlheletsang go direla.
Go tswa kwa Brazil, Maud Yuille ebong mosadi wa molebedi wa lekala, o ne a kwalela Mokaulengwe Rutherford jaana: “Setlhogo se se reng ‘Phuthego’ mo ditokololong tsa [Tora ya Tebelo (ka Seesemane)] tsa June 1 le 15 [1938] se ntlhotlheletsa gore ke go bolelele mafoko ano a le mmalwa, wena yo Jehofa a dirisang tirelo ya gago e o e dirang ka boikanyego, ke leboga Jehofa ka dithulaganyo tse di molemo tseo a di dirileng a di direla phuthego ya gagwe e e bonalang, jaaka fa di tlhalosiwa mo dimakasineng tse pedi tseno tsa Tora ya Tebelo. . . . Abo go lapolosa jang ne go bona go sa tlhole go le teng ‘Thulaganyo ya Gore Phuthego Nngwe le Nngwe E Itaolele Dilo’ le ‘go lwela ga basadi ditshwanelo tse di lekanang le tsa banna’ le dithulaganyo tse dingwe tse eseng tsa dikwalo tseo di dirileng gore batho ba laolwe ke dikgopolo tsa batho le kafa batho ba neng ba atlhola dilo ka gone mo boemong jwa gore ba ineele mo go [Jehofa Modimo le Jesu Keresete], mme ka go dira jalo ba lere sekgobo mo leineng la ga Jehofa. Ke boammaaruri gore ‘mo nakong e e sa tswang go feta eno Mokgatlho o ne o bitsa botlhe ba ba leng mo phuthegong “batlhanka”’, lefa go ntse jalo ke ne ka tlhokomela gore ka dingwaga di le dintsi pele ga nako eo mo makwalong a gago ao o neng o ntse o a kwalelana le bakaulengwe ba gago o ne o ntse o ipitsa ‘mokaulengwe wa lona le motlhanka, ka kutlwelobotlhoko ya Gagwe’.”
Malebana le phetogo eno e e dirilweng mo phuthegong, lekala la kwa British Isles le ne la bega jaana: “Molemo oo selo seno se neng sa o lere o ne o gakgamatsa thata. Tlhaloso e e boletsweng ka tsela ya poko le ya seperofeti ya selo seno e e leng mo go Isaia kgaolo ya bosomeamararo e a kgatlha mme ebile ga e feteletse dilo. Mongwe le mongwe yo a neng a le mo boammaaruring o ne a bua ka yone. E ne e le sone setlhogo se segolo se go neng go tlotliwa ka sone. Batho ba ne ba ikutlwa jaaka ekete ba ne ba filwe nonofo ka tsela nngwe—ba iketleeleditse go gatela pele go lwa ntwa e e kaelwang sentle. Jaaka fa mathata a lefatshe a ntse a oketsega, go itumelela puso ya Modimo go ne ga oketsega.”
Balebedi Ba Ba Etang Ba Nonotsha Diphuthego
Go nna seoposengwe ga diphuthego go ne ga nonotshiwa ka mo go oketsegileng ka ntlha ya tiro e e neng e dirwa ke balebedi ba ba etang. Mo lekgolong la ntlha la dingwaga, moaposetoloi Paulo o ne a nna le seabe mo tirong eno ka mo go tlhomologileng. Ka dinako tse dingwe, banna ba ba tshwanang le Barenabase, Timotheo, le Tito le bone ba ne ba nna le seabe mo go yone. (Dit. 15:36; Bafil. 2:19, 20; Tito 1:4, 5) Botlhe e ne e le baefangele ba ba tlhoafetseng. Mo godimo ga moo, ba ne ba kgothatsa diphuthego ka dipuo tsa bone. Fa go ne go tsoga dikgang tse di neng di ka ama kutlwano ya diphuthego, di ne di isiwa kwa setlhopheng se se laolang. Morago ga moo, fa ba “nntse ba èta ba tsèna ka metse,” ba ba neng ba neilwe boikarabelo joo ba ne ba “ba neèla melaō go e tshegetsa, eboñ e e tlhomilweñ ke baaposetoloi le bagolwane ba ba kwa Yerusalema.” Seno se ne sa felela ka eng? “Diphuthègo tsa kgothala mo tumeloñ, me tsa ntsihala mo paloñ ka malatsi aotlhe.”—Dit. 15:1–16:5; 2 Bakor. 11:28.
Ka dingwaga tsa bo1870, Mokaulengwe Russell o ne a setse a simolotse go etela ditlhopha tse dingwe tsa Baithuti ba Bibela—ditlhopha tsa batho ba babedi kana tsa ba bararo mmogo le ditlhopha tse dikgolwane—go di aga semoyeng. Bakaulengwe ba bangwe ba le mmalwa ba ne ba nna le seabe mo go seno ka bo1880. Morago ga foo, ka 1894 go ne ga dirwa dithulaganyo tsa gore Mokgatlho o romele dibui tse di tshwanelegang sentle gore di tseye maeto kgapetsakgapetsa go thusa Baithuti ba Bibela gore ba gole mo kitsong le mo go anaaneleng boammaaruri le go ba kopanya mmogo.
Fa go kgonega sebui se ne se nna letsatsi kana a le mmalwa le setlhopha seo, se neela puo e le nngwe kana di le pedi tsa phatlalatsa mme e re morago ga foo, a etele ditlhophanyana tse dinnye le batho bangwe gore a ye go tlotla le bone ka dilo tse di botennyana tsa Lefoko la Modimo. Go ne ga dirwa boiteko jwa gore setlhopha sengwe le sengwe kwa United States le Canada se etelwe gabedi ka ngwaga, le mororo gantsi se ne se sa etelwe ke mokaulengwe a le mongwe. Fa ba ne ba tlhopha dibui tseno tse di tsamayang, go ne go otlelelwa gore ba nne boingotlo, boikokobetso, le go tlhaloganya boammaaruri sentle le go tshwarelela ka boikanyego mo go jone le kgono ya go bo ruta ka tsela e bo kgonang go tlhaloganngwa. Ba ne ba sa duelelwe bodihedi jwa bone. Bakaulengwe ba mo lefelong leo ba ne ba ba fa dijo le marobalo, mme Mokgatlho o ne o ba thusa ka ditshenyegelo tsa mosepele go ya kafa go tlhokegang ka gone. Ba ne ba simolola go itsiwe jaaka baeti ba sedumedi.
Bontsi jwa baemedi bano ba ba etang ba Mokgatlho ba ne ba ratwa thata ke ba ba ba direlang. A. H. Macmillan, yo a neng a tswa kwa Canada, o gakologelwa e le mokaulengwe yo Lefoko la Modimo le neng le tshwana le “molelō o o shañ” mo go ene. (Yer. 20:9) O ne a sa kgone go nna a sa bue ka lone, ebile o ne a bua ka lone, a bua eseng le batho ba Canada fela mme gape o ne a bua le ba ba mo dikarolong tse dintsi tsa United States le mo dinageng tse dingwe. William Hersee, yo e neng e le moeti yo mongwe wa sedumedi, o gakologelwa thata ka ntlha tlhokomelo eo a neng a e neela basha ka mo go kgethegileng. Dithapelo tsa gagwe le tsone di ne di nnela ruri mo mogopolong ka gonne di ne di bontsha kafa a neng a godile sentle ka teng semoyeng eleng selo seo se neng se ama dipelo tsa batho ba basha le ba ba godileng ka mo go tshwanang.
Go tsamaya ba eta jalo e ne e se selo se se bonolo mo baeting bao ba sedumedi ba malatsi ao a pele. Ka sekai fa a ne a tshwanelwa ke go direla setlhopha se se fa gaufi le Klamath Falls, Oregon, Edward Brenisen o ne a tsamaya pele ka terena, mme a fetse bosigo jotlhe a tsamaya ka kara e e gogwang ke dipitse, mme e re kwa bokhutlong a tsamae ka koloi ya buckboard e e lapisang tota go e pagama a ya kwa dithabeng go ya kwa polasing eo ba neng ba kopanela kwa go yone. Mo mosong wa letsatsi morago ga pokano ya bone, mokaulengwe o ne a mo neela pitse eo a tla tsamayang ka yone dikilometara di ka nna 100 go ya kwa bopalamelong jwa terena jo bo fa gaufi gore a ye kwa kabelong ya gagwe e e latelang. E ne e le botshelo jo bo bokete, mme go ne go nna le matswela a a molemo ka ntlha ya tiro ya bone. Batho ba ga Jehofa ba ne ba nonotshiwa, ba tlhaloganya Lefoko la Modimo ka tsela e e tshwanang, mme ba dirwa gore ba atamalane le mororo ba ne ba nna mo mafelong a a neng a katologane thata.
Ka 1926, Mokaulengwe Rutherford o ne a simolola go dira dithulaganyo tse di neng tsa fetola tiro ya baeti ba sedumedi gore e se nne ya go nna dibui fela tse di etang mme ba nne jaanong bagakolodi ba ba etang le ba ba kgothatsang diphuthego gore di dire tirelo ya tshimo. Go gatelela maikarabelo a bone a masha, ba ne ba bidiwa bakaedi ba tirelo ba tikologo ka 1928. Ba ne ba dira le bakaulengwe ba lefelo leo, ba ba kaela ka namana mo tirelong ya tshimo. Mo nakong eno go ne go kgonega gore ba fitlhelele phuthego nngwe le nngwe e e leng kwa United States le kwa mafelong a mangwe mo e ka nnang gangwe ka ngwaga, mme ba ntse ba tlholatlhola gape le batho le ditlhophanyana tse dinnye tseo di neng di ise di rulaganyediwe tirelo.
Mo dingwageng tse di latelang, tiro ya balebedi ba ba etang e ne ya nna ya fetofetolwa ka ditsela tse di farologaneng.a E ne ya nonotshiwa thata ka 1938 fa batlhanka botlhe ba diphuthego ba ne ba tlhopiwa ka tsela ya puso ya bomodimo. Go etela diphuthego tseno ka dinako tse di tlhomilweng ka metlha di sekae tse di neng tsa latela go ne ga ba neela tshono ya go thapisa mongwe le mongwe wa batlhanka ba ba tlhomilweng ka namana le go thusa mongwe le mongwe mo tirelong ya tshimo ka mo go oketsegileng. Ka 1942, balebedi ba ba etang ba ne ba rutwa tota pele ba romelwa gape kwa diphuthegong; ka ntlha ya moo, tiro ya bone e ne ya dirwa ka tsela e e tshwanang gongwe le gongwe. Maeto a bone a ne a le makhutshwane thata (letsatsi le le lengwe go ya go a le mararo, go ikaegile ka gore phuthego eo e kgolo go le kana kang). Ka nako eo ba ne ba lebelela direkoto tsa phuthego, ba ne ba kopana le batlhanka botlhe gore ba ba neele kgakololo e e neng e tlhokega, ba neela diphuthego puo e le nngwe kana di le pedi, mme ba ne ba etelela pele mo tirelong ya tshimo. Ka 1946 maeto ano a ne a okediwa ka gore phuthego nngwe le nngwe e etelwe beke e le nngwe.
Thulaganyo eno ya go etela diphuthego e ne ya okediwa ka 1938 ka go dira gore motlhanka wa tikologo a nne le tiro e ntšha. O ne a dira karolo e kgolwane, a nna a fetsa beke le mongwe le mongwe wa bakaulengwe ba ba neng ba etela diphuthego mo sounong (potologong). Ka nako ya fa a etile o ne a direla mo thulaganyong ya kopano e e neng e tlilwe ke diphuthego tsotlhe tse di leng mo sounong eo.b Thulaganyo eno e ne e tlhotlheletsa bakaulengwe thata ebile ka metlha e ne e neela ditshono tsa gore barutwa ba basha ba kolobediwe.
“Mongwe Yo O Ratang Tirelo”
John Booth yo a neng a nna leloko la Setlhopha Se Se Laolang ka 1974 e ne e le mongwe wa bao ba neng ba nna le seabe mo tirelong eno go tloga ka 1936. O ne a bolelelwa jaana fa a ne a botsolodiwa jaaka yo o neng a ka nna a dirisiwa go nna mokaedi yo o etang: “Ga re tlhoke dibui tsa ditswerere, re batla fela motho yo o ratang tirelo eno ebile a tlile go etelela pele mo go yone le go bua ka tirelo mo dipokanong.” Mokaulengwe Booth o ne a rata tirelo ya ga Jehofa ka tsela eo, jaaka seo se bonala mo tirelong ya gagwe ya bobulatsela eo a neng a e dira ka tlhoafalo fa e sale ka 1928, mme o ne a tlhotlheletsa ba bangwe gore ba tlhoafalele go bolelela ba bangwe efangele ka go tlhoma sekao le ka go bolela mafoko a a kgothatsang.
Phuthego ya ntlha eo a neng a e etela, ka March 1936, e ne e le kwa Easton, Pennsylvania. Moragonyana o ne a kwala jaana: “Gantsi ke ne ke goroga ka nako mo lefelong leo gore re tswele tirelong ya tshimo mo mosong, ke ne ke nna le pokano le batlhanka ba phuthego eo mo karolong ya pele ya maitseboa mme moragonyana ke ne ke nna le e nngwe le setlhopha sotlhe. Gantsi ke ne ke nna malatsi a le mabedi fela mo setlhopheng sotlhe mme ke ne ke nna letsatsi le le lengwe fela le setlhopha se sennye, ka dinako tse dingwe ke etela ditlhopha tse di ntseng jalo di le thataro mo bekeng e le nngwe. Ke ne ke nna fela mo tseleng.”
Dingwaga tse pedi moragonyana, ka 1938, o ne a abelwa go nna motlhanka wa tikologo go tlhokomela kopano ya souno beke le beke (e gone jaanong e bidiwang kopano ya potologo). Tsone di ne di thusa go nonotsha bakaulengwe ka nako ya fa pogiso e ne e simolola go oketsega mo dikarolong dingwe. Mokaulengwe Booth o ne a bolela jaana a gakologelwa malatsi a gagwe le maikarabelo a gagwe a mantsintsi: “Ka yone beke eo [e ke neng ke le mosupi ka yone mo kgannyeng nngwe ya tsheko e e neng e amana le Basupi ba ka nna 60 kwa Indianapolis, kwa Indiana] ke ne ke sekisiwa mo kgetsing e nngwe kwa Joliet, Illinois, ke le mmueledi wa mokaulengwe mongwe mo go e nngwe kwa Madison, kwa Indiana, mme, mo godimo ga moo, ke tshwanetse ka tshwara kopano ya potologo mafelobeke mangwe le mangwe.”
Dingwaga tse pedi fa dikopano tseno tsa souno (jaanong di bidiwa dikopano tsa potologo) di simolola go tshwarwa gape ka 1946, Carey Barber e ne e le mongwe wa bao ba neng ba tlhophiwa go nna batlhanka ba kgaolo. O ne a setse a kile a nna leloko la lelapa la Bethele kwa Brooklyn, kwa New York, ka dingwaga di le 25. Kgaolo ya gagwe ya ntlha e ne e akaretsa karolo yotlhe e e kafa bophirima jwa United States. La ntlha, go tsamaya go tswa mo kopanong e nngwe go ya kwa go e nngwe e ne e le loeto lwa dikilometara di le 1 600 beke nngwe le nngwe. O ne a sa tlhole a tlhoka go tsamaya sekgala se seleele thata fa palo ya diphuthego e ntse e gola le batho ba tsone diphuthego tseno ba oketsega mme dikopano tse dintsinyana tsa potologo gantsi di ne di tshwarelwa kwa karolong e le nngwe ya toropo e kgolo. Morago ga dingwaga di le 29 tseo a di feditseng e le molebedi yo o etang, Mokaulengwe Barber o ne a lalediwa gore a boele kwa ntlongkgolo ya lefatshe lotlhe ka 1977 go nna leloko la Setlhopha Se Se Laolang.
Ka dinako tsa ntwa le tsa pogiso e e botlhoko, gantsi balebedi ba ba etang ba ne ba tsenya kgololesego ya bone le matshelo a bone mo kotsing gore ba tlhokomele gore bakaulengwe ba bone ba itekanele sentle semoyeng. Ka nako ya fa Ba-Nazi ba ne ba gapile Belgium, André Wozniak o ne a tswelela a ntse a etela diphuthego ebile a thusa ka go tsamaisa dibuka. Gantsi Ma-Gestapo a ne a batla a mo tshwara mme ba ne ba se ka ba kgona go mo tshwara.
Kwa Rhodesia (eo jaanong e itsiweng e le Zimbabwe) fa dingwaga tsa bo 1970 di ela go fela, batho ba ne ba tshelela mo poifong ebile go ne go sa tlhole go etwa thata ka nako ya fa go ne go lowa mo karolong eo. Mme balebedi ba ba etang ba Basupi ba ga Jehofa, jaaka badisa le balebedi ba ba lorato, ba ne ba itshupa ba tshwana le “boipotelecō mo phehoñ” mo bakaulengweng ba bone. (Isa. 32:2) Bangwe ba ne ba tshwanelwa ke go tsamaya ka dinao ka malatsi a le mmalwa mo sekgweng, ba tlhatloga ba bo ba fologa dithaba, ba tshela dinoka tse di kotsi, ba robala mo nageng bosigo—gotlhe gono e le fela gore ba fitlhe kwa diphuthegong le kwa baboleding ba ba kwa thoko, gore ba ba kgothatse gore ba nne ba nonofile mo tumelong. Mongwe wa bone e ne e le Isaiah Makore, yo o neng a falola ka tshoba la mogodu fa marumo a ne a letsakaka melodi mo godimo ga tlhogo ya gagwe ka nako ya fa masole a puso a ne a lwa le “balwela kgololesego.”
Balebedi ba bangwe ba potologo ba ne ba direla phuthego eno ka dingwagangwaga ba etela le dinaga tse dingwe tse di kwa ntle. Poresidente wa Mokgatlho wa Watch Tower gantsi o ne a etela kwa dinageng tse dingwe go ya go thusa mo dilong tse dingwe tse di tlhokwang ke phuthego le go neela dipuo kwa dikopanong tse dikgolo. Maeto a a ntseng jalo a ne a thusa thata mo go bolokeng Basupi ba ga Jehofa gongwe le gongwe ba ntse ba tlhokometse bokaulengwe jwa bone jwa meraferafe. Mokaulengwe Knorr o ne a dira jalo ka metlha, a etela lekala lengwe le lengwe le magae a barongwa. Jaaka fa mokgatlho ono o ntse o gola, lefatshe le ne la kgaoganngwa ka disouno di le lesome tsa meraferafe, mme go tloga ka January 1, 1956, bakaulengwe ba ba tshwanelegang, ba kaelwa ke poresidente, ba ne ba simolola go thusa go etela disouno tseno e le gore e tle e dirwe ka metlha. Go nna ba etela makala jalo, go jaanong go kaelwang ke Komiti ya Tirelo ya Setlhopha Se Se Laolang, go tswelela go dira gore phuthego yotlhe e nne e ntse e le e e utlwanang le e e gatelang pele.
Dilo tse dingwe gape tse di neng tsa direga di ne tsa dira gore phuthego eno e nne jaaka fa e ntse gone jaanong.
Tshedimosetso E Nngwe Gape ya Puso ya Bomodimo
Joseph F. Rutherford o ne a swa ka January 8, 1942 fa Ntwa ya Lefatshe II e ntse e tsweletse, mme Nathan H. Knorr o ne a nna poresidente wa boraro wa Mokgatlho wa Watch Tower. Phuthego eno e ne e na le mathata tota ka ntlha ya go bo ditiro tsa yone di ne di thibetswe mo dinageng tse dintsi, ba tlhaselwa ke digopa tsa batho di dirwa ke mokgwa wa boratanaga, ebile Basupi ba ne ba tshwarwa fa ba ntse ba tsamaisa dibuka tsa Bibela mo bodiheding jwa bone jwa phatlalatsa. A go fetolwa ga tsela eo dilo di tsamaisiwang ka yone go ne go tla dira gore tiro e tsamae ka iketlo mo nakong e e ntseng jalo ya mathata? Bakaulengwe ba ba neng ba tlhokometse tsamaiso ya mokgatlho ba ne ba leba fela kwa go Jehofa gore a ba kaele a bo a ba segofatse. Tumalanong le go eletsa ga bone gore ba kaelwe ke Modimo, ba ne ba sekaseka gape tsela e phuthego e neng e rulagantswe ka yone gore ba bone gore a go ne go sena dikarolo tseo ba neng ba ka dira gore ba dumalane ka mo go oketsegileng le ditsela tsa ga Jehofa mo go tsone.
Mme e ne ya re ka 1944 go ne ga tshwarwa kopano ya tirelo e e neng e amana le pokano ya ngwaga le ngwaga ya Mokgatlho wa Watch Tower kwa Pittsburgh, kwa Pennsylvania. Ka September 30, pele fela ga pokano eo ya ngwaga le ngwaga, go ne ga neelwa metseletsele ya dipuo tse di botlhokwa thata malebana le seo Dikwalo di se bolelang ka phuthego ya batlhanka ba ga Jehofa.c Tlhokomelo e ne e lebisitswe go Setlhopha Se Se Laolang. Mo nakong eo go ne ga gatelelwa ntlha ya gore melaometheo ya sone ya puso ya bomodimo e tshwanetse ya dirisiwa ke baemedi botlhe ba ba dirisiwang ke setlhopha sa motlhanka yo o boikanngo le yo o botlhale. Go ne ga tlhalosiwa gore mokgatlho wa semolao o ne o sa bopiwe ke batho botlhe “ba ba ineetseng” ba Modimo. O ne o ba emela fela, e le sedirisiwa sa semolao mo go bone. Lefa go ntse jalo, fela jaaka fa Mokgatlho e ne e le sedirisiwa sa go gatisa se se neng se dirisiwa go neela Basupi ba ga Jehofa dibuka tse di neng di na le tshedimosetso ya semoya, go a utlwala ebile go a tshwanela gore Setlhopha Se Se Laolang se bo se amana thata le batsamaisi le bakaedi ba Mokgatlho oo wa semolao. A melaometheo ya puso ya Modimo e ne e dirisiwa ka botlalo mo dilong tsa one?
Molaotheo wa Mokgatlho o ne o na le thulaganyo ya go nna le dishere tsa moneelo wa bokana ka $10 (U.S.) motho a le mongwe tseo di neng di dira gore motho yo o a neetseng a kgone go nna le seabe mo go bouteng fa go tlhophiwa maloko a boto ya bakaedi le batsamaisi ba Mokgatlho. Gongwe go ne go bonala ekete meneelo e e ntseng jalo e ne e bontsha gore motho o kgatlhegela tiro ya phuthego eletota. Lefa go ntse jalo, thulaganyo eno e ne ya baka mathata. Mokaulengwe Knorr ebong poresidente wa Mokgatlho, o ne a tlhalosa jaana: “Go ya ka seo se leng mo molaotheong wa Mokgatlho, go ne go bonala ekete gore motho a nne karolo ya setlhopha se se laolang go ne go ikaegile ka meneelo eo a e ntshetsang Mokgatlho wa semolao. Mme go ya ka thato ya Modimo go ne go ka se ka ga nna jalo mo bathong ba gagwe ba tota a ba itlhaoletseng.”
E ne e le boammaaruri gore Charles Taze Russell e ne e le ene a neng a ntshetsa Mokgatlho moneelo wa madi, a ineetse ka boene, ebile a dirisa tlhaloganyo ya gagwe go gaisa botlhe mo setlhopheng se se laolang mo dingwageng tsa one tsa ntlha tse 32. Mme lefa go ntse jalo meneelo e a e ntshitseng ya madi ga se yone e neng e laola kafa Morena a neng a mo dirisa ka gone. E ne e le boineelo jwa gagwe jo bo feletseng, go nna ga gagwe tlhaga ka metlha, go emela ga gagwe Bogosi jwa Modimo a sa ineele, le boikanyego jwa gagwe le tumelo ya gagwe e e nonofileng tseo di neng di dira gore Modimo o mmone a tshwanelegela tirelo ya gagwe. Molao ono o a dira mo phuthegong e e laolwang ka tsela ya puso ya bomodimo: “Modimo o beile ditokololō, ñwe le ñwe ea cōna mo mmediñ, hèla kaha go kgatlhileñ ōna ka gōna.” (1 Bakor. 12:18) “Lefa go ntse jalo,” Mokaulengwe Knorr o ne a tlhalosa jaana, “fela jaaka molaotheo wa Mokgatlho o ne wa bolela gore batho ba ba ntshetsang tiro ya Mokgatlho meneelo ya madi ba kgone go nna le dishere tse di dirang gore ba kgone go bouta o ne o batla o sira kana o khupetsa molaomotheo ono wa go laolwa go ya ka Puso ya Bomodimo fa go tla mo setlhopheng se se laolang; gape o ne o batla o o tsenya mo kotsing kana o o kgoreletsa.”
Ka gone, ka October 2, 1944, kwa pokanong ya kgwebo ya botlhe ba ba nang le dishere mo Mokgatlhong ebile ba bouta, go ne ga boutiwa ka mowa o le mongwe fela gore molaotheo wa Mokgatlho o kwadiwe sesha gape mme o dirwe gore o dumalane thata le melaometheo ya go dira dilo go ya ka tsela ya puso ya Modimo. Jaanong palo ya maloko e ne e sa tlhole e le e e lekanyeditsweng mme e ne e tla nna fa gare ga 300 le 500, botlhe e le batho ba ba tlhophilweng ke boto ya bakaedi, eseng ka ntlha ya meneelo ya madi, mme e le ka ntlha ya gore e ne e le Basupi ba ba nonofileng, ba ba tlhaga, ba ba ikanyegang ba ga Jehofa ba ba neng ba direla ka nako e e tletseng mo tirong ya phuthego kana bao e neng e le badihedi ba ba tlhaga ba diphuthego tsa Basupi ba ga Jehofa. Maloko ano a ne a tla tlhopha boto ya bakaedi, mme boto ya bakaedi e ne e tla tlhopha batsamaisi ba yone. Dithulaganyo tse disha tseno di ne tsa simolola go dira mo ngwageng e e latelang ka October 1, 1945. Abo seno se ile sa itshupa se sireletsa jang ne mo nakong eo mo go yone batho ba ba bosula ba neng ba lekile gantsi go laola dilo tsa kgwebo gore ba kgone go laola mekgatlho mme ba e rulaganye sesha ka tsela eo e neng e tshwanela maikaelelo a bone!
Go ile ga bonala gore Jehofa o segofatsa dilo tseno tse di dirwang go gatela pele ba dumalana le melaometheo ya go laolwa ka tsela ya puso ya bomodimo. Go sa kgathalesege mathata a magolo a a neng a tlela phuthego ka Ntwa ya Lefatshe II, palo ya baboledi ba Bogosi e ne ya tswelela e ntse e gola. Ba ne ba tswelela ba neela bosupi ba Bogosi jwa Modimo ka matlhagatlhaga, ba sa kgaotse. Go tloga ka 1939 go fitlha ka 1946, Basupi ba ga Jehofa ba ne ba oketsege thata ka 157 lekgolong ebile ba ne ba bo ba kgona go rera mafoko a a molemo mo dinageng tse dingwe tse thataro. Mo dingwageng tse 25 tse di latelang, palo ya Basupi ba ba tlhagafetseng e ne ya golela go ba ba ka nnang 800 lekgolong e nngwe gape, mme ba ne ba bega tiro ya dinaga tse dingwe di le 86 ka metlha.
Balebedi ba Katisiwa ka Tsela E E Kgethegileng
Batho ba ba neng ba lebile ba le ka kwa ntle ga phuthego ba ne ba dumela gore fa phuthego eno e ntse e gola thata, melao ya yone e ne e tla tlhofofadiwa. Mme lefa go ntse jalo, mo boemong jwa seo, Bibela e ne ya bolelela pele gore tshiamo le kagiso di ne di tla gola mo gare ga batlhanka ba ga Jehofa. (Isa. 60:17) Seno se ne se tla dira gore balebedi ba ba nang le maikarabelo ba rutiwe Lefoko la Modimo ka kelotlhoko le ka mo go tsweletseng pele gore ba tlhaloganye melao ya gagwe ya katlholelo ka tsela e e utlwalang sentle, le gore ba dirise melao eo ka metlha. Thuto eo e ne ya neelwa. Go ile ga nna ga rutiwa thuto e e feletseng ya dilo tse di siameng tse Modimo a di batlang ka Tora ya Tebelo, mme dintlha tseno di ne di ntse di ithutiwa ka thulaganyo ke phuthego nngwe le nngwe ya Basupi ba ga Jehofa lefatshe ka bophara. Mme mo godimo ga moo, balebedi ba letsomane ba ne ba kaelwa ka mo go oketsegileng.
Balebedi ba bagolo ba makala a Mokgatlho ba ile ba kopanngwa mmogo gore ba thapisiwe ka tsela e e kgethegileng ka nako ya dikopano tsa meraferafe. Go tloga ka 1961 go fitlha ka 1965, ba ne ba tshwarelwa dikhoso tsa sekolo tse di diretsweng bone ka mo go kgethegileng, tse di tsayang dikgwedi di le robedi go ya go di le lesome ka boleele, kwa New York. Go tloga ka 1977 go fitlha ka 1980 ba ne ba tshwarelwa metseletsele e mengwe ya dikhoso tse di kgethegileng tsa dikgwedi di le tlhano. Thapiso ya bone e ne e akaretsa go ithuta temana nngwe le nngwe ya dibuka tsotlhe tsa Bibela mmogo le go sekaseka dintlha tsa phuthego le ditsela tseo go ka tsweledisiwang go rerwa ga mafoko a a molemo ka tsone. Basupi ba ga Jehofa ga ba a kgaoganngwa ke bomorafe. Go sa kgathalesege gore ba tshela kae, ba ikobela thata melao e e tshwanang e e kwa godimo ya Bibela ebile ba dumela le go ruta dilo tse di tshwanang.
Balebedi ba potologo le ba kgaolo le bone ba ne ba ntse ba tlhokomelwa ka tsela e e kgethegileng. Ba le bantsi ba bone ba ne ba nna gone kwa Sekolong sa Bibela sa Watchtower sa Gileade kana go sengwe sa Dikolo tsa sone Tse Di Okeditsweng. Nako le nako, le bone ba a kopanngwa mmogo kwa diofising tsa makala tsa Mokgatlho, kana ba kopana kwa mafelong a mangwe a a tshwanetseng, gore ba ye go rutiwa ka lobaka lwa malatsi a sekae kana beke.
Ka 1959 go ne ga simololwa thulaganyo e nngwe gape. Yone e ne e le Sekolo sa Bodihedi sa Bogosi, seo se neng se kopanelwa ke balebedi ba potologo le ba kgaolo le ke balebedi ba diphuthego. Se ne sa simolola jaaka khoso ya go ithuta e e tsayang kgwedi yotlhe. Fa e sena go nna e tshwarwa ka lobaka lwa ngwaga kwa United States, dintlha tsa khoso eno di ne tsa ranolelwa mo dipuong tse dingwe mme di ne tsa tswelela di dirisiwa mo lefatsheng lotlhe. Ereka go ne go sa kgonege gore balebedi botlhe ba rulaganyetse gore ba tlogele tiro ya bone ya boitshediso ka lobaka lwa kgwedi yotlhe, go ne ga dirwa khoso ya dibeke di le pedi e e neng ya simolola ka 1966.
Sekolo seno e ne e se seminari eo mo go yone banna bano ba neng ba thapisiwa ba ipaakanyetsa go tloga ba tlhomamisiwa. Batho ba ba neng ba nna gone e ne e setse e le badihedi ba ba tlhomamisitsweng. Ba le bantsi ba bone e ne e ntse e le balebedi le badisa ba letsomane ka masomesome a dingwaga. Go rutiwa go ga bone e ne e le tshono ya go tlotla ka botlalo kafa seo Lefoko la Modimo le ba kaelang go dira tiro ya bone ka gone. Go ne ga gatelelwa thata kafa bodihedi jwa tshimo bo neng bo le botlhokwa ka gone le kafa bo ka dirwang ka tsela e e matsetseleko ka gone. Ka ntlha ya boemo jo bo neng bo ntse bo fetoga jwa boitshwaro mo lefatsheng, go ne go senngwa nako e ntsinyana gape go tlotliwa ka tsela eo go ka supiwang kafa melao ya Bibela ya boitshwaro e leng botlhokwa ka teng. Moragonyana khoso eno e ne ya latelwa ke diseminara tse di tshwarwang morago ga dingwaga dingwe le dingwe tse pedi kana tse tharo, mmogo le ke dipokano tse di thusang tse di tshwarwang ke balebedi ba ba etang ba di tshwara le bagolwane ba lefelo leo makgetlo a le mmalwa ngwaga le ngwaga. Di ba naya tshono ya go tlhokomela dilo tse di tlhokegang mo nakong eo ka tsela e e kgethegileng. Di thusa gore re se ka ra fapoga mo melaong ya Bibela, mme di dira gore maemo a tshwarwe ka tsela e e tshwanang mo diphuthegong tsotlhe.
Basupi ba ga Jehofa ba tsaya tsia kgakololo eno e e leng mo go 1 Bakorintha 1:10: “Ba ga echo, kea lo rapèla, ka leina ya Morèna oa rona Yesu Keresete, gore lo nnè puō ñwe hèla lotlhe, le gore go se nne dikgaoganō mo go lona; me lo ko lo itekanèlè mmōgō, le mo mogopoloñ o le moñwe hèla, le mo tshekatshekoñ e le ñwe hèla.” Seno ga se go dumalana go go pateleditsweng; go nna gone ka ntlha ya go bo re ithuta ditsela tsa Modimo jaaka di kwadilwe mo Bibeleng. Basupi ba ga Jehofa ba jesiwa monate ke ditsela tsa Modimo le maikaelelo a gagwe. Fa bape fela ba sa tlhole ba itumedisiwa ke go tshela tumalanong le melao ya Bibela, ba ka nna ba tlogela phuthego. Mme fa bape fela ba simolola go rera dilo tse dingwe tse bone ba di dumelang kana ba itlhokomolosa boitshwaro jwa Bibela, balebedi ba tsaya dikgato go sireletsa letsomane. Phuthego e dirisa kgakololo eno ya Bibela: “Lepañ ba ba cosañ dikgaoganō le dikgopishō tse di hapaanyeñ le thutō e lo e ithutileñ: me lo kgaoganè nabō.”—Bar. 16:17; 1 Bakor. 5:9-13.
Bibela e ne ya bolelela pele gore Modimo o ne o tla dira gore go nne le boemo jwa mofuta ono mo batlhankeng ba gagwe, boemo joo mo go jone go neng go tla nna le tshiamo mme go nne le maungo a kagiso. (Isa. 32:1, 2, 17, 18) Maemo ao a ikuela thata mo bathong ba ba ratang se se siameng.
Go tlile go phuthiwa barati bano ba tshiamo ba le bakae pele ga bokhutlo jwa tsamaiso eno ya bogologolo? Basupi ba ga Jehofa ga ba itse. Mme Jehofa o itse seo tiro ya gagwe e tla se tlhokang, mme ka nako e e leng ya gagwe le ka tsela ya gagwe o tlhokomela gore phuthego ya gagwe e bo e na le dilo tse di tlhokegang tsa go dira tiro eno.
Go Ipaakanyetsa Kgolo E E Diregang ka Bofefo
Fa go ne go dirwa dipatlisiso kafa tlase ga kaelo ya Setlhopha Se Se Laolang e le fa go ne go kwalwa buka ya ditshupiso ya Aid to Bible Understanding, go ne ga lebisiwa tlhokomelo gape mo tseleng eo phuthego ya Bokeresete ya lekgolo la ntlha la dingwaga e neng e rulagantswe ka yone. Go ne ga ithutiwa mareo a Bibela a a tshwanang le “mogolwane,” “molebedi,” le “modihedi,” ka kelotlhoko. A phuthego ya segompieno ya Basupi ba ga Jehofa e ne e ka kgona go dumalana ka botlalo le mokgwa wa go dira dilo o o neng o kwadilwe mo Dikwalong gore o re kaele?
Batlhanka ba ga Jehofa ba ne ba ititeile sehuba gore ba tla tswelela ba ntse ba dumela gore ba kaelwe ke Modimo. Mo metseletseleng ya dikopano tse di neng di tshwerwe ka 1971, go ne ga lebisiwa tlhokomelo go dithulaganyo tsa go laola tsa diphuthego tsa pele tsa Bokeresete. Go ne ga bolelwa gore lefoko le le reng pre·sbyʹte·ros (monna yo o godileng, mogolwane), jaaka fa le dirisiwa mo Bibeleng, le ne le sa bue fela ka batho ba ba godileng, ebile le ne le sa bue ka diphuthego tsotlhe tse di neng di godile semoyeng. Le ne le dirisiwa ka mo go kgethegileng ka kgopolo ya semolao le bua ka balebedi ba diphuthego. (Dit. 11:30; 1 Tim. 5:17; 1 Pet. 5:1-3) Ba ne ba bona maemo a bone ka go tlhomiwa, go dumalana le dilo tse di neng di batlega tse di neng tsa nna karolo ya Dikwalo tse di tlhotlheleditsweng. (Dit. 14:23; 1 Tim. 3:1-7; Tito 1:5-9) Koo go neng go na le banna ba ba lekaneng ba ba tshwanelegang, go ne go nna le bagolwane ba feta a le mongwe fela mo phuthegong. (Dit. 20:17; Bafil. 1:1) Bano ba ne ba dira “setlhopha sa banna ba ba godileng,” bao botlhe ba neng ba na le maemo a a lekanang, mme go sena ope yo go neng go ka twe e ne e le wa maemo a a kwa godimo kana e le leloko le le maatla mo phuthegong. (1 Tim. 4:14) Go ne ga tlhalosiwa gore go ne go na le “batlhanka ba bodihedi” ba ba tlhophilweng go thusa bagolwane go dumalana le dilo tse di batlegang mo go bone tse di boletsweng ke moaposetoloi Paulo.—1 Tim. 3:8-10, 12, 13.
Dithulaganyo tseno di ne tsa dirisiwa ka bonako e le gore phuthego e dirwe gore e dumalane ka mo go oketsegileng le Bibela. Seno se ne sa simolola ka Setlhopha Se Se Laolang ka bosone. Maloko a sone a ne a okediwa gore a fete ba le supa bao, jaaka maloko a boto ya bakaedi ya Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania, ba neng ba direla jaaka setlhopha se se laolang sa Basupi ba ga Jehofa. Go ne go sa tlhomiwa gore palo ya maloko a Setlhopha Se Se Laolang e tshwanetse go nna bokae. Ka 1971, ba ne ba le 11; go ne ga nna le ba le 18 ka lobaka lwa dingwaga di le mmalwa; ka 1992, ba ne ba le 12. Botlhe ke banna ba ba tloditsweng ke Modimo go nna baruaboswa mmogo le Jesu Keresete. Ba le 12 ba ba direlang jaaka maloko a Setlhopha Se Se Laolang ka 1992 ka nako eo ba ne ba na le rekoto ya nako ya dingwaga di le 728 tsa tirelo ya nako e e tletseng jaaka badihedi ba ga Jehofa Modimo.
Go ne ga dumalanwa ka September 6, 1971, gore bodulasetulo kwa dipokanong tsa Setlhopha Se Se Laolang bo tshwanetse jwa amoganwa go ya ka thulaganyo ya tatelano ya dialefabete tsa difane tsa maloko a sone. Seno tota se ne sa simolola go dira ka October 1. Maloko a Setlhopha Se Se Laolang gape a ne a fapaanela go tshwara kobamelo ya mo mosong le Thuto ya Tora ya Tebelo beke nngwe le nngwe ba e tshwarela maloko a badiri ba kwa ntlongkgolo.d Thulaganyo eno e ne ya simolola go dira ka September 13, 1971, fa Frederick W. Franz a ne a kaela thulaganyo ya kobamelo ya mo mosong kwa ntlokgolo ya Mokgatlho kwa Brooklyn, New York.
Mo ngwageng e e latelang, go ne ga dirwa dithulaganyo tsa go fetola tsela e bolebedi bo dirwang ka yone mo diphuthegong. E ne e sa tlhole e le motlhanka a le mongwe fela wa phuthego a thusiwa ke palo e e rileng ya batlhanka ba bangwe. Banna ba ba neng ba tshwanelega go ya ka Dikwalo ba ne ba tlhomiwa gore ba direle jaaka bagolwane. Ba bangwe, bao ba neng ba fitlhelela dilo tse Bibela e di batlang mo go bone ba ne ba tlhomiwa gore e nne batlhanka ba bodihedi. Seno se ne sa bula tsela ya gore palo e kgolwane ya bone e nne le seabe mo maikarabelong a phuthego mme ka go dira jalo ba kgone go nna le boitemogelo jwa botlhokwa. Go ne go sena ope wa Basupi ba ga Jehofa yo o neng a kile a akanya gore palo ya diphuthego e ne e tla oketsega ka 156 lekgolong mo dingwageng tse 21 tse di latelang, e fitlhelela palogotlhe ya 69 558 ka 1992. Mme Tlhogo ya phuthego, Morena Jesu Keresete, go bonala a ne a dira dithulaganyo tsa seo se neng se tla direga.
Kwa tshimologong ya dingwaga tsa bo1970, go ne ga sekasekiwa ka kelotlhoko kgang ya go rulaganya Setlhopha Se Se Laolang sesha. Fa e sale Mokgatlho wa Watch Tower o tlhongwa ka 1884, go gatisiwa ga dibuka, tsamaiso ya tiro ya lefatshe ka bophara ya go rerwa ga mafoko a a molemo, le dithulaganyo tsa go tshwara dikolo le dikopano di ne di ntse di dirwa di kaelwa ke ofisi ya mookamedi wa Watch Tower Bible and Tract Society. Mme morago ga go nna ba sekaseka dintlha ka botlalo le go di tlotla ka dikgwedi di le dintsi, go ne ga amogelwa thulaganyo e ntsha ka bongwefela jwa pelo ka December 4, 1975. Go ne ga simololwa dikomiti di le thataro tsa Setlhopha Se Se Laolang.
Komiti ya Modulasetulo (eo e bopiwang ke yo e leng modulasetulo ka nako eo wa Setlhopha Se Se Laolang, yo e neng e le modulasetulo mo nakong e e fetileng, le yo o tlileng go latela mo go nneng modulasetulo) e amogela dipego tse di amanang le maemo a magolo a tshoganyetso, dikotsi tse di diragetseng tsa matlhotlhapelo, le matsholo a go bogisa, mme e tlhokomela gore mabaka ano a rarabololwa ka bonako ke Setlhopha Se Se Laolang. Komiti ya Bakwadi e tlhokomela go kwalwa ga dijo tsa semoya, go gatisetswa ga tsone mo dikhaseteng, le mo dibideong di direlwa Basupi ba ga Jehofa le gore di tsamaisetswe batho, ebile e tlhokomela tiro ya go di ranolela mo dipuong tse di makgolokgolo. Boikarabelo jwa Komiti E E Rutang ke go rulaganya dikolo le dikopano, mmogo le dikopano tsa kgaolo le tsa meraferafe, di rulaganyetswa batho ba ga Jehofa, le go rutiwa ga malapa a Bethele le go rulaganngwa ga dipuo tse di diretsweng boikaelelo joo. Komiti ya Tirelo e rulaganyetsa dikarolo tsotlhe tsa tiro ya go bolela efangele, go akaretsa le tiro ya diphuthego le balebedi ba ba etang. Go gatisiwa, go phasaladiwa, le go romelwa ga dibuka mmogo le go tsamaisiwa ga madirelo le go tlhokomela dikgang tsa semolao le tsa kgwebo tsotlhe di tlhokomelwa ke Komiti ya Kgatiso. Mme Komiti ya Badiri yone e tlhokomela gore go rulaganyediwe gore maloko a malapa a Bethele a neelwe thuso ka namana le thuso ya semoya mme e tlhokomela le go lalediwa ga maloko a masha go tla go direla mo malapeng a Bethele go dikologa lefatshe lotlhe.
Dikomiti tse dingwe tse di thusang di abetswe go tlhokomela madirelo, magae a Bethele, le dipolasi tse di gaufi le ntlokgolo ya lefatshe lotlhe. Mo dikomiting tseno Setlhopha Se Se Laolang se dirisa dikgono tsa maloko a “boidiidi jo bogolo,” ka kgololesego.—Tshen. 7:9, 15.
Gape go ne ga dirwa diphetogo dingwe go tlhokomela makala a Mokgatlho. Fa e sale ka February 1, 1976, lekala lengwe le lengwe le ne le tlhokomelwa ke komiti ya maloko a mararo kana go feta, go ikaegile ka seo se tlhokegang mo lekaleng leo le bogolo jwa lone. Bone ba bereka ba kaelwa ke Setlhopha Se Se Laolang mo go tlhokomeleng tiro ya Bogosi mo lefelong la bone.
Ka 1992 Setlhopha Se Se Laolang se ne sa bona thuso e e oketsegileng fa bathusi ba le mmalwa, bao bontsi jwa bone ba tswang mo boidiiding jo bogolo, ba ne ba abelwa go nna le seabe mo dipokanong le mo tirong ya komiti ya Bakwadi, E E Rutang, ya Tirelo, ya Kgatiso, le ya Badiri.e
Go naya ba bangwe maikarabelo gore ba thuse go itshupile go le molemo. Seno mmogo le diphetogo tse di setseng di dirilwe mo diphuthegong, go ile ga thusa mo go tloseng bothata bope fela jo bo ka nnang jwa dira gore batho ba se ka ba lemoga gore Keresete ke ene Tlhogo ya phuthego. Go itshupile go le molemo thata go dira gore bontsi jwa bakaulengwe ba amogele kgakololo mmogo mo maemong a a amang tiro ya Bogosi. Mo godimo ga moo, go rulaganngwa sesha gono ga dilo go dirile gore go kgonege go kaela ka tsela e e tlhokegang dikarolo tse dintsi tse di neng di tlhoka go tlhokomelwa ka potlako mo motlheng o phuthego eno e ileng ya gola ka bofefo jo bogolo thata. Jehofa o ne a bolelela pele jaana bogologolo ka moperofeti Isaia: “Eo monnye o tla tla a nna makgolo a le shomè, le eo mmōtlana a nna morahe o o thata: Nna Yehofa ke tla go akohisa mo motlheñ oa gōna.” (Isa. 60:22) Ga se fela gore o go akofisitse mme gape o go kaetse ka tsela e e tlhokegang gore phuthego ya gagwe e e bonalang e kgone go go dira.
Basupi ba ga Jehofa ba kgatlhegela thata go dira tiro eo Modimo o e ba abetseng go e dira mo metlheng eno ya bofelo ya lefatshe la bogologolo mme ba rulagane sentle go e dira. Basupi ba ga Jehofa ba bona bosupi jo bo phepafetseng jwa gore phuthego eno ga se ya batho mme ke ya Modimo le gore Morwa Modimo ka namana, Jesu Keresete, o a e kaela. Jaaka Kgosi e e busang, Jesu o tla sireletsa babusiwa ba gagwe ba ba ikanyegang mo sepitleng se segolo se se tlang mme a tlhomamise gore ba rulaganngwa ka tsela e e molemo go dira thato ya Modimo mo Mileniamong o o tlang.
[Dintlha tse di kwa tlase]
a Ka 1894, Mokaulengwe Russell o ne a rulaganyetsa gore Zion’s Watch Tower Tract Society e romele bakaulengwe ba ba tshwanelegang jaaka dibui. Ba ne ba neilwe disetifikeite tse di saenilweng tseo ba neng ba tla di dirisa go itshupa mo ditlhopheng tsa lefelo leo. Disetifikeite tseno di ne di sa bolele gore motho o neilwe taolo ya go rera ebile di ne di sa bontshe gore seo mong wa setifikeite seno a neng a se bolela se ne se tshwanetse sa amogelwa kwantle ga go se sekaseka ka tshwanelo mo Lefokong la Modimo. Lefa go ntse jalo, ereka batho bangwe ba ne ba sa tlhaloganye boikaelelo jwa tsone ka tsela e e tshwanetseng, mo go one ngwaga oo Mokaulengwe Russell o ne a dira gore disetifikeite tseno di busediwe gape kwa go ene. O ne a leka ka kelotlhoko go tila sengwe le sengwe seo batho bangwe ba ba lebileng ba neng ba ka nna ba se tlhalosa ka gore ba tshwana le setlhopha sa baruti.
b Zion’s Watch Tower, October-November 1881, dits. 8-9.
c Ka dinako tse dingwe ditlhopha tse di leng mo lefelong le le rileng di ne di bidiwa “dikereke,” tumalanong le puo e e dirisitsweng go King James Version. Gape di ne di bidiwa dietlelesia, e le tumalanong le lefoko le le dirisitsweng mo mokwalong wa Bibela ya Segerika. Lefoko “ditlhopha” le lone le ne la dirisiwa ka gonne totatota e ne e le ditlhopha tsa baithuti ba ba neng ba kopana ka metlha go ithuta. Moragonyana fa ba ne ba bidiwa mephato, seno se ne se bontsha gore ba ne ba itse gore ba ne ba le mo ntweng ya semoya. (Bona Pesalema 68:11, KJ, ntlhanyana e e fa thoko.) Morago ga go gatisiwa ga New World Translation of the Christian Greek Scriptures ka 1950, lefoko la Bibela la puo ya segompieno eleng “phuthego” le ne la simolola go dirisiwa ka metlha mo dinageng tse dintsi.
d Bokao jwa lefoko le le dirisitsweng mo mokwalong wa Bibela ya Segerika (khei·ro·to·neʹo) fa le tsewa jaaka le ntse ke “go ntsha, go otlolola, kana go tsholeletsa letsogo kwa godimo,” mme mo godimo ga moo, le ka nna la bolela “go kgetha kana go tlhophela motho mo tirong nngwe ka go tsholetsa diatla.”—A Greek and English Lexicon to the New Testament, e e kwadilweng ke John Parkhurst, 1845, ts. 673.
e Go bona dintlha ka botlalo, bona Kgaolo 25 “Go Rera Phatlalatsa le ka Ntlo le Ntlo.”
f Go tloga ka 1919 tirelo ya tshimo ya bao ba neng ba le mo phuthegong, kana mo setlhopeng, e ne e tshwanetse go begiwa beke le beke kwa Mokgatlhong ke mokaedi wa tirelo.
g Jaaka fa go ne ga bontshiwa mo pampitshaneng ya Organization Method, phuthego nngwe le nngwe e ne e tshwanetse ya tlhopha mothusi wa mokaedi le motho yo o tlhokomelang dibuka. Botlhe bano, mmogo le mokaedi yo o tlhomilweng ke Mokgatlho, ba ne ba dira komiti ya tirelo ya mo lefelong leo.
h Tora ya Tebelo, July 1, 1920, dits. 195-200 (ka Seesemane).
i Komiti ya tirelo ka nako eo e ne e na le maloko a a sa feteng a le lesome. Mongwe wa bone e ne e le mokaedi wa tirelo, yo o neng a sa tlhophiwe mo lefelong leo mme o ne a tlhomiwa ke Mokgatlho. Ba bangwe ba ne ba dira le ene mo go rulaganyetseng tiro ya go rera le go neela bosupi.
j Go tloga ka 1932 go ya kwa pele, bano ba ne ba bidiwa Bajonadabe ka dingwaga di le mmalwa.
k Fa lediri la Segerika khei·ro·to·neʹo le tlhalosiwa jaaka le le bolelang fela ‘go tlhopha ka go tsholetsa letsogo,’ seno se dira gore go se tlhokomelwe bokao jo bongwe jwa lefoko leno. Ka gone A Greek-English Lexicon, e e kwadilweng ke Liddell le Scott, e e rulagantsweng ke Jones le McKenzie mme e gatisitswe sesha ka 1968, e tlhalosa lefoko leno jaaka le le bolelang “go tsholetsa seatla ka boikaelelo jwa go bouta mo kokoanong . . . II a.acc.pers. [o lebisitse mo mothong] go tlhopha ka tshwanelo e le ka go tsholetsa seatla . . . b. moragonyana, ka kakaretso, o tlhoma, . . . motho a tlhomelwa tiro mo Kerekeng, [pre·sby·teʹrous] Dit. tsa Baap. [Ditihō tsa Baaposetoloi] 14.23.” Tsela eno ya bofelo e ne e dirisiwa mo metlheng ya baaposetoloi; lefoko leno le ne le dirisiwa ka kgopolo eo ke rahisitori wa Mojuda wa lekgolo la ntlha la dingwaga ebong Josephus go Jewish Antiquities, Buka ya 6, kgaolo 4, serapa 2, le kgaolo 13, serapa 9. Sebopego sa thutapuo sa Ditihō 14:23 ka bosone mo Segerikeng sa ntlhantlha se bontsha gore Paulo le Barenabase ke bone ba ba neng ba dira se se neng sa tlhalosiwa moo.
l Moragonyana mo go one ngwaga oo, wa 1938, Organization Instructions, eo e gatisitsweng jaaka pampitshana ya ditsebe di le nne, e ne ya neela dintlha tse di oketsegileng. E ne ya tlhalosa gore phuthego ya lefelo leo e ne e tshwanetse ya tlhoma komiti eo e neng e tshwanetse ya e direla. Komiti eo e ne e tshwanetse go sekaseka bakaulengwe go ya ka dilo tse di batlegang mo go bone tse di kwadilweng mo Dikwalong mme e ba buelele kwa Mokgatlhong. Fa baemedi ba ba etang ba Mokgatlho ba ne ba etela diphuthego, ba ne ba sekaseka gore bakaulengwe ba lefelo leo ba ntse ba tshwanelega le go ikanyega mo go tlhokomeleng dikabelo tsa bone. Ba ba buelelwang ba ne ba sekasekiwa gape ke Mokgatlho fa o ne o ba tlhoma.
a Go tloga ka 1894 go fitlha ka 1927, kwa tshimologong dibui tse di etang tse di rometsweng ke Mokgatlho di ne di bidiwa baemedi ba Mokgatlho wa Tower Tract, mme morago ga moo ba ne ba bidiwa baeti ba sedumedi. Go tloga ka 1928 go fitlha ka 1936, fa go sena go gatelelwa mo go bone gore tirelo ya tshimo e botlhokwa, ba ne ba bidiwa bakaedi ba tirelo ba tikologo. Go tloga ka July 1936, go gatelela thata kafa ba tshwanetseng ba dirisana le bakaulengwe ba lefelo leo ba leng mo go lone, ba ne ba itsiwe jaaka batlhanka ba tikologo. Go tloga ka 1938 go fitlha ka 1941, Batlhanka ba souno ba ne ba abelwa gore ba dire le setlhopha se sennye thata sa diphuthego ka go nna ba potologa mo go tsone, ka go dira jalo ba boela gape kwa ditlhopheng tse di tshwanang ka dinako tse di rileng. Morago ga fa ba sena go kgaupediwa ka lobaka lwa ngwaga, tirelo eno e ne ya tsosolosiwa ka 1942 fa batlhanka ba ya kwa bakaulengweng. Ka 1948, go ne ga dirisiwa lefoko motlhanka wa potologo; yo jaanong e leng molebedi wa potologo.
Go tloga ka 1938 go fitlha ka 1941, batlhanka ba tikologo, mo tirong ya bone e ntšha, ba ne ba direla mo dikopanong tse di tshwarelwang mo tikologong eo, koo Basupi ba ba mo lefelong le le lekanyeditsweng (mo sounong) ba neng ba kopana go tla go nna le thulaganyo e e kgethegileng gone. Fa tiro eno e ne e tsosolosiwa ka 1946, balebedi bano ba ba etang ba ne ba itsiwe jaaka batlhanka ba kgaolo; mme jaanong ke balebedi ba kgaolo.
b Thulaganyo eno e ne ya simolola go nna gone ka October 1, 1938. Go rulaganyetsa dikopano mo dingwageng tseo tsa ntwa go ne ga nnela thata kwa pele, ka jalo dikopano tsa souno di ne tsa emisiwa gore di se ka tsa tshwarwa fa 1941 e ya kwa bokhutlong. Lefa go ntse jalo, thulaganyo eno e ne ya ntšhafadiwa gape ka 1946, mme ka nako ya fa diphuthego di le mmalwa di ne di kopana go amogela thuto e e kgethegileng di ne di bidiwa dikopano tsa potologo.
c Dintlha tsa dipuo tseno di fitlhelwa mo ditokololong tsa Tora ya Tebelo ya October 15 le ya November 1, 1944 (ka Seesemane).
d Moragonyana, ba ne ba tlhopha maloko a mangwe a lelapa la Bethele gore ba nne le seabe mo go direng maikarabelo ano.
[Mafoko a a mo go tsebe 204]
Ba ne ba sa batle go nna le setlhopha sa baruti
[Mafoko a a mo go tsebe 205]
Ba ne ba sa leke go simolola “phuthego ya selefatshe”
[Mafoko a a mo go tsebe 206]
Bagolwane ba ne ba tlhophiwa jang?
[Mafoko a a mo go tsebe 212]
Mokaedi o ne a tlhophiwa ke Mokgatlho
[Mafoko a a mo go tsebe 213]
Bagolwane ba bangwe ba ne ba sa batle go rera ka kwa ntle ga phuthego
[Mafoko a a mo go tsebe 214]
Go fokotsa batho mo maemong mme go nonotshiwa phuthego
[Mafoko a a mo go tsebe 218]
Ba ne ba tshwanetse go tlhophiwa jang?
[Mafoko a a mo go tsebe 220]
A Rutherford o ne a leka fela gore a laole ka tsela e kgolwane?
[Mafoko a a mo go tsebe 222]
Go ikgolaganya le ditlhopha tsa batho ba babedi kana tsa ba bararo le tse dikgolwane
[Mafoko a a mo go tsebe 223]
Balebedi ba ba etang ba newa maikarabelo a masha
[Mafoko a a mo go tsebe 234]
Setlhopha Se Se Laolang se se okeditsweng seo bodulasetulo jwa sone bo fapaanelwang
[Mafoko a a mo go tsebe 235]
Kaelo e e tlhokegang mo motlheng ono wa kgolo e e diregang ka bofefo jo bogolo thata
[Lebokoso mo go tsebe 207]
Ke ka Ntlha Yang Fa go Ile ga Nna le Diphetogo?
Fa C. T. Russell a ne a bodiwa gore ke ka ntlha yang fa a ne a fetola tsela eo a lebang dilo ka yone malebana le go tlhophiwa ga bagolwane mo ditlhopheng tse di farologaneng tsa batho ba Morena, o ne a araba jaana:
“Sa ntlha ke rata go lo tlhomamisetsa gore ga ke ise ke ko ke tsamae ke bolele gore ga nke ke dira diphoso. . . . Ga re ganetse lebaka la gore re a gola mo kitsong, le gore jaanong re kgona go bona ka tsela e eketeng e farologane go le gonnye fela le seo thato ya Morena e leng sone malebana le Bagolwane kana baeteledipele mo ditlhopheng tse dinnye tse di farologaneng tsa batho ba one. Phoso ya rona mo tseleng eo re bonang dilo ka yone e ne e le ya go lebelela go le gontsi go tswa mo bakaulengweng ba rona ba ba rategang bao, ereka ba ne ba tlile pele mo Boammaaruring, ba neng ka tlholego fela ba nna baeteledipele ba mephato eno e mennye. Se re neng re se akanya ka bone seo se neng se re itumedisa thata e ne e le gore go itse ga bone Boammaaruri go ne go tla ba dira gore ba nne boikokobetso tota, go ba dira gore ba lemoge gore bone ka bobone ga se sepe, le gore sengwe le sengwe seo ba neng ba se itse ebile ba kgona go se neela ba bangwe ba ne ba dira jalo jaaka melomo ya Modimo le ka gonne ba dirisiwa ke ene. Re ne tota re solofetse gore bano ba ne ba tla nna dikao tsa letsomane ka botlalo; gore fa go ka direga gore ka ntlha ya tsela eo Morena a re tlhokomelang ka yone a tlise mo mophatong o monnye mokaulengwe a le mongwe kgotsa ba ba oketsegileng ba ba nang le bokgoni jo bo tshwanang kana ba ba nang le bokgoni jo bo fetang jwa bone jwa go bolela Boammaaruri, gore moya wa lorato o ne o tla ba kaela gore ba tlotlane, mme ka go dira jalo ba thusane ba bo ba kgothatsane gore ba nne le seabe mo tirelong ya Kereke eo e leng mmele wa ga Keresete.
“Ereka re ne re akanya jalo re ne ra swetsa ka gore selekanyo sa kutlwelobotlhoko le sa boammaaruri se re neng re ikaeletse go bo re ne re na le sone ka nako eo ebile se itumelelwa ke batho ba ba ineetseng ba Morena se ne se dira gore go se ka ga tlhokega gore re latele tsela e e neng ya bolelwa ke baaposetoloi ba Kereke ya ntlha. Phoso ya rona e ne e le gore ga re kgone go lemoga gore dithulaganyo tse di kwadilweng ke baaposetoloi ba kaelwa ke Modimo di kwa godimo ga sepe fela se ba bangwe ba neng ba ka se itshimololela, le gore Kereke yotlhe e tla tlhoka go nna le melao eo e tlhomilweng ke baaposetoloi go fitlha, ka nako ya fa re fetoga mo tsogong ya baswi re dirwa gore re felele re bo re itekanele re bo re nne le Mong ka tlhamalalo.
“Phoso ya rona e ne ya bonala ka iketlo fa re bona bakaulengwe ba rona ba na le moya wa kgaisano ka selekanyo se se rileng, le gore ba le bantsi ba eletsa ba tsaya go etelela pele kwa dipokanong jaaka maemo mo boemong jwa go go tsaya jaaka go direla ba bangwe, gape ba thibela bakaulengwe ba bangwe ba ba nang le kgono e e tshwanang le ya bone ka tlholego fela le ba ba nang le kitso e e tshwanang le ya bone ya Boammaaruri le bokgoni mo go diriseng tšhaka ya Moya ba ba thibela gore ba se ka ba nna baeteledipele.”—“Zion’s Watch Tower,” March 15, 1906, ts. 90.
[Lebokoso/Ditshwantsho mo go tsebe 208, 209]
Mafelo A A Neng A Dirisiwa ke Mokgatlho mo Lekgolong Le Le Fetileng la Dingwaga mo Kgaolong ya Pittsburgh
Bible House e e bontshitsweng fano e ne ya direla jaaka ntlokgolo ka dingwaga di le 19 go tloga ka 1890 go fitlha ka 1909f
Mokaulengwe Russell o ne a ithutela fano
Maloko a lelapa la Bible House ao a neng a direla fano ka 1902
Kago e ne e akaretsa mafapha ano a go kwala ditlhaka tse di tlileng go gatisiwa le go rulaganya mekwalo (kafa mojeng kwa godimo), lefapha la thomelo (kafa mojeng kwa tlase), bobolokelo jwa dibuka, fa badiri ba neng ba nna teng, mmogo le ntlo ya thapelo (holo ya dikopano) e e neng e na le manno a batho ba ka nna 300
[Ntlha e e kwa tlase]
f Ka 1879, ntlokgolo e ne e le kwa 101 Fifth Avenue, Pittsburgh, kwa Pennsylvania. Diofisi tseno di ne tsa fudusediwa kwa 44 Federal Street, Allegheny (Karolo E E Kafa Bokone ya Pittsburgh), ka 1884; mme moragonyana mo go one ngwaga oo, ya ya kwa 40 Federal Street. (Ka 1887, e ne ya bidiwa 151 Robinson Street.) Fa go ne go tlhokega lefelo le legolwane ka 1889, Mokaulengwe Russell o ne a aga Bible House e e bontshitsweng fa godimo kwa 56-60 Arch Street, kwa Allegheny. (Moragonyana e ne ya newa dinomoro tse disha tsa 610-614 Arch Street.) Ka nakonyana ka 1918-19, ba ne ba nna gape le ofisi ya bone e kgolo kwa Pittsburgh, kwa boalong jwa boraro kwa 119 Federal Street.
[Lebokoso mo go tsebe 211]
Ke Tiro ya ga Mang?
Charles Taze Russell o ne a kwala jaana fa a setse a tla wetsa botshelo jwa gagwe jwa mo lefatsheng: “Gantsi batho ba Modimo ba lebala gore Morena ka Boene o eteletse tiro ya Gagwe pele. Gantsi ba akanya jaana, Re tla dira tiro mme re dire gore Modimo a dire le rona mo tirong ya rona. A re lebeng kgang eno ka tsela e e tshwanetseng mme re lemoge gore Modimo o ikaeletse go dira tiro e kgolo ebile o a e dira; le gore e tla atlega go sa kgathalesege gore re dirang le gore re iteka jang; le gore ke tshiamelo e kgolo eo e neilweng batho ba Modimo go dira mmogo le Modiri wa bone mo go diragatseng maikaelelo a Gagwe, ditiro tsa Gagwe, dithulaganyo tsa Gagwe, le tsela ya Gagwe. Fa re leba dilo go ya ka tsela eno, thapelo ya rona le tsela eo re lebelelang ka yone e tshwanetse ya nna ka maikutlo a go itse thato ya Morena le go e dira, re kgotsofalela sengwe le sengwe se re se newang go se dira, ereka ‘e le Modimo wa rona yo o re gogang. Eno ke thulaganyo eo Watch Tower Bible and Tract Society e ileng ya batla go e latela.”—“Tora ya Tebelo” (ka Seesemane), May 1, 1915.
[Lebokoso mo go tsebe 215]
Dipotso tsa V.D.M.
Mafoko a a reng V.D.M. a emela mafoko a Selatine “Verbi Dei Minister,” kana Modihedi wa Lefoko la Modimo.
Mokgatlho o ne wa dira lenaane la dipotso tsa dilo tse di amanang le Dikwalo ka 1916. Ba ba neng ba emela Mokgatlho jaaka dibui ba ne ba kopiwa gore ba arabe nngwe le nngwe ya dipotso tseno ka lekwalo. Seno se ne se dira gore Mokgatlho o kgone go itse tsela eo bakaulengwe bano ba akanyang ka yone, ba lebang dilo ka yone, le tsela eo ba tlhaloganyang dilo ka yone malebana le boammaaruri jwa konokono jwa Bibela. Dikarabo tse di kwadilweng di ne di sekasekiwa ka kelotlhoko ke boto ya tshekatsheko ya kwa diofising tsa Mokgatlho. Bao ba neng ba lejwa jaaka dibui tse di tshwanelegang ba ne ba tshwanetse go araba dipotso ka tshwanelo ka selekanyo sa 85 lekgolong kana go feta.
Moragonyana, bontsi jwa bagolwane, badiakona, le Baithuti ba bangwe ba Bibela ba ne ba botsa gore a ba ka nna le lenaane la dipotso tseno. Fa nako e ntse e tsamaya go ne ga bolelwa gore go ne go ka nna molemo fa ditlhopha di ne di ka tlhopa baemedi ba tsone e le batho fela ba ba neng ba tshwanelega jaaka V.D.M.
Fa Mokgatlho o ne o supa maemo a a rileng a motho a neng a nna Modihedi wa Lefoko la Modimo ka one, seno se ne se sa bolele gore motho yoo o ne a tlhomamisitswe. Go ne go bolela fela gore boto ya tshekatsheko e e kwa diofising tsa Mokgatlho e sekasekile gore motho yoo o itse dithuto tsa motheo go le kana kang, le gore ba sekasekile tsela e a itsegeng ka yone ka selekanyo se se utlwalang, mme ba fetsa ka gore o tshwanela go bidiwa Modihedi wa Lefoko la Modimo.
Dipotso tsa V.D.M. di ntse ka tsela e e latelang:
(1) Modimo o ne wa bopa eng pele?
(2) Lefoko “Logos” le bolelang fa le lebisitswe go Morwa Modimo? mme mafoko Rara le Morwa a bolela eng?
(3) Boleo bo ne jwa tsena leng mo lefatsheng le gone jang?
(4) Modimo o otlhaya jang baleofi ba ba leofang? mme baleofi ke bomang?
(5) Ke ka ntlha yang fa go ne go tlhokega gore “Logos” a dirwe nama? mme a e ne e le “Modimo o o leng mo sebopegong sa motho”?
(6) Motho Keresete Jesu e ne e le motho wa mofuta mang go tloga boseeng go fitlha a swa?
(7) Jesu ke motho wa mofuta ofe fa a sale a tsoga mo baswing; mme O amana jang le Jehofa ka tsela ya semolao?
(8) Tiro ya ga Jesu ke efe mo Motlheng ono wa go Rera Efangele—go tloga ka nako ya Pentekosete go tla go fitlha jaanong?
(9) Jehofa Modimo o ntse a direla lefatshe la batho eng go tla go fitlha jaanong? mme Jesu ene o ntse a dira eng?
(10) Boikaelelo jwa Modimo ke eng malebana le Kereke fa e feletse?
(11) Boikaelelo jwa Modimo ke eng ka lefatshe la setho?
(12) Ba ba palelwang ke go tlogela mekgwa e e maswe ba tlile go diragalelwa ke eng?
(13) Tuelo kana masego ao a tla tlelang lefatshe la batho ya go utlwa Bogosi jwa ga Mesia e tla nna eng?
(14) Moleofi a ka nna le kamano e e molemo le Keresete le Rara wa Selegodimo fa a ka tsaya dikgato dife?
(15) Mokeresete o tsaya tsela efe fa a sena go tsalwa ka Moya O O Boitshepo, jaaka fa go bontshitswe mo Lefokong la Modimo?
(16) A o tlogetse go leofa gore o direle Modimo o o tshelang?
(17) A o neetse botshelo jwa gago ka mo go feletseng le maatla a gago otlhe le ditalenta tsa gago mo Moreneng le mo tirelong ya Gagwe?
(18) A o bontshitse boineelo jono ka go nwediwa mo metsing?
(19) A o dirile Maikano a I. B. S. A. [International Bible Students Association] a gore botshelo bo boitshepo?
(20) A o badile dibolumo tse thataro tsa STUDIES IN THE SCRIPTURES ka botlalo le ka kelotlhoko?
(21) A o bone tshedimosetso le melemo e mentsi go tswa mo go tsone?
(22) A o dumela gore o na le kitso e e tlhokegang le e e nnetseng ruri ya Bibela e e tla dirang gore o dire ka tsela e e molemo thata jaaka motlhanka wa Morena fa o santse o tshela?
[Ditshwantsho mo go tsebe 216, 217]
Dikago Tse Di Neng Di Dirisiwa mo Malatsing a Ntlha kwa Brooklyn
Legae la Bethele
122-124 Columbia Heights
Ntlwana ya bojelo kwa Legaeng la Bethele
Tabernacle
Diofisi, bobolokelo jwa dibuka, lefapha la thomelo ya dimakasine, didirisiwa tsa go gatisa, le holo e e nang le manno a batho ba le 800 e ne e le fano, kwa 17 Hicks Street (e e neng ya dirisiwa go tloga ka 1909 go fitlha ka 1918)
Holo
Difeketiri tsa Pele
Maloko a lelapa la Bethele a a neng a dira kwa difeketiring tse di kwa Myrtle Avenue ka 1920 (kafa mojeng)
35 Myrtle Avenue (1920-22)
18 Concord Street (1922-27)
117 Adams Street (1927- )
[Lebokoso/Ditshwantsho mo go tsebe 224, 225]
Balebedi Ba Ba Etang Ba Sekae Ba Ba Diketekete Ba Ba Kileng Ba Direla
Canada, 1905-33
Engelane, 1920-32
Finland, 1921-26, 1947-70
United States, 1907-15
Ba tsamaya ba etela diphuthego—
Greenland
Venezuela
Lesotho
Mexico
Peru
Sierra Leone
Marobalo a ba neng ba tsamaya ka one kwa Namibia
Go nna le seabe le Basupi ba lefelo leo mo tirelong ya tshimo kwa Japane
Go kopana le bagolwane ba lefelo leo kwa Jeremane
Go neela babulatsela kgakololo e e molemo kwa Hawaii
Go laya phuthego kwa Fora
[Lebokoso/Setshwantsho mo go tsebe 229]
Mekgatlho ya Ntlha ya Semolao
Zion’s Watch Tower Tract Society. La ntlha e ne ya tlhongwa ka 1881 mme e ne ya kwadisiwa semolao kwa nageng ya Pennsylvania ka December 15, 1884. Ka 1896 leina la yone le ne la fetolwa go nna Watch Tower Bible and Tract Society. Fa e sale go tloga ka 1955 e ntse e itsiwe e le Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania.
Peoples Pulpit Association. E ne ya tlhongwa ka 1909 ka ntlha ya go fudusediwa ga diofisi tse dikgolo tsa Mokgatlho kwa Brooklyn, kwa New York. Ka 1939 leina leo le ne la fetolwa go nna Watchtower Bible and Tract Society, Inc. Fa e sale ka 1956 e ne ya itsiwe jaaka Watchtower Bible and Tract Society of New York, Inc.
International Bible Students Associationy. Eo e simolotsweng kwa Lontone, kwa Engelane, ka June 30, 1914.
E le gore ba fitlhelele dilo tse di batliwang ke molao, Basupi ba ga Jehofa ba ile ba tlhoma mekgatlho e mengwe mo mafelong a le mantsi le mo dinageng di le dintsi. Lefa go ntse jalo, Basupi ba ga Jehofa ga ba a kgaoganngwa ka mekgatlhonyana ya merafe kana ya dikgaolo. Ke bakaulengwe ba ba utlwanang mo lefatsheng lotlhe.
[Lebokoso mo go tsebe 234]
‘Jaaka Bakeresete ba Pele’
Kgatiso nngwe ya bodumedi e e neng e re “Interpretation” e ne ya bolela jaana ka July 1956: “Mo phuthegong ya bone le mo tirong ya bone ya go neela bosupi, boemo jwa [Basupi ba ga Jehofa] bo atamela jwa setlhopha sa Bakeresete ba bogologolo go gaisa setlhopha sepe. . . . Ke ditlhopha di sekae fela tse di dirisang Dikwalo thata mo dipolelong tsa tsone jaaka bone fa di bua le fa di kwala.”
[Setshwantsho mo go tsebe 210]
Go ne ga tlhomiwa diofisi tsa makala gore tiro e kaelwe go tswa fa gaufi. La ntlha le ne la tlhongwa kwa Lontone, kwa Engelane, mo kagong eno
[Setshwantsho mo go tsebe 221]
J. F. Rutherford ka 1941. Basupi ba ne ba itse gore e ne e se moeteledipele wa bone
[Setshwantsho mo go tsebe 226]
John Booth, molebedi yo o etang kwa U.S.A. go tloga ka 1936 go fitlha ka 1941
[Setshwantsho mo go tsebe 227]
Carey Barber, yo kgaolo ya gagwe e neng e akaretsa karolo e kgolo ya United States
[Setshwantsho mo go tsebe 228]
Mokaulengwe Knorr o ne a etela makala le magae a barongwa ka metlha
[Setshwantsho mo go tsebe 230]
Balebedi ba bagolo ba makala a Mokgatlho ba ile ba kopanngwa mmogo gore ba thapisiwe ka tsela e e kgethegileng (New York, 1958)
[Ditshwantsho mo go tsebe 231]
Sekolo sa Bodihedi sa Bogosi se neetse balebedi ba ba mo lefatsheng lotlhe kaelo e e botlhokwa thata
Sekolo sa Bodihedi sa Bogosi se tshwerwe kwa kampeng ya botshabi kwa Thailand ka 1978; kwa Philippines ka 1966 (kwa godimo kafa molemeng)
[Setshwantsho mo go tsebe 232]
Dikaelo kaga phuthego di ne di gatisiwa kgato ka kgato (pele ka Seesemane, mme e re morago ga moo di ntshiwe ka dipuo tse dingwe) go tsamaisa tiro ya Basupi le go itsise botlhe ka dithulaganyo tse di dirilweng go ba thusa mo bodiheding jwa bone