LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • jv kgao. 8 ts. 90-107
  • Go Rera Mafoko A A Molemo Kwantle ga go Kgaotsa (1942-1975)

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Go Rera Mafoko A A Molemo Kwantle ga go Kgaotsa (1942-1975)
  • Basupi ba ga Jehofa—Baboledi ba Bogosi jwa Modimo
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • “Go Ikemisetsa go Dira Re Atamalane Thata le Morena”
  • Go Utlwatsa Mokgosi wa Gore Ba Tswelele Pele
  • Motlha wa Thuto E E Oketsegileng
  • Sekolo Seo Se Thaetsweng mo Tumelong
  • Go Rulaganngwa Sesha ga Dilo Morago ga Ntwa
  • Go Tlhomelelwa go Nna Barutisi
  • Go Rerwa ga Bogosi go Gatela Pele
  • Koketsego ya Puso ya Bomodimo
  • Katiso E E Tseneletseng mo Bodiheding jwa Ntlo le Ntlo
  • Go Lepalepana le Dilo Tse Di Tlhokegang ka Ntlha ya Koketsego mo Lefatsheng Lotlhe
  • Thuto Kaga Thato ya Bomodimo
  • Go Nonotshiwa ‘Gore Re Eme Re Tlhomame mo Tumelong’
  • “Mpolelele, 1975 Eno E Bolelang?”
  • Sedirisiwa sa go Akofisa Tiro
  • “E Tshwanetse ya Dira ka Katlego; E Tswa kwa go Jehofa”
  • Tsela e Thulaganyo ya Phuthego Eno E Ileng ya Bopega ka Yone
    Basupi ba ga Jehofa—Baboledi ba Bogosi jwa Modimo
  • Botshelo Jwa me mo Phuthegong E E Laolwang ke Moya wa ga Jehofa
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1988
  • Dikopano Tse Dikgolo Bosupi jwa Bokaulengwe jwa Rona
    Basupi ba ga Jehofa—Baboledi ba Bogosi jwa Modimo
  • Lefoko la ga Jehofa le Ntse le Tswelela le Anama ka Bofefo (1976-1992)
    Basupi ba ga Jehofa—Baboledi ba Bogosi jwa Modimo
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Basupi ba ga Jehofa—Baboledi ba Bogosi jwa Modimo
jv kgao. 8 ts. 90-107

Kgaolo 8

Go Rera Mafoko A A Molemo Kwantle ga go Kgaotsa (1942-1975)

“GO BOTLHE BAO BA RATANG TSAMAISO YA PUSO YA BOMODIMO:

Ka January 8, 1942, mokaulengwe wa rona yo o rategang thata, J. F. Rutherford, o ne a wetsa botshelo jwa gagwe jwa mo lefatsheng ka boikanyegi . . . O ne a itumela ebile a gomotsega thata fa a ne a bona le fa a ne a itse gore basupi botlhe ba Morena ga ba latele motho ope o sele, fa e se Kgosi Keresete Jesu jaaka Moeteledipele wa bone, le gore ba tla gatela pele mo tirong ya bone ka kutlwano.”—Lekwalo leo le neng le bega ka loso lwa ga Mokaulengwe Rutherford.a

DIKGANG tse di kaga loso lwa ga Mokaulengwe Rutherford di ne tsa gamaregisa Basupi ba ga Jehofa ba le bantsi go ralala lefatshe lotlhe ka nakwana. Ba le bantsi ba ne ba itse gore o ne a ntse a lwala, fela ba ne ba sa lebelela gore o ne a ka tlhokafala ka bonako jalo. Ba ne ba hutsafaletse go latlhegelwa ke mokaulengwe wa bone yo o rategang fela gone ba ne ba ikemiseditse go “gatela pele mo tirong”—tiro ya go bolela kaga Bogosi jwa Modimo. Ba ne ba seka ba leba J. F. Rutherford jaaka moeteledipele wa bone. Charles E. Wagner, yo o neng a dira mo ofiseng ya ga Mokaulengwe Rutherford, o ne a akgela jaana: “Bakaulengwe gongwe le gongwe ba ne ba tlhagoletse kgopolo e e nonofileng ya gore tiro ya ga Jehofa ga e a ikaega ka motho mongwe yo o rileng.” Go ntse go le jalo, go ne go tlhokega mongwe yo o neng a tla rwala boikarabelo jo Mokaulengwe Rutherford a neng a bo rwele jaaka mookamedi wa Mokgatlho wa Watch Tower.

“Go Ikemisetsa go Dira Re Atamalane Thata le Morena”

Mokaulengwe Rutherford o ne a eleditse thata gore Basupi ba ga Jehofa ba bolele mafoko a a molemo ba sa kgaotse. Ka jalo mo bogareng jwa December wa 1941, dibekenyana di le mmalwa pele ga loso lwa gagwe, o ne a biletsa bakaedi ba le bane ba makgotla a semolao a magolo a mabedi ao a neng a dirisiwa ke Basupi ba ga Jehofa kwa go ene mme a akantsha gore ka bonako jo bo kgonegang morago ga loso lwa gagwe, maloko otlhe a makgotla a mabedi ano a kopane a le mmogo mme go tlhophiwe mookamedi le motlatsamookamedi.

Mo thapameng ya January 13, 1942, malatsi a le matlhano fela morago ga loso lwa ga Rutherford, maloko otlhe a boto ya bakaedi ba makgotla a mabedi ano ba ne ba kopana mmogo kwa Bethele ya kwa Brooklyn. Malatsinyana pele ga moo, motlatsamookamedi wa Mokgatlho, Nathan H. Knorr yo o neng a na le dingwaga tse 36, o ne a akantshitse gore ba kope kaelo ya bomodimo ka tlhoafalo ka go rapela le ka go nna ba tlhatlhanya. Maloko a boto eno ya bakaedi a ne a lemoga gore lefa gone mokaulengwe yo a neng a tla tlhophiwa jaaka mookamedi a ne a tla tlhokomela dikgang tsa semolao tsa Mokgatlho wa Watch Tower, o ne gape a tshwanetse go direla jaaka molebedi yo mogolo wa phuthego yotlhe. Ke mang yo o neng a na le dinonofo tsa semoya tseo di neng di tlhokega go rwala boikarabelo jono jo bogolo jwa go dira tiro ya ga Jehofa? Kokoano eno e e kopanetsweng e ne ya simololwa ka thapelo, mme morago ga go sekaseka mabaka ka kelotlhoko, Mokaulengwe Knorr o ne a tlhophiwa jaaka poresidente wa makgotla a mabedi ke botlhe mme Hayden C. Covington yo o neng a na le dingwaga tse 30, ebile e le mmueledi wa Mokgatlho, o ne a tlhophiwa jaaka motlatsaporesidente.b

Moragonyana mo go lone letsatsi leo, W. E. Van Amburgh, eleng mokwaledi ebile e le motshwaramatlotlo wa Mokgatlho, o ne a itsise lelapa la Bethele ka dipholo tsa ditlhopho. R. E. Abrahamson, yo o neng a le gone ka nako eo, o gakologelwa mafoko ano a ga Van Amburgh: ‘Ke santse ke gakologelwa nako ya fa C. T. Russell a sena go tlhokafala mme J. F. Rutherford a tsena mo logatong lwa gagwe. Morena o ne a tswelela pele go kaela le go atlegisa tiro ya Gagwe. Gone jaanong, ke na le tsholofelo e e tletseng ya gore tiro e tla tswelela pele jaaka fa Nathan H. Knorr a tla direla jaaka poresidente, gonne eno ke tiro ya Morena, ga se tiro ya motho.’

Maloko a lelapa la Bethele ya Brooklyn a ne a ikutlwa jang ka dipholo tseno tsa ditlhopho? Lokwalo lo lo amang maikutlo lo lo tswang mo go bone loo lo neng lo na le letlha la January 14, 1942, letsatsi morago ga ditlhopho, lo re neela karabo: “Loso lwa gagwe [lwa ga Rutherford] ga lo ne lo re kgoba marapo mo go direng tiro eo Morena a e re neileng. Re ititeile sehuba gore re tla atamalana le Morena le go atamalana thata, re dira ka natla re sa kgaotse, re tlhabana re le seoposengwe. . . . Botsalano jwa rona jo bo kitlaneng le Mokaulengwe Knorr jo e ka nnang jwa dingwaga tse di masome a mabedi . . . bo re dira gore re kgone go anaanela kaelo ya Morena ya go tlhopha Mokaulengwe Knorr jaaka poresidente le go anaanela tlhokomelo e e lorato eo Morena a e nayang batho ba Gagwe.” Makwalo le dithelekeramo tseo di bontshang kemonokeng di ne tsa ologela kwa ntlokgolo go tswa dikarolong tsotlhe tsa lefatshe.

Go ne go sena boikutlo jwa go sa tlhomamisege ka seo se neng se tshwanelwa ke go dirwa. Go ne ga rulaganngwa setlhogo se se kgethegileng se rulaganyediwa Tora ya Tebelo (ka Seesemane) ya February 1, 1942, e leng yone tokololo eo e neng ya bega ka loso lwa ga J. F. Rutherford. “Tiro ya Morena ya go phutha lwa bofelo e tswelela pele,” e ne ya bolela jalo. “A go se nne le sepe le ka motlha ope seo se kgoreletsang batho ba kgolagano ya gagwe mo go tswelediseng tirelo ya Gagwe pele. . . . Selo se se BOTLHOKWA GO GAISA ke gore re ikanyege tota mo go Modimo Mothatayotlhe.” Basupi ba ga Jehofa ba ne ba tlhotlhelediwa go tswelela ba rera mafoko a a molemo ka matlhagatlhaga.

Lefa go le jalo ‘go nna ba ikanyega tota’ e ne e le kgwetlho e kgolo thata kwa tshimologong ya bo1940. Lefatshe le ne le santse le aparetswe ke ntwa. Dithibelo tsa nako ya ntwa mo dikarolong tse dintsi tsa lefatshe di ne di ketefaletsa Basupi ba ga Jehofa go rera. Go tlhasela Basupi ka digopa le go ba tshwara go ne ga tswelela go sa kgaotse. Hayden Covington, jaaka mmueledi wa Mokgatlho o ne a kgaratlhela ditshwanelo tsa semolao, ka dinako dingwe a le kwa ofiseng ya gagwe kwa ntlokgolo ya Brooklyn mme ka dinako dingwe a tsere maeto ka ditimela jaaka fa a ne a ntse a seka dikgetsi tsa gagwe tsa semolao. A dira le babueledi ba bangwe ba selegae, ba ba jaaka Victor Schmidt, Grover Powell, le Victor Blackwell le ba bangwe, Mokaulengwe Covington o ne a lwa ka thata gore Basupi ba ga Jehofa ba neelwe ditshiamelo tsa semolao tsa go rera ka ntlo le ntlo le go aba dikgatiso tsa Bibela kwantle ga dithibelo go tswa mo badireding ba bagolo ba selegae.c

Go Utlwatsa Mokgosi wa Gore Ba Tswelele Pele

Go sa kgathalesege go lekanyediwa ga dijo le lookwane ka nako ya ntwa, kwa tshimologong ya March 1942, go ne ga dirwa kitsiso ya gore go dirwa dithulaganyo tsa Kopano ya Puso ya Bomodimo ya Lefatshe le Lesha, eo e neng e tla tshwarwa ka September 18-20. E le gore go ke go tlhofofadiwe go tsewa ga maeto, go ne ga tlhongwa metse ya dikopano e le 52 go dikologa United States yotlhe, e mentsi ya yone e ne ya golaganngwa ka mafaratlhatlha a megala le Cleveland, Ohio, e leng motse o mogolo wa dikopano. Mo e ka nnang ka yona nako e, Basupi ba ga Jehofa ba ne ba kopane mo metseng e mengwe e 33 go dikologa lefatshe lotlhe. Boikaelelo jwa kopano eno e ne e le bofe?

‘Ga re a kokoana fano go tla go ikgopotsa dilo tse di fetileng kgotsa tseo batho bangwe ba ba rileng ba di dirileng,’ go ne ga bolela jalo modulasetulo ebong Mokaulengwe Covington, mo mafokong a gagwe a ketapele a puo eo e neng e simolola thulaganyo ya kopano. Morago ga moo, o ne a itsise ka puo eo e neng e le yone ya setlhogo ya kopano eo e neng e re, “Lesedi Leo E Leng Lone Fela,” eo e neng e theilwe mo dikgaolong 59 le 60 tsa Isaia, eo e neng e neelwa ke Mokaulengwe Franz. A bua ka taolo ya ga Jehofa ya seperofeti eo e kwadilweng ke Isaia, sebui se ne sa re ka matlhagatlhaga: “Ka gone, ono ke one mokgosi o o tswang kwa Molaoding yo Mogolo wa gore ‘tswelelang pele’ lo dira ka natla mo [tirong] ya gagwe go sa kgathalesege gore ke eng seo se tla diragalang pele Hara–Magedone e tla.” (Isa. 6:1-12) E ne e se nako ya go dira ka go itsemeletsa le go iketla.

“Go santse go na le tiro e e oketsegileng e e tshwanetseng go dirwa; tiro e kgolo thata!” go ne ga bolela jalo N. H. Knorr mo puong ya gagwe eo e neng ya latela mo thulaganyong. Fa a ne a thusa bareetsi ba gagwe gore ba arabele mafoko a a reng “Tswelelang pele,” Mokaulengwe Knorr o ne a ntsha kitsiso ya go gololwa ga thanolo ya Bibela ya King James, eo e neng ya gatisiwa mo metšhineng ya Mokgatlho e e nang le khokhodense e e neng e rulagantswe segolo thata gore e dirisiwe ke Basupi ba ga Jehofa mo bodiheding jwa bone jwa tshimo. Go gololwa ga Bibela eno go ne go bontsha kgatlhego eo Mokaulengwe Knorr a neng a na le yone mo go gatiseng Bibela le mo go e anamiseng. Totatota, fa a sena go nna mookamedi wa Mokgatlho pelenyana mo ngwageng oo, Mokaulengwe Knorr o ne a itlhaganelela go sireletsa ditshwanelo tsa semolao tsa go gatisa thanolo eo le go rulaganya khonkhodense eno ya yone le dikarolo tse dingwe tsa yone. Mo dikgweding di sekae fela ke fa kgatiso eno e e kgethegileng ya King James Version e siametse go ka gololwa kwa kopanong.

Mo letsatsing la bofelo la kopano, Mokaulengwe Knorr o ne a neela puo eo e neng e re “Kagiso—A E Ka Nnela Ruri?” Mo puong eno o ne a neela bosupi jo bo nonofileng go tswa go Tshenolō 17:8 jwa gore Ntwa ya Lefatshe II, eo e neng e fagile ka nako eo, e ne e se kitla e gogela kwa ntweng ya Hara–Magedone, jaaka fa bangwe ba ne ba gopola, go na le moo ntwa eno e ne e tla khutla mme go ne go tla latela nako ya kagiso. Go ne go santse go na le tiro e ntsi e e tshwanetseng ya dirwa mo go boleleng ka Bogosi jwa Modimo. Ba ba neng ba tlile kopanong ba ne ba bolelelwa gore e le gore go ke go kgonwe go lepalepanwa le kgolo eo e neng e solofetswe mo phuthegong, go tloga ka kgwedi eo e neng e tla latela Mokgatlho o ne o tla romela “batlhanka ba bakaulengwe” gore ba dire le diphuthego. Phuthego nngwe le nngwe e ne e tla etelwa morago ga dikgwedi dingwe le dingwe tse thataro.

“Kopano eo ya Puso ya Modimo ya Lefatshe le Lesha e ne ya dira phuthego ya ga Jehofa seoposengwe le eleng go feta gore e siamele tiro eo e neng e larile kwa pele,” go ne ga bolela jalo Marie Gibbard, yo o neng a ile gone koo kwa Dallas, kwa Texas, a na le batsadi ba gagwe. Mme go ne go na le tiro e ntsi e e neng e tshwanetswe go dirwa. Basupi ba ga Jehofa ba ne ba lebelela pele nako eo ya kagiso. Ba ne ba iketleeditse go gatela pele ba sa lebe kwa morago go bolela mafoko a a molemo, le mororo ba ne ba ganediwa ebile ba bogisiwa!

Motlha wa Thuto E E Oketsegileng

Ba ne ba ntse ba dirisa karata eo ba neng ba neela bosupi ka yone le fonokerafa mo tirong ya bone ya go rera ka ntlo le ntlo, mme gone a mosupi mongwe le mongwe wa ga Jehofa o ne a ka tokafatsa kgono ya gagwe ya go tlhalosa lebaka la tsholofelo ya gagwe go tswa mo Dikwalong? Poresidente wa boraro wa Mokgatlho, N. H. Knorr, o ne a akanya jalo. C. James Woodworth, yo rraagwe a neng a na le dingwaga a direla jaaka mokwaladikgang wa The Golden Age le Consolation, a bolela jaana: “Lefa ka nako ya ga Mokaulengwe Rutherford go ne go gatelelwa thata ntlha ya gore ‘Bodumedi Ke Serai le Kgwebo ya Boferefere,’ jaanong go ne go simolola motlha wa go oketsega le go ruta lefatshe ka bophara—thuto ya Bibela le ya phuthego—e ne ya simolola ka selekanyo se segolo thata ka tsela eo batho ba ga Jehofa ba neng ba sa e itse pele ga moo.”

Motlha wa thuto o ne wa simolola ka bonako fela. Ka February 9, 1942, mo e ka nnang kgwedi fela morago ga gore N. H. Knorr a tlhophiwe jaaka mookamedi wa Mokgatlho, go ne ga dirwa kitsiso e e itumedisang kwa Bethele ya Brooklyn. Go ne ga dirwa dithulaganyo kwa Bethele tsa gore go nne le Thulaganyo ya Katiso ya Maemo A A kwa Godimo mo Bodiheding jwa Puso ya Modimo—sekolo seo se neng se ruta thata kaga go dira dipatlisiso tsa Bibela le go bua phatlalatsa.

Mo ngwageng o o ileng wa latela, go ne go setse go simolotswe ka go dira dithulaganyo tsa gore sekolo seno se tshwarwe mo diphuthegong tsa selegae tsa Basupi ba ga Jehofa. Kwa Kopanong ya “Go Bilediwa go Dira” eo e ileng ya tshwarwa ka April 17 le 18, 1943, go ralala United States yotlhe, go ne ga gololwa bukana Course in Theocratic Ministry. Phuthego nngwe le nngwe e ne ya rotloediwa go simolola sekolo sa yone se sesha, mme Mokgatlho o ne wa tlhopha batsamaisi go direla jaaka badulasetulo gore ba tle ba neele baithuti ba banna kgakololo e e molemo fa ba sena go neela dipuo. Ka bonako fela, thulaganyo eno ya katiso e ne ya ranolwa ya ba ya dirisiwa mo mafatsheng a mangwe.

Ka ntlha ya seno, dibui tse di tshwanelang tseo di neng tsa katisiwa mo sekolong seno sa bodihedi di ne tsa simolola go nna le seabe mo thulaganyong ya lefatshe ka bophara ya go bolela molaetsa wa Bogosi ka go neela dipuo tsa phatlalatsa. Ba le bantsi mo go bano ba ne ba nna le tshiamelo ya gore moragonyana ba dirise katiso eno ka tsela e e molemo ka go nna dibui kwa dikopanong tse dikgolo le go rwala maikarabelo a magolo a phuthego.

Mongwe wa bano e ne e le Angelo C. Manera, yo mmotlana, yo o neng a na le dingwaga tse 40 a direla jaaka molebedi yo o etang. E ne e le mongwe wa ba ba neng ba nna ba ntlha go ikwadisa mo sekolong sa phuthego ya bone, mme o ne a akgela jaana: “Mongwe le mongwe wa rona bao re neng re ntse re tla dipokanong le go tswela bodiheding jwa tshimo ka dingwaga tse dintsi re sa dirise selo seno se re se baakanyedi-tsweng re ne ra go tsaya e le kgatelopele e kgolo thata mo go rona ka namana le mo phuthegong.”

Fa a ne a bua ka katiso ya gagwe kwa sekolong seo se neng sa simololwa kwa Bethele ya Brooklyn ka 1942, George Gangas, yo ka nako eo e neng e le moranodi wa Segerika, o ne moragonyana a re: “Ke santse ke gopola nako ya fa e ne e le la ntlha ke neela puo ya metsotso e le merataro. Ke ne ke sa itshepe ka jalo ka e kwala mo pampitshaneng. Lefa go ntse jalo ke ne ka tshoga thata ka ke ne ke tshaba batho ka nako ya gore ke tle go e neela, mme ka nnela go kokaetsa le go itoma diteme, ka lebala gotlhe moo ke neng ke tlile go go bua. Ka jalo ke ne ka akanya gore ke tla e bala fela jaaka e ntse. Lefa go le jalo diatla tsa me di ne di tetesela thata mo e leng gore ditlhaka di ne di sa bonale!” Lefa go le jalo, o ile a se ka a ineela. Morago ga nakonyana o ne a neela dipuo kwa dikopanong tse dikgolo fa pele ga bareetsi ba bantsi ebile gape o ile a direla jaaka leloko la Setlhopha Se Se Laolang sa Basupi ba ga Jehofa.

Sekolo Seo Se Thaetsweng mo Tumelong

Ka September 24, 1942, go ne ga nna le kgatelopele e nngwe gape e kgolo mo motlheng ono wa thuto e e oketsegileng. Kwa kokoanong e e kopanetsweng ya diboto tsa bakaedi ba makgotla a mabedi a semolao, Mokaulengwe Knorr o ne a akantsha gore Mokgatlho o tlhome sekolo se sengwe, mme go dirisiwe kago eo e neng e agilwe kwa Polasing ya Bogosi, kwa South Lansing, New York, eo e neng e le dikilometara tse 410 kafa borwabophirima jwa New York City. Boikaelelo jwa sekolo seno e ne e tla nna go thapisa barongwa bao ba neng ba tla ya go direla kwa dinageng di sele koo go neng go tlhokega baboledi ba Bogosi teng. Kakantsho eno e ne ya amogelwa ka diatla tsoopedi go se ope yo o ganetsang.

Albert D. Schroeder, yo o neng a na le dingwaga tse 31 ka nako eo, o ne a tlhophiwa go nna motlhatlheledimogolo le go nna modulasetulo wa komiti eo e neng e tla dira dithulaganyo tsa gore sekolo seno se sesha se nne gone. “Abo dipelo tsa rona di ne tsa tlala boitumelo jang ne fa re ne re utlwa kaga kabelo eno e ntšha!” o ne a bolela jalo. Batlhatlheledi ba sekolo seno ba ne ba simolola ka bonako fela kwantle ga tiego, ba ne ba na le dikgwedi di le nne fela gore ba tle ba dire thulaganyo ya katiso eno, ba baakanyetsa tseo di neng di tlile go rutiwa, le go phutha dikgatiso tsa laeborari. “Thulaganyo eno ya maemo a a kwa godimo ya katiso ya Bokeresete e ne e tsaya dibeke tse 20, Bibela e le yone buka e kgolo ya thuto,” go tlhalosa jalo Mokaulengwe Schroeder, yo gone jaanong a direlang jaaka leloko la Setlhopha Se Se Laolang.

Ka Mosupologo wa February 1, 1943, letsatsi la mariga leo le neng le le tsididi thata mo New York, tlelase ya ntlha, e e neng e na le baithuti ba le 100 e ne ya simolola. Eleruri seno e ne e le sekolo seo se neng se thaetswe mo tumelong. Mo bogareng joo jwa Ntwa ya Lefatshe II, go ne go na le mafelo a le mmalwanyana fela ao barongwa bano ba neng ba ka romelwa kwa go one. Lefa go le jalo, batho bano bao e neng e tla nna barongwa ba ne ba katisiwa ka tsholofelo e e tletseng ya gore go tla nna le nako e kagiso e tla nnang teng ba neng ba tla dirisiwa ka yone.

Go Rulaganngwa Sesha ga Dilo Morago ga Ntwa

Ka May 1945, bobaba jwa dinaga tsa Yuropa jwa Ntwa ya Lefatshe II bo ne jwa khutla. Dikgwedi di le nne moragonyana, ka September, ntwa e ne ya khutla kwa dinageng tsa Pacific. Ntwa ya Lefatshe II e ne e fedile. Ka October 24, 1945, dingwaga tse di fetang tse tharo morago ga gore mookamedi wa Mokgatlho a neele puo eo e neng e re “Kagiso—A E Ka Nnela Ruri?” Molaotheo wa Lekgotla la Merafe E E Kopaneng o ne wa simolola go dirisiwa.

Dipego kaga tiro ya Basupi ba ga Jehofa di ne di setse di simolotse go nna di itsisiwe go tswa kwa Yuropa. Selekanyo se tiro ya go bolela molaetsa wa Bogosi e neng ya gatela pele thata ka sone mo dinageng tsa Yuropa le mororo go ne go na le ntwa se ile sa gakgamatsa bakaulengwe ba bone le bokgaitsadi lefatshe ka bophara. Tora ya Tebelo (ka Seesemane) ya July 15, 1945, e ne ya bega jaana: “Ka 1940 Fora e ne e na le baboledi ba le 400; gone jaanong go na le ba le 1 100 bao ba bolelang ka Bogosi. . . . Ka 1940 Holland e ne e na le baboledi ba le 800. Ba le makgolo a mane ba bone ba ne ba latlhelwa mo dikampeng tsa pogisetso kwa Jeremane. Bao ba neng ba setse ba ne ba rera kaga Bogosi. Matswela e ne ya nna afe? Kwa nageng eo gone jaanong go na le baboledi ba Bogosi ba le 2 000.” Kgololesego eo e neng e rena e ne ya bula phatlha ya gore jaanong go rerwe molaetsa wa Bogosi go ya pele, e seng fela mo Yuropa mme go ralala lefatshe lotlhe. Lefa go le jalo, pele ga tseo tsotlhe go ne go tlhokega gore go tlhabololwe le gore go rulaganngwe dilo dingwe sesha.

Mookamedi wa Mokgatlho, le mokwaledi wa gagwe, Milton G. Henschel, ba ne ba ba etela dinaga tse di jaaka Borithane, Fora, Switzerland, Belgium, Netherlands le Scandinavia ka November 1945 go kgothatsa bakaulengwe le go tlhatlhoba diofisi tsa makala a Mokgatlho ereka ba ne ba eleditse thata go ya go sekaseka dilo tse di neng di tlhokwa ke Basupi ba ga Jehofa mo dinageng tse di neng di kgautlhantswe ke ntwa.d Maikaelelo a magolo a bone e ne e le go rulaganya dilo sesha morago ga ntwa. Go ne ga dirwa dithulagayo tsa go tlamela ka dibuka le go romela dijo le diaparo kwa bakaulengweng bao ba neng ba di tlhoka. Diofisi tsa makala di ne tsa tlhongwa sesha.

Mokaulengwe Knorr o ne a lemogile gore go ne go tlhokega gore go rulaganngwe makala sentle e le gore go ke go kgonwe go lepalepanwa le tiro eo e neng e gatela pele ya go rera. Dinonofo tse a neng a na natso ka tlholego fela tsa go rulaganya dilo di ne tsa dirisiwa ka botlalo mo go atoloseng dikago tsa makala a Mokgatlho lefatshe ka bophara. Ka 1942, fa a ne a nna mookamedi, go ne go na le diofisi tsa makala di le 25 fela. Mme ka 1946, go sa kgathalesege dithibelo le dikgoreletsi tsa Ntwa ya Lefatshe II, go ne go na le makala mo dinageng di le 57. Mo dingwageng tse di fetang 30 tse di neng tsa latela, go fitlha ka 1976, makala a ne a oketsega go fitlha go 97.

Go Tlhomelelwa go Nna Barutisi

Fa a sena go konesetsa loeto lwa gagwe lwa go etela merafe yotlhe morago fela ga ntwa, mookamedi wa Mokgatlho o ile a lemoga fa go tshwanela gore Basupi ba ga Jehofa ba tlhomelelwe botoka go nna barutisi ba Lefoko la Modimo. Go ne go tlhokega thuto e e oketsegileng ya Bibela mmogo le didirisiwa tseo di neng di tla dirisiwa mo bodiheding jwa tshimo. Dilo tse di tlhokegang tseo di ne tsa fitlhelelwa kwa tshimologong ya paka ya morago ga ntwa.

Kwa Kopanong ya Puso ya Bomodimo ya Merafe E E Itumetseng, eo e neng e tshwaretswe kwa Cleveland, Ohio, ka August 4-11, 1946, Mokaulengwe Knorr o ne a neela puo eo e neng e re “Go Iketleeletsa Tiro Nngwe le Nngwe E E Molemo.” Kgatlhego ya bareetsi botlhe bao ba neng ba le gone e ne ya rokodiwa jaaka fa a ne a ntse a latlhela dipotso tse di jaaka: “A go ne go se kitla go thusa thata gore go nne le tshedimosetso kaga buka nngwe le nngwe ya dibuka tse di masome a marataro le borataro tsa Bibela? A go ne go se kitla go re thusa go tlhaloganya Dikwalo fa re ne re itse gore ke mang yo o kwadileng nngwe le nngwe ya dibuka tsa Bibela? gore buka nngwe le nngwe e kwadilwe leng? e kwadilwe kae?” Mongwe le mongwe o ne a nna matlhoatlhoa ka nako ya fa a ne a tloga a re: “Bakaulengwe, lo na le tshedimosetso eo yotlhe le e nngwe e e oketsegileng mo bukeng eno ya setlhogo se se reng ‘Equipped for Every Good Work’!” Go ne ga thelwa loshalaba lo logolo morago ga kitsiso eo. Kgatiso eno e ntšha e ne e tla dirisiwa mo sekolong sa bodihedi se se neng se tshwarwa mo diphuthegong.

Basupi ba ga Jehofa ba ne ba se ka ba bona fela thuso eno go oketsa kitso ya bone ya Dikwalo mme gape ba ne ba bona tse dingwe tse dintsi tse di molemo go di dirisa mo tshimong. Kopano eo ya 1946 e tla nna e ntse e gakologelwa ka go gololwa ga tokololo ya ntlhantlha ya Tsogang! Makasine ono o mosha o ne o tsena mo boemong jwa Consolation (eo pele e neng e le The Golden Age). Go ne gape ga gololwa buka e e reng “Let God Be True.”e Henry A. Cantwell, yo moragonyana a neng a direla jaaka molebedi yo o etang, o tlhalosa jaana: “Ka nako e telele re ile ra tlhoka thata buka eo re neng re tla e dirisa go tsamaisa dithuto tsa Bibela le batho ba ba sa tswang go kgatlhega bosheng, buka eo e neng e tla tlotla ka dithuto tsa motheo tsa Bibela le tsa boammaaruri. Jaanong morago ga gore go gololwe buka eno ya ‘Let God Be True,’ re ne re bone seo re neng re ntse re se tlhoka.”

Ba itlhomeletse ka didirisiwa tseno tsa maemo a a kwa godimo tsa go ithuta, Basupi ba ga Jehofa ba ne ba solofela koketsego e kgolo go ya pele. Fa a ne a bua le bareetsi ka setlhogo sa puo seo se neng se re “Mathata a go Tlhabolola Dilo Sesha le go Oketsega,” Mokaulengwe Knorr o ne a tlhalosa gore ka nako ya ntwa ya lefatshe lotlhe, maiteko a go neela bosupi a ne a se ka a kgaodiwa ke sepe. Go tloga ka 1939 go ya go 1946, palo ya baboledi ba Bogosi e ne ya oketsega mo e ka nnang ka 110 000. E le gore go ke go lepalepanwe le dibuka tsa Bibela tse di neng di tlhokega lefatshe ka bophara, Mokgatlho o ne wa rulaganya gore go okediwe bogatisetso le legae la Bethele kwa Brooklyn.

Nako ya kagiso ya lefatshe eo e neng e lebeletswe e ne e gorogile. Motlha wa koketsego mo lefatsheng ka bophara le go ruta ka Bibela o ne wa gatela pele sentle thata. Basupi ba ga Jehofa ba ne ba boela magaeng go tswa Kopanong ya Puso ya Bomodimo ya Merafe E E Itumetseng ba tlhomeletswe botoka go nna barutisi ba mafoko a a molemo.

Go Rerwa ga Bogosi go Gatela Pele

A akantse ka koketsego e e mo lefatsheng ka bophara, ka February 6, 1947, mookamedi wa Mokgatlho mmogo le mokwaledi wa gagwe, Milton G. Henschel, ba ne ba tsaya loeto lwa bodihedi lwa dikilometara tse 76 916. Loeto lono lo ne lo akaretsa ditlhaketlhake tsa Pacific, New Zealand, Australia, Borwabotlhaba jwa Asia, India, Botlhabagare, karolo ya Mediterranean, Yuropa Bogare le Yuropa Bophirima, Scandinavia, Engelane, le Newfoundland. E ne e le lwa ntlha fa e sale ka 1933 baemedi ba ntlokgolo ya Mokgatlho kwa Brooklyn ba etela bakaulengwe ba bone kwa Jeremane. Basupi ba ga Jehofa go dikologa lefatshe lotlhe ba ne itse sengwe le sengwe kaga loeto lono ereka jaana dintlha ka botlalo kaga loeto lono di ne tsa phasaladiwa mo ditokololong tsa Tora ya Tebelo (tsa Seesemane) mo ngwageng otlhe wa 1947.f

“E ne e le lekgetlo la ntlha re kopana le bakaulengwe ba kwa Asia le ba mafelo a mangwe le go bona gore ba ne ba tlhokang koo,” go tlhalosa jalo Mokaulengwe Henschel, yo gone jaanong a direlang jaaka leloko la Setlhopha Se Se Laolang sa Basupi ba ga Jehofa. “Re ne re akantse ka go romela barongwa, ka jalo re ne re tshwanetse go tlhatlhoba maemo ao ba neng ba tla dira tlase ga one le go bona gore ke dilo dife tseo ba neng ba tla di tlhoka.” Morago ga loeto lono, barongwa ba le bantsi bao ba neng ba thapisitswe kwa Gileade ba ne ba fitlha kwa dinageng tse dintsi tsa seeng go tsweledisa tiro ya go bolela ka Bogosi pele. Mme matswela a seno e ne ya nna a a itumedisang thata. Mo dingwageng tse tlhano tseo di neng tsa latela (1947-52), palo ya baboledi ba Bogosi lefatshe ka bophara e ne ya imena go feta gabedi, go tloga go 207 552 go ya go 456-265.

Koketsego ya Puso ya Bomodimo

Ka June 25, 1950, mephato ya masole a Democratic People’s Republic of Korea Bokone e a ne a tlhasela Republic of Korea e e kwa Borwa. Kgabagare, go ne ga romelwa mephato e mengwe ya masole go tswa kwa dinageng tse dingwe tse 16. Mme lefa go ntse jalo jaaka fa ntwa e ne e ntse e thulanya merafe e megolo, Basupi ba ga Jehofa kafa letlhakoreng le lengwe ba ne ba rulaganyetsa kopano e kgolo ya meraferafe eo e neng e tla bontsha e seng fela gore ba a utlwana lefatshe ka bophara mme gape gore Jehofa o ne a ba segofatsa ka koketsego.—Isa. 60:22.

Kopano ya Koketsego ya Puso ya Modimo e ne ya rulaganyediwa go tshwarwa go tloga ka July 30 go ya go August 6, 1950. Eno e ne ya nna kopano e kgolo go di feta tsotlhe tseo di neng di kile tsa tshwarwa ke Basupi ba ga Jehofa mo lefelong le le lengwe. Batlakopanong go tswa mafatsheng a sele ba le 10 000 go tswa Yuropa, Afrika, Asia, Latin America, ditlhaketlhake tsa Pacific—dinaga tse di farologaneng tse 67—di ne tsa phuthegela kwa Yankee Stadium kwa New York City. Tlhora ya go feta 123 000 ya bao ba neng ba le teng mo puong ya phatlalatsa—fa go bapisiwa le tlhora ya ba le 80 000 bao ba neng ba ile Kopanong ya Puso ya Bomodimo ya Merafe E E Itumetseng dingwaga tse nne fela pele ga moo—seno ka bosone e ne e le bosupi jo bo itumedisang thata jwa koketsego.

Sengwe gape seo se tlhomologileng ka tsela eo Basupi ba ga Jehofa ba ileng ba oketsega ka yone ke go gatisiwa le go abiwa ga Lefoko la Modimo. Tiragalo e e ka se kang ya lebalwa e e malebana le seno e ne ya diragala ka August 2, 1950, fa Mokaulengwe Knorr a ne a itsise kaga go gololwa ga New World Translation of the Christian Greek Scriptures ya puo ya Seesemane sa segompieno. Ba ba neng ba tlile kopanong ba ne ba itumedisiwa ke go utlwa gore thanolo eno e ntšha e buseditse leina la Modimo Jehofa makgetlo a le 237 mo dikarolong tsa botlhokwa tsa go tloga ka Mathaio go ya go Tshenolō! Fa se ne se konesetsa puo eno ya sone, sebui se ne sa dira boikuelo jono jo bo gwetlhang: “Tsayang thanolo eno. E baleng yotlhe. Lo e ithute, gonne e tla lo thusa go tokafatsa kitso ya lona ka Lefoko la Modimo. Mme lo e abeleng ba bangwe.” Dithulaganyo tse dingwe di ne di tla latela mo masomeng a dingwaga ao a neng a tla latela, e le gore kwa bofelong Basupi ba ga Jehofa ba nne le thanolo e e tlhomameng, e e balegang bonolo ya Bibela yotlhe gore ba kgone go e abela ba bangwe ba le matlhagatlhaga.

Pele ba tloga mo motseng wa kopano, baeti botlhe ba ne ba lalediwa go etela ntlokgolo e ntšha ya Bethele kwa 124 Columbia Heights le bogatisetso jo bo neng bo setse bo atolositswe tota kwa 117 Adams Street. Jaaka fa di ne di agilwe ka thuso ya madi go tswa mo Basuping go dikologa lefatshe lotlhe, dikago tseno tse disha e ne e le tsa bofelo mo thulaganyong e kgolo ya go oketsa dikago eo go neng ga itsisiwe ka yone ya ba ya itumelelwa ka matlhagatlhaga kwa kopanong ya 1946 eo e neng e tshwaretswe kwa Cleveland. Ka nako eo Basupi ba ga Jehofa ba ne ba seka ba lemoga namane e tona ya koketsego eo e neng e tla nna teng, e seng fela kwa Brooklyn, mme le mo lefatsheng lotlhe. Didirisiwa tse dintsi le tse dikgolo tsa go gatisa di ne di tla tlhokega go tlamela baboledi ba Bogosi ba ba neng ba oketsega ka lobelo lo logolo.

Katiso E E Tseneletseng mo Bodiheding jwa Ntlo le Ntlo

Kwa Kopanong ya Mokgatlho wa Lefatshe Le Lesha, eo e neng e tshwaretswe kwa New York City, ka July 19-26, 1953, Basupi ba ga Jehofa ba ne ba tlamelwa ka dikgatiso tse disha tseo ba neng ba tla di dirisa bone ka bobone le go di dirisa segolobogolo mo tirong ya ntlo le ntlo ya go rera ka Bogosi. Ka sekai, “Make Sure of All Things” e ne ya amogelwa ka loshalaba lo logolo ke batho ba le 125 040 bao ba neng ba le teng ka Mosupologo July 20, fa e ne e gololwa. Sedirisiwa se se mosola eleruri mo tshimong, buka ya ditsebe di le 416 ya selekanyo sa kgetsana e phuthile dikwalo di le 4 500 kafa tlase ga ditlhogo tse dikgolo tse 70. Basupi ba ga Jehofa ba ne jaanong ba tshotse dikarabo tse di tswang mo Dikwalong tsa dipotso tseo ba neng ba kopana natso mo tirong ya go rera ka ntlo le ntlo.

Ka Laboraro mo mosong ka nako ya puo eo e neng e re “Tiro E Kgolo ya Batlhanka Botlhe,” Mokaulengwe Knorr o ne a itsise ka kgato e nngwe gape eo e neng e tla oketsa thapiso eo e neng e tsweletse ya Basupi ba ga Jehofa—thulaganyo ya thapiso e e oketsegileng ya bodihedi jwa ka ntlo le ntlo eo e neng e tla dirisiwa mo diphuthegong tsotlhe. Baboledi ba ba nang le maitemogelo ba ne ba kopiwa go thusa bao ba neng ba sena boitemogelo go le kalo go nna baboledi ba Bogosi ba ba tswang ka metlha, le ba ba bonang matswela. Thulaganyo eo ya maemo a a kwa godimo e ne ya simololwa go dirisiwa ka September 1, 1953. Jesse L. Cantwell, yo e neng e le molebedi yo o etang yo o neng a nna le seabe mo tirong eno ya go thapisa, o ne a akgela jaana: “Thulaganyo eno eleruri e ne ya thusa baboledi gore ba bone matswela ka tsela e kgolwane.”

Mo dikgweding tseo di neng tsa latela morago ga koketsego ya July 1953, go ne ga tshwarwa dikopano tse dikgolo mo dikontinenteng tse tlhano, ka tsela eo e neng e tla tshwanela lefelo lengwe le lengwe mme thulaganyo e le nngwe fela. Ka jalo thulaganyo ya katiso e e tseneletseng ya bodihedi jwa ntlo le ntlo e ne ya simololwa mo diphuthegong tsotlhe tsa Basupi ba ga Jehofa lefatshe ka bophara. Ka one ngwaga oo tlhora ya baboledi ba Bogosi e ne ya fitlha go 519 982.

Go Lepalepana le Dilo Tse Di Tlhokegang ka Ntlha ya Koketsego mo Lefatsheng Lotlhe

Mo bogareng jwa bo 1950, go ne ga dirwa dithulaganyo tse di oketsegileng tsa go tlamela tsela e kgolo e phuthego e neng e gola ka yone. N. H. Knorr o ne a ile a dikologa lefatshe lotlhe go tlhatlhoba gore makala a ne a dira jang mo e ka nnang go feta dingwaga di le lesome. Maeto ano a ne a thusa thata go tlhomamisa gore tiro e okamelwe ka tshwanelo mo nageng nngwe le nngwe le go nonotsha kafa Basupi ba ga Jehofa ba utlwanang ka teng lefatshe ka bophara. Mokaulengwe Knorr o ne a na le lorato lo lo boteng mo go bao e neng e le barongwa le bao ba neng ba direla kwa makaleng a lefatshe lotlhe. Gongwe le gongwe koo a neng a ya teng o ne a senya nako a tlotla le bone ka mathata a bone le dilo tse ba di tlhokang le go ba rotloetsa mo bodiheding jwa bone. Mme ka 1955, go ne go setse go na le diofisi tsa makala a Mokgatlho wa Watch Tower di le 77 le barongwa bao ba neng ba thapisitswe kwa Gileade ba le 1 814 ba ba neng ba direla kwa dinageng tse 100 tse di farologaneng. Ka a ne a lemoga fa a ne a se kitla a tlhola a kgona go rwala maikarabelo ano a nnosi, Mokaulengwe Knorr o ne a tsaya dikgato tsa go akaretsa ba bangwe mo tirong eno ya botlhokwa ya go etela makala le magae a barongwa.

Go ne ga dirwa dithulaganyo tsa go kgaoganya lefatshe ka disouno di le lesome, souno nngwe le nngwe e akaretsa palo e e rileng ya makala a Mokgatlho. Bakaulengwe ba ba tshwanelegang go tswa kwa Ofiseng ya Brooklyn le balebedi ba ba nang le maitemogelo ba makala ba ne ba tlhophiwa go direla jaaka batlhanka ba disouno (gone jaanong ba bidiwa balebedi ba disouno) mme ba ne ba thapisiwa mo tirong eno ke Mokaulengwe Knorr. Ka January 1, 1956, wa ntlha wa batlhanka bano ba disouno o ne a simolola tirelo eno e ntšha ya go etela makala. Fa e sale go tloga ka 1992, bakaulengwe ba feta 30, go akaretsa le maloko a Setlhopha Se Se Laolang, ba ntse ba direla jaaka balebedi ba disouno.

Thuto Kaga Thato ya Bomodimo

Mo selemong sa ngwaga wa 1958, matshosetsi a ntwa a ne a aparela Botlhabagare. Le mororo merafe e ne e sa agisana ka kagiso, Basupi ba ga Jehofa ba ne ba rulaganyetsa go phuthega mmogo kwa kopanong ya meraferafe eo e neng e tla ba rutela pele kaga thato ya bomodimo. Gape e ne e tla itshupa go nna kopano ya bone e kgolo go di gaisa tsotlhe tseo di neng di kile tsa tshwarelwa mo motseng o le mongwe.

Tlhora ya baeti ba le 253 922 go tswa kwa dinageng di le 123 e ne ya ologela mo Yankee Stadium sa New York City le Polo Grounds go tla Kopanong ya Merafe Yotlhe ya Thato ya Bomodimo, go tloga ka July 27 go ya go August 3. “Basupi ba ga Jehofa Ba Tla ka Makatlanamane, Moo Ba Ka Tlatsang Setadiamo,” go ne ga bolela jalo pampiri ya dikgang ya New York eleng Daily News ya July 26, 1958. “Diterena tse di kgethegileng di le robedi, dibese tse di hirilweng di le 500 le dikoloi di le 18 000 di lere maloko, re sa balele dikepe tse pedi tse di hirilweng le difofane tse di hirilweng di le 65.”

Barongwa bao ba neng ba katisitswe kwa Gileade ba ne ba setse ba begetse ntlokgolo ya Mokgatlho ka mathata ao ba neng ba rakana nao fa ba ne ba ruta batho bao ba neng ba sa tlwaelana le ditumelo le dithuto tsa dikereke tsa Labokeresete boammaaruri jwa Bibela. Fa fela ba ne ba ka nna le buka eo e neng e ka papamatsa dithuto tsa boammaaruri tsa Bibela, mme e balega motlhofo ebile e tlhaloganngwa motlhofo! Se se ileng sa itumedisa baeti ba le 145 488 bao ba neng ba le gone mo thapameng eo ya Labone, July 31, ke fa Mokaulengwe Knorr a itsise kaga go gololwa ga buka e ntšha ya Go Tšwa Paradaiseng e Latlhegileng go ya Paradaiseng e Bonweng (ka Seesemane).

Mokaulengwe Knorr o ne a kgothaletsa botlhe go dirisa buka eno e ntšha mo bodiheding jwa bone jwa tshimo. O ne gape a gakolola batsadi gore ba ne ba tla go fitlhela go le molemo go dirisa buka eno go ruta bana ba bone boammaaruri jwa Bibela. Batsadi ka bontsi ba ne ba sekegela kgakololo eo tsebe. Grace A. Estep, morutabana yo o goletseng mo torotswaneng e e gaufi le Pittsburgh, kwa Pennsylvania, o ne a bolela jaana: “Kokomana yotlhe ya bana e ne e tlwaelane thata le buka ya Paradaise, le eleng pele ba kgona go bala, ba ne ba tla ba e tshotse kwa dipokanong, ba tlotla ka dintlha tsa yone le ditsala tseo ba neng ba tshameka le tsone, ba kgona go tlotlela ba bangwe tatelano ya dipolelo tsa Bibela ka go leba ditshwantsho fela.”

Go ne gape ga tlamelwa baithuti ba ba gatetseng pele ba Lefoko la Modimo ka dikgatiso tse di nang le tshedimosetso e e boteng. Kwa bokhutlong jwa puo e e amang maikutlo eo e neng e re, “Go Rata ga Gago go Dirwe,” Mokaulengwe Knorr o ne a itumedisa bareetsi fa a ne a itsise ka go gololwa ga buka e ntšha e e nang le setlhogo se se reng “Your Will Be Done on Earth.” Kgatiso eno e ntšha, eo e neng e na le tshedimosetso e e boteng ka buka ya Daniele, e ne e ruta babadi ba yone kafa go rata ga Modimo go ileng ga diragadiwa ka teng le kafa go diragadiwang ka teng gone jaanong. “Lo ile go itumelela buka eno thata!” go ne ga rialo sebui. Ka loshalaba lo logolo, bareetsi ba le 175 441 ba ne ba supa go itumelela ga bone go amogela sedirisiwa seno se sesha seo se neng se tlile go tiisa kanaanelo ya bone mo thatong ya bomodimo!

Mo mafokong a gagwe a a konelang, Mokaulengwe Knorr o ne a itsise kaga dithulaganyo tse di oketsegileng tsa go ruta tseo di neng di tla solegela phuthego yotlhe ya lefatshe ka bophara molemo. “Tiro ya go ruta ga e boele kwa morago,” Knorr o ne a bolela jalo, “go na le moo e tswelela pele.” O ne a tlhalosa kaga leano la go dira thulaganyo ya katiso e e tsayang dikgwedi di le lesome eo e neng e tla tshwarelwa kwa Brooklyn go thapisa balebedi go tswa makaleng otlhe a Mokgatlho lefatshe ka bophara. Gape, mo dinageng di le dintsi go dikologa lefatshe lotlhe, go ne go tla nna le dithulaganyo tsa katiso tsa kgwedi e le nngwe go thapisa balebedi ba ba etang le bao ba eteletseng pele mo diphuthegong. Ke eng fa thuto eno yotlhe e ne e tlhokega? “Re batla go fitlhelela maemo a a kwa godimo a go tlhaloganya dilo,” o ne a tlhalosa jalo, “gore re kgone go nna le kitso e e boteng kaga megopolo ya ga Jehofa jaaka fa a e tlhagisa mo Lefokong la gagwe.”

Tiro malebana le dithulaganyo tseno tsa khoso ya katiso di ne tsa simolola mo lobakeng lo lo sa fediseng pelo. Dikgwedi di le supa moragonyana, ka March 9, 1959, tlelase ya ntlha ya sekolo se sesha, Sekolo sa Bodihedi sa Bogosi, e ne ya simolola kwa South Lansing, New York, kwa legaeng la Sekolo sa Gileade. Seo se ileng sa simolola koo se ile ka bonako fela sa fitlha kwa dikarolong tsotlhe tsa lefatshe ka jaana sekolo seno se sesha se ne se dirisiwa go thapisa bao ba neng ba eteletse diphuthego pele.

Go Nonotshiwa ‘Gore Re Eme Re Tlhomame mo Tumelong’

Ka dingwaga tsa bo1960, lotso lotlhe lwa motho lo ne lo apesitswe ke lekhubu le legolo la diphetogo tsa sedumedi le tsa loago. Baruti ba ne ba kaya dikarolo dingwe tsa Bibela fa e le ditlhamane fela kgotsa gore di fetilwe ke nako. Mogopolo wa gore “Modimo o sule” o ne wa gola ka lobelo lo logolo. Lotso lwa motho lo ne lwa nwelelela kwa tengteng mo bodibeng jwa boitsholo jo bo maswe jwa tlhakanelodikobo. Ka Tora ya Tebelo le dikgatiso tse dingwe mmogo le dithulaganyo tsa dikopano, batho ba ga Jehofa ba ne ba nonotshiwa gore ba “èmè ka tlhōmamō mo tumeloñ” mo lesomeng leo la dingwaga le go neng go tsogile kgoberego mo go lone.—1 Bakor. 16:13.

Kwa metseletseleng ya dikopano tse di ileng tsa tshwarwa lefatshe ka bophara ka 1963, puo e e reng “Buka ya ‘Mahoko A A Molemō A A Sa Khutleñ’ E Mosola,” e ne ya femela Bibela kgatlhanong le ditlhaselo tsa batshwayadiphoso. “Ga go tlhokege gore batshwayadiphoso ba Bibela e nne bone ba re bolelelang gore ke batho bafe ba ba kwadileng buka eno,” sebui se ne sa tlhalosa jalo. “Bibela yone ka boyone e re bolelela ntlha eno ka boikanyego. Fela selo se le sengwe fela seo se tlhomololang buka eno mo dibukeng dipe fela tse di kileng tsa kwalwa ke motho ke gore Bibela E E Boitshepo e kwadilwe ka ‘tlhotlheleco ea Modimo.’” (2 Tim. 3:16, 17) Puo eno e e gwetlhang maikutlo e ne ya felela ka gore go gololwe buka ya “Lokwalo Longwe le Longwe Lo Tlhotlheleditswe Ke Modimo Ebile Lo Mosola” (ka Seesemane). Kgatiso eno e ntšha e ne e akaretsa motlotlo kaga buka nngwe le nngwe ya Bibela, e ntsha dintlha tsa motheo ka buka nngwe le nngwe, tse di jaaka gore ke mang yo o e kwadileng, e kwaletswe kae le gone leng, le bosupi jwa gore e tlhomame. Morago ga moo go tle tshobokanyo ya buka eo ya Bibela, e latelwa ke karolo e e reng “Lebaka la Go Bo E Le Mosola,” eo e bontshang kafa buka eno e leng mosola ka teng mo mmading wa yone. Jaaka sedirisiwa sa boleng jo bogolo thata sa thulaganyo e e tswelelang pele ya go rutiwa Bibela ga Basupi ba ga Jehofa, le eleng gone jaanong buka eno e lejwa jaaka sedirisiwa se segolo mo Sekolong sa Bodihedi sa Puso ya Bomodimo mo e ka nnang dingwaga tse 30 morago ga fa e sena go gololwa!g

Basupi ba ga Jehofa le bone ba ne ba amiwa ke diphetogo tseo di neng tsa diragala ka bo1960 mo mokgweng wa go tlhakanela dikobo. Totatota, dikete di le mmalwa—diperesente di sekae fela tsa palokakaretso ya bone—di ne tsa tshwanelwa ke go kgaolwa ngwaga le ngwaga, bontsi jwa bone e le ka ntlha ya boitsholo jo bo maswe jwa tlhakanelodikobo. Ka mabaka a a tshwanelang, he, ka nako eo batho ba ga Jehofa ba ne ba neelwa kgakololo e e tlhamaletseng kwa metseletseleng ya dikopano tsa kgaolo tsa ka 1964. Lyle Reusch, yo e leng molebedi yo o etang yo a neng a tswa kwa Saskatchewan, Canada, o gakologelwa puo eo e neng e re “Go Boloka Mokgatlho wa Batlhanka Ba Phatlalatsa O le Phepa, O Itshekile.” Reusch o ne a bolela gore: “Go ne go buiwa puophaa go tlhalosiwa dintlha ka phepafalo tse di amanang le boitshwaro.”

Dintlha tsa puo eno di ne tsa gatisiwa mo go Tora ya Tebelo (ka Seesemane) ya November 15, 1964. Gareng ga tse dingwe e ne ya re: “Basetsana, lo se ka lwa itira letsela le le leswe le botlhe ba iphimolang ka lone leo go ka iphimolang diatla dingwe le dingwe tsa seaka sengwe le sengwe ka lone, le ‘ntša’ nngwe le nngwe ya tshwantshetso.”—Bapisa Tshenolō 22:15.

Kgakololo e e ntseng jalo e e phepafetseng e ne e rulaganyeditswe go thusa Basupi ba ga Jehofa motho ka bongwe go ipoloka a le phepa mo boitsholong ebile ba tshwanetse go tswelela pele ba bolela molaetsa wa Bogosi.—Bapisa Baroma 2:21-23.

“Mpolelele, 1975 Eno E Bolelang?”

Basupi ba ne ba sa bolo go nna ba dumela gore Puso ya Dingwaga Tse Di Sekete ya ga Keresete e tla latela morago ga dingwaga di le 6 000 tsa hisitori ya motho. Mme dingwaga tse 6 000 tsa go nna gone ga motho di ne di tla fela leng? Buka e e reng Life Everlasting—In Freedom of the Sons of God, eo e neng ya gololwa kwa metseletseleng ya dikopano tsa kgaolo tseo di neng di tshwerwe ka 1966, e ne ya umaka 1975. Go tloga teng kwa kopanong koo, jaaka fa bakaulengwe ba ne ba ntse ba tlhatlhoba diteng tsa yone, buka eno e ntšha e ne ya tsosa metlotlo e mentsi mabapi le 1975.

Kwa kopanong eo e neng e tshwaretswe kwa Baltimore, Maryland, F. W. Franz o ne a neela puo e e konelang kopano. O ne a simolola ka go bolela jaana: “Pele fela ga ke tla fa seraleng fano lekawana lengwe le ne la tla kwa go nna mme la re, ‘Mpolelela, 1975 eno e bolelang?’” Mokaulengwe Franz o ne a lebisa go dipotso di le dintsi tseo di neng tsa tlhaga malebana le gore a buka eno e ntšha e ne e bolela gore a Hara–Magedona e tla bo e iteile ka 1975, ebile Satane o tla bo a golegiwa. Tota o ne a bolela jaana, ‘Go ka nna ga nna jalo. Mme ga re re go ntse jalo. Ga go na sepe seo se ka palelang Modimo. Fela ga re re go ntse jalo. Mme a go se nne ope wa lona yo o buang ka go tlhomamisa kaga sepe fela seo se tla diragalang magareng a gone jaanong le 1975. Lefa go le jalo ntlha e kgolo ditsala tse di rategang ke gore: Nako e khutshwane thata. Nako e khutshwafetse ga go na pelaelo kaga seno.’

Bontsi jwa Basupi ba ga Jehofa ba ne ba dira tumelanong le kafa kgakololo eno e neng e ntse ka teng mo dingwageng tse di neng tsa latela morago ga 1966. Lefa go le jalo, dintlha tse dingwe di ne tsa gatisiwa kaga kgang eno, mme dingwe di ne di tlhomamisa dilo go na le go akantsha gore di ka nna tsa bo di ntse jalo. Seno go ne ga dumelwa gore se ne se ntse jalo mo go Tora ya Tebelo ya March 1, 1981 (tsebe 3) (March 15, 1980, ka Seesemane). Mme Basupi ba ga Jehofa ba ne gape ba tlhagisitswe gore ba ganelele mo go direng thato ya ga Jehofa mme ba se ka ba tshwenyega thata ka malatsi le go lebelela go bolokiwa ka bonako.h

Sedirisiwa sa go Akofisa Tiro

Ka bo1960, Basupi ba ga Jehofa ba ne ba bolela mafoko a a molemo ka tsholofelo le ka lobelo. Ka 1968 palo ya baboledi ba Bogosi e ne e oketsegile go fitlha go 1 221 504 mo dinageng di le 203. Lefa go ntse jalo, o ne o ka fitlhela bangwe ba ithutile Bibela dingwagangwaga mme ba sa dirise kitso eo ba e boneng. A go ne go na le tsela eo tiro ya go dira barutwa e neng e ka akofisiwa ka yone?

Karabo e ne ya bonwa ka 1968 fa go ne go gololwa buka e ntšha e e thusang go ithuta Bibela, Boamarure jo bo Isang Botshelong jo Bosakhutleng (ka Seesemane). Buka eno ya ditsebe tse 192 ya selekanyo sa kgetsana e ne ya rulaganngwa go akantswe ka batho ba ba sa tswang go kgatlhega bosheng. E na le ditlhogo tse di gapang kgatlhego tse 22 tse di jaaka “Lebaka Leo go Leng Botlhale go Tlhatlhoba Bodumedi jwa Gago ka Lone,” “Lebaka Le Re Tšohalang le go Šwa ka Lone,” “Bašwi Ba Kae?” “Ke Eng Ha Modimo O Dumeletse Boikepo go Fitlhelela Motlha wa Rona?” “Ka Mo go Ka Kgethololwang Bodumedi jwa Boamarure ka Gone,” le “Go Aga Botshelo jwa Lelapa Je Le Itumetseng.” Buka ya Boamarure e ne e rulaganyeditswe go kgothaletsa moithuti wa Bibela gore a nne le seabe mo go seo se ithutiwang le go se dirisa mo botshelong jwa gagwe.

Kgatiso eno e ntšha e ne e tshwanetswe go dirisiwa mo thulaganyong ya go ruta Bibela ya dikgwedi tse thataro. Tokololo ya Tirelo ya Bogosi ya November 1968 (September 1968, ka Seesemane) e ne ya tlhalosa gore thulaganyo e ntšha eno e ne e tla dira jang: “Go ka nna molemo fa o ka leka go ithuta kgaolo yotlhe ya buka ya ‘Boamarure’ beke le beke le mong wa ntlo, lefa seno se se kitla se kgonega ka beng ba matlo botlhe kgotsa ka dikgaolo tsotlhe tsa buka eno. . . . Fa e le gore, dikgwedi tse thataro di a fela mme lo ithutile ka tlhagafalo ebile lo dirile maiteko a go ba laletsa gore ba nne teng kwa dipokanong, mme ba ise ba dire boiteko jwa go kopanela le phuthego, go ka nna botoka gore o dirise nako eo ya gago go ithuta le motho o sele yo o ka ratang go ithuta boammaaruri le go dira botswelelopele. A e nne mokgele wa gago gore o tla bolela mafoko a a molemo mo dithutong tsa Bibela ka tsela eo ka yone batho ba ba kgatlhegang ba ka tsayang kgato mo nakong ya dikgwedi di le thataro!”

Mme ba ne ba dira fela jalo! Mo lobakeng lo lokhutshwane fela, thulaganyo eno ya thuto ya Bibela ya dikgwedi di le thataro e ne e atlegile ka tsela e e gakgamatsang. Mo dingwageng tse tharo tsa tirelo tse di simolotseng ka September 1, 1968, mme di fela ka August 31, 1971, go ne ga kolobediwa palogotlhe ya batho ba le 434 906—e le go feta gabedi palo ya bao ba ileng ba kolobediwa mo dingwageng tse tharo tsa tirelo tse di tlileng pele ga tseo! Ereka jaana e tlile ka nako eo ka yone go neng go rena moya wa tsholofelo le wa go potlaka gareng ga Basupi ba ga Jehofa, buka ya Boamarure mmogo le thulaganyo ya dikgwedi di le thataro ya go tsamaisa thuto ya Bibela e ne ya thusa thata mo go akofiseng tiro ya go dira barutwa.—Math. 28:19, 20.

“E Tshwanetse ya Dira ka Katlego; E Tswa kwa go Jehofa”

Mo dingwageng di le dintsi diphuthego tsa Basupi ba ga Jehofa di ne tsa rulaganngwa e le gore go ke go nne le monna yo o tshwanelang sentle semoyeng yo o tlhophiwang ke Mokgatlho go direla jaaka motlhanka wa phuthego, kana “molebedi,” wa phuthego, mme o ne a thusiwa ke “batlhanka” ba bangwe bao ba tlhophilweng.i (1 Tim. 3:1-10, 12, 13) Banna bano ba ne ba tshwanetse go direla letsomane, e seng go rena mo godimo ga lone. (1 Pet. 5:1-4) A mme diphuthego di ne di ka latela thulaganyo e e tshwanang le ya diphuthego tsa Bakeresete tsa lekgolo la ntlha la dingwaga?

Ka 1971, kwa metseletseleng ya dikopano tseo di neng tsa tshwarwa go ralala lefatshe, go ne ga neelwa puo e e neng e re “Mokgatlho wa Puso ya Puso ya Bomodimo mo Gare ga Dipuso tsa Temokeratiki le tsa Bokomonise.” Ka July 2, F. W. Franz o ne a neela puo eno kwa Yankee Stadium kwa New York City. Mo go yone o ne a tlhagisa ntlha ya gore koo go neng go na le banna ba ba lekaneng ba ba tshwanelang gone, phuthego ya lekgolo la ntlha la dingwaga e ne e na le balebedi ba ba fetang a le mongwe. (Bafil 1:1) “Setlhopha sa balebedi ba phuthego,” o ne a bolela jalo “se tla akaretsa ‘setlhopha sa banna ba ba godileng’. . . Maloko a ‘Setlhopha [kana, kokoano] seno sa bagolwane’ a ne a lekana otlhe, a na le boemo jo bo tshwanang jwa tiro, go ne go sena ope mo go bone yo o neng a le botlhokwa go feta ba bangwe, a tlhomologile, le go nna le thata e kgolo go gaisa maloko a mangwe a phuthego.” (1 Tim. 4:14) Eleruri puo eo e ne ya ama batho botlhe ba ba neng ba tlile kopanong. Tshedimosetso eno e ne e tla tlhotlheletsa Basupi ba ga Jehofa ba ba mo lefatsheng ka bophara ka tsela efe?

Karabo e ne ya bonwa malatsi a le mabedi morago ga moo, mo puong e e konelang e e neng ya neelwa ke N. H. Knorr. Go tloga ka October 1, 1972, go ne go tla dirwa diphetogo lefatshe ka bophara mo tirong ya go okamela diphuthego. Go ne jaanong go se kitla go tlhola go nna le motlhanka kana molebedi wa phuthego a le mongwe fela. Go na le moo mo dikgweding tseo di latelang October 1, 1972, banna ba ba ikarabelang ba ba godileng sentle mo phuthegong nngwe le nngwe ba ne ba tla romelela Mokgatlho maina a bao ba neng ba ba haka go direla jaaka setlhopha sa bagolwane (le maina a bao ba neng ba tla direla jaaka batlhanka ba bodihedi). Mogolwane a le mongwe o ne a tla direla jaaka modulasetulo,j lefa go le jalo bagolwane botlhe ba ne ba lekana ka taolo ebile ba ne ba tla thusana maikarabelo a go dira ditshwetso. “Diphetogo tseno tsa kafa phuthego e tsamaisiwang ka teng,” go ne ga tlhalosa jalo Mokaulengwe Knorr, “di tla thusa gore tsamaiso ya diphuthego e kgomarele thulaganyo ya Lefoko la Modimo, mme seo eleruri se tla felela se lerile masego a mantsi go tswa kwa go Jehofa.”

Ba ba neng ba tlile kopanong ba ne ba amogela jang tshedimosetso eno eo e neng e le malebana le diphetogo tsa kafa phuthego e neng e tsamaisiwa ka gone? Molebedi mongwe yo o etang o ne a tlhotlheletsega go bolela jaana: “E tshwanetse ya atlega; e tswa kwa go Jehofa.” Mosupi mongwe yo o nang le maitemogelo a lobaka lo loleele o ne a oketsa jaana: “Go tla rotloetsa banna botlhe ba ba godileng gore ba tseye maikarabelo.” Eleruri, jaanong banna ba bantsi bao ba neng ba ka tshwanelega ba ne ba ka “dira gore ba bone” le go tlhophelwa go dira “tiro ya bolebedi.” (1 Tim. 3:1, NW) Palo e kgolo ya bakaulengwe e ne jaanong e ka bona maitemogelo a maemo a a kwa godimo ka go rwala maikarabelo a phuthego. Lefa ba ne ba se ka ba lemoga seno kwa tshimologong, botlhe bano ba ne ba tlile go tlhokega gore ba tle go disa batho ba basha bao ba neng ba thologela ka bontsi mo dingwageng tseo di neng di tla latela.

Dintlha tseo di neng tsa neelwa kwa kopanong di ne gape tsa tlhalosa dintlha dingwe tse di neng di sa tlhaloganngwe le go dira diphetogo tseo di neng di le malebana le Setlhopha Se Se Laolang. Ka September 6, 1971, go ne ga tliwa mo tshwetsong ya gore bodulasetulo jwa Setlhopha Se Se Laolang bo refosanwe gareng ga maloko a sone go ya kafa a latelanang ka gone ka dialofabete. Dibeke di le mmalwa morago ga moo, ka October 1, 1971, F. W. Franz o ne a nna modulasetulo wa Setlhopha Se Se Laolang ka sebaka sa ngwaga e le nngwe.

Mo ngwageng o o latelang, ka September 1972, go refosana maikarabelo ga ntlha mo diphuthegong go ne ga simolola, mme ka October 1, thulaganyo ya go refosana jalo e ne e koneseditswe mo diphuthegong di le dintsi. Mo dingwageng tse tharo tseo di neng tsa latela, Basupi ba ga Jehofa ba ne ba oketsega ka tsela e e kgatlhang thata—go feta tharonneng ya batho ba le milione ba ne ba kolobediwa. Lefa go le jalo ba ne jaanong ba atamela dikgakologo tsa 1975. Fa ditebelelo tsotlhe tsa bone malebana le 1975 di ne di sa diragale, seno se ne se tla ama jang matlhagatlhaga a bone mo tirong ya lefatshe lotlhe ya go rera mmogo le kutlwano ya bone ya lefatshe ka bophara?

Gape, mo masomesomeng a dingwaga Nathan H. Knorr, monna yo o nang le botho jo bo kgatlhang le dinonofo tse di tlhomologileng tsa go rulaganya dilo, o ile a nna le seabe se segolo thata mo go tswelediseng thulaganyo ya go ruta pele mo phuthegong le go dira gore batho ba ikamogelele Bibela le go ba thusa gore ba e tlhaloganye. Phetogo ya gore jaanong Setlhopha Se Se Laolang se etelele dilo pele ka botlalo e ne e tla ama jang maikaelelo ano?

[Dintlha tse di kwa tlase]

a Tora ya Tebelo (ka Seesemane) ya February 1, 1942, ts. 45; Consolation ya February 4, 1942, ts. 17.

b Ka September wa 1945, Mokaulengwe Covington ka bopelontle o ne a gana go tswelela pele a direla jaaka motlatsaporesidente wa Watch Tower Bible and Tract Society (ya Pennsylvania), a tlhalosa gore o eletsa go dira tumalanong le seo ka nako eo se neng se tlhaloganngwa e le thato ya ga Jehofa malebana le botlhe bao ba direlang jaaka bakaedi le badiredi ba bagolo—gore bano e tshwanetse ya bo e le Bakeresete ba ba tloditsweng ka moya, ka jaana ene a ne a ipolela fa e le wa “dinku di sele.” Ka October 1, Lyman A. Swingle o ne a tlhophelwa go direla mo botong ya bakaedi, mme ka October 5, Frederick W. Franz o ne a tlhophiwa jaaka motlatsaporesidente. (Bona 1946 Yearbook of Jehovah’s Witnesses, dits. 221-4; Tora ya Tebelo [ka Seesemane] ya November 1, 1945, dits. 335-6.)

c Bona Kgaolo 30, e e reng “Go Femela le go Tlhomamisa Mafoko A A Molemo Semolao.”

d Go ne ga gatisiwa dintlha ka botlalo ka loeto lono mo go Tora ya Tebelo (ka Seesemane) ka 1946.—Bona ditsebe 14-16, 28-31, 45-8, 60-4, 92-5, 110-12, 141-4.

e Mo dingwaganyaneng di le mmalwa, thuso eno ya go ithuta Bibela e ne ya itsege lefatshe lotlhe ka bophara. Fa e ne e sena go boelediwa gape ka April 1, 1952, go ne ga gatisiwa dikaelo di feta 19 000 000 ka dipuo di le 54.

f Bona ditsebe 140-4, 171-6, 189-92, 205-8, 219-23, 236-40, 251-6, 267-72, 302-4, 315-20, 333-6, 363-8.

g Buka ya “Lokwalo Longwe le Longwe Lo Tlhotlheleditswe Ke Modimo Ebile Lo Mosola” e ne ya tlhabololwa mme ya gololwa ka Setswana ka 1991.

h Ka sekai, ditlhogo tse di latelang di ne tsa gatisiwa mo go Tora ya Tebelo: “Go Dirisa Nako E E Setseng ka Botlhale” (May 1, 1968, ka Seesemane); “Dira O Akantse ka Bosakhutleng” (December 1, 1975 [June 15, 1974, ka Seesemane]); “Lebaka la Go Bo Re Sa Bolelelwa ‘Letsatsi Leo le Ura’” le “O Ikutlwa Jang ka Lebaka la Go Bo O sa Bolelelwa ‘Letsatsi le Ura’?” (August 1, 1976 [May 1, 1975, ka Seesemane]). Pelenyana, ka 1963, buka ya “Lokwalo Longwe le Longwe Lo Tlhotlheleditswe ke Modimo Ebile Lo Mosola” (ka Seesemane) e ne e ile ya bolela gore: “Ga go molemo go dirisa lenaane la ditiragalo tsa Bibela ka go latelana ga tsone go fopholetsa kaga motlha o o santseng o tla tla.—Math. 24:36.”

i Bona Kgaolo 15, “Tsela e Thulaganyo ya Phuthego Eno E Ileng ya Bopega ka Yone.”

j Sebui se ne gape sa tlhalosa gore go tloga ka October 1, 1972, go ne go tla nna le thulaganyo ya gore setlhopha sa bagolwane ba phuthego se refosane bodulasetulo ngwaga le ngwaga. Thulaganyo eno e ne ya fetolwa ka 1983, fa go ne go kopiwa setlhopha sengwe le sengwe sa bagolwane gore se hake molebedi yo okamelang yo, morago ga gore a tlhophiwe ke Mokgatlho, a neng a tla direla jaaka modulasetulo wa setlhopha sa bagolwane a sa beelwa lobaka.

[Mafoko a a mo go tsebe 92]

Ba ne ba rera le mororo bane ba tshwarwa le go latlhelwa mo kgolegelong

[Mafoko a a mo go tsebe 94]

‘Ba ne ba oketsega le go ruta mo lefatsheng lotlhe ka selekanyo se se iseng se itsewe pele’

[Mafoko a a mo go tsebe 103]

Go femela Bibela kgatlhanong le ditlhaselo tsa batshwayadiphoso

[Mafoko a a mo go tsebe 104]

‘Ntlha e kgolo ditsala tse di rategang ke gore: Nako e khutshwane thata’

[Mafoko a a mo go tsebe 106]

“Go tla rotloetsa banna botlhe ba ba godileng gore ba tseye maikarabelo”

[Lebokoso mo go tsebe 91]

Tsela Eo N. H. Knorr A Godileng Ka Yone

Nathan Homer Knorr o tsholetswe kwa Bethlehem, Pennsylvania, U.S.A., ka April 23, 1905. Fa a ne a na le dingwaga di le 16, o ne a simolola go kopanela le Phuthego ya Baithuti ba Bibela ya Allentown. Ka 1922 o ne a nna gone kwa kopanong ya kwa Cedar Point, Ohio, koo a neng a dira tshwetso teng ya go kgaogana le Reformed Church. Mo ngwageng o o latelang, ka July 4, 1923, morago ga gore Frederick W. Franz yo a neng a tswa kwa Bethele ya Brooklyn, a neele puo ya kolobetso, Nathan wa dingwaga tse 18 o ne a le gareng ga bao ba neng ba kolobediwa mo Little Lehigh River, kwa Pennsylvania Botlhaba. Ka September 6, 1923, Mokaulengwe Knorr o ne a nna leloko la lelapa la Bethele kwa Brooklyn.

Mokaulengwe Knorr o ne a dira ka matlhagatlhaga mo Lefapheng la go Romela Dibuka, mme go ise go e kae nonofo ya gagwe ya tlholego ya go rulaganya dilo e ne ya lemogiwa. Fa motsamaisi wa feketeri ya Mokgatlho, Robert J. Martin, a sena go tlhokafala ka September 23, 1932, Mokaulengwe Knorr o ne a tlhophelwa go tsaya maemo a gagwe. Ka January 11, 1934, Mokaulengwe Knorr o ne a tlhophiwa go nna mokaedi wa Peoples Pulpit Association (o jaanong eleng Watchtower Bible and Tract Society of New York, Inc.), mme mo ngwageng o o neng wa latela o ne a dirwa motlatsaporesidente wa Mokgatlho ono. Ka June 10, 1940, o ne a nna motlatsamokaedi wa Watch Tower Bible and Tract Society (lekgotla la Pennsylvania). A tlhophiwa jaaka poresidente wa mekgatlho e mebedi eno mmogo le wa lekgotla la Borithane, International Bible Students Association, ka January 1942.

Mo dingwageng tse di neng tsa latela, mongwe wa bao ba neng ba atamalane thata le Mokaulengwe Knorr ebile e le mogakolodi yo o ikanyegang e ne e le Frederick W. Franz, monna yo o neng a le mogolo mo go ene ka dingwaga le yo kitso ya gagwe ya dipuo tse dintsi le maitemogelo ao a neng a na le one jaaka mokanoki wa Bibela di neng di setse di solegetse phuthego molemo thata.

[Lebokoso mo go tsebe 93]

Go Lebelela go Bona Dilo Tse Di Kgothatsang

Baemedi kwa kopanong ya Puso ya Modimo ya Lefatshe Le Lesha kwa Cleveland, Ohio, ka September 1942, ba ne ba itumedisiwa ke fa mokwaledi le motshwaramatlotlo yo o neng a setse a tsofetse wa Mokgatlho, W. E. Van Amburgh, a ne a bua kwa kopanong. Mokaulengwe Van Amburgh o ne a gakologelwa gore kopano ya ntlha eo a neng a tla kwa go yone e ne e le kwa Chicago ka 1900, mme e ne e le “kgolo”—go ne go na le batho ba ka nna 250 bao ba neng ba tlile. Fa a sena go umaka dikopano tse dingwe gape tse “dikgolo” tse di ileng tsa tshwarwa go kgabaganya dingwaga, o ne a konesetsa ka mafoko ano a a supang go lebelela go bona dilo tse di kgothatsang: “Kopanok eno e lebega e le kgolo mo go rona gone jaanong, lefa go le jalo jaaka fa kopano eno e le kgolo fa ke e bapisa le tse nkileng ka tla kwa go tsona mo nakong e e fetileng, jalo ke lebeletse pele gore kopano eno e tla nna potlana thata fa e bapisiwa le tseo di tla tshwarwang mo isagweng fa Morena a tla bo a simolola go phutha batho ba gagwe go tswa dikhutlong tsotlhe tsa lefatshe.”

[Ntlha e e kwa tlase]

k Tlhora ya ba le 26 000 e ne ya tla kwa Cleveland, ka palogotlhe ya batho ba le 129 699 kwa metseng e le 52 ya kopano mo United States yotlhe.

[Lebokoso/Mmapa mo go tsebe 96]

Maeto a ga N. H. Knorr a Tirelo, 1945-56

1945-46: Amerika Bogare, Amerika Borwa, Amerika Bokone, Yuropa, dinaga tsa Caribbean

1947-48: Amerika Bokone, ditlhaketlhake tsa Pacific, Botlhaba, Botlhabagare, Yuropa, Afrika

1949-50: Amerika Bokone, Amerika Bogare, Amerika Borwa, dinaga tsa Caribbean

1951-52: Amerika Bokone, ditlhaketlhake tsa Pacific, Botlhaba, Yuropa, Botlhabagare, Afrika

1953-54: Amerika Borwa, dinaga tsa Caribbean, Amerika Bokone, Amerika Bogare

1955-56: Yuropa, ditlhaketlhake tsa Pacific, Botlhaba, Amerika Bokone, Botlhabagare, Afrika Bokone

[Mmapa]

(See publication)

[Lebokoso mo go tsebe 105]

“Gompieno Ke Ne Ka Simolola Gape go Akanya”

Jaaka fa e ne ya gololwa ka 1968 (ka Seesemane), buka ya “Boamarure jo bo Isang Botshelong jo Bosakhutleng” e ne ya dirisiwa thata ke Basupi ba ga Jehofa mo go ithuteng Bibela le batho ba ba kgatlhegang. Buka eno e e gorogileng ka nako e e tshwanetseng e ne ya thusa dikete tse di makgolokgolo tsa batho ba ba akanyang sentle gore ba iponele kitso e e tlhomameng ka Dikwalo. Lekwalo lengwe leo le bontshang kanaanelo leo le neng la amogelwa ka 1973 go tswa go mmadi mongwe wa United States le ne la re: “Mosadi mongwe yo o molemo thata o ne a tla mo lelapeng la me gompieno mme a nneela buka e e bidiwang ‘Boamarure jo bo Isang Botshelong jo Bosakhutleng.’ Ke sa tswa go e fetsa. Ke lekgetlo la ntlha mo botshelong jwa me ke bala buka epe fela ya ditsebe di le 190 mo letsatsing le le lengwe fela. Ke ne ka tlogela go tlhola ke dumela mo Modimong ka June 29, 1967. Gompieno ke ne ka simolola gape go akanya.”

[Setshwantsho mo go tsebe 95]

Sekolo sa Gileade kwa South Lansing, New York

[Setshwantsho mo go tsebe 97]

Mokaulengwe Knorr, o bontshitswe fano a etetse Cuba, mme o ne a etela lefatshe lotlhe ka makgetlo a mantsi

[Ditshwantsho mo go tsebe 98]

Mokaulengwe Knorr o ne a ikutlwa gore Mosupi mongwe le mongwe o tshwanetse go kgona go rera ka ntlo le ntlo

Engelane

Lebanona

[Setshwantsho mo go tsebe 99]

Jaaka poresidente wa Mokgatlho, Mokaulengwe Knorr o ne a dira a atamalane thata le Mokaulengwe Franz mo lobakeng lwa dingwaga di le 35

[Setshwantsho mo go tsebe 100]

Boto ya Bakaedi ya Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania, mo bogareng jwa bo 1950. (Go tloga kafa molemeng go ya kafa mojeng) Lyman A. Swingle, Thomas J. Sullivan, Grant Suiter, Hugo H. Riemer, Nathan H. Knorr, Frederick W. Franz, Milton G. Henschel

[Ditshwantsho mo go tsebe 102]

Ka 1958 baemedi ba ba tswang kwa dinageng tse 123 ba ne ba phuthegela kwa Yankee Stadium ba tlile Kopanong ya Merafe Yotlhe ya Thato ya Bomodimo

[Ditshwantsho mo go tsebe 107]

Dingwe tsa dikgatiso tse di dirisiwang mo bodiheding jwa tshimo

[Ditshwantsho mo go tsebe 107]

Dikgatiso tsa go thapisa Basupi ba ga Jehofa mo bodiheding

[Ditshwantsho mo go tsebe 107]

Dibuka tseo di neng tsa neela batho ba ga Jehofa dijo tse di loileng go ba nonotsha semoyeng

[Ditshwantsho mo go tsebe 107]

Tseo di thusang go dira patlisiso le tse di thusang go ithuta

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela