Ditiragalo Tse di Kgatlhang mo Hisitoring ya Segompieno ya Basupi ba ga Jehofa
1870 Charles Taze Russell le setlhopha sengwe go tswa kwa Pittsburgh le Allegheny, kwa Pennsylvania, kwa U.S.A., ba simolola go ithuta Bibela ka metlha le ka botlalo
1870-75 Russell le ditsala tse a neng a ithuta le tsone ba ne ba lemoga gore fa Keresete a boa gape a ka se bonwe ke batho ka matlho le gore boikaelelo jwa go tla ga gagwe bo akaretsa go tla go segofatsa malapa otlhe a lefatshe
1872 Russell le setlhopha se a ithutang naso ba simolola go tlhaloganya sentle tlhwatlhwa ya setlhabelo se Keresete a se ntsheditseng batho
1876 C. T. Russell o amogela kopi ya Herald of the Morning, ka January; o kopana le N. H. Barbour, morulaganyi wa yone, mo selemong sa ngwaga oo kwa Philadelphia, kwa Pennsylvania
Setlhogo se se kwadilweng ke C. T. Russell, se se gatisitsweng mo tokololong ya October ya Bible Examiner, kwa Brooklyn, kwa New York, se bolela fa Metlha ya Baditšhaba e tla wela ka 1914
1877 Buka e go tweng Three Worlds e a gatisiwa, ka ntlha ya go dira mmogo ga ga N. H. Barbour le C. T. Russell
C. T. Russell o gatisa bukana e go tweng The Object and Manner of Our Lord’s Return, kwa ofising ya Herald of the Morning, kwa Rochester, kwa New York
1879 Russell o kgaogana gotlhelele le Herald of the Morning, ka May, ka ntlha ya boikutlo jwa ga Barbour mabapi le thekololo
Tokololo ya ntlha ya Zion’s Watch Tower and Herald of Christ’s Presence, ka July 1879
1881 Dipampitshana tsa ntlha tse di gatisitsweng ke Baithuti ba Bibela; pele ga 1914, palo yotlhe ya dipampitshana tse di tsamaisitsweng ka ngwaga e ne e nna dikopi di le dimilione tse di masome ka dipuo di le 30
Zion’s Watch Tower Tract Society e a rulaganngwa; go opiwa mokgosi wa gore “Go Batlega Bareri ba le 1 000,” bangwe ba tle go nna barekisi ba dibuka ba ka metlha, ba bangwe ba dirise nako epe fela e ba ka tswang ba na le yone go anamisa boammaaruri jwa Bibela
Go tsamaisediwa batho ba ba tsenang kereke dikopi di le 300 000 tsa Food for Thinking Christians mo metsemegolong ya Borithane
1883 Watch Tower e goroga kwa China; mongwe yo o kileng ya bo e le morongwa wa Presbyterian ka bofefo fela o simolola go rerela ba bangwe teng koo
1884 Food for Thinking Christians e goroga kwa Liberia, mo Afrika; mmadi yo o kgatlhegang o kwala a kopa dikopi tse a ka di tsamaisang
Mokgatlho wa Zion’s Watch Tower Tract o dumelelwa go ya ka molaotheo kwa Pennsylvania; o ne wa kwadisiwa semolao ka December 15
1885 Dikgatiso tsa Watch Tower di setse di balwa ke batho bangwe ba ba bolailweng ke tlala ya go utlwa boammaaruri kwa Amerika Bokone le Borwa, Yuropa, Afrika, le Asia
1886 The Divine Plan of the Ages e a gatisiwa, bolumo ya ntlha ya motseletsele oo e ne e bidiwa Millennial Dawn (kwa morago e ne ya bidiwa Studies in the Scriptures)
1889 Bible House e agiwa mo Arch Street, kwa Allegheny, kwa Pennsylvania, go nna ntlokgolo ya Mokgatlho
1891 Kopano ya ntlha, ya malatsi a le supa ya Baithuti ba Bibela e tshwarelwa kwa Allegheny, kwa Pennsylvania (April 19-25)
1894 Balebedi ba ba etang bao kwa morago ba ileng ba bidiwa baeti ba sedumedi (gompieno ba bidiwa, balebedi ba potologo le ba kgaolo) ba romelwa go ya ka thulaganyo ya Mokgatlho ya go etela diphuthego
1900 Ofisi ya ntlha ya lekala ya Mokgatlho wa Watch Tower e a bulwa, kwa Lontone, kwa Engelane
Baithuti ba Bibela ba setse ba neetse bosupi mo dinageng di le 28, mme molaetsa o ba o rerang o setse o gorogile kwa dinageng tse dingwe gape tse di seng kafa tlase ga 13
1903 Go tlhoafalela go tsamaisetsa batho dipampitshana mo magaeng a bone mahala ka boSontaga; pele ga fano, dipampitshana di ne di tsamaisiwa thata mo mebileng e e gaufi le dikereke
1904 Dithero tsa ga C. T. Russell di simolola go tswa ka metlha mo teng ga makwalodikgang; mo dingwageng di le lesome fela di setse di gatisiwa ke makwalodikgang a ka nna 2 000
1909 Ntlokgolo ya Mokgatlho e fudusediwa kwa Brooklyn, kwa New York, ka April
1914 Go supiwa “Photo-Drama of Creation” la ntlha kwa New York, ka January; pele ngwaga o fela, e setse e bonwe ke batho ba palo e e fetang 9 000 000 kwa Amerika Bokone, Yuropa, le Australia
Ka October 2, mo ntlong ya bojelo ya Bethele kwa Brooklyn, C. T. Russell o gatelela gore, “Metlha ya Baditšhaba e khutlile”
Baithuti ba Bibela ba rera ka botlhaga mo dinageng di le 43; ba le 5 155 ba ne ba bega gore ba neela ba bangwe bosupi; palo yotlhe ya ba ba tlileng Segopotsong ke 18 243
1916 C. T. Russell o a tlhokafala a na le dingwaga di le 64, ka October 31, a le mo tereneng a raletse Texas
1917 J. F. Rutherford o nna poresidente wa Mokgatlho ka January 6, fa komiti ya batsamaisi ba le bararo e sena go tsamaisa ditiro tsa Mokgatlho ka dikgwedi tse di ka nnang pedi
Buka ya The Finished Mystery e gololelwa lelapa la Bethele kwa Brooklyn ka July 17; ba le banè ba ba direlang mo botong ya bakaedi ba Mokgatlho ba kgatlhanong le yone; go tswa foo diphuthego tse dintsi di a thubega
1918 Puo e e reng “Lefatshe le Tsene mo Bokhutlong—Dimilione Tse Di Tshelang Jaanong Di Ka Nna Tsa Se Ka Tsa Tlhola Di Swa” e neelwa la ntlha, ka February 24, kwa Los Angeles, kwa California. Ka March 31, setlhogo sa puo eo e nna “Lefatshe le Tsene mo Bokhutlong—Dimilione Tse Di Tshelang Jaanong Ga Di Kitla Di Swa” e neelwa kwa Boston, kwa Massachusetts
J. F. Rutherford le ditsala tsa gagwe ba kwadilwe mo makwalong a feterale a a laolang go re ba tshwarwe a a ntshitsweng ka May 7; tsheko e simologa ka June 5; ka June 21 (yo mongwe ka July 10) ba atlholelwa go nna lobaka lo loleele mo kgolegelong ya feterale
Ntlokgolo ya Brooklyn e a tswalwa ka August, mme ditiro tsa yone di fudusediwa gape kwa Pittsburgh ka lobaka lo lo fetang ngwaga
1919 Badiredi ba bagolo ba Mokgatlho le ditsala tsa bone ba gololwa ba sena go duela madi a go leta tsheko ka kwa ntle, ka March 26; ka May 14 tshwetso ya kgotlatshekelo e nnye e a ganediwa, go bo go laelwa gore go sekwe sesha; mo ngwageng o o latelang, ka May 5, puso e intsha mo kgetsing ya bone, e gana go ba sekisa
Go lekeletsa gore a tiro ya Baithuti ba Bibela e ka tsosolosiwa gape, J. F. Rutherford o rulaganya go neela puo ya phatlalatsa e e reng “Tsholofelo ya Batho Ba Ba Tshwenyegileng Thata,” kwa Clune’s Auditorium, kwa Los Angeles, kwa California, ka May 4; batho ga ba kgone go tsena botlhe, mme puo e tshwanelwa ke go neelwa gape
Baithuti ba Bibela ba tshwara kopano kwa Cedar Point, kwa Ohio, ka September 1-8; go itsisiwe makasine o o tlileng go gatisiwa wa The Golden Age (o jaanong o bidiwang Tsogang!)
Bulletin (e jaanong e bidiwang Tirelo ya Rona ya Bogosi) e a gatisiwa go kgothaletsa tirelo ya tshimo
Pego ya ngwaga oo e bontsha gore Baithuti ba Bibela ba le 5 793 ba tshwere ka natla mo tirong ya go rera mo dinageng di le 43; go ne ga begwa gore ba le 21 411, ba ne ba tla Segopotsong
1920 Mokgatlho wa Watch Tower o simolola ditiro tsa go ikgatisetsa ka boone, kwa Brooklyn
1922 J. F. Rutherford o dirisa radio la ntlha ka February 26, kwa California, go gasa puo ya Bibela
Baithuti ba Bibela ba tshwaretse kopano kwa Cedar Point, kwa Ohio, ka September 5-13; go ikuelwa jaana “Itsiseng, itsiseng, itsiseng, Kgosi le bogosi jwa yone”
Baruti ba kwa Jeremane ba gakatsa mapodisi gore a tshware Baithuti ba Bibela fa ba tsamaisa dibuka tsa Bibela phatlalatsa
1924 WBBR (seteishane sa ntlha sa radio sa Mokgatlho wa Watch Tower) se simolola go gasa ka February 24
1925 Tora ya Tebelo (ka Seesemane) ya March 1, fa e bua ka go tsalwa ga Bogosi jwa Modimo ka 1914, e bontsha gore go na le diphuthego tse pedi tse di ganetsanang—ya ga Jehofa le ya ga Satane
1926 Go kgothalediwa gore go rerwe ka ntlo le ntlo ka Sontaga go dirisiwa dibuka
1928 Baithuti ba Bibela ba tshwarelwa go tsamaisa dibuka jaaka karolo ya go rera ga bone ka ntlo le ntlo kwa New Jersey (U.S.A.); mo dingwageng di le lesome fela, go tshwarwa ba ba fetang 500 ngwaga le ngwaga kwa United States
1931 Go amogelwa leina Basupi ba ga Jehofa ka maitlamo kwa kopanong kwa Columbus, kwa Ohio, ka July 26, mme go tswa foo le kwa dikopanong tse dingwe go dikologa lefatshe
1932 Vindication, Buka 2, e tlhalosa gore ke ka ntlha yang fa boperofeti jwa Bibela kaga go busediwa ga dilo jaaka di ne di ntse bo sa bue ka Bajuda ba tlholego mme go na le moo bo bua ka Iseraele wa semoya
Thulaganyo ya “bagolwane ba ba tlhophiwang ka boutu” e a emisiwa, go dumelana le tlhaloso e e mo ditokololong tsa August 15 le September 1 tsa Tora ya Tebelo (ka Seesemane)
1933 Basupi ba ga Jehofa ba a thibelwa kwa Jeremane. Ka nako ya fa ba ne ba bogisiwa thata go fitlha ka Ntwa ya Lefatshe II, go ne ga tshwarwa ba le 6 262, mme nako yotlhe e ba e ntseng mo kgolegelong e dira dingwaga di le 14 332; ba le 2 074 ba romelwa kwa dikampeng tsa pogisetso mme nako e ba e ntseng koo e dira dingwaga di le 8 332
Metšhine e e gatisang modumo (mengwe ya yone e pegilwe mo dikoloing) e dirisiwa ke Basupi go gasa dipuo tsa Bibela mo mafelong a botlhe
1934 Difonokerafa tse di akgiwang di dirisiwa ke Basupi go tshamekela batho ba ba kgatlhegang dipuo tse dikhutshwane tse di gatisitsweng tsa Bibela
1935 Mo puong ya kopano kwa Washington, D.C., ka May 31, “bontsintsi jo bogolo” bo tlhalosiwa fa e le setlhopha sa mo lefatsheng; batho ba le 840 ba a kolobediwa mo kopanong eno; go gatelelwa thata tsholofelo ya go tshela ka bosakhutleng mo lefatsheng la paradaise ya batlhanka ba ba ikanyegang ba Modimo ba ba tshelang jaanong
Lefelo la go kopanela, le simolola go bidiwa Holo ya Bogosi, kwa Honolulu, kwa Hawaii
1936 Baboledi ba Bogosi ba ipofelela la ntlha dipolakate go itsise ka dipuo tsa Bibela tsa phatlalatsa
Ba kgothalediwa go simolola go ithuta le batho ba ba kgatlhegang, go dirisiwa buka ya Mokgatlho e go tweng Riches e na le Bibela; gantsi go ne go ithutiwa ka ditlhopha
1937 Basupi ba dirisa difonokerafa tse di akgiwang gore ba tshamekele batho dipuo tsa Bibela fa dikgorong tsa matlo a bone
1938 Dithulaganyo tsa puso ya Modimo tsa go tlhopha balebedi mo diphuthegong di tseela mekgwa ya temokeratiki ya go tlhopha sebaka, go dumelana le Tora ya Tebelo (ka Seesemane) ya June 1 le ya June 15
Dikopano tsa souno (tse jaanong di bidiwang dikopano tsa potologo) di rulaganyetswa ditlhopha tsa diphuthego
1939-45 Mo dinageng tsotlhe tse di busiwang ke Mmusomogolo wa Borithane le Dinaga tsa Kgolagano ya Borithane merafe e le 23 e thibela Basupi ba ga Jehofa kgotsa e kganela dibuka tsa bone tsa Bibela
1940 Go simololwa go tsamaisiwa ga Tora ya Tebelo le Consolation mo mebileng ka metlha mo tirong ya Basupi ba ga Jehofa
Tshwetso ya Kgotlatshekelo ya Bokgaolakgang ya U.S., ka June 3, ya gore motho o tshwanetse go dumedisa folaga lefa a ka tswa a dumela eng e bakela Basupi ba ga Jehofa go tlhaselwa ke digopa mo nageng yotlhe
1941 Palo ya Basupi ba ba tlhaga e feta 100 000, e tshwara tlhora ya 109 371 mo dinageng di le 107, le mororo Ntwa ya Lefatshe II e apesitse Yuropa mme ebile e anamela kwa Afrika le Asia
1942 J. F. Rutherford o a tlhokafala ka January 8 kwa San Diego, kwa California
N. H. Knorr o nna poresidente wa boraro wa Mokgatlho ka January 13
Palo yotlhe ya dikopi tsa Tora ya Tebelo tse di gatisitsweng mo ngwageng oo ke 11 325 143
Go simololwa Khoso ya Maemo A A kwa Godimo ya Tirelo ya Puso ya Modimo go ruta ba ba dirang kwa ntlokgolo ya Mokgatlho, ka February 16
Mokgatlho wa Watch Tower o gatisa Bibela e e feletseng ya King James Version, ka motšhine wa one o o gatisang (wa web rotary)
1943 Setlhopha sa ntlha sa Sekolo sa Gileade sa Watchtower se simolola dithuto tsa sone ka February 1
Khoso ya Bodihedi jwa Puso ya Modimo (e jaanong e bidiwang Sekolo sa Bodihedi sa Puso ya Modimo) ya diphuthego tsa Basupi ba ga Jehofa e itsisiwe kwa dikopanong ka April
Kgotlatshekelo ya Bokgaolakgang ya U.S. e tsaya ditshwetso tse di emeng Basupi ba ga Jehofa sentle mo dikgetsing di le 20 tsa tse 24; Kgotlatshekelokgolo ya kwa Australia e phimola go thibelwa ga Basupi koo, ka June 14
1945 Go simolola ka October 1, boto ya bakaedi ba Mokgatlho ga le tlhole le tlhophiwa ke batho ba ba boutang ba ba tshwanelwang ke go tlhopha ka ntlha ya madi a ba a ntshang jaaka mpho
Palogare ya dithuto tsa mahala tsa magae tsa Bibela tse di tshwarwang kgwedi le kgwedi jaanong ke 104 814
1946 Mo dingwageng tse supa tse di fetileng, Basupi ba ga Jehofa ba ba fetang 4 000 kwa United States le ba le 1 593 kwa Borithane ba ne ba tshwarwa mme ba atlholelwa go nna mo kgolegelong lobaka lwa go tloga ka kgwedi e le nngwe go ya go dingwaga tse tlhano ka ntlha ya boitlhaodi jwa bone jwa Bokeresete
Mo ngwageng ono wa ntlha morago ga Ntwa ya Lefatshe II, ba le 6 504 ba mo tirelong ya nako e e tletseng jaaka babulatsela
Makasine wa Tsogang! (o o neng wa latela The Golden Age le Consolation) o simolola go gatisiwa; palo yotlhe ya one e e gatisiwang ke 13 934 429 ka ngwaga oo
Basupi ba ba fetang 470 ba isiwa kwa dikgotlatshekelong kwa Greece ka go bo ba bolelela ba bangwe dithuto tsa Bibela
1947 Kwa Quebec, kwa Canada, dikgetsi di le 1 700 tse di amang tiro ya go rera ya Basupi ba ga Jehofa di emetse go sekiwa kwa dikgotlatshekelong
Palo ya diphuthego jaanong e feta 10 000, e tshwara 10 782 mo lefatsheng lotlhe
1950 New World Translation of the Christian Greek Scriptures e gololwa ka Seesemane, ka August 2, kwa kopanong kwa New York
1953 Thulaganyo e e tseneletseng ya go ruta Basupi ba ga Jehofa go rera ka ntlo le ntlo e a simololwa, ka September 1
1957 Mo dinageng di le 169, Basupi ba ga Jehofa ba dirisa diura di le 100 135 016 go itsise ka Bogosi jwa Modimo le go tshwara dithuto tsa Bibela le ba ba sa tswang go kgatlhega
1958 Kopano ya Thato ya Modimo ya Merafe Yotlhe kwa New York, e tliwa ke batho ba le 253 922 go tswa kwa dinageng di le 123; go kolobediwa ba le 7 136
1959 Dithuto tsa ntlha tsa Sekolo sa Bodihedi sa Puso ya Modimo, di simolola ka March 9, kwa South Lansing, kwa New York, di rulaganyeditswe balebedi ba diphuthego le ba ba etang
1961 Setlhopha sa ntlha sa balebedi ba makala ba Mokgatlho se simolola khoso e e kgethegileng ya dikgwedi di le lesome kwa Brooklyn, kwa New York, ka boikaelelo jwa go kopanya tiro ya Basupi ba ga Jehofa mo lefatsheng lotlhe
New World Translation of the Holy Scriptures, Bibela e e feletseng mo bolumong e le nngwe, e gololwa ka Seesemane
1963 New World Translation of the Christian Greek Scriptures e gololwa ka dipuo tse dingwe gape tse thataro (Se-Denmark, Sefora, Sejeremane, Sepanishe, Sepotokisi, Setadiana), mme go santse go tla latela tse dingwe mo dingwageng tse di tlang
Jaanong Basupi ba ga Jehofa ba ba fetang milione ba dira ka botlhaga mo dinageng di le 198; tlhora ya baboledi mo ngwageng eo ke 1 040 836; ba bangwe gape ba le 62 798 ba a kolobediwa
1965 Holo ya ntlha ya Dikopano, e e leng ntlo ya metshameko e e tlhabolotsweng e dirisiwa ke Basupi ba ga Jehofa kwa New York
1967 Basupi ba ga Jehofa ba tswelela ba bogisiwa setlhogo kwa Malawi yotlhe mme go tswelela ka dingwaga tse dintsi morago ga foo
1969 Dithuto tsa magae tsa Bibela di feta milione o le mongwe; pego e bontsha palogare ya 1 097 237
1971 Setlhopha Se Se Laolang se a okediwa; ka October 1, bodulasetilo bo simolola go fapaanelwa ke maloko ngwaga le ngwaga
1972 Diphuthego tsa Basupi ba ga Jehofa di simolola go okamelwa ke setlhopha sa bagolwane ba lefelo leo, go na le ke motho a le mongwe fela, go simolola ka October 1
1974 Tlhora ya baboledi mo lefatsheng lotlhe e tshwara 2 021 432; babulatsela ba oketsega go tswa go 94 604, ka 1973, go ya go 127 135
1975 Setlhopha Se Se Laolang se rulaganngwa sesha; ka December 4, boikarabelo jwa bogolo jwa tiro bo abelwa dikomiti di le thataro, tse di simololang go dira ka January 1, 1976
1976 Go tloga ka February 1, nngwe le nngwe ya diofisi tsa makala a Mokgatlho wa Watch Tower di tlhokomelwa ke komiti ya banna ba bararo kgotsa go feta ba ba godileng semoyeng, go na le go tlhokomelwa ke molebedi a le mongwe fela
1977 Sekolo sa Tirelo sa Bobulatsela se simolola go neela dikete tse di masome tsa babulatsela thapiso e e kgethegileng mo lefatsheng lotlhe
1984 Dithuto tsa magae tsa Bibela tse di tshwarwang ke Basupi ba ga Jehofa jaanong di tshwara palogare ya 2 047 113
1985 Go simololwa thulaganyo ya baithaopi ba merafe yotlhe, e kaelwa go tswa kwa ntlokgolong ya Mokgatlho go dira ditiro tsa go aga mo lefatsheng lotlhe
Pego e bontsha gore ke ba le 3 024 131 ba ba nang le seabe mo tirong ya go rera ka Bogosi mo dinageng di le 222; jaanong palogare ya babulatsela ke 322 821; ba le 189 800 ba kolobeditswe ngwaga ono
1986 Go tlhongwa Dikomiti Tse Di Agang tsa Kgaolo go thusa go kaela tiro ya go aga Diholo tsa Bogosi
1987 Tiro ya go dira barutwa e a oketsega, jaaka fa dithuto tsa Bibela jaanong di tshwarelwa motho ka bongwe le ditlhopha tsa malapa di le 3 005 048, bontsi jwa tsone di tshwarwa beke le beke; go kolobeditswe batho ba le 230 843 mo ngwageng ono
Go simololwa Sekolo sa Thapiso sa Badihedi, tlelase ya sone ya ntlha e ne e le kwa Coraopolis, kwa Pennsylvania, ka October 1
1989 Go fetoga ga maemo kwa Yuropa Botlhaba go thusa gore go kgonege go tshwara dikopano tsa merafe yotlhe di le tharo kwa Poland, go tswa foo le mo dinageng tse dingwe gape mo dingwageng tse di latelang
1990 Go tlosiwa ga dithibelo tse di tlhometsweng Basupi ba ga Jehofa mo dinageng tsa Afrika le tsa Yuropa Botlhaba go thusa gore efangele e rerelwe batho ba bangwe gape ba ba ka tshwarang 100 000 000
Baboledi ba Bogosi ba tshwara tlhora e ntšha ya 4 017 213; palo ya babulatsela e oketsega go nna 536 508; diura di le 895 229 424 di dirisiwa mo tirong e e potlakileng ya go itsise ka Bogosi
1991 Dithibelo di a tlosiwa kwa Yuropa Botlhaba le kwa Afrika di dira gore go nne motlhofo go fitlhelela batho ba ba ka nnang 390 000 000 ka mafoko a a molemo a Bogosi jwa Modimo
1992 Palogare ya dikopi tse di gatisiwang tsa Tora ya Tebelo ke 15 570 000 ka dipuo di le 111; Tsogang!, e teng ka dipuo di le 67, go gatisiwa palogare ya di le 13 110 000
Go neetswe bosupi thata go feta jaaka go kile ga dirwa, jaaka ba le 4 472 787 ba rera ka Bogosi mo dinageng di le 229; palogare ya babulatsela kgwedi nngwe le nngwe ke 605 610; go dirisitswe diura di le 1 024 910 434 mo go neeleng bosupi phatlalatsa; go tsamaisitswe dithuto tsa Bibela di le 4 278 127; go kolobeditswe barutwa ba basha ba le 301 002