Jehofa o Phutha le go Tlhomelela Batho ba Gagwe Tiro
Go ralala makgolo a dingwaga, botenegi bo ile jwa anama le lefatshe lotlhe. Makoko a mantsi a dikereke a ile a nna le dithuto dingwe tsa Bibela mme a ne segolo-bogolo a latela mekgwa ya batho le dingwao di le dintsi tse di simologileng mo boheitaneng. Gantsi tebelelo epe ya go boa ga ga Keresete e ne e tlhokomologiwa.—Bapisa Mathaio 13:24-30, 37-43.
Lefa go ntse jalo, Jesu o ne a rile go boa ga gagwe go lebelelwe! Setlhopha sengwe se se neng se dira seno se ne se nna kwa Allegheny, kwa Pennsylvania, kwa U.S.A. Mo masimologong a bo-1870 Charles Taze Russell, le bangwe ba ditsala tsa gagwe, ba ne ba simolola thuto e e tlhoafetseng, e e sa ikabang ka makoko ya Bibela mabapi le go boa ga ga Keresete. Ba ne ba simolola gape go batlisisa boammaaruri jwa Bibela mo dithutong tse dingwe di le dintsi tsa motheo. Seno e ne e le gone fa tiro ya Basupi ba ga Jehofa ya motlha wa segompieno e simologileng gone.—Mathaio 24:42.
Setlhopha seno se ne sa simolola go tlhaloganya gore thuto ya motheo ya Tharonngwe ga e tswe mo Bibeleng mme gore Jehofa ke ene fela Modimo mothatayotlhe le Mmopi; Jesu Keresete ke popo ya Gagwe ya ntlha le Morwawe yo o tsetsweng a le esi, le gore moya o o boitshepo ga se motho mme ke maatla a a dirang a a sa bonaleng a Modimo. Setlhopha seno se ne sa lemoga gore moya ga se o o sa sweng mme gore o a swa, gore tsholofelo ya baswi ke tsogo, le gore kotlhao ya baikepi ba ba sa ikwatlhaeng ga se tlhokofatso ya bosakhutleng mme ke go nyelediwa.
Go ne ga lemogiwa gore botshelo jwa ga Jesu jo a bo ntshitseng jaaka thekololo ya batho e ne e le yone thuto ya motheo ya Bibela. Sa ntlha, banna le basadi ba ba 144 000, ba ba tlhophilweng mo lekgolong la ntlha la dingwaga go tla go fitlha mo motlheng wa rona, ba ne ba tla gololwa mo lefatsheng go nna baruaboswa mmogo le Keresete mo Bogosing jwa selegodimo. Mme go tswa foo ka thekololo ya ga Jesu dimilione tsa batho, ba bontsi e tla bong e le ba ba tsositsweng mo baswing, ba ne ba tla bona boitekanelo ba na le tebelelo ya go tshelela ruri mo lefatsheng fa Bogosi bo busa.
Russell le balekane ba gagwe le bone ba ne ba lemoga fa go nna gone ga ga Keresete go ne go tshwanetse ga nna go go sa bonaleng, e le ga semoya. Metlha ya Baditšhaba, eo mo go yone lobaka lwa bolaodi jwa Modimo bo neng bo sa diragadiwe mo goromenteng lefa e ka nna ofe mo lefatsheng, e ne e tshwanetse go khutla ka 1914. Mme he Bogosi jwa Modimo bo ne bo tla tlhomiwa kwa legodimong. Dithuto tseno di fitlhelwa mo Basuping ba ga Jehofa gompieno.
Russell le balekane ba gagwe ba ne ba itsise boammaaruri jono go ya kwa kgakala ka dipuo le ka dikwalo tse di gatisitsweng. Ka July 1879 Russell o ne a simolola go gatisa Zion’s Watch Tower (e jaanong e bidiwang Tora ya Tebelo). O ne a ikemiseditse gore tiro ya go rera ya Baithuti ba Bibela e tshwanetse ya ikaega gotlhelele mo meneelong ya boithatelo le gore go se tsewe dikoleke dipe. Gape, molaetsa o ne o tshwanetse go anamisiwa ke badiri ba ba sa duelweng, badumedi ba ba ithaopileng. Russell ka boene o ne a ntsha moneelo wa matlotlo ao a neng a a kgobokantse mo kgwebong ya gagwe go fitlhelela nako eo.
Baithuti ba Bibela ba ne ba kokoana mmogo ka ditlelase, jaaka diphuthego tsa bone di ne di itsiwe ka nako eo. Ba ne ba kopanela dipuo, thuto ya Dikwalo, le dipokano tsa boipolelo mo e ka nnang gararo ka beke. Ba ne ba tlhopha banna ba ba ikarabelang ka metlha go nna bagolwane gore ba tsamaise ditiro tsa semoya tsa tlelase nngwe le nngwe.
Ka 1884 Zion’s Watch Tower Tract Society e ne ya tlhongwa jaaka lekgotla le eseng la papadi mo Pennsylvania. Mookamedi wa lekgotla leo o ne a tshwanetse go tlhophiwa ngwaga le ngwaga. Seno se ne sa baakanyetsa ka sedirisiwa se se kafa molaong, seo se sa ikaegang ka selekanyo sa botshelo jwa motho a le mongwe fela, go tsweledisa pele tiro ya go ruta Bibela. Charles T. Russell o ne a tlhophiwa jaaka mookamedi, mme ofisi ya gagwe e ne ya lejwa jaaka ntlo-kgolo.
Go ne ga dirwa maiteko a magolo go atolosetsa tiro kwa dinageng tse dingwe. E ne ya fitlha mo Canada le mo Engelane mo masimologong a bo-1880. Ka 1891 Russell o ne a tsaya loeto go ralala Yuropa le Botlhaba-Gare go akanyetsa se se ka dirwang go tsweledisa kanamiso ya boammaaruri koo. Masimologong a bo-1900, diofisi tsa lekala tsa Mokgatlho di ne tsa tlhongwa mo Britane, Jeremane, le mo Australia.
Ka 1909 ntlo-kgolo ya Mokgatlho wa Watch Tower e ne ya fudusediwa kwa Brooklyn, mo New York, go atolosa tiro ya go rera gore e aname mo merafeng yotlhe. Go ne ga tlhokafala gore go nne le lekgotla-tsalano le lengwe le le laolwang ke melao ya New York State, leo jaanong le itsiweng jaaka Watchtower Bible and Tract Society of New York, Inc. Ka 1914 lekgotla la International Bible Students Association le ne la bopiwa mo Lontone, mo Engelane, go tsweledisa ditiro tsa Baithuti ba Bibela go ralala British Commonwealth yotlhe. Gone jaanong jaana go na le makgotla a a bopilweng kafa molaong a le 70 le makgotla-tsalano mo dinageng di le dintsi go dikologa lefatshe mme a direla maikaelelo a Mokgatlho wa Watch Tower. Otlhe ke a a dirang ditiro tsa bopelontle mo bathong, ao a tshegediwang ke meneelo ya boithatelo le ke badiri ba baithaopi.
Ka 1916 Charles Taze Russell o ne a tlhokafala, mme Joseph Franklin Rutherford a mo tlhatlhama jaaka mookamedi wa Mokgatlho wa Watch Tower. Mo dingwageng tsa bofelo tsa Ntwa ya Lefatshe I, Baithuti ba Bibela ba ne ba lekwa thata-thata ka pogiso, eo e neng ya felela ka go latlhelwa mo kgolegelong mo go sa tshwanelang ga bakaulengwe ba hera bobedi bao ba neng ba na le boikarabelo mo ntlong-kgolo ya Mokgatlho mo Amerika. Tiro ya Baithuti ba Bibela e ne ya bonala e le mo kotsing. Lefa go ntse jalo, ka 1919 bakaulengwe bano ba ne ba gololwa mme ba tlhokwa molato, mme he jaanong ga simologa namane e tona ya kgolo ya tiro ya go rera.
Ka ntlo-kgolo ya Mokgatlho, setlhopha se se kitlaneng sa Baithuti ba Bibela ba Bakeresete ba ba tloditsweng se ne sa tswelela ka go baakanyetsa batho botlhe ba ba neng ba kopanela le phuthego dijo tsa semoya ka lobaka lo eleng lone. Fela jaaka phuthego ya Bakeresete ba ba tloditsweng mo lekgolong la ntlha la dingwaga e ne e bopilwe ka “motlhanka eo o boikañō le eo o botlhale” yo o umakilweng ke Jesu, ka tsela e e tshwanang, setlhopha sa batlodiwa sa Baithuti ba Bibela ba ba ineetseng, se se tshwaregileng mo tirong ya Bogosi, se bopa setlhopha sa “motlhanka eo o boikañō le eo o botlhale” mo motlheng wa rona. Fa Jesu a tla go tlhatlhoba phuthego, o ne a fitlhela setlhopha seno se baakanyetsa bantlo ya gagwe ka dijo; mme a se tlhoma go lebelela dilo tsotlhe tsa gagwe.—Mathaio 24:45-47; Luke 12:42.
Ka bonakonyana fela morago ga Ntwa ya Lefatshe I, go ne ga bonwa ka phepafalo gore Bogosi jwa Modimo ka Keresete Jesu bo ne bo tlhomilwe kwa legodimong ka 1914. Jalo mafoko a ga Jesu a ne jaanong a tla diragadiwa ka botlalo: “Mahoko a a Molemō a, a bogosi, a tla rèrwa mo lehatshiñ yeotlhe, go nna chupō mo merahiñ eotlhe; hoñ ke gōna bokhutlō bo tla tlañ.” Joseph F. Rutherford o ne a dira maiteko a magolo go anamisetsa molaetsa ono wa Bogosi mo palong e kgolwanyane ya batho.—Mathaio 24:14.
Jalo he, Mokgatlho o ne wa dira phetso ya gore o ikgatisetse dikwalo o dirisa batho ba ba ithaopileng bao e neng e le banna ba ba ineetseng, e le gore dibuka tsa Bibela di nne di tlhagisiwe ka tlhotlhwa e e kwa tlasetlase ka mo go ka kgonegang ka gone. Baithuti botlhe ba Bibela ba ne ba kgothalediwa go nna le seabe sa ka metlha mo go rereng mafoko a a molemo a Bogosi. Go gasa ka radio dipuo tsa Bibela go ne ga dirisiwa mo dinageng di le palonyana.
Pele ga 1918 Baithuti ba Bibela ba ne ba tlhaloganya gore boikaelelo jwa bone mo go rereng e ne e le go phutha masalela a ba ba kgethilweng go nna le Keresete Jesu kwa legodimong le go tlhagisa lefatshe ka dikatlholo tse di tlang tsa Modimo. Go ne go sa tlhokomelwe thata ka go phuthiwa ga bao ba neng ba tla falola bofelo jwa tsamaiso ya jaanong e e boikepo mme ba tshele mo lefatsheng. Mme erile go tloga ka 1918 go ya pele puo e e reng “Didikadike Tse ga Jaanong di Tshelang Di ka Nna Tsa Seka Tsa Swa!” e ne ya anamisiwa thata.
Ka 1923 thuto ya setshwantsho sa ga Jesu kaga dinku le dipodi go Mathaio 25:31-46 e ne ya bontsha gore pele ga Hara-Magedona batho ba ba tshiamo bao ba sa tseneng mo Bogosing jwa legodimo le bone ba tla amogelwa ke Modimo mme ba tla falola Hara-Magedona. Ka 1935 thuto e nngwe gape e ne ya bontsha gore batho bano ba seka-dinku ba ne ba tla tshwana fela le boidiidi jo bogolo jo bo senang palo jo bo tlhalositsweng go Tshenolō 7:9-17. Bano ba ne ba tshwanetse go phuthiwa mo merafeng yotlhe, mme bano ba ne ba tla lebelela go falola Sepitla se Segolo mme ba bone botshelo jo bo sa khutleng mo lefatsheng. Kutlwisiso eno e ne ya akofisa tiro ya go rera.—Yohane 10:16.
Ka 1931 Baithuti ba Bibela ba ne ba amogela leina Basupi ba ga Jehofa. Pele ga moo ba ne ba itsiwe jaaka Baithuti ba Bibela, Baithuti ba Bibela ba Merafe Yotlhe, batho ba Makuku a Dingwaga tse di Sekete, le batho ba Watch Tower. Ba ne ba bo ba tewa leina gatwe ke boora-Russell le boora-Rutherford. Go ne go se lepe mo maineng ano le le neng le ba kgetholola kafa tshwanelong. Lemororo leina Bakeresete, leo le neng la neelwa barutwa ba ga Jesu ka tlamelo ya bomodimo mo lekgolong la ntlha la dingwaga, ruri le ne le tshwanela, le ne le dirisiwa gape ke ditlhopha tse dintsi tseo di neng di dumela dithuto tsa maaka. Go ipharologanya le dimilione tsa ba ba ipitsang Bakeresete, go ne go tshwanetse gore go nne le leina leo le neng le tla ba tlhomolola jaaka balatedi ba boammaaruri ba ga Keresete mo motlheng ono.
Tlhatlhobo ya Dikwalo e ne ya phepafatsa gore le e leng fela jaaka Jehofa a ne a ile a bitsa batho ba gagwe ba Iseraele a re ke basupi ba gagwe, jalo batho ba gagwe kwa bofelong jwa tsamaiso ya dilo, bao ba neng ba ineetse gore ba itsise leina la gagwe le boikaelelo jwa gagwe, le bone ba tshwanetse go bidiwa Basupi ba ga Jehofa. Leina leo le ile la kgetholola kafa tshwanelong baobamedi ba boammaaruri ba ga Jehofa ba Bakeresete mo go botlhe ba ba iphakang gore ke Bakeresete gompieno.—Pesalema 83:18; Isaia 43:10-12.
Ka 1942, mo Ntweng ya Lefatshe II, Joseph F. Rutherford o ne a tlhokafala, mme Nathan H. Knorr o ne a mo tlhatlhama jaaka mookamedi wa Mokgatlho wa Watch Tower. Go ne ga bonala fa jaanong dipolelelopele di supa ka phepafalo gore go ne go tla nna le lobaka lwa morago ga ntwa le go neng go tla nna le selekanyo se se rileng sa kagiso le kgololesego mo go lone tseo di neng di tla dumelela tsweledisopele e kgolwane ya tiro ya go rera pele ga bofelo jwa tsamaiso eno. Ka February 1943 Sekolo sa Bibela sa Watchtower sa Gileade se ne sa tlhongwa go thapisetsa badihedi ba nako e e tletseng tiro ya borongwa mo dinageng di sele. Moragonyana mo ngwageng eo, thuto e e kgethegileng ya thapiso ya bodihedi le yone e ne ya tsenngwa mo thulaganyong ya beke le beke ya dipokano tsa Basupi ba ga Jehofa.
Ka 1950 Mokgatlho o ne wa simolola go golola dikarolo tsa New World Translation of the Holy Scriptures, eo eleng thanolelo ya Bibela ya Seesemane sa bosheng go tswa mekwalong ya puo ya pelepele. Bibela eno e e kwadilweng ka matsetseleko, e e tlhaloganyesegang, e e tlhagisitsweng ka ditshenyegelo tse di kwa tlase mo magatisetsong a Mokgatlho, e ile ya nna thuso e kgolo mo tirong ya go rera. Go tla go fitlha jaanong, dikaelo di ka feta didikadike di le 40 di ile tsa gatisiwa ka dipuo di le 11.
Mo bofelong jwa 1985, Basupi ba ga Jehofa ba ka feta didikadike tse tharo ba ne ba arola mo tirong ya go rera mo mafatsheng a a ka fetang 200 le mo ditlhakeng tsa lewatle. Mo Segopotsong sa loso lwa ga Keresete, ebong pokano eo e neng ya tliwa ke batho ba le bantsi go feta epe e sele mo diphuthegong tsa bone tse 49 716 ka 1985, go ne ga nna le kakaretso ya batho ba le 7 792 109.
Gore ruri Modimo o dirisa Basupi ba ga Jehofa go bonwa fela mo go tsweleleng ga bone ba tlhagafetse mo tirelong ya gagwe, mo kutlwanong ya bone ya lefatshe lotlhe, mo tlhagafalong ya bone ya go tshegetsa leina la ga Jehofa le go rera ka Bogosi jwa gagwe, mo ditekanyetsong tsa bone tsa boitsholo jo bo phepa, mo go amogeleng ga bone Bibela yotlhe jaaka Lefoko le le senang phoso la Modimo, le mo go kgaoganeng ga bone le tumela-botlhodi le tirisa-badimo.
Dikarolo tse di latelang di go bontsha kafa o ka solegelwang molemo ka gone ke go tsosolosiwa mono ga kobamelo ya boammaaruri ya Modimo.
• Ke dithuto dife tsa motheo tsa Bibela tse di farologanyang Baithuti ba Bibela le makoko a dikereke?
• Ke dikgatelo pele dife tsa tsamaiso tseo Baithuti ba Bibela ba neng ba di itemogela go fitlha ka 1918?
• Ke eng fa go ka bolelwa gore setlhopha sa Baithuti bano ba ba tloditsweng ba Bibela ke sone se se neng se bopa “motlhanka eo o boikañō le eo o botlhale” wa Mathaio 24:45-47?
• Ke kutlwisiso efe ya boikaelelo jwa Modimo e e neng ya akofisa go rerwa ga mafoko a a molemo?
• Ke boikaelelo bofe jo bo diragadiwang ke leina Basupi ba ga Jehofa?
• Ke bosupi bofe jo bo leng gone jwa gore Modimo ruri o dirisa Basupi ba ga Jehofa?
[Ditshwantsho mo go tsebe 8]
C. T. Russell ka 1879
Tokololo ya July 1879
Setlhopha sa ntlhantlha sa Baithuti ba Bibela, Pittsburgh, Pa.
[Ditshwantsho mo go tsebe 9]
Ntlo-kgolo, 1889-1909, Pittsburgh, Pa.
Diofisi-dikgolo, 1909-1918, Brooklyn, N.Y.
Bonno jwa ntlo-kgolo 1909-1926, Brooklyn, N.Y.
[Ditshwantsho mo go tsebe 10]
Ntlo-kgolo ya lefatshe lotlhe ya Basupi ba ga Jehofa, Brooklyn, New York, U.S.A.
Kwa godimo kafa molemeng: Moago wa diofisi
Kwa godimo kafa mojeng: Dikago tsa bonno
Fa tlase kafa molemeng: Dikago tsa feketeri
Fa tlase kafa mojeng: Lefelo la thomelo ya dibuka
[Ditshwantsho mo go tsebe 11]
Kgaso ya radio ka J. F. Rutherford
Magatisetso a ntlha a Mokgatlho wa Watchtower, a a neng a tsamaisiwa ke badiri ba baithaopi
Bibela ya New World Translation, e jaanong e gatisiwang ka dipuo di le 11