LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • sh kgao. 15 ts. 344-365
  • Tsela ya go Boela Modimong wa Boammaaruri

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Tsela ya go Boela Modimong wa Boammaaruri
  • Matsapa a a Tserweng ke Motho go Batla Modimo
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Lorato lwa Bokeresete le Boitlhaodi
  • Mogolagang o Moleele wa Basupi ba Modimo
  • Lekawana leo le Neng la Tsaya Matsapa a go Batla Modimo
  • Go Boela Boammaaruring jwa Bibela
  • Diteko le Diphetogo
  • Matlhagatlhaga A A Tsosolositsweng le Leina je Lesha
  • Matsapa a go Batla Batho bao ba Senkang Modimo mo Lefatsheng Lotlhe
  • Phuthego ya Thuto ya Bibela
  • Basupi ba Rulaganngwa Jang?
  • Go Ologela kwa Modimong wa Boammaaruri
  • Go Gola mo Kitsong e e Tlhomameng ya Boammaaruri
    Basupi ba ga Jehofa—Baboledi ba Bogosi jwa Modimo
  • Jehofa o Phutha le go Tlhomelela Batho ba Gagwe Tiro
    Basupi ba ga Jehofa—Ba Dira Thato ya Modimo ka Kutlwano Mo Lefatsheng Lotlhe
  • Go Lekwa le go Feferwa go Tswa mo Teng
    Basupi ba ga Jehofa—Baboledi ba Bogosi jwa Modimo
  • Bogosi bo Tlhomiwa Kwa Legodimong
    Bogosi Jwa Modimo bo a Busa!
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Matsapa a a Tserweng ke Motho go Batla Modimo
sh kgao. 15 ts. 344-365

Kgaolo 15

Tsela ya go Boela Modimong wa Boammaaruri

“Ke lo naea taolō e ncha, ea go re, Lo ratanè; hèla yaka ke lo ratile, go re, Le lona lo ratanè. Batho botlhe ba tla itse ha lo le barutwa ba me ka mo, ha lo ratana.”—Yohane 13:34, 35.

1, 2. Lorato lo tshwanetse go nna le phelelo efe mo Bakereseteng ba boammaaruri?

KA MAFOKO ao, Jesu o ne a tlhoma tekanyetso ya batho bao ba iphakang e le balatedi ba gagwe ba boammaaruri. Lorato lwa Bokeresete lo tshwanetse go bipa dikgaogano tsotlhe tsa mmala, tsa lotso, le tsa bomorafe. Seno se tla tlhoka gore Bakeresete ba boammaaruri ba se ka ba nna “ba lehatshe,” fela jaaka fa Jesu e ne e “se oa lehatshe,” ebile e se wa lone.—Yohane 17:14, 16; Baroma 12:17-21.

2 Mokeresete o ipontsha jang gore ga se “oa lehatshe”? Ka sekai o tshwanetse a itshwara jang mo maemong a a maswe thata a dipolotiki, dimenolopuso, le dintwa tsa motlha wa rona? Moaposetoloi wa Mokeresete Johane o ne a kwala jaana tumalanong le mafoko a ga Jesu a a fa godimo: “Eo o sa diheñ tshiamō ga se oa Modimo, le èna eo o sa rateñ mogagabō. Gonne e ke eōna taeco e lo sa leñ lo e utlwa mo tshimologoñ, gore re ratanè.” Ebile Jesu ka boene o ne a tlhalosa lebaka la go bo barutwa ba gagwe ba ne ba sa lwe go mo golola, a bolela jaana: “Bogosi yoa me ga se yoa lehatshe yeno: ha bogosi yoa me e ka bo e le yoa lehatshe yeno, batlhanka ba me ba ko ba tlhabana, . . . me yana bogosi yoa me ga se yoa mono.” Mme Tota le eleng fa botshelo jwa ga Jesu bo ne bo le mo kotsing, batlhanka bao ga ba ka ba nna le seabe mo go rarabololeng kgang eno go ya ka tsela eo lefatshe leno le dirang dilo ka yone ya go lwa.—1 Yohane 3:10-12; Yohane 18:36.

3, 4. (a) Isaia o ne a porofesa eng malebana le ‘metlha e e tla tlang kwa pele pele’? (b) Ke dipotso dife tseo di tlhokang go arabiwa?

3 Mo dingwageng tse di fetang 700 pele ga ga Keresete, Isaia o ne a porofesa ka gore batho ba merafe yotlhe ba ne ba tla kgobokanela mo kobamelong ya boammaaruri ya ga Jehofa le gore ba ne ba tla se kitla ba ithuta tlhabano gope. O ne a re: “Me go tla dihala mo metlheñ e e tla tlañ kwa pele pele, go re, thaba ea ntlo ea ga Yehofa e tla tlhōñwa mo setlhoeñ sa dithaba, . . . me merahe eotlhe e tla oologèla kwa go eōna. Me dichaba di le dintsi di tla ea di re, Ntloñ, a re tlhatlogeleñ kwa thabeñ ea ga Yehofa, kwa tluñ ea Modimo oa ga Yakobe; me o tla re ruta ditsela tsa gagwè, me re tla sepela mo ditselaneñ tsa gagwè: gonne mo Siona go tla cwa molaō, le lehoko ya ga Yehofa le tla cwa Yerusalema. Me o tla atlhola ha gare ga merahe, a kgalemèle dichaba di le dintsi: me di tla thula dichaka tsa bōnè magale a megoma, le marumō a cōna dithipa tsa mabèlè: morahe ga o ketla o ekèla morahe chaka; le gōna ga ba ketla ba tlhōla ba ithuta tlhabanō gopè.”a—Isaia 2:2-4.

4 Ke bodumedi bofe mo ditumelong tsa lefatshe, joo bo ileng jwa tlhomologa mo go fitlheleleng ditlhokafalo tseno? Ke bomang ba ba ileng ba gana go ithuta tlhabano go sa kgathalesege go latlhelwa mo dikgolegelong, mo dikampeng tsa pogisetso, le go atlholelwa loso?

Lorato lwa Bokeresete le Boitlhaodi

5. Basupi ba ga Jehofa ba ile ba tshegetsa jang boitlhaodi jwa bone jwa Bokeresete motho ka bongwe, mme ka ntlhayang?

5 Basupi ba ga Jehofa ba itsiwe mo lefatsheng lotlhe gore mongwe le mongwe wa bone o tsaya letlhakore la boitlhaodi jwa Bokeresete ka baka la segakolodi sa gagwe. Ba ile ba itshokela go latlhelwa mo dikgolegelong, mo dikampeng tsa pogisetso, go tlhokofadiwa, go kobiwa mo mafatsheng a bone, le go bogisiwa mo lekgolong lotlhe la bo 20 la dingwaga ka baka la go bo ba ile ba gana go senya lorato lwa bone le kutlwano jaaka phuthego ya lefatshe ka bophara ya Bakeresete bao ba atamalaneng le Modimo. Mo Jeremane wa Bo-Nazi mo dingwageng tsa 1933-45, Basupi ba ka nna sekete ba ne ba swa mme ba le diketekete ba ne ba latlhelwa mo kgolegelong ka baka la go gana go thusa Hitler mo dintweng tsa gagwe. Ka tsela e e tshwanang, mo pusong ya ga Franco, mo Spain e pele e neng e le ya Bo-Fascist, makgolokgolo a Basupi ba babotlana ba ne ba ya kgolegelong mme bontsi jwa bone ba ne ba nna palogare ya dingwaga tse di ka nnang lesome mongwe le mongwe wa bone mo dikgolegelong tsa sesole go na le go ithuta tlhabano. Le mo motlheng wa gompieno, mo dinageng di le mmalwa, Basupi ba ga Jehofa ba le bantsi ba babotlana ba tlhoregela mo dikgolegelong ka baka la seemo sa bone sa boitlhaodi jwa Bokeresete. Lefa go ntse jalo, Basupi ba ga Jehofa ga ba kgoreletse dipuso mo dithulaganyong tsa tsone tsa ntwa. Boitlhaodi jwa Basupi jo bo sa tshikinyegeng jwa Bokeresete mo dikgannyeng tsa sepolotiki e ile ya nna nngwe ya ditumelo tsa bone tse ba iseng ba ko ba fetoge mo go tsone mo dikgogakgoganong tsotlhe le dintwa tse di ileng tsa diragala mo lekgolong la bo 20 la dingwaga. Bo ba tshwaya jaaka balatedi ba boammaaruri ba ga Keresete ebile bo ba farologanya le ditumelo tsa Labodumedi.—Yohane 17:16; 2 Bakorintha 10:3-5.

6, 7. Ke eng seo Basupi ba ga Jehofa ba ileng ba se tlhaloganya malebana le Bokeresete?

6 Ka go tshwarelela thata mo Bibeleng le mo sekaong sa ga Keresete, Basupi ba ga Jehofa ba bontsha gore kobamelo ya bone ke ya Modimo wa boammaaruri, ebong Jehofa. Ba lemoga lorato lwa Modimo jaaka lo ile lwa bonala mo botshelong jwa ga Jesu le go intshasetlhabelo ga gagwe. Ba tlhaloganya gore lorato lwa Bokeresete jwa boammaaruri le felela ka gore go nne le bokaulengwe jo bo sa kakeng jwa tsenwa gare ke sepe mo lefatsheng ka bophara—e le le le sa amiweng ke dikgaogano tsa sepolotiki, tsa lotso le mmala, le tsa morafe. Ka mafoko a mangwe, Bokeresete ga se fela selo sa meraferafe; ke selo se se kwa godimo ga meraferafe, ga bo amiwe ke melelwane ya morafe, dipuso tse di farologaneng, kana dikgatlhego. Bo leba losika lwa motho jaaka lelapa le le lengwe fela le le nang le motsadi a le mongwe fela le Mmopi a le mongwe fela, ebong Jehofa Modimo.—Ditihō 17:24-28; Bakolosa 3:9-11.

7 Lefa mo e ka nnang ditumelo tsotlhe tse dingwe di ile tsa tsenelela mo dintweng—tsa go bolaana ga balosika le go bolaya batho ba bangwe—Basupi ba ga Jehofa ba ile ba bontsha gore ba tsaya masisi boperofeti jwa Isaia 2:4, jo bo tsopotsweng pelenyana. O ka nna wa botsa ka go re, ‘Mme Basupi ba ga Jehofa ba simologile kae? Ba dira dilo jang?’

Mogolagang o Moleele wa Basupi ba Modimo

8, 9. Modimo o laleletsa batho go dira eng?

8 Mo dingwageng tse di fetang 2 700 tse di fetileng, moperofeti Isaia gape o ne a ntsha taletso e e latelang: “Batlañ Yehofa a sa nntse a ka bo[n]wa; mmitseñ a sa nntse a le gauhi. A moikepi a latlhè tsela ea gagwè, le motho eo o sa siamañ kgopolō tsa gagwè; a a boèlè kwa go Yehofa, me o tla mo utlwèla botlhoko; le kwa Modimoñ oa rona, gonne o tla ichwarèla ka botlalō.”—Isaia 55:6, 7.

9 Makgolokgolo a dingwaga morago ga foo, moaposetoloi wa Mokeresete Paulo o ne a tlhalosetsa Bagerika bao ba neng ba le mo Athena bao ‘ba neng ba na le tshisimogo mo medimong ya ditlhamane’ jaana: “[Modimo] o dihile dichaba cotlhe tsa batho ba cwa mo mothuñ a le moñwe hèla, go tla ba aga mo lehatshiñ yeotlhe, ka o tlhōmamisitse metlha ea bōnè e e laocweñ, le melelwane ea maagō a bōnè; Gore ba batlè Modimo, e tle e re kgotsa ba o apaapè, ba o bōnè, leha o se kgakala le moñwe le moñwe oa rona.”—Ditihō 17:22-28.

10. Re itse jang gore Modimo o ne o se kgakala le Adame le Efa le bana ba bone?

10 Eleruri Modimo o ne o se kgakala le dibopiwa tsa gagwe tsa batho ebong Adame le Efa. O ne a buisana le bone a ba bolelela melao ya gagwe le dikeletso. Mo godimo ga moo, Modimo o ne wa seka wa iphitlhela barwa ba bone bo Kaine le Abele. O ne a gakolola Kaine yo o neng a tletse kilo fa a ne a bontsha bopelotshetlha malebana le setlhabelo sa ga morwarraagwe go Modimo. Lefa go ntse jalo, go na le gore a fetole tsela ya gagwe ya kobamelo, Kaine o ne a bontsha lefufa, go sa letleleleng yo mongwe go obamela jaaka a batla mme a bolaya morwarraagwe ebong Abele.—Genesise 2:15-17; 3:8-24; 4:1-16.

11. (a) Lefoko “martyr” le raya eng? (b) Abele o ne a nna moswelatumelo wa ntlha jang?

11 Abele, ka go ikanyega ga gagwe mo Modimong go ya losong, o ne a nna moswelatumelo [martyr ka Seesemane] wa ntlha.b Gape e ne e le mosupi wa ga Jehofa wa ntlha mme ya nna ene mosimolodi wa mogolagang o moleele wa basupi botlhe ba babolokabothokgami go kgabaganya hisitori yotlhe. Ka gone Paulo o ne a ka bolela jaana: “Ka tumèlō Abele a isetsa Modimo setlhabèlō se se gaisañ sa ga Kaine; me a shupiwa ka gōna ha a le tshiamō, Modimo e le ōna o o shupileñ kaga dinèō tsa gagwè: me leha a shule o sa nntse a bua ka eōna.”—Bahebera 11:4.

12. Dikai tse dingwe tsa Basupi ba ba ikanyegang ba ga Jehofa ke dife?

12 Mo go lone lokwalo loo lwa Bahebera, Paulo o tlhomaganya motseletsele wa banna le basadi ba ba ikanyegang, ba ba tshwanang le Noa, Aberahame, Sara, le Moshe, bao, ka botshelo jwa bone jwa go boloka bothokgami, ba neng ba nna ‘boidiidi jo bogolo jwa basupi [Segerika, mar·tyʹron]’ bao ba ileng ba nna dikao le bakgothatsi ba bao ba batlang go itse le go direla Modimo wa boammaaruri. E ne e le banna le basadi bao ba neng ba na le kamano le Jehofa Modimo. Ba ne ba ile ba mmatla ba bo ba mmona.—Bahebera 11:1–12:1.

13. (a) Ke ka ntlhayang fa Jesu e le bosupi jo bo tlhomologileng jwa lorato lwa Modimo? (b) Jesu ke sekao sa balatedi ba gagwe ka tsela efe e e kgethegileng?

13 Mosupi yo o tlhomologileng gareng ga basupi ba go nna jalo ke yo o tlhalosiwang mo bukeng ya Tshenolō, “Yesu Keresete, eo e leñ èna moshupi eo o ikanyègañ.” Jesu ke bosupi jo bongwe gape jo bo phepafetseng jwa lorato lwa Modimo, gonne fela jaaka Johane a ile a kwala: “Re bonye, re bile rea shupa ha Rara a romile Morwawè go tla a nna Mmoloki oa lehatshe. Leha e le mañ eo o tla ipolèlañ go re, Yesu ke Morwa Modimo, Modimo o nnetse rure mo go èna, le èna mo Modimoñ. Me rea itse, re bile re dumetse loratō lo Modimo o re ratañ ka lōna.” Ereka Jesu a ne a tshotswe e le Mojuda, e ne e le mosupi wa boammaaruri mme a swa loso lwa boswelatumelo a ikanyega mo go Rraagwe, ebong Jehofa. Balatedi ba ba ikanyegang ba ga Keresete go kgabaganya dingwaga le bone ba ne ka go tshwana ba tla nna basupi ba gagwe le ba Modimo wa boammaaruri, ebong Jehofa.—Tshenolō 1:5; 3:14; 1 Yohane 4:14-16; Isaia 43:10-12; Mathaio 28:19, 20; Ditihō 1:8.

14. Ke potso efe e jaanong e tlhokang go arabiwa?

14 Boperofeti jwa ga Isaia bo supa gore go boela Modimong wa boammaaruri, ebong Jehofa, go ne go tla diragala “mo metlheñ e e tla tlañ kwa pele pele,” kana seo dikarolo tse dingwe tsa Bibela di se bitsang ‘metlha ya bofelo.’c Ka baka la ditumelo tse di farologaneng le tlhakatlhakano eo re e tlhalositseng mo bukeng eno, go tsoga potso e e reng: Ke bomang mo metlheng eno ya bofelo eo re tshelang mo go yone bao tota ba batlileng Modimo wa boammaaruri, ba ba ileng ba mo direla “ka mōea le ka boamarure”? Go araba potso eo, re tshwanetse lantlha ra sekaseka ditiragalo tsa lekgolo la bo 19 la dingwaga.—Isaia 2:2-4; 2 Timotheo 3:1-5; Yohane 4:23, 24.

Lekawana leo le Neng la Tsaya Matsapa a go Batla Modimo

15. (a) Charles Taze Russell e ne e le mang? (b) Dingwe tsa dilo tseo a neng a di belaela mo bodumeding e ne e le dife?

15 Ka 1870 lekawana lengwe le le matlhagatlhaga, ebong Charles Taze Russell (1852-1916), o ne a simolola go botsa dipotso tse dintsi kaga dithuto tsa ngwao tsa Labodumedi. Jaaka mosha, o ne a bereka mo lebentleleng la ga rraagwe la diaparo tsa banna mo motseng o o tlhanaselang wa kgwebo wa Allegheny (oo jaanong e leng karolo ya Pittsburgh), mo Pennsylvania, U.S.A. O ne a kile a tsena kereke ya Presbyterian le ya Congregational. Lefa go ntse jalo, o ne a gakgamadiwa thata ke dithuto tse di tshwanang le tsa taolelogale le go bogisiwa ka bosakhutleng mo diheleng tsa molelo. Mabaka ao a neng a na nao a go belaela dithuto tseno tsa motheo tsa ditumelo dingwe tsa Labodumedi e ne e le afe? O ile a kwala jaana: “Modimo ope fela oo o neng o ka dirisa maatla a one go bopa batho bao a neng a itse go le pele ebile a laoletsegale gore ba tshwanetse go tlhokofadiwa ka bosakhutleng, o tla bo o se botlhale, o sa siama ebile o sena lorato. Ditekanyetso tsa gagwe di ne di tla bo di le kwa tlase go na le tsa banna ba le bantsi.”—Yeremia 7:31; 19:5; 32:35; 1 Yohane 4:8, 9.

16, 17. (a) Ke dithuto dife tse setlhopha sa baithuti ba Bibela sa ga Russell ba neng ba di tlhatlhobisa fela thata? (b) Ke kgang efe e go neng ga se ka ga dumalanwa mo go yone, mme Russell o ne a arabela jang?

16 Fa a ne a tloga a digela dingwaga tsa gagwe tsa bolesome, Russell o ne a simolola setlhopha sa go ithuta Bibela beke le beke le makawana mangwe. Ba ne ba simolola go tlhatlhobisa dithuto tsa Bibela mo dikgannyeng tse dingwe, tse di tshwanang le go sa sweng ga moya le setlhabelo sa thekololo sa ga Keresete le go tla ga gagwe ga bobedi. Ka 1877, a na le dingwaga tse 25, Russell o ne a rekisa seabe sa gagwe mo kgwebong ya ga rraagwe eo e neng e tswelela sentle thata mme a simolola tiro ya botshelo jotlhe ya go rera ka nako e e tletseng.

17 Ka 1878 Russell o ne a tlhoka kutlwano fela thata le mongwe wa batshwaraganelatiro nae, yo o neng a ganetsa thuto ya gore loso lwa ga Keresete ke lone seletlanyo sa baleofi. Fa Russell a ne a ganetsana le seo o ne a kwala ka go re: “Keresete o ne a kgona go re direla dilo tse dintsi tse di molemo ka loso lwa gagwe le tsogo. O ne a re swela; o sule a siame a swela basiamolodi—rotlhe re ne re le basiamolodi. Jesu Keresete ka tshegofatso ya Modimo o ne a lekeleletsa motho mongwe le mongwe loso. . . . O ne a nna motswedi wa poloko ya bosakhutleng ya botlhe bao ba mo utlwang.” O ne a tswelela ka go re: “Go rekolola ke go reka gape. Ke eng seo Keresete a neng a se rekela batho gape? Ke botshelo. Re ne ra bo latlha ka go tlhoka kutlo ga ga Adame wa ntlha. Adame wa bobedi [Keresete] o ne a bo reka ka botshelo jwa gagwe.”—Mareko 10:45; Baroma 5:7, 8; 1 Yohane 2:2; 4:9, 10.

18. (a) Go sa dumalaneng mo kgannyeng ya thekololo go ne ga latelwa ke eng? (b) Baithuti ba Bibela ba ne ba latela sekao sefe malebana le go ntsha meneelo?

18 Ka metlha mmueledi yono yo o ikanyegang thata wa thuto ya thekololo, ebong Russell o ne a kgaola dikgolagano tsotlhe tsa gagwe le yono wa pele e neng e le motshwaraganelatiro nae. Ka July 1879 Russell o ne a simolola go gatisa Zion’s Watch Tower and Herald of Christ’s Presence, eo gompieno e itsiweng mo lefatsheng lotlhe jaaka Tora ya Tebelo—E Itsise Bogosi jwa ga Jehofa. Ka 1881 ene, a na le Bakeresete ba bangwe ba ba ineetseng, o ne a tlhoma mokgatlho wa Bibela o o sa direng dipoelo dipe tsa madi.O ne o bidiwa Zion’s Watch Tower Tract Society, oo o itsiweng gompieno jaaka Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania, o e leng boemedi jwa semolao jwa Basupi ba ga Jehofa. Fela kwa tshimologong, Russell o ne a gatelela gore ga go na go nna le dikoleke mo dipokanong tsa phuthego lefa e le go kopa meneelo ya dikgatiso tsa Watch Tower. Batho bao ba neng ba kopanela le Russell mo go ithuteng Bibela ka botlalo ba ne ba simolola go itsiwe jaaka Baithuti ba Bibela.

Go Boela Boammaaruring jwa Bibela

19. Ke dithuto dife tsa Labodumedi tseo Baithuti ba Bibela ba neng ba di ganetsa?

19 Ka baka la go ithuta Bibela ga bone, Russell le balekane ba gagwe ba ne ba simolola go ganetsa dithuto tsa Labodumedi tsa masaitsiweng a “Tharonngwe ya Boitshepo jo Bogolo,” thuto ya gore motho o na le moya o o sa sweng, go tlhokofadiwa ka bosakhutleng mo molelong wa dihele. Gape ba ne ba latola gore go tshwanetse ga nna le setlhopha se se kgethegileng sa baruti ba ba rutetsweng boruti. Ba ne ba batla go boela ba nna jaaka Bakeresete ba ntlha ba ba ikokobeditseng, bao ba neng ba na le bagolwane ba ba neng ba tshwanelega semoyeng go etelela diphuthego pele kwantle ga go akanya gore ba tla duelwa kana ba newa maduo ape.—1 Timotheo 3:1-7; Tito 1:5-9.

20. Baithuti bao ba Bibela ba ne ba lemoga eng malebana le pa·rou·siʹa ya ga Keresete ka 1914?

20 Fa ba ntse ba sekaseka Lefoko la Modimo, Baithuti bao ba Bibela ba ne ba kgatlhegela thata boperofeti jwa Dikwalo tsa Bokeresete tsa Segerika jo bo neng bo amana le “bokhutlo yoa lehatshe” le “go tla” ga ga Keresete. (Mathaio 24:3) Fa ba ne ba bala mo ditemaneng tsa Segerika, ba ne ba lemoga gore “go tla” ga ga Keresete tota, e ne e le “pa·rou·siʹa,” kana go nna gone mo go sa bonaleng. Ka jalo, Keresete o ne a ile a naya barutwa ba gagwe tshedimosetso kaga bosupi jwa go nna gone ga gagwe mo go sa bonaleng mo motlheng wa bofelo, eseng go tla go go bonalang ga nako e e tlang. Mo godimo ga go ithuta mono, Baithuti ba Bibela ba ne ba na le keletso e kgolo ya go tlhaloganya dipalo tsa Bibela malebana le go nna gone ga ga Keresete. Lemororo ba ne ba sa tlhaloganye sengwe le sengwe, Russell le balekane ba gagwe ba ne ba lemoga gore 1914 e ne e tla nna ngwaga wa botlhokwa mo ditiragalong tsa batho.—Mathaio 24:3-22; Luke 21:7-33.

21. Russell le balatedi ba gagwe ba bodumedi ba ne ba ikutlwa gore ke boikarabelo bofe jo ba tshwanetseng go bo sikara?

21 Russell o ne a itse gore tiro e kgolo ya go rera e ne e tshwanetse go dirwa. O ne a tlhaloganya mafoko a ga Jesu sentle a a kwadilweng ke Mathaio a a reng: “Me Mahoko a a Molemō a, a bogosi, a tla rèrwa mo lehatshiñ yeotlhe, go nna chupō mo merahiñ eotlhe; hoñ ke gōna bokhutlō bo tla tlañ.” (Mathaio 24:14; Mareko 13:10) Go ne go lemotshega fa tiro ya Baithuti bao ba Bibela ba pele ga 1914 e ne e potlakile. Ba ne ba dumela gore tiro ya bone ya go rera e ne e tla fitlha kwa setlhoeng ka ngwaga oo, mme ka jalo ba ne ba ikutlwa gore ba tshwanetse go dira boiteko bongwe le bongwe go thusa ba bangwe go itse “Mahoko a a Molemo a, a bogosi.” Kgabagare, dithero tsa ga C. T. Russell tsa Bibela di ne tsa gatisiwa mo dikoranteng di le diketekete go kgabaganya lefatshe.

Diteko le Diphetogo

22-24. (a) Bontsi jwa Baithuti ba Bibela ba ne ba itshwara jang fa C. T. Russell a ne a tlhokafala? (b) Ke mang yo o neng a tlhatlhama Russell jaaka mookamedi wa Mokgatlho wa Watch Tower?

22 Ka 1916, a na le dingwaga tse 64, Charles Taze Russell o ne a tlhokafala ka tshoganetso a le mo mosepeleng wa go rera go kgabaganya United States. Jaanong go ne go tla diragala eng ka Baithuti ba Bibela? A ba ne ba tla phutha mabogo jaaka ekete e ne e le balatedi ba motho fela? Ba ne ba tla thulana jang le diteko tsa Ntwa ya Lefatshe I (1914-18) eo e neng e tloga e gogela United States mo polaong?

23 Karabelo ya bontsi jwa Baithuti bao ba Bibela e ne e tshwanela mafoko a ga W. E. Van Amburgh, yo ka nako eo e neng e le motlhankedi wa Mokgatlho wa Watch Tower a a reng: “Tiro eno e kgolo ya lefatshe ka bophara ga se ya motho a le mongwe fela. E kgolo fela thata go ka nna jalo. Ke tiro ya Modimo mme ga e ke e fetoga. Modimo o ile a dirisa batlhanka ba gagwe ba le bantsi mo nakong e e fetileng mme ebile kwantle ga pelaelo O tla dirisa ba le bantsi mo isagweng. Ga re a ineela mo mothong ope, kana mo tirong ya motho ope, mme re ineetse go dira thato ya Modimo, go ya kafa A tla re e senolelang ka gone ka Lefoko la Gagwe le baeteledipele ba gagwe ba bomodimo. Modimo o santse o le molaodi wa rona.”—1 Bakorintha 3:3-9.

24 Ka January 1917, Joseph F. Rutherford, yo e neng e le agente ebile e le moithuti yo o tlhoafetseng wa Bibela, o ne a tlhophiwa go nna moeteledipele wa bobedi wa Mokgatlho wa Watch Tower. E ne e le monna yo o maatla, mme ebile o ne a seke a tshosiwa motlhofo. O ne a itse gore Bogosi jwa Modimo bo ne bo tshwanetse jwa rerwa.—Mareko 13:10.

Matlhagatlhaga A A Tsosolositsweng le Leina je Lesha

25. Baithuti ba Bibela ba ne ba arabela jang mo kgwetlhong e e neng e le gone mo dingwageng tseo di neng tsa tla morago ga ntwa ya ntlha ya lefatshe?

25 Mokgatlho wa Watch Tower o ne wa rulaganya dikopano mo United States ka 1919 le 1922. Morago ga pogiso ya Ntwa ya Lefatshe I mo United States, go ne go tshwana jaaka ekete ke Pentekosete e nngwe mo Baithuting ba Bibela ba ba neng ba le dikete di se kalo ba motlha oo. (Ditihō 2:1-4) Go na le go ineela ka go boifa batho, ba ne ba utlwa pitso ya Bibela ka matlhagatlhaga a magolo ya gore ba tswe ba ye go rerela merafe. Ka 1919 Mokgatlho wa Watch Tower o ne wa gatisa makasine o mongwe wa mopati wa Tora ya Tebelo o o neng o bidiwa The Golden Age, o gompieno o itsiweng mo lefatsheng ka bophara jaaka Tsogang! Makasine ono o ile wa nna sedirisiwa se se maatla sa go tsosa batho go bona botlhokwa jwa metlha e re tshelang mo go yone le go nonotsha tshepo ya bone mo tsholofetsong ya Mmopi ya gore go tla nna le lefatshe je lesha je le nang le kagiso.

26. (a) Ke boikarabelo bofe joo Baithuti ba Bibela ba neng ba baya tlhokomelo e kgolo thata mo go jone? (b) Ke kutlwisiso efe e e phepafetseng ya Bibela eo Baithuti ba Bibela ba ileng ba e amogela?

26 Mo dingwageng tsa bo 1920 le bo 1930, Baithuti ba Bibela ba ne ba gatelela thata gore go dirisiwe mokgwa wa Bakeresete ba ntlha wa go rera—eleng go tsamaya ka ntlo le ntlo. (Ditihō 20:20) Modumedi mongwe le mongwe o ne a na le boikarabelo jwa go naya batho ba le bontsi jo bo ka kgonegang bosupi malebana le puso ya Bogosi jwa ga Keresete. Ba ne ba lemoga ka phepafalo go tswa mo Bibeleng gore kgangkgolo e e lebaneng setho e ne e le ya bolaodi jwa lobopo lotlhe le gore e ne e tla rarabololwa ke fa Jehofa Modimo a senya Satane le ditiro tsotlhe tsa gagwe tse di senyang mo lefatsheng. (Baroma 16:20; Tshenolō 11:17, 18) Malebana le kgang ya kganetsano eno, go ne ga lemogiwa gore go bona poloko ga motho ke selo se se tlang morago ga go tlotlomadiwa ga Modimo jaaka Molaodi yo o tshwanetseng. Ka jalo, go ne go tla tshwanela gore mo lefatsheng go nne le basupi ba ba ikanyegang bao ba ikemiseditseng go supa kaga maikaelelo le bogolo jwa Modimo. Seno se ne sa dirwa jang ka botlalo?—Yobe 1:6-12; Yohane 8:44; 1 Yohane 5:19, 20.

27. (a) Ke namane efe e tona ya tiragalo eo e neng ya diragala ka 1931? (b) Dingwe tsa ditumelo tse di farologanyeng le tse dingwe tsa Basupi ke dife?

27 Ka July 1931, Baithuti ba Bibela ba ne ba tshwara kopano mo Columbus, Ohio, eo mo go yone diketekete tsa batho bao ba neng ba le teng ba neng ba amogela maikano. Mo go one ba ne ka boitumelo ba amogela “leina leo re le neilweng ke Morena Modimo ka sebele,” mme ba ne ba bolela jaana: “Re eletsa go itsiwe le go bidiwa ka leina leo, eleng ‘basupi ba ga Jehofa.’” Fa esale ka nako eo, Basupi ba ga Jehofa ba ile ba itsiwe mo lefatsheng ka bophara eseng fela ka baka la ditumelo tsa bone tse di farologaneng le tse dingwe mme gape ka baka la botlhaga jwa bone mo bodiheding jwa ntlo le ntlo le jwa mebila. (Bona ditsebe 356-7.)—Isaia 43:10-12; Mathaio 28:19, 20; Ditihō 1:8.

28. Ka 1935 ke kutlwisiso efe e e phepafetseng eo Basupi ba neng ba nna nayo malebana le puso ya Bogosi?

28 Ka 1935 Basupi, ba ne ba simolola go tlhaloganya ka phepafalo kaga setlhopha sa selegodimo sa Bogosi, seo se tla busang le Keresete, le babusiwa ba bone mo lefatsheng. Ba ne ba setse ba itse gore palo ya Bakeresete ba ba tloditsweng bao ba bilediwang go ya go busa le Keresete ba le kwa magodimong e ne e tla nna 144 000 fela. Jalo, tsholofelo ya batho ba bangwe e ne e tla nna eng? Puso e tlhoka babusiwa go supa fa e siametse go ka busa. Puso eno ya selegodimo, eleng Bogosi, le yone e tla nna le dimilione tsa babusiwa ba ba kutlo ba ba mono lefatsheng. Bano e ne e tla nna “boidiidi yo bogolo yoa batho, yo go señ motho opè eo o ka bo balañ, e le ba morahe moñwe le moñwe, le ba dicō cotlhe, le batho, le dipuō,” bao ba goeletsang ka go re: “Poloka e nnè go Modimo [Jehofa] oa rona o o dutseñ mo setuloñ sa bogosi, le go Kwana [Keresete Jesu].”—Tshenolō 7:4, 9, 10; 14:1-3; Baroma 8:16, 17.

29. Ke kgwetlho efe eo Basupi ba neng ba lemoga fa ba na nayo ba bo ba e amogela?

29 Kutlwisiso eno ya Basupi ba ga Jehofa kaga boidiidi jo bogolo e ne ya ba thusa go bona gore ba ne ba na le namane e tona ya kgwetlho fa pele ga bone—eleng go batla le go ruta dimilionemilione tsa batho bao ba neng ba tsere matsapa a go batla Modimo wa boammaaruri mme ebile e le bao ba tla bopang “boidiidi yo bogolo.” Go ne go tla kopanyeletsa namane e tona ya tiro ya go ruta mo merafeng yotlhe. Go ne go tla tlhoka gore go nne le dibui tse di katisitsweng le badihedi. Go ne go tla tlhokega dikolo. Seno sotlhe se ne sa lemogiwa ke moeteledipele yo o latelang wa Mokgatlho wa Watch Tower.

Matsapa a go Batla Batho bao ba Senkang Modimo mo Lefatsheng Lotlhe

30. Ke ditiragalo dife tsa dingwaga tsa bo 1930 le bo 1940 tse di neng tsa ama Basupi?

30 Ka 1931 go ne go na le Basupi ba ba kwa tlase fela ga 50 000 mo mafatsheng a a sa feteng a le 50. Ditiragalo tsa bo 1930 le bo 1940 di ne tsa dira gore go rera ga bone go seka ga nna motlhofo. Mo nakong eno go ne ga tsoga Bo-Fascist le Bo-Nazi ga ba ga simologa Ntwa ya Lefatshe II. Ka 1942 J. F. Rutherford o ne a tlhokafala. Mokgatlho wa Watch Tower o ne o tla tlhoka moeteledipele yo o matlhagatlhaga e le gore a tsenye moko mo go rereng ga Basupi ba ga Jehofa.

31. Ke eng seo se neng sa simolola go dirwa ka 1943 go atolosa go rerwa ga mafoko a a molemo?

31 Ka 1942, Nathan H. Knorr, yo o neng a na le dingwaga tse 36, o ne a kgethiwa go nna moeteledipele wa boraro wa Mokgatlho wa Watch Tower. E ne e le morulaganyi yo o matlhagatlhaga yo o neng a tlhaloganya sentle gore go ne go tlhokega gore go rerwa ga mafoko a a molemo go rotloediwe mo lefatsheng lotlhe ka bofefo jo bo ka kgonegang, lemororo merafe e ne e santse e tseneletse thata mo Ntweng ya Lefatshe II. Ka baka leo, ka bofefo fela o ne a simolola thulaganyo ya sekolo sa go thapisa barongwa, seo se neng sa bidiwa Sekolo sa Bibela sa Watchtower sa Gilead.d Baithuti ba ntlha ba ba lekgolo, bao e neng e le badihedi ba nako e e tletseng botlhe, ba ne ba kwadisediwa go simolola sekolo ka January 1943. Ba ne ba ithuta Bibela le dikgang tse di amanang le bodihedi ka botlalo mo e ka nnang ka lobaka lwa dikgwedi tse thataro pele ga ba romelwa kwa mafatsheng ao ba neng ba abetswe go ya kwa go one, bontsi jwa one e le dinaga tse eseng tsa bone. Go fitlhela ka ngwaga wa 1990, go alogile ditlhopha di le 89, mme badihedi ba le diketekete ba dule kwa Gilead go ya go direla mo lefatsheng lotlhe.

32. Ke kgatelopele efe eo Basupi ba ga Jehofa ba ileng ba e dira fa esale ka 1943?

32 Ka 1943 go ne go na le Basupi ba le 126 329 fela bao ba neng ba rera mo dinageng di le 54. Go sa kgathalesege puso e e setlhogo ya Ba-Nazi, Ba-Fascist, Bakomanisi, le Mokgatlho wa Katoliki mmogo le ba go tweng ke puso ya batho ka batho ka nako ya Ntwa ya Lefatshe II, ka 1946 Basupi ba ga Jehofa ba ne ba tshwara tlhora ya baboledi ba Bogosi ba le 176 000. Morago ga dingwaga tse di masome a mane le bonè, go ne go na le ba ba tlhoafetseng ba ba ka nnang dimilione tse nnè mo mafatsheng a a fetang 200, le ditlhaketlhake, le mafelo. Kwantle ga pelaelo, leina la bone le le ba tlhaolang ka phepafalo le tiro ya bone ke tsone di thusitseng mo goreng ba itsege lefatsheng ka bophara. Mme go na le mabaka a mangwe ao le one a ileng a tlhotlheletsa matswela ao ba ileng ba nna nao fela thata.—Sekaria 4:6.

Phuthego ya Thuto ya Bibela

33. Ke ka ntlhayang fa Basupi ba ga Jehofa ba na le Diholo tsa Bogosi?

33 Basupi ba ga Jehofa ba na le dipokano tsa go ithuta Bibela beke le beke mo Diholong tsa bone tsa Bogosi tseo di dirisiwang ke diphuthego tse di fetang 60 000 tse di mo lefatsheng lotlhe. Dipokano tseno ga di a thaiwa mo dingwaokobamelong kana mo maikutlong mme di thailwe mo go batleng go nna le kitso e e tlhomameng kaga Modimo, Lefoko la gagwe, le maikaelelo a gagwe. Ka jalo, Basupi ba ga Jehofa ba kopana gararo ka beke go oketsa kutlwisiso ya bone ya Bibela le go ithuta kafa ba ka rerelang le go ruta ba bangwe molaetsa wa yone ka gone.—Baroma 12:1, 2; Bafilipi 1:9-11; Bahebera 10:24, 25.

34. Mosola wa Sekolo sa Bodihedi sa Bolegodimo ke eng?

34 Ka sekai, go na le pokano ya fa gare ga beke eo e akaretsang Sekolo sa Bodihedi sa Bolegodimo, seo maloko a phuthego a ka nnang a ikwadisa mo go sone. Sekolo seno, seo se okametsweng ke mogolwane yo o tshwanelegang wa Mokeresete, se thusa go thapisa banna, basadi, le bana gore ba nne ditswerere mo go ruteng le go itlhalosa tumalanong le melaometheo ya Bibela. Moaposetoloi Paulo o ne a tlhalosa ka go re: “A puō ea lona e nnè ntlè ka metlha eotlhe, e lokilwe ka lecwai, gore lo tlè lo itse kaha lo chwanetseñ go hetola moñwe le moñwe ka gōna.” Mo dipokanong tsa bone tsa Bokeresete, Basupi gape ba ithuta kafa ba ka tlhalosang molaetsa wa Bogosi ka gone “ka boikokobeco le poihō.”—Bakolosa 4:6; 1 Petere 3:15.

35. Dipokano dingwe tseo Basupi ba di tshwarang ke dife, mme ba solegelwa molemo jang?

35 Ka letsatsi lengwe le le farologaneng le leo, Basupi ba a kopana gape go tla go nna le polelo ya metsotso e e 45 ya Bibela e morago ga yone go latelang setlhogo sengwe sa Bibela seo se amanang le thuto nngwe ya Bokeresete kana boitshwaro seo se ithutiwang ke phuthego (go dirisiwa dipotso le dikarabo) se se tsayang ura e le nngwe fela. Maloko a phuthego a gololesegile go ka tsaya karolo. Ngwaga le ngwaga Basupi gape ba nna gone mo dipokanong tse dikgolo tse tharo, dikopano tsa potologo le tsa kgaolo tse eleng tsa letsatsi le le lengwe fela go ya go a le manè, koo diketekete tsa bone gantsi di kgobokanang go ya go reetsa dipolelo tsa Bibela. Ka baka la dipokano tseno le tse dingwe tsa mahala, Mosupi mongwe le mongwe o nonotsha kitso ya gagwe ya ditsholofetso tsa Modimo ka lefatshe leno le ka batho mo godimo ga gore a rutege ka botlalo mo boitsholong jwa Bokeresete. Mongwe le mongwe o atamalana le Modimo wa boammaaruri, ebong Jehofa, ka go latela dithuto le sekai sa ga Keresete Jesu.—Yohane 6:44, 65; 17:3; 1 Petere 1:15, 16.

Basupi ba Rulaganngwa Jang?

36. (a) A Basupi ba na le setlhopha sa baruti ba ba duelwang? (b) Ke bomang, he, ba ba etelelang phuthego pele?

36 Ka mo go utlwalang, fa e le gore Basupi ba ga Jehofa ba nna le dipokano ebile ba rulaganyediwa go rera, ba tshwanetse ba bo ba na le mongwe yo o ba etelelang pele. Lefa go ntse jalo, ga ba na setlhopha sa baruti ba ba duelwang le gone ga ba na moeteledipele mongwe yo o nang le dinonofo tse di fetang tsa motho yo eleng wa maemo a a kwa godimo. (Mathaio 23:10) Jesu o ne a re: “Lo amogetse hèla, naeañ hèla.” (Mathaio 10:8; Ditihō 8:18-21) Mo phuthegong nngwe le nngwe, go na le bagolwane ba ba tshwanelegang semoyeng le batlhanka ba bodihedi, bontsi jwa bao ba dirang tiro ya boitshediso mme ebile ba tlhokomela bamalapa a bone, bao ka go ithaopa ba etelelang phuthego pele mo go ruteng le mo go e kaeleng. Seno ke motlhala oo tota o neng wa tlhongwa ke Bakeresete ba lekgolo la ntlha la dingwaga.—Ditihō 20:17; Bafilipi 1:1; 1 Timotheo 3:1-10, 12, 13.

37. Bagolwane le batlhanka ba bodihedi ba kgethiwa jang?

37 Bagolwane bano le batlhanka ba bodihedi ba kgethiwa jang? Ba kgethiwa ka kaelo ya setlhopha se se laolang sa bagolwane ba ba tloditsweng bao ba tswang kwa mafatsheng a a farologaneng bao tiro ya bone e tshwanang le ya setlhopha sa baaposetoloi le bagolwane ba kwa Jerusalema bao ba neng ba etelela phuthego ya Bakeresete ba ntlha pele. Jaaka re bone mo go Kgaolo 11, ga go na moaposetoloi ope yo o okametseng ba bangwe. Ba ne ba dira tshwetso ya bone jaaka setlhopha, mme ba ne ba tlotliwa ke diphuthego tseo di neng di gasame mo lefatsheng la Roma wa bogologolo.—Ditihō 15:4-6, 22, 23, 30, 31.

38. Setlhopha se se Laolang se dira jang?

38 Thulaganyo e e tshwanang e dira mo Setlhopheng se se Laolang sa Basupi ba ga Jehofa gompieno. Ba tshwara dipokano tsa beke le beke kwa ntlongkgolo ya bone ya lefatshe lotlhe kwa Brooklyn, New York, mme ba romela ditaolo tsa bone go tswa koo ba di isa kwa Dikomiting tsa Makala a a mo lefatsheng lotlhe tseo di okametseng tiro ya bodihedi mo nageng nngwe le nngwe. Ka go latela sekao sa Bakeresete ba ntlha, Basupi ba ga Jehofa ba ile ba kgona go apesa karolo e kgolo ya lefatshe ka go rera mafoko a a molemo a Bogosi jwa Modimo. Tiro eo e tswelela go dirwa mo lefatsheng ka bophara.—Mathaio 10:23; 1 Bakorintha 15:58.

Go Ologela kwa Modimong wa Boammaaruri

39. (a) Ke ka ntlhayang fa Basupi ba itlhaola mo dikgannyeng tsa bopolotiki? (b) Basupi ba ile ba tlhogonolofala jang kwa ba thibetsweng gone?

39 Mo lekgolong la bo 20 la dingwaga, Basupi ba ga Jehofa ba ile ba oketsega mo lefatsheng ka bophara. Seno ebile se ile sa bo sa direga le mo mafatsheng ao ba ileng ba thibelwa mo go one kana ao tiro ya bone e ileng ya ilediwa mo go one. Dithibelo tseno di ile tsa dirwa gantsi ke babusi bao ba neng ba sa tlhaloganye seemo sa boitlhaodi sa Basupi ba ga Jehofa malebana le go dirisana le dipolotiki le merafe ya lefatshe leno. (Bona lebokoso, tsebe 347.) Lefa go le jalo, mo mafatsheng a go nna jalo, diketekete tsa batho di ile tsa retologela go Bogosi jwa Modimo jaaka tsholofelo e le yosi ya boammaaruri ya go bona kagiso le pabalesego ya batho. Mo merafeng ka bontsi go ile ga newa bosupi jo bogolo, mme jaanong go na le dimilione tsa Basupi ba ba tlhoafetseng gongwe le gongwe.—Bona tšhate, tsebe 361.

40, 41. (a) Basupi ba ga Jehofa jaanong ba emetse eng? (b) Ke potso efe e e santseng e tshwanetse go arabiwa?

40 Ka lorato lwa bone la Bokeresete le tsholofelo ya bone ya “legodimo ye lesha le lehatshe ye lesha,” Basupi ba ga Jehofa ba lebile pele gore mo nakong e e gaufi go tla nna le ditiragalo tseo di tla tshikinyang lefatshe tseo di tla tlogang di nyeletsa ditshiamololo tsotlhe, bosula, le go tlhoka tshiamo mo lefatsheng leno. Ka baka leo ba tla tswelela go etela baagelani ba bone ka boiteko jwa bone jwa bopeloephepa jwa go atamalanya batho ba ba pelo di ikanyegang le Modimo wa boammaaruri, ebong Jehofa.—Tshenolō 21:1-4; Mareko 13:10; Baroma 10:11-15.

41 Fa dilo di ntse jalo, go ya ka boperofeti jwa Bibela, isagwe e tsholetse batho, bodumedi, le lefatshe leno le le kgotletsweng eng? Kgaolo ya rona ya bofelo e tla araba potso eo ya botlhokwa.—Isaia 65:17-25; 2 Petere 3:11-14.

[Dintlha tse di kwa tlase]

a Diele tseno tse pedi tsa bofelo di bonwa mo “Loboteng lwa Isaia” fa pele ga dikago tsa Lekgotla la Merafe e e Kopaneng mmogo le mo sefikantsweng se se mo ditshingwaneng tsa Lekgotla la Merafe e e Kopaneng, mme ebile, nngwe ya maitlhomo a Lekgotla la Merafe e e Kopaneng ke gore ba e diragatse.

b Lefoko la Segerika marʹtyr, leo lefoko la Seesemane “martyr” le bopilweng ka lone (“motho yo o nayang bosupi ka go swa ga gagwe,” An Expository Dictionary of New Testament Words, ya ga W. E. Vine), tota le raya “mosupi” (“motho yo o tlhomamisang, kana yo o ka tlhomamisang, seo ene ka boene a se boneng kana a se utlwileng kana a se itseng ka tsela nngwe,” A Greek-English Lexicon of the New Testament, ya ga J. H. Thayer.)

c Go bona tlhaloso e e tletseng kaga ‘metlha ya bofelo,’ bona O Ka Tshelela Ruri mo Lefatsheng la Paradaise, e e gatisitsweng ke Watchtower Bible and Tract Society of New York, Inc., 1982, Kgaolo 18.

d Gilead, lefoko leo le tswang mo go Gal·ʽedhʹ ka Sehebera, e raya “Sefikantswe sa Bosupi.” Bona le Insight on the Scriptures, Bolumo I, ditsebe 882, 942.—Genesise 31:47-49.

[Lebokoso mo go tsebe 347]

Boitlhaodi jwa Bokeresete mo Boheitaneng jwa Roma

Tumalanong le melaometheo ya lorato le kagiso eo Jesu a neng a e ruta, mmogo le ka baka la go ithuta ga bone Lefoko la Modimo, Bakeresete ba ntlha ba ne ba seke ba tsaya karolo mo dintweng kana ba ithapisetsa go ya ntweng. Jesu o ne a ile a re: “Bogosi yoa me ga se yoa lehatshe yeno: ha bogosi yoa me e ka bo e le yoa lehatshe yeno, batlhanka ba me ba ko ba tlhabana, gore ke se ka ka neèlwa Bajuda: me yana bogosi yoa me ga se yoa mono.”—Yohane 18:36.

Le eleng bogologolo tala ka 295 C.E., Maximilianus wa Theveste, yo e neng e le morwa wa lesole la bogologolo la Roma, o ne a patelediwa go ya bosoleng. Fa molaodi wa masole a ne a mmotsa leina la gagwe, o ne a araba ka go re: “Jaanong ke ka ntlhayang fa o batla go itse leina la me? Ga ke ye bosoleng ka baka la bodumedi jwa me: Ke Mokeresete. . . . Ga ke kake ka ya bosoleng; ga ke kake ka leofela segakolodi sa me.” Molaodi yoo wa masole o ne a mo tlhagisa gore o ne a tla latlhegelwa ke botshelo jwa gagwe fa a ne a ka se utlwe. “Ga ke kake ka ya bosoleng. O ka nna wa nkgaola tlhogo, mme ga ke kake ka direla puso ya Lefatshe Leno; ke tla direla Modimo wa me.”—An Historian’s Approach to Religion, ka Arnold Toynbee.

Mo metlheng ya segompieno go ithuta Bibela ka namana go ile ga dira gore mongwe le mongwe wa Basupi ba ga Jehofa lefatshe ka bophara ba latele seo ba se kaelwang ke segakolodi sa bone, mo go tseyeng kgato e e tshwanang. Mo dinageng dingwe ba le bantsi ile ba atlholwa ka katlholo e e boitshegang, segolobogolo mo Jeremane wa Bo-Nazi, koo bontsi ba ileng ba thuntshiwa, ba kalediwa, ba bo ba kgaolwa ditlhogo mo Ntweng ya Lefatshe II. Mme go utlwana ga bone mo lefatsheng ka bophara, mo go thailweng mo loratong lwa Bokeresete, ga go ise go ko go tshikinngwe. Ga go motho ope yo o kileng a swa mo ntweng a bolawa ke mongwe wa Basupi ba Bakeresete ba ga Jehofa. Abo ruri lefatshe le ka bo le sa nna jaaka le ntse jang ne fa mongwe le mongwe yo o ipolelang fa e le Mokeresete a ne a ka tshela go ya ka molao wa ga Keresete wa lorato!—Baroma 13:8-10; 1 Petere 5:8, 9.

[Lebokoso/Ditshwantsho mo go tsebe 356, 357]

Seo Basupi ba ga Jehofa ba se Dumelang

Potso: Moya ke eng?

Karabo: Mo Bibeleng moya (Sehebera, neʹphesh; Segerika, psy·kheʹ) ke motho kana phologolo kana botshelo joo motho kana phologolo e nang najo.

“Me Modimo oa re, A lehatshe le ntshè dibopiwa [“meya,” NW] tse di tshedileñ kaha ditshikeñ tsa cōna, dikgomo, le se se gagabañ, le diphōlōhōlō le dibatana tsa lehatshe kaha ditshikeñ tsa cōna. Me Yehofa Modimo a bopa motho ka lorole lwa mbu, me a budulèla mōea oa botshelō mo dinkoñ tsa gagwè; me motho a dihèga mōea o o tshedileñ.”—Genesise 1:24; 2:7.

Diphologolo le batho KE meya e e tshedileng. Moya ga se selo seo se tshelang se le sosi. O ka swa mme ebile o a swa. “Bōnañ, meōea eotlhe ke ea me; yaka mōea oa rra motho o nntse, mōea oa ñwana le ōna ke oa me: mōea o o leohañ, go tla shwa ōna.”—Esekiele 18:4.

Potso: A Modimo ke Tharonngwe?

Karabo: Basupi ba ga Jehofa ba dumela gore Jehofa ke Molaodi yo Mogolo yo o sa lekaneng le ope mo lobopong. “A u ko u utlwè, wèna Iseraela, Yehofa Modimo oa rona ke Yehofa eo moñwe hèla.” (Duteronome 6:4) Keresete Jesu jaaka Lefoko e ne e le sebopiwa sa semoya mme o ne a tla mo lefatsheng ka go bo a ne a utlwa thato ya ga Rraagwe. O ikobela Jehofa. “Me e tla re dilō cotlhe di sena go beèwa mo taoloñ ea gagwè [Keresete], hoñ Morwa ōna le èna ka esi o tla beèwa mo taoloñ ea gagwè, gore Modimo o nnè gotlhe mo go cotlhe hèla.”—1 Bakorintha 15:28; bona gape le Mathaio 24:36; Mareko 12:29; Yohane 1:1-3, 14-18; Bakolosa 1:15-20.

Moya o o boitshepo ke maatla a a dirisiwang ke Modimo, kana maikatlapelo a a dirisiwang, eseng motho ope.—Ditihō 2:1-4, 17, 18.

Potso: A Basupi ba ga Jehofa ba obamela kana ba rapela medimo ya disetwa?

Karabo: Basupi ba ga Jehofa ga ba obamele medimo epe fela ya disetwa, e ka tswa e le ya dilo tse di setilweng, batho, kana mekgatlho.

“Rea itse ha modimo oa sesètwa e se sepènyane, me go sena Modimo opè, ha e se o moñwe hèla. Gonne leha go na le e e bidiwañ medimo, kwa legodimoñ le mo lehatshiñ; yaka go na le medimo e le mentsi, le barèna ba le bantsi; Leha go nntse yalo mo go rona, go Modimo o le moñwe hèla, eboñ Rara, eo dilō cotlhe di cwañ mo go èna, le rona re nnetse èna; e bile go Morèna a le moñwe hèla, eboñ Yesu Keresete, eo dilō cotlhe di emeñ ka èna, le rona ka èna.”—1 Bakorintha 8:4-6; bona le Pesalema 135:15-18.

Potso: A Basupi ba ga Jehofa ba keteka Mmisa kana Selalelo?

Karabo: Basupi ba ga Jehofa ga ba dumele mo go fetogeng ga ditshwantshetso eleng seo Roma Katoliki e se rutang. Ba keteka Sejo sa Morena sa Maitseboa mo letsatsing leo le tsamaisanang le Nisane 14 ya Sejuda (leo gantsi le leng ka March kana April) jaaka moletlo wa ngwaga le ngwaga wa loso lwa ga Keresete. Kwa pokanong eno ba tsamaisa senkgwe se se sa bedisiwang le beine e khibidu mo phuthegong tseo eleng ditshwantshetso tsa mmele o o senang boleo wa ga Keresete le madi a gagwe a a ntshitsweng setlhabelo. Ke bao fela ba nang le tsholofelo ya go busa le Keresete mo Bogosing jwa gagwe jwa selegodimo ba jang ditshwantshetso tseo.—Mareko 14:22-26; Luke 22:29; 1 Bakorintha 11:23-26; Tshenolō 14:1-5.e

[Ditshwantsho]

Basupi ba ga Jehofa ba kopana ka metlha mo Diholong tsa Bogosi go ithuta Bibela

Diholo tsa Bogosi: Toropo ya Ichihara, Japane (tsebe e e fetileng), le Boituva, Brazil

[Ntlha e e kwa tlase]

e Go bona tlhaloso e e oketsegileng ya kgang eno, bona Go Fetolana ka Dikwalo, e e gatisitsweng ke Watchtower Bible and Tract Society of New York, Inc., 1985, ditsebe 283-7 le 356-9.

[Tšhate mo go tsebe 361]

Dinaga Dingwe Tseo Basupi ba Rerang mo go Tsone

Naga Basupi Ba Ba Tlhagafetseng

Argentina 79 000

Australia 51 000

Brazil 267 000

Boritane 117 000

Canada 98 000

Colombia 42 000

El Salvador 18 000

Finland 17 000

Fora 109 000

Jeremane, F.R. 129 000

Gerika 24 000

Hungary 10 000

India 9 000

Italy 172 000

Japane 138 000

Korea 57 000

Lebanona 2 500

Mexico 277 000

Nigeria 137 000

Philippines 102 000

Poland 91 000

Portugal 36 000

Puerto Rico 24 000

Afrika Borwa 46 000

Spain 78 000

U.S.A. 818 000

Venezuela 47 000

Zambia 72 000

36 tse di thibetsweng 220 000

Dipalo tsa Lefatshe Lotlhe tsa 1989 Diphuthego tse 60 192 Basupi ba ba 3 787 000

[Ditshwantsho mo go tsebe 346]

Setshwantsho sa kagiso sa UN se bolela jaana: “Re tla thula ditšhaka tsa rona magale a megoma”; “Lomota lwa ga Isaia lo neela temana eno ya Bibela

[Setshwantsho mo go tsebe 351]

Basupi ba ga Jehofa ba dumela mo goreng Keresete o rekolotse batho mo boleong ka setlhabelo sa gagwe sa thekololo

[Ditshwantsho mo go tsebe 363]

Diholo tsa Dikopano tsa Basupi ba ga Jehofa: Setshwantsho se se tshotsweng mo lefaufaung ya holo e e kwa Pennines Botlhaba, kwa Engelane

Holo ya Dikopano, Fort Lauderdale, Florida, U.S.A. eo e dirisetswang dithulaganyo tsa Seesemane, Sepanishe le Sefora

[Ditshwantsho mo go tsebe 364]

Ntlokgolo ya Mokgatlho wa Watch Tower ya Lefatshe Lotlhe, Brooklyn, New York; (go tloga kwa godimo kafa molemeng) diofisi, difeketori, le manno (tse di bontshitsweng ka mmala)

[Ditshwantsho mo go tsebe 365]

Diofisi tsa Makala tsa Watch Tower (go tswa kwa godimo kafa molemeng) kwa Afrika Borwa, Spain le New Zealand

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela