Kgaolo 28
Go Lekwa le go Feferwa go Tswa mo Teng
GO GATELA pele le go oketsega ga phuthego ya Basupi ba ga Jehofa ya motlha wa segompieno go ile ga akaretsa maemo a mantsi a a ileng a leka tumelo ya ba bangwe thata. Fela jaaka fa go photha korong le go e olosa go e tlhaola mo morokong, ka gone maemo ano a ile a thusa go supa ba e leng Bakeresete ba boammaaruri tota. (Bapisa Luke 3:17.) Batho ba ba neng ba kopanela le phuthego eno ba ile ba tshwanela go re ba supe se se neng se le mo dipelong tsa bone. A ba ne ba direla fela gore ba bone molemo mongwe? A e ne e le balatedi ba motho mongwe fela yo o sa itekanelang? Kana a ba ne ba le boikokobetso, ba tlhoafaletse go itse thato ya Modimo le go e dira, ba ineetse ka botlalo mo go Jehofa?—Bapisa 2 Ditihalō 16:9.
Balatedi ba ga Jesu Keresete ba lekgolo la ntlha la dingwaga le bone tumelo ya bone e ile ya lekwa. Jesu o ne a bolelela balatedi ba gagwe gore fa ba ne ba ka ikanyega, ba ne ba tla busa nae mo Bogosing. (Math. 5:3, 10; 7:21; 18:3; 19:28) Mme lefa go ntse jalo ga a ka a ba bolelela gore ba ne ba tla amogela leng tuelo eo. A ba ne ba tla tswelela ba baya ditiro tsa Bogosi joo kwa pele mo matshelong a bone lefa batho ba ne ba ba itlhokomolosa, ba ba ila, ka ntlha ya go rera ga bone? Ga se botlhe ba ba neng ba dira jalo.—2 Tim. 4:10.
Mokgwa o Jesu a neng a ruta ka one o ne o dira gore ba bangwe ba lekwe. Bafarasai ba ne ba kgopisega fa a ne a ganetsa dingwao tsa bone fela a tlhamaletse. (Math. 15:1-14) Le eleng le ba le bantsi ba ba neng ba ipolela gore ke barutwa ba ga Jesu ba ne ba tenwa ke mokgwa o a neng a ruta ka one. Mo lekgetlong lengwe, ka nako ya fa a ne a bontsha gore go dumela mo nameng ya gagwe le madi a gagwe a a ntshitsweng setlhabelo go botlhokwa thata, bontsi jwa barutwa ba gagwe ba ne ba gakgamadiwa thata ke puo ya ditshwantsho e a neng a e dirisa. Ba ne ba se ka ba emela gore ba tlhalosediwe go ya kwa pele, ke fa ba “tenèga, me ba se ka ba tlhōla ba tsamaea naè.”—Yoh. 6:48-66.
Mme lefa go ntse jalo ga ba a ka ba tsamaya botlhe. Jaaka fa Simone Petere a ile a tlhalosa, “Morèna, ana re ka ea kwa go mañ? wena u na le mahoko a botshelō yo bo sa khutleñ. Me re dumetse, re bile rea itse ha e le wèna Moitshepi oa Modimo.” (Yoh. 6:67-69) Ba ne ba ile ba bona le go utlwa dilo tse dintsi tse di neng di ba tlhatswitse pelo gore Jesu e ne e le ene yo Modimo o neng o mo dirisa go itsise boammaaruri le boikaelelo jwa gagwe. (Yoh. 1:14; 14:6) Lefa go ntse jalo, tumelo e ile ya nna ya tswelela pele e ntse e lekwa.
Fa Jesu a sena go swa le go tsoga, o ne a dirisa baaposetoloi mmogo le ba bangwe jaaka badisa ba phuthego. E ne e le batho ba ba sa itekanelang, mme ka dinako tse dingwe diphoso tse ba neng ba di dira e ne e le teko mo go ba ba neng ba na nabo. (Bapisa Ditihō 15:36-41; Bagalatia 2:11-14.) Kafa letlhakoreng le lengwe, go ne go na le batho bangwe ba ba neng ba anaanela Bakeresete ba ba neng ba itsege thata ka tsela e e feteletseng mme ba bolela jaana: “Nna ke oorra Paulo,” mme ba bangwe bone ba re: “Nna ke oorra Apolose.” (1 Bakor. 3:4) Botlhe ba ne ba tshwanela go itisa gore ba se ka ba lebala gore go nna molatedi wa ga Jesu Keresete go bolelang.
Moaposetoloi Paulo o ne a bolelela pele gore go santse go tla tlhaga mathata a mangwe a a masisi, a tlhalosa gore go ne go tla “coga banna ba ba buañ dilō tse di shōkameñ, go tla ba itshadisa barutwa moragō,” gone mo phuthegong ya Bokeresete. (Dit. 20:29, 30) Mme moaposetoloi Petere o ne a tlhagisa gore baruti bao ba maaka ba ba mo gare ga batlhanka ba Modimo ba ne ba tla senka go senya ba bangwe ka “mahoko a boitimokanyō” gore bone ba lejwe ba siame. (2 Pet. 2:1-3) Kwantle ga pelaelo, diteko tse di lekang tumelo le boikanyegi tse di tlhatlhobang pelo di ne di santse di letse kwa pele.
Ka jalo, go lekwa le go feferwa go go neng ga diragala mo hisitoring ya metlha ya segompieno ya Basupi ba ga Jehofa, go ne ga se ka ga ba gakgamatsa. Mme lefa go ntse jalo ba bantsi ba ile ba gakgamadiwa ke go bona gore ke bomang ba ba ileng ba kgopisega le seo se ileng sa ba kgopisa.
A Ruri Ba Ne Ba Anaanela Thekololo?
Kwa tshimologong ya bo1870, Mokaulengwe Russell le ditsala tsa gagwe ba ne ba itse ba bo ba anaanela boikaelelo jwa Modimo ka mo go oketsegileng. Mo go bone e ne e le nako ya go lapolosiwa semoyeng. Mme lefa go ntse jalo jaanong, ka 1878, tumelo ya bone le go kgomarela ga bone Lefoko la Modimo di ne tsa lekwa fela thata. Kgangkgolo e ne e le boleng jwa setlhabelo jwa nama le madi a ga Jesu—yone thuto e barutwa ba ga Jesu ba bantsi ba lekgolo la ntlha la dingwaga ba ileng ba kgopisiwa ke yone.
Go ne go fetile dingwaga di le pedi fela, ka 1876, C. T. Russell a ntse a dira le N. H. Barbour wa kwa Rochester, kwa New York. Ba ne ba kopantse ditlhopha tsa bone tsa thuto. Russell o ne a ntshitse madi gore makasine wa ga Barbour wa Herald of the Morning, o Barbour e neng e le morulaganyi wa one mme Russell e le mothusamorulaganyi wa one, o simolole go gatisiwa gape. Bobedi jwa bone bo ne jwa gatisa buka ya Three Worlds, and the Harvest of This World.
Mme morago ga moo ke fa go diragala seno se se boifisang thata! Mo tokololong ya August 1878 ya Herald of the Morning, Barbour o ne a kwala setlhogo sengwe se a neng a bolela gore dikwalo tse di jaaka 1 Petere 3:18 le Isaia 53:5, 6, mmogo le Bahebera 9:22 di ne di se botlhokwa, a bo a bolela gore ga a dumalane gotlhelele le kgopolo ya gore Keresete o swetse go letlanya maleo a rona. Russell o ne a kwala jaana moragonyana: “Se se ileng sa re gakgamatsa mo go utlwisang botlhoko, Rre Barbour . . . o ne a kwala kgang nngwe mo go Herald a ganetsa thuto ya thekololo—a ganetsa gore loso lwa ga Keresete ke tlhwatlhwa ya thekololo ya ga Adame le bana ba gagwe, a bolela gore fela jaaka motsadi wa mo lefatsheng a ne a ka se ka a tsaya gore go tlhaba ntsi ka nnalete le go e bogisa gore e bo e swe go siame go duelela phoso e e dirilweng ke ngwana wa gagwe go ntse fela jalo ka loso lwa ga Keresete ga le kake la duelela ka tsela e e tshwanetseng katlholo e motho a atlhotsweng ka yone ka ntlha ya boleo jwa gagwe.”a
Eno e ne e le kgang e e masisi. A Mokaulengwe Russell o ne a tla ngaparela ka boikanyegi se Bibela e neng e se bolela ka phepafalo kaga thulaganyo e Modimo o e dirileng gore batho ba bone poloko? Kana a o ne a tla ineela mo matlhajaneng a batho? Le mororo Russell a ne a na le dingwaga di le 26 fela ka nako eo mme Barbour a ne a le motona thata mo go ene, Russell o ne a kwala setlhogo sa tokololo e e latelang ya Herald ka bopelokgale a bolela ka tsela e e nonofileng gore madi a ga Keresete a ne a kgona go letlanya maleo, ebile o ne a bolela gore ke “nngwe ya dithuto tse di botlhokwa thata go gaisa ya lefoko la Modimo.”
Morago ga moo, o ne a kopa J. H. Paton, yo e neng e le mothusamorulaganyi yo mongwe wa Herald, gore a kwale setlhogo se se bolelang gore o dumela gore madi a ga Keresete ke one tota a a letlanyang boleo. Paton o ne a kwala setlhogo seo, mme se ne sa gatisiwa mo tokololong ya December. Fa Russell a sena go nna a leka thata go bontsha Barbour mabaka a a tswang mo Dikwalong mme go sa thuse sepe, Russell o ne a kgaogana le ene a bo a se ka a tlhola a thusa ka madi. Ka July 1879, Russell o ne a simolola go gatisa makasine o mosha—Zion’s Watch Tower and Herald of Christ’s Presence—oo go tloga fela kwa tshimologong o neng o bolela ka thekololo ka tsela e e kgethegileng. Mme legale mathata a ne a sa fela.
Dingwaga tse pedi morago ga moo, Paton, yo ka nako eo a neng a direla jaaka moemedi yo o etang wa Watch Tower, le ene o ne a tlogela phuthego, morago a bo a gatisa buka nngwe (ya gagwe ya bobedi ya setlhogo se se reng Day Dawn) e mo go yone a neng a ganetsa gore Adame o ile a leofa mme ka gone a ganetsa gore morekolodi o ne a tlhokega. O ne a bolela gore Morena e ne e le motho yo o sa itekanelang yo a neng a bontsha batho ka tsela e a neng a tshela ka yone gore ba ka nyeletsa jang maatla a dilo tsa boleo tse ba ratang go di dira. Ka 1881, A. D. Jones yo le ene e neng e le tsala ya bone, o ne a simolola go gatisa kgatiso nngwe (Zion’s Day Star) e e neng e tshwana le Watch Tower mme a dira jalo ka maikaelelo a gore yone e ne e tlile go tlotla ka dikarolo tse di motlhofo tsa boikaelelo jwa Modimo. Kwa tshimologong go ne go lebega go siame fela. Lefa go ntse jalo, mo lobakeng lwa ngwaga fela, ke fa pampiri eno ya ga Jones e setse e kgadile setlhabelo se se letlanyang sa ga Keresete, mme mo ngwageng o mongwe gape, ke fa e ganetsa Bibela yotlhe. Go ne go diragetseng ka banna bao? Ba ne ba ile ba letla dikgopolo tsa bone ka namana le go kgatlhiwa ke botlhajana jo bo neng bo tletsetletse jwa batho gore bo ba fapose mo Lefokong la Modimo. (Bapisa Bakolosa 2:8.) Pampiri e e neng e gatisiwa ke A. D. Jones e ne ya se ka ya tswelela ka lobaka lo loleele. J. H. Paton o ne a dira tshwetso ya gore a gatise makasine o mo go one a neng a tlhalosa efangele go ya kafa a neng a e tlhaloganya ka teng, mme o ne o sa rekwe thata.
Mokaulengwe Russell o ne a tshwenyegile thata kafa seo se neng se ama batho ba ba balang Tora ya Tebelo ka teng. O ne a lemoga gore seno se ne se leka tumelo ya mongwe le mongwe. O ne a itse sentle gore bangwe ba ne ba akanya gore o ne a kgala dithuto tse e seng tsa dikwalo ka gore a ne a batla go gaisana le ba bangwe. Mme lefa go ntse jalo Mokaulengwe Russell o ne a sa ipatlele balatedi ka gope. O ne a kwala jaana ka se se neng se diragala: “Go bonala boikaelelo jwa teko eno le go feferwa gono e le go tlhopha botlhe ba dipelo tsa bone di senang bopelotshetlha, ba ba ineetseng mo Moreneng ka botlalo, ba ba tshwenyegileng ka gore thato ya Morena e dirwe, le ba ba ikanyang botlhale jwa gagwe, gore tsela ya gagwe le Lefoko la gagwe di dikgolo, mme ba gana go faposiwa mo Lefokong la Morena, e ka tswa e le ka matlhajana, kana ka maano kana ke dikgopolo tsa ba bangwe.”
A Modimo O Ne O Dirisa Mosele Mongwe O O Bonalang?
Gone ke boammaaruri gore go na le mekgatlho e mentsi ya bodumedi, mme ebile baruti ba bantsi ba dirisa Bibela ka tsela nngwe. A Modimo o ne o dirisa Charles Taze Russell ka mo go kgethegileng? Fa e le gore go ntse jalo, a Modimo o ne wa kgaotsa go nna le mosele o o bonalang fa Mokaulengwe Russell a ne a swa? Dikgang tseno di ne tsa nna masisi, ebile di ne tsa felela ka gore ba lekwe le go feferwa go ya kwa pele.
Eleruri go ne go ka se ka ga lebelelwa gore Modimo o dirise C. T. Russell fa a ne a sa ngaparela Lefoko la Modimo ka boikanyegi. (Yer. 23:28; 2 Tim. 3:16, 17) Modimo o ne o ka se ka wa dirisa monna yo o neng a ka tlogela go rera ka se a neng a se bona se kwadilwe mo Dikwalong ka phepafalo ka ntlha ya go boifa. (Esek. 2:6-8) Le gone ebile Modimo o ne o ka se ka wa dirisa motho yo o neng a dirisa kitso e a neng a na le yone ka Dikwalo ka tsela e e sa tshwanelang gore a tlotlomadiwe. (Yoh. 5:44) Ka gone, mabaka a bontshang?
Fa Basupi ba ga Jehofa gompieno ba tlhatlhoba tiro eo a ileng a e dira, dilo tse a neng a di ruta, lebaka la go bo a ne a di ruta, le matswela a tsone, ga ba na pelaelo ya gore Charles Taze Russell, eleruri, o ne a dirisiwa ke Modimo ka tsela nngwe e e kgethegileng le e e botlhokwa.
Kgopolo eno ga e a thaiwa fela mo tseleng e Mokaulengwe Russell a ileng a ema ka tlhomamo ka yone a femela thekololo. Gape e theilwe le mo ntlheng ya gore o ile a ganetsa dithuto tse di neng di na le dilo tsa motheo tse di neng di dumelwa mo go Labokeresete mme a dira jalo a sa boife, ka gore dithuto tseo di ne di sa tsamaisane le Dikwalo tse di tlhotlheleditsweng. Dilo tse ba neng ba di dumela di ne di akaretsa thuto ya Tharonngwe (e e simolotseng kwa Babelona wa bogologolo mme bao ba ipitsang Bakeresete ba ile ba e dumela morago thata Bibela e setse e feditse go kwalwa) mmogo le thuto ya gore meya ya batho ga e swe (e e neng ya dumelwa ke banna ba ba neng ba tshosiwa ke botlhajana jwa ga Plato mme bo ba dira gore ba dumele dikgopolo tse di tshwanang le tsa gore meya e tlhokofalediwa ruri mo molelong wa dihele). Bontsi jwa bakanoki ba Labokeresete, le bone, ba a itse gore Bibela ga e rute dithuto tseno,b mme lefa go ntse jalo bareri ba bone ga ba ke ba bolela jalo fa ba le mo dialetareng tsa bone. Go farologana le seo, Mokaulengwe Russell o ne a tswa letsholo la go tlhalosetsa mongwe le mongwe yo o neng a batla go reetsa gore Bibela e bolelang.
Se sengwe gape se se molemo thata ke se Mokaulengwe Russell a ileng a se dira ka boammaaruri jo bongwe gape jo bo botlhokwa jo a neng a bo ithuta go tswa mo Lefokong la Modimo. O ne a lemoga gore Keresete o ne a tla boa e le motho wa moya o o galalelang, batho ba sa mmone ka matlho. Bogologolo ka 1876, o ne a lemoga gore ngwaga wa 1914 o ne o tlile go tshwaya bokhutlo jwa Metlha ya Baditšhaba. (Luke 21:24) Bakanoki bangwe ba Bibela le bone ba ne ba ile ba lemoga dingwe tsa dilo tseno ebile ba ne ba di bolela. Mme lefa go ntse jalo Mokaulengwe Russell o ne a dirisa sengwe le sengwe go di itsise merafe yotlhe ka selekanyo se go neng go sena motho ope kana setlhopha sepe se se neng se kile sa dira jalo ka sone.
O ne a kgothaletsa ba bangwe gore ba tlhatlhobe dilo tse a neng a di kwadilwe ka kelotlhoko ba dirisa Lefoko le le tlhotlheleditsweng la Modimo gore ba tlhomamise gore se ba neng ba se ithuta se dumalana ka botlalo le lone. Mokaulengwe Russell o ne a araba mongwe yo a neng a kwadile lekwalo a botsa ka sengwe jaana: “Fa e le gore go ne go siame gore Bakeresete ba pele ba tlhomamise boammaaruri jwa se ba neng ba se utlwa go tswa mo baaposetoloing, ba ba neng ba tlhotlheleditswe ebile ba bolela gore ba tlhotlheleditswe, abo go le botlhokwa thata jang ne gore o ikgotsofatse ka botlalo gore dithuto tseno di dumalana le dithuto tsa bone mmogo le tsa Morena wa rona;—ereka mokwadi wa tsone a sa bolele gore o tlhotlheleditswe, mme se a se bolelang fela e le gore o kaelwa ke Morena, yo o mo dirisang go fepa letsomane la gagwe.”
Mokaulengwe Russell o ne a sa bolele ka gope gore o na le maatla mangwe a a sa tlwaelegang, o ne a sa bolele ka gope gore o senolelwa dilo ke Modimo. O ne a sa bolele gore o tshwanetse go tlotlomadiwa ka se a se rutang. E ne e le moithuti yo o tlhomologileng wa Bibela. Mme lefa go ntse jalo o ne a tlhalosa gore tsela e e tlhomologileng e a neng a tlhaloganya Dikwalo ka yone e ne e le ‘fela ka lebaka la ntlha e e motlhofo fela ya gore nako e Modimo a e tlhomileng e gorogile.’ O ne a bolela jaana: “Fa nkabo ke se kile ka bua, ebile go sena moemedi ope yo o neng a ka bonwa, maje a ne a tla goa.” O ne a bolela gore o ne a tshwana fela le monwana o o supang, a supa se se leng mo Lefokong la Modimo.
Charles Taze Russell o ne a sa batle go galalediwa ke batho ka gope. Mokaulengwe Russell o ne a batla go fetola tsela e batho bape fela ba ba neng ba santse ba mo tlotla ka tsela e e feteletseng ba neng ba akanya ka yone, fa a ne a bolela jaana ka 1896: “Jaaka re ile ra dirisiwa ka selekanyo se se rileng mo bodiheding jwa mafoko a a molemo, ka ntlha ya kutlwelobotlhoko ya Modimo, go tla bo go tshwanetse gore re bolele gape se re ileng ra nna ra se bolela mo sephiring, le se re neng ra se bolela phatlalatsa mo nakong e e fetileng mo dikgatisong tseno,—eleng gore, le mororo re anaanela lorato, kutlwelobotlhoko, le go ikanngwa le botsalano jwa batlhanka ba bangwe mmogo le ntlo yotlhe ya tumelo, ga re batle go obamelwa, kana go tlotliwa, ka dilo tse re di kwalang; ebile ga re batle go bidiwa Moruti kana Rabi. Ebile ga re batle gore go nne le bape ba ba bidiwang ka maina a rona.”
Jaaka fa a ne a tla tloga a swa, o ne a sa akanye gore go ne go sena sepe se se oketsegileng se se neng se santse se ka ithutiwa, gore go ne go sa tlhole go na le tiro epe e e neng e ka dirwa. O ne a tlhola a bua ka go kwalwa ga bolumo ya bosupa ya Studies in the Scriptures. Fa a ne a bodiwa ka seno pele a swa, o ne a bolelela Menta Sturgeon, yo a neng a tlhola a tsamaya nae mo maetong, jaana: “E ka nna ya kwalwa ke mongwe o sele.” Mo wiling ya gagwe o ne a bolela fa a eletsa gore Tora ya Tebelo e tswelele pele e gatisiwa e kaelwa ke komiti ya banna ba ba ineetseng ka botlalo mo Moreneng. O ne a bolela gore ba ba neng ba tla direla ka tsela e e ntseng jalo e ne e tshwanetse ya nna banna “ba ba neng ba ngaparela dithuto tsa motheo tsa Dikwalo—ba ngaparela segolobogolo thuto ya motheo ya Thekololo—gore ga go na kafa motho a ka amogelwang ke Modimo ka teng le go bolokwa gore a bone botshelo jo bo sa khutleng fa a sa dumele mo go Keresete le fa a sa ikobele Lefoko la Gagwe le moya wa lone.”
Mokaulengwe Russell o ne a lemoga gore go ne go santse go na le tiro e ntsi e e neng e santse e tshwanelwa ke go dirwa mo go rereng mafoko a a molemo. Mo thulaganyong nngwe e e neng e tshwerwe ya dipotso le dikarabo kwa Vancouver, B.C., kwa Canada, ka 1915, o ne a bodiwa gore balatedi ba ga Keresete ba ba tloditsweng ka moya ba ba neng ba tshela ka nako eo ba ne ba ka lebelela go amogela tuelo ya bone ya kwa legodimong leng. O ne a araba jaana: “Ga ke itse, mme lefa go ntse jalo go na le tiro e ntsi e e santseng e tshwanetse go dirwa. Mme go tla batlega bakaulengwe ba le diketekete mmogo le dimilionemilione tsa madi go e dira. Gore tseno di tla tswa kae ga ke itse—Morena o itse tiro ya gagwe.” Mme ene ya re morago ga moo, ka 1916, lobakanyana lo lokhutshwane fela pele a simolola loeto lwa gagwe loo a neng a neela dipuo mo go lone le a ileng a swa a le mo go lone, o ne a biletsa A. H. Macmillan, yo e neng e le mothusamotsamaisi mo ofising ya gagwe. O ne a bolela jaana ka nako eo: “Ga ke tlhole ke kgona go tswelela pele ka tiro eno, mme lefa go ntse jalo go santse go na le tiro e ntsi e e tshwanetseng go dirwa.” O ne a tlhalosetsa Mokaulengwe Macmillan ka diura di le tharo kaga tiro e kgolo e a neng a lemoga e santse e tlile go dirwa, go ya ka Dikwalo. E ne ya re fa Mokaulengwe Macmillan a ganetsa seo, a mo araba jaana: “Tiro eno ga se ya motho.”
Go Fetolwa ga Botsamaisi go Tlisa Diteko
Bontsi jwa ba ba neng ba dira le Mokaulengwe Russell ba ne ba dumela ka botlalo gore sengwe le sengwe se ne se laolwa ke Morena. W. E. Van Amburgh o ne a bolela jaana kwa phitlhong ya ga Mokaulengwe Russell: “Modimo o ile wa dirisa batlhanka ba bantsi mo nakong e e fetileng mme kwantle ga pelaelo O santse a tla dirisa ba bangwe ba bantsi mo isagweng. Ga re a ineela mo mothong, kana mo tirong ya motho mongwe, mme go na le moo re ineetse go dira thato ya Modimo, jaaka fa A tla e re senolela ka Lefoko la Gagwe le ka go re kaela. Modimo o santse o re eteletse pele.” Mokaulengwe Van Amburgh o ile a ngaparela selo seno se a neng a tlhatswegile pelo ka sone go fitlha a swa.
Lefa go ntse jalo, se se utlwisang botlhoko ke gore go ne go na le bangwe ba ba neng ba bolela gore ba kgatlhiwa thata ke Russell mme lefa go ntse jalo ba supa moya o o farologaneng. Seno se ne sa felela ka gore, maemo a a neng a fetoga fa Russell a sena go swa a ne a leka le go fefera ba bangwe. Ditlhopha tsa batenegi di ne tsa tlogela phuthego eseng fela kwa United States mme gape le kwa Belfast, kwa Ireland; Copenhagen, kwa Denmark; Vancouver le Victoria, kwa British Columbia, kwa Canada; le kwa mafelong a mangwe. Kwa Helsinki, kwa Finland, bangwe ba ne ba nna le mogopolo wa gore fa Russell a sena go swa lesedi la semoya le ne le ka se ka la tlhola le bonwa ka gope. Ba le 164 ba ne ba tlogela phuthego ba tlhotlhelediwa ke bangwe ba ba neng ba eteletse pele. A Modimo o ne wa segofatsa kgato eo? Ba ne ba ikgatisetsa makasine wa bone ebile ba tshwara dipokano tsa bone ka lobakanyana. Lefa go ntse jalo, fa nako e ntse e tsamaya setlhopha seo se ne sa kgaogana, sa koafala, mme sa nyelela; mme bontsi jwa bone ba ne ba boela mo dipokanong tsa Baithuti ba Bibela ka boitumelo. Lefa go ntse jalo, ba ne ba se ka ba boa botlhe.
Loso lwa ga Mokaulengwe Russell, mmogo le ditiragalo tse di ileng tsa latela, di ne tsa leka R. E. B. Nicholson, yo e neng e le mokwaledi wa lekala kwa Australia, mme di ne tsa mo dira gore a supe se se neng se le mo pelong ya gagwe. Nicholson o ne a kwala jaana morago ga loso lwa ga Russell: “Ke na le dingwaga di le masome a mabedi le botlhano ke ntse ke mo rata, ke sa mo ratele ditiro tsa gagwe fela, mme gape ke mo ratela le botho jwa gagwe jo bontle, ke ile ka ipelela boammaaruri jo a neng a bo anamisa jaaka ‘nama ka nako e e tshwanetseng,’ mmogo le kgakololo ya gagwe, ke kgatlhiwa ke kutlwelobotlhoko, bopelonomi, le lorato lwa gagwe mme a nonofile a ititeile sehuba ebile a iketleeditse tota a le pelokgale gore a kgone go dira se a neng a dumela gore ke thato ya Modimo kana ke se se senolwang ke Lefoko la Gagwe. . . . Motho o ikutlwa a le bodutu fa a lemoga gore pilara eno ga e tlhole e le teng.”
Joseph F. Rutherford, poresidente e ntšha ya Mokgatlho wa Watch Tower, e ne e se motho wa mofuta o Nicholson a neng a akanya gore o tshwanelwa ke go rwala maemo a bookamedi a ga Mokaulengwe Russell. Nicholson o ne a simolola go tshwaya diphoso phatlalatsa ka tsela e dikgatiso tse disha tsa go ithuta Bibela di neng di kgala bodumedi jwa maaka di tlhamaletse ka yone. Go ise go ye kae ke fa a tlogela phuthego, mme a tsamaya ka dithoto tse dintsi tsa Mokgatlho (tse a neng a di kwadisitse ka leina la gagwe) mmogo le ba ba neng ba le kwa Melbourne bao, le bone, ba neng ba mo tseela kwa godimo. Ke ka ntlha yang fa seo se ile sa diragala? Go lebega gore Nicholson o ne a ile a itetla gore e nne molatedi wa motho; ka gone, fa motho yoo a ne a sa tlhole a le teng, go direla Morena ga ga Nicholson ka boikanyegi le ka tlhoafalo go ne ga tsidifala. Ga go na ope wa ba ba neng ba tlogela phuthego ka nako eo yo o ileng a tswelela pele sentle semoyeng. Lefa go ntse jalo, go bonala gore Jane Nicholson, le mororo a ne a le bokoa mo mmeleng, ga a ka a sala monna wa gagwe morago fa a ne a tlogela phuthego. O ne a ineetse mo go Jehofa Modimo eseng mo go ope o sele, mme o ne a tswelela a mo direla ka nako e e tletseng go fitlha a swa ka 1951.
Ba bantsi ba ne ba lemoga gore se se neng sa diragala morago ga loso lwa ga Mokaulengwe Russell se ne se diragatsa thato ya Morena. Mongwe wa batlhanka ba ga Jehofa kwa Canada o ne a kwalela Mokaulengwe Rutherford jaana:
“Mokaulengwe yo o rategang, ke kopa gore o tlhaloganye sentle se ke se kwalang jaanong. Botho jwa gago le jwa ga Mokaulengwe wa rona yo o rategang Russell bo farologane fela jaaka bosigo le motshegare. Ba bantsi, ee ruri, ba bantsi thata, ba ne ba rata Mokaulengwe Russell ka ntlha ya botho jwa gagwe, boikutlo jwa gagwe, jalo le jalo; mme e ne e le ba sekaenyana fela ba ba neng ba mo ganetsa. Ba bantsi ba ne ba amogela boammaaruri fela ka gonne Mokaulengwe Russell e ne e le ene a bolelang jalo. Mme morago ga foo, ba bantsi ba ne ba simolola go obamela motho . . . A ke re o gakologelwa nako ya fa Mokaulengwe Russell kwa kopanong nngwe a ne a bua a tlhamaletse ka phoso eno e e neng e dirwa ke bakaulengwe ba bantsi mme ba sa e dire ka maikaelelo ape a a bosula, a thaile puo ya gagwe mo go Johane le moengele. (Tshenolō 22:8, 9) Rotlhe re a itse gore go ile ga diragalang fa a sena go swa.
“Mme lefa go ntse jalo wena, Mokaulengwe Rutherford, o na le botho jo bo farologaneng gotlhelele le jwa ga Mokaulengwe Russell. Tota le eleng ditebego tsa lona ga di tshwane. Ga se molato wa gago. Ke mpho eo o ileng wa e fiwa fa o ne o tsholwa, mme o ne o ka se ka wa e gana. . . . Fa esale go tloga ka nako e o ileng wa tlhongwa gore o okamele ditiro tsa MOKGATLHO ka yone, o ntse o tshwaiwa diphoso ka tsela e e sa siamang ebile o senngwa leina ka tsela e e maswe thata, seno sotlhe se dirwa ke bakaulengwe. Lefa go ntse jalo o ile wa nna o ikanyega le go ineela mo Moreneng yo o rategang le mo thomong ya gagwe jaaka e kwadilwe mo go Isaia 61:1-3. A Morena o ne a itse se a neng a se dira fa a ne a go tlhoma jaaka tlhogo ya ditiro tseno? Eleruri o ne a itse. Mo nakong e e fetileng rotlhe re ne re na le mokgwa wa go obamela sebopiwa go na le go obamela Mmopi. Morena o ne a itse seo. Ka jalo o ne a baya sebopiwa se se nang le botho jo bo farologaneng gore e nne tlhogo ya dilo tseno, kana mma ke re sa tiro eno, tiro ya go roba. Ga o eletse gore go nne le ope yo o go obamelang. Seo ke a se itse, mme lefa go ntse jalo se o se batlang ke gore botlhe ba ba nang le tumelo e e senang selabe jaaka wena ba itumelele lesedi le jaanong le phatsimang mo tseleng ya basiami, jaaka Morena a bona go tshwanela gore le phatsime. Mme ke se Morena a batlang gore se dirwe.”
Go Tlhalosa ka Phepafalo Gore “Motlhanka Eo O Boikañō le Eo O Botlhale” Ke Mang
Bontsi jwa ba ba neng ba feferwa ka nako eo ba ne ba ngaparetse kgopolo ya gore motho a le mongwe, Charles Taze Russell, e ne e le ene “motlhanka eo o boikañō le eo o botlhale” yo o boleletsweng pele ke Jesu mo go Mathaio 24:45-47 (KJ), motlhanka yo o neng a tla abela ba ntlo ya tumelo dijo tsa semoya. Tora ya Tebelo ka boyone e ne ya bolela seno thata ka dingwaga tse dintsi morago ga loso lwa gagwe. Baithuti ba Bibela ba nako eo ba ne ba akanya gore go ne go ntse jalo ka ntlha ya tiro e kgolo e Mokaulengwe Russell a neng a e dirile. Ga a ka a rotloetsa kgopolo eno ka boene, mme lefa go ntse jalo o ne a dumalana le kafa dintlha tsa ba ba neng ba rata kgopolo eno di neng di lebega di utlwala ka teng.c Lefa go ntse jalo, o ne a gatelela gape gore ope fela yo Morena a ka mo dirisang mo tirong eo o tshwanetse a bo a le boikokobetso ebile a tlhoafaletse go galaletsa Mong, le gore fa motho yo o tlhophilweng ke Morena yoo a ne a ka retelelwa, o ne a tla tlhopha yo mongwe.
Lefa go ntse jalo, fa lesedi la boammaaruri le ne le ntse le phatsima go ya pele morago ga loso lwa ga Mokaulengwe Russell, le jaaka fa go ntse go rerwa jaaka Jesu a ne a boleletse pele, go ne ga bonala sentle gore “motlhanka eo o boikañō le eo o botlhale,” kana “motlhanka yo o boikanngo le yo o bonokopela” (NW) ga a ka a nyelela fa Mokaulengwe Russell a ne a swa. Ka 1881, Mokaulengwe Russell ka boene o ne a tlhalosa gore “motlhanka” yoo ke setlhopha sotlhe sa Bakeresete ba ba ikanyegang ba ba tloditsweng ka moya. O ne a mo leba jaaka motlhanka yo o dirilweng ke setlhopha, setlhopha sa batho ba ba neng ba le seoposengwe mo go direng thato ya Modimo. (Bapisa Isaia 43:10.) Tsela eno ya go tlhaloganya dilo e ne ya boela ya gatelelwa ke Baithuti ba Bibela ka 1927. Basupi ba ga Jehofa gompieno ba tsaya makasine wa Tora ya Tebelo mmogo le dikgatiso tse di tshwanang le one jaaka tse motlhanka yo o boikanngo le yo o botlhale a di dirisang go aba dijo tsa semoya. Ga ba bolele gore setlhopha seno sa motlhanka ga se dire diphoso, mme lefa go ntse jalo ba se leba jaaka mosele oo Morena a o dirisang mo metlheng eno ya bofelo ya tsamaiso eno ya dilo.
Ka Nako ya Fa Boikgogomoso Bo Ne Bo Kgoreletsa
Lefa go ntse jalo, go ile ga nna le dinako tse ka tsone batho bangwe ba ba leng mo maemong a boikarabelo ba neng ba simolola go iteba jaaka mosele o o dirisiwang go phatsimisa lesedi la semoya, mo e leng gore ba ne ba gana sepe fela se phuthego e neng e tlamela ka sone. Ba bangwe ba ne ba itetla gore ba eletse gore go reediwe bone. Ba ne ba batla gore ba bangwe ba ba sale morago, kana, jaaka fa moaposetoloi Paulo a ile a tlhalosa seno, “ba itshadisa barutwa moragō.” (Dit. 20:29, 30) Gone ke boammaaruri, seno se ne sa leka boikaelelo le nonofo ya semoya ya ba ba neng ba leka go ba raela. Akanya ka dikai dingwe tsa seno:
Baithuti ba Bibela ba kwa Allegheny, kwa Pennsylvania, ba ne ba kwalelwa makwalo a a kgethegileng a ba laletsa go tla pokanong nngwe ya April 5, 1894. Mokaulengwe le Kgaitsadi Russell ba ne ba sa lalediwa mme ba ne ba se ka ba nna teng kwa go yone, mme lefa go ntse jalo ba bangwe ba ka tshwara 40 ba ne ba le teng. Lekwalo leo, le le neng le saennwe ke E. Bryan, S. D. Rogers, J. B. Adamson, le O. von Zech, le ne la bolela gore pokano eno e ne e tlile go nna kaga “dilo tse di amanang thata le go nna ga bone ba itumetse.” Seno se ne sa itshupa e ne e le maiteko a bobaba a batsuolodi bao ba ba neng ba batla go senya megopolo ya ba bangwe ka go bolela se ba neng ba re ke selo se se bosula mabapi le kafa Mokaulengwe Russell a neng a tsamaisa ka teng dikgang tsa kgwebo (lefa gone mabaka a ne a supa se se farologaneng) ba tatalala ka gore Mokaulengwe Russell o ne a laola thata (se ba neng ba se ipatlela ka bobone), le ka go ngongoregela gore o ne a rata go dirisa dikgatiso le dipokano tsa go ithuta Bibela go anamisa efangele mo boemong jwa go neela dipuo fela (tse ba neng ba ka kgona go ntsha megopolo ya bone bonolo fela kwa go tsone). Phuthego e ne ya kgoberwa thata ke se se neng se diragala, mme ba bantsi ba ne ba kgopisiwa ke seno. Mme lefa go ntse jalo ga ba a ka ba fetoga batho ba ba botoka ba semoya kana ba tlhoafala thata mo tirong ya Morena ka ntlha ya go tlogela phuthego.
Dingwaga tse di fetang 20 morago ga moo, Mokaulengwe Russell, o ne a tlhalosa pele a swa gore o ne a ikaeletse go romela Paul S. L. Johnson, yo e neng e le sebui se se molemo tota, go ya kwa Borithane go ya go nonotsha Baithuti ba Bibela koo. Mokgatlho o ne wa romela Johnson kwa Borithane ka November 1916 go dumalana le kafa Mokaulengwe Russell a neng a eleditse ka teng. Lefa go ntse jalo, fa a tsena kwa Borithane, o ne a leleka batsamaisi ba babedi ba Mokgatlho. Ereka a ne a iteba a le botlhokwa thata, o ne a bolela mo dipuong tse a neng a di neela mmogo le mo makwalong a gagwe gore se a neng a se dira se ne se ile sa tshwantshediwa mo Dikwalong ke Esere, Nehemia, le Moredekai. O ne a ipolela gore ke molebedi (kana, motho yo o ikarabelang) yo Jesu a neng a bua ka ene mo setshwantshong sa gagwe se se mo go Mathaio 20:8. O ne a leka go laola madi a Mokgatlho, mme o ne a pega kgetsi kwa Kgotlatshekelokgolo ya kwa Lontone gore a kgone go dira seo.
Fa a sena go palelwa go dira seno, o ne a boela kwa New York. O ne a leka go tlhotlheletsa bangwe ba bao ba neng ba direla mo botong ya bakaedi ya Mokgatlho gore ba mo eme nokeng. Ba a neng a kgona go ba tlhotlheletsa go ema le ene ba ne ba leka go fitlhelela maikaelelo a bone ka go leka go dira maitlamo a a neng a tla phimola melawana ya Mokgatlho e e neng e naya poresidente thata ya go laola ditiro tsa one. Ba ne ba batla go nna le thata ya go dira ditshwetso. Mokaulengwe Rutherford o ne a tsaya kgato semolao go sireletsa dilo tsa Mokgatlho, mme ba ba neng ba leka go kgoreletsa tiro ya one ba ne ba kopiwa gore ba tswe kwa Legaeng la Bethele. Kwa pokanong ya ngwaga le ngwaga ya ba ba nang le dishere mo Mokgatlhong kwa tshimologong ya ngwaga o o latelang, ka nako eo boto ya bakaedi le badiredi ba yone ba neng ba tlhophelwa ngwaga o o latelang, ba ba neng ba ntse ba tlhotlheletsa thata ba ne ba se ka ba tlhophiwa ke ope. Gongwe bangwe ba bone ba ne ba ithaya ba re se ba neng ba se dira se ne se siame, mme lefa go ntse jalo bontsi jwa bakaulengwe ba bone ba semoya ba ne ba supa ka phepafalo gore ba ne ba sa dumelane le seo. A ba ne ba tla reetsa kgakololo eno?
Morago ga foo, P. S. L. Johnson o ne a tla kwa dipokanong tsa Baithuti ba Bibela mme a dira ekete o dumelana le dilo tse ba di dumelang le tiro ya bone. Mme lefa go ntse jalo e ne ya re fa bangwe ba sena go nna ba mo ikanya, a bo a jala dipelaelo mo go bone. Fa mongwe a ne a bolela gore o batla go kgaogana le Mokgatlho, o ne a mo gakolola ka boitimokanyi gore a se ka a dira jalo—go fitlha fa a sena go koafatsa boikanyegi jwa setlhopha sotlhe. O ne a leka go tlhotlheletsa bakaulengwe ka go ba kwalela mmogo le ka go ba etela ka namana eseng fela kwa United States mme le kwa Canada, Jamaica, Yuropa, le kwa Australia. A o ile a atlega mo go seno?
Gongwe go ne ga lebega jalo fa bontsi jwa batho mo phuthegong bo ne bo tlhopha go tlogela Mokgatlho. Mme lefa go ntse jalo ba ne ba tshwana le kala e e remilweng mo setlhareng—e nna e le tala ka nakwana, morago e a swaba e bo e swa. E ne ya re fa baganetsi bano ba nna le kopano ka 1918, ba ne ba se ka ba utlwana mme ba ne ba kgaogana. Ba ne ba boa ba kgaogana gape morago ga foo. Ba bangwe ba ne ba tswelela pele ka lobakanyana e le lekokonyana le le nang le moeteledipele mongwe yo o ba kgatlhang. Ga go na ope wa bone yo a neng a ineela mo tirong ya go neela bosupi phatlalatsa kaga Bogosi jwa Modimo mo lefatsheng lotlhe le go agilweng mo go lone, yone tiro e Jesu a ileng a e naya balatedi ba gagwe.
Fa dilo tseno di ne di ntse di diragala, bakaulengwe ba ne ba ikgakolola se se leng mo go 1 Petere 4:12: “Baratwa, se gakgamaleleñ tekō e e gotetseñ e e mo go lona, e e lo tlèlañ go lo leka, yaka ha e ka bo e le selō señwe se se sa itsiweñ se lo dihahaletse.”
Ba ba boletsweng fa godimo ga se bone fela ba ba ileng ba letla boikgogomoso gore bo koafatse tumelo ya bone. Ba bangwe le bone ba ne ba dira jalo, go akaretsa le Alexandre Freytag, yo e neng e le mookamedi wa ofisi ya Mokgatlho kwa Geneva, kwa Switzerland. O ne a rata gore go lebiwe ene thata, o ne a tlhola a tsenya megopolo ya gagwe fa a ranolela dikgatiso tsa Mokgatlho mo Seforeng, mme o ne a bo a dirisa didirisiwa tsa Mokgatlho go gatisa dilo tsa gagwe. Kwa Canada, go ne go na le W. F. Salter, yo e neng e le motsamaisi wa lekala la Mokgatlho yo o neng a simolola go sa dumelane le dikgatiso tsa Mokgatlho, a bolela gore o ne a lebeletse go nna poresidente yo o latelang wa Mokgatlho wa Watch Tower, mme, fa a sena go lelekwa, o ne a romela dikwalo tse di kwadilweng leina la Mokgatlho ka boferefere a laela diphuthego tsa kwa Canada le tse di leng kwa dinageng tse dingwe gore di ithute dikgatiso tse di neng di kwadilwe ke ene. Kwa Nigeria, gareng ga ba bangwe, go ne go na le G. M. Ukoli, yo kwa tshimologong a neng a supa fa a tlhoafaletse boammaaruri mme lefa go ntse jalo e ne ya re morago ga moo a bo a simolola go bo leba jaaka tsela ya go bapala dilo tse di bonalang le go itlotlomatsa. Morago ga moo, e ne ya re fa maikaelelo ano a gagwe a sa mo thuse ka sepe, a simolola go kgala bakaulengwe ba ba ikanyegang mo dipampiring tsa botlhe tsa dikgang. Mme go ne go na le ba bangwe.
Le mo dingwageng tsa bosheng fela jaana, batho bangwe ba ba neng ba le mo maemong a a kwa godimo thata a go okamela ba ne ba supa moya o o tshwanang.
Gone ke boammaaruri gore batho bano eleruri ba ne ba gololesegile go dumela se ba neng ba itlhophela go se dumela. Mme lefa go ntse jalo motho ope yo o emelang dikgopolo tse di leng kgatlhanong le se se leng mo dikgatisong tsa phuthego a dira jalo phatlalatsa kana kwa thoko, mme e le motho yo o dirang jalo a ntse a ipolela gore o emela phuthego eo, o baka kgaogano. Basupi ba ga Jehofa ba ne ba rarabolola maemo ano jang?
Ga ba a ka ba tswa letsholo la go bogisa batho ba ba ntseng jalo (le mororo batho ba ba neng ba tlogetse phuthego bano gantsi ba ne ba nna le seabe mo go gobololeng ba e neng e kile ya bo e le bakaulengwe ba bone ba semoya), le gone ebile ga ba a ka ba senka go ba gobatsa mo mmeleng (jaaka fa Kereke ya Katoliki e ne ya dira ka go dirisa Kgotlatshekelo E E Kgatlhanong le Boikeodi). Go na le moo, ba ne ba latela kgakololo eno e e tlhotlheleditsweng ya ga moaposetoloi Paulo, yo o neng a kwala jaana: “Lepañ ba ba cosañ dikgaoganō le dikgopishō tse di hapaanyeñ le thutō e lo e ithutileñ: me lo kgaoganè nabō. Gonne ba ba nntseñ yalo ga ba dihele Morèna oa rona Keresete, . . . me ba tle ba tsietse dipelo tsa ba ba bopegileñ senyana, ka puō ea bōnè e e borethe, e e ntlè.”—Bar. 16:17, 18.
Ereka ba bangwe ba ne ba iponela se se neng se diragala, le bone ba ne ba fiwa sebaka sa gore ba supe se se neng se le mo dipelong tsa bone.
Dintlha tsa Motheo Tse Di Neng Di Tshwanela go Tlhamaladiwa
Basupi ba ga Jehofa ba dumela ba sa boife gore tsela eo ba tlhaloganyang boikaelelo jwa Modimo ka yone e ile ya fetolwa ka makgetlo a mantsi go ralala dingwaga. Ntlha ya gore kitso e e kaga boikaelelo jwa Modimo ke selo se se bonwang fa go ntse go tswelelwa pele e bolela gore go tshwanetse ga nna le phetogo. Seo ga se bolele gore boikaelelo jwa Modimo bo a fetoga, mme go na le moo tshedimosetso e a e neelang batlhanka ba gagwe go ya pele e tlhoka gore ba fetole tsela e ba lebang dilo ka yone.
Basupi ba bontsha go tswa mo Bibeleng gore seno se ne se ntse jalo ka batlhanka ba Modimo ba nako e e fetileng. Aberahame o ne a na le kamano e e atamalaneng le Jehofa; mme lefa go ntse jalo fa a ne a tswa kwa Ure, monna yoo wa tumelo o ne a sa itse lefatshe le Modimo o neng o mo isa kwa go lone, mme ka dingwaga tse dintsi o ne a sa itse gotlhelele gore Modimo o ne o tlile go diragatsa tsholofetso ya one ya go mo dira morafe o mogolo ka tsela efe. (Gen. 12:1-3; 15:3; 17:15-21; Baheb. 11:8) Modimo o ne wa senolela baperofeti boammaaruri bo le bontsi, mme lefa go ntse jalo go ne go na le dilo tse dingwe tse ba neng ba sa di tlhaloganye ka nako eo. (Dan. 12:8, 9; 1 Pet. 1:10-12) Ka tsela e e tshwanang, Jesu o ne a tlhalosetsa baaposetoloi ba gagwe dilo tse dintsi, mme lefa go ntse jalo le eleng ka nako e botshelo jwa gagwe jwa mo lefatsheng bo neng bo tla bokhutlong ka yone, o ne a ba bolelela gore go ne go santse go na le dilo tse dingwe tse dintsi tse ba neng ba tshwanela go di ithuta. (Yoh. 16:12) Dingwe tsa dilo tseno, tse di ntseng jaaka boikaelelo jwa Modimo jwa go tlisa Baditšhaba mo phuthegong, di ne di sa tlhaloganngwe go fitlha baaposetoloi ba go bona go diragala ka mmatota, go diragatsa boperofeti.—Dit. 11:1-18.
Jaaka fa go ne go ka lebelelwa, fa diphetogo di ne di tlhoka gore go latlhiwe dikgopolo dingwe tsa bogologolo, seo se ile sa leka ba bangwe thata. Mo godimo ga moo, dilo tse ba neng ba di tlhaloganya ka tsela nngwe pele di ne di sa fetolwe ka nako e le nngwe fela tsotlhe. Go sa itekanelang go dira gore ka dinako tse dingwe dilo di fetelediwe pele go lemogiwa se se tshwanetseng. Seno se ka nna sa tsaya nako. Batho ba ba ratang go tshwaya diphoso ba ile ba kgopisiwa ke seno. Ela tlhoko sekai seno:
Bogologolo ka 1880, dikgatiso tsa Watch Tower di ne tsa tlotla ka dintlha tse di farologaneng tse di amang kgolagano ya ga Aberahame, kgolagano ya Molao, le kgolagano e ntšha. Labokeresete e ne e lebetse ka tsholofetso ya Modimo ya gore malapa otlhe a lefatshe a ne a tla segofala ka losika lwa ga Aberahame. (Gen. 22:18) Mme lefa go ntse jalo Mokaulengwe Russell o ne a kgatlhegela thata go itse kafa Modimo o neng o tlile go dira seno ka gone. O ne a ithaya a re o bone dintlha dingwe mo tlhalosong ya Bibela ya Letsatsi la Tetlanyo la Sejuda kafa seno se neng se ka dirwa ka teng mo kgolaganong e ntšha. Fa go ne go tlotliwa gape ka dikgolagano tseno ka 1907, mme lefa go ntse jalo go gatelelwa thata ka tsela e e kgethegileng seabe se baruaboswa mmogo le Keresete ba tlileng go nna le sone mo go tlisetseng batho masego a a boleletsweng pele mo kgolaganong ya ga Aberahame, bangwe ba Baithuti ba Bibela ba ne ba se ka ba dumelana le seo.
Ka nako eo go ne go na le dikgoreletsi dingwe tse di neng di dira gore go se ka ga tlhaloganngwa dilo ka phepafalo. Baithuti ba Bibela ba ne ba ise ba tlhaloganye sentle gore Baiseraele ba tlholego ba eme kae mo boikaelelong jwa Modimo. Sekgoreletsi seno se ne sa sala se ntse jalo go fitlha fa go bonala sentle gore batho ba Bajuda ba ne ba sa kgatlhegele ka gope go dirisiwa ke Modimo mo go diragatseng lefoko la gagwe la boperofeti. Sekgoreletsi se sengwe e ne e le go bo Baithuti ba Bibela ba ne ba sa kgone go tlhaloganya ka tshwanelo gore “boidiidi yo bogolo” jo bo mo go Tshenolō 7:9, 10 ke bomang. Ba ne ba se ka ba kgona go tlhaloganya seno go fitlha fa boidiidi jo bogolo bo simolola go itshupa mme boperofeti bo diragala. Ba ba neng ba tshwaya Mokaulengwe Russell diphoso thata le bone ba ne ba sa tlhaloganye dilo tseno.
Lefa go ntse jalo, bangwe ba bao ba neng ba bolela gore ke bakaulengwe ba Bakeresete ba ne ba pega Tora ya Tebelo molato ba sa bue boammaaruri ba re e ne e ile ya ganetsa gore Jesu ke Motsereganyi fa gare ga batho le Modimo, gore e ne e ile ya kgala thekololo ya bo ya ganetsa gore tetlanyo e a tlhokega le gore ke selo sa mmatota. Ga go na epe ya ditatofatso tseno e e neng e le boammaaruri. Mme lefa go ntse jalo bangwe ba batho ba ba neng ba bua dilo tseno e ne e le batho ba ba itsegeng thata, mme ba ne ba itshadisa barutwa morago. Ba ka nna ba tswa ba ne ba bua boammaaruri mo dintlheng dingwe tse ba neng ba di ruta malebana le kgolagano e ntšha, mme lefa go ntse jalo a Morena o ne a segofatsa se ba neng ba se dira? Bangwe ba bone go ne ga feta lobakanyana ba ntse ba tshwara dipokano, mme lefa go ntse jalo, morago ga foo ditlhopha tseno tsa bone di ne tsa nyelela.
Go farologana le bone, Baithuti ba Bibela bone ba ne ba nna ba tswelela pele ba nna le seabe mo go rereng mafoko a a molemo, jaaka Jesu a ne a laetse barutwa ba gagwe. Mo godimo ga moo, ba ne ba tswelela pele go ithuta Lefoko la Modimo le go lebelela ditiragalo tse di neng di tla ba thusa go tlhaloganya se le se kayang. Kwa bofelong, ka bo1930, dilo tse dikgolo tse di neng di kgoreletsa gore go tlhaloganngwe dikgolagano sentle di ne tsa tlosiwa mo tseleng, mme dipuo tse di neng di tlhamalatsa dikgang tseno di ne tsa tlhaga mo go Tora ya Tebelo le mo dikgatisong tse dingwe.d Abo seno se ile sa tlisetsa ba ba ileng ba leta ka bopelotelele boipelo jang ne!
A Dilo Tse Ba Neng Ba Di Lebeletse Di Ne Di Ntse Jalo Ruri?
Ka dinako tse dingwe Baithuti ba Bibela ba ne ba solofela le go lebelela dilo tse di rileng tse batshwayadiphoso ba ileng ba di kgala. Lefa go ntse jalo, ba ne ba solofetse le go lebelela dilo tseo ka go bo ba ne ba eletsa ka tlhoafalo go bona go diragala dilo tse Bakeresete bano ba ba tlhoafetseng ba neng ba tsaya gore ke dilo tse Modimo o di solofeditseng tse di neng di tla diragala eleruri.
Ba ne ba itse go tswa mo dilong tse ba di ithutileng mo Dikwalong tse di tlhotlheleditsweng gore Jehofa o ne a solofeditse go segofatsa merafe yotlhe e e mo lefatsheng ka losika lwa ga Aberahame. (Gen. 12:1-3; 22:15-18) Ba ne ba bona mo Lefokong la Modimo tsholofetso ya gore Morwa motho o ne a tla busa jaaka Kgosi ya selegodimo mo lefatsheng lotlhe, gore letsomanyane la ba ba ikanyegang le ne le tla tsewa mo lefatsheng go ya go busa nae mo Bogosing jwa gagwe, le gore bano ba ne ba tla busa jaaka dikgosi ka dingwaga di le sekete. (Dan. 7:13, 14; Luke 12:32; Tshen. 5:9, 10; 14:1-5; 20:6) Ba ne ba itse tsholofetso ya ga Jesu ya gore o ne a tla boa mme a itseele ba a neng a ba baakanyeditse bonno kwa legodimong. (Yoh. 14:1-3) Ba ne ba itse tsholofetso ya gore Mesia gape o ne a tla tlhopha bangwe ba borraagwemogolo ba ba neng ba ikanyega gore e nne dikgosana mo lefatsheng lotlhe. (Pes. 45:16) Ba ne ba lemoga gore Dikwalo di ne di boleletse pele kaga bokhutlo jwa tsamaiso eno e e boikepo ya dilo ebile ba itse gore seno se ne se amana le ntwa ya letsatsi le legolo la Modimo Mothatayotlhe kwa Hara–Magedona. (Math. 24:3; Tshen. 16:14, 16) Ba ne ba kgatlhilwe thata ke dikwalo tse di neng di bontsha gore lefatshe le ne le bopetswe gore go agiwe mo go lone ka bosakhutleng, bao ba agileng mo go lone ba ne ba tshwanetse ba nna le kagiso ya boammaaruri, mme ebile botlhe ba ba neng ba tla dumela mo setlhabelong sa ga Jesu sa motho yo o itekanetseng ba ne ba tla tshelela ruri mo Paradaiseng.—Isa. 2:4; 45:18; Luke 23:42, 43; Yoh. 3:16.
Ba ne ba tshwanetse go ipotsa gore dilo tseno di ne di tla diragala leng le gore di ne di tla diragala jang. A Dikwalo tse di tlhotlheleditsweng di ne di na le dintlha dipe tse di neng di tla ba naya lesedinyana mo go seno?
E ne ya re fa ba dirisa tsela e ditiragalo tsa Bibela di latelanang ka yone jaaka e ne ya tlhalosiwa ke Christopher Bowen wa kwa Engelane, ba ne ba ithaya ba re dingwaga tse 6 000 tsa hisitori ya motho di fedile ka 1873, le gore morago ga moo ba ne ba le mo dingwageng tsa sekete sa bosupa mo hisitoring ya motho, le gore kwantle ga pelaelo seno e ne e le tshimologo ya Mileniamo o o boleletsweng pele. Metseletsele ya dibuka tse di neng di itsege jaaka Millennial Dawn (mme morago ga moo tsa bidiwa Studies in the Scriptures), tse di neng di kwadilwe ke C. T. Russell, di ne tsa bontsha gore seno se kaya eng go ya kafa Baithuti ba Bibela ba neng ba tlhaloganya Dikwalo ka teng.
Sengwe gape se le sone se neng se tsewa jaaka se se supang nako se ne se ama thulaganyo e Modimo o ileng wa e tlhoma kwa Iseraele wa bogologolo ya Jubile, ngwaga wa kgololo, ngwaga mongwe le mongwe wa bo 50. Tiragalo eno e ne e latela morago ga dipaka tse dintsi tsa dingwaga di le 7, tse nngwe le nngwe ya tsone e neng e felela ka ngwaga wa sabata. Ka ngwaga wa Jubile, makgoba a Bahebera a ne a gololwa mme naga eo e leng boswa e e neng e rekisitswe e ne e busediwa beng ba yone. (Lefi. 25:8-10) Fa go ne go balwa dingwaga tseno tse di tlhatlhamanang seo se ne sa felela ka gore go dirwe tshwetso ya gore gongwe Jubile e kgolwane ya lefatshe lotlhe e ne e ile ya simologa mo letlhabuleng la 1874, gore go ne go lebega Morena a ile a boa ka ngwaga oo mme o ne a le teng a sa bonale, le gore “motlha wa go tsosolosiwa ga dilo tsotlhe” o ne o gorogile.—Dit. 3:19-21, KJ.
Ereka ba ne ba dumela gore ditiragalo tsa lekgolo la ntlha la dingwaga di ne di na le tse di tshwanang natso mo ditiragalong tsa moragonyana, ba ne ba swetsa gape gore fa e le gore kolobetso ya ga Jesu le go tlodiwa ga gagwe ka letlhabula la 29 C.E. di ne di tsamaisana le go nna teng ga gagwe a sa bonale ka 1874, he go tsena ga gagwe mo Jerusalema a palame esela jaaka Kgosi ka dikgakologo tsa 33 C.E. go ne go tla raya gore o ne a simolola go nna Kgosi kwa legodimong ka dikgakologo tsa 1878.e Gape ba ne ba ithaya ba re ba ne ba tla newa tuelo ya bone ya selegodimo ka yone nako eo. E ne ya re fa seo se sa diragale, ba swetsa ka gore ereka balatedi ba ba tloditsweng ba ga Jesu ba ne ba tlile go busa le ene mo Bogosing joo, ba ba neng ba setse ba robetse mo losong ba ne ba simolola go tsogela botshelong jwa moya. Gape go ne ga bolelwa gore go lejwa ga Baiseraele ke Modimo ka tsela e e kgethegileng jaaka go ne ga khutla ka 36 C.E. go ka nna ga supa gore 1881 e ne e le nako e go tlhophelwa go nna karolo ya Iseraele wa semoya go neng go tla khutlisiwa ka yone.f
Mo puong eo e neng e re “Dimilione Tse Di Tshelang Jaanong Ga Di Kitla Di Di Swa,” e e neng ya neelwa ke J. F. Rutherford ka March 21, 1920, kwa Hippodrome ya kwa New York City, go ne ga umakiwa ngwaga wa 1925. Ke ka ntlha yang fa o ne o tsewa gore o botlhokwa? Mo bukaneng nngwe e e ileng ya gatisiwa ka one ngwaga oo, ka 1920, go ne ga bolelwa gore fa go ne go balwa Dijubile di le 70 tse di tletseng di balwa go tloga ka letlha le go neng go tlhaloganngwa gore ke le Baiseraele ba neng ba tsena mo Lefatsheng Le Le Solofeditsweng ka lone (go na le gore go simololwe ka Jubile ya bofelo ya pele ba ya botshwarong kwa Babelona go bo go balwa go ya kwa tshimologong ya ngwaga wa Jubile o o kwa bofelong jwa paka ya bo 50), seno se ka nna sa supa ngwaga wa 1925. Go ya ka se se neng se boletswe moo, ba bantsi ba ne ba solofela gore gongwe ba ba setseng ba letsomanyane ba ne ba tla bona tuelo ya bone ya selegodimo ka 1925. Ngwaga ono gape o ne o amanngwa le go lebelela gape gore batlhanka ba Modimo ba pele ga Bokeresete ba ne ba tla tsosiwa mo baswing ka maikaelelo a gore ba direle mo lefatsheng jaaka dikgosana tse di emelang Bogosi jwa selegodimo. Fa seo tota se ne se ka diragala, go ne go tla bolela gore ba ne ba tla tsena mo motlheng o loso lo neng lo tla se ka lo tlhola lo nna le thata mo go bone, jalo he dimilione tse di neng di tshela ka nako eo di ne di ka nna tsa solofela gore di ne di se kitla di swa ka gope mo lefatsheng. Abo seo e ne e le selo se se itumedisang jang ne se se solofetsweng! Le mororo ba ne ba le phoso, ba ne ba se bolelela ba bangwe ba tlhoafetse.
Moragonyana, mo dingwageng tsa go tloga ka 1935 go fitlha ka 1944, fa go ne go boelwa go tlhatlhobiwa go latelana ga ditiragalo tsa Bibela sesha go ne ga bonala sentle gore Ditihō 13:19, 20 e ne e sa ranolwa sentle mo go King James Version,g mmogo le dilo tse dingwe tse di rileng, mme di ne di dirile gore go fosiwe ka dingwaga tse di fetang di le lekgolo fa go ne go latelanngwa ditiragalo tseno.h Seno e ne ya re morago sa felela ka kgopolo nngwe—e ka dinako tse dingwe e neng e bolelwa fela gore e ka nna ya diragala, mme ka dinako tse dingwe e buiwa ka tlhomamo—gore ereka mileniamo wa bosupa wa histori ya motho o ne o tlile go simologa ka 1975, ditiragalo tse di amanang le go simologa ga Puso ya ga Keresete ya Mileniamo di ka nna tsa simolola go diragala ka nako eo.
A dilo tse Basupi ba ga Jehofa ba neng ba di dumela malebana le dikgang tseno di ne tsa itshupa di se boammaaruri? Eleruri ba ne ba se ka ba dira phoso mo go dumeleng gore kwantle ga pelaelo Modimo o ne a tla dira fela kafa a solofeditseng ka teng. Mme lefa go ntse jalo mekgwa e mengwe eo ba neng ba badile nako ka yone le dilo tse ba neng ba di lebeletse ka dinako tseo di ne tsa ba swabisa tota.
Morago ga 1925, palo ya ba ba neng ba nna teng kwa dipokanong e ne ya wela kwa tlase ka tsela e e gakgamatsang kwa diphuthegong dingwe tsa kwa Fora le kwa Switzerland. Gape, ka 1975, bangwe ba ne ba swaba fa dilo tse di neng di lebeletswe tse di amanang le Mileniamo di ne di sa diragale. Ka ntlha ya seo, ba bangwe ba ne ba tlogela phuthego. Ba bangwe, ba ne ba kgaolwa gonne ba ne ba batla go koafatsa tumelo ya ba ba neng ba kopanela le bone. Kwantle ga pelaelo, go swabisiwa ke letlha e ne e le gone go bakileng seno, mme lefa go ntse jalo mo makgetlong mangwe seno se ne se bakiwa ke dilo tse dingwe mo godimo ga moo. Batho bangwe gape ba ne ba le kgatlhanong le go dira ka ntlo le ntlo. Batho bangwe ba ba rileng ba ne ba se ka ba kgotsofalela go tlogela phuthego fela ba didimetse; ba ne ba ganetsa phuthego e ba neng ba ntse ba kopanela le yone, mme ba ne ba dirisa dipampiri tsa dikgang mmogo le thelebishine go ntsha megopolo ya bone. Lefa go ntse jalo, palo ya ba ba ileng ba fapoga e ne e le kwa tlase thata.
Le mororo diteko tseno di ile tsa felela ka go feferwa le ka gore ba bangwe ba fokwe ke phefo jaaka moroko ka nako ya fa mabele a olosiwa, ba bangwe ba ne ba sala ba ntse ba tlhomame. Ka ntlha yang? Jules Feller o ne a tlhalosa se se neng sa mo diragalela ka 1925 jaana: “Ba ba neng ba ikantse go Jehofa ba ne ba sala ba tlhomame mme ba tswelela pele ka tiro ya bone ya go rera.” Ba ne ba lemoga gore go ne go dirilwe phoso le gore lefa go ntse jalo Lefoko la Modimo lone le ne le sa palelwa ka gope, mme ka gone go ne go sena lebaka lepe la go lesa tsholofelo ya bone gore e koafale kana go fokotsa seabe sa bone mo tirong ya go bolelela batho gore Bogosi jwa Modimo ke jone fela jo ba ka bo ikanyang.
Dilo dingwe tse di neng di lebeletswe di ne di sa diragale, mme lefa go ntse jalo seo se ne se sa bolele gore tatelano ya ditiragalo tsa Bibela e ne e sena mosola ope. Boperofeti jwa Daniele jo bo kaga go tla ga Mesia mo dibekeng di le 69 tsa dingwaga morago ga “go cwa ga taolō ea go shahatsa le go aga Yerusalema” bo ne jwa diragadiwa ka nako e e tshwanetseng, ka 29 C.E.i (Dan. 9:24-27) Ngwaga wa 1914 le one o ne wa supiwa ke boperofeti jwa Bibela.
Dilo Tse Di Neng Di Lebeletswe ka 1914 le Tse Di Ileng Tsa Diragala
Ka 1876, C. T. Russell o ne a kwala setlhogo sa ntlha sa tse dingwe tse dintsi se a neng a supa mo go sone gore Metlha ya Baditšhaba, e Jesu Keresete a neng a bua ka yone, e ne e tla fela ka ngwaga wa 1914. (Luke 21:24) Mo bolumong ya bobedi ya Millennial Dawn, e e gatisitsweng ka 1889, Mokaulengwe Russell o ne a tlhalosa dintlha a ntsha mabaka a a neng a tla dira gore babadi ba kgone go bona Dikwalo tse di neng di amana le se go neng go buiwa ka sone mme ba di itlhatlhobele ka bobone. Mo lobakeng lwa dingwaga tse di ka tshwarang di le masome a mane go fitlha ka 1914, Baithuti ba Bibela ba ne ba anamisa dikgatiso di le dimilionemilione tse di neng di bolela kaga bokhutlo jwa Metlha ya Baditšhaba. Dikgatiso tse dingwe di sekae tsa bodumedi di ne tsa lemoga tatelano ya ditiragalo tsa Bibela tse di neng di supa ngwaga wa 1914, mme lefa go ntse jalo ke setlhopha sefe se sengwe fa e se sa Baithuti ba Bibela fela se se ileng sa nna sa itsise merafe yotlhe ka seno ebile se tshela ka tsela e e neng e supa gore ba ne ba dumela gore Metlha ya Baditšhaba e ne e tla fela ka ngwaga oo?
Jaaka fa 1914 e ne e ntse e atamela, ba ne ba solofela thata. Seo se ne se tla bolelang? Mo go The Bible Students Monthly (Bolumo VI, No. 1, e e neng ya gatisiwa kwa tshimologong ya 1914), Mokaulengwe Russell o ne a kwala jaana: “Fa e le gore letlha leno le re nang le lone le siame le dingwaga re di badile ka mokgwa o o tshwanetseng, Metlha ya Baditšhaba e tla fela mo ngwageng ono—1914. Seno se bolelang? Ga re itse sentle. Seo re se lebeletseng ke gore Mesia o tla simolola go busa ka nako ya fa go busa ga Baditšhaba go khutla. Seo re se lebeletseng, e ka tswa se le boammaaruri kana se se boammaaruri, ke gore dikatlholo tsa Modimo kgatlhanong le tshiamololo yotlhe di tlile go bonala ka tsela e e gakgamatsang, le gore seno se tla bolela go wa ga makgotla a mantsi a motlha ono, fa e le gore ga a ne a wa otlhe.” O ne a gatelela gore o ne a sa lebelela “bokhutlo jwa lefatshe” ka 1914 mme gore lefatshe le tlile go nna ka bosakhutleng, ebile go na le moo, gore tsela e dilo di ntseng ka yone jaanong, jaaka di laolwa ke Satane, e tlile go nyelela.
Tora ya Tebelo (ka Seesemane) e ne e ile ya bega jaana mo tokololong ya yone ya October 15, 1913: “Go ya ka tsela e e gaisang thata ya go latelanya ditiragalo e re kgonang go dira ka yone, e tla nna mo e ka nnang ka nako eo—e ka tswa e le ka October, 1914, kana moragonyana. Re lebeletse ditiragalo tse di rileng, legale re sa dire jalo ka go gatelela dilo: (1) Go fela ga Metlha ya Baditšhaba—go busa ga Baditšhaba mo lefatsheng—le (2) Go tlhomiwa ga Bogosi jwa ga Mesia mo lefatsheng.”
Seno se ne se tla diragala jang? Go ne go lebega go utlwala ka nako eo mo Baithuting ba Bibela gore go ne go tla akaretsa go galalediwa ga bape fela ba ba neng ba tla bo ba santse ba le mo lefatsheng ba ba neng ba tlhophilwe ke Modimo gore ba ye go busa le Keresete mo Bogosing jwa selegodimo. Lefa go ntse jalo ba ne ba ikutlwa jang fa seo se ne se sa diragale ka 1914? Tora ya Tebelo (ka Seesemane) ya April 15, 1916, e ne ya bolela jaana: “Re dumela gore matlha ano a ile a itshupa a le boammaaruri eletota. Re dumela gore Metlha ya Baditšhaba e fedile.” Lefa go ntse jalo, e ne ya bolela jaana ka boikanyegi: “Morena o ne a sa bolela gore Kereke e ne e tla galalediwa yotlhe ka 1914. Re ne ra swetsa jalo, mme, go bonala gore re ne re le phoso.”
Ba ne ba batla ba tshwana le baaposetoloi ba ga Jesu mo go seno. Baaposetoloi ba ne ba itse dipolelelopele tse di bolelang kaga Bogosi jwa Modimo ebile ba ne ba ithaya ba re ba a di dumela. Mme lefa go ntse jalo ka dinako tse di farologaneng tsela e ba neng ba lebelela gore di tla diragadiwa ka yone mmogo le nako ya tsone e ne e le phoso. Ba bangwe ba ne ba swabisiwa ke seno.—Luke 19:11; 24:19-24; Dit. 1:6.
E ne ya re fa October 1914 e sena go feta mme ba sa tseelwa kwa botshelong jwa selegodimo jaaka ba ne ba lebeletse, Mokaulengwe Russell o ne a itse gore dipelo tsa bone di ne di tlile go tlhatlhobiwa ka tsela e e masisi. O ne a kwala jaana mo go Tora ya Tebelo (ka Seesemane) ya November 1, 1914: “A re gakologelweng gore re mo motlheng wa go lekwa. Baaposetoloi le bone ba ne ba nna le motlha o o tshwanang mo lobakeng lo lo neng lo le fa gare ga loso lwa Morena le Pentekosete. Fa Morena wa rona a sena go tsoga mo baswing, O ne a itlhagisa mo barutweng ba gagwe ka makgetlo a le mmalwa, mme morago ga foo ba ne ba se ka ba mmona ka malatsi a mantsi. Ke fa ba kgobega marapo ba bo ba re, ‘Ga go thuse sepe gore re lete’; ‘Nna ke ya go tshwara ditlhapi,’ mongwe wa bone o ne a rialo. Ba bangwe ba babedi ba ne ba re, ‘Le rona re tsamaya le wena.’ Ba ne ba setse ba tla simolola kgwebo ya go tshwara ditlhapi mme ba tlogela tiro ya go tshwara batho jaaka ditlhapi. Eno e ne e le nako e barutwa ba neng ba lekwa ka yone. Ka jalo re mo go e nngwe gone jaanong. Fa e le gore go na le lebaka lepe le le ka dirang gore motho ope a kgaogane le Morena le Boammaaruri jwa Gagwe le go mo dira gore a khutle go intshetsa Tiro ya Morena setlhabelo, he go bolela gore o ne a sa kgatlhegele Morena ka go bo a ne a tlhotlhelediwa ke go rata Modimo go tswa mo pelong mme lefa go ntse jalo e ne e le selo sengwe se sele; gongwe ebile e ne e le ka go bo a ne a solofela gore nako e ne e setse e le khutshwane; go ineela e ne e le selo sa nakwana fela.”
Go bonala go ne go ntse jalo ka ba bangwe. Megopolo ya bone le dilo tse ba neng ba di eletsa di ne di tlhomilwe segolobogolo mo go lebeleleng go fetolelwa mo botshelong jwa selegodimo. E ne ya re fa seno se sa diragale ka nako e e neng e lebeletswe, ba ne ba itlhokomolosa se se bolelwang ke dilo tse di gakgamatsang tse di ileng tsa diragala ka 1914. Ba ile ba lebala boammaaruri jotlhe jo bo tlhwatlhwakgolo jo ba neng ba bo ithutile go tswa mo Lefokong la Modimo, mme ba simolola go kgala batho ba ba neng ba ba thusitse go ithuta dilo tseno.
Baithuti ba Bibela ba ne ba boela ba tlhatlhoba Dikwalo gape ka boikokobetso, ba letla Lefoko la Modimo gore le fetole tsela e ba neng ba leba dilo ka yone. Tumelo ya bone ya gore Metlha ya Baditšhaba e ne e khutlile ka 1914 ga e a ka ya fetoga. Ba ne ba simolola go bona ka phepafalo ka bonya ka bonya gore Bogosi jwa Bomesia bo ne bo simologile ka tsela efe—gore bo ne bo tlhomilwe kwa legodimong ka nako ya fa Jehofa a ne a neela Jesu Keresete, Morwawe, thata; gape, gore seno se ne se sa tshwanela go leta go fitlha baruaboswa mmogo le Jesu ba tsosediwa kwa botshelong jwa selegodimo mme go na le moo gore ba ne ba tla galalediwa le ene moragonyana. Mo godimo ga moo, ba ne ba simolola go lemoga gore go anamisiwa ga Bogosi go ne go sa tlhoke gore go tsosiwe baperofeti ba ba ikanyegang ba bogologolo pele, mme gore Kgosi e ne e tla dirisa Bakeresete ba ba ikanyegang ba ba tshelang jaanong jaaka baemedi ba yone go bolelela batho ba merafe yotlhe gore ba ka tshelela ruri mo lefatsheng jaaka babusiwa ba Bogosi joo.
Jaaka fa ba ne ba simolola go tlhaloganya dilo ka tsela eno e e molemo, go ne ga felela ka gore ba lekwe le go feferwa go ya kwa pele. Mme lefa go ntse jalo ba ba neng ba rata Jehofa tota ebile ba itumelela go mo direla ba ne ba lebogela thata ditshiamelo tsa tirelo tse ba neng ba di bona.—Tshen. 3:7, 8.
Mongwe wa bano e ne e le A. H. Macmillan. O ne a kwala jaana moragonyana: “Le mororo go lebelela ga rona gore re tla tseelwa kwa legodimong go ile ga se ka ga diragala ka 1914, gone Metlha ya Baditšhaba e ile ya fela ka ngwaga oo . . . Re ne ra se ka ra utlwisiwa botlhoko thata ke go bo sengwe le sengwe se ne se sa diragala go ya kafa re neng re lebeletse ka teng, ka gonne re ne re tshwaregile thata ka tiro ya Photo-Drama le ka mathata a a neng a bakilwe ke ntwa.” O ne a nna a tswelela pele a tshwaregile mo go direleng Jehofa mme o ne a itumelela go bona palo ya baboledi ba Bogosi e oketsega e bo e feta milione a santse a tshela.
O ne a bolela jaana fa a ne a leba dilo tse di diragetseng mo dingwageng tse 66 a ntse a le mo phuthegong: “Ke ile ka bona phuthego e lekwa ka ditsela tse di botlhoko tota ka bo ka bona le tumelo ya ba ba leng mo go yone e lekwa. Moya wa Modimo o ne wa thusa gore e tswelele pele e bo e gole.” O ne a oketsa jaana fa a ne a bua kaga go fetola ga bone tsela e ba neng ba tlhaloganya dilo ka yone fa nako e ne e ntse e tsamaya: “Boammaaruri jwa motheo jo re neng re bo ithutile mo Dikwalong bo ile jwa se ka jwa fetoga. Ka jalo ke ne ka ithuta gore re tshwanetse ra dumela diphoso tsa rona le go tswelela pele re batlisisa mo Lefokong la Modimo go bona tshedimosetso e e oketsegileng. Le mororo re ka nna ra tshwanela go fetola tsela e re lebang dilo ka yone nako le nako, seo ga se kitla se fetola thekololo e re e filweng ka bopelotlhomogi le tsholofetso ya Modimo ya botshelo jo bo sa khutleng.”
Ka nako ya fa a ne a santse a tshela, Mokaulengwe Macmillan o ne a lemoga gore, go iketleetsa go neela bosupi mmogo le go anaanela thulaganyo ya puso ya bomodimo e ne e le dilo tse pedi tse dikgolo tse di neng di leka tumelo thata le tse di ileng tsa senola se tota se neng se le mo dipelong tsa batho. Jang?
Go Ganetsanwa ka Tirelo ya Tshimo le Thulaganyo ya Phuthego
Tokololo ya ntlhantlha ya Zion’s Watch Tower e ne ya kgothaletsa Mokeresete mongwe le mongwe wa boammaaruri gore a bolelele ba bangwe kaga boammaaruri. Morago ga foo, babadi ba Tora ya Tebelo ba ne ba kgothadiwa kgapetsakgapetsa gore ba kgone go anaanela tshiamelo e ba nang le yone mmogo le boikarabelo jo ba nang najo jwa go bolelela ba bangwe mafoko a a molemo. Ba bantsi ba ne ba dira go le gonnye fela, mme go ne go na le ba sekaenyana ba ba neng ba dira tiro eno tota, ba tsamaya ka ntlo gore ba kgone go fa mongwe le mongwe tshono ya go utlwa molaetsa wa Bogosi.
Lefa go ntse jalo, go simolola ka ngwaga wa 1919, go nna le seabe mo tirelong ya tshimo go ne ga gatelelwa thata. Mokaulengwe Rutherford o ne a go gatelela thata mo puong e a neng a e neela kwa Cedar Point, kwa Ohio, mo go one ngwaga oo. Phuthego nngwe le nngwe e e neng e kopa Mokgatlho gore o e rulaganyetse tirelo, e ne e rulaganyediwa gore go nne le mokaedi wa tirelo, yo o neng a tlhophiwa ke Mokgatlho, gore a okamele tiro eno. O ne a tshwanetse go etelela pele le go tlhomamisa gore phuthego e na le dikgatiso tse e di tlhokang.
Ka 1922, Tora ya Tebelo (ka Seesemane) e ne ya gatisa setlhogo se se reng “Tirelo E Botlhokwa.” E ne ya tlhalosa kafa go tlhokegang thata ka teng gore batho ba utlwe mafoko a a molemo a Bogosi, ya bolela taolo ya ga Jesu ya seperofeti e e mo go Mathaio 24:14, mme ya bolelela bagolwane ba ba mo diphuthegong jaana: “A ope a se ka a akanya gore fa e le mogolwane wa setlhopha sa gagwe e tshwanetse ya nna go rera ka molomo fela. Fa a bona sebaka sa go etela batho le go ba tsamaisetsa molaetsa o o gatisitsweng, seo ke tshiamelo e kgolo ebile ke go rera efangele, ebile ke tsela e e nang le matswela go gaisa tsela epe e nngwe ya go rera.” Setlhogo seo se ne sa botsa jaana: “A go na le ope yo o ineetseng mo Moreneng yo a ka ntshang lebaka le le utlwalang la go bo a ntse fela a sa dire sepe mo nakong eno?”
Ba bangwe ba ne ba ikgogona. Ba ne ba gana ka mabaka a mantsi. Ba ne ba bona go le phoso go “rekisa dibuka,” le mororo tiro eno e ne e sa direlwe go bona morokotso ebile bone ka bobone ba ne ba ithutile boammaaruri kaga Bogosi jwa Modimo ka tsone dikgatiso tseno. Ka nako ya fa go ne go kgothalediwa gore go neelwe bosupi ka dibuka ka Sontaga, go simolola ka 1926, bangwe ba ne ba le kgatlhanong le seo, le mororo Sontaga e ne le letsatsi le batho ka bontsi ba neng ba tlwaetse go le beela kwa thoko jaaka la kobamelo. Bothata jo bogolo ke gore ba ne ba leba go tsamaya ka ntlo le ntlo go ba nyenyefatsa. Lefa go ntse jalo, Bibela e bontsha ka phepafalo gore Jesu o ne a romela barutwa ba gagwe kwa magaeng a batho gore ba ye go rera mme moaposetoloi Paulo o ne a rera “mo ponoñ, le ka go nna [a] tsamaea le matlo.”—Dit. 20:20; Math. 10:5-14.
Jaaka fa go ne go ntse go gatelelwa tirelo ya tshimo thata, ba dipelo tsa bone di neng di sa ba tlhotlheletse go etsa Jesu le baaposetoloi ba gagwe jaaka basupi ba ne ba nna ba intsha ka iketlo. Phuthego ya Skive kwa Denmark, mmogo le tse dingwe, e ne ya sala ka halofo fela ya batho. Mo bathong ba le lekgolo kana go feta ba ba neng ba kopanela le Phuthego ya Dublin kwa Ireland, go ne ga sala ba le bane fela. Go lekwa le go feferwa go go ntseng jalo go ne go diragala le kwa United States, Canada, Norway, le kwa dinageng tse dingwe. Seno se ne sa felela ka gore diphuthego di phepafadiwe.
Bao eleruri ba neng ba batla go nna baetsi ba Morwa Modimo ba ne ba reetsa kgothatso e e tswang mo Dikwalong. Lefa go ntse jalo, go iketleetsa ga bone go ne go sa dire gore go nne bonolo mo go bone go simolola go tsamaya ka ntlo le ntlo. Ba bangwe ba ne ba tshwara bothata fa ba ne ba tshwanela go simolola. Mme lefa go ntse jalo dithulaganyo tsa go neela bosupi jaaka setlhopha le dikopano tsa tirelo e e kgethegileng di ne tsa ba kgothatsa. Bokgaitsadi bangwe ba babedi ba kwa bokone jwa Jutland, kwa Denmark, ba ne ba se ka ba lebala letsatsi la bone la ntlha mo tirelong ya tshimo. Ba ne ba kopana le setlhopha, ba utlwa ditaelo, ba leba kwa tshimong ya bone, mme ba bo ba simolola go lela. Bakaulengwe bangwe ba babedi ba ne ba ba bona mme ba laletsa bokgaitsadi bao gore ba tle go dira le bone. Go ise go ye kae ke fa ba itumela gape. Fa ba sena go utlwa gore tirelo ya tshimo e ntse jang, bontsi jwa bone ba ne ba tlala boitumelo mme ba batla go tswelela ba dira.
Morago ga foo, ka 1932, Tora ya Tebelo (ka Seesemane) e ne ya nna le setlhogo se se reng “Phuthego ya ga Jehofa” se se neng se na le dikarolo tse pedi. (Tokololo ya August 15 le ya September 1) Se ne sa bontsha gore tiro ya go tlhophelwa go nna mogolwane mo diphuthegong ka go tshwarwa ga ditlhopho e ne e sa tsamaisane le dikwalo. Diphuthego di ne tsa kgothalediwa gore banna ba ba neng ba tlhophelwa go dira mo maemong a boikarabelo e nne fela ba ba leng tlhaga mo tirelong ya tshimo, banna bao ba neng ba dira boikarabelo jo leina Basupi ba ga Jehofa le bo kayang. Banna bano ba ne ba tlile go dira jaaka komiti ya tirelo. Mongwe wa bone, yo o neng a tlhophiwa ke phuthego, o ne a tlhomiwa ke Mokgatlho go nna mokaedi wa tirelo. Kwa Belfast, kwa Ireland, seno se ne sa fefera ba ba neng ba rata go nna kwa godimo ga ba bangwe go na le go dira tiro e e nyatsegang eo.
Kwa tshimologong ya bo1930, bontsi jwa ba ba neng ba le kwa Jeremane ba ba neng ba kgoba ba bangwe marapo gore ba se ka ba dira tirelo ya tshimo ba ne ba tlogetse diphuthego. Ba bangwe ba ne ba tlogela ka ntlha ya go boifa ka nako ya fa tiro e ne e thibelwa mo dikarolong tse dintsi tsa Jeremane ka 1933. Mme lefa go ntse jalo diketekete tsa ba bangwe di ne tsa itshokela go lekwa gono ga tumelo mme ba itshupa ba iketleeditse go rera le mororo go ne go le kotsi.
Lobelo lo Bogosi bo neng bo rerwa ka lone lo ne lo ntse lo oketsega. Tirelo ya tshimo e ne ya nna karolo ya botlhokwa ya botshelo jwa Basupi botlhe ba ga Jehofa. Ka sekai, phuthego ya kwa Oslo, kwa Norway, e ne e hira dibese ka mafelobeke go rwalela baboledi kwa metsemegolong e e fa gaufi. Ba ne ba kopana go santse go le moso thata, e bo e re ka ura ya borobongwe ba bo ba setse ba le mo tshimong, ba dira ka natla mo tirelong ya tshimo ka diura di le supa kana di le robedi, ba bo ba boela kwa setlhopheng se se kwa beseng go boela gae. Ba bangwe ba ne ba etela mafelo a magae ka dibaesekele, ba rwele dikgetsana tsa dibuka le dibokose di tletse ka dilo tse dingwe tse ba tlileng go di dirisa. Basupi ba ga Jehofa ba ne ba dira thato ya Modimo ka boitumelo, ka tlhoafalo, le ka kutlwano.
Ka 1938, fa go ne go boelwa gape go sekasekiwa tsela ya go tlhopha banna ba ba ikarabelang mo diphuthegong,j mongwe le mongwe o ne a itumela fa go ne go emisiwa go itlhophela batlhanka ka go tshwara ditlhopho. Diphuthego di ne tsa dira maitlamo ka boitumelo di bontsha gore di anaanela thulaganyo ya go dira dilo ka tsela ya puso ya Modimo tsa bo tsa kopa “Mokgatlho” (o di neng di o tlhaloganya e le masalela a a tloditsweng, kana motlhanka yo o boikanngo le yo o botlhale) gore o rulaganyetse phuthego tirelo le gore o tlhophe batlhanka botlhe. Morago ga foo Setlhopha Se Se Laolang se ne sa tswelela pele go tlhopha batlhanka ka tsela e e neng e tlhokega le go rulaganyetsa diphuthego gore di dire tiro di le seoposengwe le ka tsela e e nang le matswela. E ne ya nna ditlhopha di sekae fela tse di neng tsa ikgogona tsa bo tsa tlogela phuthego ka nako eno.
Go Ineela Fela mo go Anamiseng Molaetsa wa Bogosi
Phuthego e ne e ka tswelela e amogelwa ke Jehofa, fela fa e ne e ineetse mo tirong e Lefoko la gagwe le laelang gore e dirwe mo motlheng ono wa rona. Tiro eo ke ya go rera mafoko a a molemo a Bogosi jwa Modimo. (Math. 24:14) Lefa go ntse jalo, go ile ga nna le makgetlo a sekae a batho bangwe ba ba neng ba dira ka natla ba dirisana sentle mmogo le phuthego ba neng ba leka go rotloetsa ba ba neng ba dira le bone gore ba dire ditiro di sele. E ne ya re fa ba kgalemelwa, seno ya nna teko mo go bone, segolobogolo fa ba ne ba ikutlwa gore ba ne ba dira seo ka maikaelelo a a siameng.
Seno se ne sa diragala kwa Finland ka 1915, ka nako ya fa bakaulengwe bangwe ba ne ba tlhoma lekgotla lengwe le le neng le bidiwa Ararat mme ba dirisa dikarolo dingwe tsa tokololo ya Se-Finland ya Tora ya Tebelo go kgothaletsa babadi ba yone gore ba nne maloko a lekgotla leno la kgwebo. Motho yo a neng a simolotse tiro eno kwa Finland o ne a ikokobetsa fa Mokaulengwe Russell a ne a mo tlhalosetsa gore ene le ba a neng a kopanetse nabo mo go seno ba ne ba itetla gore “ba ntshiwe mo tirong e e botlhokwa ya go rera Efangele.” Lefa go ntse jalo, boikgogomoso bo ne jwa thibela mokaulengwe yo mongwe, yo a neng a na le dingwaga tse di fetang lesome a ntse a tshwere ka natla mo tirelong ya ga Jehofa kwa Norway, gore a se ka a amogela kgakololo eno.
Ka bo1930, kwa United States, go ne ga tsoga bothata jo bo neng bo batlile go tshwana le joo. Diphuthego di le dintsi di ne di ikgatisetsa dipampiri tse di nang le dikaelo tsa tirelo tsa kgwedi le kgwedi, tse di neng di akaretsa dilo tse Bulletin ya Mokgatlho e neng e ba gakolola mo go tsone mmogo le maitemogelo le thulaganyo ya tirelo ya lefelo la bone. Nngwe ya dipampiri tseno, e e neng e gatisiwa kwa Baltimore, kwa Maryland, e ne e tshegetsa tiro ya go rera ka matlhagatlhaga mme lefa go ntse jalo gape e ne e dirisediwa go rotloetsa ditiro dingwe tsa kgwebo. Kwa tshimologong Mokaulengwe Rutherford o ne a se ka a bua sepe kgatlhanong le ditiro tseno. Mme lefa go ntse jalo e ne ya re fa go lemogiwa se se neng se ka diragala ka ntlha ya go dira ditiro tse di ntseng jalo, Tora ya Tebelo e ne ya bolela gore Mokgatlho ga o di dumelele. Seno e ne ya nna teko e e botlhoko mo go Anton Koerber ka namana, ka gonne o ne a ile a dira seno ka maikaelelo a go thusa bakaulengwe ba gagwe. Lefa go ntse jalo, e ne ya re fa nako e ntse e tsamaya o ne a dirisa dinonofo tse a neng a na le tsone go tsweletsa tiro ya go rera e e dirwang ke Basupi ba ga Jehofa.
Bothata jo bo batlang bo tshwana le jono bo ne jwa tsoga kwa Australia go tloga ka 1938, mme jwa gola thata ka nako ya fa Mokgatlho o ne o thibetswe (January 1941 go fitlha ka June 1943). Gore go tlamelwe ka dilo tse ka nako eo di neng di lebega di tlhokega thata, ofisi ya lekala la Mokgatlho e ne ya dira ditiro tse di farologaneng tsa kgwebo. Ka gone, go ne ga dirwa phoso e kgolo tota. Ba ne ba na le madirelo a a nang le metšhine e e sagang dikgong, “dipolasi tsa Bogosi” di feta 20, khampani ya boenjenere, lepaka, le dikgwebo tse dingwe. Madirelo mangwe a mabedi a a gatisang a kgwebo a ne a thusa gore go tswelelwe pele go dirwa dikgatiso tsa Mokgatlho ka sephiri ka nako ya fa tiro e ne e thibetswe. Mme lefa go ntse jalo dingwe tsa dikgwebo di ne tsa dira gore ba dire dilo tse di kgatlhanong le go boloka ga bone boitlhaodi jwa Bokeresete, tiro e e neng e dirwa ka seipato sa go thusa babulatsela ka madi le go ba tlamela ka nako ya fa tiro e ne e thibetswe. Lefa go ntse jalo, digakolodi tsa batho ba bantsi di ne tsa tshwenngwa ke seno thata. Le mororo bontsi bo ile jwa tswelela pele le phuthego, tiro ya go bolela ka Bogosi e ne ya ema. Ke eng se se neng se thibela Jehofa gore a ba segofatse?
Ka nako ya fa go ne go tlosiwa thibelo ka June 1943, bakaulengwe ba ba neng ba le kwa ofising ya lekala ka nako eo ba ne ba lemoga gore dikhampani tseno tsa kgwebo di tshwanetse tsa rekisiwa, gore go tle go tlhongwe mogopolo mo go rereng ka Bogosi goo go leng botlhokwa thata. Seno se ne sa dirwa mo lobakeng lwa dingwaga tse tharo, mme lelapa la Bethele le ne la fokodiwa gore le nne palo ya lone fela e e tlwaelegileng. Mme lefa go ntse jalo go ne go santse go tlhokega gore tsotlhe di baakanngwe sentle le gore go dirwe gore botlhe ba ikanye phuthego gape.
Nathan H. Knorr, poresidente wa Mokgatlho, le mokwaledi wa gagwe M. G. Henschel ba ne ba etela Australia go ya go rarabolola boemo jono ka 1947. Tora ya Tebelo (ka Seesemane) ya June 1, 1947 e ne e ya bolela jaana fa e ne e bega ka kgang eno le tiro ya kgwebo e e neng e ntse e dirwa koo: “Se se neng se akarediwa mo tirong eno e ne e se fela gore bakaulengwe ba ne ba dira tiro ya boitshediso ya letsatsi le letsatsi, mme go na le moo e ne e le lebaka la go bo ofisi ya Lekala la Mokgatlho e ne e ile ya reka madirelo a mefuta e e farologaneng mme ya laletsa baboledi go tswa dikarolong tsotlhe tsa naga, segolobogolo babulatsela, gore ba tle go dira mo madirelong ano go na le gore ba rere mafoko a a molemo.” Seno se ne se ile sa bo sa felela ka gore ba kopanele mo ntweng mme e se ka tlhamalalo. Kwa dikopanong tse di neng di le kwa motsemogolong wa perofensi nngwe le nngwe, Mokaulengwe Knorr o ne a bua le bakaulengwe ka boemo jono a tlhamaletse. Kwa go nngwe le nngwe ya dikopano tseno go ne ga dirwa maitlamo a mo go one bakaulengwe ba Australia ba neng ba dumela phoso eno e ba neng ba e dirile le go kopa Jehofa gore a ba utlwele botlhoko le gore a ba itshwarele ka Jesu Keresete. Ka gone, go ile ga tlhokega gore ba nne tlhaga ebile go ile ga lebanwa le diteko gore phuthego e tle e tswelele pele e ineetse fela mo go anamiseng molaetsa wa Bogosi jwa Modimo.
Fa Basupi ba ga Jehofa ba tlhatlhoba hisitori ya bone ya motlha wa segompieno, ba bona bosupi jwa gore Jehofa eleruri o ntse a itshekisa batho ba gagwe. (Mal. 3:1-3) Go ile ga nna ga tlosiwa ka iketlo maikutlo a a sa siamang, dilo tse di phoso tse di neng di dumelwa, le ditiro tse di sa siamang, mme bape fela ba ba ileng ba tlhopha go ngaparela dilo tseno ba ile ba tsamaya le tsone. Batho ba ba neng ba sala ga se ba ba dumelang go tlogela boammaaruri jwa Bibela gore ba tle ba dumalane le matlhajana a batho. Ga se balatedi ba batho mme go na le moo ke batlhanka ba ba ineetseng ba ga Jehofa Modimo. Ba reetsa kaelo ya phuthego ka boitumelo ka gonne ba bona bosupi jo bo tlhomameng jwa gore ke ya ga Jehofa. Ba ipelela lesedi le le ntseng le phatsima go ya pele la boammaaruri. (Dia. 4:18) Mongwe le mongwe wa bone o go tsaya e le tshiamelo e kgolo thata go bo e le mongwe wa Basupi ba ba tlhaga ba ga Jehofa, baboledi ba Bogosi jwa Modimo.
[Dintlha tse di kwa tlase]
a Zion’s Watch Tower and Herald of Christ’s Presence, Extra Edition, April 25, 1894, dits. 102-4.
b Malebana le Tharonngwe, bona New Catholic Encyclopedia, Bolumo XIV, 1967, tsebe 299; Dictionary of the Bible, e e kwadilweng ke J. L. McKenzie, S.J., 1965, tsebe 899; The New International Dictionary of New Testament Theology, Bolumo 2, 1976, tsebe 84. Malebana le moya, bona New Catholic Encyclopedia, Bolumo XIII, 1967, ditsebe 449-50, 452, 454; The New Westminster Dictionary of the Bible, e e kwadilweng ke H. S. Gehman, 1970, tsebe 901; The Interpreter’s Bible, Bolumo I, 1952, tsebe 230; Peake’s Commentary on the Bible, e e kwadilweng ke M. Black le H. H. Rowley, 1962, tsebe 416.
c Go ya ka Mokaulengwe Russell, mosadi wa gagwe, yo a neng a mo tlogela moragonyana, e ne e le wa ntlha go bolela gore Mathaio 24:45-47 e ne e raya ene. Bona ditokololo tsa Tora ya Tebelo (ka Seesemane) tsa July 15, 1906, tsebe 215; March 1, 1896, tsebe 47; le ya June 15, 1896, ditsebe 139-40.
d Vindication, Book Two, dits. 258-9, 268-9; Tora ya Tebelo (ka Seesemane), April 1, 1934, dits. 99-106; April 15, 1934, dits. 115-22; August 1, 1935, dits. 227-37.
e Lebaka la gore 1878 e ne e le ngwaga wa botlhokwa le ne le lebega le tshegediwa ke ntlhanyana ya tshupiso ya Yeremia 16:18 (‘sebedi sa ga Jakobe,’ KJ) mmogo le dipalo tse di neng di bontsha gore dingwaga tse 1 845 go ne go bonala di ile tsa tswelela pele go tloga ka loso lwa ga Jakobe go fitlha ka 33 C.E., nako eo Iseraele wa tlholego a neng a latlhiwa ka yone, le gore fa dingwaga tseo di balwa sebedi di ne di tla tloga go 33 C.E. di felela ka 1878.
f Go tsweletsa ditiragalo tseno tse di tshwanang pele, go ne ga bolelwa gore go senngwa ga Jerusalema ka 70 C.E. (dingwaga di le 37 fa Jesu a sena go bakwa jaaka kgosi ke barutwa ba gagwe ka nako ya fa a ne a tsena mo Jerusalema a pagame esela) go ka nna ga tswa go supa 1915 (dingwaga tse 37 morago ga 1878) e le setlhoa sa dikhuduego tse ba neng ba akanya gore Modimo o ne o tla di letla gore a kgone go nyeletsa mekgatlho e e mo lefatsheng ka tsone. Letlha leno le ne la tlhaga go Studies in the Scriptures fa e ne e gatisiwa sesha. (Bona Bolumo II, ditsebe 99-101, 171, 221, 232, 246-7; bapisa e e ileng ya gatisiwa sesha ka 1914 le tse di ileng tsa gatisiwa pele ga yone, jaaka Millennial Dawn e e gatisitsweng ka 1902.) Mo go bone seno se ne se lebega se tsamaisana sentle le se se neng se ile sa gatisiwa mabapi le 1914 jaaka ngwaga oo o ileng wa tshwaya bokhutlo jwa Metlha ya Baditšhaba.
g Bapisa seno le kafa go ranotsweng ka teng mo go The Emphasised Bible, e e ranotsweng ke J. B. Rotherham; bona gape le ntlhanyana e e kwa tlase mo go Ditihō 13:20 mo go New World Translation of the Holy Scriptures—With References.
h Bona “The Truth Shall Make You Free,” kgaolo XI; “The Kingdom Is at Hand,” ditsebe 171-5; gape le The Golden Age, March 27, 1935, ditsebe 391, 412. Go ya ka lenaane leno le le siamisitsweng la tatelano ya ditiragalo tsa Bibela, go ne ga kgonwa go bonwa gore matlha a 1873 le 1878 a a neng a dirisiwa pele, mmogo le matlha a a amanang le ao a a neng a tserwe mo manaaneng ano go ya ka ditiragalo tse di tshwanang le tsa lekgolo la ntlha la dingwaga, a ne a thailwe mo dilong tse di neng di sa tlhaloganngwe sentle.
i Bona Insight on the Scriptures, Bolumo 2, ditsebe 899-904.
j Bona Kgaolo 15, “Tsela e Thulaganyo ya Phuthego Eno E Ileng ya Bopega ka Yone.”
[Mafoko a a mo go tsebe 619]
Ba ne ba se ka ba gakgamala fa ba ne ba lekwa le go feferwa
[Mafoko a a mo go tsebe 621]
“Ba gana go faposiwa mo Lefokong la Morena”
[Mafoko a a mo go tsebe 623]
“Ga re batle go obamelwa, kana go tlotliwa, ka dilo tse re di kwalang”
[Mafoko a a mo go tsebe 624]
“Modimo o santse o re eteletse pele”
[Mafoko a a mo go tsebe 626]
“Motlhanka eo o boikañō le eo o botlhale” ga a ka a nyelela fa Mokaulengwe Russell a ne a swa
[Mafoko a a mo go tsebe 627]
Maiteko a bobaba a go senya megopolo ya ba bangwe
[Mafoko a a mo go tsebe 628]
Bangwe ba ne ba letla boikgogomoso gore bo koafatse tumelo ya bone
[Mafoko a a mo go tsebe 629]
“Lepañ ba ba cosañ dikgaoganō . . . lo kgaoganè nabō”
[Mafoko a a mo go tsebe 630]
Bangwe ba ne ba bua ka go tlhoka boammaaruri ba re “Tora ya Tebelo” e ne e kgala thekololo
[Mafoko a a mo go tsebe 635]
“Re ne ra swetsa jalo, mme, go bonala gore re ne re le phoso”
[Mafoko a a mo go tsebe 636]
Ba ba neng ba rata Jehofa ba ne ba lebogela thata ditshiamelo tsa tirelo tse ba neng ba di bona
[Mafoko a a mo go tsebe 638]
“A go na le ope yo o ineetseng mo Moreneng yo a ka ntshang lebaka le le utlwalang la go bo a ntse fela a sa dire sepe mo nakong eno?”
[Mafoko a a mo go tsebe 641]
Maikutlo a a sa siamang, dilo tse di phoso tse di neng di dumelwa, le ditiro tse di sa siamang di ne tsa tlosiwa ka iketlo
[Lebokoso/Setshwantsho mo go tsebe 622]
W. E. Van Amburgh
W. E. Van Amburgh o ne a bolela jaana, ka 1916: “Tiro eno e kgolo e e dirwang mo lefatsheng ka bophara ga se tiro ya motho a le mongwe. . . . Ke tiro ya Modimo.” Le mororo a ile a bona ba bangwe ba tlogela phuthego, o ne a nna a ntse a tlhomame mo go se a neng a se dumela go fitlha a swa ka 1947, a na le dingwaga di le 83.
[Lebokoso/Setshwantsho mo go tsebe 633]
Jules Feller
Ka nako ya fa Jules Feller a ne a santse a le mmotlana, o ne a bona tumelo ya ba bangwe e lekwa thata. Diphuthego dingwe kwa Switzerland di ne tsa fokotsega go fitlha go sala halofo ya bogolo jwa tsone jwa pele kana kwa tlase. Mme o ne a kwala jaana moragonyana: “Ba ba neng ba ikantse Jehofa ba ne ba sala ba tlhomame mme ba tswelela pele ka tiro ya bone ya go rera.” Mokaulengwe Feller le ene o ne a iketleetsa gore o tla dira fela jalo, ka gone, go tla go fitlha ka 1992 o ile a itumelela go direla kwa Bethele ka dingwaga di le 68.
[Lebokoso/Setshwantsho mo go tsebe 634]
C. J. Woodworth
C. J. Woodworth o ne a kwala jaana a kwalela mongwe yo o neng a ile a tlogela tirelo ya ga Jehofa ka ntlha ya gore balatedi ba ga Jesu Keresete ba ba tloditsweng ba ne ba sa tseelwa kwa legodimong ka 1914:
“Dingwaga di le masome a mabedi tse di fetileng nna le wena re ne re dumela mo go kolobediweng ga masea; gore Modimo o file baruti tshwanelo ya go kolobetsa; gore motho o ne a tshwanetse go kolobediwa gore a tle a se ka a felela a bogisiwa ka bosakhutleng; gore Modimo o lorato; gore Modimo o bopile dibilione tsa batho ebile o ntse a tswelela a ba bopa mo setshwanong sa Gagwe le gore ba tlile go fetsa dingwaga tse di senang palo ba le mo malakabeng a sulefura e e shang, ba lela mme go sa thuse sepe, ba kopa thoti ya metsi gore ba timole botlhoko jo ba bo utlwang . . .
“Re ne re dumela gore fa motho a sena go swa, o santse a tshela; re ne re dumela gore Jesu Keresete ga a ise a ko a a swe; gore O ne a ka se ka a swa; gore Thekololo ga e ise e ko e duelwe kana ga e kitla e duelwa; gore Jehofa Modimo le Keresete Jesu ebong Morwawe ke motho a le mongwe fela; gore Keresete e ne e le Rraagwe ka namana; gore Jesu e ne e le Morwa wa Gagwe; gore Moya O O Boitshepo ke motho; gore nngwe fa e tlhakanngwa le nngwe, le nngwe, ke nngwe; gore fa Jesu a ne a bapotswe mo sefapaanong mme a bolela jaana, ‘Modimo wa Me, Modimo wa Me, O Ntlogeletseng,’ O ne a ipuela a le esi fela; . . . gore magosi a a leng teng jaanong ke bontlhanngwe jwa Bogosi jwa ga Keresete; gore Diabolo o kgakala kwa Diheleng tse go senang ope yo o itseng kwa di leng teng, go na le go dumela gore o laola magosi a lefatshe leno . . .
“Ke baka Modimo ka ntlha ya letsatsi le ke neng ka bona Boammaaruri jwa Gone Jaanong bo tlisiwa kwa ntlong ya me. Bo ne bo le molemo tota, bo lapolosa mogopolo le pelo tota, mo eleng gore ke ile ka tlogela go tlhola ke tsiediwa ka bo ka tlogela malele a bogologolo ka bonako mme Modimo wa ntirisa gore le wena ke budulule matlho a gago a a neng a sa bone. Re ile ra ipelela Boammaaruri jono mmogo, re dira mmogo ka dingwaga di le lesome le botlhano. Morena o ne a go segofatsa thata jaaka mmueledi wa gagwe; ga go na ope yo ke mo itseng yo a neng a kgona go senola boeleele jwa Babelona jaaka wena. Mo lekwalong la gago o botsa gore, ‘Go latelang morago ga fano?’ Ijo, jaanong go latela matlhotlhapelo! O bo o letla pelo ya gago gore e shakgalele ene yo ka ntlha ya ditiro tsa gagwe tsa lorato le ka ntlha ya go segofadiwa go tswa kwa Legodimong a ileng a tlisa Boammaaruri mo pelong ya me le ya gago. O ile wa tlogela phuthego, mme wa tsamaya ka dinku di le mmalwa. . . .
“Ke tshwanetse ka bo ke lebega jaaka seeleele mo go wena gonne ga ke a ka ka ya Legodimong, ka October 1, 1914, mme lefa go ntse jalo ga o lebege jaaka seeleele mo go nna—nnyaa le eseng!
“Mo nakong eno eo merafe e le lesome e megolo go gaisa mo lefatsheng e ritlhang mo botlhokong jwa loso, mo go nna go lebega e se nako e e tshwanetseng ya go leka go kgala monna yono, mme ebile e le ene monna fela a le esi, yo o ileng a ruta ka dingwaga di le masome a manè gore Metlha ya Baditšhaba e tla fela ka 1914.”
Tumelo ya ga Mokaulengwe Woodworth e ne ya se ka ya reketla fa ditiragalo tsa 1914 di ne di sa nne kafa go neng go lebeletswe ka teng. O ne a lemoga gore go ne go santse go na le dilo tse dintsi tse a neng a santse a tshwanela go di ithuta. Ka ntlha ya tsholofelo e a neng a na le yone mo boikaelelong jwa Modimo, o ne a nna dikgwedi di le robonngwe mo kgolegelong ka 1918-19. Morago ga foo o ne a direla jaaka morulaganyi wa makasine wa “The Golden Age” le wa “Consolation.” O ne a nna a ntse a nonofile mo tumelong ebile a ikanyega mo phuthegong ya ga Jehofa go fitlha a swa ka 1951, a na le dingwaga di le 81.
[Lebokoso/Setshwantsho mo go tsebe 637]
A. H. Macmillan
“Ke ile ka bona kafa go leng botlhale ka teng gore re letele Jehofa gore a re thuse go tlhaloganya dilo tse di mo Dikwalong ka phepafalo mo boemong jwa gore re tenwe ke kgopolo nngwe e ntšha. Ka dinako tse dingwe dilo tse re neng re lebeletse gore di diragale ka letlha le le rileng di ne di feta se se neng se solofeditswe ke Dikwalo. Fa dilo tse re neng re di lebeletse tseo di ne di feta di sa diragala, se ga se a ka sa fetola maikaelelo a Modimo.”
[Ditshwantsho mo go tsebe 620]
Teko e kgolo ya tumelo e ne e akaretsa go dumela gore setlhabelo sa ga Jesu se kgona go letlana maleo
[Ditshwantsho mo go tsebe 625]
Bangwe ba bao ba neng ba kgatlhiwa thata ke Russell ba ne ba fitlhela gore tsela e ba neng ba leba botho jwa ga Rutherford ka yone e ne ya senola gore ba ne ba direla mang
[Ditshwantsho mo go tsebe 639]
Fa tirelo ya tshimo e ne e simololwa go gatelelwa thata, ba bantsi ba ne ba tlogela; ba bangwe ba ne ba tlhoafala le go feta
“Tora ya Tebelo” (ka Seesemane), April 1, 1928
“Tora ya Tebelo” (ka Seesemane), June 15, 1927
“Tora ya Tebelo” (ka Seesemane), August 15, 1922
[Ditshwantsho mo go tsebe 640]
Fa thulaganyo ya puso ya Modimo e ne e simololwa, ba ba neng ba batla go nna kwa godimo ba ne ba feferwa