LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • jv kgao. 6 ts. 61-71
  • Motlha wa go Lekwa (1914-1918)

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Motlha wa go Lekwa (1914-1918)
  • Basupi ba ga Jehofa—Baboledi ba Bogosi jwa Modimo
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Go Lebelela Dilo Tse Dikgolo
  • ‘Mokaulengwe Russell, A Wena Ga O A Ka Wa Kgobega Marapo?’
  • “Ke Eng Seo Se Tlileng Go Diragala Jaanong?”
  • Phetogo Eo E Neng Ya Dirwa mo Tirong ya Bokaedi
  • Poresidente E Ntšha E Gatela Pele
  • Maiteko a go Laola Dilo
  • Go Tlhaselwa ga Bone
  • Go Boloka Tiro E Tswelela Pele Jaaka Gale Le Mororo Bao Ba Ikarabelang mo go Yone Ba Seyo
  • Go Lekwa le go Feferwa go Tswa mo Teng
    Basupi ba ga Jehofa—Baboledi ba Bogosi jwa Modimo
  • Go Bolela Kaga go Boa ga Morena (1870-1914)
    Basupi ba ga Jehofa—Baboledi ba Bogosi jwa Modimo
  • Dingwaga di le Lekgolo Tse di Fetileng—1917
    Buka ya Ngwaga ya Basupi ba ga Jehofa ya 2017
  • Itsiseng Kgosi le Bogosi! (1919-1941)
    Basupi ba ga Jehofa—Baboledi ba Bogosi jwa Modimo
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Basupi ba ga Jehofa—Baboledi ba Bogosi jwa Modimo
jv kgao. 6 ts. 61-71

Kgaolo 6

Motlha wa go Lekwa (1914-1918)

“A re gakologelweng gore re mo motlheng wa go lekwa. . . . Fa e le gore go na le lebaka lepe leo le ka dirang gore motho ope a kgaogane le Morena le Boammaaruri jwa Gagwe le go mo dira gore a khutle go intshetsa Tira ya Morena setlhabelo, he go bolela gore tota o ne a sa kgatlhegele Morena ka go bo a ne a tlhotlhelediwa ke go rata Modimo go tswa pelong mme lefa go ntse jalo e ne e le selo sengwe se sele; gongwe ebile e ne e le ka go bo a solofela gore nako e ne e setse e le khutshwane; go ineela e ne e le selo sa nakwana fela. Fa e le gore go ntse jalo, jaanong ke nako e e siameng ya gore re lese.”

MAFOKO ao, ao a tlhagelelang mo makasineng wa Tora ya Tebelo (ka Seesemane) wa November 1, 1914, a ne a sa tshwanela sentle. Ke boammaaruri gore dingwaga tsa 1914 go ya go 1918 di itshupile e le “motlha wa go lekwa” mo Baithuting ba Bibela. Dingwe tsa diteko di ne di tswa mo teng ga phuthego; tse dingwe tsone di ne di tswa kwa ntle ga yone. Lefa go ntse jalo, tsotlhe fela di ile tsa leka Baithuti ba Bibela ka ditsela tseo di neng di tla supa gore a e ka ne totatota ba ne ba ‘rata Modimo go tswa pelong.’ A ba ne ba tla ngaparela “Morena le Boammaaruri jwa Gagwe” kana a ba ne ba tla kgaogana nae?

Go Lebelela Dilo Tse Dikgolo

Ka June 28, 1914, Archduke Francis Ferdinand wa mmuso o o kopaneng wa Austria le Hungary o ne a bolawa ke lerumo la motho mongwe yo o neng a mo tlhasela. Tlhaselo eo e ne ya dira gore Ntwa E Kgolo, jaaka fa Ntwa ya Lefatshe I e ne e bidiwa jalo kwa tshimologong, e tlhagoge. Ntwa eno e ne ya simolola ka August 1914 ka nako ya fa Jeremane e ne e itelekelela mo Belgium le mo Fora. Mo letlhabuleng la yone ngwaga eo, go ne go setse go tla bolaanwa setlhogo thata.

“Metlha ya Baditšhaba e khutlile; dikgosi tsa bone di busitse”! Go ne ga bolela jalo Mokaulengwe Russell jaaka fa a ne a tsena mo phaposing eo go jelwang mo go yone kwa ntlokgolo ya Mokgatlho wa Watch Tower kwa Brooklyn, mo mosong wa Labotlhano, October 2, 1914. Botlhe ba ne ba itumetse fela thata. Bontsi jwa bao ba neng ba le gone ba ne ba setse ba feditse dingwaga di le dintsi ba lebile pele go ngwaga wa 1914. Mme lefa go ntse jalo ke eng seo bokhutlo jwa Metlha ya Baditšhaba bo neng bo tla se lere?

Ntwa ya Lefatshe I e ne e lowa, ebile ka nako eo go ne go dumelwa gore ntwa eno e ne e tla lebisa kwa goreng lefatshe le tlhakatlhakane mme e ne e tla felela ka gore tsamaiso eno ya dilo e khutle. Gape, go ne go na le dilo tse dingwe gape tseo batho ba neng ba di solofetse ka ngwaga oo wa 1914. Moragonyana Alexander H. Macmillan, yo o ileng a kolobediwa ka September 1900, o ne a gakologelwa jaana: “Bontsi jwa rona re ne re akantse fela thata gore re ne re ya legodimong mo bekeng ya ntlha ya kgwedi eo ya October.”a Ebile tota, Macmillan o ne a bolela jaana ka nako ya fa a ne a gakologelwa moso oo ka one Russell a neng a itsise kaga go fela ga Metlha ya Baditšhaba: “Re ne re itumetse fela thata ebile ke ne ke se kitla ke gakgamala fa re ka bo re ne re ile ra simolola go tlhatloga ka motsotso oo, gore seo e ne e le sesupo sa gore re simolole go tlhatlogela kwa legodimong—mme gone ke boammaaruri gore go ne go sa nna jalo.”

Mo lekgolong la bo 19 la dingwaga, dilo tse di neng di lebeletswe tse di neng tsa se ka tsa bonwa tseo di neng di le malebana le go boa ga Morena Jesu di ile tsa dira gore balatedi ba le bantsi ba ga William Miller le batho ba ditlhopha tse di farologaneng tsa kereke ya Adventist ba felelwe ke tumelo. Mme lefa go ntse jalo go ne ga diragala eng ka Baithuti ba Bibela bao ba neng ba dira le Russell? A bangwe ba bone ba ne ba ile ba ngokiwa fela ke go akanya gore ba ne ba le gaufi le go bona poloko go na le go bo ba ne ba ngokilwe ke go rata Modimo le ke go nna le keletso e e nonofileng ya go dira go rata ga gagwe?

‘Mokaulengwe Russell, A Wena Ga O A Ka Wa Kgobega Marapo?’

Mokaulengwe Russell o ile a nna a kgothaletsa Baithuti ba Bibela gore ba dise le go ikemisetsa go tswelela pele ba dira tiro ya Morena le eleng lefa dilo di se kile tsa tla mo bokhutlong jwa tsone ka bonako jaaka fa ba ka tswa ba ne ba solofetse.

Kgwedi ya October 1914 e ne ya kgabaganya, mme C. T. Russell le ditsala tsa gagwe ba ne ba santse ba le mo lefatsheng. Morago go ne ga kgabaganya kgwedi ya October 1915. A Russell o ne a kgobega marapo? O ne a kwala jaana mo makasineng wa Tora ya Tebelo (ka Seesemane) wa February 1, 1916: “Motho o ne a tla botsa jaana ‘Mokaulengwe Russell, wena o akanya eng ka nako ya go fetogela ga rona mo mebeleng ya semoya? A ga o a ka wa kgobega marapo gore ga e a ka ya tla ka nako ya fa rona re ne re solofetse gore e tla tla?’ Re araba ka gore nnyaa, re ne re sa kgobega marapo. . . . Bakaulengwe, bao mo go rona ba nang le maikutlo a a siameng ka Modimo ga ba kgobiwe marapo ke dithulaganyo dipe tsa Gagwe. Re ne re sa eletse gore go dirwe se re se eletsang; ka gone ka nako ya fa re ne re sena go lemoga gore re ne re solofetse selo seo eseng sone ka kgwedi ya October, 1914, he re ne ra itumelela gore Morena ga o a ka wa fetola Thulaganyo ya Gagwe gore e tsamaisane le seo rona re se eletsang. Re ne re sa eletse gore A dire jalo. Selo se le sengwe fela seo re se eletsang ke gore re kgone go tlhaloganya dithulaganyo tsa Gagwe le maikaelelo a gagwe.”

Nnyaa, Baithuti ba Bibela ga ba a ka ba ‘isiwa gae’ kwa legodimong ka kgwedi ya October 1914. Lefa go ntse jalo, Metlha ya Baditšhaba yone e ile ya fela ka yone ngwaga eo. Go phepafetse gore Baithuti ba Bibela ba ne ba na le dilo di le dintsi tseo ba neng ba tshwanetse go di ithuta tseo di neng di le malebana le kafa ngwaga wa 1914 o neng o le botlhokwa ka gone. Ke eng seo ba neng ba tshwanetse go nna ba ntse ba se dira? Ba ne ba tshwanetse go dira eletota! Jaaka fa makasine wa Tora ya Tebelo (ka Seesemane) wa September 1, 1916, o tlhalosa: “Re ne re akantse gore tiro ya Thobo ya go phutha Kereke [ya batho ba ba tloditsweng] e ne e tlile go wediwa pele Metlha ya Baditšhaba e fela; mme lefa go ntse jalo ga go na sepe seo se neng sa bolela jalo mo Bibeleng. . . . A re utlwisiwa botlhoko ke gore tiro ya Thobo e santse e tswelela pele? Nnyaa ruri, . . . Bakaulengwe ba ba rategang, gone jaanong re tshwanetse re ikutlwe re batla go leboga Modimo fela thata, re oketse kafa re anaanelang ka teng Boammaaruri jo bo botlhokwa jono joo A re neileng tshiamelo ya go bo bona le go lemogiwa gore ke rona re bo tshotseng, le go oketsa botlhaga jwa rona mo go thuseng batho ba bangwe gore ba itse Boammaaruri joo.”

Mme lefa go ntse jalo a go ne go na le go le gontsi goo go neng go tshwanetse ga dirwa mo tirong ya thobo? Go phepafetse gore Mokaulengwe Russell o ne a akanya jalo. Seno se bontshiwa ke puisano ya gagwe le Mokaulengwe Macmillan ka nako ya fa ngwaga wa 1916 o ne o ela go fela. Russell o ne a bolelela Macmillan jaana ka nako ya fa a ne a mmileditse mo kantorong ya gagwe eo a neng a ithutela le go kwalela mo go yone kwa Bethele kwa Brooklyn: “Tiro e oketsega ka bofefo, ebile e tla tswelela pele go nna e oketsega, ka gonne go na le tiro ya lefatshe ka bophara eo e tshwanetseng ya dirwa ya go rera ‘efangele ya bogosi’ mo lefatsheng lotlhe.” Russell o ne a senya diura di le tharo le sephatlho a tlhalosetsa Macmillan ka seo a se tlhalogantseng go tswa mo Bibeleng gore ke tiro e e seng kana ka sepe eo e neng e santse e larile kwa pele.

Baithuti ba Bibela ba ne ba kgabagantse teko e e bokete tota. Mme ka thuso ya makasine wa Tora ya Tebelo, ba ne ba nonotshiwa gore ba fenye go kgobega marapo gono. Lefa go ntse jalo, motlha wa go lekwa ga bone o ne o ise o fele.

“Ke Eng Seo Se Tlileng Go Diragala Jaanong?”

Ka October 16, 1916, Mokaulengwe Russell le mokwaledi wa gagwe ebong Menta Sturgeon ba ne ba tsena mo loetong lwa bone loo lo neng lo sa le lo rulagantswe lwa go ya go tlhatlhelela batho kwa dikarolong tse di kwa bophirima le tse di kwa borwabophirima tsa United States. Lefa go ntse jalo, Russell o ne a lwala fela thata ka nako eo. Ba ne ba tsamaya go kgabaganya Canada, ba etela pele kwa Detroit, kwa Michigan. Morago ga fa ba sena go ikhutsa kwa Illinois, Kansas, le kwa Texas, banna ba babedi bano ba ne ba goroga kwa California, koo Russell a neng a neela puo ya gagwe ya bofelo gone ka Sontaga, October 29, kwa Los Angeles. Morago ga malatsi a le mabedi, mo tshokologong ya Labobedi wa October 31, Charles Taze Russell yo o neng a na le dingwaga di le 64 o ne a tlhokafalela mo tereneng kwa Pampa, kwa Texas. Kitsiso ya loso lwa gagwe e ne ya tlhagelela mo makasineng wa Tora ya Tebelo (ka Seesemane) wa November 15, 1916.

Lelapa la Bethele le ne la ikutlwa jang ka nako ya fa go ne go itsisiwe dikgang tseo tsa go tlhokafala ga Mokaulengwe Russell? Moragonyana, A. H. Macmillan, yo o neng a thusa Russell mo kantorong fa a seyo, o ne a gakologelwa moso wa fa a ne a balela lelapa la Bethele thelekerama: “Go ne ga utlwala selelo sa botlhe bao ba neng ba le mo phaposing ya bojelo. Bangwe ba ne ba lelela kwa godimo. Ga go na ope wa bone yo o neng a ja sefitlholo mo mosong oo. Botlhe ba ne ba utlwile botlhoko eletota. Kwa bokhutlong jwa nako ya go ja ba ne ba kopana ka digongwanagongwana go nna ba bua le go sebaseba ba re, ‘Ke eng seo se tlileng go diragala jaanong?’ Go ne ga dirwa tiro e potlana fela mo letsatsing leo. Re ne re sa itse seo re neng re ka se dira. Selo seno se ne sa re tshoganyetsa eletota, lefa gone Russell a ile a leka go re dira gore re nne re ntse re se ipaakanyeditse. Ke eng seo re neng re ka se dira ka nako eo? Go garoga pelo ga ntlha goo go neng ga re wela ka ntlha ya go latlhegelwa ga rona ke C. T. Russell go ne go le maswe le go feta. Mo malatsing ao a ntlha a le mmalwanyana, re ne re sa tlhomamisege gore isagwe ya rona e ne e tlile go nna e e ntseng jang. Russell e ne e ntse e le ‘Mokgatlho’ botshelo jotlhe jwa gagwe. Tiro yotlhe e ne e ikaegile ka go ititaya ga gagwe sehuba gore o batla go bona thato ya Modimo e dirwa.”

Morago ga tirelo ya phitlho eo e neng e tshwaretswe kwa lefelong le le bidiwang The Temple kwa New York le kwa Carnegie Hall kwa Pittsburgh, Mokaulengwe Russell o ne a fitlhwa kwa Allegheny, mo sebateng sa lefatshe seo e neng e le sa lelapa la Bethele, go ya ka moo a neng a kopile ka gone. Go ne ga gatisiwa polelo ya botshelo ya ga Russell mmogo le wili mo makasineng wa Tora ya Tebelo (ka Seesemane) wa December 1, 1916, mmogo le mo dikgatisong tseo di latelanang tsa bolumo ya ntlha ya Studies in the Scriptures.

Ke eng seo se neng se tlile go diragala jaanong? Go ne go se motlhofo gore Baithuti ba Bibela ba akanye ka go bona mongwe o sele a le mo boemong jwa ga Mokaulengwe Russell. A tsela eo ba neng ba tlhaloganya Dikwalo ka yone e ne e tla tswelela pele e gola, kana a e ne e tla ema foo e neng e le gone? A ba ne ba tla fetoga go nna lekoko leo le neng le ikaegile ka ene? Russell ka boene o ile a tlhalosa ka phepafalo gore o ne a lebeletse gore tiro e tswelele pele. Ka gone, go ile ga tsoga dipotso tseo di neng di ntse di lebeletswe morago ga loso lwa gagwe: Ke mang yo o neng a tla kaela gore go kwadiwe eng mo makasineng wa Tora ya Tebelo le mo dikgatisong tse dingwe? Ke mang yo o tshwanetseng a tlhatlhama Russell jaaka poresidente?

Phetogo Eo E Neng Ya Dirwa mo Tirong ya Bokaedi

Mo wiling ya gagwe, Mokaulengwe Russell o ne a kwala gore go nne le Komiti ya Borulaganyi e e nang le maloko a le matlhano gore e rulaganye dilo tseo di kwadilweng mo makasineng wa Tora ya Tebelo.b Mo godimo ga moo, boto ya bakaedi ba Watch Tower Bible and Tract Society e ne ya dira dithulaganyo tsa gore go nne le Komitikhuduthamaga e e nang le maloko a le mararo—eleng A. I. Ritchie, W. E. Van Amburgh, le J. F. Rutherford—gore ba okamele tiro yotlhe ya Mokgatlho ka kakaretso, ba le kafa tlase ga taolo ya boto ya bakaedi.c Lefa go ntse jalo, ke mang yoo o neng a tlile go nna poresidente e ntšha? Tshwetso eo e ne e tlile go dirwa kwa kokoanong e e latelang ya Mokgatlho ya ngwaga le ngwaga, eo e neng e tlile go tshwarwa morago ga dikgwedi di ka nna pedi, ka January 6, 1917.

Sa ntlha, Komitikhuduthamaga e ne ya dira bojotlhe jwa yone go dira gore maemo a tlhomame, e kgothaletsa Baithuti ba Bibela gore ba nne ba ntse ba tlhagafetse le gore ba se ka ba kgobega marapo. Makasine wa Tora ya Tebelo o ne wa tswelela pele go gatisiwa o na le ditlhogo tseo Russell a ileng a di kwala pele a swa. Mme lefa go ntse jalo jaaka fa kokoano ya ngwaga le ngwaga e ne e ntse e atamela, bothata bo ne jwa simolola go gola. Bangwe ba ne ba bile ba tlhotlheletsa batho gore ba tlhophe mang yoo ba neng ba mo rata gore e nne poresidente. Ba bangwe bone, ka ntlha ya tlotlo ya bone e e boteng eo ba neng ba e naya Mokaulengwe Russell, ba ne ba lebega ba tshwaragane thata le go leka go etsa dinonofo tsa gagwe le go bopa setlhopha sa bodumedi seo se ikaegileng ka ene. Lefa go ntse jalo, Baithuti ba le bantsi ba Bibela ba ne ba tshwaragane thata le go tswelela pele ba dira tiro eo Russell a neng a ineetse mo go yone ka bojotlhe jwa gagwe.

Jaaka fa nako ya go tlhopha e ne e ntse e atamela, potso eno e ne ya sala e ntse e tlhoka moarabi, Ke mang yo o neng a tlile go tlhatlhama Russell jaaka poresidente? Makasine wa Tora ya Tebelo (ka Seesemane) wa January 15, 1917, o ne wa bega kafa kokoano eno ya ngwaga le ngwaga e neng ya felela ka gone, ka go tlhalosa jaana: “Mokaulengwe Pierson, ka dikakgelo tse di tshwanelang sentle thata le mafoko a a bontshang gore o ne a anaanela ebile a rata Mokaulengwe Russell, o ne a tlhalosa gore o ne a amogetse makwalo a a tswang kwa bakaulengweng go ralala naga yotlhe ao a neng a bontsha gore a ba tlhophele Mokaulengwe J. F. Rutherford jaaka Poresidente, mme o ne a tswelela pele go tlhalosa gore o ne a dumalana ka botlalo le seno.” Morago ga fa leina la ga Rutherford le sena go bolelwa ebile go na le ba bangwe bao ba neng ba bontsha gore ba dumalana le gore a tlhophiwe go ne ga se ka ga bolelwa maina ape, ka jalo “Mokwaledi o ne a mo kwala jaaka yo o tlhophilweng jaaka go bontshitswe, mme go ne ga dumalanwa ka botlalo gore Mokaulengwe Rutherford o tlhophilwe jaaka Poresidente mo Kokoanong eno.”

Poresidente e ntšha eno e ne ya amogelwa jang fa go sena go tsewa tshwetso ya gore e tlhophilwe? Makasine o o umakilweng fa godimo wa Tora ya Tebelo o ne wa bega jaana: “Bakaulengwe gongwe le gongwe ba ile ba rapela ka tlhoafalo eletota gore Morena a kaele le go laola kgang eno ya go tlhopha; mme ka nako ya fa go sena go dirwa tshwetso, mongwe le mongwe o ne a kgotsofetse ebile a itumetse, a dumela gore Morena o ile a kaela dikokoano tsa bone tsa ditlhopho le go araba dithapelo tsa bone. Go ne go rena kutlwano e e feletseng mo go botlhe bao ba neng ba le gone.”

Lefa go ntse jalo, “kutlwano e e feletseng” eo ga e a ka ya tshwarelela lobaka lo loleele. Poresidente e ntšha eno e ne ya amogelwa ka botsalano ke ba le bantsi mme eseng ke botlhe.

Poresidente E Ntšha E Gatela Pele

Mokaulengwe Rutherford o ne a sa batle go fetola mokgwa oo dilo di neng di tswelela pele ka one mo phuthegong, fa e se fela gore di nne di tswelela pele fela ka mokgwa oo o tlhomilweng ke Russell. Baemedi ba ba etang ba Mokgatlho (bao ba neng ba bidiwa baeti ba sedumedi) ba ne ba oketsega go tswa go ba le 69 go ya go ba le 93. Go abiwa ga dipampitshana tsa Mokgatlho tsa mahala go ne go tsweledisediwa pele Sontaga nngwe le nngwe fa pele ga dikereke le ka metlha mo bodiheding jwa ka ntlo le ntlo.

“Tiro ya go ruta,” eo e neng ya simololwa pele Russell a swa, e ne jaanong e tsweledisediwa pele. Eno e ne e le tiro ya go boela kwa bathong, eo e tshwanang le maeto a go boela ao a dirwang ke Basupi ba ga Jehofa jaanong. Go tsenya tiro eno ya go rera botshelo ka mo go oketsegileng, poresidente e ntšha ya Mokgatlho e ne ya atolosa tiro ya go aba dibuka tsa Bibela. Batho ba ba neng ba aba dibuka tseno (bao ba etelelang tiro pele bao gompieno ba bidiwang babulatsela) ba ne ba oketsega go tswa go 372 go ya go 461.

“Ngwaga wa 1917 o ne wa simolola ka dilo tse di kgobang marapo eletota,” go ne ga tlhalosa jalo makasine wa Tora ya Tebelo (ka Seesemane) wa December 15, 1917. Ee, morago ga loso lwa ga C. T. Russell, batho ba ne ba tlhobaela kaga isagwe, ba na le dipelaelo, ebile ba boifa. Mme lefa go ntse jalo, pego ya mo bokhutlong jwa ngwaga e ne e kgothatsa eletota; tiro ya kwa tshimong e ne e oketsegile. Go phepafetse gore tiro e ne e gatela pele. A Baithuti ba Bibela ba ne ba falotse teko e nngwe—loso lwa ga C. T. Russell—ka katlego?

Maiteko a go Laola Dilo

Ga se mongwe le mongwe yo o neng a tshegetsa poresidente e ntšha. C. T. Russell le J. F. Rutherford e ne e le banna ba ba farologaneng fela thata. Ba ne ba na le botho jo bo sa tshwaneng ebile ba ne ba goletse mo maemong a a sa tshwaneng. Go ne go le bokete mo go bangwe ba bone go ka amogela ditsela tseno tseo ba neng ba farologane ka tsone. Ba ne ba akanya gore, ‘go ne go sena ope yo o neng a ka tshwana kgo le Mokaulengwe Russell.’

Totatota, ba le bantsi, segolobogolo kwa ntlongkgolo, ba ne ba sa rate Mokaulengwe Rutherford. Ntlha ya go bo tiro e ne e gatela pele le gore o ne a leka ka bojotlhe go latela dithulaganyo tseo di neng di tlhomilwe ke Russell go lebega e ne e sa ba itumedise. Go ise go e kae, kganetso e ne ya gola. Maloko a le mane a boto ya bakaedi a ne a bo a leka go tsaya tiro ya go okamela mo go Rutherford. Ma-emo a ne a nna maswe le go feta mo setlheng sa selemo sa ngwaga wa 1917, ka nako ya fa go ne go gololwa buka ya The Finished Mystery, bolumo ya bosupa ya Studies in the Scriptures.

Ka nako ya fa a ne a santse a tshela, Mokaulengwe Russell o ile a se ka a kgona go tlhagisa buka eno, le mororo a ne a solofetse go dira jalo. Morago ga loso lwa gagwe, Komitikhuduthamaga ya Mokgatlho e ne ya rulaganya dilo gore maloko a le mabedi, ebong Clayton J. Woodworth le George H. Fisher ba kwale buka eno, eo e neng e akgela ka buka ya Tshenolō, ya Sehela sa Dihela, le ya Esekiele. Bontlhanngwe jwa yone bo ne bo theilwe mo go seo Russell a ileng a se kwala kaga dibuka tseno tsa Bibela, mme go ne ga okediwa ka dikakgelo le ditlhaloso tse dingwe. Badiredi ba bagolo ba Mokgatlho ba ne ba dumela gore mekwalo ya yone e e weditsweng e gatisiwe go nna buka mme e ne ya gololelwa lelapa la Bethele mo phaposing ya bojelo ka Labobedi, July 17, 1917. Ka yone nako eo, go ne ga itsisiwe sengwe se se garolang pelo—gore bakaedi ba le bane bao ba neng ba ntse ba ganetsa Mokaulengwe Rutherford ba ne ba leleki-lwe, mme Mokaulengwe Rutherford o ne a tlhophile ba bangwe ba le banè gore ba tlatse diphatlha tseno. Seno se ne sa amogelwa jang?

Go ne go ntse jaaka ekete go ne go thuntse bomo! Bakaedi ba bane bano ba ba lelekilweng ba ne ba dirisa nako eno mme ba tsosa kgaruuruu fa pele ga lelapa la Bethele ka diura di le tlhano kaga kafa dilo di tsamaisiwang ka teng mo Mokgatlhong. Ba le bantsi mo lelapeng la Bethele ba ne ba simolola go dumalana le baganetsi bano. Kganetso eno e ne ya tswelela pele dibeke di le mmalwa, ba ba tsositseng tlhakatlhakano bano ba ne ba tshosetsa gore ba tla “menola bolaodi jo bo gatelelang joo bo neng bo le teng jono le go naya bakaulengwe kgololesego,” jaaka ba ne ba bolela. Mme lefa go ntse jalo Mokaulengwe Rutherford o ne a na le mabaka a a utlwalang a go bo a tsere kgato eo. Jang?

Go ne ga fitlhelwa gore le mororo bakaedi ba bane ba ba ganetsang bano ba ne ba tlhomilwe ke Mokaulengwe Russell, maloko a lekgotla a kokoano ya ngwaga le ngwaga ya Mokgatlho ga a ise a ke a tsamae a tlhomamise gore ba ne ba tlhomilwe ka go ba boutela. Ka gone, go raya gore botlhe ka bonè jwa bone e ne gotlhelele e se maloko a boto ya bakaedi a a tlhomilweng semolao! Rutherford o ne a ntse a itse selo seno mme ga a ka a se umaka kwa tshimologong. Ka ntlha yang? O ne a batla go dira gore go se ka ga akanngwa gore o ne a dira kgatlhanong le seo Mokaulengwe Russell a neng a eletsa gore se dirwe. Lefa go ntse jalo, ka nako ya fa go ne go bonala gore ba ne ba se kitla ba emisa go mo ganetsa, Rutherford o ne a dirisa thata ya gagwe le boikarabelo jwa gagwe jaaka poresidente go tlosa banna bano le go ba emisetsa ka ba bangwe ba banè bao go tlhophiwa ga bone go neng go tlile go tllhomamisiwa kwa kokoanong e e latelang ya ngwaga le ngwaga, eo e neng e tlile go tshwarwa ka January 1918.

Ka August 8, batho ba ba sa itumelang bano ba e neng e kile ya bo e le bakaedi mmogo le batshegetsi ba bone ba ne ba kgaogana le lelapa la Bethele; ba ile ba laelwa gore ba tsamaye ka ntlha ya go itaya tsebe goo ba neng ba ntse ba go baka. Go ise go e kae ba ne ba simolola go anamisa kganetso eno ya bone ka go bua phatlalatsa le ka letsholo la go kwala makwalo go ralala United States, Canada, le Yuropa. Ka ntlha ya gone moo, morago ga setlha sa selemo sa ngwaga wa 1917, diphuthego di le dintsi tsa Baithuti ba Bibela ba ne ba kgaogane go nna ditlhopha tse pedi—sa bao ba neng ba ikanyega mo Mokgatlhong le sa bao ba neng ba dumalana bonolo fela le puo e e borethe ya baganetsi.

Mme lefa go ntse jalo a bakaedi ba ba lelekilweng bano ba ne ba ka leka go laola phuthego yotlhe ka go leka go tlhotlheletsa bao ba neng ba tlile go ya kwa kokoanong ya ngwaga le ngwaga? Ka a ne a lebeletse gore selo se se ntseng jalo se ka diragala, Rutherford o ne a bona go le botlhale gore a sekaseke diphuthego tsotlhe. Seno se ne sa felela jang? Go ya ka pego e e gatisitsweng mo makasineng wa Tora ya Tebelo (ka Seesemane) wa December 15, 1917, bao ba neng ba tlhopha ka go bouta ba ne ba supa gore ba tshegetsa J. F. Rutherford fela thata mmogo le bakaedi bao ba neng ba dirisana mmogo nae! Selo seno se ne sa tlhomamisiwa kwa kokoanong ya ngwaga le ngwaga.d Maiteko a baganetsi a go laola dilo a ne a iteile kwa ntle!

Go ne ga diragala eng ka baganetsi bao le batshegetsi ba bone? Morago ga kokoano ya ngwaga le ngwaga eo e neng e tshwerwe ka January 1918, batho ba ba ganetsang bano ba ne ba itomolola, ba bo ba swetsa ka gore ba keteke Segopotso, ka March 26, 1918, kwa thoko ba le bosi. Kutlwano epe fela eo ba neng ba e ipelela e ne e le ya nakwana, mme go ise go e kae ba ne ba kgaogana go nna makoko a a farologaneng. Gantsi dipalo tsa bone di ne di wela kwa tlase mme tiro ya bone e ne ya ngotlega kana ya khutla gotlhelele.

Go phepafetse gore morago ga loso lwa ga Mokaulengwe Russell, Baithuti ba Bibela ba ne ba lebana le teko e e neng e leka boikanyegi jwa bone tota. Jaaka fa Tarissa P. Gott, yo o neng a kolobediwa ka ngwaga wa 1915, a tlhalosa jaana: “Ba le bantsi bao ba neng ba lebega ba nonofile thata, ba ineetse ka bojotlhe mo Moreneng, ba ne ba simolola go tsamaya. . . . Selo seno sotlhe ruri se ne sa lebega se sa siama, mme lefa go ntse jalo se ne se direga ebile se ne sa re utlwisa botlhoko. Legale ke ne ka ipolelela jaana: ‘A eno ga se yone phuthego eo Jehofa a neng a e dirisa go re golola mo botshwarong jwa bodumedi jwa maaka? A ga re a ka ra lemoga kafa a leng molemo ka gone? Fa e le gore re ne re tshwanetse go tsamaya jaanong, tota re ne re tla ya kae? A re ne re se kitla re felela re setse banna bangwe morago?’ Re ne re sa kgone go bona gore ke ka ntlha yang fa re ne re tshwanetse go tsamaya le batenegi, ka gone re ne ra sala.”—Yoh. 6:66-69; Baheb. 6:4-6.

Kgabagare, bangwe bao ba neng ba kgaogana le phuthego ba ne ba ikwatlhaya mme ba boa gape ba kopanela le Baithuti ba Bibela mo kobamelong. Ba le bantsi thata, jaaka Kgaitsadi Gott, ba ne ba tswelela pele go dirisana mmogo le Mokgatlho wa Watch Tower mmogo le Mokaulengwe Rutherford. Lorato le kutlwano tseo di neng tsa ba boloka ba le seoposengwe ke tseo di ileng tsa tlhagolelwa go ralala dingwaga di le dintsi ka go kopana mmogo ga bone kwa dipokanong le kwa dikopanong tse dikgolo. Ba ne ba se kitla ba letla sepe gore se kgaole sebofo seo sa kutlwano.—Bakol. 3:14, NW.

Ka nako ya fa ngwaga wa 1918 o ne o simolola, Baithuti ba Bibela ba ne ba fentse teko e e tswang mo teng ga phuthego. Lefa go ntse jalo, go tweng fa kganetso e ne e ka tsoga go tswa kwa go bao ba leng kwa ntle ga phuthego?

Go Tlhaselwa ga Bone

Go tloga fa ngwaga wa 1917 o ya kwa bofelong go ya go fitlha fa ngwaga wa 1918 o simologa, Baithuti ba Bibela ba ne ba aba buka e ntšha e e bidiwang The Finished Mystery ka tlhagafalo. Ka nako ya fa ngwaga wa 1917 o ne o fela, bagatisi ba ne ba tshwaregile ka go gatisa dikgatiso tsa yone di le 850 000. Makasine wa Tora ya Tebelo wa December 15, 1917 (ka Seesemane), o ne wa bega jaana: “Kwantle ga Bibela fela, ga go na buka epe e nngwe eo go phasaladiwa ga yone go ka bapisiwang le go phasaladiwa ga Bolumo ya Bosupa ka lobaka lo lo lekanang lwa nako.”

Lefa go ntse jalo go atlega gono ga The Finished Mystery ga go a ka ga itumedisa mongwe le mongwe. Buka eno e ne e na le mafoko mangwe a a tlhabang ao a neng a lebisitswe go baruti ba Labokeresete. Selo seno se ne sa galefisa baruti fela thata mo e leng gore ba ne ba tlhotlheletsa puso gore e thibele dibuka tseo di gatisiwang ke Baithuti ba Bibela. Ka ntlha ya kganetso eno eo e neng e tlhotlheleditswe ke baruti, buka ya The Finished Mystery e ne ya thibelwa kwa Canada mo tshimologong ya ngwaga ya 1918. Go ise go e kae kganetso e ne ya gola kgatlhanong le Baithuti ba Bibela kwa United States.

Go senola gore kgatelelo eno e ne e tlhotlheleditswe ke baruti, Mokgatlho wa Watch Tower o ne wa golola pampitshana e e bidiwang Kingdom News ya No. 1 ka March 15, 1918. E ne e tshotse molaetsa ofe? Setlhogo se segolo sa yone seo se neng se le bophara jwa dikolomo di le thataro se ne se balega jaana: “Balatedi ba ga Moruti Russell Ba A Bogisiwa Ka Go Bo Ba Bolelela Batho Boammaaruri—Selo Seo Bodumedi Bo Sa Kgoneng go Se Emela.” Kafa tlase ga setlhogo se se reng “Tsela Eo Baithuti ba Bibela Ba Tshwerweng Ka Yone E Tshwana le Tsela E Ba Neng Ba Tshwerwe ka Yone mo ‘Metlheng ya Botlhokakitso’” go ne go kwadilwe dintlha tsa go bogisiwa ga bone le thibelo eo e neng ya simolola kwa Canada. Batlhotlheletsi ba seno e ne e le bomang? Pampitshana eno e ne ya bolela ka tlhamalalo fela gore e ne e le baruti, bao e neng ya ba tlhalosa jaaka “setlhopha sa banna bao ba gagamaletseng maikutlo a bone le bao ba lekileng ka natla go thibela batho go tlhaloganya Bibela le go thibela go rutwa ga thuto epe ya Bibela kwantle ga fa fela e rutiwa ke bone.”e Abo ono e ne e le molaetsa o o nonofileng jang ne!

Baruti ba ile ba tsaya kgato efe fa dilo di senolwa ka tsela e e ntseng jalo? Ba ne ba setse ba tsoseditse Mokgatlho wa Watch Tower bothata jo bo seng kana ka sepe. Mme jaanong ba ne ba simolola go shakgala! Mo letlhabuleng la ngwaga wa 1918, Baithuti ba Bibela bao ba neng ba le kwa Amerika Bokone le kwa Yuropa ba ne ba bogisiwa botlhoko. Pogiso eno eo e neng e tlhotlheleditswe ke baruti e ne ya nna maswe thata ka May 7, 1918, ka nako ya fa mapodisi a puso a U.S. a ne a romelwa go tla go tshwara J. F. Rutherford le ba bangwe ba le mmalwa bao ba neng ba dira gaufi thata nae. Mo bogareng jwa ngwaga wa 1918, Rutherford le ditsala tsa gagwe tse supa ba ne ba iphitlhela ba tsentswe mo kgolegelong ya puso kwa Atlanta, kwa Georgia.

Mme ereka Moatlhodi Rutherford le ditsala tsa gagwe ba ne ba le kwa kgolegelong, go ne ga tsamayatsamaya jang ka tiro eo e neng e dirwa kwa ntlokgolo?

Go Boloka Tiro E Tswelela Pele Jaaka Gale Le Mororo Bao Ba Ikarabelang mo go Yone Ba Seyo

Kwa Brooklyn, Komitikhuduthamaga e ne ya tlhomiwa gore e nne yone e etelelang tiro pele. Selo seo bakaulengwe ba ba tlhomilweng ba neng ba tshwenyega thata ka sone e ne e le go boloka makasine wa Tora ya Tebelo o ntse o gatisiwa. Ga go na pelaelo epe gore Baithuti ba Bibela gongwe le gongwe ba ne ba tlhoka go kgothadiwa semoyeng ka tsela eo go neng go ka dirwa ka yone. Ebile tota, mo nakong eno yotlhe ya “motlha wa go lekwa,” ga go na lefa e le makasine o le mongwe wa Tora ya Tebelo oo o neng wa se ka wa gatisiwa!f

Go ne go na le moya ofe kwa ntlokgolo? Thomas (Bud) Sullivan, yoo kgabagare a neng a direla jaaka leloko la Setlhopha Se Se Laolang, o ne a gakologelwa jaana: “Ke ne ka nna le tshiamelo ya go etela Bethele ya Brooklyn go ya kwa bokhutlong jwa selemo sa ngwaga wa 1918 ka nako ya fa bakaulengwe ba ne ba tshwerwe. Bakaulengwe bao ba neng ba eteletse tiro pele kwa Bethele ba ne ba sa boife gotlhelele kana gone go kgobega marapo. Ebile tota, ba ne ba ikutlwa ka tsela e nngwe e e farologaneng. Ba ne ba tletse tsholofelo ebile ba tshepa gore kgabagare Jehofa o ne a tlile go naya batho ba gagwe phenyo. Ke ne ka newa tshiamelo ya go nna gone kwa dijong tsa mo mosong mo mosong wa Mantaga ka nako ya fa bakaulengwe bao ba neng ba rometswe kwa mafelong mangwe mo mafelobekeng go ya go neela dipuo ba ne ba neela dipego tsa bone. Go ne ga fitlhelwa gore kwa mafelong ao, maemo a ne a jesa di welang. Mo maemong mangwe le mangwe bakaulengwe ba ne ba tletse tsholofelo, ba emetse gore Jehofa a kaele ditiro tsa bone go ya pele.”

Lefa go ntse jalo, go ne ga kopanwa le mathata a le mantsi. Ntwa ya Lefatshe I e ne e santse e lowa. Go ne go tlhaela dipampiri le magala, tsone dilo tseo di neng di tlhokega fela thata gore tiro e tswelele pele kwa ntlokgolo. Ereka go ne go na le moya wa boratanaga, go ne go na le bobaba jo bogolo kgatlhanong le Mokgatlho; Baithuti ba Bibela ba ne ba lejwa jaaka batho bao ba sa ikanyegeng mo nageng ya bone. Kafa tlase ga maemo a a bokete ano, go ne ga lebega go se kitla go kgonega gore go tswelelwe pele ka tiro kwa Brooklyn. Ka gone, Komitikhuduthamaga, e ne ya rekisa Brooklyn Tabernacle le go tswala Legae la Bethele fa e sena go tlotla le bakaulengwe ba bangwe le go utlwa go tswa mo go bone. Ka August 26, 1918, tiro e ne ya busediwa morago kwa Pittsburgh kwa ofising e e neng e le kwa mebileng ya Federal le Reliance.

Lefa go ntse jalo, go ne go na le moya o o siameng. Martha Meredith o gakologelwa jaana: “Rona kwa Pittsburgh re ne ra kopana mmogo mme ra swetsa ka gore re ne re tlile go boloka ‘tiro e ntse e tswelela pele’ go fitlha bakaulengwe ba gololwa mo kgolegelong. Ka nako eo ofisi ya Brooklyn e ne e fuduseditswe kwa Pittsburgh, ka gone bakaulengwe ba ne ba tshwarega ka go kwala ditlhogo tsa makasine wa Tora ya Tebelo le go o gatisa. Ka nako ya fa dimakasine tseno tsa Tora ya Tebelo di ne di siametse go ka romelwa, rona bokgaitsadi re ne re di phuthela mme re di romela kwa bathong.”

Baithuti ba Bibela ba ne ba ile ba lebana le diteko tse di masisi fa esale Metlha ya Baditšhaba e fela ka ngwaga wa 1914. A ba ne ba tla kgona go tswelela pele ba ntse ba le teng? A totatota ba ne ba ‘rata Modimo go tswa mo dipelong’ kana nnyaa? A ba ne ba tla ngaparela “Morena le Boammaaruri jwa Gagwe,” jaaka Russell a ile a ba tlhagisa, kana a ba ne ba tla kgaogana nae?

[Dintlha tse di kwa tlase]

a Ditsopolo tsa ga A. H. Macmillan tseo di leng mo kgaolong eno di tserwe mo bukeng ya gagwe e e bidiwang Faith on the March, eo e gatisitsweng ka 1957 ke Prentice-Hall, Inc.

b Maina a maloko a matlhano a Komiti ya Borulaganyi jaaka fa a ne a kwadilwe mo wiling ya ga Russell e ne e le William E. Page, William E. Van Amburgh, Henry Clay Rockwell, E. W. Brenneisen, le F. H. Robison. Mo godimo ga moo, go ne ga kwadiwa a ba bangwe gape gore go tladiwe phatlha epe fela eo e neng e ka nna ya nna gone—A. E. Burgess, Robert Hirsh, Isaac Hoskins, G. H. Fisher, J. F. Rutherford, le John Edgar. Lefa go ntse jalo, Page le Brenneisen bone ba ne ba tlogela tiro ka bonako—Page e le ka gonne a ne a sa rate go nna mo Brooklyn, mme Brenneisen (moragonyana mopeleto o ne wa fetolwa gore e nne Brenisen) ene e le ka ntlha ya gore o ne a tshwanetse go ya go dira tiro ya boitshediso gore a tlamele lelapa la gagwe. Rutherford le Hirsh, bao maina a bone a neng a kwadilwe mo makasineng wa Tora ya Tebelo (ka Seesemane) wa December 1, 1916, ba ne ba tsenngwa mo maemong a bone jaaka maloko a Komiti ya Borulaganyi.

c Go ya ka molaotheo wa Mokgatlho wa Watch Tower, lekgotla la bakaedi le ne le tshwanetse gore le nne le maloko a le supa. Molaotheo ono o ne wa akantsha gore maloko ao a neng a santse a le gone a boto ya bakaedi a tlatse phatlha eo. Ka gone, malatsi a le mabedi morago ga loso lwa ga Russell, boto ya bakaedi e ne ya kopana mmogo mme e ne ya tlhopha A. N. Pierson gore e nne leloko. Ka nako eo, maloko a le supa a boto eno e ne e le A. I. Ritchie, W. E. Van Amburgh, H. C. Rockwell, J. D. Wright, I. F. Hoskins, A. N. Pierson, le J. F. Rutherford. Morago ga moo, boto e e nang le maloko a le supa eno e ne ya tlhopha Komitikhuduthamaga e e nang le maloko a le mararo.

d Kwa kokoanong ya ngwaga le ngwaga eo e neng e tshwerwe ka January 5, 1918, batho ba le supa bao ba neng ba tlhophiwa ke palo e e kwa godimo ya batho e ne e le J. F. Rutherford, C. H. Anderson, W. E. Van Amburgh, A. H. Macmillan, W. E. Spill, J. A. Bohnet, le G. H. Fisher. Go tswa mo malokong a le supa ano a boto eno, go ne ga tlhophiwa badiredi ba bagolo ba le bararo—J. F. Rutherford jaaka poresidente, C. H. Anderson jaaka motlatsaporesidente, le W. E. Van Amburgh jaaka motshwaramatlotlo le mokwaledi.

e Go ne ga latela dipampitshana tse dingwe gape tse pedi tseo le tsone di neng di na le molaetsa o o nonofileng. Kingdom News ya No. 2, ya April 15, 1918, e ne e na le molaetsa o o neng o nonofile le go feta kafa tlase ga setlhogo se segolo se se reng “‘The Finished Mystery’ le se se reng Ke Ka Ntlha Yang Fa Ba Gateletswe.” Morago ga moo, Kingdom News ya No. 3 ya May 1918, e ne e na le setlhogo se se botlhokwa se se reng “Dintwa Tse Pedi Tse Dikgolo Di A Lowa—Puso E E Gatelelang E Tla Tloga E Wa.”

f Mo dinakong tse di fetileng, ditokololo tsa makasine wa Tora ya Tebelo di ne di kopanngwa, mme lefa go ntse jalo seno se ne se sa tlhole se dirwa ka ngwaga wa 1914-18.

[Mafoko a a mo go tsebe 68]

Rutherford o ne a kopa baganetsi gore ba tswe mo Bethele

[Lebokoso mo go tsebe 62]

“Bangwe Ba Rona Re Ne Re Le Mafega Thata”

Jaaka fa kgwedi ya October 1914 e ne e ntse e atamela, bangwe ba Baithuti ba Bibela ba ne ba solofetse gore kwa bokhutlong jwa Metlha ya Baditšhaba, ba ne ba tlile go amogela tuelo ya bone ya selegodimo jaaka Bakeresete ba ba tloditsweng ka moya. Selo seno se supiwa ke seo se ileng sa diragala kwa kopanong ya Baithuti ba Bibela kwa Saratoga Springs, kwa New York, ka September 27-30, 1914. A. H. Macmillan, yo o neng a kolobeditswe dingwaga di le 14 pele ga foo, o ne a neela puo ka Laboraro, September 30. O ne a tlhalosa jaana mo puong eno: “Ga go na pelaelo epe gore eno ke puo ya bofelo ya phatlalatsa eo ke e neelang ka gonne go ise go e kae re tla bo re ya gae [kwa legodimong].”

Lefa go ntse jalo, malatsi a le mabedi moragonyana (ka Labotlhano, October 2), Macmillan o ne a goroga mo Brooklyn, koo ba ba neng ba ile kopanong ba neng ba tshwanetse go kopana mmogo gape gone, koo go neng ga fitlhwa ga tshegwa teng. A dutse mo setulong seo se neng se le mo tlhogong ya tafole, C. T. Russell o ne a itsise jaana: “Re tlile go dira diphetogo mo thulaganyong ya Sontaga sa [October 4]. Ka Sontaga mo mosong, ka 10:30, Mokaulengwe Macmillan o tla re neela puo.” Go ne ga arabelwa jang mo go seno? Moragonyana Macmillan o ne a kwala jaana: “Mongwe le mongwe o ne a ingata ka ditshego, a gakologelwa seo ke ileng ka se bua ka Laboraro kwa Saratoga Springs—‘puo ya bofelo ya phatlalatsa’ eo ke neng ke e neela!”

“Ebu,” Macmillan o ne a tswelela pele jalo, “morago ga moo ke ne ka tshwanelwa ke gore ke tshwaragane le go batla sengwe seo ke neng nka se bua. Ke ne ka bona Pesalema 74:9 e e reng, ‘Ga re bone ditshupo tsa rona: ga go tlhole go na le moperofeti ope; le gone ga go na ope yo o itseng, go re, ke lobaka lo lo kae.’ Dilo di ne di fetogile jaanong. Mo puong eo ke ne ka leka go bontsha bakaulengwe gore gongwe bangwe ba rona re ne re le mafega thata mo go akanyeng gore re ne re tlile go ya legodimong gone fela foo, le gore selo seo re neng re tshwanetse go se dira e ne e le go ipoloka re tshwaregile re direla Morena go fitlha a swetsa ka gore ke nako efe eo ope fela wa batlhanka ba gagwe ba ba tshwanelegang a neng a tla isiwa gae kwa legodimong.”

[Lebokoso mo go tsebe 67]

Tsela Eo J. F. Rutherford A Godileng ka Yone

Joseph Franklin Rutherford o ne a tsholelwa kwa polaseng eo e neng e le kwa Morgan County, kwa Missouri, kwa U.S.A., ka November 8, 1869 ke batsadi ba gagwe bao e neng e le maloko a kereke ya Baptist. Ka nako ya fa Joseph a ne a na le dingwaga di le 16, rraagwe o ne a dumalana nae gore o ne a ka nna a ya kwa koletšheng, fa fela a ne a ka kgona go ituelela le go duela motho yo o neng a tla hiriwa gore a tle go dira tiro eo e neng e ntse e dirwa ke ene mo polaseng. Lekawana leo le neng le ikemiseditse leno ebong Joseph, le ne la adima madi mo tsaleng nngwe ya lone mme la kgona go ya kholetšheng a ntse a ithutela molao.

Morago ga fa a sena go fetsa thuto ya gagwe ya sekolo, Rutherford o ne a fetsa dingwaga di le pedi a tlhatlhelelwa ke Moatlhodi E. L. Edwards. Ka nako ya fa a ne a na le dingwaga di le 20, o ne a nna mmegi wa kgotlatshekelo wa semolao wa dikgotlatshekelo tsa Fourteenth Judicial Circuit kwa Missouri. Ka May 5, 1892, o ne a newa laesense ya go dira tiro ya gagwe ya tsa molao mo Missouri. Moragonyana Rutherford o ne a fetsa dingwaga di le nne a dira jaaka mosekisi mo kgotlatshekelong ya Boonville, kwa Missouri. Moragonyana ga foo gape, o ne, ka dinako tse dingwe, a dira jaaka moatlhodi yo o kgethegileng mo Eighth Judicial Circuit Court ya Missouri. Ke ka ntlha ya moo a ileng a felela a itsiwe jaaka “Moatlhodi” Rutherford.

Se se kgatlhang ke gore, gore a kgone go ituelela kwa sekolong, Rutherford o ne a tsamaya ka ntlo le ntlo a rekisa disaetlopedia. Eno e ne e se tiro e e motlhofo—batho ba le bantsi ba ne ba sa di batle. Mo lekgetlong lengwe o ne a batla a swa ka nako ya fa a ne a wela mo molapong o o neng o na le metsi a a suleng dikgapetla jaaka fa a ne a tsamaya a di rekisa mo dipolaseng. O ne a ipolelela gore ka nako ya fa a tla bo e le ramolao, fa go ne go ka tla motho ope fela mo kantorong ya gagwe a rekisa dibuka, o ne a tla di reka. Tumalanong le mafoko a gagwe, o ne a reka dibolumo di le tharo tsa “Millennial Dawn” go tswa mo bathong ba bangwe ba babedi bao ba neng ba rekisa dibuka tsa bodumedi bao ba neng ba tla mo kantorong ya gagwe mo tshimologong ya ngwaga wa 1894. Morago ga dibeke di le mmalwa o ne a bala dibuka tseno mme o ne a kwalela Mokgatlho wa Watch Tower lekwalo ka bonako, leo mo go lone a neng a bolela jaana: “Nna le mosadi wa me yo o rategang re badile dibuka tseno re di kgatlhegela tota, re di leba jaaka tseo di rometsweng ke Modimo le gore ke lesego le le seng kana ka sepe mo go rona go bo re ile ra nna le tshono eno ya go kopana natso.” Ka ngwaga wa 1906, Joseph F. Rutherford o ne a kolobediwa, mme ngwaga moragonyana o ne a nna mogakolodi wa Mokgatlho wa Watch Tower mo dilong tsa semolao.

[Lebokoso/Setshwantsho mo go tsebe 69]

‘Ga Go Na Banna Bape mo Lefatsheng Bao Ba Neng Ba Ratiwa Segolo’

Ka June 21, 1918, J. F. Rutherford le ba bangwe ba le mmalwa bao ba neng ba dira gaufi thata nae ba ne ba atlholelwa dingwaga di le 20 mo kgolegelong, ka go bo ba ne ba tshwerwe ka ntlha ya ditatofatso tsa maaka tsa gore ba ne ba loga maano a boferefere. Ba ne ba ikutlwa jang kaga seno? Mo lekwalonyaneng le le kwadilweng ka letsogo la letlha la June 22-23 (le le supilweng fa tlase), go tswa kwa kgolegelong ya Raymond Street kwa Brooklyn, kwa New York, Mokaulengwe Rutherford o ne a kwala jaana: “Kwantle ga pelaelo ga go na banna bape gompieno mo lefatsheng bao ba ratiwang segolo le bao ba itumetseng thata go gaisa bakaulengwe ba le supa bao ba leng mo kgolegelong gone jaanong. Ba a itse gore ga go na molato opeope oo ba o dirileng wa gore ba dirile phoso nngwe ka bomo, ebile ba itumelela gore ba boga mmogo le Keresete ka ntlha ya go Mo direla ka boikanyegi.”

[Lebokoso mo go tsebe 70]

Batho Bao Ba Amilweng Ke Pogiso Eo E Tlhotlheleditsweng Ke Baruti

Mo bogareng jwa ngwaga wa 1918, J. F. Rutherford le balekane ba gagwe ba le supa ba ne ba le mo kgolegelong—e le batho bao ba amilweng ke kganetso eo e tlhotlheleditsweng ke baruti. Mme lefa go ntse jalo e ne e se banna ba ba robedi bao fela bao ba neng ba amilwe ke letlhoo le le ntseng jalo. Mo dingwageng tsa pele e ne e ntse e le C. T. Russell yoo segolobogolo a neng a tlhaselwa ke baruti le digopa. Jaanong Baithuti ba Bibela ka bobone ba ne ba tlhaselwa le bone. “The Golden Age” (eo gone jaanong e bidiwang “Tsogang!”) ya September 29, 1920, e ne e na le pego e telele e e neng e kwadilwe ka phepafalo, eo e neng e le malebana le pogiso e e setlhogo eo ba neng ba e itshokela kwa United States. E ne e balega jaaka sengwe se se tswang kwa Kgotlatshekelo E E Kgatlhanong le Boikeodi.g E ne e na le dipego tse di latelang:

“Ka April 22, 1918, kwa Wynnewood, kwa Oklahoma, Claud Watson o ne a latlhelwa pele mo kgolegelong mme morago ga moo o ne a ntshiwa mme a neelwa segopa seo se neng se na le bareri, borraakgwebo le batho ba bangwe ba le mmalwa gore se mo tlhasele mme se ne sa mo latlhela fa fatshe, sa bo sa laela montsho mongwe gore a mo itee mme, ka nako ya fa a ne a rarabologetswe go sekae, a mo itee gape. Morago ga moo ba ne ba tshela mmele otlhe wa gagwe ka sekonotere le diphofa, ba tshasa moriri wa gagwe le letlalo la gagwe la tlhogo ka sekonotere seno.”

“Ka April 29, 1918, kwa Walnut Ridge, kwa Arkansas, W. B. Duncan, yo o neng a na le dingwaga di le 61, Edward French, Charles Franke, Rre Griffin le Mme D. Van Hoesen ba ne ba latlhelwa mo kgolegelong. Segopa seo se neng se bua puo e e ferosang sebete ya matlhapa se ne sa thuba mo kgolegelong mme sa tsena, sa ba itaya, sa ba tshela ka sekonotere, sa ba tlatsa diphofa mme sa ba leleka go tswa ka toropo. Duncan o ne a patelesega gore a tsamaye [dikilometara di le 42] go ya kwa legaeng la gagwe mme o ne a fola go sekae. Griffin ene o ne a foufala mme dikgwedi di le mmalwa moragonyana, o ne a swa ka ntlha ya go tlhaselwa gono.”

“Ka April 30, 1918, . . . kwa Minerva, kwa Ohio, S. H. Griffin o ne a latlhelwa pele mo kgolegelong mme morago ga moo o ne a gololwa mme o ne a neelwa segopa gore se mo tlhasele, go tswa foo moruti o ne a fetsa metsotso e le sometlhano a mo rerela, morago ga moo ba ne ba mo itaya kgapetsakgapetsa, ba mo tlhapatsa, ba mo raga, ba mo gataka ka ditlhako, ba mo tshosetsa ka gore ba tla mo kaletsa le ka gore ba tla mo nwetsa mo tamong, ba mo leleka go tswa ka toropo, ba mo kgwela mathe, ba mo kgopa kgapetsakgapetsa, ba mo tlhaba gangwe le gape ka sekhukhu, ba ne ba mo itsa go dirisa sepalangwa, o ne a latelwa [dikilometara di le robedi] go ya kwa Malvern, kwa Ohio, a tshwarwa gape, mme a tsenngwa mo kgolegelong kwa Carrollton gore a se ka a tlhagisediwa kotsi epe mme kwa bofelong o ne a isiwa gae ke batlhankedi ba ba pelokgale le ba ba ikanyegang bao, morago ga fa ba sena go sekaseka dibuka tsa gagwe, ba neng ba bua jaana ba sa fetse, ‘Ga re bone molato ope mo monneng yono.’”

[Ntlhanyana e e kwa tlase]

g Ditsebe 712-17.

[Setshwantsho mo go tsebe 64]

Ka October 31, 1916, Charles Taze Russell yo o nang le dingwaga di le 64 o ne a tlhokafalela mo tereneng kwa Pampa, kwa Texas; dipampiri tse dintsi tsa dikgang di ne tsa bega ka phitlho ya gagwe

[Setshwantsho mo go tsebe 66]

J. F. Rutherford o ne a na le seriti, a le boleele jwa dimetara di le 1,88 ebile a le boima jwa dikilogerama di le 102

[Setshwantsho mo go tsebe 69]

Kgolegelo e e mo Raymond Street, kwa Brooklyn, mo New York, eo Mokaulengwe Rutherford le ba bangwe ba le mmalwa bao ba neng ba dira gaufi thata nae ba neng ba tsentswe mo go yone malatsi a le supa ao ka bonako morago ga one ba neng ba atlholwa

[Setshwantsho mo go tsebe 71]

Thomas (Bud) Sullivan o ne a etela diofisi tsa ntlokgolo ka ngwaga wa 1918 mme kgabagare o ne a nna leloko la Setlhopha Se Se Laolang sa Basupi ba ga Jehofa

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela