LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • jv kgao. 10 ts. 120-148
  • Go Gola mo Kitsong e e Tlhomameng ya Boammaaruri

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Go Gola mo Kitsong e e Tlhomameng ya Boammaaruri
  • Basupi ba ga Jehofa—Baboledi ba Bogosi jwa Modimo
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Go Letla Lesedi Gore Le Phatsime
  • Bibela—Ruri Ke Lefoko la Modimo
  • Go Itse Modimo wa Boammaaruri
  • Go Anaanela Leina la Modimo go A Oketsega
  • Go Senola Thuto ya Tharonngwe
  • Boemo jwa Baswi Ke Bofe?
  • Go Lebisa “Lethompo” mo Diheleng
  • Setlhabelo sa Thekololo sa ga Jesu Keresete
  • Ba Ne Ba Gatela Pele, Ba Sa Tlamelelwa Ke Melawana ya Bodumedi
  • Mokgwa O Morena A Tlileng go Boa ka One
  • Bokhutlo jwa Metlha ya Baditšhaba
  • A “Tshupanako ya Alamo” E Ile ya Lela Pele Ga Nako?
  • Bogosi jwa Modimo, Tsholofelo E Le Yosi Fela ya Batho
  • Ntwa ya Letsatsi Le Legolo la Modimo Mothatayotlhe
  • A Modimo O Ne A Tla Busetsa Bajuda kwa Palesetina?
  • Selo Seo Se Dirisiwang go Ruta Batlhanka ba ga Jehofa
  • Lesedi Le Ntse Le Phatsimela Pele
  • Go Lekwa le go Feferwa go Tswa mo Teng
    Basupi ba ga Jehofa—Baboledi ba Bogosi jwa Modimo
  • Go Bolela Kaga go Boa ga Morena (1870-1914)
    Basupi ba ga Jehofa—Baboledi ba Bogosi jwa Modimo
  • Bogosi bo Tlhomiwa Kwa Legodimong
    Bogosi Jwa Modimo bo a Busa!
  • Tsela ya go Boela Modimong wa Boammaaruri
    Matsapa a a Tserweng ke Motho go Batla Modimo
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Basupi ba ga Jehofa—Baboledi ba Bogosi jwa Modimo
jv kgao. 10 ts. 120-148

Kgaolo 10

Go Gola mo Kitsong e e Tlhomameng ya Boammaaruri

BOIKAELELO jwa Basupi ba ga Jehofa ga se go simolola dithuto tse disha, mokgwa o mosha wa go obamela, bodumedi jo bosha. Go na le moo, hisitori ya bone ya motlha wa segompieno e bontsha gore ba leka ka kelotlhoko go ruta dilo tse di fitlhelwang mo Bibeleng, eo e leng Lefoko la Modimo le le tlhotlheleditsweng. Ba e dirisa jaaka motheo wa dilo tsotlhe tseo ba di dumelang le wa tsela e ba tshelang ka yone. Go na le gore ba tlhome dilo tseo di tshwanetseng go salwa morago tse di letlang mongwe le mongwe go itirela se a se ratang tsa lefatshe leno la segompieno, ba ile ba batla gore ba latele thata dilo tseo Bibela e di rutang le go dira dilo jaaka di ne di dirwa ke Bakeresete ba lekgolo la ntlha la dingwaga.

Mo tshimologong ya dingwaga tsa bo1870, Charles Taze Russell le ditsala tsa gagwe ba ne ba simolola go ithuta Bibela ka tlhoafalo. Ba ne ba lemoga sentle gore Labokeresete e ne e katogetse kgakala fela thata le dithuto mmogo le ditiro tsa Bokeresete jwa pele. Mokaulengwe Russell ga a ka a iphaka gore e ne e le ene wa ntlha go lemoga seno, ebile o ile a leboga batho ba bangwe fela a sa tshabe a ba lebogela go mo thusa ga bone mo dingwageng tsa fa a ne a simolola go ithuta Dikwalo. O ne a bua ka tsela e e bontshang gore o ne a anaanela tiro e e molemo eo e neng e dirilwe ke mekgatlho e e farologaneng ya Mokgatlho wa Bodumedi wa Diphetogo, oo boikaelelo jwa one e neng e le go letla gore lesedi la boammaaruri le phatsime thata. O ne a umaka banna ba bagolo mo go ene ka maina, ba ba jaaka Jonas Wendell, George Stetson, George Storrs, le Nelson Barbour, yoo a ileng a mo thusa ka namana ka ditsela tse di farologaneng gore a tlhaloganye Lefoko la Modimo.a

Gape o ne a tlhalosa jaana: “Dithuto tse di farologaneng tseo re di dumelang le tseo di lebegang di le disha thata ebile di farologane di ne di dumelwa ka tsela nngwe e e farologaneng bogologolo: ka sekai—Go Tlhopha, Go Utlwelwa Botlhoko Mahala, Tsosoloso, Go Kaiwa o Siame, Go Itshekisiwa, Go Galalediwa, Go Tsoga ga Baswi.” Lefa go ntse jalo, gantsi go ne go tlwaelegile gore setlhopha sengwe sa bodumedi se tlhaolwe ka go tlhaloganya ga sone boammaaruri bongwe jo bo mo Bibeleng ka phepafalo; fa se sengwe sone se ne se tlhaolwa ka boammaaruri bongwe jo bo farologaneng. Go tswelela pele ga bone go ne ga nna ga kgoreletsega gangwe le gape ka go bo ba ne ba ngaparetse dithuto le dikgopolo tseo di neng di na le ditumelo tseo di neng di tletsetletse kwa Babelona le Egepeto wa bogologolo kana tseo di neng di tserwe mo batlhalefing ba Bagerika.

Mme lefa go ntse jalo ke setlhopha sefe seo moya wa Modimo o neng o se thusa gore se kgone go bona kgato ka kgato “sekaō” sotlhe “sa mahoko a a tshedileñ” ao a neng a tshegediwa ke Bakeresete ba lekgolo la ntlha la dingwaga? (2 Tim. 1:13) Ke bomang bao mo go bone go neng go tla itshupa go le boammaaruri gore tselana ya bone e ne e “nntse yaka lesedi ye le phatsimañ, ye le phatsimèlañ pele hèla go ea motshegariñ o mogolo”? (Dia. 4:18) Ke bomang bao tota ba neng ba tla dira tiro eo Jesu a neng a laela gore e dirwe ka nako ya fa a ne a re: “Lo tla nna bashupi ba me . . . go ea hèla kwa sekhutloñ sa lehatshe”? Ke bomang bao ba neng ba se kitla ba dira barutwa fela mme gape ba neng ‘ba tla ba ruta gore ba tlhokomele dilo tsotlhe’ tseo Jesu a ileng a laela gore di dirwe? (Dit. 1:8; Math. 28:19, 20) A ruri e ne e setse e le nako ya gore Morena a kgaoganye Bakeresete ba boammaaruri bao a neng a ba tshwantsha le mabele le ba eseng bone bao a neng a ba bitsa mohoka (totatota, e ne e le mofuta wa mohoka o o tshwanang fela thata le mabele di farologana fela fa di sena go gola)?b (Math. 13:24-30, 36-43) Ke mang yo o neng a tla itshupa e le “motlhanka eo o boikañō le eo o botlhale” yoo Mong wa gagwe, Jesu Keresete, yoo fa ka nako e a tla bong e le kgosi mo Bogosing, a neng a tla mo naya boikarabelo jo bo oketsegileng jwa tiro eo e neng ya bolelelwa pele gore e tla dirwa mo bokhutlong jwa tsamaiso eno ya dilo?—Math. 24:3, 45-47.

Go Letla Lesedi Gore Le Phatsime

Jesu o ne a laela barutwa ba gagwe gore ba abele ba bangwe lesedi la boammaaruri jwa bomodimo leo ba ileng ba le amogela go tswa mo go ene. “Ke lona lesedi ya lehatshe,” o ne a bolela jalo. “A lesedi ya lona le phatsimè ha pele ga batho.” (Math. 5:14-16; Dit. 13:47) Charles Taze Russell le ditsala tsa gagwe ba ile ba lemoga gore ba ne ba patelesega gore ba dire seo.

A ba ne ba dumela gore ba ne ba itse dikarabo tsa sengwe le sengwe, gore a ba ne ba na le lesedi le le feletseng la boammaaruri? Mokaulengwe Russell o ne a araba potso eo jaana ka tlhamalalo: “Gotlhelele nnyaa; ebile ga re kitla re nna le tsone go fitlha go nna ‘motshegare o mogolo.’” (Dia. 4:18, KJ) Gangwe le gape ba ne ba tlhalosa dilo tseo ba di dumelang tseo di leng mo Dikwalong jaaka “boammaaruri jwa gone jaanong”—eseng ka kgopolo epe ya gore boammaaruri ka bojone bo a fetoga mme go na le moo ka tlhaloganyo ya gore ba ne ba bo tlhaloganya kgato ka kgato.

Baithuti ba ba tlhoafetseng bano ba Bibela ga ba a ka ba itlhokomolosa ntlha ya gore go na le selo se go ka tweng ke boammaaruri mo dikgannyeng tsa bodumedi. Ba ile ba lemoga gore Jehofa ke “Modimo oa boamarure” le gore Bibela ke Lefoko la gagwe la boammaaruri. (Pes. 31:5; Yosh. 21:45; Yoh. 17:17) Ba ne ba lemoga gore go ne go na le dilo tse dintsi tseo ba neng ba sa di itse, mme lefa go ntse jalo ga ba a ka ba ikgogona go tlhalosa dilo tseo ba neng ba di ithuta go tswa mo Bibeleng ba tlhatswegile pelo. Mme ka nako ya fa dithuto tsa ngwao tsa bodumedi le ditlwaelo tsa teng di ne di ganetsa seo ba se fitlhetseng se tlhalosiwa ka phepafalo mo Lefokong le le tlhotlheleditsweng la Modimo, he ba ne ba etsa Jesu Keresete ka go senola maaka a tsone, le eleng lefa seno se ile sa dira gore ba sotlwe le go tlhoiwa ke baruti.—Math. 15:3-9.

C. T. Russell o ne a simolola go gatisa makasine wa Zion’s Watch Tower and Herald of Christ’s Presence ka July 1879, gore a fitlhelele batho ba bangwe le go ba otla ka dilo tsa semoya.

Bibela—Ruri Ke Lefoko la Modimo

Tsela e Charles Taze Russell a neng a ikanya Bibela ka yone e ne e se kgang fela ya go dumela dikgopolo tsa dingwao tseo batho ba bantsi ba neng ba di dumela ka nako eo. Go farologana le seno, selo seo batho ba le bantsi ba neng ba rata go se dira thata ka nako eo e ne e le go tshwaya diphoso thata. Batho bao ba neng ba tshwaya diphoso thata ba ne ba sa dumele gore pego ya Bibela e ka ikanngwa.

Russell o ne a tsena Kereke ya Congregational ka nako ya fa a ne a sa le mosha ebile o ne a dira ditiro tsa yone a le tlhaga, mme go sa utlwaleng ga dithuto tsa yone tsa dingwao go ne ga dira gore a simolole go belaela. O ne a lemoga gore dilo tseo a ileng a di rutiwa di ne di sa kgone go tshegediwa ka tsela e e kgotsofatsang ka mabaka a a utlwalang a a tswang mo Bibeleng. Ka gone o ne a kgaogana le dithuto tsa motheo tsa kereke, mme a di tlogela jalo a bo a tlogela le Bibela. Morago ga moo o ne a simolola go sekaseka ditumelo tse dikgolo tsa Botlhaba, mme le tsone di ne di sa kgotsofatse. Morago ga moo o ne a simolola go ipotsa gore a e seng gore gongwe dithuto tsa motheo tsa Labokeresete di ne di tlhalosa Bibela ka tsela e e phoso. Ka go bo a ne a kgothaditswe ke seo a ileng a se utlwa mo maitsiboeng mangwe kwa kokoanong eo e neng e tshwerwe ke maloko a kereke ya Adventist, o ne a simolola go ithuta Dikwalo ka thulaganyo. Dilo tseo a neng a simolola go di tlhaloganya kgato ka kgato e ne ruri e le Lefoko la Modimo le le tlhotlheleditsweng.

O ne a simolola go kgatlhiwa fela thata ke go utlwana ga Bibela yotlhe a bo a kgatlhiwa gape ke Botho jwa yoo a neng a tlhaolwa jaaka Mokwadi wa yone wa Bomodimo. Gore a thuse batho ba bangwe gore ba solegelwe molemo ke seno, o ne kgabagare a kwala buka e e bidiwang The Divine Plan of the Ages mme a e gatisa ka ngwaga wa 1886. Mo go yone, o ne a akaretsa motlotlo o moleele thata o o neng o thailwe mo setlhogong se se reng “Go Leba Bibela go Ya ka Mabaka Ereka E Senotswe Ke Modimo.” O ne a tlhalosa jaana ka phepafalo go ya kwa bokhutlong jwa kgaolo eo: “Boteng le nonofo le botlhale le bogolo jwa bosupi jwa Bibela di re tlhatswa pelo gore mokwadi wa dithulaganyo tsa yone le dilo tse e di senolang ga se motho, mme ke Modimo Mothatayotlhe.”

Go ikanya Bibela yotlhe jaaka Lefoko la Modimo go tswelela pele e le motheo wa dilo tseo Basupi ba ga Jehofa ba motlha wa segompieno ba di dumelang. Gongwe le gongwe kwa ba leng teng mo lefatsheng, ba na le dilo tseo di ba thusang go ithuta tseo di ba thusang ka namana gore ba kgone go sekaseka bosupi jo bo bontshang gore e tlhotlheleditswe. Dikarolo tsa kgang eno di tlotliwa gangwe le gape mo dimakasineng tsa bone. Ba ne ba gatisa buka e e bidiwang Is the Bible Really the Word of God? ka 1969. Morago ga dingwaga di le masome a mabedi, buka e e bidiwang Bibela—A Ke Lefoko la Modimo Kana Ke la Batho? e ne ya sekaseka sesha kgang ya gore Bibela e boammaaruri, e ne ya ntsha bosupi jo bo oketsegileng jwa seno, ya bo ya konela ka tsela e e tshwanang ya gore: Ruri Bibela ke Lefoko la Modimo le le tlhotlheleditsweng. E nngwe ya dibuka tsa bone, eo e neng ya gatisiwa la ntlha (ka Seesemane) ka 1963 mme ya tokafadiwa ka 1990, ke e e bidiwang “Lokwalo Longwe le Longwe Lo Tlhotlheleditswe ke Modimo Ebile Lo Mosola.” Dintlha tse di oketsegileng di fitlhelwa mo saetlopedieng ya bone ya Bibela, e e bidiwang Insight on the Scriptures, e e gatisitsweng ka 1988.

Ka ntlha ya go ithuta ga bone dibuka tse di ntseng jalo ka namana le go di ithuta mmogo jaaka phuthego, ba tlhatswegile pelo gore le mororo go ile ga dirisiwa banna ba ba ka nnang 40 mo lobakeng lwa makgolo a le 16 a dingwaga go kwala seo se leng mo dibukeng tse 66 tsa Bibela, Modimo ka boene o ile a kaela ka tlhagafalo go kwalwa ga dibuka tseno ka moya wa gagwe. Moaposetoloi Paulo o ne a kwala jaana: ‘Lokwalo longwe le longwe lo tlhotlheleditswe ke Modimo.’ (2 Tim. 3:16; 2 Pet. 1:20, 21) Go tlhatswega pelo kaga seno go tlhotlheletsa matshelo a Basupi ba ga Jehofa ka tsela e e nonofileng fela thata. Lekwalodikgang la kwa Boritane le ne la tlhalosa jaana ka nako ya fa le ne le akgela kaga seno: “Sengwe le sengwe seo Mosupi a se dirang se a bo se tshegediwa ke Dikwalo. Eleruri, selo se le sengwe fela sa konokono seo ba se dumelang ke gore Bibela . . . e boammaaruri.”

Go Itse Modimo wa Boammaaruri

Jaaka fa Mokaulengwe Russell le ditsala tsa gagwe ba ne ba ntse ba ithuta Dikwalo, ga go a ka ga ba tsaya lobaka lo loleele go lemoga gore Modimo yo go buiwang ka ene mo Bibeleng ga se modimo wa Labokeresete. Eno e ne e le kgang e e botlhokwa ka gonne, jaaka fa Jesu Keresete a ile a bolela, batho ba ka lebelela go bona botshelo jo bo sa khutleng fela fa ba itse Modimo o e leng one fela wa boammaaruri le yoo a mo romileng, Moemedi wa gagwe yo Mogolo wa poloko. (Yoh. 17:3; Baheb. 2:10) C. T. Russell mmogo le setlhopha seo se neng se ithuta Bibela nae ba ne ba lemoga gore tshiamiso ya Modimo e lekalekana ka tsepamo le botlhale jwa bomodimo, lorato, le nonofo ya gagwe, le gore o bontsha dinonofo tseno mo ditirong tsotlhe tseo a di dirang. Ba ne ba kwala kgang e e buang ka gore ke ka ntlha yang fa bosula bo letlilwe go tswelela ba ikaegile ka kitso eo ba neng ba na le yone ka nako eo kaga boikaelelo jwa Modimo, mme ba ne ba tsenya kgang eno mo nngweng ya dikgatiso tsa bone tsa ntlhantlha tseo di neng tsa phasaladiwa ka selekanyo se segolo go gaisa, buka e e nang le ditsebe di le 162 e e bidiwang Food for Thinking Christians e e neng ya gololwa la ntlha e le sekaelo se se kgethegileng le Zion’s Watch Tower ka September 1881.

Go ithuta ga bone Lefoko la Modimo go ne ga ba thusa gore ba lemoge gore Mmopi o na le leina la gagwe ka namana le gore o dira gore batho ba kgone go mo itse le go ipelela kamano e e atamalaneng thata nae. (1 Ditih. 28:9; Isa. 55:6; Yak. 4:8) Makasine wa Tora ya Tebelo (ka Seesemane) wa October le November 1881 o ne wa tlhalosa jaana: “JEHOFA ga se leina la ga ope fa e se la Mogodimodimo—Rraarona, yoo Jesu a neng a mmitsa Rara le Modimo.”—Pes. 83:18; Yoh. 20:17.

Mo ngwageng o o latelang, ka nako ya fa makasine ono o ne o araba potso e e reng, “A lo bolela gore Bibela ga e rute gore go na le batho ba le bararo mo Modimong a le mongwe fela?” o ne wa araba jaana: “Ee: Go farologana le seno, e re bolelela gore go na le Modimo o le mongwe fela le Rraagwe Morena wa rona Jesu Keresete yoo dilo tsotlhe di emeng ka ene (kana yo o tlhodileng dilo tsotlhe). Ka gone, re dumela mo Modimong o le Mongwe fela le Rara, le mo go Morena Jesu Keresete a le mongwe fela . . . Mme lefa go ntse jalo bano ke batho ba babedi mme ga se motho a le mongwe fela. Ba bangwe fela ka tlhaloganyo ya gore ba a utlwana. Gape, re dumela mo moweng wa Modimo . . . Mme lefa go ntse jalo one ga se motho fela jaaka mowa wa bodiabolo le mowa wa Lefatshe le mowa wa Moganetsakeresete le yone e se batho.”—Zion’s Watch Tower, June 1882; Yoh. 17:20-22.

Go Anaanela Leina la Modimo go A Oketsega

Baithuti bao ba Bibela ba ne ba simolola go lemoga ka bonya ka bonya kafa Dikwalo tse di tlhotlheleditsweng di neng di tlotlomatsa ka teng leina la Modimo ka namana. Mo Seesemaneng, thanolo ya Bibela ya Douay ya Roma Katoliki le ya King James ya Porotesetanta di ile tsa dira gore leina leo le se ka la tlhagelela sentle, fela jaaka bontsi jwa dithanolo mo dipuong di le dintsi di ile tsa dira jalo moragonyana mo lekgolong leno la dingwaga la bo 20. Mme lefa go ntse jalo dithanolo tse di farologaneng mmogo le dibuka tsa Bibela tsa tshupiso di ne tsa neela bosupi jo bo bontshang gore leina la ga Jehofa le tlhaga ka makgetlo a le diketekete mo mokwalong wa puo ya ntlhantlha—totatota, le tlhaga gantsi thata go gaisa leina lepe fela le lengwe, ebile le tlhaga gantsi thata go gaisa makgetlo otlhe ao direto tse di ntseng jaaka Modimo le Morena di tlhagang ka one di kopantswe mmogo. Jaaka ‘batho ba leina la gagwe,’ go anaanela ga bone leina la Modimo go ne ga oketsega. (Dit. 15:14) Mo makasineng wa Tora ya Tebelo wa January 1, 1926 (ka Seesemane), ba ne ba tlhalosa seo ba ileng ba se lemoga e le kgangkgolo eo motho mongwe le mongwe a tshwane-tseng a lebana nayo, e e reng, “Ke Mang Yo O Tla Tlotlang Jehofa?”

Go gatelela ga bone leina la Modimo e ne e se sengwe fela sa bodumedi se ba se itseng. Jaaka fa go tlhalositswe mo bukeng e e bidiwang Prophecy (e e gatisitsweng ka 1929), kgangkgolo e e boitshegang e e lebaneng dibopiwa tsotlhe tse di botlhale e akaretsa leina la ga Jehofa Modimo le lefoko la gagwe. Basupi ba ga Jehofa ba gatelela gore Bibela e bontsha gore mongwe le mongwe o tshwanetse go itse leina la Modimo a bo a le tshole le le boitshepo. (Math. 6:9; Esek. 39:7) Go tshwanetse ga tlosiwa kgobo yotlhe eo batho ba ileng ba le kgoba ka yone, eseng fela ya bao ba ntseng ba gwetlha Jehofa ba sa tshabe mme gape bao ba ntseng ba mo tlhalosa ka tsela e e phoso ka dithuto tsa bone le ditiro tsa bone. (Esek. 38:23; Bar. 2:24) Basupi ba lemoga ka mabaka a a tswang mo Dikwalong gore lobopo lotlhe le bao ba agileng mo go lone ba tla itekanela fela fa leina la ga Jehofa le ka tlotlomadiwa.

Ba lemoga gore pele Jehofa a tsaya kgato go bolaya batho ba ba bosula, basupi ba gagwe ba na le boikarabelo le tshiamelo ya go bolelela ba bangwe boammaaruri kaga gagwe. Basupi ba ga Jehofa ba ntse ba dira seo lefatshe ka bophara. Ba ntse ba dira boikarabelo joo ba tlhoafetse fela thata mo e leng gore motho ope fela yo o dirisang leina Jehofa a sa tshabe mo merafeng yotlhe, o tlhaolwa ka bonako fela jaaka yo mongwe wa Basupi ba ga Jehofa.

Go Senola Thuto ya Tharonngwe

Jaaka basupi ba ga Jehofa, C. T. Russell le ditsala tsa gagwe ba ne ba ikutlwa gore ba ne ba na le boikarabelo jwa go senola dithuto tseo di neng di tlhalosa Modimo ka tsela e e phoso, gore ba thuse batho ba ba ratang boammaaruri go lemoga gore dithuto tseno ga di a thaiwa mo Bibeleng. E ne e se bone ba ntlha go lemoga gore thuto ya Tharonngwe ga e a thaiwa mo Dikwalong,c mme lefa go ntse jalo ba ne ba lemoga gore ba ne ba tla itshupa e le batlhanka ba ba ikanyegang ba Modimo fa ba ne ba ka dira boikarabelo joo ba neng ba na najo jwa go bolela boammaaruri ka thuto eno. Ba ne ba upolola ka bopelokgale gore thuto eno ya konokono ya Labokeresete e tswa kwa boheitaneng e le gore batho botlhe ba ba ratang boammaaruri ba tle ba solegelwe molemo.

Makasine wa Tora ya Tebelo (ka Seesemane) wa June 1882 o ne wa tlhalosa jaana: “Batlhalefi ba le bantsi ba baheitane bao ba fitlhelang gore go ne go tla bo go le botlhale go nna seoposengwe fela le batho ba le bantsintsi ba bodumedi jo e leng gone bo nnang teng [mofuta wa Bokeresete o o neng o tshegediwa ke babusibagolo ba Roma mo lekgolong la bone la dingwaga C.E.], ba ne ba bo direla tsela nngwe e e motlhofo ya go tsena mo go jone ka go leka go batla dilo tseo Bokeresete bo tshwanang ka tsone le Boheitane, gore ba tle ba di tswakanye. Ba ne ba atlega fela thata. . . . Ereka thutabomodimo ya bogologolo e ne e na le medimo e mentsi e megolo, eo e neng e na le batho ba ba nonofileng ba ba neng ba lejwa jaaka medimo ba banna le basadi, Bakeresete ba Baheitane (fa re tlhama lefoko le lesha leo re ka ba bitsang ka lone) ba ne ba simolola go dira lenaane le lengwe gape la thutabomodimo e ntšha. Ka gone, mo nakong eno go ne ga tlhamiwa thuto ya Medimo e meraro—Modimo Rara, Modimo Morwa, le Modimo Moya O O Boitshepo.”

Bangwe ba baruti ba ne ba leka go dira gore thuto ya bone e nne jaaka ekete e thailwe mo Bibeleng ka go nopola ditemana tse di jaaka 1 Yohane 5:7, mme lefa go ntse jalo Mokaulengwe Russell o ne a ntsha bosupi jo bo bontshang gore bakanoki ba ne ba itse sentle gore karolo ya temana eo e ne e itsenyeditswe, mokwadi o ne a tsenya ntlha e e phoso gore a tshegetse thuto eo e e sa fitlhelweng gope mo Dikwalong. Batho ba bangwe ba ba tshegetsang thuto ya Tharonngwe ba ne ba dirisa lekwalo la Yohane 1:1, mme lefa go ntse jalo makasine wa Tora ya Tebelo o ne wa tlhalosa lekwalo leo o ikaegile ka seo temana eno le ditemana tse di e dikologileng di se buang go bontsha gore e ne e sa tshegetse thuto ya Tharonngwe ka gope. Tumalanong le seno, makasine wa Tora ya Tebelo (ka Seesemane) o ne wa bolela jaana mo tokololong ya one ya July 1883: “Fa batho ba ne ba ile ba ithuta Bibela go feta dibuka tse di kwadilweng ke kereke ba ka bo ba ile ba tlhaloganya kgang eno ka phepafalo fela botlhe. Thuto ya tharonngwe e kgatlhanong le Dikwalo fela thata.”

Mokaulengwe Russell o ne a senola ka bopelokgale boeleele jwa gore motho a ipolele gore o dumela Bibela mme a ntse a ruta thuto e e jaaka ya Tharonngwe, eo e ganetsang seo Bibela e se bolelang. Ke gone ka moo a ileng a kwala jaana: “Abo batho ba ba reng Jesu le Rara ke Modimo a le mongwe fela ruri ba iphitlhela ba dumela dilo tse di raraaneng jang ne tse di ikganetsang le tse di tlhakanyang tlhogo! Seno se tla akaretsa kgopolo ya gore Morena wa rona Jesu o ne a itimokanya ka nako ya fa a ne a le mo lefatsheng le gore o ne a itira jaaka ekete o bua le Modimo ka thapelo fa Ene ka Boene e ne e le one Modimo oo. . . . Gape, Rara ke motho wa bosasweng, ke sone seo a ka se kang a swa. Ka gone, go ka bo go ile ga tla jang gore Jesu a swe? Baaposetoloi botlhe fela ke basupi ba maaka ka ntlha ya go bolela ga bone gore Jesu o ne a swa a bo a tsosiwa fa e le gore Ene ga a ka a swa. Lefa go ntse jalo, Dikwalo tsone di bolela gore O ne a swa ruri.”d

Ke gone ka moo erileng kwa tshimologong ya hisitori ya bone ya motlha wa segompieno, Basupi ba ga Jehofa ba neng ba gana gotlhelele thuto ya Labokeresete ya Tharonngwe mme ba amogela thuto e e utlwalang sentle, e e itumedisang ya Bibela.e Tiro eo ba e dirileng gore ba anamise boammaaruri jono le go naya batho gongwe le gongwe tshono ya gore ba bo utlwe e kgolo fela thata go gaisa eo motho ope fela yo mongwe kana setlhopha sepe fela sa nako e e fetileng kana sa gone jaanong se kileng sa e dira.

Boemo jwa Baswi Ke Bofe?

Go simolola ka nako ya fa a ne a santse a le lekawana, C. T. Russell o ne a tshwenngwa thata ke seo se neng se tlile go diragala mo isagweng ka batho bao ba sa dirisang thulaganyo eo Modimo a e tlhomileng ya gore ba bolokiwe. Ka nako ya fa a ne a santse a le mosimanyana fela, o ne a dumela seo baruti ba neng ba se bolela ka molelo wa dihele; o ne a akanya gore ba ne ba rera Lefoko la Modimo. O ne a tle a tswe fa go le bosigo go ya go kwala ditemana tsa Bibela ka tšhoko fa go ka bonang mongwe le mongwe teng gore badiri bao ba neng ba feta foo ba di bone mme ba tlhagisiwe le go bolo-kiwa gore ba tle ba se ka ba atlholwa ka katlholo e e botlhoko ya go bogisiwa ka bosakhutleng.

Moragonyana, fa a sena go iponela ka boene seo totatota Bibela e neng e se ruta, mongwe wa ditsala tsa gagwe o ne a nopola mafoko ano a a neng a a bolela: “Fa e le gore totatota Bibela e ruta gore batho botlhe kwantle ga baitshepi ba tlile go atlholwa ka go bogisiwa ka bosakhutleng, he seo se tshwanetse go rerwa—ee, se tshwanetse sa bolelwa beke nngwe le nngwe, letsatsi lengwe le lengwe, ura nngwe le nngwe gore batho botlhe ba se utlwe; mme fa e le gore ga e rute jalo, boammaaruri bo tshwanetse jwa itsiwe, mme kgobo e e leswe eno e e tlontlololang leina le le boitshepo la Modimo e tlosiwe.”

Ka nako ya fa a ne a simolola go ithuta Bibela, C. T. Russell o ne a tlhaloganya ka phepafalo gore dihele ga se lefelo leo meya e bogisediwang kwa go lone morago ga loso. Go bonala a ile a thusiwa fela thata mo go seno ke George Storrs, morulaganyi wa makasine wa Bible Examiner, yoo Mokaulengwe Russell a ileng a mo umaka mo mekwalong ya gagwe a anaanela fela thata le yoo ka boene a ileng a kwala dilo tse dintsi kaga dilo tse a neng a di lemoga mo Bibeleng kaga boemo jwa baswi.

Mme go tweng ka moya? A Baithuti ba Bibela ba ile ba tshegetsa tumelo ya gore ke karolo ya motho e e sa bonaleng, sengwe seo se tswelelang pele se tshela fa mmele o sena go swa? Go farologana le seno, ka 1903, makasine wa Tora ya Tebelo (ka Seesemane) o ne wa tlhalosa jaana: “Re tshwanetse ra ela tlhoko gore thuto eno ga e bolele gore motho o na le moya, mme lefa go ntse jalo e bolela gore motho ke moya, kana setshedi. A re ko re tshwantsheng seno ka selo sengwe sa tlholego—mowa o re o hemang: o dirwa ke okosejene le naeterojene, mme ga go sepe sa tseno seo e leng [atemosefere], kana mowa; mme fa dilo tse pedi tseno di kopana, fa dikhemikhale tse di mo go tsone di kopana ka selekanyo se se tshwanetseng, se se bopegang foo ke atemosefere. Go ntse fela jalo le ka moya. Modimo o bua le rona a re leba ka tsela eno, gore mongwe le mongwe wa rona ke moya. Ga a bue le mebele ya rona kana mohemo o o re tshedisang, mme lefa go ntse jalo tota o bua le rona jaaka ditshedi tse di botlhale, kana meya. Ka nako ya fa a ne a bolela kotlhao ya go tlola molao wa gagwe, ga a ka a bua le mmele wa ga Adame ka mo go kgethegileng, mme lefa go ntse jalo o ne a bua le motho, moya, setshedi se se botlhale a re: ‘Gonne ka letsatsi le o jang ga sone ruri o tla swa.’ ‘Moya o o leofang go tla swa one.’—Gen. 2:17; Esek. 18:20.” Seno se ne se dumalana le seo makasine wa Tora ya Tebelo (ka Seesemane) o neng wa se tlhalosa bogologolo ka April 1881.f

Ka gone, go tlile jang gore go dumelwe gore batho ba na le meya mo teng mme ga e swe? Mosimolodi wa yone e ne e le mang? Fa a sena go sekaseka Bibela le hisitori ya bodumedi ka kelotlhoko, Mokaulengwe Russell o ne a kwala jaana mo makasineng wa Tora ya Tebelo (ka Seesemane) wa April 15, 1894: “Go bonala gore e ne e sa tswe mo Bibeleng . . . Bibela e bolela fela ka phepafalo gore motho o a swa, gore go a kgonega gore a swe. . . . Fa re sekaseka hisitori, re fitlhela gore, le mororo thuto e e bolelang gore motho ga a swe e sa rutiwe ke basupi ba ba tlhotlheleditsweng ba Modimo, ke yone thuto ya konokono ya ditumelo tsotlhe tsa boheitane. . . . Ka gone, ga se boammaaruri gore Socrates le Plato e ne e le bone ba ntlha go ruta thuto eno: e ne e na le motho yo o ileng a e ruta pele ga bone, ebile mo godimo ga moo, yo e neng e le setswerere tota. . . . Pego ya ntlha ya thuto eno ya maaka e fitlhelwa mo hisitoring ya bogologolo go di gaisa tsotlhe eo batho ba e itseng—Bibela. Moruti wa yone wa maaka e ne e le Satane.”g

Go Lebisa “Lethompo” mo Diheleng

Tumalanong le keletso e e nonofileng ya ga Mokaulengwe Russell ya go tlosa kgobo e e leswe mo leineng la Modimo eo e lerilweng ke thuto ya molelo wa dihele wa go bogisiwa ka bosakhutleng, o ne a kwala pampitshana e e nang le setlhogo se se reng, “A Dikwalo Di Ruta Gore Tuelo ya Boleo ke go Bogisiwa ka Bosakhutleng?” (The Old Theology, 1889) O ne a bolela jaana mo go yone:

“Kgopolo eno ya go bogisiwa ka bosakhutleng e ile ya simolola kwa boheitaneng, lefa go ntse jalo, mo baheitaneng e ne e se thuto ya bosetlhogo jaaka e ne ya nna morago ga foo, ka nako ya fa e ne e simolola go nna ya bao ba ipitsang Bakeresete ka iketlo mme e tlhakatlhakana le matlhajana a boheitane mo lekgolong la bobedi la dingwaga. Se botenegi jo bogolo bo ileng jwa se dira e ne e le go golaganya thuto e e tshosang eno le matlhajana a boheitane ao gone jaanong a dumelwang gongwe le gongwe, ba penta dithuto tseno mo maboteng a kereke, jaaka go ne ga dirwa kwa Yuropa, di tsenngwa mo dilong tseo ba di dumelang le mo difeleng tsa bone, mme ka go dira jalo ba sokamisa Lefoko la Modimo gore go nne jaaka ekete Modimo o ne a tshegetsa selo seo se se tlontlololang Modimo. Ka gone, bomadumelagotlhe ba motlha ono ba e amogela jaaka boswa, eseng jo bo tswang mo Moreneng, kana mo baaposetoloing, kana mo baperofeting, mme jaaka e e tswang mo moweng wa go dumadumela fela o o neng wa latlha boammaaruri le dintlha tsa bone tse di utlwalang, mme ba sokamisitse dithuto tsa Bokeresete, ka mokgwa o o sa siamang wa go eletsa maemo le go kgaratlhela go busa le go huma le go gapa palo e ntsi ya batho. Ditlhogo tsa lotso tsa metlha e e fetileng di ne di sa itse sepe kaga go otlhaelwa boleo ka go bogisiwa ka bosakhutleng; baperofeti ba motlha wa Bajuda ba ne ba sa itse sepe ka gone; ebile Morena mmogo le baaposetoloi le bone ba ne ba sa itse sepe ka gone; mme lefa go ntse jalo e ne ya nna thuto ya konokono ya Bao Ba Ipitsang Bakeresete fa esale botenegi jo bogolo bo simologa—sebetso seo ka sone lefatshe leo le dumelang sengwe le sengwe fela, leo le senang kitso le leo le tletseng ka tumelabotlhodi le weditsweng mo bokgobeng jwa go ikobela puso e e gatelelang. Batho botlhe bao ba neng ba gana puso ya Roma kana ba e nyatsa, ba ne ba bolelelwa gore ba tla bogisiwa ka bosakhutleng, ebile mahutsana a gone a ne a simolola mo botshelong jwa jaanong fa fela e ne e santse e laola.”

Mokaulengwe Russell o ne a lemoga sentle fela gore batho ba bantsi ba ba akanyang sentle ba ne ba sa dumele thuto ya molelo wa dihele. Mme lefa go ntse jalo, jaaka fa a ile a tlhalosa ka 1896, mo bukaneng e e bidiwang What Say the Scriptures About Hell? “ereka ba akanya gore Bibela e a di ruta, nako le nako fa ba tsaya kgato ba gatela pele mo go nneng le botlhale jwa mmatota le bopelonomi jwa bokaulengwe . . . gantsi e a bo e le kgato ya go katogela kgakala le Lefoko la Modimo, leo ba le pegang molato ka maaka a gore ke lone le rutang thuto eno.”

Gore a kgone go busetsa batho ba ba ntseng jalo ba ba akanyang mo Lefokong la Modimo, o ne a kwala mo bukaneng eno temana nngwe le nngwe eo e leng teng mo go King James Version eo lefoko dihele le neng le fitlhelwa mo go yone, gore batho bao ba neng ba e bala ba tle ba kgone go iponela ka bobone seo ditemana tseno di neng di se bolela, mme morago ga moo o ne a tlhalosa jaana: “Lebogang Modimo, re fitlhela go sena lefelo lepe le le ntseng jalo le batho ba bogisediwang kwa go lone ka bosakhutleng leo dithuto tsa bodumedi mmogo le dibuka tseo di kwadilweng ke dikereke, le baruti ba le bantsi di rutang ka lone ka phoso. Mme lefa go ntse jalo re fitlhetse go na le lefelo le go tweng ‘dihele,’ sheol, hades, leo lotso lotlhe lwa rona lo atlholetsweng go ya kwa go lone ka ntlha ya boleo jwa ga Adame, ebile e le lefelo leo loso lwa Morena wa rona lo gololang batho botlhe mo go lone; ebile ‘dihele’ tseo ke lebitla—boemo jwa motho fa a sule. Mme re fitlhela go na le ‘dihele’ tse dingwe gape (gehenna—loso lwa bobedi—go swela ruri) tseo re di tlhalosediwang jaaka katlholo ya bofelo eo e tlileng go diragadiwa mo go bao, ereng fa ba sena go gololwa le go leriwa mo kitsong e e tletseng ya boammaaruri, ebile ba kgona go bo tshegetsa ka botlalo, ba bo ba santse ba tla itlhophela go swa ka go tsaya tsela e e kgatlhanong le Modimo le tshiamo. Ebile dipelo tsa rona di a re Amen. Ditsela tsa gago di boammaaruri di bile di tshiamo, wena Kgosi ya merafe. Morena, ke mang yo o se kitlang a go boifa, a bo a galaletsa leina la gago? Gonne o boitshepo tota. Mme merafe yotlhe e tla tla go go obamela, gonne ditiro tsa gago tse di siameng di bonaditswe.”—Tshen. 15:3, 4.

Seo a neng a se ruta se ne se kgopisa baruti ba Labokeresete ebile se ne se ba tlhabisa ditlhong. Ka 1903 o ne a gwetlhiwa gore a tle go buelela seo phatlalatsa. Nngwe ya dikgang tseo C. T. Russell a neng a e tshwaraganetse le Dr. E. L. Eaton, yo o neng a direla jaaka mmueledi wa mokgatlho o o neng o sa kwadisiwa semolao wa baruti ba Porotesetanta kwa karolong e e kafa bophirima jwa Pennsylvania e ne e le ya boemo jwa baswi.

Ka nako ya fa ba ne ba tshwaraganetse dikgang tseo, Mokaulengwe Russell o ne a buelela kgang eo go neng go tlotliwa ka yone ka tsela e e nonofileng a re “loso ke loso, le gore tota batho ba re ba ratang fa ba re tlogela, eleruri ba sule, ga ba tshele le baengele kana le badimona kwa lefelong la tlalelo.” Go tshegetsa seno, o ne a umaka dikwalo tse di jaaka Moreri 9:5, 10; Baroma 5:12; 6:23; le Genesise 2:17. O ne a bolela gape jaana: “Dikwalo di dumalana ka botlalo le seo nna le wena le motho mongwe le mongwe yo o itekanetseng sentle mo tlhaloganyong, yo o botlhale mo lefatsheng a tla se dumelang gore Modimo wa rona ke motho yo o botlhale le yo o siameng. Ke eng seo se bolelwang ka Rraarona wa selegodimo? Gore o siame, o botlhale, o lorato, o nonofile. Batho botlhe bao e leng Bakeresete ba tla dumela dinonofo tseno tsa Modimo. Fa e le gore go ntse jalo, a tota ke selo se se nang le tlhaloganyo gore re tseye gore Modimo o siame lefa go ntse jalo a otlhaya sebopiwa seo se dirilweng ke Ene ka namana ka bosakhutleng, go sa kgathalesege gore se dirile boleo bofe? Ga ke bolele gore go dira boleo go siame; nna ka bonna ga ke tshelele mo boleong, ebile ga ke re boleo bo dirwe. . . . Mme lefa go ntse jalo ke lo bolelela gore batho botlhe ba ba fano bao mokaulengwe wa rona [Dr. Eaton] a bolelang gore ba tlontlolola Modimo le leina le le boitshepo la ga Jesu Keresete ka mafoko a a leswe ke batho botlhe bao ba rutilweng thuto eno ya go bogisiwa ka bosakhutleng. Ebile babolai botlhe, magodu le badirabosula ba ba mo dikgolegelong, botlhe fela ba ne ba rutiwa thuto eno. . . . Tseno ke dithuto tse di maswe; ga di bolo go nna di gobatsa lefatshe ka lobaka lo loleele; gotlhelele ga se karolo ya seo Morena a se rutang, ebile mokaulengwe wa rona yo o rategang ga a ise a kgone go bona dilo sentle.”

Go begiwa gore morago ga go buisana ka kgang eno, moruti mongwe yo o neng a le teng o ne a tla mo go Russell mme a mo raya a re: “Ke itumelela go go bona o tsaya lethompo o le lebisa mo diheleng o bo o tima molelo wa tsone.”

Gore a kgone go anamisetsa boammaaruri kaga boemo jwa baswi kgakala, Mokaulengwe Russell o ne a tshwara motseletsele o o seng kana ka sepe wa dikopano tsa letsatsi le le lengwe, go simolola ka 1905 go fitlha ka 1907, tseo kwa go tsone a neng a neela puo ya phatlalatsa ya setlhogo se se reng “Go Ya Diheleng le go Boa Teng! Go Na le Bomang mo go Tsone? Go Na Le Tsholofelo ya gore Ba Bantsi ba Bone Ba Tla Boa.” Setlhogo seno se ne se kgatlha eletota, ebile se ne sa gapa ba bantsi. Diholo tsa dikopano tseo di neng di le mo ditoropong tse dikgolo le tse dinnye mo United States le mo Canada di ne di tletse ka bareetsi bao ba neng ba tlile go reetsa puo eno.

Mongwe wa bao ba neng ba kgatlhiwa fela thata ke seo Bibela e se bolelang kaga boemo jwa baswi e ne e le morutwana mongwe wa yunibesithi kwa Cincinnati, kwa Ohio, yo o neng a ipaakanyetsa go nna moruti wa kereke ya Presbyterian. Ka 1913, o ne a amogela bukana eo e neng e tswa kwa go morwarraagwe e e bidiwang Where Are the Dead? e e kwadilweng ke John Edgar, Moithuti wa Bibela yoo gape e neng e le ngaka ya kalafi kwa Scotland. Morutwana yo o neng a amogela bukana eo e ne e le Frederick Franz. Fa a sena go e bala ka kelotlhoko, o ne a bolela jaana a nonofile: “Seno ke boammaaruri.” Ka bonakonyana fela o ne a fetola mekgele eo a neng a e ipeetse mo botshelong mme a tsenela bodihedi jwa nako e e tletseng jaaka moreri wa efangele wa morekisi wa dibuka. O ne a nna leloko la badiri ba kwa ntlokgolo ya Mokgatlho wa Watch Tower ka 1920. Morago ga dingwaga di le dintsi o ne a nna leloko la Setlhopha Se Se Laolang sa Basupi ba ga Jehofa mme, kgabagare, a nna poresidente ya Mokgatlho wa Watch Tower.

Setlhabelo sa Thekololo sa ga Jesu Keresete

Mokaulengwe Russell le ditsala tsa gagwe ba ne ba simolola go sekaseka kgang ya tsosoloso sesha ka 1872 ereka ba ne ba sekaseka Dikwalo mme ba ne ba e leba go ya ka thekololo eo re e ntsheditsweng ke Jesu Keresete. (Dit. 3:21, KJ) O ne a itumela tota ka nako ya fa a ne a bona mo go Bahebera 2:9 gore ‘Jesu o ne a lekeleletsa motho mongwe le mongwe loso ka kutlwelobotlhoko ya Modimo.’ Seno ga se a ka sa mo dira gore a dumele gore batho botlhe mo lefatsheng ba tlile go bolokwa, ka gonne o ne a itse gore Dikwalo le tsone di bolela gore motho o tshwanetse gore a dumele mo go Jesu Keresete gore a tle a bolokwe. (Dit. 4:12; 16:31) Mme lefa go ntse jalo o ne a simolola go tlhaloganya tshono e e molemolemo eo setlhabelo sa thekololo sa ga Jesu Keresete se dirileng gore batho ba e bone—le mororo a ile a se ka a tlhaloganya dilo tsotlhe ka nako e le nngwe fela. E ne e ba naya tshono ya gore ba bone seo se ileng sa latlhegela Adame, go tshela ka bosakhutleng jaaka batho ba ba itekanetseng. Mokaulengwe Russell ga a ka a itlhokomolosa kgang eno; o ne a lemoga kafa thekololo e leng botlhokwa thata ka gone mme o ne a e buelela ka botlhaga, le eleng ka nako ya fa ditsala tsa gagwe tseo di neng di atamalane thata nae di ne di letla megopolo ya tsone gore e leswefadiwe ke dikgopolo tsa botlhajana.

Mo bogareng jwa ngwaga wa 1878, Mokaulengwe Russell o ne a setse a feditse mo e ka nnang ngwaga le sephatlo a ntse a direla jaaka mothusamorulaganyi wa makasine wa Herald of the Morning, oo N. H. Barbour e neng e le morulaganyimogolo wa one. Mme ka nako ya fa Barbour a ne a nyatsa thuto e e thailweng mo Dikwalong ya thekololo mo tokololong ya makasine wa bone wa August 1878, Russell o ne a araba seno ka go sireletsa boammaaruri jo bo botlhokwa joo jwa Bibela a nonofile.

Kafa tlase ga setlhogo se se reng “Tetlanyo,” Barbour o ne a tshwantsha kafa a neng a ikutlwa ka teng ka thuto eno, ka go bolela jaana: “Ke raya mosimanyana wa me, kana mongwe wa badiredi ba me ke re, fa James a loma kgaitsadie, wena tshwara ntsi, e tlhabe ka nnalete o bo o e tlhomela mo leboteng, mme ke tla itshwarela James. Selo seno se tshwantshetsa thuto e e buang ka go emisetsa.” Le mororo Barbour a ne a bolela gore o ne a dumela thuto ya thekololo, o ne a leba kgopolo ya gore Keresete o dueletse kotlhao ya boleo ya bana ba ga Adame “e sa thaiwa mo dikwalong, ebile ke selo se se maswe tota seo re ka se akanyang fa go tla mo go direng tshiamo.”h

Mo tokololong e e latelang ya Herald of the Morning (September 1878), Mokaulengwe Russell o ne a ganetsa fela thata seo Barbour a neng a se kwadile. Russell o ne a tlhalosa seo tota Dikwalo di se bolelang le gore di tlhomame fa di bua “kafa tshiamiso [ya Modimo] e itekanetseng ka gone, mme kgabagare le kutlwelobotlhoko ya gagwe e kgolo le lorato lwa gagwe lo logolo” jaaka fa di supiwa ke thekololo eo a e ntshitseng. (1 Bakor. 15:3; 2 Bakor. 5:18, 19; 1 Pet. 2:24; 3:18; 1 Yoh. 2:2) Mo dikgakologong tse di latelang, Russell o ne a khutla go tlhola a tshegetsa makasine wa Herald fa a sena go leka gangwe le gape go thusa Barbour gore a lebe dilo ka tsela ya Dikwalo; leina la gagwe le ne le sa tlhole le tlhaga jaaka mothusamorulaganyi wa kgatiso eo go simolola ka tokololo ya June 1879. Go emela ga gagwe thuto eno ya konokono ya Bibela ka bopelokgale le ka nonofo go ile ga nna le matswela a magolo thata.

Mo hisitoring yotlhe ya bone ya motlha wa segompieno, Basupi ba ga Jehofa ba ile ba nna ba femela thuto eno e e thailweng mo Dikwalong ya thekololo. Tokololo ya ntlhantlha fela ya makasine wa Zion’s Watch Tower (July 1879) e ne ya otlelela ntlha ya gore “Modimo o tlotliwa ka ntlha ya . . . setlhabelo se se itekanetseng sa ga Keresete.” Thulaganyo ya kopano eo e neng e tshegeditswe ke International Bible Students Association ka 1919 kwa Cedar Point, kwa Ohio, e ne e na le ditlhaka tse dikgolo tse di reng “Lo A Amogelwa! Lona Lotlhe Batho Bao Lo Dumelang mo Setlhabelong Se Segolo sa Thekololo.” Dintlha tseo di leng kafa teng ga tsebe ya kafa ntle ya makasine wa Tora ya Tebelo di tswelela pele go lemosa ka thekololo eno ka go bolela jaana ka boikaelelo jwa makasine ono: “E rotloetsa tumelo mo Kgosing ya Modimo e e setseng e busa, e leng Jesu Keresete, yo madi a gagwe a a tsholotsweng a bulelang batho tsela ya go tshelela ruri.”

Ba Ne Ba Gatela Pele, Ba Sa Tlamelelwa Ke Melawana ya Bodumedi

Ga ba a ka ba tlhaloganya dilo tsotlhe tseo di leng mo Lefokong la Modimo ka phepafalo ka nako e le nngwe fela. Mo makgetlong a mantsi Baithuti ba Bibela ba ile ba tlhaloganya karolo nngwe ya boammaaruri mme ba ne ba ise ba tlhaloganye dilo tsotlhe ka phepafalo. Lefa go ntse jalo, ba ne ba batla go ithuta. Ba ne ba sa tlamelelwa ke melawana ya bodumedi; ba ne ba gatela pele. Ba ne ba tlotla le ba bangwe ka seo ba neng ba se ithuta. Ba ne ba sa batle go tlotlomalediwa dilo tseo ba neng ba di ruta; ba ne ba batla gore ba ‘rutwe ke Jehofa.’ (Yoh. 6:45) Ebile, ba ne ba simolola go lemoga gore Jehofa o dira gore ba kgone go tlhaloganya boikaelelo jwa gagwe ka botlalo ka nako e a e tlhomileng le ka tsela ya gagwe.—Dan. 12:9; bapisa Yohane 16:12, 13.

Motho o tlhoka gore a fetole tsela eo a lebang dilo ka yone gore a kgone go ithuta dilo tse disha. Motho o tlhoka gore a ikokobetse gore a kgone go dumela diphoso tsa gagwe le gore a kgone go dira diphetogo tse di tla mo solegelang molemo. Nonofo eno mmogo le maungo a yone ke dilo tse Jehofa a di ratang, ebile tsela e e ntseng jalo e ikuela thata mo bathong ba ba ratang boammaaruri. (Sefa. 3:12) Mme lefa go ntse jalo nonofo eno e nyadiwa ke batho bao ba ikgantshang ka melawana ya bodumedi eo e feditseng makgolo a mantsi a dingwaga e sa fetoge, le mororo e ne ya tlhamiwa ke batho ba ba sa itekanelang.

Mokgwa O Morena A Tlileng go Boa ka One

E ne e le mo bogareng jwa dingwaga tsa bo1870 ka nako ya fa Mokaulengwe Russell le bao ba neng ba sekaseka Dikwalo le ene ka botlhaga ba ne ba lemoga gore batho ba ka se kgone go bona Morena ka nako ya fa a boa.—Yoh. 14:3, 19.

Moragonyana, Mokaulengwe Russell o ne a bolela jaana: “Re ne ra utlwisiwa botlhoko thata ke phoso eo maloko a kereke ya Second Adventist a neng a e dira, a ne a solofetse gore Keresete o tla boa e le motho wa nama, ebile a ne a ruta gore lefatshe le batho botlhe di ne di tlile go fisiwa ka molelo ka 1873 kana ka 1874 kwantle fela ga maloko a kereke ya Second Adventist, ao go tlhoma matlha ga bone le go sa diragadiweng ga dilo tse ba di solofetseng le dikgopolo tsa bone tsa botlhokakitso kaga boikaelelo jwa go tla ga gagwe le mokgwa oo a tlileng go tla ka one ka kakaretso fela go lerileng kgobo e e seng kana ka sepe mo go rona le mo go botlhe bao ba neng ba tlhologeletswe Bogosi jwa gagwe le bao ba bolelang ka jone. Dikgopolo tse di phoso tseno tsa boikaelelo jwa go tla ga Morena le mokgwa oo a tlileng go boa ka one tseo di dumelwang ke batho gongwe le gongwe di ne tsa dira gore ke kwale pampitshana e e bidiwang—‘The Object and Manner of Our Lord’s Return.’” Pampitshana eno e ne ya gatisiwa ka 1877. Mokaulengwe Russell o ile a gatisa dikopi tsa yone tse di ka nnang 50 000 tsa bo tsa abiwa.

O ne a kwala jaana mo pampitshaneng eo: “Re dumela gore dikwalo di ruta gore, ka nako ya fa A tla bo a tla le ka nako ya fa A sena go goroga, o tla sala a ntse a sa bonale; morago ga moo o tla iponatsa kana o tla itlhagisa ka Namana ka dikatlholo le ka mekgwa e e farologaneng, gore ‘matlho otlhe a Mmone.’” Go tshegetsa seno, o ne a tlotla ka ditemana tse di ntseng jaaka Ditihō 1:11 (‘o tla tla ka mokgwa o o tshwanang le oo lo mmoneng a tsamaya ka one’—a sa bonwe ke lefatshe) le Yohane 14:19 (“e tla re kwa pelenyana, lehatshe le bo le sa tlhole le mpōna”). Gape, Mokaulengwe Russell o ne a umaka ntlha ya gore The Emphatic Diaglott, eo e neng ya gatisiwa lekgetlo la ntlha e feletse ka 1864 e na le thanolo ya lefoko ka lefoko ya Seesemane eo e nang le ditlhaka tse di kwadilweng fa gare ga mela, e ne ya ntsha bosupi jo bo bontshang gore lefoko la Segerika le le reng pa·rou·siʹa le kaya “go nna gone.” Ka nako ya fa a ne a tlhalosa kafa Bibela e dirisang lefoko leo ka gone, Russell o ne a tlhalosa jaana mo pampitshaneng eno: “Lefoko la Segerika leo gantsi le dirisiwang fa go buiwa ka go tla ga bobedi—Parousia, leo gangwe le gape le ranolwang ka gore go tla—gantsi le kaya go nna gone ga motho ka namana, jaaka fa a setse a tlile, a gorogile mme le ka motlha ga le kae gore motho o santse a le mo tseleng, jaaka fa re dirisa lefoko le le reng go tla.”

Ka nako ya fa a ne a tlotla ka boikaelelo jwa go nna gone ga ga Keresete, Russell o ne a tlhalosa ka phepafalo gore seno e ne e se sengwe seo se neng se tla diragala mo motsotswaneng o le mongwe fela oo o neng o tla tshikhinya lefatshe lotlhe. “Go tla ga bobedi, jaaka ga ntlha,” o ne a kwala jalo, “go tsaya lobaka lo loleele lwa nako, ebile ga se selo seo se diragalang ka motsotsonyana fela.” Mo go yone nako eo, o ne a kwala jaana, “lecomanyane” le tla neelwa tuelo ya lone ya go nna baruaboswa mmogo le Morena mo Bogosing jwa gagwe; ba bangwe bone ba ba ka nnang dimilione di le diketekete, ba tla newa tshono ya go tshela botshelo jo bo itekanetseng mo lefatsheng leo le tsosolositsweng le le lentle go tshwana le Edena.—Luke 12:32.

Ereka Russell a ne a ithuta Dikwalo thata o ne a lemoga morago ga dingwaga di le mmalwanyana fela gore Keresete o ne a sa tle go boa fela a sa bonale mme gore gape o ne a tlile go sala a ntse a sa bonale, le e leng ka nako ya fa a tla bo a supa gore o teng ka go atlhola batho ba ba bosula.

Ka 1876, morago ga fa Russell a sena go bala kopi ya makasine wa Herald of the Morning lekgetlo la ntlha, o ne a lemoga gore go ne go na le setlhopha se sengwe seo ka nako eo se neng se dumela gore Keresete o ne a tlile go boa a sa bonale le seo se neng se nyalanya go boa goo le go segofadiwa ga malapa otlhe a a mo lefatsheng. Gape, Russell o ne a tlhotlhelediwa ke Rre Barbour, morulaganyi wa makasine oo, gore a dumele gore Keresete o ne a sa simolola go nna teng a sa bonale ka 1874.i Moragonyana, setlhogwana se se reng “Go Bolela Kaga go Nna Teng ga ga Keresete,” seo se neng se tlhaga mo tsebeng e e kafa ntle ya makasine wa Zion’s Watch Tower le sone se ile sa bolela kaga seno.

Go lemoga gore Keresete o ne a tlile go nna teng mme a sa bonale go ne ga nna motheo o o botlhokwa oo go tlhaloganya dilo di le dintsi tseo di perofetilweng mo Bibeleng go neng go tla agelwa mo go one. Baithuti bao ba pele ba Bibela ba ile ba lemoga gore go nna teng ga Morena e tshwanetse ya nna selo se se botlhokwa thata seo Bakeresete botlhe ba boammaaruri ba tshwanetseng ba se ela tlhoko. (Mar. 13:33-37) Ba ne ba kgatlhegela go boa ga Mong wa bone fela thata ebile ba ne ba lemoga sentle gore ba ne ba tshwanetse go bolela go boa gono ga gagwe phatlalatsa mme gone ba ne ba ise ba tlhaloganye dintlha tsotlhe ka phepafalo. Lefa go ntse jalo, seo moya wa Modimo o ileng wa dira gore ba kgone go se tlhaloganya di santse di tloga fela ruri se ne se sa tlwaelega. Bongwe jwa boammaaruri jono bo ne bo akaretsa letlha le le botlhokwa go a gaisa otlhe leo le tshwailweng ke boperofeti jwa Bibela.

Bokhutlo jwa Metlha ya Baditšhaba

Kgang eno ya lenaane la tatelano ya ditiragalo tsa Bibela ga e bolo go kgatlha baithuti ba Bibela fela thata. Batho ba ba neng ba akgela ba ile ba ntsha dikgopolo tse di farologaneng malebana le boperofeti jwa ga Jesu kaga “metlha ea Badichaba” le pego ya ga moperofeti Daniele ya toro ya ga Nebukadenesare eo e neng e le malebana le sesipi se se neng sa bofiwa ka lobaka lwa “metlha e shupa.”—Luke 21:24, KJ; Dan. 4:10-17.

Erile fa ngwaga wa 1823 o simolola, John A. Brown, yoo buka ya gagwe e ileng ya gatisiwa kwa Lontone, kwa Engelane, o ne a bala “metlha e shupa” ya kgaolo 4 ya ga Daniele mme a fitlhela e le boleele jwa dingwaga di le 2 520. Mme lefa go ntse jalo ga a ka a tlhaloganya ka phepafalo letlha leo boperofeti jono jo bo supang nako ya ditiragalo bo simologileng ka lone kana gore bo ne bo tlile go khutla leng. Gone mme, o ile a nyalanya “metlha e shupa” le Metlha ya Baditšhaba ya lokwalo lwa Luke 21:24. Ka 1844, E. B. Elliot, moruti mongwe wa kwa Boritane, o ne a bolela gore 1914 e ka nna ya nna letlha leo “metlha e shupa” ya ga Daniele e fedileng ka lone, mme gape o ne a ntsha kgopolo e nngwe e e farologaneng eo e neng e ama nako ya Diphetogo tsa sepolotiki tsa Fora. Ka 1849, Robert Seeley wa kwa Lontone le ene o ne a leba kgang eno ka mokgwa o o tshwanang. Lefa go ntse jalo ka 1870, kgatiso e e rulagantsweng ke Joseph Seiss le balekane ba gagwe mme e bo e gatisiwa kwa Philadelphia, kwa Pennsylvania, e ne ya tla e na le dipalo tse di neng di supa ngwaga wa 1914 jaaka letlha le le botlhokwa fela thata, le eleng lefa mabaka ao e neng e na nao a ne a thailwe mo lenaaneng la tatelano ya ditiragalo leo moragonyana C. T. Russell a ileng a se ka a le dumela.

Morago ga foo, mo ditokololong tsa makasine wa Herald of the Morning tsa August, September, le October 1875, N. H. Barbour o ne a thusa mo go direng gore dintlha tseo di ileng tsa tlhalosiwa ke ba bangwe di dumalane. A dirisa lenaane le le supang go latelana ga ditiragalo leo le kwadilweng ke Christopher Bowen ebong moruti mongwe wa kwa Engelane, le le neng la gatisiwa ke E. B. Elliott, Barbour o ne a nyalanya tshimologo ya Metlha ya Baditšhaba le go tlosiwa ga ga Kgosi Sedekia mo setulong sa bogosi jaaka fa go boleletswe pele mo go Esekiele 21:25, 26, mme o ne a bolela gore ngwaga wa 1914 o tshwaya bokhutlo jwa metlha ya Baditšhaba.

Kwa tshimologong ya ngwaga wa 1876, C. T. Russell o ne a amogela kopi ya makasine wa Herald of the Morning. O ne a kwalela Barbour ka bonako mme morago ga foo o ne a senya nakonyana a na le ene kwa Philadelphia mo setlheng sa selemo, mme gareng ga dilo tse dingwe, a tlotla le ene ka boperofeti jo bo supang nako ya ditiragalo. Ka bonakonyana fela morago ga foo, mo kgannyeng ya setlhogo se se reng “Metlha ya Baditšhaba: E Khutla Leng?”, Russell le ene o ne a ntsha mabaka a a tswang mo Dikwalong a a amanang le kgang eno mme o ne a tlhalosa gore bosupi bo ne bo bontsha gore “metlha e supa e tla fela ka A.D. 1914.” Setlhogo seno se ne sa gatisiwa mo tokololong ya October 1876 ya makasine wa Bible Examiner.j Buka e e bidiwang Three Worlds, and the Harvest of This World, eo e tlhagisitsweng ka 1877 ke N. H. Barbour a dira mmogo le C. T. Russell, e ne ya dira tshwetso e e tshwanang. Morago ga foo, ditokololo tsa ntlhantlha tsa makasine wa Tora ya Tebelo (ka Seesemane), tse di ntseng jaaka tseo di nang le letlha la December 1879 le July 1880, di ne tsa supa gore 1914 C.E. ke ngwaga o o botlhokwa go e gaisa yotlhe go ya ka boperofeti jo bo leng mo Bibeleng. Ka 1889, kgaolo yotlhe ya bone ya Bolumo II ya buka ya Millennial Dawn (eo moragonyana e neng ya bidiwa Studies in the Scriptures) e ne ya tlotla thata ka “Metlha ya Baditšhaba.” Mme lefa go ntse jalo, go khutla ga Metlha ya Baditšhaba go ne go tla kaya eng?

Baithuti ba Bibela ba ne ba sa tlhomamisega ka botlalo kaga seo se neng se tlile go diragala. Ba ne ba tlhatswegile pelo gore go ne go sa tle go felela ka go fisiwa ga lefatshe le go bolawa ga batho. Go na le moo, ba ne ba itse gore go ne go tlile go tshwaya motlha o o botlhokwa thata o o leng malebana le puso ya bomodimo. Kwa tshimologong ba ne ba akanya gore fa letlha leo le goroga, Bogosi jwa Modimo bo ne bo tla bo bo setse bo busa ka botlalo mo lefatsheng lotlhe. Ka nako ya fa seo se ne se sa diragale, tsholofelo eo ba neng ba na nayo mo boperofeting jwa Bibela jo bo tshwayang letlha leno e ne ya se ka ya reketla. Go na le moo, ba ne ba swetsa ka gore letlha leno le ne le tshwaya tshimologo fela ya go busa ga Bogosi.

Ka tsela e e tshwanang, gape ba ne la ntlha ba akanya gore mathata ao a leng teng mo lefatsheng lotlhe ao a tlileng go felela ka tlhakatlhakano e e seng kana ka sepe ya sepolotiki (eo ba neng ba akanya gore e ne e tla bo e amana le ntwa ya “letsatsi ye legolo ya Modimo, Mothataeotlhe”) a ne a tlile go nna gone pele ga letlha leo. (Tshen. 16:14) Mme lefa go ntse jalo, morago ga foo, dingwaga di le lesome pele ga 1914, makasine wa Tora ya Tebelo o ne wa bontsha gore tlhakatlhakano eo e neng e tlile go nna teng mo lefatsheng lotlhe eo e neng e tlile go felela ka go nyelediwa gotlhelele ga mekgatlho ya batho e ne e tlile go nna teng fela fa morago ga bokhutlo jwa Metlha ya Baditšhaba. Ba ne ba solofetse gore ngwaga wa 1914 e tla nna ngwaga o go neng go tla nna le diphetogo tse dikgolo kwa Jerusalema, ereka boperofeti bo ile ba bolela gore ‘Jerusalema o ne a tla katakwa’ go fitlha Metlha ya Baditšhaba e fela. Ka nako ya fa ba ne ba bona ngwaga wa 1914 o ntse o atamela mme ka nako eo ba ise ba swe jaaka batho le go ‘tsholediwa mo marung’ gore ba ye go kgatlhantsha Morena—tumalanong le dilo tseo ba neng ba di solofetse kwa tshimologong—ba ne ba solofela ka tlhoafalo gore ba ka nna ba fetoga kwa bokhutlong jwa Metlha ya Baditšhaba.—1 Bathes. 4:17.

Fa dingwaga di ne di ntse di kgabaganya mme ba ntse ba sekaseka Dikwalo gangwe le gape, tsela e ba neng ba dumela boperofeti ka yone e ne ya nna e ntse e nonofile, ebile ga ba a ka ba ikgogona go bolela seo ba neng ba lebeletse gore se ka direga. Tsela e ba neng ba atlega ka yone go tila go nna manganga kaga dintlha tseo di sa tlhalosiwang ka tlhamalalo mo Dikwalong e ne e farologana.

A “Tshupanako ya Alamo” E Ile ya Lela Pele Ga Nako?

Ke boammaaruri gore go ne ga tsoga tlhakatlhakano e e seng kana ka sepe mo lefatsheng ka 1914 ka nako ya fa Ntwa ya Lefatshe I e ne e runya, eo e neng ya fetsa dingwaga tse dintsi e bidiwa fela Ntwa E Kgolo, mme lefa go ntse jalo, ga e a ka ya felela ka gore mebuso yotlhe ya batho eo e neng e le teng e se ka ya tlhola e busa. Jaaka fa ditiragalo tseo di leng malebana le Palesetina di ne di ntse di direga morago ga 1914, Baithuti ba Bibela ba ne ba akanya gore ba ne ba bone bosupi jwa diphetogo tse dikgolo mo Iseraele. Mme lefa go ntse jalo, go ne ga feta dikgwedi mme morago ga feta dingwaga, mme Baithuti ba Bibela ga ba a ka ba amogela tuelo ya bone ya selegodimo, jaaka fa ba ne ba solofetse. Ba ile ba dira eng mabapi le seno?

Makasine wa Tora ya Tebelo (ka Seesemane) wa February 1, 1916, o ne wa umaka October 1, 1914, ka tsela e e kgethegileng mme morago ga moo o ne wa bolela jaana: “Eno e ne e le nako ya bofelo eo lenaane la tatelano ya ditiragalo tsa Bibela le neng la e re supetsa eo e amanang le dilo tse di diragaletseng Kereke. A Morena o ile a re bolelela gore re tla isiwa kwa [legodimong]? Nnyaa. Ke eng seo Ene a ileng a se bolela? Go ne go lebega Lefoko la gagwe le go diragadiwa ga boperofeti go ne go tlhalosa ka phepafalo gore letlha leno le ne le tshwaya bokhutlo jwa Metlha ya Baditšhaba. Re ne ra lemoga ka seno gore Kereke e ne e tlile ‘go fetoga’ mo letlheng leo kana pele ga lone. Mme lefa go ntse jalo Modimo ga a ka a re bolelela gore go ne go tlile go nna jalo. O ne a re letla gore re akanye jalo; ebile re dumela gore seno se itshupile e le teko e e tlhokegang mo baitsheping ba ba rategang ba Modimo gongwe le gongwe.” A mme ditiragalo tseno di ile tsa supa gore go solofelwa ga tsone go go itumedisang e ne e le ga lefela? Nnyaa. Go ne go kaya fela gore sengwe le sengwe se ne se sa direge ka bonako jaaka fa ba ne ba solofetse.

Russell o ne a ile a kwala jaana dingwaga di le mmalwa fela pele ga 1914: “Go bonala boikaelelo jwa lenaane la tatelano ya ditiragalo (boperofeti jo bo supang nako ya ditiragalo ka kakaretso) e ne e se go naya batho ba Modimo tshedimosetso e e tlhomameng ya tatelano ya ditiragalo go ralala makgolokgolo a dingwaga. Go bonala boikaelelo jo bogolo jwa lone e le go direla jaaka tshupanako ya alamo gore e tsose batho ba Morena mo borokong le go ba nonotsha mo nakong e e tshwanetseng. . . . Mme lefa go ntse jalo a re tseye ka sekai gore October, 1914, e tlile go feta le gore go wa go gogolo ga puso ya Baditšhaba ga go tle go diragala. Seno se tla neela bosupi jwa eng kana se tla ganetsa eng? Ga se kitla se ganetsa karolo epe ya Thulaganyo ya Bomodimo ya Metlha. Tlhotlhwa ya thekololo eo e duetsweng kwa Golegotha e santse e tla tlhomamisa gore kwa bofelong, Thulaganyo e kgolo ya Bomodimo ya go tsosolosa batho e tla diragadiwa. Go ‘bilediwa’ ga Kereke gore e tle go boga le Mogolodi le go galalediwa nae jaaka maloko a gagwe kana Monyadwi wa gagwe go tla nna go ntse fela jalo. . . . Selo se le sengwe fela seo se tla amiwang ke lenaane la tatelano ya ditiragalo e tla nna nako ya gore Kereke le lefatshe lotlhe di bone go diragadiwa ga dilo tse di itumedisang tseno tse di solofetsweng. . . . Mme fa letlha leo le ka feta fela, go tla bo go bontsha fela gore lenaane la rona la tatelano ya ditiragalo, ‘tshupanako’ ya rona ‘ya alamo’ e ledile metsotsonyana pele ga nako. A re tla kaya seno e le masetlapelo a magolo fa tshupanako ya rona ya alamo e re tsositse mo borokong metsotso e sekae pele ga nako mo mosong wa letsatsi lengwe le legolo leo mo go lone go kganwang ka boitumelo le boipelo? Ruriruri nnyaa!”

Mme lefa go ntse jalo “tshupanako” eo “ya alamo” ga e a ka ya lela pele ga nako thata. Totatota, e ne e le go diragala ga ditiragalo tseo tota e neng e se tsone tseo ba neng ba solofetse gore di diragale, tseo “tshupanako” e ileng ya ba tsosa mo borokong gore ba di lemoge.

Morago ga dingwaga di le mmalwa, ka nako ya fa lesedi le ne le sena go nna le ntse le phatsimela pele, ba ne ba bolela jaana: “Baitshepi ba le bantsi ba ba rategang ba ne ba akanya gore tiro yotlhe e ne e weditswe. . . . Ba ne ba kgana ka boitumelo ka ntlha ya bosupi jo bo phepafetseng jo bo neng bo bontsha gore lefatshe le ne le fitlhile mo bokhutlong jwa lone, gore bogosi jwa legodimo bo ne bo le gaufi, le gore letsatsi la gore ba bone poloko le ne le atametse. Mme lefa go ntse jalo, go na le sengwe se sele seo ba ileng ba se tlodisa matlho seo se tshwanetseng sa dirwa. Ba ne ba tshwanetse gore ba bolelele ba bangwe mafoko a a molemo ao ba ileng ba a utlwa; ka gonne Jesu o ile a laela jaana: ‘Efangele eno ya bogosi e tla rerwa mo lefatsheng lotlhe gore e nne sesupo mo merafeng yotlhe: mme morago ga moo go tla tla bokhutlo.’ (Mathaio 24:14)”—Tora ya Tebelo (ka Seesemane) ya May 1, 1925.

Jaaka fa ditiragalo tsa morago ga ngwaga wa 1914 di ne di simolola go direga, le jaaka Baithuti ba Bibela ba ne ba ntse ba di bapisa le seo Mong wa bone a ileng a se bolelela pele, ba ne ba simolola go lemoga ka iketlo gore ba ne ba tshela mo metlheng ya bofelo ya tsamaiso e kgologolo ya dilo le gore ba ne ba ntse ba tshela mo go yone fa e sale go simolola ka 1914. Gape, ba ne ba simolola go tlhaloganya gore go nna gone ga ga Keresete a sa bonale go ile ga simolola ka ngwaga wa 1914 le gore o ne a nna gone, eseng ka go boela ga gagwe ka namana (le eleng lefa a sa bonale) mo lefatsheng, mme lefa go ntse jalo ka go tlhokomela lefatshe thata jaaka Kgosi e e busang. Ba ne ba lemoga le go amogela boikarabelo jo bo botlhokwa thata joo ba neng ba na najo jwa go bolela “Mahoko a a Molemō a, a bogosi” gore e nne bosupi mo merafeng yotlhe mo nakong e e botlhoko eo ya hisitori ya motho.—Math. 24:3-14.

Tota molaetsa wa Bogosi oo ba neng ba tshwanetse ba o rera e ne e le ofe? A e ne e le molaetsa o o farologaneng le wa Bakeresete ba lekgolo la ntlha la dingwaga?

Bogosi jwa Modimo, Tsholofelo E Le Yosi Fela ya Batho

Ka ntlha ya go ithuta Lefoko la Modimo ka kelotlhoko, Baithuti ba Bibela bao ba neng ba le seoposengwe le Mokaulengwe Russell ba ne ba tlhaloganya gore Bogosi jwa Modimo e ne e le puso eo Jehofa a neng a solofeditse go e tlhoma ka Morwawe gore e segofatse batho botlhe. Kwa legodimong, Jesu Keresete o ne a tlile go nna seoposengwe fela le “lecomanyane” jaaka babusi bao Modimo a ba tlhophileng go tswa mo bathong. Ba ne ba tlhaloganya gore puso eno e ne e tlile go emelwa ke banna ba ba ikanyegang ba bogologolo bao ba neng ba tlile go dira jaaka dikgosana mo lefatsheng lotlhe. Bano ba ne ba bidiwa “batlotlegi ba bogologolo.”—Luke 12:32; Dan. 7:27; Tshen. 20:6; Pes. 45:16.

Labokeresete e ne e sa bolo go nna e ruta kaga ‘taolo eo Modimo o e neetseng dikgosi gore di buse,’ jaaka sedirisiwa seo se dirisediwang gore batho ba nne ba ntse ba ineetse kafa tlase ga tsone. Mme lefa go ntse jalo, Baithuti bao ba Bibela ba ile ba lemoga go tswa mo Dikwalong gore isagwe ya dipuso tsa batho e ne e sa sirelediwa ke Modimo. Tumalanong le seo ba neng ba se ithuta, makasine wa Tora ya Tebelo (ka Seesemane) wa December 1881 o ne wa bolela jaana: “Gone ke boammaaruri gore go tlhongwa ga bogosi jono go tla akaretsa go tlosiwa ga magosi otlhe ao a leng teng mo lefatsheng, ereka otlhe fela—le eleng a mangwe a one ao a leng molemo go gaisa—a thailwe mo go tlhokeng tshiamiso le mo go se neyeng batho ditshwanelo tsa bone ka go lekana le mo go gateleleng batho ba bantsi le go rata ba le mokawanyana fela—jaaka fa re bala jaana: ‘Bo tla thubaganya magosi ano otlhe bo bo bo a kometsa mme bo tla ema ka bosakhutleng.’”—Dan. 2:44.

Baithuti ba Bibela ba ne ba santse ba na le go gontsi go go ithuta malebana le tsela eo magosi a a gatelelang ao a neng a tlile go thubaganngwa ka yone. Ba ne ba ise ba tlhaloganye ka phepafalo kafa batho botlhe ba neng ba tlile go bona melemo ya Bogosi jwa Modimo ka teng. Mme lefa go ntse jalo ba ne ba sa re Bogosi jwa Modimo ke boikutlo jo bo sa kgoneng go tlhalosiwa jo bo nnang teng mo pelong ya motho kana gore ke puso ya baruti eo e neng e dirisa puso ya Naga ya selefatshe jaaka moemedi wa yone.

Ka 1914, batlhanka ba Modimo ba ba ikanyegang ba pele ga motlha wa Bokeresete ba ne ba ise ba tsosediwe mo lefatsheng jaaka dikgosana tseo di emelang Kgosi ya Bomesia, jaaka fa go ne go solofetswe, ebile mo go one ngwaga oo, ba ba setseng ba “lecomanyane” ba ne ba ise ba e go kopana le Keresete kwa Bogosing jwa gagwe jwa selegodimo. Lefa go ntse jalo, makasine wa Tora ya Tebelo (ka Seesemane) wa February 15, 1915, o ne wa tlhalosa ka tlhomamo gore 1914 e ne e le nako “eo ka yone Morena wa rona a neng a amogela thata e kgolo mme a simolola go busa,” ka go dira jalo a khutlisa dimileniamo tse Baditšhaba ba busitseng ka tsone ba sa kgorelediwe. Mo tokololong ya yone ya July 1, 1920, makasine wa Tora ya Tebelo (ka Seesemane) o ne wa tlhomamisa gape gore boemo bo ntse jalo mme o ne wa bo nyalanya le mafoko a a molemo ao Jesu a ileng a bolelela pele gore a ne a tlile go bolelwa mo lefatsheng ka bophara pele bokhutlo bo tla. (Math. 24:14) Kwa kopanong ya Baithuti ba Bibela eo e neng e tshwaretswe kwa Cedar Point, kwa Ohio, ka 1922, tshedimosetso eno e ne ya tlhalosiwa gape mo maitlamong ao a neng a dirwa ke botlhe, mme Mokaulengwe Rutherford o ne a kgothatsa batho bao ba neng ba tlile kopanong jaana: “Itsiseng, itsiseng, itsiseng, Kgosi le bogosi jwa yone.”

Lefa go ntse jalo, ka nako eo Baithuti ba Bibela ba ne ba akanya gore go rulaganngwa ga Bogosi, go tlhomiwa ga jone ka botlalo kwa legodimong, go ne go se kitla go direga go fitlha maloko a bofelo a monyadiwa wa ga Keresete a galalediwa. Ka gone, ka 1925, go ne ga fitlhelelwa selo se segolo eletota ka nako ya fa Makasine wa Tora ya Tebelo (ka Seesemane) wa March 1 o ne o tla o na le setlhogo se se reng “Go Tsalwa ga Morafe.” O ne o na le thuto e e sedimosetsang eletota ya lokwalo lwa Tshenolō kgaolo 12. Setlhogo seno se ne sa ntsha bosupi jo bo bontshang gore Bogosi jwa Bomesia bo ne bo tsetswe—bo tlhomilwe—ka 1914, gore Keresete o ile a simolola go busa ka nako eo a le mo setulong sa gagwe sa bogosi sa selegodimo, le gore morago ga foo Satane o ile a latlhelwa kwano tlase mo lefatsheng go tswa kwa legodimong. Ano ke mafoko a a molemo ao a neng a tshwanetse go bolelwa, a gore, Bogosi jwa Modimo bo setse bo busa. Abo tsela eno e e sedifetseng e go neng go tlhaloganngwa dilo ka yone e ne ya tlhotlheletsa baboledi bano ba Bogosi jang ne gore ba rere go fitlha kwa dikarolong tse di kwa kgakala tsa lefatshe!

Ka go dirisa sedirisiwa sengwe le sengwe se se tshwanetseng, batho ba ga Jehofa ba ne ba neela bosupi jo bo bontshang gore Bogosi jwa Modimo ke jone fela jo bo neng bo ka kgona go golola batho le go rarabololela ruri mathata ao a ka se tweng sepe ao a neng a tlhasetse batho. Ka 1931, J. F. Rutherford o ne a itsise molaetsa ono mo kgasong ya radio go golagantswe diteishene tsa meraferafe di le dintsi thata go gaisa ka moo di kileng tsa tsamaya tsa golaganngwa ka gone. Gape, thero ya kgaso eo e ne ya gatisiwa ka dipuo di le dintsi mo bukaneng e e bidiwang The Kingdom, the Hope of the World—eo dimilionemilione tsa dikopi tsa yone di neng tsa abiwa mo dikgweding di le mmalwanyana fela. Mo godimo ga go di abela batho gongwe le gongwe, go ne ga dirwa boiteko jo bo kgethegileng jwa go naya boradipolotiki, borakgwebo ba ba itsegeng, le baruti dikopi tseno.

Gareng ga dilo tse dingwe, bukana eo e ne ya bolela jaana: “Ga go na lefa e le tsholofelo epe eo dipuso tsa lefatshe tsa gone jaanong tseo di sa siamang di ka e nayang batho. Modimo o di atlholetse go nyelediwa. Ka gone, tsholofelo ya lefatshe, le tsholofelo e le yosi fela ya lone, ke bogosi jwa tshiamo kana puso ya Modimo eo Keresete Jesu a busang mo go yone jaaka Mmusi yo o sa bonaleng.” Ba ne ba lemoga gore Bogosi joo bo ne bo tlile go tlisetsa batho kagiso ya boammaaruri le polokesego. Kafa tlase ga puso ya jone, lefatshe le ne le tlile go fetoga paradaise ya mmatota, mme go ne go se kitla go tlhola go nna le bolwetsi le loso.—Tshen. 21:4, 5.

Mafoko a a molemo a Bogosi jwa Modimo a tswelela pele go nna selo se se botlhokwa go gaisa dilo tsotlhe tse Basupi ba ga Jehofa ba di dumelang. Fa esale go simolola ka tokololo ya March 1, 1939, makasine wa bone o mogolo, oo jaanong o gatisiwang ka dipuo tse di fetang 110, o ile wa bidiwa Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi jwa ga Jehofa.

Mme lefa go ntse jalo, pele puso ya Bogosi jono e ka fetola lefatshe leno paradaise, tsamaiso e e bosula ya gone jaanong e tla tshwanela go senngwa. Seno se ne se tlile go dirwa jang?

Ntwa ya Letsatsi Le Legolo la Modimo Mothatayotlhe

Ntwa ya lefatshe eo e neng ya simolola ka 1914 e ne ya tshikinya tsamaiso ya gone jaanong ya dilo fela thata. Fa nako e ntse e tsamaya, go ne ga lebega ekete ditiragalo di ne di tlile go direga ka tsela eo Baithuti ba Bibela ba neng ba solofetse gore di direge ka yone.

Mokaulengwe Russell o ne a kwala jaana bogologolo ka August 1880: “Re tlhaloganya gore pele losika lwa motho lo tsosolosiwa kana le eleng pele lo simolola go segofadiwa, magosi ao a leng teng a lefatshe ao gone jaanong a tlamang le go gatelela batho a tla tlosiwa otlhe fela le gore bogosi jwa Modimo bo tla tsaya marapo le gore bogosi jo bosha joo bo tla segofatsa le go tsosolosa.” ‘Go tlosiwa ga magosi’ go ne go tla dirwa jang? Go ya kafa a neng a bona maemo a tla nna ka teng morago ga foo mo lefatsheng, Russell o ne a dumela gore mo ntweng ya Hara-Magedona, Modimo o ne a tlile go dirisa makoko a a lwang ka boone a batho gore a tlose mekgatlho eo e neng e le teng ya batho. O ne a bolela jaana: “Tiro ya go lalaanya mebuso e megolo ya batho e a simolola. Maatla ao a tlileng go e tlosa a a dira jaanong. Batho ba setse ba ntse ba rulaganya mephato ya bone e e bidiwang Bakomanisi, Basoshialise, Bonihilise, jalo le jalo.”

Buka e e bidiwang The Day of Vengeance (eo moragonyana e neng ya bidiwa The Battle of Armageddon), e e gatisitsweng ka 1897, e ne ya tlhalosa go tswelela pele kaga tsela eo Baithuti ba Bibela ka nako eo ba neng ba tlhaloganya kgang eno ka yone, e bolela jaana: “Ka thata e a nang le yone ya go kaela, Morena o tla laola mophato o mogolo otlhe—batho ba ba nang le mowa wa boratanaga, balweladiphetogo, basoshialise, batho ba ba sa reng sepe ka bodumedi, batho ba ba tsuologelang puso, ba ba sa itseng sepe le bao ba senang tsholofelo—mme go ya ka botlhale jwa gagwe jwa bomodimo, o tla dirisa dilo tse ba di solofetseng, tse ba di boifang, boeleele jwa bone le bopelotshetlha jwa bone gore a diragatse maikaelelo a gagwe a magolo a go tlosa mekgatlho eo e leng teng jaanong, le go baakanyetsa batho go tsena mo Bogosing jwa Tshiamo.” Ka gone ba ile ba tlhaloganya ntwa ya Hara-Magedona jaaka eo e amanang le diphetogo tse di seng kana ka sepe tsa selegae.

A mme gone Hara-Magedona e ne e tlile go nna ntwa fela fa gare ga makoko a a lwang a batho, gore a Modimo o ne a tla dirisa go lwela diphetogo tsa selegae go tlosa mekgatlho eo e leng teng jaanong? Fa dikwalo tseo di tlotlang ka kgang eno di sena go sekasekiwa ka mo go oketsegileng, makasine wa Tora ya Tebelo (ka Seesemane) wa July 15, 1925, o ne wa umaka Sekaria 14:1-3 mme o ne wa bolela jaana: “Go ya ka seno, re tla tlhaloganya gore merafe yotlhe e e mo lefatsheng, e e laolwang ke Satane, e tla phuthelwa kwa ntweng kgatlhanong le setlhopha sa Jerusalema ebong bao ba emang kafa letlhakoreng la Morena . . . Tshenolō 16:14, 16.”

Mo ngwageng o o latelang, mo bukeng e e bidiwang Deliverance, o ne a umaka boikaelelo jwa mmatota jwa ntwa eno ka go bolela jaana: “Jaanong, go ya ka Lefoko la gagwe, Jehofa o tla supa nonofo ya gagwe ka phepafalo le ka tsela e e kgonang go tlhaloganngwa sentle gore batho ba tle ba bontshiwe gore tsela ya bone ga se ya bomodimo le gore ba tle ba tlhaloganye gore Jehofa ke Modimo. Ke gone ka moo Modimo a ileng a tlisa morwalela o o boitshegang, a thubaganya Tora ya Babele, a bolaya masole a ga Senakaribe kgosi ya Asiria, le go nwetsa Baegepeto; ebile gape, ke gone ka moo a tlileng go tlisa bothata jo bongwe gape jo bogolo mo lefatsheng. Masetlapelo a nako e e fetileng e ne e le dikai fela tsa ao a re gomagomelang jaanong. Go phuthiwa gono go isa kwa letsatsing le legolo la Modimo Mothatayotlhe. Ke ‘letsatsi le legolo le le boitshegang la Morena’ (Yoele 2:31), leo ka lone Modimo a tla itirelang leina. Mo ntweng e kgolo eno le ya bofelo, batho ba morafe mongwe le mongwe, ba ditso le ba dipuo ba tla itse gore Jehofa ke Modimo o o maatla otlhe, o o botlhaletlhale le o o tshiamo.” Mme lefa go ntse jalo, batlhanka ba ga Jehofa ba ba mo lefatsheng ba ne ba tlhagisiwa jaana: “Ga go na Mokeresete ope yo o tla bong a bolaya mo ntweng e kgolo eno. Lebaka la go bo ba tla bo ba sa dire jalo ke gore Jehofa o boletse jaana: ‘Gonne ntwa ga se ya lona, mme ke ya Modimo.’” Ga go na pelaelo epe gore ntwa eo go neng go tlotliwa ka yone fano e ne e se eo e neng e lowa ke merafe, go simolola ka 1914. Yone e ne e santse e tla.

Go ne go santse go na le dipotso tse dingwe gape tseo di neng di tlhoka go arabiwa go dirisiwa Dikwalo. E nngwe ya tsone e ne e akaretsa gore go bolelwe gore Jerusalema oo o neng o tla gatakiwa ka dinako go fitlha Metlha ya Baditšhaba e fela, jaaka fa go tlhalosiwa mo go Luke 21:24 ke ofe; mme seo se neng se amana le seno e ne e le go bolela gore Iseraele o o umakiwang mo boperofeting bo le bontsi thata jo bo kaga go busetsa dilo jaaka di ne di ntse ke ofe.

A Modimo O Ne A Tla Busetsa Bajuda kwa Palesetina?

Baithuti ba Bibela ba ne ba itse sentle kaga boperofeti bo le bontsi jo bo kaga go busetsa dilo jaaka di ne di ntse joo bo neng bo tswa mo baperofeting ba Modimo malebana le Iseraele wa bogologolo. (Yer. 30:18; 31:8-10; Amose 9:14, 15; Bar. 11:25, 26) Go tla go fitlha ka 1932, ba ne ba tlhaloganya boperofeti jono jaaka joo bo lebisitseng ka mo go kgethegileng go Bajuda ba nama. Ka gone, ba ne ba dumela gore Modimo o ne a tla amogela Iseraele gape, a busetsa Bajuda ka iketlo kwa Palesetina, a dira gore ba kgone go bona se se leng boammaaruri malebana le Jesu jaaka Morekolodi le Kgosi ya Bomesia, le go ba dirisa jaaka moemedi gore a segofatse merafe yotlhe. Ka tshedimosetso eno, Mokaulengwe Russell o ne a buisana le bareetsi ba le bantsi ba Bajuda kwa New York le kwa Yuropa ka setlhogo se se reng “Mokgatlho wa Bajuda wa Sione mo Boperofeting,” mme Mokaulengwe Rutherford o ne a kwala buka e e bidiwang Comfort for the Jews ka 1925.

Mme lefa go ntse jalo go ne ga nna ga bonala ka iketlo gore seo se neng se direga kwa Palesetina malebana le Bajuda e ne e se go diragadiwa ga boperofeti jo bogolo jwa ga Jehofa jwa go busetsa dilo jaaka di ne di ntse pele. Jerusalema wa lekgolo la ntlha la dingwaga o ne a senngwa gonne Bajuda ba ile ba gana Morwa Modimo ebong Mesia, ene yo o neng a romilwe mo leineng la ga Jehofa. (Dan. 9:25-27; Math. 23:38, 39) Go ne go ntse go bonala ka mo go oketsegileng gore jaaka morafe ba ne ba ise ba fetole boikutlo jwa bone. Ba ne ba sa ikwatlhaela ditiro tse di phoso tseo di neng tsa dirwa ke borraabonemogolo. Go boela ga bangwe ba bone kwa Palesetina go ne go sa tlhotlhelediwa ke lorato lepe leo ba neng ba na le lone mo Modimong kana go eletsa ga bone gore leina la one le galalediwe ka go diragadiwa ga Lefoko la gagwe. Seno se ne sa tlhalosiwa ka phepafalo mo bolumong ya bobedi ya buka e e bidiwang Vindication, eo e neng ya gatisiwa ke Watch Tower Bible and Tract Society ka 1932.k Go nna boammaaruri ga boemo jono go ne ga rurifadiwa ka 1949, ka nako ya fa Puso ya Naga ya Iseraele, eo ka nako eo e neng e sa tswa go bopiwa jaaka morafe le jaaka nagagae ya Bajuda, e ne e fetoga go nna leloko la Lekgotla la Merafe E E Kopaneng, ka go dira jalo e ne e bontsha gore e ne e sa ikanye Jehofa mme e ne e ikanya merafe ya bopolotiki ya lefatshe.

Seo se neng se ntse se diragala ka nako ya fa boperofeti joo jwa go busetsa dilo jaaka di ntse bo ne bo ntse bo diragadiwa se ne sa tlhalosa selo se sengwe se se farologaneng. Batlhanka ba ga Jehofa ba ne ba simolola go lemoga gore e ne e le Iseraele wa semoya, “Iseraela oa Modimo,” o o neng o na le Bakeresete ba ba tloditsweng ka moya, bao, tiragatsong ya boikaelelo jwa Modimo, ba neng ba ipelela go nna mo kagisong le Modimo ka Jesu Keresete. (Bagal. 6:16) Jaanong, matlho a bone a ne a bulega gore ba lemoge gore tsela e Modimo o neng o dirisana ka teng le Bakeresete ba ba ntseng jalo e ne e supa gore dilo tseo tse di neng di solofeditswe tsa go busetsa dilo jaaka di ntse di ne di diragadiwa. Fa nako e ntse e tsamaya, ba ne ba simolola gape go lemoga gore Jerusalema o o neng wa tsholediwa kwa godimo kwa bokhutlong jwa Metlha ya Baditšhaba e ne e se motsenyana fela wa selefatshe, kana le eleng batho mo lefatsheng ba ba neng ba emelwa ke motse oo, mme go na le moo, e ne e le “Yerusalema oa selegodimo,” koo Jehofa a tlhomileng Morwawe, ebong Jesu Keresete teng ka 1914, ka taolo ya gore a buse.—Baheb. 12:22.

Ka dikgang tseno tseo ba neng ba di tlhaloganya sentle ka phepafalo, Basupi ba ga Jehofa ba ne ba le mo boemong jo bo molemo jwa go diragatsa mo setlhopheng sepe fela kabelo eno ya go rera mafoko a a molemo a Bogosi “mo lehatshiñ yeotlhe, go nna chupō mo merahiñ eotlhe.”—Math. 24:14.

Ke mang yo o tshwanetseng a lebogelwa ditlhaloso tsotlhe tseno tsa Bibela tseo di tlhagileng mo dikgatisong tsa Watch Tower?

Selo Seo Se Dirisiwang go Ruta Batlhanka ba ga Jehofa

Jesu Keresete o ne a bolelela pele gore fa a sena go boela kwa legodimong o ne a tlile go romelela barutwa ba gagwe moya o o boitshepo. Moya ono o ne o tla dira jaaka mothusi, o ba “gōgèla mo boamarureñ yotlhe.” (Yoh. 14:26; 16:7, 13) Gape, Jesu o ne a bolela gore ene jaaka Morena le Mong wa Bakeresete ba boammaaruri, o ne a tla nna le “motlhanka eo o boikañō le eo o botlhale,” “molebedi yo o ikanyegang,” yo o neng a tla abela ba ntlo “diyo” tsa semoya “ka dipaka tse e leñ cōna,” ebong batho ba ba dirang mo ntlong ya tumelo. (Math. 24:45-47; Luke 12:42) Motlhanka yo o botlhale le yo o boikanngo yono ke mang?

Tokololo ya ntlhantlha fela ya makasine wa Tora ya Tebelo (ka Seesemane) e ne ya umaka Mathaio 24:45-47 ka nako ya fa e ne e tlhalosa gore boikaelelo jwa bagatisi ba makasine oo e ne e le go nna ba lebile ditiragalo tseo di leng malebana le go nna teng ga ga Keresete le go abela ba ntlo ya tumelo “nama ka dipaka tse e leng tsone” mme e le ya semoya. Mme lefa go ntse jalo morulaganyi wa makasine ono o ne a sa bolele gore ene ka namana e ne e le ene motlhanka yo o boikanngo le yo o botlhale, kana “lekgoba le le ikanyegang le leo le leng botlhale” (go ya ka thanolo ya King James Version).

Ka gone, mo tokololong ya makasine wa October le November 1881 (ka Seesemane), C. T. Russell o ne a tlhalosa jaana: “Re dumela gore leloko lengwe le lengwe la setlhopha seno sa ga Keresete le tshwaregile, e ka ne e le ka tlhamalalo kana e seng ka tlhamalalo, mo tirong eno e e boitshepo ya go abela ba ntlo ya tumelo nama mo pakeng e e tshwanetseng. ‘Ke mang he motlhanka yoo yo o ikanyegang le yo o botlhale yoo Morena wa gagwe a mo dirileng molaodi wa ba ntlo ya gagwe,’ gore a ba neye nama mo pakeng e e tshwanetseng? A ga se ‘letsomanyane’ leo la batlhanka ba ba itlhaotseng jaaka ba ba boitshepo bao ka boikanyegi ba dirang go ya kafa ba ikanneng ka teng fa ba ne ba itlhaola jaaka ba ba boitshepo—setlhopha sa ga Keresete—setlhopha sotlhe sa bone motho ka bongwe le ba le mmogo, ga se neye ba ntlo ya tumelo—ditsala tse dintsi tsa bone tseo e leng badumedi, nama mo pakeng e e tshwanetseng? Go sego motlhanka (setlhopha sotlhe sa ga Keresete) yoo ka nako ya fa Morena wa gagwe a tla (Gr. elthon) a tla mo fitlhelang a dira jalo. ‘Ammaaruri ke a lo raya, ka re, o tla mo dira molaodi wa dithoto tsotlhe tseo a nang natso.’”

Lefa go ntse jalo, morago ga dingwaga di le lesome, mosadi wa ga Mokaulengwe Russell o ne a bolela phatlalatsa gore Russell ka boene e ne e le motlhanka yo o ikanyegang le yo o botlhale.l Kgopolo eo a neng a e bolela ya gore ‘motlhanka yo o ikanyegang’ ke mang e ne ya dumelwa ke Baithuti ba Bibela gongwe le gongwe ka dingwaga tse di ka nnang 30. Mokaulengwe Russell ga a ka a gana ntlha ya bone, mme lefa go ntse jalo ene ka namana o ne a tila go dirisa temana eo ka tsela eo, a gatelela gore o kgatlhanong le kgopolo ya gore setlhopha sa baruti se romilwe go tla go ruta Lefoko la Modimo a se bapisa le setlhopha sa bao eseng baruti seo sone se sa romiwang go tla go dira jalo. Tshedimosetso e e neng ya tlhalosiwa ke Mokaulengwe Russell ka 1881 ya gore motlhanka yo o botlhale e ne tota e le motlhanka yo e leng setlhopha sa batho, seo se bopilweng ka maloko otlhe a a tloditsweng ka moya ao a leng mo lefatsheng a mmele wa ga Keresete, e ne ya tlhomamisiwa gape mo makasineng wa Tora ya Tebelo (ka Seesemane) wa February 15, 1927.—Bapisa Isaia 43:10.

Mokaulengwe Russell o ile a leba jang seabe seo a neng a na naso ka namana? A o ile a bolela gore Modimo o ne o mo senoletse sengwe ka tsela e e kgethegileng? Mo makasineng wa Tora ya Tebelo (ka Seesemane) wa July 15, 1906 (tsebe 229), Russell o ne a araba jaana ka boikokobetso: “Nnyaa, ditsala tse di rategang, ga ke a amogela sepe se se sa tlwaelegang, lefa e le maatla a a fetang a motho, seriti kana taolo; ebile ga ke eletse go itlotlomatsa go feta bakaulengwe ba me ba ntlo ya tumelo, fa e se fela tsela e Morena a neng a kgothatsa ka yone ka go bolela a re, ‘A yo o tla nnang mogolo mo go lona a nne motlhanka wa lona.’ (Math. 20:27.) . . . Boammaaruri jo ke bo bolelang jono, jaaka mmueledi wa Modimo, bo ne bo sa senolwa ka diponatshegelo kana ka ditoro, lefa e le ka lentswe le le utlwalang la Modimo, kana jotlhe ka nako e le nngwe fela, mme lefa go ntse jalo bo ne jwa senolwa kgato ka kgato . . . Ebile, go tlhalosiwa ka phepafalo ga boammaaruri ga go a tla ka botlhale kana ka kitso e e seng kana ka sepe ya motho, mme lefa go ntse jalo go nnile gone ka lebaka la ntlha e e motlhofo fela ya gore nako eo Modimo a e beileng e gorogile; ebile fa nkabo ke se kile ka bua, ebile go sena moemedi ope yo o neng a ka bonwa, maje ka boone a ne a tla goa.”

Batho ba ba balang makasine wa Tora ya Tebelo ba ne ba kgothalediwa gore ba lebe kwa go Jehofa jaaka Mokaedi wa bone yo Mogolo, le eleng fela jaaka fa Basupi botlhe ba ga Jehofa ba kgothalediwa gore ba dire jalo gompieno. (Isa. 30:20) Seno se ne sa otlelelwa fela thata mo makasineng wa Tora ya Tebelo (ka Seesemane) wa November 1, 1931, mo setlhogong se se reng “Go Rutiwa Ke Modimo,” seo se neng sa tlhalosa jaana: “Makasine wa Tora ya Tebelo o leba boammaaruri jaaka jo eleng jwa ga Jehofa, mme eseng jwa sebopiwa sepe. Makasine wa Tora ya Tebelo ga se sedirisiwa sa motho ope kana sa setlhopha sepe sa batho, ebile ga o gatisiwe go ya ka dikgopolo fela tseo e leng tsa batho. . . . Jehofa Modimo ke ene Morutisi yo mogolo wa bana ba gagwe. Go tlhomamisega ka seno, boammaaruri jono bo gatisiwa ke batho ba ba sa itekanelang, mme ka ntlha ya lebaka leno ga bo tswe bo siame ka botlalo; mme lefa go ntse jalo bo gatisiwa ka mokgwa o o supang ntlha e e boammaaruri ya gore Modimo o ruta bana ba gagwe.”

Mo lekgolong la ntlha la dingwaga, fa go ne go ka tsoga dipotso malebana le thuto kana mokgwa mongwe, di ne di isiwa kwa setlhopheng se se eteletseng pele se se laolang seo e neng e le bannabagolo semoyeng. Go ne go dirwa ditshwetso fa go sena go sekasekiwa seo Dikwalo tse di tlhotlheleditsweng di neng di se bolela mmogo le bosupi jwa tiro eo e neng e dumalana le Dikwalo eo e neng e gatela pele ka ntlha ya go dira ga moya o o boitshepo. Ditshwetso di ne di romelwa ka go kwalela diphuthego. (Dit. 15:1–16:5) Mokgwa o o tshwanang oo, o a dirisiwa mo Basuping ba ga Jehofa gompieno.

Kaelo ya semoya e newa ka ditlhogo tsa dimakasine, dibuka, dithulaganyo tsa dikopano, le dithulaganyo tsa dipuo tsa mo diphuthegong—tseo tsotlhe di baakantsweng kafa tlase ga kaelo ya Setlhopha Se Se Laolang sa motlhanka yo o boikanngo le yo o botlhale. Dilo tseo di kwadilweng mo teng ga tsone di supa ka phepafalo gore seo Jesu a ileng a se bolelela pele se boammaaruri gompieno—gore ruri o na le setlhopha sa motlhanka yo o boikanngo le yo o botlhale seo ka boikanyegi se rutang ‘dilo tsotlhe tseo a di laoletseng’; gore moemedi yono o ‘disitse,’ o ntshitse matlho dinameng gore a bone ditiragalo tseo di diragatsang boperofeti jo bo mo Bibeleng segolobogolo jo bo leng malebana le go nna teng ga ga Keresete; gore o thusa batho ba ba boifang Modimo gore ba tlhaloganye gore ‘go tlhokomela’ dilo tseo Jesu a di laoletseng go akaretsa eng le go itshupa ka go dira jalo gore ruri ke barutwa ba gagwe.—Math. 24:42; 28:20; Yoh. 8:31, 32.

Fa dingwaga di ntse di tsamaya, ditiro tse di neng di ka dira gore go tlotlomadiwe batho go sa tshwanela mabapi le kafa dijo tsa semoya di baakanngwang ka teng di ne tsa fedisiwa kgato ka kgato. Go tla go fitlha mo nakong ya loso lwa ga C. T. Russell, leina la gagwe jaaka morulaganyi le ne le ntse le tlhaga mo e batlang e nna mo tokololong nngwe le nngwe ya makasine wa Tora ya Tebelo. Maina kana ditlhaka tsa ntlha tsa maina a ba bangwe bao ba neng ba kwala ditlhogo ba bo ba di romela gore di tle go tsenngwa mo makasineng a ne gantsi a tlhagelela kwa bokhutlong jwa ditlhogo tseo ba di kwadileng. Ka gone, go simolola ka tokololo ya December 1, 1916 (ka Seesemane), go na le gore go tlhage leina la motho a le mongwe fela jaaka morulaganyi, makasine wa Tora ya Tebelo o ne o tla o na le lenaane la maina a komiti ya borulaganyi. Mo tokololong ya October 15, 1931 (ka Seesemane), lenaane leno le lone le ne la ntshiwa, mme Isaia 54:13 e ne ya diragadiwa. E balega jaana jaaka fa e nopotswe go tswa mo go American Standard Version, “Mme bana botlhe ba gago ba tla rutiwa ke Jehofa; mme kagiso ya bana ba gago e tla nna kgolo.” Fa e sale go simolola ka 1942, e ntse e le molao gore dibuka tseo di gatisitsweng ke Mokgatlho wa Watch Tower di se ka tsa tlotlomatsa motho ope fela gore ke mokwadi wa tsone.a Kafa tlase ga kaelo ya Setlhopha Se Se Laolang, Bakeresete ba ba ineetseng bao ba leng kwa Bokone le kwa Borwa jwa Amerika, Yuropa, Afrika, Asia, le kwa ditlhaketlhakeng tsa mawatle ba ile ba nna le seabe mo go rulaganyeng dintlha tse di ntseng jalo gore di tle di dirisiwe ke diphuthego tsa Basupi ba ga Jehofa mo lefatsheng ka bophara. Mme lefa go ntse jalo tlotlo yotlhe e isiwa kwa go Jehofa Modimo.

Lesedi Le Ntse Le Phatsimela Pele

Jaaka fa go bonala mo hisitoring ya bone ya motlha wa segompieno, seo se ileng sa diragala mo Basuping ba ga Jehofa se ile sa tshwana le seo se tlhalosiwang mo go Diane 4:18: e e reng: “Me tselana ea mosiami e nntse yaka lesedi ye le phatsimañ, ye le phatsimèlañ pele hèla go ea motshegariñ o mogolo.” Lesedi le ntse le phatsimela pele kgato ka kgato, fela jaaka fa lesedi la makuku le thibogela go tlhaba ga letsatsi le bo le thibogela lesedi le le feletseng la letsatsi le lesha. Ka ntlha ya go leba ga bone dilo ka lesedinyana le le neng le le teng ka nako eo, ka dinako tse dingwe ba ile ba nna le dikgopolo tse di sa felelang, le eleng tseo di sa tlhomamang. Lefa ebile ba ka tswa ba ile ba leka ka natla go le kana kang, go ne go nna boperofeti bongwe jo go neng go direga gore ba se ka ba bo tlhaloganya go fitlha bo diragadiwa. Jaaka fa Jehofa a phatsimiseditse lesedi le le oketsegileng mo Lefokong la gagwe ka go dirisa moya wa gagwe o o boitshepo, batlhanka ba gagwe ba ile ka boikokobetso ba batla go dira diphetogo tse di tlhokegang.

Tsela e e ntseng jalo ya go tlhaloganya ga bone dilo kgato ka kgato ga e a ka ya felela fela mo lobakeng lwa kwa tshimologong ya hisitori ya bone ya motlha wa segompieno. E tswelela pele go tla go fitlha mo nakong eno ya gompieno. Ka sekai, ka 1962, tsela eo ba neng ba tlhaloganya “babusi ba bagolo” ba lekwalo la Baroma 13:1-7 ka yone e ne ya fetolwa.

Baithuti ba Bibela ba ile ba fetsa dingwaga di le dintsi ba ruta gore “balaodi ba bagolo” (KJ) e ne e le Jehofa Modimo le Jesu Keresete. Ka ntlha yang? Mo makasineng wa Tora ya Tebelo (ka Seesemane) wa June 1 le wa June 15, 1929, go ne ga umakiwa melao e e farologaneng ya lefatshe, ebile go ne ga bontshiwa gore seo se neng se letliwa kwa nageng e nngwe se ne se ilediwa kwa go e nngwe. Gape, go ne ga umakiwa melao ya lefatshe eo e neng e batla gore batho ba dire seo Modimo a neng a se iletsa kana eo e neng e iletsa seo Modimo a laetseng batlhanka ba gagwe gore ba se dire. Ka ntlha ya go eletsa ga bone ka tlhoafalo go bontsha gore ba tlotla bolaodi jo bogolo jwa Modimo, Baithuti ba Bibela ba ne ba akanya gore “balaodi ba bagolo” e tshwanetse ya bo e le Jehofa Modimo le Jesu Keresete. Ba ne ba santse ba ikobela melao ya lefatshe, mme lefa go ntse jalo go ne go otlelelwa ntlha ya gore go ikobelwe Modimo pele. Eo e ne e le thuto e e botlhokwa thata, eo e neng ya ba nonotsha mo dingwageng tseo di neng tsa latela tsa tlhakatlhakano eo e neng ya nna teng mo lefatsheng. Mme lefa go ntse jalo ga ba a ka ba tlhaloganya ka phepafalo seo Baroma 13:1-7 e neng e se bolela.

Morago ga dingwaga di le dintsi go ne ga sekasekiwa dikwalo gape ka kelotlhoko, mmogo le ditemana tsa tsone tseo di di dikologileng le seo di se kayang ka go sekaseka Bibela yotlhe fela. Ka ntlha ya gone moo, ka 1962, go ne ga lemogiwa gore “babusi ba bagolo” ke babusi ba lefatshe, mme lefa go ntse jalo molaomotheo wa go ineela ka mo go lekanyeditsweng mo go bone o ne wa lemogiwa ka phepafalo ka thuso ya New World Translation.b Seno se ne se sa tlhoke gore Basupi ba ga Jehofa ba dire phetogo epe e kgolo mo boikutlong jwa bone malebana le dipuso tsa lefatshe, mme lefa go ntse jalo se ile sa siamisa tsela eo ba neng ba tlhaloganya karolo e e botlhokwa eo ya Dikwalo ka gone. Fa go ntse go ya go ne ga nna le tshono ya gore Basupi ba sekaseke ka kelotlhoko motho ka bongwe go bona gore a e kane tota ba ne ba tshelela maikarabelo ao ba neng ba na le one malebana le Modimo le babusi ba lefatshe. Go tlhaloganya “bathata ba bagolo” ka tsela e e phepafetseng eno go sireleditse Basupi ba ga Jehofa, segolobogolo kwa dinageng tseo kwa go tsone bomorafe jo bo seng kana ka sepe le go lwela kgololesego e e oketsegileng go feletseng ka go runya ga thubakanyo le go tlhongwa ga dipuso tse disha.

Mo ngwageng o o latelang, ka 1963, go ne ga tlotliwa ka bokao jo bo oketsegileng jwa “Babelona O Mogolo.”c (Tshen. 17:5) Go boelediwa ga hisitori ya lefatshe le ya bodumedi go ne ga supa gore tsela eo Babelona wa bogologolo a neng a tlhotlheletsa ka yone ga e a ka ya ama Labokeresete fela mme gape e amile le karolo nngwe le nngwe ya lefatshe. Ka gone, Babelona O Mogolo o ne a lemogiwa gore ke mmuso wa lefatshe lotlhe wa bodumedi jwa maaka. Go lemogiwa ga selo seno go ne ga thusa Basupi ba ga Jehofa gore ba kgone go thusa batho ba le bantsi ka mo go oketsegileng go tswa mo maemong a a farologaneng a botshelo gore ba tseye kgato ka taolo eno e e tswang mo Bibeleng: “Cwañ mo go èna, lona batho ba me.”—Tshen. 18:4.

Ke boammaaruri gore go diragala ga ditiragalo tsotlhe tseo di boleletsweng pele mo bukeng yotlhe ya Tshenolō go tlisitse namane e tona ya lesedi la semoya. Ka 1917 go ne ga gatisiwa dintlha kaga buka ya Tshenolō mo bukeng e e bidiwang The Finished Mystery. Mme lefa go ntse jalo, bogologolo ka nako eo, “letsatsi ya Morèna,” leo go buiwang ka lone mo go Tshenolō 1:10 le ne le santse le simolola; dilo di le dintsi tseo di neng di boleletswe pele di ne di ise di diragale ka nako eo ebile di ne di sa tlhaloganngwe sentle ka phepafalo. Lefa go ntse jalo, dilo tseo di neng tsa diragala mo dingwageng tseo di neng tsa latela di ne tsa phatsimisa lesedi le le oketsegileng malebana le se se kaiwang ke karolo eo ya Bibela, ebile ditiragalo tseno di ile tsa ama ka tsela e e seng kana ka sepe thuto e e sedimosetsang eno ya Tshenolō eo e neng ya gatisiwa ka 1930 mo dibolumong tse pedi tseo di neng di na le setlhogo se se reng Light. Mo dingwageng tsa bo1960, dibuka tse di bidiwang “Babylon the Great Has Fallen!” God’s Kingdom Rules! le “Then Is Finished the Mystery of God” di ne tsa tla di tokafaditswe ka mo go oketsegileng. Morago ga masome a le mabedi a dingwaga, karolo eo ya Bibela e ne ya ithutiwa gape ka mo go tseneletseng. Puo ya tshwantshetso ya lokwalo lwa Tshenolō e ne ya tlhalosiwa ka kelotlhoko go ya ka mafoko a mangwe a a tshwanang ao a leng mo dikarolong tse dingwe tsa Bibela. (1 Bakor. 2:10-13) Go ne ga sekasekiwa ditiragalo tse dingwe tsa lekgolo la masome a mabedi la dingwaga tseo di diragatsang boperofeti. Se se neng sa bonwa se ne sa gatisiwa ka 1988 mo bukeng e e kgatlhang tota e e bidiwang Tshenolō—Konelo ya Yone e e Molemolemo e Atametse!

Go ne go setse go thailwe motheo mo dingwageng tsa ntlha tsa hisitori ya bone ya motlha wa segompieno. Go ne ga tlamelwa ka dijo di le dintsi tsa semoya tseo di solegelang molemo. Mo dingwageng tsa bosheng jaana go ne ga gololwa dibuka tse dintsi thata tse di farologaneng tse di thusang go ithuta Bibela gore Bakeresete ba ba godileng le batho ba basha bao ba ithutang bao ba tswang mo maemong a a farologaneng a botshelo ba tle ba thusiwe ka dilo tseo ba di tlhokang. Mo makgetlong a le mantsi, go ithuta Dikwalo ka metlha, mmogo le go diragadiwa ga boperofeti jwa bomodimo, go dirile gore dilo tseo Bibela e di rutang di kgone go tlhalosiwa ka phepafalo ka mo go oketsegileng. Ereka ba ithuta Lefoko la Modimo ba sa kgaotse, Basupi ba ga Jehofa ba na le letlotlo la dijo tsa semoya, le eleng fela jaaka Dikwalo di ile tsa bolelela pele gore go ne go tlile go nna jalo ka batlhanka ba Modimo. (Isa. 65:13, 14) Motho ga a ke a fetola tsela eo a lebang dilo ka yone ka boikaelelo jwa gore a tle a amogelwe ke lefatshe ka mo go oketsegileng ka go amogela melawana ya lone ya boitsholo. Go farologana le seno, hisitori ya Basupi ba ga Jehofa e bontsha gore ba ne ba dira diphetogo ka boikaelelo jwa go ngaparela Bibela thata, gore ba tshwane fela thata le Bakeresete ba ba ikanyegang ba lekgolo la ntlha la dingwaga, le gore Modimo o ba amogele.

Ka gone, boitemogelo jwa bone bo tshwana le seo se bolelwang ke thapelo ya ga moaposetoloi Paulo, yo o neng a kwalela Bakeresete ka ene jaana: “Re sa khutleñ go lo rapèlèla, le go lo lopèla, gore lo kè lo tladiwè ka kicō [e e tlhomameng] ea mo e leñ go rata ga gagwè, mo botlhaleng yotlhe yoa semōea, le mo tlhalogañyoñ, Gore lo tsa-maeè mo go chwanetseñ Morèna, lo nntse lo kgatlha gotlhe, lo uñwa mo ditihoñ cotlhe tse di molemō, lo totahala mo kicoñ [e e tlhomameng] ea Modimo.”—Bakol. 1:9, 10.

Gape, go oketsega goo ga kitso e e tlhomameng ya Modimo go ne go amana le leina la bone—Basupi ba ga Jehofa.

[Dintlha tse di kwa tlase]

a Zion’s Watch Tower and Herald of Christ’s Presence, ya July 15, 1906, dits. 229-31.

b Bona Insight on the Scriptures, e e gatisitsweng ke Watchtower Bible and Tract Society of New York, Inc., Bolumo 2, tsebe 1176.

c Ka sekai: (1) Mo lekgolong la bo 16 la dingwaga, mekgatlho eo e neng e le kgatlhanong le thuto ya tharonngwe e ne e gaketse tota kwa Yuropa. Ka sekai, Ferenc Dávid (1510-79) wa kwa Hungary, o ne a itse ebile a ruta batho gore thuto ya Tharonngwe e ne e sa thaiwa mo Dikwalong. O ne a swela mo kgolegelong ka ntlha ya dilo tseo a neng a di dumela. (2) Minor Reformed Church, eo e neng e feditse dingwaga tseo di ka nnang lekgolo e ntse e gatela pele kwa Poland mo lekgolong la dingwaga la bo 16 le la bo 17 la dingwaga, le yone e ne e sa dumele thuto ya Tharonngwe, ebile maloko a kereke eo a ne a anamisa dibuka go ralala Yuropa yotlhe, go fitlha Ba-Jesuit ba atlega mo go direng gore ba lelekiwe kwa Poland. (3) Kwa Engelane, Sir Isaac Newton (1642-1727), o ne a sa dumele thuto ya Tharonngwe mme o ne a kwala mabaka a hisitori le a a tswang mo Dikwalong ka botlalo a go bo a ne a sa e dumele, mme lefa go ntse jalo ga a ka a gatisa mabaka ano ka nako ya fa a ne a santse a tshela, go bonala e le ka ntlha ya go bo a ne a boifa seo se neng se ka nna sa mo diragalela. (4) Gareng ga ba bangwe kwa Amerika, Henry Grew o ne a senola gore thuto ya Tharonngwe ga e a thaiwa mo dikwalong. Ka 1824 o ne a kwala dintlha tse dintsi thata kaga kgang eno mo bukeng e e bidiwang An Examination of the Divine Testimony Concerning the Character of the Son of God.

d Bona gape Studies in the Scriptures, Series V, ditsebe 41-82.

e Watchtower Bible and Tract Society e ile ya gatisa dintlha tseo di amanang le kgang eno tseo di neelang bosupi jwa hisitori le jo bo tswang mo Dikwalong. Bona “The Word”—Who Is He? According to John (1962), “Dilō Tse Go Retetseng Mo Modimoñ Go Aka Mo Go Cōna” (1965, ka Seesemane), Go Fetolana ka Dikwalo (1985) le A O Tshwanetse Wa Dumela Tharo-nngwe? (1989).

f Bakanoki ba Bajuda le ba Labokeresete ba itse seo Dikwalo di se bolelang ka moya, mme lefa go ntse jalo ke ka sewelo fela ba rutang seno mo mafelong a bone a kobamelo. Bona New Catholic Encyclopedia (1967), Bolumo XIII, ditsebe 449-50; The Eerdmans Bible Dictionary (1987), ditsebe 964-5; The Interpreter’s Dictionary of the Bible, e e gatisitsweng ke G. Buttrick (1962), Bolumo I, tsebe 802; The Jewish Encyclopedia (1910), Bolumo VI, tsebe 564.

g Ka 1955, bukana e e bidiwang What Do the Scriptures Say About “Survival After Death”? e ne ya tlhalosa dintlha tse dintsi tsa kgang eno e supa gore Bibela e bontsha gore tota Satane o ne a tlhotlheletsa Efa gore a dumele gore o ne a se kitla a swa mo nameng ka ntlha ya go tlhokomologa molao wa Modimo o o neng o ba iletsa gore ba se ka ba ja leungo la “setlhare sa kicō ea molemō le boshula.” (Gen. 2:16, 17; 3:4) Go phepafetse gore fa nako e ntse e tsamaya, seo se ile sa itshupa e le maaka, mme lefa go ntse jalo, go ne go na le dilo tse dingwe tse di oketsegileng tseo di neng tsa simologa ka ntlha ya maaka ao a ntlha. Batho ba ne ba simolola go dumela kgopolo ya gore karolo e e sa bonaleng ya motho e tswelela pele e tshela. Morago ga Morwalela wa motlha wa ga Noa, kgopolo eno e ne ya nonotshiwa ke ditlwaelo tsa bodimona tsa tirisabadimo tseo di simologileng kwa Babelona.—Isa. 47:1, 12; Dute. 18:10, 11.

h Barbour o ne a bolela gore o ne a dumela thuto ya thekololo, gore Keresete o re swetse. Seo a neng a sa se dumele, e ne e le kgopolo eno ya “go emisetsa”—gore Keresete o sule mo boemong jwa rona, gore Keresete o dueletse katlholo e bana ba ga Adame ba neng ba atlhotswe ka yone ya loso ka go swa.

i Seno se ne sa tlhotlhelediwa ke tumelo ya gore mileniamo wa bosupa wa hisitori ya motho o ile wa simolola ka 1873 le gore lobaka lwa nako loo ka lone Modimo a neng a sa amogele Baiseraele ba nama ka lone (loo lo lekanang ka boleele le lobaka lwa nako lo lo neng lo setse lo fetile loo a neng a ba amogela ka lone) le ne le tlile go khutla ka 1878. Nako ya ditiragalo ka go latelana ga tsone e ne e sa balwa ka tshwanelo ka ntlha ya go ikaega ka thanolo e e sa tlhomamang e e mo lekwalong la Ditihō 13:20 mo go King James Version, go dumela gore go ne go na le phoso ya fa go ne go kwalololwa 1 Dikgosi 6:1, le go sa sekaseke kafa Bibela e neng e tlhoma nako e dikgosi tsa Juda le tsa Iseraele di neng di busa ka yone. Ka 1943, go ne ga gatisiwa lenaane la ditiragalo tsa Bibela ka go latelana ga tsone le le kgonang go tlhaloganngwa sentle ka phepafalo mo bukeng e e bidiwang “The Truth Shall Make You Free,” mme morago ga moo le ne la tokafadiwa mo ngwageng o o latelang mo bukeng ya “The Kingdom Is at Hand,” le mo dikgatisong tsa moragonyana.

j Makasine o o gatisitsweng ke George Storrs, kwa Brooklyn, kwa New York.

k Ka 1978, Setlhopha Se Se Laolang se ne sa bolela jaana ka nako ya fa se ne se kopiwa gore se akgele ka dintlha tseo di neng di tlile go tsenngwa mo lekwalodikgannyeng kaga boemo jwa Basupi ba ga Jehofa kaga Mokgatlho wa Bajuda wa Sione: “Basupi ba ga Jehofa ba tswelela pele go ngaparela molao o o mo Bibeleng wa gore ba nne ba ntse ba itlhaotse mo mekgatlhong yotlhe ya bopolotiki le dipuso. Ba tlhatswegile pelo gore ga go na mokgatlho ope wa batho oo o ka kgonang go dira seo se ka fitlhelelwang fela ke bogosi jwa Modimo jwa selegodimo.”

l Ka maswabi, mosadi wa gagwe o ile a kgaogana le ene ka bonakonyana fela morago ga seno ka ntlha ya go bo a ne a eletsa go nna wa maemo a a kwa godimo.

a Lefa go ntse jalo, kwa dinageng tseo kwa go tsone molao o batlang gore leina la mokwadi le kwadiwe, go ka nna ga kwadiwa leina la moemedi wa lefelo leo jaaka yo o nang le boikarabelo jwa seo se gatisitsweng.

b Makasine wa Tora ya Tebelo (ka Seesemane), wa November 1, wa November 15, le wa December 1, 1962.

c Makasine wa Tora ya Tebelo (ka Seesemane), wa November 15 le December 1, 1963.

[Mafoko a a mo go tsebe 120]

C. T. Russell o ne a dumela phatlalatsa fela gore o thusitswe ke bangwe mo dingwageng tsa fa a ne a simolola go ithuta Bibela

[Mafoko a a mo go tsebe 122]

Basupi ba ile ba sekaseka ka namana bosupi jo bo bontshang gore ruri Bibela ke Lefoko la Modimo

[Mafoko a a mo go tsebe 123]

Baithuti ba Bibela ba ne ba lemoga gore tshiamiso ya Modimo e lekalekana ka tsepamo le botlhale, lorato, le nonofo ya gagwe

[Mafoko a a mo go tsebe 127]

Russell o ne a lemoga ka phepafalo gore dihele ga se lefelo le batho ba bogisiwang kwa go lone fa ba sena go swa

[Mafoko a a mo go tsebe 129]

Batho ba bantsi ba ba akanyang sentle ba ne ba sa dumele thuto ya molelo wa dihele

[Mafoko a a mo go tsebe 132]

Go bo Russell a ne a emela thuto eno ya thekololo a nonofile go ile ga nna le matswela a magolo thata

[Mafoko a a mo go tsebe 134]

Ba ne ba kgona go lemoga gore ngwaga wa 1914 o ne o tshwailwe ka phepafalo ke boperofeti jwa Bibela

[Mafoko a a mo go tsebe 136]

Sengwe le sengwe ga se a ka sa direga ka bonako jaaka ba ne ba solofetse

[Mafoko a a mo go tsebe 139]

Mafoko a a molemo a a neng a tshwanetse go bolelwa e ne e le a a reng: Bogosi jwa Modimo bo setse bo busa!

[Mafoko a a mo go tsebe 140]

A Hara-Magedona e ne e tlile go nna go lere diphetogo fela tsa selegae?

[Mafoko a a mo go tsebe 141]

Kgabagare ka 1932, go ne ga bo ga felelwa go itsiwe seo “Iseraela oa Modimo” e leng sone

[Mafoko a a mo go tsebe 143]

“Motlhanka eo o boikañō le eo o botlhale” —a ke motho a le mongwe fela kana setlhopha?

[Mafoko a a mo go tsebe 146]

Ditiro tse di neng di ka dira gore go tlotlomadiwe batho go sa tshwanela di ne tsa fedisiwa kgato ka kgato

[Mafoko a a mo go tsebe 148]

Diphetogo tse di neng tsa dirwa e ne e le ka boikaelelo jwa gore ba ngaparele Lefoko la Modimo thata

[Lebokoso mo go tsebe 124]

Go Itsise Ba Bangwe Leina la Modimo

◆ Fa esale go tloga ka 1931 leina Basupi ba ga Jehofa le ntse le dirisediwa go tlhaola bao ba obamelang Jehofa le go mo direla jaaka Modimo o le mongwe fela wa boammaaruri.

◆ Fa esale go tloga ka October 15, 1931, leina la Modimo ebong Jehofa le ntse le tlhaga mo tsebeng e e kafa ntle ya tokololo nngwe le nngwe ya makasine wa “Tora ya Tebelo.”

◆ Ka nako ya fa leina la Modimo ka namana le ne le ntshiwa mo dithanolong di le dintsi tsa segompieno tsa Bibela, Basupi ba ga Jehofa ba ne ba simolola go gatisa “New World Translation” ka 1950, eo e neng ya busetsa leina la Modimo fa le tshwanetseng go tlhaga teng.

◆ Mo godimo ga go gatisa Bibela ka boyone, Watch Tower Bible and Tract Society e ne ya gatisa dibuka tse dingwe gape tse dintsi gore leina la Modimo le elwe tlhoko—ka sekai, go ne ga gatisiwa dibuka tseno “Jehovah” (1934), “Let Your Name Be Sanctified” (1961), le e e bidiwang “‘The Nations Shall Know That I Am Jehovah’—How?” (1971), mmogo le boroutšhara e e bidiwang “Leina la Modimo Leo Le Tla Nnelang Ruri” (1984).

[Lebokoso mo go tsebe 126]

‘A Re Tla Ganetsa Keresete ka Boene?’

Fa a sena go senola gore thuto ya Tharonngwe ga e a thaiwa mo dikwalong le gore ga e utlwale, C. T. Russell o ne a utlwala a galefile ka tsela e e tshwanetseng ka nako ya fa a ne a botsa jaana: “Ka gone, a re tla ganetsa Baaposetoloi le Baperofeti le Jesu ka Boene, mme re tlhokomologa mabaka a a utlwalang le seo mongwe le mongwe a se itseng, fela gore re dumele e re e tsereng mo botlhokakitsong, le mo tumelabotlhoding ya botenegi jwa Kereke jo bo sa tsamaeng mo tseleng e e siameng? Nnyaa! ‘Bogolo re tshwanetse ra dumela Molao le bosupi jo bo leng teng! Fa e le gore ga ba bue go ya ka Lefoko leno, ke ka ntlha ya gore ga go na lesedi lepe mo go bone.’”—“Tora ya Tebelo” (ka Seesemane), ya August 15, 1915.

[Lebokoso mo go tsebe 133]

Boammaaruri jo bo Gatelang Pele

Ka 1882, C. T. Russell o ne a kwala jaana: “Bibela ke yone fela e re kaelang, mme dilo tseo e di rutang ke tsone fela tseo re di dumelang, mme ereka re lemoga mokgwa o o gatelang pele oo boammaaruri jwa Dikwalo bo senolwang ka one, re ipaakantse ebile re iketleeditse go oketsa dilo tseo re di dumelang (tumelo) kana go di tokafatsa jaaka fa re ntse re amogela lesedi le le oketsegileng le le tswang mo Mokaeding wa rona.”—“Tora ya Tebelo” (ka Seesemane), April 1882, ts. 7.

[Lebokoso mo go tsebe 144, 145]

Dilo Tseo Basupi ba ga Jehofa Ba Di Dumelang

◆ Bibela ke Lefoko la Modimo le le tlhotlheleditsweng. (2 Tim. 3:16, 17)

Seo se kwadilweng mo go yone ga se hisitorinyana fela kana kgopolo fela eo e leng ya motho mme lefa go ntse jalo ke lefoko la Modimo, leo le kwadilweng gore le re solegele molemo. (2 Pet. 1:21; Bar. 15:4; 1 Bakor. 10:11)

◆ Jehofa ke ene Modimo a le mongwe fela wa boammaaruri. (Pes. 83:18; Dute. 4:39)

Jehofa ke Mmopi wa dilo tsotlhe, mme ka gone, ke ene fela yo a tshwanetseng go obamelwa. (Tshen. 4:11; Luke 4:8)

Jehofa ke Molaodi wa Lobopo, ene yoo re tshwanetseng ra mo ikobela ka botlalo. (Dit. 4:24; Dan. 4:17; Dit. 5:29)

◆ Jesu Keresete ke ene fela Morwa Modimo yo o tsetsweng a le esi, ene fela yo Modimo o mmopileng ka boene ka tlhamalalo. (1 Yoh. 4:9; Bakol. 1:13-16)

Jesu e ne e le wa ntlha go bopiwa mo dilong tsotlhe tseo Modimo o di bopileng; ka gone, Jesu o ne a tshela kwa legodimong pele a imiwa le go tsholwa jaaka motho. (Tshen. 3:14; Yoh. 8:23, 58)

Jesu o obamela Rraagwe jaaka Modimo o le mongwe fela wa boammaaruri; Jesu ga a ise a ke a tsamaye a ipolele gore ene o lekana le Modimo. (Yoh. 17:3; 20:17; 14:28)

Jesu o ne a ntsha botshelo jwa gagwe jo bo itekanetseng go rekolola batho. Setlhabelo sa gagwe se dira gore botlhe ba ba dumelang mo go ene ka boammaaruri ba kgone go bona botshelo jo bo sa khutleng. (Mar. 10:45; Yoh. 3:16, 36)

Jesu o ne a tsosiwa mo baswing jaaka motho wa semoya yo o sa sweng. (1 Pet. 3:18; Bar. 6:9)

Jesu o boile (ka go bo a tlhokometse dilo mo lefatsheng jaaka Kgosi), mme jaanong o teng jaaka moya o o galalelang. (Math. 24:3, 23-27; 25:31-33; Yoh. 14:19)

◆ Satane ke “mmusi” yo o sa bonaleng “wa lefatshe leno.” (Yoh. 12:31; 1 Yoh. 5:19)

Kwa tshimologong, e ne e le morwa yo o itekanetseng wa Modimo, mme lefa go ntse jalo o ne a letla maikutlo a go ipona a le botlhokwa gore a gole mo pelong ya gagwe, o ne a eletsa kobamelo eo e neng e tshwanetse ya lebisiwa kwa go Jehofa fela, a bo a hepisa Adame le Efa gore ba mo obamele go na le gore ba reetse Modimo. Ka go dira jalo o ne a itira Satane, se se rayang “Moganetsi.” (Yoh. 8:44; Gen. 3:1-5; bapisa Duteronome 32:4, 5; Yakobe 1:14, 15; Luke 4:5-7.)

Satane ke “motsietsi oa Lehatshe yeotlhe”; ene le badimona ba gagwe ba na le molato wa go lere mathata a a oketsegileng ao a leng teng mo lefatsheng mo nakong eno ya bokhutlo. (Tshen. 12:7-9, 12)

Mo nakong eo Modimo o e tlhomileng, Satane le badimona ba gagwe ba tla nyelediwa. (Tshen. 20:10; 21:8)

◆ Bogosi jwa Modimo joo mo go jone go busang Keresete bo tla emisetsa dipuso tsotlhe tsa batho mme bo tla nna puso e le nngwe fela e e busang batho botlhe. (Dan. 7:13, 14)

Tsamaiso ya gone jaanong e e bosula ya dilo e tla senngwa gotlhelele. (Dan. 2:44; Tshen. 16:14, 16; Isa. 34:2)

Bogosi jwa Modimo bo tla busa ka tshiamo mme bo tla tlisetsa babusiwa ba jone kagiso ya mmatota. (Isa. 9:6, 7; 11:1-5; 32:17; Pes. 85:10-12)

Batho ba ba bosula ba tla nyelediwa, mme baobamedi ba ga Jehofa bone ba tla ipelela polokesego e e nnetseng ruri. (Dia. 2:21, 22; Pes. 37:9-11; Math. 25:41-46; 2 Bathes. 1:6-9; Mika 4:3-5)

◆ Jaanong, fa esale go simolola ka 1914,d re tshela mo “metlheñ ea bohèlō” ya lefatshe leno le le bosula. (Math. 24:3-14; 2 Tim. 3:1-5; Dan. 12:4)

Mo lobakeng lono lwa nako, bosupi bo setse bo neetswe mo merafeng yotlhe; morago ga moo go tla tla bokhutlo, eseng jwa lefatshe ka bolone, mme jwa tsamaiso e e bosula le jwa baikepi. (Math. 24:3, 14; 2 Pet. 3:7; Mor. 1:4)

◆ Go na le tsela e le nngwe fela e e isang botshelong; ga se ditumelo tsotlhe kana ditiro tsotlhe tse di dirwang mo bodumeding tseo di amogelwang ke Modimo. (Math. 7:13, 14; Yoh. 4:23, 24; Baef. 4:4, 5)

Kobamelo ya boammaaruri ga e gatelele ngwao ya bodumedi kana go itshupa kafa ntle fela gore ke badumedi mme lefa go ntse jalo e gatelela go rata Modimo tota, goo go bontshiwang ka go ikobela ditaolo tsa gagwe le ka go rata batho ba bangwe. (Math. 15:8, 9; 1 Yoh. 5:3; 3:10-18; 4:21; Yoh. 13:34, 35)

Batho ba ba tswang mo ditlhopheng tsa merafe yotlhe, ditso, le dipuo ba ka kgona go direla Jehofa le go amogelwa ke ene. (Dit. 10:34, 35; Tshen. 7:9-17)

Thapelo e tshwanetse ya lebisiwa kwa go Jehofa fela ka Jesu; ditshwantsho ga di a tshwanela go dirisiwa jaaka dilo tseo di bontshang gore motho o ineetse kana tseo di thusang mo kobamelong. (Math. 6:9; Yoh. 14:6, 13, 14; 1 Yoh. 5:21; 2 Bakor. 5:7; 6:16; Isa. 42:8)

Go tshwanetse ga tilwa ditiro tsa tirisabadimo. (Bagal. 5:19-21; Dute. 18:10-12; Tshen. 21:8)

Ga go na pharologano epe fa gare ga baruti le batho bao e seng baruti mo Bakereseteng ba boammaaruri. (Math. 20:25-27; 23:8-12)

Bokeresete jwa boammaaruri ga bo akaretse go tshegetsa sabata beke nngwe le nngwe kana go ikobela dilo tse dingwe tseo di batliwang ke Molao wa ga Moshe gore motho a tle a bolokwe; go dira jalo e tla bo e le go gana Keresete, yo a neng a diragatsa Molao. (Bagal. 5:4; Bar. 10:4; Bakol. 2:13-17)

Bao ba leng mo kobamelong ya boammaaruri ga ba a tshwanela go tlhakanya bodumedi jwa bone le jwa ba bangwe. (2 Bakor. 6:14-17; Tshen. 18:4)

Botlhe bao ka mmatota e leng barutwa ba ga Jesu ba kolobediwa ka go nwediwa gotlhelele mo metsing. (Math. 28:19, 20; Mar. 1:9, 10; Dit. 8:36-38)

Botlhe bao ba salang sekao sa ga Jesu morago ebile ba ikobela ditaolo tsa gagwe ba neela ba bangwe bosupi kaga Bogosi jwa Modimo. (Luke 4:43; 8:1; Math. 10:7; 24:14)

◆ Loso ke ditlamorago tsa boleo jo bo ruilweng go tswa mo go Adame. (Bar. 5:12; 6:23)

Ka nako ya fa motho a swa, go swa moya ka boone. (Esek. 18:4)

Baswi ga ba ikutlwe. (Pes. 146:4; Mor. 9:5, 10)

Dihele (“Sheol,” “Hades”) ke lebitla fela le le tlwaelegileng la motho. (Yobe 14:13, “Dy”; Tshen. 20:13, 14, “KJ,” fa thoko ga mela)

Jaaka fa Bibela ka boyone e bontsha, ‘Bodiba jwa molelo’ joo batho ba ba bosula ba ba ka se kang ba twe sepe ba latlhelwang mo go jone ke “losho loa bobedi” eleng go swela ruri. (Tshen. 21:8)

Go tsoga ga baswi ke tsholofelo eo ba ba suleng ba nang nayo le ya bao ba latlhegetsweng ke baratiwa ba bone mo losong. (1 Bakor. 15:20-22; Yoh. 5:28, 29; bapisa Yohane 11:25, 26, 38-44; Mareko 5:35-42.)

Loso lo lo leng teng ka ntlha ya boleo jwa ga Adame lo ka se tlhole lo nna teng. (1 Bakor. 15:26; Isa. 25:8; Tshen. 21:4)

◆ “Lecomanyane,” ba ba 144,000 fela, ke lone fela leo le yang legodimong. (Luke 12:32; Tshen. 14:1, 3)

Bano ke bone bao ba ‘tsetsweng sesha’ jaaka barwa ba semoya ba Modimo. (Yoh. 3:3; 1 Pet. 1:3, 4)

Modimo o ba tlhopha go tswa mo bathong botlhe le mo merafeng yotlhe gore ba ye go busa le Keresete mo Bogosing. (Tshen. 5:9, 10; 20:6)

◆ Ba bangwe bao ba amogelwang ke Modimo ba tla tshelela ruri mo lefatsheng. (Pes. 37:29; Math. 5:5; 2 Pet. 3:13)

Lefatshe ga le kitla le bo le tsamaya le senngwa kana le tlhoka baagi. (Pes. 104:5; Isa. 45:18)

Tumalanong le boikaelelo jwa ntlha jwa Modimo, lefatshe lotlhe le tla nna paradaise. (Gen. 1:27, 28; 2:8, 9; Luke 23:42, 43)

Go tla nna le matlo a a lekaneng le letlotlo la dijo tseo mongwe le mongwe a tla di ipelelang. (Isa. 65:21-23; Pes. 72:16)

Go tla bo go lebetswe ka bolwetsi, mefuta yotlhe ya bogole, le loso ka bolone. (Tshen. 21:3, 4; Isa. 35:5, 6)

◆ Babusi ba lefatshe ba tshwanetse go newa tlotlo e e ba tshwanelang. (Bar. 13:1-7; Tito 3:1, 2)

Bakeresete ba boammaaruri ga ba nne le seabe mo go tsuologeleng taolo ya puso. (Dia. 24:21, 22; Bar. 13:1)

Ba ikobela melao yotlhe eo e sa thulaneng le molao wa Modimo, mme lefa go ntse jalo go ikobela Modimo go tla pele mo go bone. (Dit. 5:29)

Ba etsa Jesu ka go nna ba ntse ba itlhaotse fa go tla mo dikgannyeng tsa dipolotiki tsa lefatshe. (Math. 22:15-21; Yoh. 6:15)

◆ Bakeresete ba tshwanetse gore ba ikobele melao ya Bibela eo e amang madi le boitsholo jwa tlhakanelodikobo. (Dit. 15:28, 29)

Go ja madi kana go a tshelwa mo ditshikeng ke go tlola molao wa Modimo. (Gen. 9:3-6; Dit. 15:19, 20)

Bakeresete ba tshwanetse gore ba nne le boitsholo jo bo phepa; kgokafalo, boaka, le bosodoma ga di a tshwanela go ama matshelo a bone ka gope, lefa e le botagwa kana go dirisa diokobatsi ka tsela e e sa tshwanelang. (1 Bakor. 6:9-11; 2 Bakor. 7:1)

◆ Go tshepega le go ikanyega mo go tlhokomeleng maikarabelo a lenyalo le a lelapa ke dilo tseo di leng botlhokwa mo Bakereseteng. (1 Tim. 5:8; Bakol. 3:18-21; Baheb. 13:4)

Go tsietsa ka puo kana mo kgwebong, mmogo le go itimokanya ga go a tshwanela go dirwa ke Mokeresete. (Dia. 6:16-19; Baef. 4:25; Math. 6:5; Pes. 26:4)

◆ Kobamelo e Jehofa a e amogelang e batla gore re mo rate go gaisa dilo tsotlhe. (Luke 10:27; Dute. 5:9)

Go dira thato ya ga Jehofa, ka go tlisetsa leina la gagwe tlotlo, ke selo seo se leng botlhokwa go di gaisa tsotlhe mo botshelong jwa Mokeresete wa boammaaruri. (Yoh. 4:34; Bakol. 3:23; 1 Pet. 2:12)

Fa ba ntse ba direla batho botlhe dilo tse di molemo go ya kafa ba kgonang ka teng, Bakeresete ba lemoga boikarabelo jo bo kgethegileng joo ba tshwanetseng ba bo dira mo batlhankeng ka bone ba Modimo; ke gone ka moo thuso ya bone mo dinakong tsa bolwetse le tsa masetlapelo e lebisiwang segolobogolo mo go bone. (Bagal. 6:10; 1 Yoh. 3:16-18)

Seo go rata Modimo go se batlang mo Bakereseteng ba boammaaruri ga se fela gore ba ikobele taolo ya gagwe ya gore ba rate moagelani wa bone mme gape gore ba se ka ba rata mokgwa wa lefatshe leno wa boitsholo jo bo maswe le wa go rata dilo tse di bonalang. Bakeresete ba boammaaruri ga se karolo ya lefatshe mme ka gone, ba tila go nna le seabe mo ditirong tseo di tla ba tlhaolang jaaka bao ba nang le moya wa lone. (Bar. 13:8, 9; 1 Yoh. 2:15-17; Yoh. 15:19; Yak. 4:4)

[Ntlhanyana e e kwa tlase]

d Go bona dintlha tse di oketsegileng, bona buka e e bidiwang “Let Your Kingdom Come.”

[Setshwantsho mo go tsebe 121]

C. T. Russell o ne a simolola go gatisa makasine wa “Zion’s Watch Tower” ka 1879, ka nako ya fa a ne a na le dingwaga di le 27

[Ditshwantsho mo go tsebe 125]

Nako nngwe bogologolo, Sir Isaac Newton le Henry Grew e ne e le bangwe ba batho ba ntlha ba ba ileng ba gana go dumela thuto ya Tharonngwe ba re ga e a thaiwa mo dikwalong

[Ditshwantsho mo go tsebe 128]

Fa go ne go buiwa phatlalatsa, Russell o ne a ntsha mabaka a a bontshang gore tota baswi ba sule, ga go na gore ba tshela le baengele kana le badimona kwa lefelong la tlalelo

Carnegie Hall, kwa Allegheny, kwa Pennsylvania—koo kgang e neng e tshwaretswe teng

[Setshwantsho mo go tsebe 130]

Russell o ne a etela kwa ditoropong tse dikgolo le tse dinnye go ya go bolelela batho boammaaruri kaga dihele

[Setshwantsho mo go tsebe 131]

Fa moithuti mongwe wa yunibesithi ebong Frederick Franz, a ne a ithuta gore boemo jwa baswi tota ke bofe, o ne a fetola mekgele ya gagwe ya botshelo gotlhelele

[Setshwantsho mo go tsebe 135]

Baithuti ba Bibela ba ne ba itsise ngwaga wa 1914 phatlalatsa gore Metlha ya Baditšhaba e ne e tla khutla ka one jaaka mo pampitshaneng eno ya I.B.S.A. e e neng ya phasaladiwa ka 1914

[Ditshwantsho mo go tsebe 137]

Ka 1931, J. F. Rutherford o ne a dirisa diradio ka selekanyo se segolo se di neng di ise di dirisiwe ka sone pele go bontsha gore Bogosi jwa Modimo ke jone fela bo ka tlang go golola batho ka bosakhutleng

Puo ya phatlalatsa e e nang le setlhogo se se reng “Bogosi, Tsholofelo ya Lefatshe” e ne ya gasiwa ke diteishane di le 163 ka nako e le nngwe fela mme moragonyana e ne ya boelediwa ke tse dingwe di le 340

[Setshwantsho mo go tsebe 142]

Ka 1925, A. H. Macmillan o ne a romelwa kwa Palesetina ka sekepe ka ntlha ya go kgatlhega ka tsela e e kgethegileng gore Bajuda ba na le seabe sefe mo boperofeting jwa Bibela

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela