LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • kl kgao. 8 ts. 70-79
  • Ke Eng Fa Modimo O Letlile Pogo Gore E Tswelele?

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Ke Eng Fa Modimo O Letlile Pogo Gore E Tswelele?
  • Kitso e e Isang botshelong Jo bo Sa Khutleng
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • POGO GA E TLISIWE KE MODIMO
  • DI TLHODILWE DI ITEKANETSE
  • GO GWETLHIWA KA GO SENNGWA LEINA
  • KAFA DIKGANG TSENO DI RARABOLOLWANG KA TENG
  • KE ENG SE SE SETSENG SE SUPILWE?
  • O TLA DIRA ENG?
  • Ke Eng fa Batho ba Boga Thata Jaana?
    Baebele e re Ruta Eng?
  • Go Boga ga Batho—Ke Eng Fa Modimo A Go letleletse?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1994
  • Lebaka La go Bo Boikepo bo Tswelela
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2007
  • Go Tshela ka Tsela e e Itumedisang Modimo
    Totatota Baebele e Ruta Eng?
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Kitso e e Isang botshelong Jo bo Sa Khutleng
kl kgao. 8 ts. 70-79

Kgaolo 8

Ke Eng Fa Modimo O Letlile Pogo Gore E Tswelele?

1, 2. Batho gantsi ba ikutlwa jang fa ba boga?

FA DIKOTSI tsa masetlapelo di diragala mme di senya dithoto le go bolaya batho, batho ba le bantsi ga ba tlhaloganye gore ke eng fa dilo tse di maswe tseno di diragala. Ba bangwe ba tshwenngwa ke selekanyo se se feteletseng sa bosetlhogo, bokebekwa le thubakanyo. Le wena o ka tswa o kile wa ipotsa go re, ‘Ke ka ntlha yang fa Modimo o letlile gore pogo e tswelele jaana?’

2 Batho ba bantsi ga ba tlhole ba dumela mo Modimong ka go bo ba sa bone karabo e e kgotsofatsang ya potso eno. Ba akanya gore ga a kgatlhegele batho ka gope. Ba bangwe ba ba dumelang gore pogo ke selo sa tlholego fela mo botshelong ba a galefa e bile ba pega Modimo molato ka bosula jotlhe jo bo dirwang ke batho. Fa e le gore le wena o ne o ntse o ikutlwa jalo, gongwe o tla kgatlhegela se Baebele e se bolelang ka dikgang tseno.

POGO GA E TLISIWE KE MODIMO

3, 4. Re itse jang gore botlhoko le pogo ga di bakiwe ke Jehofa?

3 Baebele e re tlhomamisetsa gore pogo e e diragalelang batho e re e bonang ga e tlisiwe ke Jehofa Modimo. Ka sekai, morutwa wa Mokeresete Jakobe o ne a kwala jaana: “Motho ope a se ka a re a raelwa a re: ‘Ke raelwa ke Modimo,’ gonne Modimo ga o ka ke wa raelwa wa dira bosula, le one ka osi ga o raele motho ope.” (Jakobe 1:13) Jalo he, ga e kake ya bo e le Modimo yo o bakileng mathata a mantsintsi a a tlhasetseng batho. Ga a leke ope ka boikaelelo jwa go mo dira gore a tshwanele go ya go tshela kwa legodimong, e bile ga a bogisetse batho ditiro tse go tweng ba ka tswa ba di dirile mo botshelong jo bo fetileng.—Baroma 6:7.

4 Mo godimo ga moo, lefa go ile ga dirwa dilo tse dintsi tse di maswe mo leineng la Modimo kana la ga Keresete, ga go na sepe mo Baebeleng se se akantshang gore ope wa bone o ne a dumalana le ditiro tse di ntseng jalo. Modimo le Keresete ga ba tsalane ka gope le batho ba ba ipolelang gore ba a mo direla mme ba tsietsa le go thukutha, ba bolaya le go thopa, le go dira ditiro tse dintsi tse di felelang ka gore batho ba boge. E bile tota, “tsela ya moikepi ke makgapha mo go Jehofa.” Modimo “o kgakala le baikepi.”—Diane 15:9, 29.

5. Dingwe tsa dinonofo tse Jehofa a nang le tsone ke dife, mme o ikutlwa jang ka dibopiwa tsa gagwe?

5 Baebele e tlhalosa Jehofa gore o “tletse bopelotlhomogi, a le boutlwelobotlhoko.” (Jakobe 5:11) E bolela gore ‘Jehofa o rata tshiamiso.’ (Pesalema 37:28; Isaia 61:8) Ga a ipusolosetse. O tlamela dibopiwa tsa gagwe ka boutlwelobotlhoko mme o di naya dilo tsotlhe tse di di tlhokang gore di tshele sentle. (Ditiro 14:16, 17) Jehofa o sa le a dira jalo go tloga fela fa botshelo bo sena go nna teng mo lefatsheng.

DI TLHODILWE DI ITEKANETSE

6. Ditlhamane dingwe di umaka boemo jwa hisitori ya motho ya kwa tshimologong jang?

6 Rotlhe re tlwaetse go bona batho ba ba mo botlhokong e bile le rona re utlwa botlhoko le go boga. Ka gone, go ka nna bokete gore re akanye gore pogo e tla tsamaya e fela, mme ke kafa dilo di neng di ntse ka teng kwa tshimologong ya motho. Le ditlhamane tsa merafe mengwe di bua ka boitumelo joo jwa kwa tshimologong. Mo ditlhamaneng tsa Bagerika motlha wa ntlha wa “Metlha e Metlhano ya Motho” o ne o bidiwa “Motlha wa Sekagouta.” Mo go one, batho ba ne ba tshela ba itumetse, ba sa dire sepe, ba sa utlwe botlhoko e bile ba sa boge ka ntlha ya botsofe. Ba-China ba bolela gore mo pusong ya Yellow Emperor (Huang-Ti) wa ditlhamane, batho ba ne ba tshela ka kagiso, maemo a bosa a ba siametse e bile ba utlwana le dibatana. Baperesia, Baegepeto, Ba-Tibet, Ba-Peru le Ba-Mexico botlhe ba na le ditlhamane tsa fa batho ba ne ba tshela ba itumetse e bile ba itekanetse kwa tshimologong ya motho.

7. Ke eng fa Modimo o ne wa bopa lefatshe le batho?

7 Ditlhamane tsa batho bano di bolela fela se se kwadilweng mo rekotong ya bogologolo ya hisitori ya motho, Baebele. E re bolelela gore Modimo o ne wa baya batho ba ntlha ba babedi, Adame le Efa, mo paradaiseng e e neng e bidiwa tshimo ya Edene a bo a ba laela jaana: “Atang, lo ntsifale lo tlale ka lefatshe, lo le fenye.” (Genesise 1:28) Batsadi ba rona ba ntlha ba ne ba itekanetse e bile ba lebeletse go bona lefatshe lotlhe e nna paradaise e e nang le lelapa le le itekanetseng la batho ba ba tshelang ka kagiso le boitumelo go ya go ile. Seo e ne e le boikaelelo jwa Modimo fa a ne a bopa lefatshe le batho.—Isaia 45:18.

GO GWETLHIWA KA GO SENNGWA LEINA

8. Ke taolo efe e Adame le Efa ba neng ba lebeletswe gore ba e ikobele, mme go ne ga diragala eng?

8 Adame le Efa ba ne ba tla tshwanelwa gore ba ithibe gore ba se ka ba ja “setlhare sa kitso ya molemo le bosula,” gore ba nne ba ntse ba ratwa ke Modimo. (Genesise 2:16, 17) Fa ba ne ba ka bo ba ikobetse molao wa ga Jehofa, batho ba ka bo ba sa boge ka gope. Ba ka bo ba supile gore ba rata Jehofa le gore ba ikanyega mo go ene ka go ikobela molao wa Modimo. (1 Johane 5:3) Mme jaaka re ithutile mo go Kgaolo 6, dilo ga di a ka tsa nna ka tsela eo. Efa o ne a ja setlhare a kgothalediwa ke Satane. Moragonyana, Adame le ene o ne a ja setlhare se ba neng ba se ileditswe.

9. Satane o ne a tsosa kgang efe kaga Jehofa?

9 A o bona bomasisi jwa se se neng sa diragala? Satane o ne a gwetlha maemo a ga Jehofa a gore ke Mogodimodimo. Fa Diabolo a ne a re, “ruri ga lo ketla loo swa,” o ne a ganetsa mafoko a Modimo a a reng, “ruri o tlaa swa.” Mafoko ao a ga Satane, gape a ne a kaya gore Jehofa o ne a sa bolelela Adame le Efa gore ba ka tshwana le Modimo, ka gone ba sa Mo tlhoke gore a ba direle ditshwetso tsa gore se se molemo le se se bosula ke sefe. Tsela e Satane a neng a gwetlha ka yone e ne e gwetlha boemo jwa ga Jehofa jaaka Molaodi wa Lobopo gore a bo tshwanetse le gore a bo siame.—Genesise 2:17; 3:1-6.

10. Ke mafoko afe a bonokwane a Satane a neng a a bolela malebana le batho?

10 Satane Diabolo gape o ne a bolela ka bonokwane gore batho ba ne ba tla ikobela Jehofa fela fa ba kgona go bona sengwe se se molemo mo Modimong. Ka mafoko a mangwe, go ne go belaelwa gore a batho ba ka ikanyega. Satane o ne a bolela gore ga go na motho ope yo ka boene fela a ka ikanyegang mo Modimong. Mafoko ano a a senyang leina a ga Satane a supiwa ka phepafalo fela mo pegong ya Baebele kaga Jobe, motlhanka yo o ikanyegang wa ga Jehofa yo a neng a lekwa thata pele ga 1600 B.C.E. Fa o bala dikgaolo tsa ntlha tse pedi tsa buka ya Jobe, o ka kgona go lemoga lebaka la go bo batho ba boga le lebaka la go bo Modimo o go letla.

11. Jobe e ne e le monna wa mofuta ofe, mme ke eng se Satane a neng a mo latofatsa ka sone?

11 Satane o ne a tlhasela Jobe “monna yo o itekanetseng, yo o siameng.” Sa ntlha, Satane o ne a bolela gore Jobe o ne a na le maikaelelo a a bosula ka go botsa potso a re, “A Jobe o boifa Jehofa ka lefela?” Morago ga foo, Diabolo o ne a senya Modimo le Jobe leina a bolela gore Jobe o ikanyega ka gore Jehofa o a mo sireletsa e bile o a mo segofatsa. Satane o ne a gwetlha Jehofa jaana: “A ko o ntshe seatla sa gago jaana, o ame tsotlhe tse o nang natso, mme o tlaa go itatola mo matlhong a gago.”—Jobe 1:8-11.

12. (a) Ke dipotso dife tse di neng di ka arabiwa fa fela Modimo o ne o ka letla Satane gore a leke Jobe? (b) Teko ya ga Jobe e ne ya felela ka eng?

12 A Jobe o ne a direla Jehofa fela ka ntlha ya melemo e a neng a e direlwa ke Modimo? A Jobe o ne a tla nna a ikanyega fa a lekwa? Fa e le ka Jehofa, a o ne a tshepa motlhanka yono wa gagwe tota gore a ka mo letla gore a lekwe? Dipotso tseno di ne di ka arabiwa fela fa Jehofa a ne a ka letla Satane gore a leke Jobe ka diteko tse di botlhoko. Go ikanyega ga ga Jobe fa a ne a lekwa botlhoko jalo ka tetla ya Modimo, jaaka go boletswe mo bukeng ya Jobe, go ne ga supa tota gore Jehofa o siame le gore motho a ka ikanyega.—Jobe 42:1, 2, 12.

13. Re amega jang mo go se se neng sa diragala kwa Edene le se se neng sa diragalela Jobe?

13 Lefa go ntse jalo, se se neng sa diragala kwa tshimong ya Edene le se se neng sa diragalela Jobe, se kaya dilo dingwe tse di boteng tota. Dikgang tse Satane a neng a di tsosa di ama batho botlhe, go akaretsa le rona gompieno. Modimo o ne wa senngwa leina, le bolaodi jwa gagwe bo ne jwa gwetlhiwa. Go ne ga tlhagisiwa dipelaelo tsa gore a ruri motho yo Modimo o mo tlhodileng a ka thokgama. Dikgang tseno di ne di tshwanetse go rarabololwa.

KAFA DIKGANG TSENO DI RARABOLOLWANG KA TENG

14. Motho yo o latofadiwang a ka dira eng fa a gwetlhiwa ka go senngwa leina?

14 Go tshwantsha fela, mma re re o motsadi yo o lorato yo o nang le bana ba le mmalwa mo lelapeng le le itumetseng. Mma re re mongwe wa baagisani ba gago o anamisa maaka ka wena, a bolela gore ga o motsadi yo o siameng. Go tweng fa moagisani wa gago a ka re bana ba gago ga ba go rate, ba nna le wena fela ka gore ga go na kwa ba ka yang teng, le gore ba ne ba tla go tlogela fa mongwe a ne a ka ba supetsa tsela. ‘Ke seeleele tota!’ o ne o ka nna wa rialo. Ee, mme tota o ne o tla supa seo jang? Batsadi bangwe ba ne ba tla galefa thata. Kwa ntle ga gore go tla baka mathata a mangwe a mantsi, go dira jalo ka bogale go ne go tla supa e kete maaka a gagwe ke boammaaruri. Tsela fela e bothata jono bo neng bo ka rarabololwa ka yone e ne e tla nna go letla motho yo o go latofatsang yono go tlhomamisa se a se buang le gore bana ba gago ba supe gore ba go rata eleruri.

15. Jehofa o ne a tlhopha go rarabolola kgwetlho ya ga Satane jang?

15 Jehofa o tshwana le motsadi yo o lorato. Adame le Efa ba ka tshwantshiwa le bana, mme Satane o tshwanela go tshwantshiwa le moagisani yo o akang. Modimo o ne wa dira ka botlhale mme wa se ka wa bolaya Satane, Adame le Efa ka bonako fela mme o ne wa letla badirabosula bano gore ba tswelele ba tshela ka lobakanyana. Seno se ne sa letla batsadi ba rona ba ntlha gore ba nne le bana go bo go nne le batho ba bangwe, e bile go ile ga naya Diabolo sebaka sa go supa gore a se a neng a se bua se ne se le boammaaruri gore dikgang di tle di rarabololwe. Lefa go ntse jalo, go tloga fela kwa tshimologong, Modimo o ne o itse gore batho bangwe ba ne ba tla ikanyega mo go ene mme ka gone ba supe gore Satane ke moaki. A bo re leboga jang ne go bo Jehofa a tsweletse a segofatsa le go thusa ba ba mo ratang!—2 Ditirafalo 16:9; Diane 15:3.

KE ENG SE SE SETSENG SE SUPILWE?

16. Go tlile jang gore lefatshe le busiwe ke Satane?

16 Mo e ka nnang mo hisitoring yotlhe ya motho, Satane o ile a dirisa maano a gagwe a go laola batho ka kgololesego. Gareng ga tse dingwe, o ile a tlhotlheletsa dipuso tsa dipolotiki le go tlhoma ditumelo tse di mo obamelang go na le gore di obamele Jehofa. Ka go dira jalo Diabolo o ile a nna “modimo wa lefatshe leno,” e bile o bidiwa “kgosana ya lefatshe leno.” (2 Bakorinthe 4:4; Johane 12:31) Eleruri, “lefatshe lotlhe le namaletse fa tlase ga yo o bosula.” (1 Johane 5:19) A seno se raya gore Satane o supile gore mafoko a gagwe a gore a ka kgona go faposa batho botlhe mo go Jehofa Modimo a boammaaruri? Eleruri nnyaa! Jehofa o ile a nna a dira boikaelelo jwa gagwe fa a ntse a letlile Satane gore a nne teng. Jalo he, Baebele ya re ke eng fa Modimo a letlile gore boikepo bo tswelele?

17. Ke eng se re tshwanetseng go nna re se gakologetswe ka seo se bakileng boikepo le pogo?

17 Jehofa ga se ene a bakang boikepo le pogo. E re ka Satane e le mmusi wa lefatshe leno le modimo wa tsamaiso eno ya dilo, ene le ba ba leng mo letlhakoreng la gagwe ke bone ba bakang maemo a batho ba leng mo go one gompieno mmogo le kutlobotlhoko e e mo bathong. Ga go na ope yo a ka bolelang ka boammaaruri gore Modimo ke ene a bakang masetlapelo ano.—Baroma 9:14.

18. Malebana le mogopolo wa gore batho ba ka nna fela ba sa laolwe ke Modimo, ke eng se se neng sa supiwa ke go bo Jehofa a ne a letla gore boikepo le pogo di tswelele?

18 Lebaka la go bo Jehofa a letlile boikepo le pogo le ile la supa gore go itirela dilo kwa ntle ga Modimo ga go a dira gore lefatshe le siame ka gope. Ga go ope yo o ganetsang gore go ile ga diragala masetlapelo a a seng kana ka sepe mo botshelong jwa batho. Lebaka la seno ke gore batho ba ile ba tlhopha go latela tsela ya go itshelela ka bobone e bile ga ba na sepe le Lefoko la Modimo le thato ya gagwe. Fa batho ba ga Jehofa ba bogologolo le baeteledipele ba bone ba ne ba tlhoka boikanyegi mme ba tsamaya mo ‘ditseleng tse e leng tsa bone’ mme ba gana lefoko la gagwe, ba ne ba tlhagelwa ke masetlapelo. Modimo o ne wa ba bolelela jaana ka moperofeti wa gagwe Jeremia: “Ba ba botlhale ba tlhabilwe ke ditlhong, ba tseanye, ba tshwaregile; bonang, ba ganne lefoko la ga Jehofa; mme botlhale go na le jo bo ntseng jang mo go bone?” (Jeremia 8:5, 6, 9) E re ka ba ne ba paletswe ke go latela melao ya ga Jehofa, batho ka kakaretso ba tshwana le sekepe se se senang selaolasekepe, se se kgaphelwang kwa le kwa ke lewatle le le galefileng.

19. Ke eng se se supang gore Satane ga a kake a dira gore batho botlhe ba nne kgatlhanong le Modimo?

19 Go letla ga Modimo boikepo go ile ga supa gape gore Satane ga a kgona go tlosa batho botlhe mo go Jehofa. Hisitori e bontsha gore go ile ga nna le batho ba ba ileng ba ikanyega mo Modimong le mororo ba ne ba lekwa kana ba diragalelwa ke masetlapelo. Fa makgolo a dingwaga a ntse a feta, go ile ga bonala gore Jehofa o dirisa maatla a gagwe go thusa batlhanka ba gagwe, le gore leina la gagwe le ile la bolelwa mo lefatsheng lotlhe. (Ekesodo 9:16; 1 Samuele 12:22) Bahebere kgaolo 11 e re bolelela ka batho ba ba ikanyegang, go akaretsa Abele, Enoke, Noa, Aberahame, le Moshe. Bahebere 12:1 e ba bitsa “boidiidi jo bo kalokalo jwa basupi.” E ne e le dikao tsa batho ba ba nang le tumelo e e sa tshikhinyegeng mo go Jehofa. Mo metlheng eno ya segompieno, batho ba le bantsi ba ile ba direla Modimo ka thokgamo ba sa reketle. Batho ba ba ntseng jalo ba ile ba supa ka tumelo ya bone le lorato lwa bone gore Satane ga a kake a dira gore batho botlhe ba nne kgatlhanong le Modimo.

20. Lebaka la go bo Jehofa a ile a letla boikepo le pogo go tswelela le ile la ntsha bosupi bofe mabapi le Modimo le batho?

20 Kwa bokhutlong, go bo Jehofa a letlile boikepo le pogo gore di tswelele go ile ga supa gore ke Jehofa fela, Mmopi, yo o nang le thata le tshwanelo ya go busa batho ka tsela e ka yone ba ka bonang masego a goyagoile le boitumelo. Batho ba ile ba leka mefuta e mentsi ya dipuso ka makgolokgolo a dingwaga. Mme go ile ga felela jang? Mathata a a sa feleng le dikotsi tse di lebaneng le merafe gompieno ke bosupi jwa gore eleruri, fela jaaka Baebele e bontsha ‘motho o ne a busa motho fela go mo utlwisa botlhoko.’ (Moreri 8:9) Jehofa ke ene fela a ka re gololang le go diragatsa boikaelelo jwa gagwe jwa kwa tshimologong. O tlile go dira seno jang le gone leng?

21. Go tlile go dirwa eng ka Satane, mme ke mang yo o tlileng go dirisiwa go dira seno?

21 Modimo o ne wa bolela boikaelelo jwa Gagwe jwa go golola batho fa Adame le Efa ba sena go kgogediwa ke maano a ga Satane. Jehofa o ne a bolela jaana kaga Satane: “Ke tlaa tsenya bobaba fa gare ga gago le mosadi, le fa gare ga losika lwa gago le losika lwa gagwe. Lone lo tlaa tapeta tlhogo ya gago, mme wena o tlaa loma serethe sa gagwe.” (Genesise 3:15) Mafoko ao a ne a tlhomamisa gore Diabolo ga a kitla a letliwa go dira ditiro tsa gagwe tse di bosula goyagoile. Jaaka Kgosi ya Bogosi jwa ga Mesia, Losika lo lo Solofeditsweng, Jesu Keresete, o tla ‘kgoba Satane tlhogo.’ Ee, Jesu “o tlaa akofa” a tšhwetla Satane wa motsuolodi!—Baroma 16:20.

O TLA DIRA ENG?

22. (a) Ke dipotso dife tse o tshwanetseng go di araba? (b) Le mororo Satane a galefela batho ba ba ikanyegang mo Modimong, re ka tlhomamisa eng?

22 E re ka o itse dikgang tseno, o tlile go ema mo letlhakoreng la ga mang? A o tlile go itshupa ka ditiro tsa gago gore o tshegetsa Jehofa ka boikanyegi? E re ka Satane a itse gore nako ya gagwe e khutshwane, o tla dira bojotlhe go ntshetsa bogale jwa gagwe mo go ba ba batlang go thokgama mo Modimong. (Tshenolo 12:12) Mme o ka nna wa leba kwa Modimong gore o go thuse gonne “Morena o itse go golola badumedi mo thaelong, le go tswalela basiamolodi mo petsong.” (2 Petere 2:9) Ga a kitla a letla gore o raelwe ka mo go fetang kafa o ka itshokang ka teng, e bile o tla go thusa gore o itshokele thaelo.—1 Bakorinthe 10:13.

23. Ke eng se re ka se lebelelang ka tsholofelo?

23 A re lebeleleng nako ya fa Kgosi Jesu Keresete a tla bo a tsaya kgato kgatlhanong le Satane le botlhe ba ba mo setseng morago. (Tshenolo 20:1-3) Ka nako eo Jesu o tla nyeletsa botlhe ba ba nang le seabe mo kutlobotlhokong le mo khuduegong tse batho ba ileng ba boga ka ntlha ya tsone. Go fitlha nako eo e tla, selo sengwe se se bogisang se se botlhoko ke go latlhegelwa ke yo o mo ratang mo losong. Bala setlhogo se se latelang gore o bone gore go diragala eng ka bone.

TLHATLHOBA KITSO YA GAGO

Re itse jang gore Jehofa ga se ene a dirang gore batho ba boge?

Ke dikgang dife tse Satane a neng a di tsosa kwa Edene le go di supa ka phepafalo mo motlheng wa ga Jobe?

Go letla ga Modimo gore pogo e tswelele go ne ga supa eng?

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela