LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • Poloko
    Go Fetolana ka Dikwalo
    • O ka nna wa araba ka gore: ‘Go tla go fitlha jaana, ee. Ke bua jalo ka go bo ke ntse ke lemoga ka metlha yotlhe kgakololo ya Bibela ya go sa ipegele kwa godimo ka boemo jwa rona. A o tlwaelane le lokwalo lono? (1 Bakor. 10:12)’ Mme gongwe o bo o ka oketsa jaana: ‘Lebaka la seo ke eng? Go batho bao ba tsetsweng sesha mme ba na le tsholofelo ya botshelo jwa selegodimo (Baheb. 3:1), moaposetoloi Paulo o kwadile ka go re . . . (Baheb. 3:12-14) Ke ka go gola ga rona ka kitso ya Lefoko ja Modimo mo go tla nonotshang tumelo ya rona.’

      Kana o ka nna wa re: ‘Ke ka arabela seo motlhofo fela, ka re, Ee. A mme o ne o itse gore Bibela e bua ka poloko e e fetang e le nngwe? Ka motlhala, a o kile wa akanyetsa bokao jwa ga Tshenolō 7:9, 10, 14? . . . Jalo, go tla nna le batho bao ba tla bolokwang ka go tla ga sepitla se segolo, go tshela teng mono mo lefatsheng. (Math. 5:5)’

      ‘A o amogela Jesu jaaka Mmoloki wa gago sebele?’

      Bona ditsebe 206, 207, tlase ga setlhogo “Jesu Keresete.”

      ‘La re go tla bolokwa fela ba ba 144 000’

      O ka nna wa araba ka gore: ‘Ke itumelela go bo o ile wa bua kaga seo e le gore ke tle ke kgone go go bolelela se tota re se dumelang. Poloko e bulegetse batho ba bantsi ka mo go kgonegang bao ba tla bontshang tumelo ya boammaaruri mo paakanyetsong e Modimo a e dirileng ka Jesu. Mme Bibela e re ke ba ba 144 000 fela ba ba tla yang kwa legodimong go nna le Keresete. A o kile wa bona seo mo Bibeleng? . . . Ke seno mo go Tshenolō 14:1, 3.’ Mme gongwe o bo o ka oketsa jaana: (1) ‘Ba tla dira eng kwa legodimong? (Tshen. 20:6)’ (2) ‘Go a utlwala gore ba tla bo ba busa godimo ga mongwe. Yoo e ka tswa e le mang? . . . (Math. 5:5; 6:10)’

  • Popo
    Go Fetolana ka Dikwalo
    • Popo

      Tlhaloso: Popo, jaaka e tlhalosiwa ke Bibela, e raya gore Modimo Mothatayotlhe o ne a tlhama a bo a dira gore lobopo lo nne gone, go akareletsa le batho ba bangwe ba semoya le mefuta yotlhe ya kono-kono ya ditshedi mo lefatsheng.

      Mo lefatsheng leno la segompieno, la boitseanape, a go a utlwala go dumela mo popong?

      “Melao ya tlholego ya lobopo e tsepame fela thata mo eleng gore ga re na bothata bope mo go ageng sesutlha-lefaufau go fofela kwa ngweding le go lekanyetsa phofo ka tsepamo ya karolonyana ya motsotswana. Melao eno e tshwanetse ya bo e tlhomilwe ke mongwe.”—E tsopotswe go tswa go Wernher von Braun, yo a neng a nna le seabe se segolo mo go romeleng bafofela-loaping ba Amerika kwa ngweding.

      Lobopo lo lo bonalang: Fa o ne o ka bona sesupa-nako se se tsepameng, a o ne o ka fetsa ka gore se ne sa itlela fela ka tshoganyetso sa iphutha mmogo ka go fokiwa ga lerole ke phefo? Ka phepafalo, mongwe yo o botlhale o ne a se dira. Go na le eleng “sesupa-nako” se se gakgamatsang thata thata. Dipolanete tse di mo loaping lwa rona, ga mmogo le dinaledi mo lobopong lotlhe, di tsamaya ka tsepamo e e gaisang thata disupa-nako tse di tlhamilweng le go dirwa ke motho. Loapi loo lo nang le dinaledi tsa rona le na le dibilione tse di ka fetang 100 tsa dinaledi, mme balepa-dinaledi ba lekanyetsa gore go na le dibilione tse dingwe tse di 100 tsa dinaledi tseo mo lobopong. Fa e le gore sesupa-nako ke tshupo ya tlhamo e e botlhale, abo go ntse jalo jang ne segolo bogolo ka lobopo lo logolo thata-thata le lo lo raraaneng! Bibela e tlhalosa Motlhami wa lone jaaka “[Modimo wa boammaaruri], Yehofa, èna eo o tlhodileñ magodimo, a a phutholola.”—Isa. 42:5; 40:26; Pes. 19:1.

      Polanete Lefatshe: Fa e le gore o ne o kgabaganya sekaka se se omeletseng, mme o bo o fitlhela ntlo e ntle, e tsentswe sengwe le sengwe ebile e na le dijo, a o ne o ka dumela gore e tlile fela foo ka go runya ga kotsi? Nnyaa; o ne o tla lemoga gore mongwe yo o nang le botlhale jo bogolo o e agile. Mme tota, baitseanape, ka bosupi jo ba nang najo, ba ile ba bona gore dipolanete tse di mo loaping lwa rona kwantle ga lefatshe; di omeletse fela di bile ga di na botshelo. Polanete eno, jaaka buka The Earth e tlhalosa, ke “segakgamatsi sa lobopo lotlhe, kgolokwe e eleng ya mofuta wa yone fela.” (New York, 1963, Arthur Beiser, ts. 10) E bokgakala jo bo lekanetseng sentle mo botshelong jwa motho go tswa kwa letsatsing, mme e suta ka lobelo lo lo tshwanetseng go e tshegetsa e ntse e dikologa. Moya, o o fitlhelwang fela go dikologa lefatshe, o dirilwe fela ka mo go lekanetseng ka dikese tse di lekanetseng go tshegetsa botshelo. Ka mo go gakgamatsang, lesedi go tswa letsatsing, carbon dioxide go tswa mo phefong, le metsi le diminerala go tswa mo mmung o o nonneng di kopana mmogo go ntshetsa banni ba lefatshe dijo. A seno se ile sa itlela fela ka go runya gongwe mo go sa laolesegeng mo loaping? Science News e dumela ka gore: “Go lebega e le gore maemo a a ntseng jalo le a a tsepameng gotlhelele a ne a ka se ke a itlela fela.” (August 24 le 31, 1974, ts. 124) Phetso ya Bibela e a utlwala fa e tlhalosa ka gore: “Gonne ntlo ñwe le ñwe e tle agiwe ke motho moñwe; me eo o agileñ dilō cotlhe ke Modimo.”—Baheb. 3:4.

      Boboko jwa motho: Dikhomputara tsa segompieno ke tiro ya patlisiso e e nonofileng le boenjenere jo bo kelotlhoko. Ga di a ka tsa “itlhagela fela.” Go tweng ka boboko jwa motho? Ka go sa tshwane le boboko jwa phologolo epe fela, boboko jwa leseanyana bo gola go menagane gararo mo ngwageng ya lone ya ntlha. Kafa bo dirang ka teng e sa ntse e le masaitsiweng go baitseanape. Mo bathong, go na le kgono ya tlholego ya go ithuta dipuo tse di raraaneng, go kgatlhwa ke bontle, go tlhama mmino, go akanyetsa tshimologo le bokao jwa botshelo. Go boletse jaana ngaka ya tsa boboko Robert White: “Ga go sepe seo ke ka se dirang fa e se go dumela fela go nna gone ga Motlhalefi yo Mogolo, yo o ikarabelelang mo go rulaganyetseng le go tliseng kamano e e akabatsang ya boboko le tlhaloganyo—sengwe seo se potileng ka kwa kgono ya motho go se tlhaloganya.” (The Reader’s Digest, September 1978, ts. 99) Kgolo ya kgakgamatso eno e simolola fela e le sele e nnyennyane e e ungwang mo sebopelong. Ka temogo e e gakgamatsang, mokwadi wa Bibela Dafide o ne a re ka Jehofa: “Ke tla gu ntshetsa malebogō; gonne ke dihilwe ka mo go boitshègañ le ka mo go gakgamatsañ: dia gakgamatsa, ditihō tsa gago: me go mo, mōea oa me oa go itse sentlè.”—Pes. 139:14.

      Sele e e tshelang: Sele e le nngwe fela e e tshelang ka dinako tse dingwe e lebisiwa jaaka sebopego sa botshelo se se “motlhofo.” Mme phologolo e e sele nngwe fela e ka kapa dijo, ya di tšhotlha, ya tlosa leswe, ya ikagela ntlo le go ikatisa lotsalo. Sele nngwe le nngwe ya mmele wa motho e ile ya tshwantshanngwa le motse o o thekeleditsweng ka lorako, o na le puso ya konokono go boloka tolamo, madirelo a motlakase go tlhagisa maatla, difeketiri go ntsha diporoteini, tsamaiso e e raraaneng ya tsa mesepele, le badisa go laola seo se dumeletsweng go tsena. Mmele o le mongwe fela wa motho o dirilwe ka disele tse di ka tshwarang 100 trillion. Abo mafoko a Pesalema 104:24 a tshwanela jang ne: “Yehofa, ana ditihō tsa gago di methalethale yañ! u di dihile ka botlhale cotlhe hèla”!

      A Bibela e dumelela kgopolo ya gore Modimo o ne a dirisa tlhagelelo go dira mefuta e e farologaneng ya dilo tse di tshelang?

      Genesise 1:11, 12 e bolela gore bojang le ditlhare di ne tsa dirwa gore di tlhagise sengwe le sengwe “kaha losikeñ loa shōna.” Ditemana 21, 24, 25 di oketsa ka gore Modimo o ne a bopa dibopiwa tsa lewatle, dibopiwa tse di fofang le diphologolo tsa naga, “kaha ditshikeñ tsa cōna.” Ga go na phatlha fano ya mofuta o le mongwe fela go tlhagelela kana go fetogela mo go o mongwe.

Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
Tswa
Tsena
  • Setswana
  • Romela
  • Tse O ka Di Tlhophang
  • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
  • Melawana ya Tiriso
  • Molawana wa Tshireletsego
  • Di-setting Tsa Websaete
  • JW.ORG
  • Tsena
Romela