Re ka Abela Jehofa Sengwe
1 A o ne o itse gore go na le sengwe se batho ba ka se abelang Modimo? Abele o ne a ntshetsa Jehofa setlhabelo ka dingwe tsa diphologolo tsa gagwe tsa maemo a a kwa godimo, mme Noa le Jobe le bone ba ne ba ntsha ditlhabelo tse di ntseng jalo. (Gen. 4:4; 8:20; Jobe 1:5) Ke boammaaruri gore, ditshupelo tseo di ne di sa humise Mmopi ka gope e re ka sengwe le sengwe se se mo lefatsheng e le sa gagwe. Mme gone ditshupelo tseo di ne di bontsha lorato lo logolo lo banna bano ba ba ikanyegang ba neng ba rata Modimo ka lone. Le rona gompieno re ka dirisa nako ya rona, maatla le dithoto go naya Jehofa ‘setlhabelo sa pako.’—Baheb. 13:15.
2 Nako: A bo e le selo se se molemo jang ne go ‘reka nako’ mo dilong tse di seng botlhokwa go le kalo re e dirisetsa go nna le seabe ka botlalo mo bodireding! (Baef. 5:15, 16) Gongwe re ka fetola thulaganyo ya rona gore re kgone go nna babulatsela ba ba thusang ka kgwedi e le nngwe kgotsa go feta mo ngwageng. Gongwe re ka oketsa nako e gantsi re nnang le seabe ka yone mo bodireding. Fa o oketsa bodiredi jwa gago ka metsotso e le 30 beke nngwe le nngwe o tla kgona go bo oketsa ka diura di le pedi ka kgwedi!
3 Maatla: Gore re nne le maatla a go nna le seabe mo bodireding re tshwanetse go tila boitapoloso le ditiro tse di re lapisang thata mo re sa kgoneng go direla Jehofa ka bojotlhe. Gape ga re a tshwanela go tlhobaela thata mo dipelo tsa rona di ka ‘obegang,’ di re amoga maatla a re ka bong re a dirisetsa go direla Modimo. (Dia. 12:25) Tota le fa re na le lebaka le le utlwalang la go tlhobaela a bo go le botoka jang go “latlhela mokgweleo wa gago mo go Jehofa”!—Pes. 55:22; Bafil. 4:6, 7.
4 Dithoto: Gape re ka aba dithoto tsa rona go ema tiro ya rona ya go rera nokeng. Paulo o ne a kgothaletsa Bakeresete ka ene gore ba “beele sengwe kwa thoko” ka metlha gore ba tle ba kgone go abela batho ba ba tlhokang sengwe. (1 Bakor. 16:1, 2) Le rona re ka beela madi a a rileng kwa thoko gore re ntshe moneelo wa phuthego le wa tiro ya lefatshe lotlhe. Jehofa o anaanela se re mo abelang sone go tswa pelong, le fa se ka tswa se le sennye.—Luke 21:1-4.
5 Jehofa o re abetse dilo di le dintsi. (Jak. 1:17) Re bontsha go lebogela seo ka go aba nako ya rona, maatla le dilo tse dingwe tse re nang le tsone ka bopelotshweu. Fa re dira jalo re tla itumedisa Jehofa, “gonne Modimo o rata yo o nayang ka boitumelo.”—2 Bakor. 9:7.