LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • km 9/05 ts. 7
  • Dikitsiso

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Dikitsiso
  • Tirelo ya Rona ya Bogosi—2005
Tirelo ya Rona ya Bogosi—2005
km 9/05 ts. 7

Dikitsiso

September: Kitso E E Isang Botshelong Jo bo Sa Khutleng. October: Makasine wa Tora ya Tebelo le Tsogang! November: Ithute mo Morutising yo Mogolo.

◼ Bagolwane ba gakololwa gore ba latele ditaelo tse di mo tsebeng ya 21-3 tsa makasine wa Tora ya Tebelo wa April 15, 1991 malebana le go etela batho ba ba kgaotsweng kgotsa ba ba itomolotseng ba ba ka tswang ba batla go boela mo phuthegong.

◼ Go tlile go dirisiwa pampitshana e ntšha ya taletso e e sa bontsheng letsatsi, nako ya dipokano kgotsa aterese ya Holo ya Bogosi. E tla nna le sebaka se mo go sone go ka kwalwang tshedimosetso eo. Pampitshana eno ya taletso e tla tshwana fela le pampitshana ya taletso ya Segopotso mme e tla tseela ya bogologolo sebaka. Letshwao le pampitshana eno e itsiweng ka lone le tla tswelela e ntse e le sf-TN. E tla simolola go otariwa mmogo le dilwana tse dingwe mme tsweetswee, fetsang pele pampitshana ya bogologolo ya taletso e lo nang le yone pele lo simolola go otara e ntšha. Phuthego e e okamelang e ka nna ya kopela diphuthego tse dingwe tse di dirisang Holo ya yone ya Bogosi pampitshana eo e ntšha ya taletso. Tsweetswee kwalang gore lo e batla ka dipuo dife.

◼ Mo ngwageng wa tirelo wa 2006, botlhe ba e leng babulatsela ba ba thusang ka kgwedi e molebedi wa potologo a tla bong a etetse phuthego ka yone ba tla letlelelwa go nna teng mo karolong ya ntlha ya pokano ya babulatsela ka beke ya ketelo. Botlhe ba ba kgonang, ba kgothalediwa go nna teng mo pokanong eno gore ba tle ba solegelwe molemo ke thulaganyo eno e e kgethegileng.

◼ Diphuthego di tshwanetse go simolola go kopa temana ya ngwaga ya 2006 fa di romela kopo ya tsone ya dibuka ya September. Temana ya ngwaga e tla nna gone ka Seburu, Seesemane, Sepotokisi, Sesotho, Setsonga, Sexhosa le Sezulu. Diphuthego di kopele puo nngwe le nngwe temana e le nngwe fela ya ngwaga. Diphuthego di tshwanetse go pega temana ya ngwaga ka January 1, 2006.

◼ Ka Matlhatso, October 15, 2005, dikago tsa ofisi ya lekala di tla bo di tswetswe ka gonne go tla bo go phepafadiwa.

◼ TSWEETSWEE ELANG TLHOKO: Go dirilwe diphetogo tse di latelang tsa dikopano tsa kgaolo:

December 2-4:

Boksburg (Sezulu 1) Kopano e Ntšha

Springs (Sezulu 1) E phimotswe

December 9-11:

Boksburg (Sezulu 2) Kopano e Ntšha

Springs (Sezulu 2) E phimotswe

December 16-18:

Boksburg (Sesotho) Kopano e Ntšha

Springs (Sesotho) E phimotswe

December 23-25:

Thulamahashe (Setsonga) Kopano e Ntšha

December 30–January 1, 2006:

Kanyamazane (Setsonga) E phimotswe

Newcastle (Sezulu) E phimotswe

Vryheid (Sezulu) Kopano e Ntšha

◼ Di-Compact Disc Tse Disha Tse di Leng Gone:

Watchtower Library—2004 Edition—Sejapane

◼ Dikhasete Tse Disha Tsa Bidio Tse di Leng Gone:

Obamela Modimo o o Osi wa Boammaaruri, Karolo 1-8—Puo ya Diatla ya Kwa Amerika

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela