MAFOKO A BAEBELE
Jesu “O ne A Ithuta go Nna Kutlo”
Ka metlha Jesu o ne a ikobela Jehofa. (Joh. 8:29) Mme gone, goreng Baebele e re: “O ne a ithuta go nna kutlo mo dilong tse di botlhoko tse di neng tsa mo diragalela”?—Baheb. 5:8.
Fa Jesu a ne a le mo lefatsheng, o ile a lebana le maemo a a neng a ise a tsamaye a lebane le one kwa legodimong. O ile a godisiwa ke batsadi ba ba neng ba rata Jehofa mme ba na le boleo. (Luke 2:51) O ne a itshoka fa baeteledipele ba bodumedi ba ba bosula le badiredibagolo ba puso ba sa mo tshware sentle. (Math. 26:59; Mar. 15:15) Mo godimo ga moo, o ile a swa loso lo lo botlhoko. Baebele e a re: “O ne a ikokobetsa mme a nna kutlo go fitlha a swa.”—Bafil. 2:8.
Dilo tse di neng tsa diragalela Jesu, di ne tsa mo ruta go ikobela Jehofa ka tsela e a neng a ise a ko a mo ikobele ka yone fa a ne a le kwa legodimong. Ka jalo, o ne a ka kgona go nna Kgosi le Moperesiti yo Mogolo yo o re utlwelang botlhoko. (Baheb. 4:15; 5:9) Fa Jesu a sena go ithuta go nna kutlo mo dilong tse di botlhoko tse di neng tsa mo diragalela, Jehofa o ne a mo tsaya a le botlhokwa thata mo go ene e bile o ne a mo dirisa. Le rona re ka nna botlhokwa fela thata mo go Jehofa e bile o tla re dirisa mo kabelong epe fela e a ka re nayang yone fa re nna re mo ikobela fa re lebana le maemo a a thata.—Jak. 1:4.