LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w04 9/15 ts. 3-4
  • “Lo Rapele ka Tsela Eno”

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • “Lo Rapele ka Tsela Eno”
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2004
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Thapelo ya Morena—Se e Se Kayang mo go Wena
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2004
  • Ka Thapelo Tsholetsang Diatla Tse di Ikanyegang
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1999
  • Nna o Ntse o Atamalane le Jehofa
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1991
  • Modimo o Leba Jang Didirisiwa Tse di Thusang Motho mo Kobamelong?
    Tsogang!—2008
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2004
w04 9/15 ts. 3-4

“Lo Rapele ka Tsela Eno”

A O ITSE mafoko a Thapelo ya Morena? Ke thapelo ya sekao e Jesu Keresete a neng a e ruta. Jesu, mo Therong ya gagwe e e itsegeng ya kwa Thabeng, o ne a re: “Ka jalo, lo rapele ka tsela eno.” (Mathaio 6:9) E re ka e simolotswe ke Jesu, gantsi e bidiwa Thapelo ya Morena.—Ka Selatine, Paternoster.

Batho ba le bantsi mo lefatsheng lotlhe ba tshwere Thapelo ya Morena ka tlhogo mme ba e boaboeletsa gantsi, gongwe letsatsi le letsatsi. Mo dingwageng tsa bosheng, batho ba bantsi ba ile ba rapela thapelo eno kwa dikolong le mo meletlong ya batho botlhe. Ke ka ntlha yang fa Thapelo ya Morena e tseelwa kwa godimo thata jaana?

Moithutabodumedi wa lekgolo la boraro la dingwaga e bong Cyprian o ne a kwala jaana: “A go na le thapelo epe e nngwe e e leng ya sedumedi go feta e Keresete a re neileng yone . . . ? Re ka rapela Rara jang ka tsela e e boammaaruri go feta e re e rutilweng ke Morwawe yo e leng Boammaaruri?”—Johane 14:6.

Mo katekasimeng ya yone, Kereke ya Roma Katoliki e tsaya Thapelo ya Morena e le “thapelo ya konokono ya Bokeresete.” The World Book Encyclopedia e dumela gore thapelo eno ke ya botlhokwa mo madumeding otlhe a Labokeresete, e bile e e bitsa nngwe ya “dipolelo tsa motheo tsa tumelo ya Bokeresete.”

Le fa go ntse jalo, go tshwanetse ga dumelwa gore batho ba bantsi ba ba rapelang Thapelo ya Morena ba e boaboeletsa ka tlhogo, ga ba e tlhaloganye ka botlalo. Lokwalodikgang lwa Canada lwa Ottawa Citizen lwa re: “Fa o godile o le mo bodumeding bongwe jwa Bokeresete o ka tswa o kgona go rapela Thapelo ya Morena ka tlhogo o sa kgonye, mme o ka nna wa palelwa ke go e rapela ka bonya e bile o e tlhaloganya.”

A tota go botlhokwa gore re tlhaloganye dithapelo tsa rona tse di yang kwa Modimong? Ke ka ntlha yang fa Jesu a ne a re naya Thapelo ya Morena? E kaya eng mo go wena? A re arabeng dipotso tseno.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela