LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w05 5/1 ts. 3
  • Masetlapelo

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Masetlapelo
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2005
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Fa o Welwa ke Masetlapelo
    Tsogang!—2014
  • Tsogo ya Baswi—Tsholofelo e e Molemolemo
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2005
  • Matseno
    Tsogang!—2020
  • Nka Kgona Jang go Itshokela Masetlapelo?
    Basha ba Botsa Jaana
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2005
w05 5/1 ts. 3

Masetlapelo

OWEN, mosimanyana yo o nang le dingwaga tse pedi le sephatlo, o ne a tshamekela mo ntlong ya botlhapelo kwa legaeng la bone. O ne a kgona go palamela fa godimo fa khaboteng e go tsenngwang melemo mo go yone e batsadi ba gagwe ba neng ba tsaya gore a ka se e fitlhelele. Mo teng ga khabote eo, o ne a bona lebotlolo le le neng la mo kgatlha. O ne a le bula mme a nwa se se neng se le mo teng. Ga direga masetlapelo.

Lebotlolo leo le ne le na le asiti e e fisang, mme ka maswabi Owen yo mmotlana a swa. Batsadi ba gagwe ba ne ba hutsafetse fela thata. Rraagwe, e bong Percy o ne a batla kgomotso kwa kerekeng e a neng a e tsena. O ne a botsa jaana, “Ke ka ntlha yang fa seno se diragetse? Moruti o ne a araba a re, “Modimo o ne a batla moengele yo mongwe yo monnye kwa legodimong.” Rraagwe Owen, yo o neng a aparetswe ke bohutsana, o ne a tsaya gore seno ga se bontshe tshiamo le e seng. A ruri Modimo o ne a ikaeletse gore masetlapelo a a ntseng jalo a direge? Ka gonne Percy a ne a swabile thata, o ne a dira tshwetso ya gore a se ka a tlhola a ya kerekeng.

Fa Percy a ne a akanya ka se se neng se diregile, o ne a ipotsa gore: ‘A mosimanyana wa me o sa ntse a utlwa botlhoko? A ke tla tsamaya ke mmona gape?’

Le wena o ka tswa o kile wa ipotsa gore go diragalang fa re swa le gore a go tla kgonega gore mo isagweng re boe re kopane gape le baratiwa ba rona ba ba suleng. Lefoko la Modimo, Baebele, le re naya dikarabo tsa dipotso tseno. Baebele e re naya dikarabo tse di utlwalang sentle tse di gomotsang botlhe ba ba kileng ba welwa ke masetlapelo a a tshwanang le ano. Sa botlhokwa le go feta, e umaka tsholofelo e e itumedisang e re e newang ke Modimo—tsholofelo ya tsogo ya baswi.

Tsweetswee bala setlhogo se se latelang gore o ithute dilo tse di oketsegileng ka tsholofelo eno e e molemolemo.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela