LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w19 June ts. 2-7
  • Disang Gore Ope A se Ka a Lo Tsietsa!

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Disang Gore Ope A se Ka a Lo Tsietsa!
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2019
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • O ILE A RAELA BAISERAELE GORE BA OBAMELE MEDIMO YA MAAKA
  • MAANO A MARARO A SATANE A ILENG A A DIRISA
  • SATANE O TSIETSA BATHO JANG GOMPIENO?
  • Nna o Disitse—Satane o Batla go go Kometsa!
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2015
  • Itse Mmaba wa Gago
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2018
  • Ela Tlhoko Gore o Tshwanetse go Nna Motho wa Mofuta Ofe
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2013
  • Satane
    Tsogang!—2013
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2019
w19 June ts. 2-7

SETLHOGO SE SE ITHUTIWANG 23

Disang Gore Ope A se Ka a Lo Tsietsa!

“Disang: gongwe go ka tswa go na le mongwe yo o tla lo tsayang jaaka ba a ba tsomileng a dirisa botlhajana le tsietso e e lolea go ya ka ngwao ya batho.”—BAKOL. 2:8.

PINA 96 Buka ya Modimo—Letlotlo

SE RE TLA TLOTLANG KA SONEa

1. Go ya ka Bakolosa 2:4 le 8, Satane o leka jang go fetola tsela e re akanyang ka yone?

SATANE o batla gore re tlhanogele Jehofa. O leka go fetola tsela e re akanyang ka yone gore re akanye jaaka ene. O leka go re tsietsa ka go dirisa dilo tse re di eletsang.—Bala Bakolosa 2:4, 8.

2-3. (a) Ke eng fa re tshwanetse go tsaya tsia tlhagiso e e mo go Bakolosa 2:8? (b) Re tla tlotla ka eng mo setlhogong seno?

2 A mme gone Satane a ka kgona go re tsietsa? Ee! Gopola gore tlhagiso ya ga Paulo e e mo go Bakolosa 2:8, e ne e sa kwalelwa batho ba e seng Bakeresete. Go na le moo, e ne e kwaletswe Bakeresete ba ba tloditsweng ka moya o o boitshepo. (Bakol. 1:2, 5) Bakeresete bao ba ne ba le mo kotsing ya go tsiediwa ke Satane mme le rona re mo kotsing. (1 Bakor. 10:12) Ke eng fa re rialo? Satane o latlhetswe mo lefatsheng mme o dira sotlhe se a se kgonang go tsietsa batlhanka ba ba ikanyegang ba Modimo. (Tshen. 12:9, 12, 17) Gape mo nakong e re tshelang mo go yone, batho ba ba bosula le maferefere “ba sulafalela pele.”—2 Tim. 3:1, 13.

3 Mo setlhogong seno, re tla bona gore Satane o dirisa jang “tsietso e e lolea” go leka go fetola tsela e re akanyang ka yone. Re tla tlotla ka maano a le mararo a Satane a a dirisang. (Baef. 6:11) Mme mo setlhogong se se latelang, re tla bona gore ke eng se se tla re thusang fa e le gore Satane o setse a tshwaeditse tsela e re akanyang ka yone. Mma re simolole ka go bona gore Satane o ile a tsietsa jang Baiseraele fa ba sena go tsena mo Lefatsheng le le Solofeditsweng le gore re ka ithuta eng mo go se se ba diragaletseng.

O ILE A RAELA BAISERAELE GORE BA OBAMELE MEDIMO YA MAAKA

4-6. Go ya ka Duteronome 11:10-15, fa Baiseraele ba tsena kwa Lefatsheng le le Solofeditsweng, ba ne ba tshwanetse go ithuta ditsela dife tse disha tsa go lema?

4 Satane o ile a raela Baiseraele gore ba obamele medimo ya maaka. O dirile seo jang? O ne a itse gore ba tlhoka dijo, ka jalo, o ne a dirisa seo go leka go ba raela. Fa Baiseraele ba tsena kwa Lefatsheng le le Solofeditsweng, ba ne ba tshwanelwa ke go ithuta ditsela tse disha tsa go lema. Fa ba ne ba nna kwa Egepeto, ba ne ba dirisa metsi a Noka ya Nile go nosetsa masimo a bone. Le fa go ntse jalo, kwa Lefatsheng le le Solofeditsweng go ne go se na noka, ka jalo, ba ne ba ikaegile ka pula gore e nosetse masimo a bone. (Bala Duteronome 11:10-15; Isa. 18:4, 5) Ba ne ba tshwanetse go ithuta ditsela tse disha tsa go lema. Go ne go se motlhofo ka gonne bontsi jwa batho ba ba neng ba itse go lema ba ne ba swetse kwa nageng.

Baiseraele ba itsalanya le Bakanana ba bo ba raelesega go obamela Baale

Satane o ile a kgona jang go tlhotlheletsa balemi ba Baiseraele? (Bona serapa 4-6)b

5 Jehofa o ile a bolelela batho ba gagwe gore maemo a bone a fetogile. Go tswa foo, o ne a ba naya tlhagiso e go neng go ka lebega e sa amane ka gope le go lema. O ne a ba raya a re: “Itiseng gore pelo ya lona e se ka ya hepisiwa, mme lo bo lo fapoga lo obamela medimo e mengwe lo e ikobela.” (Dute. 11:16, 17) Ke eng fa Jehofa a ne a tlhagisa Baiseraele gore ba se ka ba obamela medimo ya maaka mme gone a ne a bua ka kgang ya go lema?

6 Jehofa o ne a itse gore Baiseraele ba ka nna ba raelesega go ithuta ditsela tse disha tsa go lema mo bathong ba ba sa mo obameleng. Gone ke boammaaruri gore batho bao ba ne ba na le maitemogelo a go lema mo lefelong leo e bile Baiseraele ba ne ba ka ithuta go le gontsi mo go bone. Le fa go ntse jalo, go dira jalo go ne go ka nna kotsi. Ka ntlha yang? Bakanana ba ne ba obamela Baale e bile ba ne ba tlhotlhelediwa ke se ba se dumelang. Ba ne ba dumela gore Baale ke ene a laolang loapi e bile ke ene a nesang pula. Jehofa o ne a sa batle gore batho ba gagwe ba dumele maaka ao. Le fa go ntse jalo, gangwe le gape Baiseraele ba ne ba obamela Baale. (Dipa. 25:3, 5; Baatlh. 2:13; 1 Dikg. 18:18) Satane o ile a kgona go ba tsietsa.

MAANO A MARARO A SATANE A ILENG A A DIRISA

7. Tumelo ya Baiseraele e ne ya lekwa jang fa ba sena go tsena kwa Lefatsheng le le Solofeditsweng?

7 Baiseraele ba ne ba eletsa gore pula e ne gore e nosetse masimo a bone. Satane o ile a dirisa seo go ba raela. Kwa Lefatsheng le le Solofeditsweng, pula e ne e sa ne thata go simologa ka April go fitlha ka September. Ka jalo, Baiseraele ba ne ba ikaegile ka pula e e neng e simolola go na ka October. Satane o ile a tsietsa Baiseraele. Ba ne ba simolola go dumela gore fa ba batla go atlega, ba tshwanetse go dira dilo tse batho ba ba sa obameleng Jehofa ba di dirang. Batho bao ba ne ba dumela gore medimo ya bone e tla nesa pula fa fela ba ka dira meetlo mengwe. Baiseraele ba ba neng ba se na tumelo mo go Jehofa, ba ne ba dumela gore ba tshwanetse go direla Baale meetlo eo gore go se ka ga nna le komelelo.

8. Satane o ile a dirisa leano lefe le lengwe go tsietsa Baiseraele? Tlhalosa.

8 Satane o ile a dirisa leano le lengwe go tsietsa Baiseraele. O ne a dirisa keletso ya bone ya boitsholo jo bo sa siamang. Batho ba ditšhaba tse dingwe ba ba neng ba nna gaufi le Baiseraele, ba ne ba obamela medimo ya bone ka go dira boitsholo jo bo maswe jwa tlhakanelodikobo. Banna le basadi bangwe e ne ya nna diaka tsa kwa tempeleng ka ntlha ya kobamelo eo e e makgapha. Batho ba ditšhaba tseo ba ne ba letlelela batho ba bong jo bo tshwanang gore ba ratane e bile ba ne ba letlelela boitsholo jo bongwe jo bo maswe jwa tlhakanelodikobo. Tota e bile, dilo tseo di ne di tlwaelegile fela mo go bone. (Dute. 23:17, 18; 1 Dikg. 14:24) Ba ne ba dumela gore fa ba dira meetlo eo, medimo ya bone e tla dira gore lefatshe le ungwe thata. Baiseraele ba le bantsi ba ne ba rata meetlo eo ya boitsholo jo bo sa siamang jwa tlhakanelodikobo, ka ntlha ya seo, ba ne ba obamela medimo ya maaka. Boammaaruri ke gore Satane o ne a ba tsieditse.

9. Go ya ka Hosea 2:16, 17, Satane o ile a dira jang gore Baiseraele ba lebale Jehofa?

9 Gape Satane o ne a tsietsa Baiseraele gore ba lebale Jehofa. Ka nako ya ga moporofeti Jeremia, Jehofa o ne a re baporofeti ba maaka ba ile ba dira gore Baiseraele ba lebale leina la Gagwe “ka [ntlha ya ga] Baale.” (Jer. 23:27) Go bonala batho ba Modimo ba ile ba tlogela go dirisa leina Jehofa ba bo ba dirisa leina Baale le le kayang “Mong.” Seo se ne sa dira gore go nne thata gore Baiseraele ba itse pharologanyo fa gare ga ga Jehofa le Baale. Ka ntlha ya seo, go ne ga nna motlhofo gore ba kopanye kobamelo ya ga Jehofa le ya ga Baale.—Bala Hosea 2:16, 17.

SATANE O TSIETSA BATHO JANG GOMPIENO?

10. Satane o tsietsa batho jang gompieno?

10 Le gompieno Satane o dira se se tshwanang. O tsietsa batho ka go dirisa dikeletso tsa tlholego tse ba nang le tsone, o dira gore boitsholo jo bo maswe jwa tlhakanelodikobo bo lebege bo siame e bile o dira gore batho ba se ka ba itse Jehofa. Mma re simolole ka go bona gore Satane o dira jang gore batho ba se ka ba itse Jehofa.

11. Satane o dira jang gore batho ba se ka ba itse Jehofa?

11 Satane o dira gore batho ba se ka ba itse Jehofa. Fa baaposetoloi ba ga Jesu ba sena go tlhokafala, batho bangwe ba ba neng ba ipitsa Bakeresete ba ne ba simolola go ruta dithuto tsa maaka. (Dit. 20:29, 30; 2 Bathes. 2:3) Batlhanogi bano ba ile ba dira gore batho ba se ka ba itse Modimo wa boammaaruri. Ka sekai, ba ne ba tlogela go dirisa leina la Modimo mo Dibaebeleng tsa bone ba bo ba le emisetsa ka “Morena” le direto tse dingwe. Seno se ne sa dira gore go nne thata gore batho ba bone gore Jehofa o farologane jang le “barena” ba bangwe ba go buiwang ka bone mo Baebeleng. (1 Bakor. 8:5) Ba ile ba dirisa “Morena” fa ba bua ka Jehofa le fa ba bua ka Jesu. Ka ntlha ya seo, go ne ga nna thata gore batho ba lemoge gore Jehofa le Jesu ga se motho a le mongwe. (Joh. 17:3) Seno se ne sa dira gore batho ba simolole go dumela thuto ya Tharonngwe, e e seyong mo Baebeleng. Dilo tseno tsotlhe di dirile gore batho ba le bantsi ba dumele gore re ka se kgone go itse Modimo. Mme gone, seo ke maaka a matala!—Dit. 17:27.

Papatso ya Kereke e e letlelelang go ratana ga batho ba bong jo bo tshwanang

Satane o dirisa jang bodumedi jwa maaka go letlelela boitsholo jo bo sa siamang? (Bona serapa 12)c

12. Bodumedi jwa maaka bo letlelela eng, mme go ya ka Baroma 1:28-31, ditlamorago e ne ya nna dife?

12 Satane o dirisa keletso ya boitsholo jo bo sa siamang. Ka nako ya Baiseraele, Satane o ile a dirisa bodumedi jwa maaka go dira gore boitsholo jo bo sa siamang bo lebege bo siame. O sa ntse a dira jalo le gompieno. Bodumedi jwa maaka bo letlelela boitsholo jo bo sa siamang e bile bo dira gore boitsholo joo bo lebege bo itshiametse fela. Ka ntlha ya seo, batho ba le bantsi ba ba reng ba direla Modimo ga ba tlhole ba ikobela melao ya gagwe ya boitsholo. Mo lekwalong la Baroma, moaposetoloi Paulo o bua ka ditlamorago tsa go dira boitsholo jo bo sa siamang. (Bala Baroma 1:28-31.) “Dilo tse di sa tshwanelang” di akaretsa mefuta e e farologaneng ya boitsholo jo bo sa siamang, jaaka go ratana ga batho ba bong jo bo tshwanang. (Bar. 1:24-27, 32; Tshen. 2:20) Ka jalo, go botlhokwa gore re ikobele dithuto tsa Baebele tse di utlwalang sentle.

13. Satane o dirisa leano lefe le lengwe?

13 Satane o dirisa dikeletso tsa tlholego tse re nang le tsone. Rotlhe re eletsa go nna le bokgoni bongwe jo bo tla re thusang gore re itlhokomele le go tlamela ba malapa a rona. (1 Tim. 5:8) Gantsi go tsena sekolo le go dira ka natla ke gone go re thusang go nna le bokgoni bongwe. Mme re tshwanetse go nna kelotlhoko. Mo dinageng di le dintsi, dikolo ga di rute baithuti bokgoni bongwe fela mme gape di ba ruta botlhale jwa lefatshe. Ka sekai, ba rotloetsa baithuti gore ba belaele gore a mme Modimo o teng le gore ba se ka ba tlotla Baebele. Baithuti ba bolelelwa gore batho botlhe ba ba botlhale ba dumela thuto ya evolution. (Bar. 1:21-23) Le fa go ntse jalo, thuto eo ga e dumalane le “[botlhale] jwa Modimo.”—1 Bakor. 1:19-21; 3:18-20.

14. Botlhale jwa lefatshe bo rotloetsa eng?

14 Botlhale jwa lefatshe bo kgatlhanong le melao ya ga Jehofa e e siameng. Ga bo dire gore batho ba nne le dinonofo tse moya wa Modimo o di tlhagisang go na le moo, bo dira gore ba rate “ditiro tsa nama.” (Bagal. 5:19-23) Bo rotloetsa batho gore ba itseele kwa godimo mme ka ntlha ya seo, batho e nna “baithati.” (2 Tim. 3:2-4) Boikutlo joo ga bo tshwane le boikutlo jwa go ikokobetsa jo Modimo a batlang gore batlhanka ba gagwe ba nne le jone. (2 Sam. 22:28) Bakeresete ba bantsi ba ba kileng ba ya yunibesithing ba ile ba simolola go akanya jaaka batho ba lefatshe mme e seng jaaka Modimo. A re boneng gore go ka direga eng fa re itlhokomolosa kotsi eno.

Kgaitsadi yo mosha o kwa yunibesithing. O kgatlhiwa ke dilo tse porofesa a di buang. Fa a le kwa dipokanong, ga a kgatlhegele se se rutiwang e bile o tshwaya diphoso

Re ka tlhotlhelediwa jang ke difilosofi tsa batho? (Bona serapa 14-16)d

15-16. Se se diragaletseng kgaitsadi mongwe se go ruta eng?

15 Kgaitsadi mongwe yo o nang le dingwaga di le 15 a le mo tirelong ya nako e e tletseng a re: “Ke ne ke tlhola ke bala e bile ke utlwalela ka dikotsi tsa go ya yunibesithing mme ke ne ke sa di tseye tsia. Ke ne ke akanya gore seo se ka se ntiragalele.” O ne a kopana le mathata afe? A re: “Ke ne ke dirisa nako e ntsi ke ithuta mo ke neng ke sa tlhole ke na le nako ya go rapela jaaka pele. Ke ne ke nna fela ke lapile, ka jalo ke ne ke sa tlhole ke kgona go ya bodireding le go baakanyetsa dipokano. Ka lesego, fa ke sena go lemoga gore go ya yunibesithing go ne go senya kamano ya me le Jehofa, ke ne ka bona go le botoka gore ke e tlogele.”

16 Thuto ya yunibesithi e ne ya mo ama jang? A re: “Thuto eno e dirile gore ke nne le mokgwa wa go tshwayatshwaya ba bangwe diphoso segolobogolo bakaulengwe le bokgaitsadi. Gape e dirile gore ke batle gore ba dire dilo tse ba ka se di kgoneng le gore ke itlhaole mo go bone. Go ntsere nako gore ke tlogele go akanya jalo. Kgang eno e dirile gore ke lemoge gore go kotsi tota go itlhokomolosa kgakololo e Jehofa a re nayang yone mo phuthegong. Jehofa o ne a nkitse go feta kafa ke neng ke ikitse ka gone. Fa nkabo ke mo reeditse, nkabo ke sa utlwa ka letlalo!”

17. (a) Re tshwanetse go ikemisetsa go dira eng? (b) Re tla tlotla ka eng mo setlhogong se se latelang?

17 Ga re a tshwanela go letla “botlhajana le tsietso e e lolea” tsa lefatshe leno gore di re laole. O se ka wa letla Satane go go tsietsa. (1 Bakor. 3:18; 2 Bakor. 2:11) O se ka wa mo letla gore a go lebatse Jehofa le gore Jehofa o batla gore o mo obamele jang. Tshela ka melao e e siameng ya ga Jehofa. Gape o se ka wa letla Satane gore a dire gore o itlhokomolose tlhagiso ya ga Jehofa. Mme gotweng fa e le gore lefatshe le setse le tshwaeditse tsela e o akanyang ka yone? Mo setlhogong se se latelang re tla bona gore Lefoko la Modimo le ka re thusa jang go fetola mekgwa le dikakanyo “tse di nweleletseng kwa teng thata.”—2 Bakor. 10:4, 5.

SATANE O ILE A DIRISA MAANO AFE . . .

  • go dira gore batho ba se ka ba itse Jehofa?

  • go raela batho gore ba dire boitsholo jo bo sa siamang?

  • go raela batho ka keletso ya tlholego e ba nang le yone?

PINA 49 Go Ipedisa Pelo ya ga Jehofa

a Satane o tsietsa batho. O dira gore ba akanye gore ba na le kgololesego mme gone, boammaaruri ke gore o a ba laola. Mo setlhogong seno re tla tlotla ka maano a Satane a a dirisang go tsietsa batho.

b SETSHWANTSHO: Baiseraele ba ba itsalanyang le Bakanana ba raelesega go obamela Baale le go dira boitsholo jo bo sa siamang.

c SETSHWANTSHO: Papatso ya kereke e e letlelelang go ratana ga batho ba bong jo bo tshwanang.

d SETSHWANTSHO: Kgaitsadi yo mosha o kwa yunibesithing. Porofesa wa bone o ba bolelela gore saense le thekenoloji di ka kgona go rarabolola mathata a batho. Ba kgatlhiwa ke seo. Moragonyana fa a le kwa dipokanong, ga a kgatlhegele se se rutiwang e bile o tshwaya diphoso.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela