LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • km 11/90 ts. 3
  • Letlole la Dipotso

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Letlole la Dipotso
  • Tirelo ya Rona ya Bogosi—1990
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Lebokoso la Dipotso
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—2002
  • Letlole la Dipotso
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—1991
  • A o Na le Tshimo ya Gago ka Namana?
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—2006
  • Phuthego e Rulagantswe Jang?
    Itumelele go Tshelela Ruri!—Ithute Baebele
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tirelo ya Rona ya Bogosi—1990
km 11/90 ts. 3

Letlole la Dipotso

● A go a letlelesega gore o nne mo tshimong ya phuthego e nngwe mme o kopanela dipokano kwa gongwe?

Mokgatlho o amogetse makwalo a le mmalwa malebana le potso eno. Ka jalo re rata go boeletsa tshedimosetso nngwe eo e neng ya neelwa go Our Kingdom Service ya April 1976.

Ka bokhutshwanyane, re kgothaletsa baboledi gore ba kopanele mo dipokanong tsa phuthego eo e tshwereng tshimo eo ba nnang mo go yone. Gantsi seno se itshupile se thusa lelapa thata, ka gonne seno se dira gore go kgonege gore ba ye kwa dipokanong, ba nne le seabe mo tirelong ya tshimo mo tshimong eo e leng fa gaufi, mme ba kgone go dirisa thuso eo ba e newang ke bagolwane.

Go ka nna ga bo go na le lebaka le le utlwalang la go bo mmoledi kana lelapa le sa kgone go dira tumalanong le dikaelo tse di leng fa godimo. Tlhogo nngwe le nngwe ya lelapa e ikarabelela mo lelapeng la gagwe ka namana. Go ka nna ga nna molemo gore a tlotle kgang eno le bagolwane gore a tle a solegelwe molemo ke kgakololo ya bone pele ga a ka dira tshwetso. Morago ga gore a sekaseke mabaka otlhe ao a kopanyelediwang, o tla tshwanelwa ke gore a swetse gore ke eng seo se leng botoka le go feta. Ga go na lebaka lepe la gore tshwetso ya gagwe e ganediwe fa a setse a e dirile.

Mo dikarolong tsa metse e megolo, gantsi go na le diphuthego di le dintsi tseo di leng mo karolong eo go nang le batho ba le bantsi mo go yone. Go ka nna ga bo go na le mabaka a le mmalwa a go bo bagolwane ba swetsa ka gore dikgatlhego tsa tiro di ne di tla tsweledisetswa pele fa baboledi bangwe ba ne ba ka romelwa kwa phuthegong e nngwe. Ka sekai, go ka nna ga bo go tlhokafala gore go nonotshiwe phuthego eo e nang le baboledi ba le mmalwa. Bagolwane bao ba leng mo phuthegong nngwe le nngwe ba ka nna ba bontsha seo se lebegang se le molemo mme ba kopa gore lelapa lengwe le lengwe leo le amegang le se akanyetse. Go ka nna ga direga se se tshwanang le ka bagolwane, batlhanka ba bodihedi, kana babulatsela bao ba kopilweng gore a ba ka fudusetswa kwa gongwe gore ba ye go thusa phuthego eo e tlhokang thuso. Ka dinako tse dingwe molebedi wa potologo a ka nna a lemoga gore phuthego nngwe e na le bagolwane ba le bantsi mme phuthego e e fa gaufi yone e na le bagolwane ba le mmalwa fela mme ka jalo e tlhoka thuso. Molebedi wa potologo a ka nna a bolelela phuthego eo e nang le bagolwane ba le bantsi ka tlhokafalo eo. Morago ga gore ba sekaseke ditlhokafalo tsa bone ka namana, ba ka nna ba swetsa ka gore mogolwane a le mongwe kana ba le babedi, mmogo le malapa a bone, ba ka nna ba ya go thusa phuthego ya go nna jalo. (Bona Kingdom Ministry, April 1973.) Fa lo latela dikaelo tse di fa godimo ka mo lo ka kgonang ka gone, re tla nta “dilō cotlhe di [dirwa] sentlè hèla, le ka thulaganyō.”—1 Bakor. 14:40

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela