Go Neela Mafoko a a Molemo—Ka Mokgwa wa go Rapela
1 Moaposetoloi Paulo o ne a kwalela Bafilipi jaana a ba kgothatsa, “Nka diha dilō cotlhe ka èna eo o nnonotshañ.” (Bafil. 4:13) Le rona re tlhoka go ikaega ka botlalo ka Jehofa gore a re fe maatla a gore re neele mafoko a a molemo ka bopelokgale. Re ka dira seno jang?
2 Jesu o ne a otlelela kafa go leng botlhokwa ka gone gore re ‘rapele ka metlha yotlhe, re sa ngosele.’ (Luke 18:1) Paulo o ne a kgothatsa jaana, “Lo rapeleñ ka go bisa go khutla.” (1 Bathes. 5:17) Ee, maatla a nna gone fa re rapela. Re tshwanetse ra neela mafoko a a molemo ka mokgwa wa go rapela. Re ka nna ra rapelela gore re bone ditshono tsa go neela ba bangwe bosupi, gore re nne le botlhale le tlhaloganyo mo tirong ya ka ntlo le ntlo, le gore re atlege go fitlhelela dipelo tsa diithuti tsa rona tsa Bibela. Ereka go potlakile jaana gore re rere mafoko a a molemo pele ga bokhutlo bo tla, gape re tshwanetse ra rapelela gore dikgatlhego tsa Bogosi di tsweledisiwe pele mo lefatsheng lotlhe. (Math. 24:14) Re tshwanetse ra ‘nna re ntshitse matlho mo dinameng’ mo thapelong e le gore re ke re tile go otsela semoyeng mme re oketse tsela eo re anaanelang ka gone tshiamelo ya go bua le ba bangwe ka maikaelelo a ga Jehofa.—Bakol. 4:2; w62 ts. 497.
MO DITHUTONG TSA BIBELA
3 Ke ka ntlhayang fa thapelo e le botlhokwa jaana fa o tshwara thuto ya Bibela? Fa re simolola thuto ka thapelo seno se dira gore re nne le mogopolo o o siameng, mme se thusa seithuti gore se lemoge ka moo seo se ntseng se bolelwa se leng botlhokwa ka gone. O ithuta go leba kwa go Jehofa gore a mo kaele. Gape seithuti se ithuta ka moo se ka rapelang ka gone ka sekao sa rona.—Luke 11:1
4 Dilo dingwe tseo go tla bong go tshwanela gore re di kopanyeletse fa re rapela mo dithutong tsa magae tsa Bibela ke dife? Thapelo ya sekao ya ga Jesu le thapelo ya ga Paulo a rapelela Bafilipi ke dikao tse di molemolemo. (Math. 6:9-13; Bafil. 1:9-11) Dithapelo tsa rona ga go tlhokege gore di nne ditelele, mme e tshwanetse ya bo e le tsa dilo tse di totobetseng. Go botlhokwa gore re kopanyeletse go bontsha gore re baka Jehofa ka ntlha ya ditiro tsa gagwe tse di senang palo tse di molemolemo. Re ka bontsha gore re a lemoga gore o mogolo, o tlotlometse, ebile o na le dinonofo tse di itekanetseng. (Pes. 145:3-5) Go bitsa seithuti sa Bibela ka leina, gongwe go bolela ka maemo a gagwe, le go rapelela gore a dire kgatelo pele semoyeng go ka nna ga nna molemo. Jaaka fa a ntse a gatetse pele, re ka nna ra kopa gore Jehofa a segofatse maiteko ao a a dirang gore a nne gone kwa dipokanong le gore a abele ba bangwe boammaaruri joo a bo ithutang. Gape kopa le gore Jehofa a segofatse tiro ya go rera eo e dirwang mo lefatsheng lotlhe.
FA RE RAPELELA BAKAULENGWE BA RONA LE BOKGAITSADI
5 Batho botlhe ba ga Jehofa ke badiri mmogo le rona. (1 Bakor. 3:9) Ka gone, fa mebuso ya lefatshe e leka go tsenelela mo tirong eno ya go rera mafoko a a molemo, re tlhotlheletsega gore re rapelele “dikgosi le botlhe ba ba leñ bagolo.” Ka ntlhayang? “Gore re kè re tshelè mo boiketloñ le mo tidimaloñ, ka poihōmodimo eotlhe le ka tshisimogō.” (1 Tim. 2:1, 2) Tota dithapelo tseno di direlwa bakaulengwe ba rona mo lefatsheng lotlhe. Re rapela gore balaodi ba lebe tiro ya rona ka tsela e e molemo.
6 Ka go rapela, re ka kopa gore bakaulengwe ba rona bao ba rerang kafa tlase ga maemo a a thata ba nne le maatla le gore bao ba ka nnang ba bo ba lwala semoyeng, gore ba nne le seabe se se golwane mo bodiheding. (2 Bathes. 3:1, 2) Gape go molemo gore re rapelele bagolwane ba phuthego, balebedi ba ba etang, le Setlhopa Se Se Laolang—botlhe bao ba “dihañ mo go lona.”—1 Bathes. 5:12.
7 Ka dinako tsotlhe re tshwanetse ra latlhela ditlhobaelo tsa rona kwa go Jehofa. (Pes. 55:22; 1 Pet. 5:7) Re tlhomamisediwa gore lefa e ka nna eng seo re se lopang tumalanong le thato ya gagwe, o tla re utlwa. (1 Yoh. 5:14) Ka gone, fa re rapela gore Jehofa a re thuse gore re swetse bodihedi jwa rona ka botlalo, re ka tlhomamisega gore o tla reetsa mme o tla atlegisa tsela ya rona.—2 Tim. 4:5.