LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • km 2/90 ts. 3
  • Dikitsiso

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Dikitsiso
  • Tirelo ya Rona ya Bogosi—1990
Tirelo ya Rona ya Bogosi—1990
km 2/90 ts. 3

Dikitsiso

● Mpho ya buka ka February: Polokesego mo Lefatsheng Lotlhe—Tlase ga “Kgōsana ea Kagishō” ka moneelo wa R2,50. March: Bibela—A Ke Lefoko la Modimo Kana Ke la Batho? ka moneelo wa R2,50. April le May: Peeletso ya Tora ya Tebelo. Koo go sa bonweng peeletso gòne, go ka nna ga tsamaisiwa dimakasine di le pedi le sekaelo sepe fela sa boroutšhara ka moneelo wa R1,95.

● Mokwaledi le molebedi wa tirelo ba tshwanetse ba tlhatlhoba tiro ya babulatsela botlhe ba ka metlha. Fa go na le bape ba bone ba ba nang le bothata jwa go fitlhelela dioura tse di batlegang, bagolwane ba tshwanetse ba rulaganyetsa gore ba thusiwe. Go bona dikakantsho, boeletsang makwalo a Mokgatlho (S-201) eleng la November 1, 1988, le la October 1, 1989. Gape, bonang dirapa 12-20 tsa tsenyeletso ya Tirelo ya Rona ya Bogosi ya August 1986.

● Mokete wa Segopotso o tlile go tshwarwa ka Labobedi, April 10, 1990. Lemororo puo e ka nna ya simolola go sa ntse go bonala, tswee tswee gakologelwang gore go tsamaisiwa ga senkgwe le beine tsa Segopotso ga go a tshwanela ga simololwa go fitlhela letsatsi le sena go dikela. Botsang kwa metsweding ya lefelo la lona ya tshedimosetso gore letsatsi le phirima leng mo lefelong la lona. Ga go na dipokano dipe tse dingwe tse di tshwanetseng tsa tshwarwa ka letlha leo. Fa e le gore ka gale phuthego ya lona e nna le dipokano ka Labobedi, lo ka nna lwa rata go di fetolela mo nakong e nngwe mo bekeng eo fa e le gore holo e tla bo e le gone go ka dirisiwa. Fa e le gore Pokano ya lona ya Tirelo e angwa ke seno, go ka nna ga kgonagala gore dikarolo dipe tseo di neng di rulaganyeditswe beke eo tseo di dirang thata mo phuthegong ya lona lo di tsenye mo Pokanong e nngwe ya Tirelo.

● Re rata go gakolola diphuthego tsotlhe gore karata ya boitshupo (S-65) eo go neng go buiwa ka yone go Tirelo ya Rona ya Bogosi ya December 1989 ga se e e tshwanetseng go fiwa batho ka kakaretso. E tshwanetse ya otoriwa ke molebedi yo o okamelang fela ka nako ya maemo mangwe a tshoganyetso kana fa go rakanwa le mathata mangwe ka nako ya fa lo bereka tshimo ya koo baboledi ba gone ba tlhokang sengwe seo ba ka itshupang ka sone kana ba kopiwa gore ba tlhagise sengwe seo se bontshang gore ba na le tshwanelo ya go dira tiro eo.

● Jaanong diphuthego di ka otora dibolumo tse di gatisitsweng sesha tsa Watchtower tsa dingwaga tsa 1972 le 1973. Tswee tswee lo se ka lwa tsenya diotoro tsa dingwaga tsa morago ga 1973 go fltlhela lo itsisiwe go Tirelo ya Rona ya Bogosi gore di gone.

● Dikgatiso Tse Disha Tse Di Gone:

Bibela—A Ke Lefoko la Modimo Kana Ke la Batho? (phuthego le batho botlhe: R2,50; babulatsela: R1,25)—Seburu, Se-Dutch, Seesemane, Sefora, Segerika, Sejapane, Sejeremane, Sepedi, Sepotokisi, Sesotho, Setadiana, Setšhaena, Setsonga, Setswana, Sexhosa, Sezulu

Comprehensive Concordance of the New World Translation of the Holy Scriptures—Sejeremane

Dipotso Tse Basha Ba Di Botsang—Dikarabo Tse Di Nang le Tharabololo (phuthego le batho botlhe: R3,75; babulatsela: R2,00) —Seburu, Seesemane, Sefora, Segerika, Sejeremane, Sepedi, Sepotokisi, Sesotho, Setadiana, Setsonga, Setswana, Sexhosa, Sezulu

Life—How Did It Get Here? By Evolution or by Creation? (Tokololo e potlana)—Se-Polish

Opelelang Jehofa Dipako (E potlana)—Sesotho, Sexhosa, Sezulu

Tshenolō—Konelo ya Yone E E Molemolemo E Atametse!—Se-Hungary

A O Tshwanetse Wa Dumela Tharo-Nngwe? (phuthego le batho botlhe: 75c; babulatsela: 40c)—Seburu, Seesemane, Segerika, Se-Hungary, Sejeremane, Sepedi, Se-Polish, Sepotokisi, Sesotho, Setadiana, Setsonga, Setswana, Sevenda, Sexhosa, Sezulu

● Dikhasete Tse Disha Tse Di Gone: Go Reetsa Morutisi Yo Mogolo (dikhasete di le tlhano le buka di le mo alebamong; phuthego le batho botlhe: R34,00; babulatsela: R28,50)—Segerika

● Tseo Di Sa Tlholeng Di le Gone mo Afrika Borwa:

Man’s Salvation out of World Distress at Hand!—Seesemane

Watch Tower Publications Index 1986-1988—Seesemane

Jehovah’s Witnesses and the Question of Blood—Seesemane

Jehovah’s Name to Be Declared in All the Earth—Terama (khasete e le nngwe)—Seesemane

Beware of Losing Faith by Drawing Away From Jehovah—Terama (khasete e le nngwe)—Seesemane

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2025)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela