LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • km 2/90 ts. 4
  • Opelang go Tswa Pelong

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Opelang go Tswa Pelong
  • Tirelo ya Rona ya Bogosi—1990
Tirelo ya Rona ya Bogosi—1990
km 2/90 ts. 4

Opelang go Tswa Pelong

1 Go opela ke bontlhanngwe jwa kobamelo ya rona e e itshekileng. Ke tsela e nngwe eo re ka bakang leina la ga Jehofa ka yone. Ke eng tota seo se ka nnang monate go gaisa Holo ya Bogosi kana setadiamo sa kopano seo se dumang ka dipina tse di monate tse di bakang Jehofa? Le fa go ntse jalo, mo diphuthegong tse dintsi re opela ka tsela e e bokoa fela thata. Motho mongwe yo o neng a sa tswa go kgatlhega bosheng yo o neng a kgatlhilwe thata ke boammaaruri, phuthego mmogo le moya wa batho ba ga Jehofa, o ne a baka phuthego thata, mme a bo a tlatsa ka go bolela jaana: “Lo opela ka tsela e e bokoa fela thata.”

2 E re ka re na le dipina tse di monate jaana tse di leng teng mo bukeng ya rona e ntšha ya dipina, a ga o akanye gore re ka tokafatsa mo go seno? A o ke o akanye fela ka bakaulengwe ba rona ba Ma-Afrika bao ba opelang mantswe a bone a utlwana monate thata jaana. Le fa go ntse jalo, rotlhe re sa ntse re tshwanelwa ke gore re tokafatse tsela eo re opelang ka yone. Bontsi jwa bakaulengwe ba rona ga ba itse dipina tse disha. Go ka dirwang ka seno? A phuthego ya lona e ka rulaganyetsa gore go nne le dithulaganyo tsa ka metlha tsa go opela dipina tseno morago ga thuto ya Tora ya Tebelo, e le gore bakaulengwe ba ke ba kgone go ithuta dipina tseno tse disha? Ba bangwe ba ka nna ba bo ba ithuta dipina kwa gae kana kwa dikokoanong tsa go intsha bodutu tsa Bokeresete.

3 Re ka dira jang go tlhomamisa gore re opela ka tsela eo bakaulengwe ba rona ba opelang ka yone go dikologa lefatshe? Fa e le gore phuthego e na le bakaulengwe kana bokgaitsadi bao ba nang le kitso e e molemo ya mmino, a ba itlwaetseng dipina tsa Mokgatlho mme ba thuse ba bangwe gore ba opele dipina tseno sentle kwa dithulaganyong tse ba di ithutang kwa go tsone. Dira gore o nne le dipina tseno di le mo dikhaseteng kana mo direkotong. Sing Praises to Jehovah e gone ka alebamo ya dikhasete di le robedi ka R54,00, kana ka direkoto ka R48,00. Diphuthego di ka nna tsa kgona go reka sete ya dialebamo di le tlhano ka R250,00 ya dikhasete di le 113.

4 Ka go dirisa direkoto kana dikhasete (mme fano ga re bue ka ditheipe tsa Kingdom Melodies, mme re bua ka Sing Praises to Jehovah, e leng eo dipina tseno di opelwang ka piano mo go yone), diphuthego mmogo le batho ka bongwe di ka kgona go ithuta molodi o o tshwanetseng le lebelo le le tshwanetseng la go opela dipina tseno. Gakologelwang gore bontsi jwa dipina tsa rona tse di mo dikhaseteng ga di na mantswe a mangwe (eleng alto, tinoro le bese), mme di ntsha molodi fela. Bao ba opelang mantswe a mangwe, tlhokomelang dinoto tse di leng mo bukeng ya dipina mme lo ntse lo tsamaisana le molodi o o leng mo rekotong kana mo khaseteng. Fa re nna gone kwa kopanong ya kgaolo kana kwa tiragalong epe fela e nngwe e e kgethegileng, rotlhe re batla go ka kgona go opela re tsamaisana le mmino oo o baakanyeditsweng ke Mokgatlho.

5 Kwa dikopanong tsa kgaolo tsa mo isagweng ga re tle go baakanyetsa ka dikwaere tse di kgethegileng kana ka dipina tse di leng mo ditheiping gore di re goge fa re opela. Re tlile go dirisa ditheipi tsa mmino tse di tshwanang le tse bakaulengwe ba rona ba di dirisang lefatshe ka bophara. Dipina tsa kwa dikopanong tsa kgaolo di tlile go itsisiwe nako e sa ntse e le gone mme e tla bo e le boikarabelo jwa phuthego nngwe le nngwe gore e ithute dipina tseo sentle e le gore re tle re dire gore disetadiamo di dume ka dipina tsa rona tsa pako go Jehofa.

6 Eno ke kgang eo bagolwane botlhe, ditlhogo tsa malapa, le motho mongwe le mongwe mo phuthegong a tshwanelwang ke gore a e tseye ka masisi, e re ka go opela e le bontlhanngwe jwa kobamelo ya rona go Jehofa. Re batla go ipedisa pelo ya ga Jehofa ka tsela eo re opelang ka yone.—Pes. 147:1.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2025)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela