Go Neela Mafoko a a Molemo—Ka Buka ya Lefoko la Modimo
1 Mo lekwalong la gagwe leo le neng le ya go moefangeli ka ene, moaposetoloi Paulo o ne a kwala jaana: “Lokwalō loñwe le loñwe lo [kwadilwe] ka tlhotlheleco ea Modimo, lo bile lo molemō go ruta, le go kgalemèla, le go shokolola, le go kaèla ka tshiamō.”—2 Tim. 3:16.
2 Jaaka baboledi ba motlha wa segompieno ba mafoko a a molemo, re dumela polelo eno ka pelo ya rona yotlhe. Re dumela gore Bibela ke Lefoko la Modimo le le tlhotlheleditsweng. Re e letla gore e re kaele mo dikarolong tsotlhe tsa matshelo a rona. (Pes. 119:105; Yoh. 17:17) Mme re ka thusa jang ba bangwe gore ba dumele gore Bibela ke Lefoko la Modimo le gore ba dirise melao-metheo ya yone mo matshelong a bone a letsatsi le letsatsi?
KAFA RE KA GO DIRANG KA GONE
3 Jaaka fa re tla bo re nna le seabe mo go anamisiweng ga ntlha ga buka eno e ntšha ya Bibela—A Ke Lefoko la Modimo Kana Ke la Batho? mo bathong botlhe ka kgwedi ya March, re tla bo re dira gore batho ba nne le tsholofelo mo Bibeleng re bo re ba thusa gore ba bone melemo ya go tshela go ya ka kgakololo ya yone e e tlhotlheleditsweng. Abo seno e tla bo e le tshiamelo jang ne!
4 Ke eng seo re ka se bolelang fa re tsamaisa buka eno? Fa re sena go dumedisa ka botsalano, re ka nna ra lebisa tlhokomelo go Diane 14:12 go bontsha gore go batlega gore o nne le kaelo e e botlhale gore o tshele ka katlego. Kaelo e e sa siamang e ka felela ka matlhotlhapelo. Morago ga moo o bo o bala Diane 2:6, 7 go bontsha gore Jehofa o neelana ka botlhale jwa boammaaruri. Re ka nna ra neela mong wa ntlo mabaka malebana le kafa go tlhokafalang ka gone gore re retologele mo Bibeleng go ka bona botlhale jwa bomodimo. Morago ga moo re bo re ka nna ra re: “Buka eno e bontsha gore Bibela ke motswedi o o ka ikanngwang wa kgakololo e e utlwalang malebana le mathata ao batho ba lebanang le one. Tswee tswee a o ke o tlhokomele seo e se bolelang mo serapeng 2 mo tsebeng 5 fano. [Bala serapa 2, mme fa nako e letla, bala serapa 4.] Buka eno e tla go thusa gore o lemoge gore Bibela eleruri ke Lefoko la Modimo le gore e na le kaelo e e mosola go ka dirisiwa mo dikgannyeng tsotlhe tsa botshelo. Buka eno ke ya gago ka moneelo wa R2,50 fela.”
5 Mong wa ntlo a ka nna a lebega a tshwaregile kana a bolela gore ga a na kgatlhego, a sa batle go ka tsenelela mo kgannyeng e telele. O ka dira neelano e khutshwane ka go bolela jaana: “Kwantle ga pelaelo o dumalana gore go na le mathata a le mantsi ao setho se lebaneng le one.” Morago ga moo o bo o bala serapa sa tsenyeletso se se leng mo kgaolong 1. Fa mong wa ntlo a sena go akgela malebana le potso e e konelang mo serapeng seo, o bo o ka nna wa re: “Bibela e re bolelela gore mo nakong e e sa fediseng pelo jaanong Modimo ka boone o tla rarabolola mathata otlhe ao a tsenyang setho kgoro tsotlhe. Buka eno e neela bosupi jo bo nonofileng jwa go bontsha gore Bibela e boammaaruri, e re ka e le Lefoko la Modimo mme e seng la motho. Ke tla rata gore e nne ya gago ka moneelo wa R2,50 fela.”
GO TLATSA TLHOKAFALO
6 Buka eno e ntšha, ya Bibela—A Ke Lefoko la Modimo Kana Ke la Batho?, e tla kgonisa babadi ba ba pelo-e-phepa gore ba lemoge gore eleruri Bibela ke Lefoko la Modimo. Fa ba tlhatlhoba ka boikanyegi seo e se bolelang seo se ka ba dira gore ba simolole go tsena mo tseleng e e isang botshelong. Ka gone, dira boiteko jo bo kgethegileng gore o tsamaise buka eno mo bathong ba le bantsi ka mo o ka kgonang ka gone.
7 Rotlhe re tshwanetse ra bo re badile buka eno e ntšha yotlhe pele ga tlhabano ya ka March e simologa. Re tla rata go tsamaisetsa ba le bantsi ka mo go ka kgonagalang ka gone buka eno ya Lefoko la Modimo, re e buelela mo karolong nngwe le nngwe ya bodihedi.