LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • km 3/90 ts. 1
  • Aga Tumelo mo Lefokong la Modimo

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Aga Tumelo mo Lefokong la Modimo
  • Tirelo ya Rona ya Bogosi—1990
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • LEBAKA LAGO BO RE TSHWANETSE GO THUSA BA BANGWE GORE BA AGE TUMELO
  • BUKA E NTŠHA E THUSA GO AGA TUMELO
  • “Re Neye Tumelo e e Oketsegileng”
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2015
  • A Ruri O na Le Tumelo mo Dikgannyeng Tse di Molemo?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2003
  • Nonotsha Tumelo ya Gago mo Mmoping
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2021
  • Bontsha Gore o Dumela Ditsholofetso Tsa ga Jehofa
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2016
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tirelo ya Rona ya Bogosi—1990
km 3/90 ts. 1

Aga Tumelo mo Lefokong la Modimo

1 Fa e le gore go kile ga nna le nako nngwe eo go tlhokafalang tumelo e e nonofileng ka yone, ke gone jaanong. Batho ba le bantsi ga ba na tumelo gotlhelele le fa e le tsholofelo epe ka isagwe. Baeteledipele ba bodumedi le ba sepolotiki ba ile ba dira ditsholofetso tsa maaka gantsi jaana mo e leng gore batho ba le bantsi ba itlhoboga ba bonwa ke mang le mang. Eleruri, ke fela jaaka fa moaposetoloi Paulo a ile a tlhalosa jaana, “Tumelo ga se selo se batho botlhe ba nang naso.” (2 Bathes. 3:2, NW) Le fa go ntse jalo, tumelo ke selo seo Basupi ba ga Jehofa ba nang naso. Re na le tsholofelo e e feletseng ya gore ditsholofetso tseo di fitlhelwang mo Lefokong la Modimo di tlile go diragadiwa.

2 Tumelo e e nonofileng e dira gore Basupi ba ga Jehofa ba tlhomologe jaaka ba ba farologaneng le batho ba bangwe. E tlhotlheletsa ditiro tseo di solegelang ba bangwe molemo gammogo le rona, mme ka fa letlhakoreng le lengwe di tlisetsa Modimo tlotlo. Tumelo e e ntseng jalo e nna gone ka ntlha ya go letla Lefoko la Modimo gore le re tlhotlheletse mo matshelong a rona. Bokaulengwe jwa ga jaanong jwa boditšhaba-tšhaba jwa Bakeresete ba boammaaruri bo bontsha kafa go leng botlhokwa ka gone gore re age tumelo mo Bibeleng jaaka Lefoko le le tlhotlheleditsweng la Modimo.—2 Tim. 3:16.

LEBAKA LAGO BO RE TSHWANETSE GO THUSA BA BANGWE GORE BA AGE TUMELO

3 E re ka matshelo a le mo kotsing, re na le lebaka le le nonofileng la gore re thuse ba bangwe gore ba age tumelo ya bone. Re akantse ka seno, ka March re tla bo re tsamaisa Bibela—A Ke Lefoko la Modimo Kana Ke la Batho? ka lekgetlo la ntlha mo tshimong. Buka eno e ntšha e kwaletswe gore e thuse batho gore ba bone gore Bibela ke Lefoko la Modimo. E tlotla ka ditatofatso di le dintsi tsa maaka tseo di dirwang kgatlhanong le Lefoko la Modimo e bo e bontsha kafa di seng boammaaruri ka gone. E neela dikarabo tse di kgotsofatsang mo dipotsong di le dintsi, tse di ntseng jaaka: A Bibela ga e dumalane le saense? A e a ikganetsa? A ke tlhamane le mainane fela? A tota dikgakgamatso tseo go buiwang ka tsone mo Bibeleng di kile tsa diragala? A thuta-marope e ile ya bontsha ka mabaka gore Bibela ga e boammaaruri go ya ka hisitori? Mo godimo ga moo, buka eno e neela mabaka a mantsi a a molemo a a bontshang gore Bibela e tlhotlheleditswe. Gape e lebisa tlhokomelo go dipolelelopele tse di se keng di fosa tsa Bibela le tsela e e molemo thata eo e utlwanang yotlhe ka yone.

4 Botlhale jo bo tlhomologileng jo bo mosola go ka dirisiwa jwa Bibela le kafa e nonofileng ka gone go ka fetola batho gore ba nne molemo ke bontlhanngwe fela jwa bosupi jo bo bontshang gore Bibela ke Lefoko la Modimo. Re na le boikarabelo jwa gore re thuse batho gore ba ithute bosupi jono. Gore re dire seno, sa ntlha re tshwanetse ra ba ruta gore ba dumele seo Bibela e se bolelang.

5 Ke tsela efe eo bontsi jwa rona re ileng ra thusiwa ka yone gore re age tumelo mo Lefokong la Modimo? Go ka diragala thata gore re ile ra thusiwa ke thuto ya legae ya Bibela eo mongwe a ileng a re e tshwarela ka bopelotelele. Ka gone maiteko a rona a go aga tumelo ga a tshwanela go felela ka go tsamaisa Bibela kana buka nngwe; seo ke tshimologo fela. Fa e le gore re ile ra solegelwa molemo ke go bo go ile ga nna le mongwe yoo a ileng a ithuta le rona, re tla rata go boela ka bonako kwa go bao re ba tsamaiseditseng buka re bo re ithaopela go ba tshwarela thuto ya legae ya Bibela e leng seo se tla ba thusang gore ba age tumelo.

BUKA E NTŠHA E THUSA GO AGA TUMELO

6 Ga go na motho ope yo o pelo-e-phepa yo o ka palelwang ke go dumela gore Bibela ke Lefoko la Modimo fa a tlhatlhoba bosupi jwa seo ka boikanyegi. Buka eno e ntšha e neela bontsi jwa bosupi joo ka tsela eo bo ka kgonwang go bonwa motlhofo ka yone. Re rata go kgothaletsa ba bangwe gore ba dumele gore Bibela ke Lefoko la Modimo le gore ba tshele go ya ka kgakololo ya yone e e tlhotlheleditsweng. Bao ba dirang jalo ba tla bua jaana ka boitumelo jaaka fa mopesalema a ile a bua mo thapelong eno ya gagwe e e tswang pelong: “A u ko u gopolè kaha ke ratañ dikaèlō tsa gago ka gōna: ntsitsibosa Yehofa, kaha bopelonomiñ yoa gago yoa loratō. Chobokanō ea lehoko ya gago ke boamarure; ñwe le ñwe ea dikatlholō tsa gago tse di siameñ, e eme ka bosakhutleñ.”—Pes. 119:159, 160.

7 Jehofa o dirisa Lefoko la gagwe, e leng Bibela, go neela kaelo ka lorato mo go botlhe bao ba batlang tsela ya gagwe eo e tla ba sireletsang go ralala “sepitla se segolo.” (Math. 24:21) Ka March, re ka kgothaletsa ba bangwe gore ba bale Lefoko la Modimo le gore ba le ithute ka go tsamaisa buka ya Bibela—A Ke Lefoko la Modimo Kana Ke la Batho? ka moneelo wa R2,50.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2025)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela