LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • km 3/90 ts. 8
  • Dikgang Tsa Bolegodimo

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Dikgang Tsa Bolegodimo
  • Tirelo ya Rona ya Bogosi—1990
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Dikgang Tsa Puso ya Modimo
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—1994
  • Dikgang Tsa Bolegodimo
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—1991
Tirelo ya Rona ya Bogosi—1990
km 3/90 ts. 8

Dikgang Tsa Bolegodimo

◆ Re akgola baboledi, babulatsela le babulatsela ba nakwana ba ba kgethegileng ba le 10 537 ka ntlha ya diphelelo tse di molemo tseo ba nnileng le tsone kwa tshimong e e sa abiwang go tloga ka August go ya go October 1989. Pego e bontsha gore mo dioureng di le 147 507 tseo di berekilweng, go tsamaisitswe dibuka di le 19 643, dibukana di le 42 674 le dimakasine di le 66 119, go ile ga bonwa dipeeletso di le 414, ga dirwa maeto a go boela a le 16 831 mme ga tshwarwa dithuto tsa Bibela di le 2 374. Seo eleruri ke bosupi jo bo molemo go gaisa! Rulaganyetsang gore gape lo nneng le seabe go tloga ka August go ya go October monongwaga.

◆ Palogotlhe ya dikopano tsa kgaolo tsa “Poifo-Modimo” di le 17 di ne di tshwaretswe mono Afrika Borwa le mo dinageng tse di agisaneng le yone, ka palogotlhe e e tlhomologileng ya bao ba nnileng teng kwa go tsone ba le 116,427. Botlhe ba ba kolobeditsweng ba ne ba le 2 325. Go ne go na le kopano e nngwe mo godimo ga moo e e neng e tshwaretswe kwa Maputo, Mozambique, ya bakaulengwe ba rona ba ba mo karolong e e kwa borwa ya naga eo. Go ne go kgatlhisa thata go bona ba le 8 088 bao ba neng ba le teng, mme ga kolobediwa ba le 212.

◆ Ka October. Nigeria e begile baboledi ba le 139 150, eo e leng tlhora ya bone ya bobedi mo ngwageng o mosha ono wa tirelo. Gape ba nnile le ditlhora tse disha tsa babulatsela ba ka metlha ba le 9 244 le dithuto tsa magae tsa Bibela di le 183 701.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2025)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela